A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1. Kgolo ya Ikonomi
1.1.1. Kabinete e itumeletse dipoelo tse di rebotsweng sešweng jaana tsa Letseno la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) tse di supang gore maemo a ikonomi a tlhatlogile ka 0.8% mo kotareng ya bobedi ya 2025, e leng se se bontshang gore maemo a tokafetse ka go tlhatloga ka 0.1% mo kotareng ya ntlha.
1.1.2. Kgolo eno e supa gore go na le kgolo e e tsweletseng go anama e e busetsang maemo sekeng mo makaleng otlhe. Diintaseteri di le robedi ke tsona tse di itemogetseng kgolo mo kotareng ya bobedi mo makaleng a a botlhokwa a a jaaka la tlhagisodikuno, la meepo mmogo le la kgwebisano mo go bonagalang gore a boela mo kgolong eo a kileng a nna mo go yona. Go tlhatloga ga dipalopalo tsa didirisiwa tsa ka fa malapeng le tsona di re bontsha gore maemo a ntse a tokafala mo letsenong le batho ba le dirisang go reka didirisiwa tseno mme seno se totobadiwa ke dipalopalo tsa diphetogo tsa ditlhwatlhwa tse di ntseng di fokotsega.
1.1.3. Kabinete e itumeletse gape le tshwetso e e tserweng ke ba Fitch ya go ema nokeng dipalopalo tsa dikoloto tsa naga ya Aforika Borwa le dikgato tseo e di tsayang go dira gore maemo a tsetsepele.
1.1.4. Gantsi dipalopalo tseno di enngwa nokeng ke dikoloto tse puso e di tsamaisang sentle tse gantsi matlole a teng a lekanyediwang ka ledi la ka fa nageng eo, mme tsona di lebelela go susumoga ga dipoelo tsa teng mmogo le ditheo tse di nang le maatla tse di tlotliwang tsa maano a go tsamaisa tiro ya dipholisi tsa matlole. Go ya ka Fitch, matsholo a puso e samaganeng le ona mo kgatong ya bobedi ya letsholo la go tlisa diphetogo la Operation Vulindlela ke a go baakanya mefutafuta ya mafaratlhatlha (a a jaaka motlakase, dijanaga tse di rwalang dithoto le metsi) e leng selo se se dirileng gore ditiragalo tsa motlakas e nne selo se se sa tlholeng se le mo magetleng a rona mmogo le go fokotsa dithoto tse di neng di tsamaisiwa ka dirori mo mebileng, e leng selo se se dirileng gore Fitch e dumele gore kgolo le fa e se e kalo yona e teng mo go GDP e rotlhe re e bonang ka a rona matlho.
1.1.5. Go nesediwa ke pula ga mafoko a Fitch ke sesupo sa gore babeeletsi ba tla tswelela go nna le tshepo e e tletseng mo maatleng ao ditheo tsa matlole tsa naga ya rona di nang le ona.
1.2. Letsholo la Moporesidente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro
1.2.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya Dikgatelopele tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Letsholo la Moporesidente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro e leng ya paka ya go tloga ka Moranang go fitlha ka Seetebosigo 2025, mme lona le nopola dintlha tse dikgolo tse di dirilweng mo go thuseng bašwa ba naga ya Aforika Borwa gore ba nne le letseno.
1.2.2. Bašwa ba feta dimilione di le 5.64 ba kwadisitswe mo Thulaganyong ya Naga ya Taolo ya Dithulaganyo (NPMN), e leng palo e e fetang ya kwa tshimologong e e neng e lebeletswe ya go kwadisa ba le dimilione di le tlhano. Ke bašwa ba feta 1.91 milione ba ga jaana ba iponelang megolo ya nakwana, e leng selo se se bontshang gore maiteko a puso e a dirang a go thulana ka tlhogo le botlhokatiro mo bašweng a simolola go nna le tema.
