Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 15 Diphalane 2025

A.    Merero ya ga jaana

1.    METSHAMEKO 
1.1.    Aforika Borwa e ikgapela manno a go tsenela Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2026 
1.1.1.    Kabinete e akgotse setlhopha sa bosetšhaba se segolo sa kgwele ya dinao, Bafana Bafana, ka go ikgapela manno mo Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA 2026, e leng sengwe se e sa leng se diragala ka 2002 (ka metshameko ya go gaisanela go ikgapela manno) le ka 2010 (ka ntlha ya ditshwanelo tsa baamogelabaeng, fa Aforika Borwa mo kontinenteng e ne e le moamogelabaeng ba thonamente ya ntlha ya Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao ya Aforika).
1.1.2.    Tsela eo Bafana Bafana e iponetseng manno ano e bontsha ka fao naga ya Aforika Borwa e sa felelweng ke maatla ka teng fa go tla mo maikemisetsong a yona, boitshoko jwa yona le mo manontlhotlho a yona. Ga go DNA, Ke RSA Fela.

2.    IKONOMI
2.1.    Phetogo ya Maemo a Eskom e Tlisitse Merokotso ya Bokanaka R16 bilione
2.1.1.    Kabinete e amogetse go boelwa ke lotseno ga Eskom morago ga gore setheo se se bege fa se dirile merokotso ya bokanaka R16 bilione morago ga lekgetho mo ngwageng wa ditšhelete o o fedileng ka Mopitlwe 2025, e leng kgato e e maatlametlo e e bontshang gore go na le diphetogo kwa Eskom. 
2.1.2.    Phetogo eno kwa Eskom e supa seabe se Letsholo la Vulindlela le nang le sona mo phetogong ya tsamaiso, mmogo le seabe seo se nnileng teng ka ntlha ya boeteledipele bo bo tsepameng ba Boto ya Eskom, jo boeteledipele jwa teng bo gogwang kwa pele ke Ngaka Mteto Nyathi; gammogo le setlhopha se se nonofileng sa balaodi ba khuduthamaga se se eteletsweng pele ke CEO Rre Dan Marokane gammogo le seabe sa boeteledipele ba sepolotiki ba ga Tona ya Merero ya Motlakase le Leokwane, Nngaka Kgosientsho Ramokgopa. 
2.1.3.    Phitlhelelo e e tla ka nako e naga e nnileng le paka e telele ntle le kgaotso ya tlamelo ya motlakase, e leng sebaka sa matsatsi a a kologaneng a feta a le 150 go sena kgaotso ya tlamelo ya motlakase, e leng bopaki bo bo totobetseng ba gore tlamelo ya motlakase mo Aforika Borwa e a tsepama. Ga jaana Eskom e tlhomile kwa setlhoeng ntlha ya go feditsa ditiragalo tsa go timela nakwana mafelo a mangwe motlakase ka maitlhomo a go fokotsa kimelo ya mafaratlhatlha a motlakase mo dikgweding tse di tlang di le 12 – 18. Ditiragalo tsa go timela nakwana mafelo a mangwe motlakase di phetagadiwa ka maitlhomo a go boloka mafaratlhatlha a a botlhokwa a motlakase kwa mafelong a a amiwang thata ke tatlhegelo e e kwa godimo ya motlakase gammogo le kwa mafelong ao mo go ona bath oba ikgogetseng motlakase e se ka fa molaong. 
2.1.4.    Kabinete e ikuetse go baagi go bega ditiragalo tsa go ikgogela motlakase go se ka fa molaong, ditiragalo tsa bogodu le tsa go senyetsa sešhaba mafaratlhatlha a motlakase ka go leletsa nomoro ya Eskom e e sa duelelweng mo go 0800 112 722 kgotsa kwa seteišeneng se se gaufi sa sepodisi.

