A. Merero ya ga Jaanong
1. Phimolokeledi, Thibelo ya Botlhokotsebe le Pabalesego
1.1. Khomišene ya Diphuruphutso ya Moatlhodi yo Mogolo Madlanga
1.1.1. Kabinete e itumeletse Khomišene ya Diphuruphutso ya Moatlhodi yo Mogolo Madlanga e e tla bolotsang Diphuruphutso mo Ditatofatsong tsa Botlhokotsebe, go Itshunya Nko ga Boradipolotiki mmogo le go Nna Letsogolekobong ga Batlhankedi ba Dikgotlatshekelo mme e tla phasalatsa Ditaolelo tsa Dithulaganyo tseo di tla latelwang.
1.1.2. Dikgato tsa Moporesitente tsa go tlhoma khomišene ke sesupo sa go bontsha gore o batla gore sengwe le sengwe se latele molaotheo fa go tla mo go direng dipatlisiso mabapi le ditatofatso tsa go fapoga mo tseleng, fa go tla mo go tsholetseng seriti sa ditheo tsa molao tsa naga ya rona, fa go tla mo go direng gore setšhaba se nne le tshepo le fa go tla mo go direng gore mongwe le mongwe yo a phuaganyang melao ya naga ya rona o digama a sa di tlhapela.
1.2. Thibelo le Twantsho ya Botlhokotsebe
1.2.1. Kabinete e itumeletse matsholo a a boloditsweng a a gagametseng a sepodisi a a leng ka fa tlase ga letsholo la Operation Shanela 2 mme seno se dirile gore go tshwarwe babelaelwa ba feta ba le 17 000 naga ka bophara magareng ga paka ya la bo 27 Phukwi go fitlha ka ya la bo 02 Phatwe 2025. Babelaelwa ba go neng o tswilwe letsomane la go ba batla ba le 2 911 ba tshwerwe ka ntlha ya letsholo leno mme ba ne ba batlelwa go nna le seabe mo ditatofatsong tsa melato e megolo le e e setlhogo e e jaaka polao, maiteko a polao, go kgothosa batho dijanaga, go betelela, go thubela batho mo dintlong le mo dikgwebong, fa ba bangwe gape ba le 1 763 bona ba tshwaretswe go latofadiwa ka melato ya go otla batho ba bangwe le go ba gobatsa.
1.2.2. Kabinete e itumeletse gape le ditiragalo tsa go golega babelaelwa ba le 550 ba ba golaganywang le ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo ba ba golegweng kwa moepong wa kwa Barberton, kwa porofenseng ya Mpumalanga, mme seno se diragetse ka ntlha ya letsholo la Operation Vala Umgodi, mme re tsibositswe gore babelaelwa bano ba reboletswe beile.
B. Go Baya Ditokololo tsa Kabinete mo Dinakong
1. Leano la go Tsamaisa Tiro le Naga ya Rona e Dumelaneng le Naga ya Amerika ka Lona
1.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka Leano la go Tsamaisa Tiro leNaga ya Rona e Dumelaneng le Naga ya Amerika ka Lona, go latela gore naga ya Amerika e sobe naga ya Aforika Borwa ditsebe ka dituediso tsa lekgetho la diphesente di le 30% le le tshwanetsweng go duelelwa ke bareki kwa nageng ya Amerika fa ba reka sengwe le sengwe se se tswang kwa nageng ya Aforika Borwa jaaka go solofetswe gore lekgetho leno le tla simolola go dirisiwa ka la bo 07 Phatwe 2025; mme go beilwe gape le taolelo ya gore lekgetho leno le tla tle le sekasekwa fa dinaga ka bobedi di ka dumelana ka dintlha tse di rileng.
1.2. Kabinete e totobaditse gore e tla tswelela go batlana le ditsela tse di tla rarabololang maemo ano ka go tswelela go buisana le Amerika, mmogo le fa e le gore go a tlhokagala gore Baporesitente ka bobedi ba nne fatshe mme ba bontshane.
1.3. Jaaka Kantoro ya Moporesitente e setse e tlhalositse, Moporesitente Ramaphosa o tsere dikgato tsa go ikgolaganya ka mogala le Moporesitente Trump mo mosong maabane jaaka seno e le karolo ya dikgato tsa naga ya Aforika Borwa tsa go leka go buisana ka ditumelano tsa go gwebisana.
1.4. Maitlhomo a puso e santse e le a a ka ga go godisa ikonomi le go dira gore go se nne le ope yo a felelwang ke tiro mme go tlhodiwe ditiro tse dingwe tse dintšhwa, mmogo le go oketsa palo le mefuta ya mebaraka le go oketsa tirisanommogo le dinaga tse dingwe mo lefatsheng ka bophara ka maitlhomo a go oketsa mebaraka ya yona kwa dinageng tsa Asia, Europe, the Middle East, Aforika gore maemo a naga ya rona a ikonomi a kgone go gagamala.
1.5. Fa go tla mo diintasetering tse di amegileng bogolosegolo ka ntlha ya lekgetho leno, puso e tsentsha letsogo mo mererong ya thekiso mo diintasetering tse di amegileng mmogo le go tla ka ditharabololo tse di tla tobanang le go dira gore diintaseteri tseno maemo a tsona a se phutlhame e bile le go thibela gore di se iphitlhele di gapeletsega ke go fokotsa badiredi ba tsona mo tirong. Tsona di tsenyeletsa:
1.5.1. Go tlhomiwa ga Kemedi e e tla Thusang, e leng yona e ditlamo tse di amegileng di tla ikgolaganyang le yona.
1.5.2. Dikgato tse di ka thusang ditlamo tseno gore di se utlwi bogale jwa lekgetho leno le go di thusa go tla ka maano a go dira gore di semelele mme di se fokotse batho mo ditirong le gore di se fokotse difeme tsa tsona ka fa nageng ya Aforika Borwa.
1.5.3. Letlole la go Thusa Ditlamo tsa ka fa Nageng (LSF) go tswa thuso ditlamo tse di amegileng go di thusa gore di nne le seabe ka fa nageng.