1.2.3. Mo kotareng eno e le nosi, ditšhono di feta di le 234 000 di fitlheletswe ke bašwa ka ntlha ya NPMN. Tsona di tsenyeletsa tsa go iponela maitemogelo kwa mafelong a bodirelo, matsholo a go tlhatlhelelwa ka kitso le bokgoni, mmogo le ditšhono tse di ba direlang letseno tse di tlhatlhelelang bašwa ka maitemogelo a a tla ba kgontshang gore ba kgone go iponela ditiro. Kabinete e leboga badirisanimmogo botlhe ka seabe se ba tswelelang go nna le sona mmogo le go totobatsa maikemisetso a puso a go samagana le bothata jwa go tlhoka ditiro ga bašwa ka go ba tlhatlhelela le go ba thusa gore ba kgone go itlhamela ditsela tsa go iphedisa.
2. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
2.1. Kopano e Kgolo ya bo 80 ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA-80)
2.1.1. Naga ya Aforika Borwa e tla tsenela UNGA-80 e e tla bong e tshwerwe ka fa tlase ga molaetsamogolo yo o reng “Go botoka fa re le mmogo: Dingwaga di le 80 le go feta re tshwaraganetse kagiso, tlhabololo le ditshwanelo tsa batho” mme kopano eno e tla tshwarwa go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 29 Lwetse 2025 mme yona e tla tshwarelwa kwa New York, kwa nageng ya Amerika. Moporesitente Cyril Ramaphosa e tla bo e le ene yo a di gogang kwa pele mo baromiweng ba naga ya Aforika Borwa.
2.1.2. Naga ya Aforika Borwa e tla dirisa tšhono eno go gatelela boineelo jwa yona mo ntlheng ya gore dinaga ka go farologana ga tsona di nne le seabe mo ditshwetsong tsa lefatshe, di nne le ditshwanelo tsa batho botlhe, go dira gore tlhabololo e e tsepameng e nne maikarabelo a dinaga tsotlhe, mmogo le go rotloetsa gore tharabololo ya dintwa e diragadiwe ka ditsela tse di renang kagiso, segolobogolo mo dintweng tse di tsweletseng mo karolong e e kwa botlhaba jwa Democratic Republic of Congo, mo dikarolong tsa naga ya Sudan mmogo le tse di kwa Palestine. Mo godimo ga seno, naga ya Aforika Borwa e tla sola mosola UNGA-80 jaaka e tla e dirisa go rotloetsa batho botlhe koo go tla go gata mo mositong o le esi le wa Lenaneo la Mogopolo wa Paka ya Boporesitente jwa G20 wa Naga ya Aforika Borwa.
2.1.3. Moporesitente mmogo le balekane ka ene ba tla tshwara dikopano di le dintsinyana tsa botsalano jwa dinaga tse pedi mmogo le go kopana le Batlhankedikhuduthamagabagolo (di-CEO) ba ditlamo tse dikgolo mo dinageng tsa boditšhabatšhaba.
2.1.4. Tona Tau mmogo le Tona Lamola ba setse ba itlhwatlhwaeditse gore ba kgone go tsenela, ka go latelana ga tsona, dipuisano tsa kgwebisano magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Amerika mmogo le go tsenela dikopano tse di itlhopileng tsa Mokgatlho wa Dinagakopano (UN).
2.1.5. Ba bangwe ba Ditotona ba le bona e leng baromiwa ba tla begela setšhaba ka seo se diragetseng mo letlhakoreng la bona fa ba ne ba tsenetse UNGA-80.
3. Phimolakeledi le Thibelo ya Botlhokotsebe
3.1. Khomišene ya Diphuruphutso ya Moatlhodi yo Mogolo e bog Rre Madlanga
3.1.1. Kabinete e itumeletse Khomišene ya Diphuruphutso jaaka e simolotse ka tiro ya yona e e tla bolotsang Diphuruphutso mo Ditatofatsong tsa Botlhokotsebe, go Itshunya Nko ga Boradipolotiki mmogo le go Nna Letsogolekobong ga Batlhankedi ba Dikgotlatshekelo – e e itsegeng thata ka gore ke Khomišene ya Moatlhodi yo Mogolo e bong Rre Madlanga.