2.2.    Mmilafefo wa Naga wa N1 kwa Bokone: Kotsi ya Bese e e Kgabaganyang Melelwane kwa Makhado (Limpopo) 
2.2.1.    Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go dipuso le batho ba Zimbabwe le Malawi ka ntlha ya dintsho tsa batho ba le 43 ba dinaga tse, ba ba neng ba tlhokafala mo kotsing ya bese mo mmilafefong wa naga wa N1 kwa Bokone kwa Makhado (Limpopo), ka Latshipi, 12 Diphalane 2025. Kabinete e romela gape melaetsa ya pholo go batswasetlhabelo ba le 48 ba ba santseng ba le mo maokelong go ralala Sedika sa Vhembe mo Porofenseng ya Limpopo.
2.2.2.    Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke gore kotsi e e ne e sa tlhokege e bile e ne e ka tilwa fa go ka bo go ikobetswe melawana ya pharakano le go e diragatsa, mme e ikuetse go badirisi botlhe ba tsela, segolo ba ba dirisang dipalangwa tsa botlhe go ikobela molao ka go dirisa fela dipalangwa tse di siametseng tsela, go tila go pega palo e e fetang tekano ya bapalami le dithoto gore ba goroge ba tshela. 
2.2.3.    Godimo ga moo, Kabinete e supile fa e swabisitswe ke dikgamelo tsa melemo ya antiretroviral (ARV) le melemo e mengwe e e fitlhelelwang fela ka lekwalo la ngaka e e fitlhetsweng mo gare ga matlhekge a bese mme go sena lekwalo la dithoto tsa melemo. Go simolotswe ka dipatlisiso mme ditheo tsa tsenyotirisong ya molao le tsona di tsaya kotsi e e ka nna kgetse ya go tsamaisa melemo ka bokhukhuntshwane. Go utswa melemo e e tlhokang lekwalo la ngaka, segolo di-ARV go nyenyefatsa maiteko a rona a go lwantsha HIV mo kgaolong. 
2.2.4.    Kabinete e ikuela go batswantle go nna baeng ba ba maitsholo mo Aforika Borwa le go gakolola botlhe gore go tserwe matsapa go thibela tsholo e e makgwakgwa ya sešweng kwa ditliliniking tsa selegae kgatlhanong le batswantle. Ka bomadimabe, bopaki ba bogodu bo bo tseneletseng ba melemo go tswa kwa ditliliniking tsa puso ga bo thuse sepe mo maitekong a go busetsa maemo tlwaelong gore batswantle ba kgone go fitlhelela tlhokomelo ya boitekanelo. 
2.2.5.    Kabinete e akgotse le go leboga Puso ya Porofense ya Limpopo ka tsibogo e e bonako go tlamela ba ba gobetseng ka kalafi le go fitlhelela ditopo tsa ba ba tlhokafetseng.

3.    BOITEKANELO
3.1.    Ntwa Kgatlhanong le HIV le Aids 
3.1.1.    Kabinete e bailwe mo dinakong ka paka e e tshitshintsweng e melemo ya go thibela HIV, e e bediwang lenacapavir, go solofetsweng gore go tla abelana ka yona ka kgwedi ya Mopitlwe le ya Moranang 2026. Lenacapavir ke molemo o o manontlhotlho o o nnang sebaka mo mading go thibela HIV o o neelanang ka tshireletso sebaka sa dikgwedi di le thataro ka go o tsaya gabedi fela mo ngwageng. Kwa tshimologong melemo eno e tla fitlhelwa mo didikeng di le 23 tse mo go tsona maemo a tshwaetso a leng kwa godimo mo diporofenseng di le thataro, mme melemo eno e tla neelwa ditliliniki di ka nna 360 tse di dirang ka natla mo teng ga mafelo ao. 
3.1.2.    Dikgato tseno di tla matlafatsa gape le ntwa ya puso kgatlhanong le HIV le Aids mme maikaelelo a rona ke go fokotsa ditshwaetso tsa HIV gore di nne kwa tlase ga 0.1% ka ngwaga wa 2032.

4.    TSA BODITŠHABA 
4.1.    Puso e neseditse pula Leano la Thuso la PEPFAR la naga ya Amerika la go ema nokeng naga ya Aforika Borwa 
4.1.1.    Kabinete e amogetse go dumelelelwa ga Leano la Thuso la PEPFAR la naga ya Amerika la go ema nokeng naga ya Aforika Borwa ka bokana ka ditolara tsa Amerika di le dimilione di le 115 mo pakeng ya dikgwedi tse thataro go tloga ka la bo 1 Diphalane 2025 go fitlha go la bo 31 Mopitlwe 2026. 
4.1.2.    Leano leno le diretswe go netefatsa gore thebolelo ya ditirelo tsa HIV e se kgoreletsege mo Aforika Borwa mme le dira seno ka go tshegetsa tswelelo ya kabelo ya ditirelo tsa HIV/Aids mmogo le go samagana thata le diterelo tse di tlhokagalang ka bontsi ka fa nageng mmogo le tseo di tla pholosang matshelo a batho. 
4.1.3.    Kabinete e lebogile puso ya Amerika ka boineelo ba yona mo go tshegetseng le mo go tsweleleng ka ntwa ya go lwantshana le HIV/Aids.