1.5.4. Letsholo la go Ema Nokeng Ditlamo tse di Rekisetsang Dinaga tsa kwa Ntle (ECSP), le tla thusa ka dithuso tsa matlole le tsa mafelo a difeme go thusa go thiba phatlha mo e ka bulegang mo nakong e khutshwane le go ya go ile mo diintasetering tsotlhe tse di tla tlhokang thuso.
1.5.5. Go dirisana le Lefapha la Merero ya Badiri go tla ka dikgato tse di ka kgonang go thibela tatlhegelo ya ditiro, go dirisa dithuso tse le nang le tsona mo ditheong tsa lona go di dirisa gore di kgone go tsibogela dikgwetlho tsa ga jaanong.
1.5.6. Go latela go tshwarwa ga dipuisano le ba Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo, go tsenngwe tirisong Letsholo la go se Duedise Letlole Lephata le le Rileng ka Botlalo go thusa go dira gore dikgwebo tse di gaisanelang mebaraka di kgone go dirisanammogo le go thusana. Sekwalwa se se pakang Letsholo la go se Duedise Letlole se tla phasaladiwa kwa bohutlhong jwa beke go kgontsha gore dithulaganyo tseno di kgone go garelwa ka bonako. Tshedimosetso yotlhe e tla fitlhelwa mo webesaeteng ya https://www.thedtic.gov.za
2. Letsholo la Kgwebisano le Dipeeletso Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya China go Tloga ka Ngwaga wa 2025 go Fitlha ka wa 2029
2.1 Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (dtic), ka go buisana le mekgatlho e mengwe ya diintaseteri mmogo le makgotlha a merero ya go rekisa dithoto kwa dinageng tsa kwa ntle ba kopantse ditlhogo go tla ka Letsholo la Kgwebisano le Dipeeletso Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya China go Tloga ka Ngwaga wa 2025 go Fitlha ka wa 2029 mme seno se tla dirisiwa jaaka pulamolomo mabapi le go buisana le naga ya China ka merero ya ikonomi.
2.2 Letsholo leno le tsenyeletsa merero e e ka ga kgwebisano, dipeeletso le kgodiso ya diintaseteri mmogo le tlhatlhelelo ka bokgoni. (a) Mo Mererong ya Kgwebisano: Dintlha tse di beetsweng kwa godimo ke tse di mabapi le go rekisetsana ditlhagisiwa di le 100 tse di botlhokwa, go kgona go rekisetsa naga ya China go ya go ile, mmogo le go dirisana sentle mmogo gore go kgonwe go rarabolola dikgoreletsi tse di tlhodiwang ke melawanataolo. (b) Mo Mererong ya Dipeeletso le Kgodiso ya Diintaseteri: Se se botlhokwa ke go beeletsa mo tshiping, mo taereng, dijanageng, mo difemeng tse di dirang dibeteri, metšhini ya ditlhare le melemo, mo ditlamong tse di agang diporo mmogo le mo dikgwebong tse di nang le mabentlele mo inthaneteng. (c) Mo Mererong ya go tlhatlhelela batho ka kitso le bokgoni go samaganwe le go tlhatlhelela batho ka bokgoni jo bo tlhokagalang jo bo tsamaisanang le makala a a rileng a a botlhokwa a nopotsweng mo makaleng a a botlhokwa go tsenyeletsa le la go tlamela le go direla bao ba e tlhokang ka ditirelo tsa go tlhokomela mafelo a go tlhokomela bana.
2.3 Letsholo leno fa Motlatsamoporesitente Mashatile a ne a le kwa nageng ya China go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 18 Phukwi 2025 o ne a abelana ka lona le puso ya koo gore ba le sekaseke. Motlatsamoporesitente o ne a buisana le ditheo tse dikgolo tse di botlhokwa mo pusong ya naga ya China mmogo le dibanka, mme o ne gape a nna le seabe mo Puisanong ya Dipeeletso magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya China mmogo le mo Moletlong wa Dipontsho tsa Thekisetsano ya Dithoto le Ditirelo wa Naga ya China (CISCE), e leng moo a dirisitseng tšhono eo go umaka gore naga ya Aforika Borwa e ka tswela babeeletsi molemo ka go e dirisa jaaka Lefelo la go tsena go tla go beeletsa mo kgaolong e e kwa borwa jwa Aforika fa ba batla go gwebisana le Aforka, go beeletsa le go dirisana le diintaseteri tsa yona.
3. Puisano le Setšhaba - Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba
3.1. Kabinete e amogetse mmogo le go sekaseka pegelo e e ka ga tiro e e setseng e dirilwe mo go ipaakanyetseng kopano ya ntlha ya dikopano di le pedi e e ka ga Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Phatwe 2025 kwa Teropokgolong ya Tshwane mo Yunibesiting ya Aforika Borwa (UNISA).
3.2. Maitlhomomagolo a kopano ya ntlha eno ke go dira gore baemedi ba nne fatshe mme ba dumelane ka dintlha tse di botlhokwa tse ba tshwanetseng go di atlhaatlha mo Kopanong ya Puisano le Setšhabaeo go rulaganyeditsweng gore e tla tsenelwa ke MaAforika Borwa otlhe go tswa kwa dikhutlhonneng tsa naga mme ba tla dumelana ka mogopolo wa ponelopele wa naga ya rona o o tla latelwang sebaka sa dingwaga di le 30 tse di tlang. Go solofetswe gore Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba e tla tshwarwa ka mokgwa wa dikopano di feta di le 13 400 tsa dipuisano le setšhaba mo metseng, mmogo le ka mokwa wa dikopano tse dingwe gape di le 50 000 tse di eteletsweng kwa pele ke baagi mo setšhabeng, mme go tloga ka motsi o kopano ya ntlha e tla tshwarwang ka ona, dikopano tse dingwe tsotlhe tseno di tla tshwarwa mo pakeng ya dikgwedi tse di ka fetang di le 12.
3.3. Go setse go na le batho ba le bantsi ba ba batlang go nna le seabe mo kopanong eno, jaaka re bona kgatlhegelo go tswa mo mekgatlhong e e ikwadisitseng go nna le seabe e feta e le 737 e e emetseng makala a feta a le 30 e leng sesupo sa go bontsha gore maAforika Borwa a batla go nna le seabe mo go rulaganyeng bokamoso jwa bona.