3.1.2. Kabinete e ikuela mo go motho yo mongwe le yo mongwe yo a ka tswang a na le tshedimosetso e e ka kgonang go thusa khomišene go phetagatsa tiro ya yona go ikgolaganya le batlhankedi ba khomišene ka go romela imeile mo go madlangacommission@behonest.co.za kgotsa ka go letsetsa 0800 111 369.
3.2 Khomišene ya Moatlhodi yo Mogolo e bong Mme Khampepe
3.2.1 Kabinete e itumeletse Khomišene ya Moatlhodi yo Mogolo e bong Mme Khampepe jaaka e simolotse ka tiro ya yona mo mererong ya Khomišene ya go Ribolola Nnete le go Itshwarelana (TRC).
3.2.2 Khomišene eno e setse e ntse e tsweletse ka go tshwara dikopano le bangongoregi mmogo le baemedi ba puso.
4. Merero ya Tsamaiso ya Puso
4.1. Kopano e e Tshwerweng Magareng ga Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Naga mmogo le Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Porofense ya Bokone Bophirima
4.1.1. Kabinete e itumeletse dipoelo tse di nnileng teng ka ntlha ya kopano e e tshwerweng magareng ga Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Naga mmogo le Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Porofense ya Bokone Bophirima. E ke kopano ya bosupa go ntse go tshwarwa dikopano magareng ga Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Naga mmogo le Khuduthamaga ya Baeteledipele ba Puso ya Porofense mo maitlhomo e leng go gagamatsa dithulaganyo tsa tirisanommogo magareng ga ditheo tsa puso mmogo le go dira gore kabo ya ditirelo e tokafale go ya ka dintlha tse di botlhokwa mo Tsamaisong ya Puso ya bo Supa.
4.1.2. Kopano eno e dirile gore maphata ka bobedi a tsosolose boikano jwa go tlhabolola kabo ya ditirelo mo porofenseng eno. Go totobaditswe tirisanommogo e e tshwanetseng go nna teng mo ditheong tsotlhe tsa puso gore di kgone go abelana ka mafaratlhatlha a a botlhokwa a a tlhokagalang a a jaaka a go tsosolosa ditsela, go abelana ka ditirelo tsa mafaratlhatlha a metsi mmogo le go dira bonnete jwa gore go na le motlakase o o lekaneng o o tlhokwang ke porofense mo go phetagatseng maikaelelo a yona a go dira gore porofense e nne lefelo la diintaseteri.
4.1.3. Mo kopanong go dumelanwe ka gore go tla dirisanwa mmogo le puso ya porofense ya Bokone Bophirima go dira bonnete jwa gore go kgonwe go rarabololwa dikgwetlho tse ga jaana di aparetseng mebasepala mo porofenseng eno.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Leano la Naga la Merero ya Boitshimololedikgwebo
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Leano la Naga la Merero ya Boitshimololedikgwebo mmogo le Leano le le tla Latelwang go Phetagatsa Tiro eo gore setšhaba se tle se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Maitlhomomagolo ke go rotloetsa bašwa mmogo le beng ba dikgwebo tseo mo nakong e e fetileng ba neng ba sa enngwe nokeng mo ikonoming gore ba thusiwe ka dithuso tsa boitshimololedikgwebo mmogo le go thusa Dikgwebopotlana, tse Dikgolwane le tse Dikgolo (di-MSME) gore di se phutlhame.