4.2.    Maeto a Tiro a ga Moporesitente kwa Ireland le kwa Belgiu
4.2.1.    Maeto a tiro a go sa le gale a ga Moporesitente Cyril Ramaphosa kwa Ireland ka la bo 8 Diphalane 2025 le kwa Belgium ka la bo 9 Diphalane 2025 a tsweletse go tsepamisa dimphato tsa Aforika Borwa tsa boditšhaba le go bula metswedi e mengwe ya kgwebisano le peeletso. 
4.2.2.    Ka nako ya leeto la kwa Belgium, Moporesitente Ramaphosa o nnile le seabe mo Foramong ya Global Gateway Brussels go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 10 Diphalane 2025, kwa Moporesitente wa Khomišene ya Yuropa a neng a tsibosa ka ga €11.5 dibilione (R229 bilione) tsa Global Gateway Investment Package go Aforika Borwa. Morero o o dirile boineela jwa go tsholetsa dipeeletso tsa Yuropa mo nageng ka R173 bilione mo Matsholong a go Fetolela kwa Motlakaseng o o sa Kgotlheleng Tikologo, R24 bilione e tla beelediwa mo lephateng la didirisiwa tsa go aga mafatlhatlhatlha a motlakase ono, R20 bilione e tla beelediwa mo lephateng la mafaratlhatlha le go golaganya mafaratlhatlha ano le a a leng teng a motlakase gammogo le R6 bilione mo go ageng motseletsele wa ditheo tsa melemo. 
4.2.3.    Kabinete e neseditse pula dipeeletso tseno mmogo le seabe se di tla nnang naso mo kgolong ya ikonomi, mo go tlholeng ditiro, mo go tlhabololeng dikgwebo tsa ka fa nageng le mo go tlhabololeng mafaratlhatlha a ka fa nageng.

4.3.    Matsatsi a le 40 go ya go G20 
4.3.1.    Go balwa ga matsatsi go ya kwa Samiting ya Baeteledipele ba G20 go setse go simolotse mme re setse fela ka matsatsi a a kwa godingwana ga 40 pele e tshwarwa ka Ngwanaitseele mo Aforika Borwa. 
4.3.2.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne ka Labotlhano, 10 Diphalane 2025, a ya go lekola Tikwatikwe ya NASREC Expo go iponela ka boena gore ipaakanyo ya lefelo leo e tsamaya kae. 
4.3.3.    Puso ya Porofense ya Gauteng ka tshegetso ya Kantoro ya Moporesitente le yona e tswelela go nna le dikopano tsa go tlhatlhoba mafaratlhatlha beke le beke le go kgona go lemoga mekhino e e tlhokang tsereganyo.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

5.    Sekwalwa sa Bofelo sa Leano la go Bokeletsa Metswedi (IRP 2025) 
5.1.    Kabinete e dumeletse Sekwalwa sa Bofelo sa Leano la go Bokeletsa Metswedi (IRP 2025) (IRP 2025) e leng leano la pakatelele le maitlhomo a lona e leng go rulaganya metswako ya metlakase ya naga, ka maikaelelo a go dira gore go nne le motlakase o o lekanetseng tlhokego ya ona ka ga nageng, fa ka ga letlhakoreng le lengwe re lebelela gore seno se se nne le seabe se se kotsi mo tikologong gammogo le go dira gore ditlhwatlhwa tsa motlakase di nne tse di sa bitseng. Pholisi ya makgaolakgang e e aletsweng Kabinete e supa peeletso ya R2.23 tirilione e e tla dirang gore re nne le metswako ya motlakase mo Aforika Borwa mo isagong. 
5.2.    Leano le le ikaelela go fokotsa kgotlelo ya tikologo ka motlase ka go fokotsa kgwelontle ya mesi mo dinageng tsa boditšhaba le ka fa nageng. Le tsepamisitswe mo go samaganeng le tlhaelo ya mothamo ya ga jaana le go rulaganyetsa maikaelelo a pakatelele, jaaka go fitlhelela Maemo a Motlakase o o sa Kueletseng Mesi mo ngwageng wa 2050. IRP ya ngwaga wa 2050 e tlhabolola IRP ya ngwaga wa 2023 e e neng e neseditswe pula ke Kabinete.

