Pegelo ya kopano ya Kabinete ya Laboraro, 1 Phukwi 2026
A. Merero ya ga Jaana
1. Tsela e e Tseneletseng ya go Samagana le Bofaladi mo Aforika Borwa
1.1 Kabinete e rometse melaetsa ya tebogo go Maaforika Borwa otlhe a a nnileng le seabe mo ditshupetsong tse di renang kagiso tse di tobileng baagi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng go se mo molaongmmogo le go akgola Ditheo tsa Bosetšhaba tsa Ditiro tsa Matlhale a Motlhakanelwa (NatJOINTS) go netefatsa ditshupetso tse di edileng ka la bo 30 Seetebosigo 2026.
1.2 Kabinete e akgotse gape Komiti ya Ditona (IMC) ka fa tlase ga bodulasetilo ba Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Mme Mmamoloko Kubayi ka tiro e e manontlhotlho ya go tsenya tirisong Leano le le Momaganeng go laola bofaladi jaaka Moporesitente Ramaphosa a begile ka la bo 07 Seetebosigo 2026.
1.3 Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga go tsenngwa tirisong ga dipilara tse tlhano tsa Leano le le Momaganeng, mme tswelopele e e akarediwang ka fa tlase ga pilara ya tsenyotirisong ya Molao:
1.3.1 Ditlhatlhobo tsa ditiro tse di okeditsweng kwa ditlamong tse go belaelwang fa di thapa baditšhaba ba ba senang ditlankana tse di maleba, ka fa tlase ga Batlatsatona ba Merero ya Badiri le Ditiro (Rre Jomo Sibiya), Merero ya Selegae (Rre Njabulo Nzuza) le Sepodisi (Ngaka Polly Boshielo).
1.3.2 Go netefatsa go busediwa magaeng go go lolameng e bile go le ka fa molaong ka go tlhongwa ga Kgotlatshekelo e e Kgethegileng ya Bofaladi kwa Durban (e e neng e dira go diragatsa dipusetsomagaeng tse di neng di diragadiwa kwa Sherwood, kwa Durban), Kgotlatsekelo ya Bofaladi kwa Boemafofane ba Boditšhaba ba OR Tambo, le go tsosoloswa ga kgotlatshekelo kwa Tikwatikweng ya Go Busediwa Magaeng ya Lindela kwa Krugersdorp.
1.3.3 Tsibogo e e bonako go tshegetsa maiteko a go busetsa bafaladi gae kwa dinageng tsa bona go netefatsa pusetsogae e e momaganeng e bile e na le seriti. Se se bakile gore IMC e tlhome ka bonako tikwatikwe ya nakwana ya pusetsogae kwa Musina go kgontsha tsamaiso e e nonofileng ka fa tlase ga maemo a a nang le seriti le botho. Mo ntlheng e, Kabinete e rometse ditebogo go mekgatlo e e sa direng morokotso jaaka Gift of the Givers, Ashraf Aid, le Mahlasela Foundation.
1.3.4 Fa e sale ka la bo 07 Seetebosigo 2026, Bothati ba Taolo ya Melelwane bo tshwere bafaladi ba bantsi ba leka go tsena mo nageng e se ka fa molaong, e leng bafaladi ba ba senang ditlankana, batho ba ba sa batlegeng mo nageng gammogo le dikganelo ka ntlha ya ditlankana tsa mosepele tse di sa lolamang.
1.3.5 NATJOINTS e tlhalositse ka ga dikgetse tsa bosenyi tse di butsweng kgatlhanong le bosenyi tse di akaretsang dikhuduego mo mafelong le dikgetse tse di amanang le boiphetlhi tse di kwadisitsweng le tse di leng ka fa tlase ga dipatlisiso.
1.4 Ka Labone, 02 Phukwi, bangwe ba maloko a IMC ba ne ba ya go lekola kwa molelwaneng wa Limpopo-Zimbabwe go itemogela bogolo ba tiro ya setlhophatiro sa IMC tebang le tokafatso ya mafaratlhatlha a melelwane.
2. Tiragatso e e Manontlhotlho ya Bafana Bafana kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2026
2.1 Kabinete e ikamantse le setšhaba go akgola Bafana Bafana ka tiragatso ya bona e e manontlhotlho kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2026, e e kgontshitseng setlhopha go tswelela kwa Tikologong ya bo 32 la ntlha fa e sale Aforika Borwa e tsena mo Sejaneng sa Lefatshe ka 1998.
2.2 Bafana Bafana e supile gape botswerere ba kgwele ya dinao kgatlhanong le Canada mo tikologong ya bo 32 kwa ba latlhegetsweng ka maswabi mo motsotsong wa bofelo wa motshameko. Setšhaba sa rona se tota se ipela ka basimane ba rona ba ba supileng gore ba ka itepatepanya le bagaka mo seraleng sa lefatshe.