Mo godimo ga seno, Leano la Naga la Merero ya Boitshimololedikgwebo le dira ditshitshinyo mabapi le gore ke eng se se ka diriwang go tsholetsa setlwaedi sa go itshimololela dikgwebo ka fa nageng ya Aforika Borwa ka go dira gore ka fa nageng go nne le maemo a a edileng a a kgontshang batho go itshimololela dikgwebo, mmogo le go dira gore go nne le tshegetso e e tshegetsang di-MSME gore di se phutlhame mme di atlege. Mme seno se tla phetagadiwa ka dikgato di le tlhano tse di botlhokwa tsa leano leno e leng: (i) Go oketsa matsholo a thuto le tlhatlhelelo ya bokgoni mo lephateng la go itlhamela dikgwebo; (ii) Go abelana ka kitso le didirisiwa tsa thekenoloji le ka boitlhamedi; (iii) Go tlhabolola dithulaganyo tse di kgontshang batho go iponela madi a go tlhoma dikgwebo le dimaraka; (iv) Go godisa lephata la melawanataolo ya dikgwebo mmogo le (v) Go tsholetsa dikgato tsa go itsisi setšhaba ka seno mmogo le ka dithulaganyo le mafelo a ba ka a dirisang. Maitlhomomagolo a leano leno ke go godisa bontsi jwa dikgwebo tse di kwadisitsweng semmuso, go fokotsa dipalopalo tse dintsi tsa bašwa ba ba senang ditiro ka go ba tlhotlheletsa gore ba itshimololele dikgwebo mmogo le go ba supetsa gore ba lebe kae le gore ba godise jang dikgwebo tsa bona jaaka di golagane le tse dingwe tsa ditiro tse di botlhokwa tsa mafapha a puso le badirisanimmogo ba teng. Mo godimo ga seno, maitlhomo a leano leno ke go golaganya tirisanommogo mo go tlhameng boitshimololedikgwebo ka fa nageng, go tsenyeletsa le go tshitshinya gore boitshimololedikgwebo e nne e nngwe ya dirutwa mo dithutong tsa sekolo le mo dithutong tsa kwa ditheong tse dikgolo tsa thuto gore barutwana le baithuti e nne bona ba ba itlhophelang go ithutela tsona.
C. Melaotlhomo
1. Lekgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa Lekgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC) wa ngwaga wa 2025 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona.
1.2. Molaotlhomo o o kwalolotsweng sešwa ono o tla tsena mo legatong la Molao wa (NEDLAC) wa 1994 mme o tla tshitshinya gore go nne le diphetogo tse di tsamaisanang le dithulaganyo tsa ditheo tseo di sa bolong go fetolwa fa e sale go ntshiwa katlholo e e ka ga molaotheo ka ngwaga wa 1994.
1.3. Molaotlhomo yo o kwalolotswetsweng sešwa yono o laela gore Tona ke yona e e tshwanetseng go kwala Melawanataolo e e ka ga go amogelwa le go nna tokololo ya setheo ka go dirisa thulaganyo ya go laletsa setšhaba le go amogela batho go tswa mo setšhabeng, e leng selo se se tla dirang gore thulaganyo eno e tlhoke lehunelo.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Udisha Chathuri o thapilwe go nna Monnasetulo mo Botong ya Merero ya go Sireletsa Dithoto tsa Boitlhamedi.
2. Rre Hubert Mathanzima Mweli yo a thapilweng go nna Mokaedikakaretso mo Lefapheng la Thuto ya Motheo paka ya konteraka ya gagwe e atolositswe ka dingwaga di le tlhano.