6.    Pholisi ya Merero ya Ditlhaeletsano tsa Puso ya Ngwaga wa 2025 
6.1.    Kabinete e neseditse pula diphetogo tse di dirilweng mo Pholising ya Merero ya Ditlhaeletsano tsa Puso ya Ngwaga wa 2018 tse ga jaana di iponagatsang mo Pholosing ya Merero ya Ditlhaeletsano tsa Puso ya Ngwaga wa 2025.
6.2.    Pholisi eno e tsibogela diphetogo tse ga jaana re setseng re tshela le tsona tse di nnileng teng mo lephateng la ditlhaeletsano e leng se se tla netefatsang gore setšhaba se nna kitso le tshedimosetso e e lolameng mme go tla dirwa seno ka go rulaganya tshedimosetso ya puso ka mokgwa o e tla buang ja lefoko le le lengwe,  go dira bonnete jwa gore tshedimosetso ya puso e a tsamaisana, e fitlhelelwa bonolo le go dira gore tshedimosetso eno e nne mo dinakong, e nne e e nepagetseng e bile e fitlhelesege.
6.3.    Pholisi eno, e e tsamaisanang le MTDP 2025 – 2029, e tshwanetswe go latelwa ke maphata otlhe a mararo a puso go akaretsa le ditheo le dikgwebo tsa puso. Fa go tla mo go samaganeng le merero ya Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU), pholisi eno e tla kaela ka fao melaetsa ya puso e tla rulaganngwang ka ona, segolo mo mererong ya pholisi ya puso le ya kgatlhegelo ya setšhaba.

7.    Kakanyo e e Botlhokwa e e ka ga Serodumo sa Setšhaba mmogo le Togamaano ya go Fetola Maemo a Naga e Itsegeng ka ona
7.1.    Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka ga dipoelo tsa sešweng tsa ditlhotlhomiso tsa serodumo sa setšhaba tse di dirilweng ke Brand SA.
7.2.    Kabinete e neseditse pula Togamaano ya go Fetola Maemo a Naga e Itsegeng ka ona e leng se se totobatsang boleng jwa maemo a mmatota a Serodumo sa Naga 
7.3.    Togamaano e e bopilwe ka momagano ya tlhaeletsano, ditherisano le bannaleseabe ba ba maleba ga mmogo le melaetsa e e kgethegileng ya naga go netefatsa kamogelo go ralala mebaraka e e farologaneng. 
7.4.    BrandSA e tla simolola ka dikgato tsa go thankgolola le go tsenya tirirsong Togamaano eno.

C.    Melaotlhomo 
1.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Sesole wa Ngwaga wa 2025 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romelwa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Sesole wa Ngwaga wa 2025. Maitlhomomagolo a go kwalola sešwa molaotlhomo ono ke go fetola makoa a a rileng a a nopotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo mo katlholong ya kgetse ya O’Brien N.O kgatlhanong le Tona ya Tshireletso le Bagale ba Ntwa le ba Bangwe ya Ngwaga wa 2024. 
1.2.    Kgetse eno e ne e le ka ga go ikemela ga dikgotlatshekelo tsa sesole, segolo dikgotlatshekelo tse pedi tsa sesole tsa ntlha tse di tlhomilweng go ya ka Molao wa Mekgwatlaleletso ya Maitsholo mo Sesoleng wa ngwaga wa 1999, Kgotlatshekelo ya Moatlhodi wa Sesole le Kgotlatshekelo ya Moatlhodi yo Mogolwane wa Sesole. Diphetogo tse di tla samagana le merero yotlhe e e neng e se ka fa molaotheong e e supilweng ke kgotlatshekelo e e kwa setlhoeng eno.

2.    Molaotlhomo wa Mekgwatlaleletso ya Maitsholo mo Sesoleng wa 2025 
2.1.    Kabinete e neseditse pula go romelwa ga Molaotlhomo wa Mekgwatlaleletso ya Maitsholo mo Sesoleng wa 2025 kwa Palamenteng. 
2.2.    Diphetogo tse di tla samagana le tse dingwe tsa dintlha tse di rileng tse di nopotsweng mo dikarolong tsa molao ono gore di latele katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo mo kgetseng ya O’Brien N.O le Tona ya Tshireletso le Bagale ba Ntwa le ba Bangwe ya Ngwaga wa 2024. 
2.3.    Kgetse eno e ne e le ka ga ikemelo ya dikgotlatshekelo tsa sesole, segolo dikgotlatshekelo tse pedi tsa sesole tsa ntlha tse di tlhomilweng go ya ka Molao wa Mekgwatlaleletso ya Maitsholo mo Sesoleng wa ngwaga wa 1999, Kgotlatshekelo ya Moatlhodi wa Sesole le Kgotlatshekelo ya Moatlhodi yo Mogolwane wa Sesole.

3.    Kgogelomorago ya go Tsenngwatirisong ga Molaotlhomo wa Dikepe tse di Rwalang Dithoto wa Ngwaga wa 2023
3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gogelwa morago ga Molaotlhomo wa Dikepe tse di Rwalang Dithoto wa Ngwaga wa 2023 go letla Lefapha la Dipalangwa go konosetsa dithulaganyo tsa Nedlac. 
3.2.    Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Dikepe tse di Rwalang Dithoto wa Ngwaga wa 1951 go kgontsha ponelopele ya puso gore e phetagale eo maitlhomo a yona e leng go tsosolosa lephata la dikepe tse di rwalang dithoto mo lekaleng la dipalangwa tsa mo metsing ka maikaelelo a go godisa seabe sa lona mo kgolong ya ikonomi.