3.4. Kabinete e totobaditse ntlha ya gore Kopano ya Puisano le Setšhaba ga se fela kopano ya gore batho ba tle go bua, mme yona ke kgato e kgolo e e rotloetsang gore go tsewe dikgato – go thala motlhala o o tla feletsang o dirile gore re nne le naga ya Aforika Borwa e e tshwaraganeng e batho ba yona botlhe ba tshwaraganetseng kgetse ya tsie.
4. Dithulaganyo tsa go Rulaganya Melelwane ya go Fokotsa Kueletso ya Mesi (CBAM)
4.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka dikgato tse di setseng di dirilwe mo go phetagatseng CBAM mo ikonoming ya naga ya Aforika Borwa, go tsenyeletsa le mo makaleng mmogo le mo ditlhagisiweng tse CBAM e di lebileng ka leitlho le le ntšhotšho. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tseela kwa tlhogong dikgato tse di lekaneng tse di ka tsewang mmogo le melaetsa e e buang ka maemo a naga ya rona, ditlamorago tse di tla nnang teng mo kgolong ya ikonomi ya naga ya rona mmogo le maikano a rona a go tseela phetogo ya maemo a loapi dikgato.
4.2. Kabinete e neseditse pula gape le go tsenngwa tirisong ga metswako e mentsi ya dikgato tsa puso tse di tla gogwang kwa pele ke dtic mmogo le ditheo tsa thuto, makala a poraefete mmogo le mekgatlho ya badiri gore le bona ba nne le seabe mo maanong a go fokotsa kueletso ya mesi mmogo le go sola mosola botsala jwa rona le dinaga tse dingwe mmogo le ditšhono tse dingwe go lwela le go emelela CBAM.
5. Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga
5.1. Kabinete e amogetse le go sekaseka pegelo Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga fa go tla mo go phetagatseng Leano la Tlhabololo mo Pakeng e e fa Gare (MTDP) go tloga ka ngwaga wa 2024 go fitlha ka wa 2029 go tloga ka kgwedi ya Diphalane 2024 go fitlha ka ya Mopitlwe 2025.
5.2. Leano la Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP) le otlolola dintlha tse di botlhokwa tse di dirisiwang ke Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU) fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2024 go fitlha ka wa 2029 e bong: (i) kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona mmogo le go tlhola ditiro, (ii) go fokotsa tshokolo le ditlhwatlhwa tsa dilo tse batho ba ephidisang ka tsona tse di kwa godimo mmogo le (iii) go aga puso e e dirang ka botswapelo le e e tlhatlhelelang setšhaba sa yona.
5.3. Tona ya Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mmogo le Monnasetilo wa Setlhopha sa Kabinete ba tla ema setšhaba ka lefoko ka Labobedi wa la bo 12 Phatwe 2025 go tlhalosa ka botlalo ntlha eno.
6. Seo se Setseng se Dirilwe mo Mererong ya G20
6.1. Ka ono motsotso go setse go tshwerwe dikopano tsa G20 di ka fitlha go di le 80 mo go di le 132 tse di rulaganyeditsweng go tshwarwa.
6.2. Go setse go rebotswe dipuisano ka ga dintlha tseo di tlhageletseng mo ditokomaneng tsa ditona/maikano le dintlha tse di tshwanang le tseo tsa maemo a a kwa godimo.
6.3. Naga ya Aforika Borwa e samagane le Thulaganyo ya go Sekaseka Ditshenyegelo tsa Matlole e leng kgato e e botlhokwa thata mo go tlhomeng tsamaiso ya matlole mo lefatsheng e e senang kgatelelo mo dinageng tse dingwe e leng se se tla kgontshang dinaga tse di santseng di gola gore di kgone go beeletsa mo mafaratlhatlheng, mo go ageng maokelo , dikolo le mo go lwantshaneng le phetogo ya maemo a loapi.
6.4. Ditlhopha tsotlhe tsa Dipuisano tsa G20 di setse di phetagaditse tiro ya tsona mmogo le dintlha tse di botlhokwa tsa tiro ya tsona. Naga ya Amerika e itsisitse gore e tlile go nna le seabe mo kopanong ya G20 le fa e le gore naga eno e tla bo e emetswe ke Mokwaledi wa Naga eo.
6.5. Dikopano tse di latelang di ne di tshwerwe mo kgweding ya Phukwi:
6.5.1. Kopano ya bone ya G20 e e ka ga Batlatsatona ba Merero ya Matlole Mmogo le Batlatsatlhogo ba Dibanka tse Dikgolo tsa Dinaga e tshwerwe ka la bo 14 le la bo 15 Phukwi 2025, mme yona e ne e samagane le: (i) Leano la go Tsamaisa Tiro la ya go Disa le go Bega Tiro ya Dibanka tsa go Thusa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba, (ii) Tiro ya go Samagana le Seemo se e Seng sa Boammaruri sa Matlole a go Tsibogela Leroborobo mmogo le (iii) Go bewa mo dinakong ka Kopano ya Merero ya go Samagana le Dikoloto tsa Dinaga tse di Ipusang mo Lefatsheng.
6.5.2. Kopano ya Ditlhogo tse di Samaganang le Merero ya Mebaraka e e Santseng e Gola le Diikonomi tse di Santseng di Itokafatsa (EMDE) e e tshitshintseng gore mo ngwageng yo o tlang naga ya Aforika Borwa e tshwanetse go tswelela go goga kwa pele kopano ya EMDE mo maemong a yona a go nna tokololo ya Dinaga di le Tharo tsa G20.