3. Go Thapa Batho mo Diphatlhatirong tsa Boto ya Setheo sa Naga sa Ditshedi tse di Farologaneng tsa Aforika Borwa.
3.1 Ngaka Mamphaka Tau (Monnasetulo)
3.2 Moporofesara Edward Nesamvuni
3.3 Rre Eugene Vincent Jooste
3.4 Mme Shamala Naidoo
3.5 Mme Ayanda Ntanda
3.6 Mme Eva Dorothy Khosa
3.7 Ngaka Andrew Kirkwood Muir
3.8 Mme Gertrude Bulelwa Koyane
3.9 Moatefokate Candice Kirsty Slum
4. Go Thapa Batho mo Diphatlhatirong tsa Boto ya Setheo sa Naga sa Dirapa tsa Aforika Borwa
a. Mme Beryl Ferguson (Monnasetulo yo a tshwereng marapo a namaotshwere)
b. Rre Livhuwani Matsila
c. Mme Hulisani Mushiana
d. Ngaka Sibongile Lynette Masuku
e. Mme Nozipho Rachel Nxele
f. Rre Mokgema Mongane
g. Moatefokate Catherine Warburton
h. Rre Thomas Ignatius Bouwer
i. Rre Raymond Maboe
j. Rre Ashley Latchu; mmogo le
k. Mme Goitsemang Mathebula
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Go Tlotlomatsa Batshwariwa ba mo Motsing wa Maloba ba ba Neng ba Tshwaretswe Merero ya Sepolotiki
1.1 Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso mmogo le ba Mokgatlo wa Batshwariwa ba mo Motsing wa Maloba ba ba Neng ba Tshwaretswe Merero ya Sepolotiki mmogo le Musiamo wa Robben Island, ba tla tshwarisana tiro ya go tshwarwa moletlo wa segopotso o mogolo wa go kopanya batshwariwa ba mo motsing wa maloba ba ba neng ba tshwaretswe merero ya sepolotiki mme moletlo ono o tla tshwarwa ka la bo 27 Lwetse 2025 kwa Robben Island.
1.2 Moletlo ono ke wa go tlotlomatsa batshwariwa ba fetang ba le 1 700 ba ba neng ba tshwaretswe merero ya sepolotiki kwa Robben Island le kwa dikgolegelong tse dingwe go ralala le naga. Moletlo ono ke karolo ya maiteko a go leka go somarela hisetori ya go kgaratlhela kgololesego e bile gape ke segakolodi sa gore kgololesego e maAforika Borwa ba iphantshang ka yona gompieno ga e a itlela fela. Go banna le basadi ba le bantsi ba maAforika Borwa ba ba ikentshitseng setlhabelo ka matshelo a bona gore ka fa nageng go nne le kgololesego.
1.3 Moletlo ono o tla tsenelwa gape le ke bagale go tswa kwa nageng ya Namibia, Lesotho, le ya Botswana, bao ba tla emang setšhaba ka lefoko go se lemosa ka dikgolaganyo tse di nnileng teng magareng ga dinaga tse di mo Karolong ya Borwa jwa Kontinente ya Aforika fa go ne go lwantshiwa le puso ya kgatelelo ya merafe e mengwe.
2. Letsholo la go Dirisana le Setšhaba mo Mererong ya Phimolokeledi, Thibelo ya Botlhokotsebe le Pabalesego
2.1 Setlhopha sa Phimolakeledi, Thibelo ya Botlhokotsebe le Pabalesego se tla tshwara Letsholo la go Dirisana le Setšhaba ka la bo 18 Lwetse 2025 kwa Lebaleng la Metshameko la 2010 la kwa Mthatha, kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mme seno e tla bo e le karolo ya go phetagatsa Leano le le Tshwaraganetsweng la go Thibela Botlhokotsebe le Ditiragalo tsa go Melelana Meno (ICVPS).
2.2 Maitlhomo a Letsholo leno la go Dirisana le Setšhaba ke go dira gore go nne le tirisanommogo e e tseneletseng e e tla nnelang ruri mo go dirisaneng le setšhaba go sekegela tsebe ditshitshinyo tsa sona tsa go dira gore go nne le metse e e babalesegileng e e seng bonolo go tsenngwa ke selabe, go lebeletswe segolobogolo lefelo la bodulo la kwa Mthatha, jaaka le nopotswe jaaka lefelo le botlhokotsebe bo itirelang boithatelo go gaisa a mangwe mo go lona.