2.3 Re a leboga, Aforika Borwa, ka moo lo amogetseng Basimane ba rona (Bafana Bafana) ka diatla tse di bothitho.
Ikonomi:
1. Maemo a Naga ya Aforika Borwa a Tokafala Thata mo Dielong tsa Kgaisano ya Lefatshe Lotlhe
1.1 Kabinete e amogetse kgolo e e bonalang ya Aforika Borwa fa e bapisiwa mo lefatsheng jaaka e tlhagelela mo teng ga 2026 World Competitiveness Yearbook (WCY) mo e leng mo maemong a bo 54 fa go bapisiwa le a bo 64 a e neng e le mo go ona ka ngwaga wa 2025.
1.2 Pegelo e e rebotsweng ka Seetebosigo 2026 ke Setheo sa Tlhabololo ya Taolo (IND) ka semphato le Productivity SA e supile fa Aforika Borwa e tokafetse ka dikgato di le lesome fa go bapisiwa le maemo a yona a a fetileng.
1.3 Maemo a a tokafetseng a a kgontshiwa ke nonofo ya puso, tshepo e e kwa godimo ya dikgwebo, le taolo ya mafaratlhatlhe e e tokafetseng e leng tse di tshegetsang seabe sa diphetogo tse di tswelelang go matlafatsa tiragatso ya ikonomi le bobusi.
2. Samiti ya Aforika Borwa ya Mafaratlhatlha e Gatelela Letsholo la Naga la go Beeletsa mo Pusong
2.1 Kabinete e akgotse go tsholwa ka katlego ga Samiti ya Aforika Borwa ya Mafaratlhatlha le Pontsho go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 11 Seetebosigo 2026 kwa Gallagher Convention Centre kwa Johannesburg e e tlametseng ka serala se se botlhokwa mo go tsweletseng tirisanommogo, go rotloetsa dipeeletso le go itlhaganedisa tsenyotirisong ya diporojeke tsa togamaano tsa mafaratlhatlha.
2.2 Dipuisano di ne di ikaegile ka go atolosa dikamano tsa puso-poraefete, go tokafatsa mafaratlhatlha a tsamaiso, le go matlafatsa mafaratlhatlha a dipalangwa, metsi, le dijithale go tshegetsa kgolo ya ikonomi le tlhabololo. Maiteko a a mafaratlhatlha a kgontsha boineelo bo bo dirilweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2026, e e neng e tlhagisa lenaneo le le gatetseng pele la kgolo e e gogiwang ke mafaratlhatlha, ka R1 tirilione mo mafaratlhatlheng a puso mo pakagareng.
Dikamano tsa Boditšhaba
1. Samiti ya SACU: e Gatelela gore go nne le Tirisanommogo Magareng ga Dinaga tsa Kgaolo
1.1 Kabinete e akgotse katlego ya Samiti ya bo 9 ya Southern African Customs Union (SACU) ya Ditlhogo tsa Dinaga kgotsa tsa Dipuso ka la bo 26 Seetebosigo 2026.
1.2 Poelo ya botlhokwa ya Samiti e, e e nyalanang le mokgwa wa SACU e e Fetotsweng, dinaga tseo e leng maloko di netefaditse boineelo ba tsona go SACU jaaka enjene e e kgweetsang momaganyo ya ikonomi ya sedika, pharologano ya intaseteri le ikonomi, peeletso le kgwebisano tse di atolositsweng tsa mo teng ga kgaolo, nyalanyo ya dipholisi gammogo le tlhabololo e e tswelelang ya ikonomi. Go tlhongwa ga madirelo e santse e le ntlhakgolo mo lenaneng la tlhabololo la SACU.
2. Go Tswelela go Nna le Maano a Dikamano le China
2.1 Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o konoseditse leeto la tiro ka katlego kwa China go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 26 Seetebosigo 2026, le maikaelelo a lona e neng e le go gagamatsa dikamano tsa ikonomi le go atolosa ditšhono tsa dipeeletso le tirisanommogo ya intaseteri. Mo leetong le, o ne a nna le dikopano tsa sebedi le Motlotlegi Rre Han Zheng, Motlatsa Moporesitente wa People’s Republic of China, go buisanela merero e e amang maphata ka bobedi le go tiisa dikamano tsa sebedi tsa ikonomi.
2.2 Mo leetong le, Motlatsa Moporesitente Mashatile o nnile le seabe mo Pontshong ya Bone ya Tsamaiso ya Tlamelo ya Boditšhaba ya China, kwa a neng a gatelela maemo a Aforika Borwa jaaka mokgothwana wa Sub—Saharan Africa wa kgwebisano, peeletso le tirisanommogo ya intaseteri. Semphato se se maatlafaditsweng se solofelwa go ngoka peeletso e e oketsegileng le go tshegetsa kgolo ya ikonomi e e tlholang ditiro.
A. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Maano a Dithoto tsa Maokwane
1.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Maano a Dithoto tsa Maokwane gore se ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe maikutlo a bona mme ba dire ditshwaelo ka ga sona.