6.5.3. Kopano ya Boraro ya G20 e e ka ga Ditona tsa Matlole le Ditlhogo tsa Dibanka tse Dikgolo tsa Dinaga e tshwerwe ka la bo 17 le la bo 18 Phukwi 2025 mme mo go yona go atlhaatlhilwe, (i) ditheo tsa dinaga tsa lefatshe tsa matlole, (ii) mafaratlhatlha, (iii) merero ya lekgetho mo maemong a boditšhabatšhaba, (iv) dilo tse di sitisang kgolo le tlhabololo mo kontinenteng ya Aforika, (v) kemonokeng ka matlole e e sa kgwetlheng mmogo le (vi) mathata a lekala la matlole mmogo le dithulaganyo tsa go tsenyeletsa botlhe mo mererong ya matlole.
6.5.4. Kopano ya Boraro ya G20 e e ka ga Setlhopha sa Tiro ya go Ema Dikgwebo tsa Basadi Nokeng e tshwerwe go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 4 Phukwi 2025, mme yona e tsepamisitse mogopolo mo go godiseng dipuisano le tirisanommogo magareng ga dinaga tsa lefatshe fa go tla mo mererong ya go dira gore batho ba bong jotlhe ba tshwariwe jaaka batho ba ba lekalekanang e bile batho ba basadi ba tswiwe thuso segolobogolo mo go tsewang tsia, mo go fokotseng setlwaedi sa go se duelele ditirelo tsa tlhokomelo ya kalafi le mo go abelaneng ka dithuso.
6.5.5. Kopano ya Boraro ya Setlhopha sa Tiro sa Merero ya Thuto e tshwerwe go tloga ka la bo 2 go tlha ka la bo 3 Phukwi 2025 mme mo go yona go atlhaatlhilwe, (i) Go tsaya dikgato ka bonako go tlamela setšhaba ka palo e e lekaneng ya barutabana go dira bonnete gore barutwana ba tlamelwe ka thuto e e boleng e e sa tswaleleng ope kwa ntle go dira gore go se nne ope yo a rutwang botoka go gaisa yo mongwe mmogo le go dira gore setšhaba se itlwaetse go phela ka thuto go ya go ile. Mo kopanong eno go tšhotlhilwe gape le kgang ya sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe se se ka ga Boikano jwa Ditona tsa Merero ya Thuto tsa dinaga tse e leng karolo ya G20.
6.5.6. Kopano ya Botlhano ya Setlhopha sa Tiro sa Merero ya Maokelo e tshwerwe go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Phukwi 2025 mme yona e samagane le go gagamatsa maemo a go lwantshana le malwetse mo lefatsheng mme go sekasekilwe dikarolo tse di jaaka go ipaakanyetsa go samagana le leroborobo le lengwe le le lengwe le le ka wang, mmogo le dintlha tse di ka ga go tla ka dithulaganyo tsa matlole a merero ya maokelo tse di sa kgwetlheng mmogo le go dira gore dinaga tsotlhe di kgone go reka ka go lekalekana didirisiwa tse dintšhwa tsa thekenoloji tse di jaaka moento wa bolwetse jwa lehuba (TB).
6.5.7. Kopano ya Boraro ya Setlhopha sa Tiro ya go Samagana le go Fokotsa Matshosetsi e tshwerwe go tloga ka la 9 go fitlha ka la bo 10 Phukwi 2025 mme yona e ne e tsepamisitse mogopolo mo go rarabololeng dikgwetlho tse di re beileng butshu mo molaleng mo Maikarabelong a go Disa Maemo a Masetlapele mmogo le mo go tlhabaneng botlhale, go abelaneng ka maano mmogo le mo go abelaneng ka maitemogelo a gore go ka samaganwa jang ka tshwanelo le matshosetsi a a leng teng a masetlapelo.
6.5.8. Lekgetlo la Bone la go Tshwara Kopano ya go Tsibogela Tiro: Kopano eno e ne e le ka ga Kgolo ya Ikonomi e e Tswelang botlhe Mosola, go Tlhoma Diintaseteri, Go Tlhoma Ditiro mmogo le Go Fokotsa Seelo sa go se Lekalekane mme e ne e tshwerwe go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 10 Phukwi 2025 – mme e ne e tsepamisitse mogopolo mo go tlhotlheletseng kgolo mo maemong a ikonomi, mo diintasetering, mo go thapeng batho le mo go fokotseng sekgala sa go se lekalekane ga batho.
6.5.9. Kopano ya Bobedi ya Setlhopha sa Tiro mo Mererong ya Tlhokomelo ya Tikologo le ya Maemo a Loapi e tshwerwe go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 18 Phukwi 2025 mme yona e samagane le merero ya lephata la tshomarelo le tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo, phetogo ya maemo a loapi, kgogolego ya mmu, komelelo, ditiragalo tsa go disa bao ba latlhang ditlakala tsa dikhemikhale, boleng jwa mowa o o hemiwang, mmogo le maemo a mawatle le a dikgaolo tse di leng gaufi le mawatle.
6.5.10. Kopano ya Bone ya Setlhopha sa Tiro mo Mererong ya Tlhabologo e tshwerwe go tloga ka la bo 21 go fitlha ka la bo 23 Phukwi 2025 mme yona e samagane le go tlhoma maemo a a kwa godimo fa go tla mo dithulaganyong tsa lefatshe tsa dithoto tsa setšhaba le dipeeletso, go tla ka ditsela tse dingwe tse dintsi tsa go bokeletsa madi a go tlisa tlhabologo, mmogo le go dira gore motho yo mongwe le yo mongwe a kgone go nna le kemonokeng e e bonagalang ya letseno la go itlhokomela.
7. Letsholo la Tharabololo ya Bothata jwa Metsi (kwa Tikologong ya Mopani, kwa porofenseng ya Limpopo)
7.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso e e fatlhosang Kabinete ka seo se setseng se dirilwe mo Letsholong la Tharabololo ya Bothata jwa Metsi kwa Giyani.
7.2. Letsholo la Ditirelo tsa Metsi la kwa Giyani le le buang ka go tsenya dipeipi tsa metsi tse di tla tsamayang botelele jwa dikhilomitara di le 325 go tloga kwa Letamong la go Tlhatswa Metsi la kwa Giyani go kgabaganya mo Matamong a go Tlamela Setšhaba ka Ditirelo go tlamela metse e e kwa magaeng e le 55 kwa Giyani le mo metseng e mengwe e e mo gaufi. Go fitlha ga jaanong tiro e e setseng e garetswe e lekana le diphesente di le 90.23%. Tiro ya go lekola bogalo jo metsi a tsamayang ka jone le tiro ya go phetagatsa seno ke yona ka bontsi e e setseng e dirilwe mo diphesenteng tsotlhe di le 90% tsa tiro e e saletseng. Go lebeletswe gore tiro eno e tlile go garelwa ka Lwetse 2025.