3. Dikopano tsa go Ipaakanyetsa go Tshwara Moletlo wa Baeteledipele ba G20
3.1 Dikopano tse di latelang tsa go Ipaakanyetsa go tshwara Moletlo wa Baeteledipele ba G20 di tshwerwe mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng:
3.1.1 Kopano ya Boraro ya Setlhopha sa Tiro mo Lephateng la Bojanala e tshwerwe ka la bo 11 Lwetse 2025 kwa porofenseng ya Mpumalanga mo go neng ga kopanngwa le go dumelanwa ka dintlha tse di tla tšhotlhwang mo Kopanong ya Ditona tsa Merero ya Bojanala mo Dinageng tsa G20 e e tla tshwarwang ka la bo 12 Lwetse 2025.
3.1.2 Kopano ya Ditona tsa Merero ya Bojanala mo Dinageng tsa G20 e e neng e tshwaretswe kwa porofenseng ya Mpumalanga ka la bo 12 Lwetse 2025 e bokeleditse Ditona tsa Merero ya Bojanala gore ba garele leano la dikgato tse di tla phetagadiwang jaaka go lebeletswe gore seo se tla tlhotlheletsa gore mo dinageng tseo e leng leloko la G20 bojanala mo dinageng tseo bo tsetsepele le go gola.
3.1.3 Kopano ya Boraro ya Tirisanommogo mo Lefatsheng fa go tla mo go Buleleng Botlhe Dikgoro mo Mererong ya Matlole e tshwerwe go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 12 Lwetse 2025 mme yona e tshwaretswe kwa porofenseng ya Kapa Bophirima mo go tšhotlhilweng dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go tla ka ditharabololo tse di kgonang go phetagadiwa, tse go itlhametsweng tsona tse gape botlhe ba nang le seabe mo go tsona e leng selo se se tla dirang bonnete jwa gore kgolo e nne selo se se tshwaraganetsweng e bile go se nne le ope yo a tlogelwang kwa morago.
3.1.4 Teropokgolo ya Johannesburg mmogo le ya Tshwane di ne di tshwere Kopano e Kgolo ya Dimeyara tsa Diteropokgolo mo Dinageng tsa G20 eo e bediwang U20 eo e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 14 Lwetse 2025. Kopano eno e bokeleditse dimeyara go tswa kwa diteropokgolong tsa dinaga tsa G20 gore ba kokoane ba tle go atlhaatlha megopolo eo ka yona ba ka rarabololang dikgwetlho tseo metseseteropo e kopanang le tsona fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba dira bonnete jwa gore dintlha tse di botlhokwa mo metseseteropong ya bona e megolo ga go itlhokomolosiwe tsona mme e tlhatlosediwa kwa godimo go ya ka mogopolo wa G20.
3.1.5 Kopano ya Merero ya Tlamelo ka Matlole a Dikgwebopotlana le tse Dikgolwane (di-SME) mo Lefatsheng e tshwerwe go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Lwetse 2025 mme yona e tshwaretswe kwa porofenseng ya Gauteng mo e neng e tsenetswe ke batsayakarolo ba le 1 200 go tswa kwa dinageng di feta di le 60 le go tswa kwa ditheong tsa matlole di feta di le 240. Jaaka yona kopano eno e le e nngwe ya dikopano tsa ka fa thoko tsa semmuso tsa Moporesitente wa Aforika Borwa mo maemong a gagwe a G20, mo kopanong eno go tšhotlhilwe ditsela tse dintšhwa tse go ka itlhamelwang tsona tsa go tlamela ka matlole, go tsenyeletsa le dithuso tse di farologaneng tsa matlole, mmogo le matsholo a a tshepagalang a a dirisediwang go bulela dikgwebo mo dinageng tse di amegang gore di kgone go fitlhelela matlole a mo nakong e e fetileng go neng go retela gore di ka a fitlhelela.