1.2. Pholisi e e ikaelela go matlafatsa go nneng teng ga metlakase ka fa nageng ya Aforika Borwa le go fokotsa seabe sa matshosetsi mo tlamelong. E latela ditlhotlhomiso tse di tletseng tse di laetsweng ke puso ka 2024 tebang le maano a dithoto tsa maokwane mo nageng, tse di supileng dikarolo tse di tlhokang go tsewa tsia, go akaretsa go maatlafatsa dithulaganyo tsa go bolokela le go oketsa bokgoni ba ka fa nageng ba go tlhotlha maokwane.
1.3. Pholisi e e tshitshinya mmotlele o o tswakilweng wa go boloka dithoto o mo go ona Setlamo sa Aforika Borwa sa Bosetšhaba sa Maokwane (SANPC) se tla bolokang dithoto tse di ka lekanang le tsa dithomeloteng tsa matsatsi a le 60 tsa oli e e sa tlhotlhwang le tsa ditlhagiswa tsa maokwane tse di tlhotlhilweng, ka koketso e e tswelelang ya go ya go matsatsi a le 90 mo pakateleleng. Pholisi e e tla nnang le seabe mo go netefatseng tshireletso ya metlakase ya bosetšhaba, go tokafatsa tsepamo kgatlhanong le matshosetsi a tlamelo go ralala lefatshe le go tshegetsa kgolo ya ikonomi e e tswelelang.
2. Leano le le Kopanetsweng la go Tsamaisa Tiro ya go Thusa Setšhaba
2.1. Kabinete e neseditse pula Leano le le Kopanetsweng la go Tsamaisa Tiro ya go Thusa Setšhaba (ISFF) jaaka sedirisiwa sa pholisi ya bosetšhaba se se mo molaong go lekalekanya le go rulaganya ditherisano le baagi tebang le thebolelo ya mafaratlhatlha go ralala makala otlhe a puso, ditheo tsa puso le bannaleseabe ba tlhabololo ya mafaratlhatlha.
2.2. Leano le le ikaelela go samagana le ditshupetso, dikgoreletso tsa diporojeke, tshenyo, ditiego le dikotsi tsa tshireletso ka go rotloetsa go nna le seabe ga baagi go go tlhomameng mo porojekeng yotlhe ya mafaratlhatlha, e leng se se tla maatlafatsang tshepo mo baaging, momagono ya loago le tshireletso ya dipeeletso tsa mafaratlhatlha.
2.3. ISFF e tlhagisa tsela ya seporofešenale e e momaganeng ya seabe sa baagi, go akaretsa kwadiso ya Batsamaisi ba Loago, dithulaganyo tsa tsamaiso tse di tlhamaletseng, kelotlhoko le tshekatsheko e e gagamaditsweng, le mokgwatiro o o ikaegileng ka dikotsi go samagana le dikotsi tse di amanang le setšhaba.
3. Pegelo ya Matlole a Setlhophatiro sa Ditona tsa ka fa Nag eng tse di Tshwaraganetseng Merero ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi
3.1. Kabinete e neseditse pula go rebolwa ga Pegelo ya Matlole a Setlhophatiro sa Ditona tsa ka fa Nag eng tse di Tshwaraganetseng Merero ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi (STI) gore baagi ba ntshe maikutlo a bona mme ba dire ditshwaelo ka ga sona.
3.2. Pegelo e e gatelela tlhokego ya gore Aforika Borwa a tile go ikaega go feta tekano ka matlole go tswa kwa ntle ga naga le go bopa mothamo wa matlole wa ka fa nageng go tila matshosetsi a a ka tlhagelang mananeo a naga a ditlhotlhomiso go kgona go sireletsa ikemelo ya Aforika Borwa mo mererong ya saense.
4. Tumelano ya Semolao e e ka ga Tsamaiso ya Merero ya Diintaseteri mo Kgaolong ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC)
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romelwa kwa Palamanteng Tumelano ya Semolao e e ka ga Tsamaiso ya Merero ya Diintaseteri mo Kgaolong ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) go mametlelelwa. Tsamaiso e ke tumalano ya kgaolo e e nang le maatla a semolao e maikaelelo a yona e leng go tlhoma diintaseteri tse di farologaneng, tsa itlhamelo e bile di ka gaisana mo seraleng sa lefatshe go ralala Borwa ba Aforika. Maitlhomo a sona ke go rotloetsa kgolo ya ikonomi e e tswelelang e bile e akaretsa.
4.2. Mametlelelo ya Aforika Borwa ya Tsamaiso e e tla tswelela go diragatsa ka nonofo jaaka re nna le seabe sa go tsepama mo tlhabololong ya ikonomi le madirelo ya sedika le go rotloetsa phetogo go tswa go thomelontle ya dire tse di sa tlhotlhiwang go ya go thomelontle ya ditlhagisiwa tse di nang le boleng jo bo kwa godimo.