7.3. Mo Kgatong ya Ntlha ya Tiro ya go Tlhatswa Metsi a Metse e e kwa Magaeng e le 55 ya kwa Giyani, e mo go yona e tsamayang le ya go tlhatswa metsi mmogo le go tsenyetsa batho dimitara tsa metsi go setse go kgonnwe go tsenya dimitara mo metseng e e kwa magaeng e le 24 ya e le 55. Mo porojekeng eno metse e e kwa magaeng e le 23 mo go e le 24 go setse go garetswe tiro ya go tlhatswa metsi le go isa metsi kwa malapeng a batho. Motse o o kwa magaeng o o saletseng wa Risinga ona e tla re fa Phukwi 2025 a ya bokhutlhong le one tiro e e saletseng mo go ona e bo le yona e garelwa. Kgato ya Bobedi ya Maemo a Ntlha e e ka ga go tlhatswa metsi mmogo le go tsenyetsa batho dimitara tsa metsi mo metseng e e kwa magaeng e le 15, yona e tla phetagadiwa magareng ga ngwaga wa matlole wa 2025/26 mme Kgato ya Bobedi ya Maemo a Bobedi ya go go tlhatswa metsi mmogo le go tsenyetsa batho dimitara tsa metsi mo metseng e e kwa magaeng e le 16 yona e tla phetagadiwa kwa bofelong jwa ngwaga wa Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF).
7.4. Go santse go samaganwe le maano a go godisa Letamo la go Tlhatswa Metsi la kwa Giyani gore le kgone go pompela batho metsi go tloga go a ga jaana le a pompang a le kanaka dimekalitara di le dimilione di le 30 gore le kgone go pompela setšhaba metsi a le kanaka dimekalitara di le dimilione di le 40 mmogo le go go baakanya mafelo a bodutelo jwa metsi a le mantsinyana go netefatsa gore metse yotlhe e le 55 e e kwa magaeng ya kwa Giyani e kgona go tlamelwa ka metsi a a lekaneng, mme maano ano a tla tle a phetagadiwa mo kotareng ya boraro ya ngwaga ono wa matlole ka gangwe fa go sena go garelwa tiro ya IRS. Go solofetswe gore dikgato tseno e tla nna tsona tsa bofelo tse lefapha le tla samaganang le tsona mo go thuseng Giyani gore e kgone go tlamela ka metsi setšhaba sa metse e e kwa magaeng e le 55 mmogo le teropo ya teng.
7.5. Kgatelopele e e dirilweng eno e latela dikgato tse dikgolo tse di dirilweng mo malobeng tse mo go tsona di tsenyeletsang:
7.5.1. Letsholo la go Tsenya Dipeipi tsa Metsi sekgala sa botelele jwa dikhilomitara di le 40.5 tse di tsamaisang metsi a a iseng a tlhatswiwe go a tsaya kwa Letamong la Nandoni kwa Vhembe, le a tsamaisa mo moeding wa kwaXikukwani gore a kgone go fepela Letamo la go Tlhatswa Metsi la kwa Giyani, mme lona le simolotse go dirisiwa ka la bo 05 Moranang 2023 mme tiro ya go le tsosolosa yona e garetswe ka Sedimonthole 2023 mme lona ga jaanong le tlamela Letamo la go Tlhatswa Metsi la kwa Giyani ka metsi a ka nna dimekalitara di le dimilione di le 15 tsa metsi a iseng a tlhatswiwe. Mo go tsamaisaneng le tiro eno ke dipeipi tsa metsi a a tlhatswitseng tse di tsamayang sekgala sa dikhilomitara di le .58 go fitlha kwa KwaMsani (mo motseng wa Greater Malamulele) mo Masepaleng wa Selegae wa Collins Chabane, mme tiro eno le yona ga e a bolo go garelwa ka Sedimonthole 2023.
7.5.2. Tiro ya go tsosolosa Letamo la go Tlhatswa Metsi la kwa Giyani gore le boele mo bokgoning jwa lona jwa go pompela setšhaba metsi a ka nna dimekalitara di le dimilione di le 30 ka letsatsi leo le neng le setse le retelelwa ka ntlha ya go onala mo le neng le kgona fela go pompa metsi a ka nna magareng ga dimekalitara di le dimilione di le 13 go ya go di le 17 ka letsatsi, yona tiro ya teng e sa le e garelwa ka Seetebosigo 2024.
7.6. Diporojeke tsotlhe tse di setseng di garetswe di jetse Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe matlole a a ka balelwang go a le kanaka dibilione di le R6.
8. Tirisanommogo Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Nigeria mo Lekaleng la Leokwane le Gase
8.1. Kabinete e tsibositswe ka seo se diragetseng mo leetong la tiro ya merero ya boitseanape la ga Tona Gwede Mantashe la go jela nala naga ya Nigeria mo a neng a etse go buisana ka tirisanommogo e e ka nnang teng magareng ga dinaga ka bobedi mo mererong ya meepo, leokwane le gase jaaka seno e tla nna karolo ya Khomišene ya Dinagapedi Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Nigeria (BNC).
8.2. Naga ya Nigeria e batla go godisa lekala la yona la meepo ka go epa le go tlhagisa dimenerale tse dintsi tse di farologaneng mme e batla go itshegetsa ka kitso e naga ya Aforika Borwa e nang le yona mo lekaleng la meepo.
8.3. Le naga ya Aforika Borwa le yona e batla go reka leokwane le gase ka bontsi go tswa kwa nageng ya Nigeria mmogo le go ithuta go tswa mo maitemogelong a naga eno a mantsi a go tlhagisa didirisiwa tsa leokwane le gase.