E. Melaetsa
1. Taletso ya go Tsenya Dikopo
a. Baithuti ba ba leng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane mmogo le barutwana ba ba leng kwa materiki ba lalediwa go tsenya dikopo tsa go thusiwa ka dithuso tsa Sekema sa Naga sa Thuso ya Baithuti ka Ditšhelete tsa go Tsweletsa Dithuto (NSFAS) mo ngwageng wa dithuto wa 2026 mme letlha la dikopo le butswe ka Mosupologo wa la bo 15 Lwetse mme le tla tswalela ka la bo 15 Ngwanaitseele 2025.
b. Go ikuelwa mo batsading, barutabaneng, baagisaning le mo setšhabeng gore barutwana le baithuti ba enngwe nokeng ba thusiwe gore ba kgone go tsenya dikopo tsa bona kwa go NSFAS.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
- Setšhaba sa Qatar mmogo le puso ya teng go latela gore kwa teropong ya Doha batho ba latlhegelwe ke matshelo go se sepe se ba se dirileng go kgotlha ka monwana mo leitlhong Sesole sa Naga ya Iseraele jaaka se tlhasetse moago o go nnang batho mo go ona mo lefelong leo go itsegeng gore mo go lona go nna baagi.
- Motshameki wa kwa morago wa mo malobeng wa setlhopha sa di-Springbok e bong Bevin Fortuin yo a kileng a tshamekela di-Springbok makgetlo a le mabedi, mo motshamekong kgatlhanong le Ireland kwa teropong ya Dublin ka ngwaga wa 2006, mmogo le mo motshamekong kgatlhanong le Australia kwa teropong ya Sydney ka ngwaga wa 2007.
- Motshameki wa kwa letlhakoreng wa mo malobeng wa setlhopha sa di-Springbok e bong Jan Boland Coetzee yo a tshameketseng setlhopha sa di-Springbok magareng ga ngwaga wa 1974 le wa 1976. O ne a itsege gape jaaka rathitelo yo o diphatsa yo a ritelang bojalwa jwa morara mo motseng wa Stellenbosch mo a neng a reka tshimo le thitelo ya Vriesenhof Vineyard mme a e fetola go nna ya maemo a go bonwa mo lefatsheng.
- Babine ba le bane ba ba tswang mo setlhopheng se se tumileng sa baopedi ba mmino wa maskandi ba e neng e le ba setlhopha sa Sibonelo Hlongwane ba ba iketseng badimong go latela gore sejanaga sa bona se sugagane fa ba ne ba tswa go diragatsa kwa Bergville kwa teropong ya Johannesburg.
3. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Setlhopha sa di-Springbok go latela gore ba fenye motshameko ka dipholo tse di kwa godimo tse di kanaka 43-10 kgatlhanong le setlhopha sa New Zealand mo se neng se tshamekela go se sute mo maemong a sona a Sejana sa Kgololesego mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Rakabi ya Castle Lager.
- Alan Hatherly go latela gore a fenye Metshameko ya Lefatshe ya Dikgaisano tsa Mabelo a Digategate tsa go Tantabela Dithaba e e neng e tshamekelwa kwa Valais, kwa nageng ya Switzerland, mmogo le go bo a tsweletse go fenya maemo a a ntseng a le mo go ona lekgetlo la bobedi ka go latelana.
- Retief Goosen jaaka a fentse metshameko ya Sanford International ka go otla kgwele ya kolofo makgetlo a le mabedi fela mme metshameko eno e ne e tshamekelwa kwa Minnehaha Country Club kwa Sioux Falls, South Dakota. Phenyo eno e dirile gore Retief Goosen a fetele kwa pele mo maemong a bone a go ka tsenela Dikgaisano tsa Metshameko ya Kolofo ya Mokgatlho wa Batshameki ba Metshameko ya Kolofo (PGA).
- Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se dirile metlholo mo Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Metshameko ya Mabelo ya ngwaga wa 2025 e e neng e tshamekelwa kwa Tokyo jaaka e ne e emetswe ke boramabelo ba le babedi ba mabelo a go taboga mabelo a sekgala sa dimitara di le 100 mme seno e ne e le lantlha selo sa mothale ono se diragala, mo re boneng Gift Leotlela a feleletsa lebelo la gagwe mo maemong a botlhano ka disekone di le 9.95 fa Akani Simbine ene a feleleditse lebelo la gagwe mo maemong a bo supa ka disekone di le 10.04.