5. Tumelano ya Semolao e e ka ga Kutlwano mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Tiriso ya Ditshedi le Dijalo tsa Tlhago mo Mawatleng a Dinaga go Tsenyeletsa le mo Dikgaolong tse di sa Weleng ka fa Tlase ga Taolo ya Mebuso Dinaga
5.1. Kabinete e neseditse pula go romelwa ga Tumelano ya Semolao e e ka ga Kutlwano mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Tiriso ya Ditshedi le Dijalo tsa Tlhago mo Mawatleng a Dinaga go Tsenyeletsa le mo Dikgaolong tse di sa Weleng ka fa Tlase ga Taolo ya Mebuso Dinaga (Tumelano ya BBNJ) kwa Palamenteng go mametlelelwa. Jaaka e itsege gape e le Tumelano ya Mawatle a a kwa Godimo, Tumelano e ke sedirisiwa sa semolao sa Ditšhabakopano se se diretsweng go rotloetsa tshomarelo le tiriso e e tswelelang ya pharologano ya botshelo mo mawatleng a boditšhaba.
5.2. Aforika Borwa o nnile le seabe se se bonalang mo go buisaneleng Tumalano e ka fa tlase ga Tumalano ya Ditšhabakopano ka ga Molao wa Mawatle. Tumalano ya BBNJ e solofelwa go maatlafatsa tirisano ya boditšhaba mo tshireletsong le taolo e e tswelelang ya dire tsa mawatle mo metsing a boditšhaba.
B. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Merero ya Taolo ya Tikologo ka fa Nageng wa Ngwaga wa 2026
1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Merero ya Taolo ya Tikologo ka fa Nageng (NEMLA) wa Ngwaga wa 2026 go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Molaotlhomo o o batla go tlhabolola Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo, 1998 (molao wa bo 107 wa ngwaga wa 1998), go maatlafatsa ikobelo le tsenyotirisong ka go maatlafatsa batlhatlhobi ba tikologo go rebola dikitsiso tsa ikobelo le go kgontsha bommasepala go rebola dikaedi fa go na le kgatako ya merero ya tikologo.
1.2. Molaotlhomo o o tlisa gape le tsamaiso ya kotlhao ya botsamaisi mo teng ga melao ya Aforika Borwa ya bosetšhaba ya tikologo. Se se tla tlaleletsa dikotlhao tsa bosenyi tse di leng teng ka go tlamela ka tsela e e farologaneng le tshekiso ya bosenyi mo ditlolomolaong tse di seng masisi go le kalo tsa tikologo, go kgontsha tsenyotirisong e e nonofileng thata le go tila ditiego le kotsi mo serodumong tse di amanang le ditshekiso tsa bosenyi.
2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Dithulaganyo tsa Ileketeroniki tsa Kwadisetso ya Makwalo a Semolao a Bongthoto jwa Ditsha mmogo le wa go di Rekota
2.1. Kabinete e neseditse pula go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Dithulaganyo tsa Ileketeroniki tsa Kwadisetso ya Makwalo a Semolao a Bongthoto jwa Ditsha mmogo le wa go di Rekota. Molaotlhomo o o batla go tlhabolola Molao wa Dithulaganyo tsa Ileketeroniki tsa Kwadisetso ya Makwalo a Semolao a Bongthoto jwa Ditsha (Molao wa bo 19 wa nwaga wa 2019), Molao wa Kwadisetso ya Makwalo a Semolao a Bongthoto jwa Ditsha (Molao wa bo 47 wa ngwaga wa 1937) le Molao wa Dithaetlele tsa Dikarolwana tsa Bodulo (Molao wa bo 95 wa ngwaga wa 1986) go ntšhwafatsa letlhomeso la melao e e laolang kwadiso ya bongthoto le ditsamaiso tsa go rekota.
2.2. Molaotlhomo o o tsweletsa maitlhomo a ikonomi e e akaretsang le tsweletso ya tshireletso ya go nna mong wa lefatshe. Ditokafatso tse tse di tshitshinngwang bontsi ba tsona ke tsa setegeniki mme di ikaelela go matlafatsa tshireletso ya bongthoto go tokafatsa tsamaiso ya ditshwanelo tsa lefatshe le thoto go tswela mosola benglefatshe le bengditshwanelo.
C. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Diphuruphutso tsa Botlhokotsebe jo bo Itlhophileng mo Setšhabeng, Dintlha tse di kwa Setlhoeng tsa Botlhokotsebe jo bo Itlhophileng mo Setšhabeng mmogo le phetagatsa ya leano la NIE la Ngwaga wa 2026/7
1.1 Kabinete e ne ya bewa mo dinakong tebang le Diphuruphutso tsa Botlhokotsebe jo bo Itlhophileng mo Setšhabeng (NIE), Dintlha tse di kwa Setlhoeng tsa Botlhokotsebe jo bo Itlhophileng mo Setšhabeng (di-NIP) mmogo le phetagatsa ya leano la NIE la Ngwaga wa 2026/7.