D.    Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang. 
1.    Rre Bongani Sayidini o thapilwe jaaka Motlhankedikhuduthamaga wa Setheo sa Maokwane sa Aforika Borwa. 
2.    Mme Ditebogo Barbara Kgomo o thapilwe jaaka Motlhankedikhuduthamaga wa Bolaodi ba Bosetšhaba ba Nutlelere. 
3.    Rre Makhahlele Richard Manzini o thapilwe jaaka Montlhankedimogolo wa Dipeeletso kwa Setheong sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le Matlole (SEDFA).
4.    Rre Molatlhegi Kgauwe o thapilwe jaaka Motlhankedimogolo wa Matlotlo kwa SEDFA.
5.    Mme Xoliswa Daku o thapilwe jaaka leloko la boto ya Koporasi ya Inšorense ya Dikoloto tsa Thomelontle ya Aforika Borwa.
6.    Rre Christoffel Johannes Lotter o thapilwe go dira mo Botong ya Taolo ya Maemelakepe ya Aforika Borwa.

7.    Maloko a Boto ya Koporasi ya Motlakase wa Nutlelere ya Aforika Borwa 
i.    Rre David Nicholls (Monnasetilo).
ii.    Ngaka Vuyo Mthethwa (Motlatsamonnasetilo);
iii.    Ngaka Derik Wolvaart;
iv.    Ngaka Khensani Xivuri;
v.    Rre Ismail Lambat;
vi.    Ngaka Pulane Molokwane;
vii.    Rre Eugene Julies; le 
viii.    Mme Phumelele Dlungwane

8.    Bakaedi ba Boto ya Eskom Holdings SOC Ltd
i.    Ngaka Busisiwe Vilakazi
ii.    Rre Lwazi Goqwana
iii.    Rre Clive Le Roux
iv.    Ngaka Andrew Barendse
v.    Ngk Dimakatso Matshoga
vi.    Ngaka Kgaogelo Chiloane
vii.    Mme Sharmila Govind
viii.    Ngaka Vuyo Peach
ix.    Ngaka Tsakani Mthombeni
x.    Mme Bajabulile Tshabalala 
xi.    Rre Tshokolo Nchocho

9.    Go thapiwa ga maloko a mangwe a nakwana a boto ya Setheo sa Tirelo le Phitlhelelo go Botlhe sa Aforika Borwa (Universal Service and Access Agency of South Africa)
i.    Rre Busani Ngcaweni;
ii.    Mme Yolisa Kedama;
iii.    Mme Carmen Cupido; le
iv.    Mme Rachel Kalidass.

10.    Bakaedi ba Boto ya Setheo sa Dirori tsa Tsela sa Kgabaganyo-Melelwane (C-BRTA)
i.    Rre Kevin van der Merwe (o thapilwe gape) - Monnasetilo
ii.    Moatefokate Adila Chowan (o thapilwe gape)
iii.    Mme Loyiso Kula (o thapilwe gape) – Motlatsa Monnasetilo 
iv.    Mme Keitumetse Mahlangu
v.    Mme Yongama Pamla-Dhludhlu
vi.    Ngaka Dineo Penelope Mathibedi
vii.    Mme Zandile Kabini
viii.    Rre Randall Howard
ix.    Rre Dave Jackson Moswane

E.    Peodinakong ya Kabinete 
1.    Pegelo ya go Retelelwa ga Lefelopolokelo la Magorogoro la Jagersfontein 
1.1.    Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka ga diphitlhelelo tsa dipatlisiso tsa setegeniki tsa go Retelelwa ga Lefelopolokelo ya Magorogoro la Jargesfontein go go bakileng matlhotlhapelo mo toropong ya Jargesfontein kwa Foreisetata. Tona ya Metsi le Kgeleloleswe Mme Pemmy Majodina o tla gololela setšhaba pegelo eo. 
1.2.    Kabinete e itumeletse gore ditatofatso tsa bosenyi di setse di simolotse mme balatofadiwa ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya Magiseterata wa Jagerfontein ka la bo 11 Lwetse 2025.