- Seopedi sa moAforika Borwa Tyla Laura Seethal, yo a tumileng ka leina la Tyla, yo a fentseng kabo ya go nna Seopedi se se Gaisang mo Mminong wa Afrobeat kwa Dikabong tsa Ngwaga wa 2025 tsa MTV Video Music Awards mme pina e e dirileng gore e nne mofenyi ke e e bediwang “Push 2 Start”.
- Onalerona Tsiane mmogo le Mosa Letsoela, ba ba itsegeng ka gore ke Tee Sisters, jaaka ba beile leina la naga mo mepeng fa ba ne ba tsenetse Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2025 sa Dikgaisano tsa Dikgwebo tse Bašwa ba Itlhametseng Tsona jaaka ba fentse dikabo di le pedi tse di ka ga go godisa Dipoelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri (di-SDG) tsa Mokgatlho wa Dinagakopano: SDG 1 "Go fedisa tshokolo ka mefuta ya yona yotlhe e e farologaneng gongwe le gongwe koo e iponagatsang.” mmogo le SDG 10 “Go fokotsa Sekgala sa go se Lekalekane ga go Itsholela ga Batho.”
- Setlhopha sa Aforika Borwa sa Komiti ya Naga ya Merero ya go Dira Motlhaba o Nne Bongola le go o Soreletsa Metsi (SANCID), seo monnasetulo wa sona e leng Moporofesara Sylvester Mpandeli, jaaka se abetswe Dikabo di le nne tsa go Dira Motlhaba o Nne Bongola mo Mafelong a Ngwaoboswa mo Lefatsheng (WHIS) mme dikabo tseno di rebotswe ke Kopano ya Bone ya Lefatshe ya Merero ya go Dira Motlhaba o Nne Bongola. Moletlo wa Dikabo o ne o tshwaretswe kwa Kuala Lum-pur, kwa nageng ya Malaysia ka la bo 07 Lwetse 2025. Moporofesara Mpandeli o weditse dithuto tsa gagwe le Yunibesiti ya Venda e bile gape ke Moporofesara yo a Rutang Nakwana mo go yona Yunibesiti eno.
- Baamogedi ba dikabo mo maphateng a a farologaneng a Dikabo tsa Ngwaga wa 2025 tsa Basadi ba Naga ya Aforika Borwa ba ba Dirang mo go tsa Saense (SAWISA);
- Baporofesara Brenda Morrow, Lucy Moleleki mmogo le Alison September ba ba leng mo lephateng la Merero ya Disaense tsa Tlhago le tsa Boenjenere.
- Baporofesara Jill Hanass-Hancock, Sarojini Nadar mmogo le Shanaaz Mathews ba ba leng mo lephateng la Merero ya Disaense tsa go Ithuta ka Batho le go Direla Setšhaba.
- Baporofesara Carolyn McKinney mmogo le Zilungile Mkhize-Kwitshana mo katlegong ya bona ya go rotloetsa dipatlisiso tsa go batla maikutlo a setšhaba.
- Moporofesara Jill Farrant yo a abetsweng Kabo ya go Direla Setšhaba ka Katlego Botshelo Jotlhe go latela gore a dire tiro e e tswileng diatla ya go tlhagisa dimela tse di sa tshabeng komelelo mme kabo eno o e abetswe ke ba Dikabo tsa Setheo sa Dipatlisiso sa Naga (NRF).
- Moporofesara Liza Korsten yo a abetsweng Kabo ya go Direla Setšhaba ka Katlego Botshelo Jotlhe ke ba Dikabo tsa Kopano ya Naga ya Merero ya Saense le Thekenoloji (NSTF) ya Setlamo sa South32 go latela gore a dire tiro e e tswileng diatla ya go phekola
Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485