1.2 Kabinete e etse tlhoko gore ditheo tsa bosetšhaba tsa botlhokotsebe di tswelela go nna le katlego mo go tsenyeng tirisong NIE.
1.3 Mo dintlhakgolong tse di seng mo taolong ya ditheo tsa Matlhale a Bosetšhaba, Kabinete e sekasekile leano la tsenyotirisong ya NIE le le gatelelang gareng ga tse dingwe:
1.3.1 Maatlafatso ya ditlhatlhobo tsa mafelotiro go netefatsa gore go ikobelwa melao ya Aforika Borwa ya ditiro,
1.3.2 Melawana e e gagametseng ya diikonomi tsa selegae go netefatsa go nna le seabe le go nna beng go go sekametseng mo baaging go ya ka karolo 22 ya Molaotheo, go gatelelwa bogolo taolo ya mabenkele a diphasa, dikgwebopotlana tse dingwe le dikgwebo tse di sa tlhomamang go netefatsa gore baagi e nna beng le go nna le seabe se se bonalang.
1.3.3 Motlakase o o lekaneng le tshireletso ya dijo go lebilwe metswedi e e leng teng ya Aforika Borwa, le
1.3.4 Phetogo ya tlelaemete le tsepamo go akaretsa go samagana le El Niño e kgolo.
1.4 Mo tsamaong ya nako le ka kgakololo ya ditheo tsa Matlhale a Bosetšhaba, Tona mo Kantorong ya Moporesitente o tla rebola Diphopholetso tsa Matlhale a Bosetšhaba le Dintlhakgolo tsa 2020 – 2021.
2. Ngongorego e e Tlhatlhetsweng le ba Khomišene ya Bodiredipuso ka ga go nna le seabe ga badiredipuso mo go tlhatlheleleng ditlhopha tsa sepolotiki gore di kgone go sekaseka merero e e rileng kwa palamenteng le mo mererong e mengwe e e amanang le seno
2.1 Kabinete e nopotse Ngongorego e e Tlhatlhetsweng le ba Khomišene ya Bodiredipuso (PSC) ka ga go nna le seabe ga badiredipuso mo go tlhatlheleleng ditlhopha tsa sepolotiki gore di kgone go sekaseka merero e e rileng kwa palamenteng le mo mererong e mengwe e e amanang le seno mme e ikuetse go PSC go rerisana ka botlalo le botlhe ka ga ditsela tsotlhe tse di ka dirisiwang go tshegetsa maloko a Palamente ka tlhatlhelelo e e tla ba kgontshang go ipaakanyetsa go nna le seabe se se bonagalang mo ditlhopheng tsa go sekaseka merero e e rileng.
2.2 Motheo wa sepolotiki ka fa Aforika Borwa o ikaegile ka thulaganyo ya go nna le dikemedi tse di emetseng dikarolo tsa setšhaba go ya ka makoko a sepolotiki mme ka jalo Palamente e rulagantswe go ya ka dikemedi tsa makoko a sepolotiki. Makoko sepolotiki ka jalo ke ona a a ithulaganyang ka tsela e e tla kgontshang gore a kgone go phetagatsa tiro ya one ntle le tshitiso – makoko a mangwe a sepolotiki a itlhometse makokonyana a ona go a ema nokeng mo ditlhopheng tsa sepolotiki tsa go sekaseka merero e e rileng kwa palamenteng.
2.3 Ntlha e e tlhodileng ngongorego eno ke ya go se tlhaloganye sentle e e neng e re Ditona le Batlatsatona ba ntsha ditaelo tsa go laela batlhankedi ba bagolwane ba mafapha le ditheo tsa puso go tla go nna le seabe mo makokonyaneng a bona.
2.4 Batlhankedi ba bagolwane ba a lalediwa mme ba tshwanetse go nna le seabe kwa ditlhopheng tsa sepolotiki tsa go sekaseka merero e e rileng kwa palamenteng go neelana ka tshedimosetso ya setegeniki go tlhatlhelela Maloko a Palamente go nna le kelotlhoko e e bonalang le bokgoni jwa go rwesa maikarabelo Baeteledipele ba ditheo le mafapha a puso.
2.5 Kabinete e dumetse gore e tla fetisetsa ditshwetso mo Setlhopheng sa go Sekaseka Ditshwetso gore se kwale dikgato tsa go kaela batlhankedi ba bagolwane ba mafapha le ditheo tsa puso gore ba tshwanetse go nna le seabe ka tsela mang mo ditlhopheng tsa sepolotiki tsa go sekaseka merero e e rileng kwa palamenteng le mo mererong e mengwe e e amanang le seno.
3. Theosešwa ya Dikgwebo tsa Puso
3.1 Kabinete e amogetse pegelo tebang le theosešwa e e lebisitsweng kwa go maatlafatseng dikgwebo tsa puso (di-SOE) go netefatsa gore di phetagatsa tiro eo di e theetsweng.