8.4. Kabinete e beilwe mo dinakong ka boikano jwa naga ya Nigeria, jo bo tla garelwang kwa bofelong jwa Phatwe 2025, jo bo ka ga go garela ditumelano tsa go gwebisana ka oli e tala e e tshwanetsweng go rekisediwa naga ya Aforika Borwa e leng se se tla kgontshang ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa tse di dirang leokwane le gase ka oli eno bobedi tse di laolwang ke puso le tse di laolwang ke ditheo tsa poraefete gore di kgone go bewa kwa pele mo go bao ba rekang.
9. Go tlhatlosa dikgato tsa go tsenya tirisong diphetogo mo lekaleng la dijanaga tse di rwalang dithoto
9.1. Kabinete e amogetse gore go rulaganngwe dikgato tsa go isa kwa Palamenteng dithulaganyo tsa go thapa batlhankedi ba Boto ya Melawanataolo eo e tla samaganang le go disa Setheo sa Melawanataolo ya Dipalangwa mo Mererong ya Ikonomi (TER) mo dithulaganyong tsa sona tsa go loga maano go netefatsa gore se tsamaisiwa ka tsela e e lolameng mmogo le go disa maemo a sona a matlole. Boto ya setheo seno e tla netefatsa gore melawanataolo ya merero ya ikonomi ya setheo seno e lolame mo makaleng otlhe a dipalangwa mo dikepeng, ditereneng, mo dipalangweng tsa mo tseleng mmogo le mo difofaneng. Boto e tla lwela gore go nne le melao e e tsamaisanang gore seno se dire gore dituelelo tsa ditirelo tseno di se nne kwa godimo mo seno se tla tswelang molemo badirisi ba dipalangwa le go kgontsha gore maraka ono o otlolole letsogo gore o kgoe go nna le dipalangwa tse dintsi. Go thapiwa ga boto eno go tla netefatsa gore maikarabelo a molao a phetagadiwa ka maemo a a kwa godimo a maitshwaro le a kabo ya ditirelo.
9.2. Go thapiweng ga boto eno go botlhokwa thata mo go tlhomeng le mo go buleng TER jaaka e nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse puso e tshwanetseng go di baya kwa setlhoeng fa go tla mo go emeng nokeng dikgato tsa go tlisa diphetogo, mme seno se tlile “go nolofatsa dikgato tsa go dira kgwebo ka go golaganya le go lolamisa dithulaganyo tsa melawanataolo, go dira gore diphomete le dikopo tse dingwe di rebolwe ka bonako, mmogo le go fokotsa ditlhwatlhwa tse di duelelwang”, mme seno se tla totobatsa maemo a pholisi, e leng selo se se tla thusang go ngokela dipeeletso tse di tlhokagalang, segolobogolo mo lekaleng la dipalangwa.
9.3. TER e tla dira bonnete jwa gore ga go melao e e tsayang letlhakore la ba bangwe mo pusong le mo ditheong tsa poraefete. E tla lwela gore dituelelo di se gatelele ba bangwe e leng se se tla thusang gore go se nne le tlhatlogo ya dituelelo tsa dipalangwa mme go sena tlhaloso e e utlwagalang e leng se se tla tswelang mosola banamedi ba dipalangwa. Seno se tla thusa batho ba ba humanegileng mmogo le bao ba nang le ditiro, bao bontsi jwa bona bo phelang ka go dirisa dipalangwa. Seno se tla thusa go fokotsa madi a a felelang mo dipalangweng kgwedi e nngwe le e nngwe, e leng se se tla dirang gore ba kgone go nna le madi a a ba salelang le go dira gore ba kgone go duelela ditirelo tseno.
9.4. Boto ya TER e tla tshwanelwa ke go dira bonnete jwa gore ditlamo tse di tla letlelelwang go dirisa mafaratlhatlha a diterene a a laolwang ke Setheo sa Tlhokomelo ya Mafaratlhatlha sa Transnet di tshwarwa go tshwana le ba bangwe, mme boto eno e tshwanetse gape le go tlhotlheletsa gore go nne le dikgato tsa go retloetsa setšhaba go nna beng ba dithoto mo lephateng la diterene e leng se se tla dirang gore go nne bonolo go bonela kwa pele ditlhwatlhwa tsa dituediso mo lephateng la dijanaga tse di rwalang dithoto mme seno kwa befelong se tla dira gore go nne le dipeeletso tse di tla nnelang ruri mmogo le go dira gore babeeletsi ba nne le tshepo mo go beeleng mo nageng ya rona. Seno se tla thusa mo go phetagatseng leano la Puso leo maitlhomo a lona e leng go godisa ikonomi le go tlhola ditiro mo go tla tlhodiwang ditiro ka mefutafuta mo lephateng la dipalangwa.
9.5. Dikgato tsa go emisa go rwala dithoto ka dirori mme go dira gore di rwalwe ka diterene di tla dira gore ditlamo tse di rwalang bontsi jwa ditho tse di jaaka malatlha, di rwala ka materoko mo ditereneng tsa dithoto e leng se se tla fokotsang bogale jwa kueletso ya mesi mo tikologong, go thusa go dira gore ditsela tsa naga ya rona di se tlhole di tlhobega ka bonako, go fokotsa tshubetlhelano ya dijanaga mo ditseleng le go dira gore go se tlhole go nna le dikotsi tsa ditsela tse dintsi. Boto e tla netefatsa gore e phetagatsa maikarabelo a yona a semolao mo maphateng otle a tiro ya yona.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Kamogelo ya Tumelano ya go Tlhoma Banka ya Kontinente ya Aforika ya Merero ya Kgwebisano ya go Rekelana le go Rekisetsana le Dinaga tsa kwa Ntle (Afreximbank)
1.1. Kabinete e amogetse gore naga ya Aforika Borwa e nne karolo ya Tumelano ya go Tlhoma Banka ya Kontinente ya Aforika ya Merero ya Kgwebisano ya go Rekelana le go Rekisetsana le Dinaga tsa kwa Ntle, e leng se se tla tswelang naga molemo mo go fitlheleleng dithuso tsotlhe tse e tla di tlhokang tsa banka eno tse di tsamaisanang le kgwebisano le dipeeletso, ditirelo tsa matlole, mmogo le dithuso tse dingwe tse di botlhokwa tse di tla thusang naga le kontinente.