2.    Lekala la Aforika Borwa la oli le gase 
2.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga ditiragalo tsa lekala la Aforika Borwa la oli le gase. Naga e gatela pele mo go diriseng ka botlhale metswedi ya gase go fetlha motlakase le merero e mengwe e e amanang le lookwane; gammogo le dipolokelo tsa gase ya shale kwa Karoo Basin di ka bakanyediwa go bo di tshotse bokana ka ditirilione di le 200 tsa dikhubiki tsa metswedi ya gase. Naga e batla go itlhaganedisa dipatlisiso mo mebarakeng ya selegae le ya boditšhaba go fitlhelela bokgoni bo bo tletseng ba metswedi ya yona ya gase le oli. 
2.2.    Dipatlisiso le tlhagiso e e tswelelang di akaretsa Porojeke ya Gase ya Virginia kwa Foreisetata, Porojeke ya Gase ya Amersfoort le Volksrust kwa Mpumalanga le Porojeke ya Polokelo ya Malatlha a Methane kwa Lephalale kwa Limpopo. Diporojeke tse di na le metswedi e e boitshegang ya gase ya tlhago le heliamo. Tona ya Bodirelatlhapi, Dikgwa le Tikologo o konoseditse Melawana ya Gase ya Shale mme e tla phasaladiwa pele ga mafelo a Diphalane 2025. Melawana e e tla tlamela ka leano la go tsamaisa tiro ya pabalesego le go fokotsa dikotsi mo tirong ya go soreletsa gase eno ka fa teng ga matlapa.

3.    Maemo kwa Sudan le Leeto la Tiro la Motlatsamoporesitente kwa Borwa ba Sudan
3.1.    Kabinete e kgadile ka bogale kgotlang e e tswelelang kwa Sudan e e setseng e bakile go bolawa ga batho ba ka nna 60 mme ba le 17 ba bona e le bana ke Rapid Support Forces (RSF) ka la bo 9 Diphalane 2025 kwa El Fasher, mošate wa North Darfur kwa nageng ya Sudan. 
3.2.    Kabinete e tlhobaeditswe ke gore go fitlha ga jaana, dikete tsa baagi ba santse ba gaeletswe ka ntlha ya go thopiwa ke El Fasher e leng motswedi wa ditlhaselo tse di sa tlhaoleng ka RSF e leng se se etegetsang maemo a e setseng e le a matlhotlhapelo. 
3.3.    Mo ntlheng e nngwe, Kabinete e amogetse tirisano e e matlafalang mo makaleng a tshireletso, matlhale, le go bopiwa ga komiti e e kopaneng ya ikonomi magareng ga Borwa ba Sudan le Sudan. Kabinete e tsaya go matlafala go ga dikamano go le botlhokwa mo go tokafatseng tsepamo le tshireletso mo kgaolong e. 
3.4.    Ka ntlha ya fa Aforika Borwa e le mmatlakagiso, Kabinete e amogetse go konosediwa ga leeto la tiro le le atlegileng ka Motlatsamoporesitente Paul Mashatile kwa Juba, Borwa ba Sudan ka maemo a gagwe a Moemedi yo o Kgethegileng wa Moporesitente kwa Borwa ba Sudan. Leeto le la tiro le ne le tsepame mo go tsosoloseng tsenyotirisong ya Tumelano e e Tsosolositsweng ya Kagiso e e neng e emisitswe.

4.    Leano la Kagiso la ga Moporesitente Trump la Israele / Palestina le go Boa ga Baipelaetsi ba Global Sumud Flotila 
4.1.    Kabinete e amogetse go saeniwa ga Leano la Kagiso la ga Moporesitente Trump la Iseraele/Palestina, go letla go khutla ga kgotlang e e matlhotlhapelo kwa Gaza. Kgato e e nyalana le boineelo ba Aforika Borwa ba pakatelele ba kagiso ya lefatshe, bosiamisi le kgololosego ya batho ba Palestina. 
4.2.    Kabinete e tswelela go ikuela go maphata otlhe go tlotla dikgato tse di buisanetsweng le go latela tsamaiso e e nonofileng ya kakaretso ya sepolotiki e e tla khutlisang matlhotlhapelo mo bathong le go thibela dintsho tse dingwe.
4.3.    Kabinete e tswelela go amogela tshimololo ya Kgato ya 1 ya Leano la Kagiso ka go gololwa ga bathopiwa ba Iseraele go refosanya le batshwarwa ba sepolotiki ba Palestina. 
4.4.    Puso ya Aforika Borwa e tswelela go ikuela gore thomelo ya sesole sa Iseraele kwa Gaza le mo mafelong a mangwe a Palestina e fitlhisiwe kwa bokhutlong. 
4.5.    Kabinete e neseditse pula gape go boa ka pabalesego ga baipelaetsi ba barataro ba Aforika Borwa ba ba nnileng le seabe mo morerong wa Global Sumud Flotilla, e leng morero o maikaelelo a ona e neng e le go isa dijo le melemo kwa Gaza. Kabinete e ikuela gore go nne le peomarumofatshe ka gangwe, phitlhelelo e e sa kgorelediweng ya thuso go batho, phalodiso e e babalesegileng ya baagi go tswa kwa mafelong a a go lwewang mo go ona.  