3.2 Kgatelopele e e tsweletseng e e setseng e dirilwe mo go phetagatseng theosešwa eno ya di-SOE e tsenyeletsa matsholo a a botlhokwa a a mabapi le go gagamatsa tsamaiso ya go busa ditheo, go godisa tsepamo le go godisa setlwaedi sa go rwala maikarabelo go ralala le di-SOE tsotlhe. Kgato e e botlhokwa ke ya Molaotlhomo wa Naga wa Dikgwebo tsa Puso o o laolelang gore go tlhomiwe setheo se le sengwe se segolo sa naga se se tla emelanang le dikgato tsa theosešwa ya di-SOE tsotlhe, go lepanya dikgato tsa go busa ditheo mmogo le tsa go kaela dituelelo tsa megolo, mmogo le go ema nokeng ditiragalo tse di bontshang fa maemo a go phetagatsa tiro a tokafetse mo lephateng la di-SOE.
3.3 Ka Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Disa Phetagatsotiro ya di-SOE, ditheo di le 72 tse di tlhomilweng go ya ka Sekejule sa bo 72, sa bo 3A le sa bo 3B mo Molaotheong di setse di sekasekilwe mo ngwageng wa matlole wa 2025/26. Dikgato tsa tshekatsheko eno di nopotse gore go dikgwetlho di le mmalwa mo go buseng ditheo mme gore di rarabololwe go tlhokwa gore go tlhomiwe dipeelo tse di ikaegileng ka dinako le diphitlhelelo tse di tlhomilweng.
3.4 Leano leno le tswelela go nna sedirisiwa sa botlhokwa mo go gagamatseng kelotlhoko ya maemo, mo go tokafatseng puso ya ditheo mmogo le mo phetagatsotirong ya ditheo go ralala le di-SOE fa go tla mo go sekasekeng dikgato tsa go loga maano, tsa go dira dipegelo mmogo le tsa thulaganyo ya taolo ya phetagatsotiro ya ditheo.
3.5 Mo go tshegetseng theosešwa tseno ke karolo ya go rulaganya sentle le go tlhoma sentle di-SOE, e leng seo se agelelang mo godimo ga tiro eo e setseng e weditswe ke Lekgotla la Moporesitente le le samaganang le Dikgwebo tsa Puso, leo le rometseng ditshitshinyo tsa lona go Moporesitente ka Moranang 2024.
4. Porojeke e e ka ga Dithuso tsa go ya Sekolong le Ditirelo tsa Thuto go Thusa Bana le Bašwa ba ba Tshelang ka Bogolofadi ka fa Nageng ya Aforika Borwa
4.1 Kabinete e etse tlhoko dipegelo tse pedi tse di rulagantsweng ke Lefapha la Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogole, tse di sekasekang mokhino fa gare ga dipholisi tsa thuto e e akaretsang tsa Aforika Borwa le maitemogelo a bana le bašwa ba ba tshelang ka bogole. E dirilwe magareng ga Diphalane 2022 le Mopitlwe 2024, porojeke e ne e akaretsa pegelo ya boanamo le pegelo ya tlhotlhomiso e e sekasekileng ditirelo tsa tshegetso ya thuto tse di leng teng le go supa ditsereganyo tse di diregang go tokafatsa dipoelo tsa go ithuta le go ruta. Kabinete e gateletse boineelo ba Aforika Borwa go tsamaiso ya thuto e le nngwe e bile e akaretsa ditlhokwa tsa bana le bašwa ba ba tshelang ka bogole.
4.2 Dikatlenegiso tsa botlhokwa di akaretsa go fetola melao ya thuto kgotsa go mametlelela melawana go ya ka Molao wa Dikolo wa Aforika Borwa go netefatsa tshwanelo ya thuto ya boleng e e lekalekanang e bile e le ya boleng go bana le bašwa ba ba tshelang ka bogole. Dipegelo tse di atlenegisa gape gore ditheo tsa thuto e kgolwane di akaretse dikhoso tsa ditlhokwa tse di kgethegileng tsa katiso ya baithuti go nna barutabana. Dipegelo ka bobedi di ka fitlhelwa mo go www.dwypd.gov.za.
5. Ditshitshinyo tsa Khomišene ya go Batla Boammaaruri le Poelano ya Setšhaba
5.1 Kabinete e amogetse le go sekaseka peodinakong ya ngwaga le ngwaga e e neseditsweng pula ke Palamente ka ga go tsenngwa tirisong ga ditshitshinyo tsa Khomišene ya go Batla Boammaaruri le Poelano ya Setšhaba (TRC). Ka Seetebosigo 2003, Palamente e neseditse pula go neelwa ga diphimolakeledi go batswasetlhabelo ba ba supilweng ke TRC. Tsona di ne di akaretsa tuelo gangwe ya R30 000, dipoelo tsa boitekanelo le mefuta e mengwe ya thuso ya loago, matshwao le difikantswe, le kgopololo ya setšhaba e le karolo ya go fodisa dintho tsa maloba.