1.2. Naga ya Aforika Borwa, ka go sola mosola Koporasi ya Inšorense ya Dikoloto tsa go Reka Ditlhagisiwa kwa Dinageng tsa kwa Ntle (ECIC) e tla nna kwa maemong a a kwa godimo fa go tla mo batsholadišereng, e leng selo se se tla dirang gore naga e nne mo maemong a a botlhokwa mo pusong ya Afreximbank, mmogo le maatla a e tla nnang le ona mo go laoleleng gore go tsepamisiwe mogopolo mo dintlheng dife, mo go nneng le seabe mo kagong ya banka eno mmogo le mo go nneng le seabe mo goreng go thapiwa bo mang go nna baeteledipele mo go yona.
1.3. Ka go dumela gore naga e ikamanye le tumelano eno mmogo le go nna karolo ya yona jaana naga e e ipusang, puso ya naga ya Aforika Borwa e buletse bogoni jwa Afreximbank gore jaanong e kgone go tsenelela mo mererong ya go gwebisana le dinaga tsa kwa ntle mmogo le mo go thuseng ka dipeeletso tsa matlole ka go tlamelana ka matlole, didirisiwa le ditirelo go thusa ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa, dibanka tsa poraefete mmogo le dikgwebo tsa puso ya naga ya Aforika Borwa, e leng seo se emang nokeng dikgato tsa go gwebisana le dinaga tsa kwa ntle mmogo le tsa go dira gore ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e boele mo diatleng tsa diintaseteri.
1.4. Se sengwe gape ke gore go nna karolo ya banka eno jaaka naga e e ipusang go tla thusa naga gore e kgone go fitlhelela dithuso tsa banka, tse gantsi di a tleng di solwe mosola ka go thusa dinaga tsa kontinente ya Aforika mmogo le ditlamo tsa tsona tsa poraefete fa dimaraka di goga boima, fa go na le mathata a a tsitsibanyang mmele a matlole, a ikonomi le a sepolotiki mo dikgaolong.
2. Thulaganyo ya Tekanyetso ya Matlole ya Ngwaga wa 2026 (dintlha tsa yona, tsamaiso ya yona mmogo le letlha la yona)
2.1. Kabinete e sekasekile ditshitshinyo tse di dirilweng mabapi le go tlisa diphetogo mo mererong ya thulaganyo ya tekanyetso ya matlole mme maitlhomo ke go dira gore ka fa nageng re nne le thulaganyo ya go lekanyetsa matlole e e tla kgonang go rwala mo magetleng dipeelo tse naga ya Aforika Borwa e batlang go di fitlhelela fa go tla mo tlhabologong fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla thusa go tlhokomela lenane la matlole la ka fa nageng le go dira gore Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF) le le neseditsweng pula gore le nne mo tirisong go tloga ka ngwaga wa matlole wa 2024 go fitlha ka wa 2029 e tsamaisana le Tsamaiso ya Matlole, MTEF ya ngwaga wa 2026 mmogo le Dikgato tsa go Kaela MTEF ya ngwaga wa 2026 mmogo le Khalentara ya Dithulaganyo tsa Tekanyetso ya Matlole tsa Ngwaga wa 2026.
2.2. Tsamaiso ya Thulaganyo ya Matlole ya Ngwaga wa matlole wa 2024 go fitlha ka wa 2029
2.2.1. Puso e tshwanetse e tsenye tirisong dithulaganyo tse di mafolofolo tse di tshwaraganetsweng go dira gore go nne le tumelano e go dumelanwang ka yona kwa pele e e ka ga gore ke palo e le kanakang dithulaganyo tsa tsamaiso e e tla letlelelwang mo go logeng maano a thulaganyo ya matlole:
a. leano la go tsamaisa tiro ya matlole
b. lekgetho
c. go adima madi a go tswalela dikoloto
d. go beeletsa mo mafaratlhatlheng a a botlhokwa
e. dilo tse di botlhokwa tse go tshwanetsweng go dirisiwa matlole mo go tsona mmogo le dikarolo tseo tlamelo ya matlole e tshwanetsweng go fokodiwa mo go tsona, mmogo le
f. dikgato tse di tla godisang ikonomi.
2.2.2. Ditshwetso tsa go lekanyetsa matlole tse di ikokotletseng ka bopaki, dipoelo mmogo le tshedimosetso:
(a) Thulaganyo e le esi, e e kopanetsweng, e e senang lehunelo le e e mosola ya go rulaganyetsa tiriso ya matlole e e ka dirisiwang gape le mo ditheo tsa Pokeletso ya Lekgetho mo makaleng otlhe a puso.
(b) Go latela karolo ya bo 214 ya Molaotheo e e reng thulaganyo ya matlole e tshwanetse go tsaya tsia ka botlalo tiro yotlhe e lephata le lengwe le le lengwe le tshwanetseng go e phetagatsa.
2.2.3. Kgolaganyo ya maano, go phetagatsa tiro e e botlhoka le go rulaganya matlole go akaretsa gape le go dira gore dithulaganyo tsa go okeletsa badiredipuso megolo di tsamaisane le dithulaganyo tsa go rulaganya matlole.
2.2.4. Ditshwetso tsa matlole di tshwanetse go lebelela kwa pele le go phetagatsa maano a paka e e fa gautshwane, mme ka go rialo go raya gore MTEF e tshwanetse go nna sedirisiwa se se botlhokwa thata mo go rulaganyeng dikgato tse di botlhokwa mo pholising gore di tsamaisane le leano la matlole.
2.2.5. Thulaganyo ya matlole e tshwanetse go latela thulaganyo e e rileng, e tshwanetse go itshamela ka nako le melao mme ka jalo, Khalentara ya Matlole e tla tlhoma dinako tse di rileng mabapi le kgato e nngwe le e nngwe ya thulaganyo eno, go simolola ka nako e go tshwanetsweng go sekasekwe maano a go batliwang gore a phetagadiwe go feletsa ka nako ya kgato e molao wa matlole o tla amogelwang ka yona.