5.    Ditiragalo tsa Sepolotiki kwa Rephaboliking ya Madagascar
5.1.    Kabinete e etse tlhoko le go tshwenngwa ke dikhuduego tsa go sa le gale tsa dipolotiki kwa Rephaboliking ya Madagascar, tse di bakileng dintsho le tshenyo ya dithoto. 
5.2.    Kabinete e ikuela gore go digiwe makgwafo le gore batho botlhe/bannaleseabe ba rarabolole kgotlang eno ka mekgwa e e renang kagiso, ka tsela e e tlotlang meono ya temokerasi le tsamaiso ya molao.

F.    Ditiragalo tse di Tlang
1.    Kgwedi ya Dipalangwa 
1.1    Jaaka Diphalane e le Kgwedi ya Dipalangwa, Aforika Borwa e keteka seabe sa botlhokwa se dipalangwa di nang naso mo go godiseng ikonomi le go bopa matshelo a letsatsi le letsatsi. Jaaka kgwedi e setse e simolotse, keteko e ya ngwaga le ngwaga e tlhagisa maatla a mafaratlhatlha a dipalangwa a rona go ralala diphofo, tsa mawatle, dipalangwa tsa botlhe le ditsela.  
1.2    Dipeeletso tsa rona mo lekaleng la dipalangwa di tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro. Ditokafatso tsa dipalangwa tsa diporo, ditsela le tsa botlhe di fetola ka moo Aforika Borwa e fitlhelelang mafelo a tiro, dikolo le a boitapoloso, e leng se se rotloetsang kgolagano le ditšhono. 
1.3    Ntlha e e itlhomileng kwa setlhoeng mo Kgweding ya Dipalangwa e ne e le SA Auto Week e e neng e tshwaretswe kwa Nelson Mandela Bay ka la bo 1 go fitlha ka la bo 3 Diphalane. Tiragalo e e manontlhotlho e e kopantse baeteledipele ba intaseteri, batlhagisi ba didirisiwa tsa mmatota le di-SMME go tlhotlheletsa dipuisano tse di ka ga go itlhaganedisa dipeeletso, tlhabololo ya dinonofo le bointaseteri bo bo akaretsang go ralala toropokgolo eo le porofense, go mametlelela boineelo ba Aforika Borwa ba go kgontsha isago ya tekatekano mo dipalangweng.

2.    Samiti ya bo7 ya Bosiamisi ba Loago 
2.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya bo7 ya Bosiamisi ba Loago kwa Yunibesithing ya Stellenbosch ka la bo 17 Diphalane 2025, ka fa tlase ga setlhogo: “Bosiamisi ba Loago, Tshireletso ya Dijo le Kagiso: Ditsela tse di Isang go Tekatekano, Momagano, Tsweletso le Itsetsepelo ya Tlelaemete”. 
2.2.    Samiti e e tla kopanya badiradipholosi, bakwalamelao, makoko a sepolotiki, boatlhodi, baeteledipele ba setso le ba sedumedi, baagi le dirutegi go kgontsha ditherisano tsa maemo a a kwa godimo ka ga tshireletso ya dijo jaaka motheo wa boasiamisi ba loago, tekatekano le tlhabololo e e tswelelang. 
2.3.    Samiti e e ikaelela go itlhaganedisa tswelopele go ya go Maitlhomo a bo2 a Tlhabololo e e Tswelelang (Phediso ya Tlala) le Lenanetema la 2063 la AU. E nyalana gape le Leanotlhabololo la Bosetšhaba la Aforika Borwa la 2030, le maitlhomomagolo a lona e leng go fedisa botlhoki le go fokotsa go se lekalekane.

3.    Samiti ya Aforika ya 2025 
3.1.    Samiti ya Aforika ka Financial Times e tla tshwarelwa kwa London go tloga ka la bo 21 go fitlha ka la bo 22 Diphalane 2025 ka fa tlase ga setlhogo: “Aforika mo Lefatsheng le le Fetogang”.
3.2.    Samiti e e tla kopanya ditlhogo tsa dinaga, ditona, baeteledipele ba kgwebo, boramatlotlo le baitlhamedi go sekaseka ka moo dinaga tsa Aforika di ka mekamekanang ka teng le dikamano tse di fetogang tsa lefatshe, go sola mosola dithekenoloji tsa dijithale le tse di ntšhwafatsegang, go tiisa kgwebisano mo teng ga kontinente le go ngoka dipeeletso tse di tswelelang. 
3.3.    Samiti e e neelana ka serala sa go tlhatlosa lentswe la Aforika mo dipuisanong tsa lefatshe, go tsweletsa dimphato le go bopa isago e e ikaegileng ka itsetsepelo le kgolo e e akaretsang.