5.2 Kabinete e etse tlhoko tswelopele mo go tsenyeng tirisong ditsela tse, go akaretsa go mametlelelwa ga melawana ke Moporesitente e e laolang go busediwa gae ga masaledi a baswi, go epololwa, go bolokwa gape le setshwano sa poloko ya batswasetlhabelo; thuso ya thuto ya motheo; thuso ya thuto e kgolwane le katiso; le thuso ka matlo. Seralwa sa melawana e e tlhaelang tebang le boitekanelo le kgopololo ya setšhaba e kwa maemong a a farologaneng a go konosediwa.
5.3 Godimo ga moo, ba le 17 455 go tswa go 21 676 ba batswasetlhabelo ba ba supilweng ke TRC ba ba dirileng kopo ya phimolakeledi e e duelwang gangwe ba amogetse thebolelo ya bona ya R30 000. Palogotlhe e e setseng e duetswe ya phimolakeledi e setse e feta R500 tsa dimilione. Go netefatsa gore baboelwa ba ba maleba ba amogela tshegetso e e ba tshwanetseng, ka 9 Seetebosigo 2026, go phasaladitswe kitsiso mo teng ga Kuranta ya Puso e ikuela go batswasetlhabelo ba ba supilweng ke TRC, kgotsa ba masika a bona, ba ba iseng ba dire kopo ya phimolakeledi go tlhagelela le go dira kopo ya bona ya phimolakeledi ya R30 000.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Ngaka Tshepo Mokoka jaaka Motlhankedi Khuduthamaga wa Setlhopha wa Letlole le le Botlhokwa la Merero ya Metlakase.
2. Mme Lindokuhle Nzoyi jaaka Motlhankedikhuduthamaga wa Amatola Water.
3. Ngaka Michael Masiapato jaaka Mokhomišenara wa Bothati ba Taolo ya Melelwane (paka ya tiro ya konteraka ya gagwe e atolositswe).
4. Ngaka Musa Furumele jaaka Moemedimogolo wa Aforika Borwa kwa Khomišeneng ya Metsi ya Lesotho Highlands le Mme Nelly Dineo Ndumo jaaka moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng.
5. Go thapiwa ga Monnasetilo le mmogo le Tokololo ya Boto ya Khomišene ya Bosetšhaba ya Lothari:
a. Rre King Tembinkosi Bonakele (monnasetilo); le
b. Mme Mpho Sonia Mosing
6. Go thapiwa ga maloko a Boto ya Lekgotla la Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo
a. Rre David Msiza (Monnasetilo);
b. Rre Xolile Mbonambi (Lefapha la Diminerale le Dire tsa Peteroliamo (DMPR));
c. Ngaka Dipalesa Mokoboto (DMPR);
d. Rre Mthokozisi A. Zondi (DMPR);
e. Rre Ndivhudza Mahwasane (DMPR);
f. Mme Naledi Tsipane (NUM);
g. Mme Melanie Roy (NUMSA);
h. Rre Nico Van Rooyen (UASA);
i. Rre Johan du Toit Boning (Solidarity);
j. Rre Joshua Thabang Setlhake (AMCU);
k. Rre Dushendra Naidoo (Minerals Council SA);
l. Ngaka Amu Modau (Vadante Resources);
m. Rre TW Sepetla (Harmony Gold);
n. Rre Ronaldt Mafoko (Overlooked Group); le
o. Mme Letisha van den Berg (ASPASA)
p. Mme Constance Kekana (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng);
q. Rre Thabo Ngwenya (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng);
r. Rre Masibulele Naki (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng) (NUM)
s. Rre Enock Manyoni (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng); (NUMSA)
t. Rre Johnny White (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng); (UASA)
u. Rre Jacobus Johannes De Wet Blaauw (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng); (Solidarity)
v. Rre D. Gabriel Nkosi (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng); (AMCU)
w. Ngaka Thuthula Balfour (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng); (Mineral Council of SA)
x. Rre Modise Ronald Mothlamme (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng)’ (Harmony Gold) le
y. Ngaka Kelvin Naidoo (moemedi yo mongwe yo a emang mo legatong la fa yo mongwe a se teng) (Vlaterra Platinum)
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Mandela
1.1 Ka Phukwi Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Mandela ka fa tlase ga setlhogo ‘Go mo diatleng tsa rona go lwantsha botlhoki le go se lekalekane’. Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa otlhe go neela nako le maiteko a bona mo Kgweding ya Mandela le ka Letsatsi la Boditšhaba la Nelson Mandela ka la bo 18 Phukwi 2026, go thusa go aga Aforika Borwa yo o direlang Maaforika Borwa.
2. Kgwedi ya Boditšhaba ya Saense
2.1 Phukwi ke Kgwedi ya Botšhaba ya Saense, mme e tla thankgololwa ka la bo 4 Phukwi 2026 kwa Vaal University of Technology Southern Gauteng Science and Technology Park kwa Sebokeng, ka fa tlase ga setlhogo “Saense, Thekenoloji le Itlhamelo ke tsa botlhe”.
2.2 Keteko e ya kgwedi yotlhe e ikaelela go aga setšhaba se se tlhaloganyang saense e bile se ka nna le dikakanyo tse di ikemetseng ka ga saense, thekenoloji le itlhamelo. E batla go rotloetsa setšhaba se se nang le boitshepo mo saenseng, borasaense, le ditheo tsa saense.
F. Melaetsa
1. Matshediso
Kabinete e rometse melaetsa ya matshediso go ba malapa le ditsala tsa:
• Mogaka wa mmino wa jazz Abdullah Ibrahim, yo e neng e le mongwe wa bagaka ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo mminong wa jazz go ralala lefatshe, yo o nnileng le paka e feta dingwagasome di le supa e le motshameki wa jazz. O tla gakologelwa jaaka mongwe wa borammino le moemedi wa tsa setso ba ba gaisang mo nageng.
• Baditšhaba ba babedi ba Mozambique le moditšhaba a le mogwe wa Malawi ba ba lobileng matshelo a bona mo matsatsing a go sa le gale a ditshupetso kgatlhanong le baagi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng go se mo molaong.
2. Go akgola
Kabinete e rometse melaetsa ya go akgola le keleletso masego go:
• Tona ya Merero ya Badiri le Ditiro, Nomakhosazana Meth go latela gore a tlhophiwe jaaka Motlatsamonnasetilo wa Setlhopha sa Bathapi le Ditlhopha tsa Merero ya Ditiro tse e leng Karolo ya Mokgatlo wa Boditšhaba wa Ditiro (ILO) ka ;a bo 12 Seetebosigo 2026.
• Kagiso Rabada, ka setlha se se manontlhotlho mo nakong ya Indian Premier League, e mo go yona a tlhageletseng jaaka mobaolara yo o gaisang le go fenya Purple Cap ya maemo a tlotlo.
• Motshameki wa kerikete wa Aforika Borwa Temba Bavuma yo o itsisitsweng gareng ga Borametshameko ba ba Nang le Thotloetso e Kgolo go Gaisa ba TIME100, e leng tlotlo ya maemo e e abiwang ke kgatiso ya lefatshe e leng TIME Magazine.
• Bayanda Walaza, ka go fenya lebelo la Banna la bokgakala jwa dimitara di le 100 kwa Ostrava Golden Spike kwa Czechia, ka go kgabaganya mola wa go fenya a tabogile sebaka sa metsotswana e le 9.94.
• Akani Simbine ka go fenya lebelo la Banna la la bokgakala jwa dimitara di le 100 kwa FBK Games kwa Netherlands ka go kgabaganya mola wa go fenya a tabogile sebaka sa metsotswana e le 10.08.
• Prudence Sekgodiso ka go nna mosadi wa ntlha wa Moaforika Borwa go fenya metale wa gauta kwa kgaisanong ya World Athletics Indoor Championships, morago ga phenyo ya gagwe ya ntlha kwa Nanjing, China.
• Basadi ba Proteas ka go fofisetsa folaga ya Aforika Borwa kwa godimo ka go khwalifaela dika-makgaolakgang a Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa T20 ka nonofo ya bona, maikemisetso le tiragatso e e duleng diatla mo thonamenteng yotlhe, le fa tota ba ne ba retelelwa kgatlhanong le England ka la bo 02 Phukwi 2026.
• Junior Springboks ka go fenya Uruguay 104 – 7 mo motshamekong wa bona wa pulamadibogo wa Bommampodi ba Lefatshe ba World Junior Rugby kwa Georgia.
• Bradley Nkoana, ka go nna karolo ya setlhopha se se kgethegileng ka go nna Moaforika Borwa wa bo 12 go roba rekoto ya disekonte tse 10 mo lebelong la sekgala sa bokgakala jwa dimitara di le 100.
• George Kusche le Gerda Steyn ka go fenya Lebelo la Comrades la banna le basadi. Kusche o konoseditse motlhatlosa o ka nako e e robang rekoto ya 05:15:56, fa Steyn ena a bone sekgele sa gagwe sa botlhano ka rekoto ya motlhatlosa ya 05:44:53.
Kabinete e itumelela seabe sa batshameki ba banna le ba basadi ba Aforika ba ba tswelelang go ngokela setšhaba mo serodumong sa setšhaba, go re gakolola gore re le bantsho le basweu, re SETŠHABA SE LE SENGWE SE SE GOLAGANENG KA DIPHAROLOGANO TSA RONA.
E rebotswe mo boemong ba Kabinete ke:
Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Mme Khumbudzo Ntshavheni
Dipotso:
Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)
Golagana le: Mme Nomonde Mnukwa, Mokaedikakaretso wa Namaotshwere
Letlha: 3 Phukwi 2026