4.    Ditlhatlhobo tsa Setifikeite sa Bosetšhaba sa Marematlou
4.1.    Kabinete e eleletsa masego Baithuti ba 2025 jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Marematlou (NSC) tse di tla simololang ka la bo 21 Diphalane 2025 mme di konosediwe ka la bo 27 Ngwanaitseele 2025. 
4.2.    Puso e akgola boineelo ba barutabana, batsadi le batlhokomedi ka tshegetso ya bona e e tswelelang go neela barutwana ba tshepo ya go dira sentle. 
4.3.    Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go nna le seabe ka go tswelela go rotloetsa le go tlhotlheletsa barutwana, le go netefatsa gape gore ba na le tikologo e e ba tshegetsang e bile e siametse go ithuta le go ipaakanya kwa gae.

G.    Melaetsa 
1.    Matshidiso
Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go batho le puso: 

  • Moporesitente wa Maloba wa Kenya (2008 – 2013), Rre Raila Odinga. O dirile gape jaaka Moemedimogolo wa Mokgatlo wa Kopano ya Aforika wa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha (2018 – 2023). O ne gape a le radipolotiki wa Kenya mo nakong e telele le leloko la Palamente. 

Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ditsala le ba malapa a:

  • Tona ya Maloba le Moambasatara wa Aforika Borwa kwa France, Rre Nathi Mthethwa yo o dirileng mo Kabineteng dingwaga di le 15 mo mafapheng a Metshameko, Botaki le Setso le la Sepodisi. O nnile le seabe sa botlhokwa gape mo kgaratlhong ya Aforika Borwa ya kgololesego. Ka ntlha ya tirelo ya gagwe e e maatlametlo mo nageng le setšhaba sa rona, Moporesitente Ramaphosa o goeleditse Phitlho ya Semmuso e e Kgethegileng ya Maemo a bo2.

2.    Go akgola 
Kabinete e romela melaetsa ya go akgola go:

  • Moporofesara Peter Mutharika ka phenyo ya gagwe mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Rephaboliki ya Malawi; le go mo eleletsa katlego jaaka a ipaakanyetsa go rwala mokgweleo o a o neetsweng ke batho ba Malawi. Aforika Borwa e solofela go tswelela ka dikamano tsa yona le tsamaiso ya ga Moporofesara Mutharika, go dira mmogo go matlafatsa dikamano tsa botsalano le momagano magareng ga dinaga tsoopedi.  
  • Moporofesara Priya Soma-Pillay ka go tlhophiwa jaaka Motlatsa Moporesitente wa International Federation of Gynaecology and Obstetrics (FIGO) ka motsi wa Kokoanokakaretso ya FIGO kwa Cape Town.
  • Aforika Borwa e akgoletswe maiteko a yona a a botlhokwa a go nona go feta tekano ga batho mo mmeleng mmogo le malwetse a a sa tshelanweng, mme e amogetse Kabo ya Dinagakopano ya Setlhophatiro sa Ditheo kwa Kopanong ya Ngwaga le Ngwaga ya Ditsala tsa Setlhophatiro ya bo 10 kwa New York, kwa nageng ya Amerika. Kabelo e ke ka ntlha ya boeteledipele ba Aforika Borwa ba go lwantsha bokete ba mmele le malwetse a a sa tshelanweng, e leng motlhala o dinaga tse dingwe di tla o latelang mo ntweng kgatlhanong le malwetse a a ka thibelwang.
  • Mosireletsi wa Setšhaba wa Aforika Borwa (PPSA) ka go keteka dingwaga di le 30. PPSA e nnile le seabe sa botlhokwa mo go sireletseng meono ya temokerasi, go se gobelele le puso e e siameng.
  • Springboks ka diphenyo tse di latelanang tsa Bommampodi ba Rakebii. Setlhopha se se bontshitse gape itsetsepelo, nonofo le momagano mo seraleng sa lefatshe.
  • Setlhopha sa ba Dingwaga tse di kwa Tlase ga 20 sa Aforika Borwa sa kgwele ya dinao, se se itsegeng jaaka Amajita, go fitlhelela kgato ya tsa bofelo tse 16 tsa Sejana sa Lefatshe sa ba ba kwa Tlase ga 20 kwa Chile.


Dipotso: 
Rre Sandile Nene – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere 
Mogale: 083 712 2316
 

Share this page

Similar categories to explore