2.2.6. Ditshwetso tsa matlole di tshwanetse go latelana ka tatelano mme di nne le seriti e leng selo se se tla tswelelang go dira gore thulaganyo ya tekanyetso ya matlole e tswelele go nna mosola
2.2.7. Maphata otlhe a a nang le seabe mo ditshwetsong tsa thulaganyo ya tekanyetso ya matlole a tshwanetse go dira tiro ya ona ka manontlhotlho, a nne le seabe e bile a se fetiwe ke nako.
2.2.8. Thulaganyo ya go lekanyetsa matlole e tshwanetse e tlotlomatse dikgato tsa kabelo ya madi a puso le tiriso ya ona ka tshwanelo.
2.2.9. Thulaganyo ya go lekanyetsa matlole e tshwanetse e gagamatse dikgato tsa go dira gore dithata tsa go tsaya ditshwetso mmogo le tsa go rwala maikarabelo di se tlhole di nna mo magetleng a motho a le mongwe.
2.3 MTEF e totobatsa maikemisetso a puso a a reng e batla go dira gore dithulaganyo tsa tekanyetsokabo ya matlole di tshwanetse go latela molao, di tlhoke lehunelo le go golaganya le maano a tiri e e tshwanetsweng go phetagadiwa a a tla thusang naga ya Aforika Borwa gore e kgone go konosetsa dipeelo tsa yona tsa matlole mo tsamaong ya nako le go dira gore e kgone go phetagatsa dintlha tse di botlhokwa tsa yona tsa go tlhabolola setšhaba.
3. Sekwalwa sa Bobedi sa Naga ya Aforika Borwa sa Dipeelo tse di Tlhomilweng tsa go Tsenya Letsogo (NDC) mo go Thusaneng mo Ditsibogelong tsa Lefatshe tsa go Samagana le Phetogo ya Maemo a Loapi jaaka go Totobaditswe mo Tumelanong e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go ka phasalatsa Dipeelo tse di Tlhomilweng tsa Naga tsa go Tsenya Letsogo (NDC) gore go senkiwe maikutlo a setšhaba ka ga ona.
3.2. Sekwalwa sa Bobedi sa NDC se tshitshinya gore dipeelo tse di tlhomilweng tsa Mesi e e Kuelediwang ke Digase tse di Kgotlhelang Tikologo (GHG) e tloge mo dithoneng tsa dimeteriki di le 320 tsa Mowa o o Kgotlhelang Tikologo gore fa ngwaga wa 2035 o goroga di bo di fitlha go di le 380.
3.3. Go garelwa ga Sekwalwa sa Bobedi sa NDC go naya naga ya Aforika Borwa tšhono ya go phetagatsa maikano a yona a boditšhabatšhaba le go phetagatsa maikarabelo a yona mo mererong ya phetogo ya maemo a loapi mo lefatsheng mmogo le mo go direng bonnete jwa gore go nna le phetogo e e tsamaisanang le molao mo mererong ya go fetola dithulaganyo tsa motlakase gore re tsene mo go tseo di sa diriseng didirisiwa tse di kgotlhelang tikologo ka bontsi mo ikonoming ya rona le mo setšhabeng sa rona. Sekwalwa sa NSC se teng gape le mo webesaeteng ya https://www.dffe.gov.za
3.4. Puso e tsere dikgato tsa go sekaseka maemo a kgonagalo ya naga a go kueletsa mesi ya Digase tse di Kgotlhelang Tikologo (GHG) gore e tla re ka ngwaga wa 2035 e bo e kueletse bogolo jwa mesi e me kanakang, mmogo le go sekaseka maikarabelo a semolao a naga ya Aforika Borwa e nang le ona go ya ka Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris mmogo le go ya ka bukana ya melao, ya sekaseka maano a yona a a ka ga bokgoni jo naga e nang le jona jwa metlakase e e fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa go bona gore fa ngwaga wa 2035 o goroga e tla bo e le kae, ya sekaseka gape le Leano la Naga la Tiriso ya Motlakase ka Tshwanelo mmogo le Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase.
4. Pegelo ka Dikopano tsa Dipuisano tsa Ditona ka ga Ditaemane tse di Iseng di Segiwe: Dikgwetlhole Ditšhono tse di leng teng (Kopano eno e ne e tshwerwe ka la bo 30 Phukwi 2025)
4.1. Intaseteri ya naga ya Aforika Borwa e na le seabe se segolo mo lefatsheng fa go tla mo intasetering ya lefatshe ya ditaemane le dijulari, e bile gape e dira letseno le lentsi mo ikonoming ya ka fa nageng. Le fa go le jalo, intaseteri ya ditaemane mo lefatsheng e a tle e itemogele dikgwetlho tse dintsi ka ntlha ya mathata a magolo a ikonomi mme ka ntlha ya seno, Kabinete e letleletse Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Leokwane go nna le seabe mo ditumelanong tsa lefatshe tse di letlelelang mebuso ya dinaga tse di nang le ditaemane go di kgontsha gore di kgone go ka ithekisetsa ditaemane tse di iseng di segiwe mo lefatsheng ka bophara. Gore seno se kgone go phetagadiwa, Kabinete e letleletse gape le gore intaseteri ya ditaemane e kopiwe gore e abelane ka phesente e le nngwe ya matlole a di a dirang mo ngwageng a di a dirileng ka ntlha ya go rekisa ditaemane tse di iseng di segiwe, e leng matlole a a tla dirisediwang go thusa naga ya Aforika Borwa gore e kgone go phetagatsa tiro ya go rekisa ditaemane tse di iseng di segiwe gore e tle e kgone go godisa ikonomi mmogo le go tlhola ditiro.
5. Go Gogela kwa Morago mo Lenaneong la Palamente Molaotlhomo wa Ditlamo tsa Puso (di-SOC) o o ka ga go Phimolwa ga Setlamo sa Difofane tsa Naga ya Aforika Borwa (SAA)
5.1. Kabinete e neseditse pula kopo ya go baya mo tafoleng kopo ya go gogela kwa morago mo lenaneong la Palamente Molaotlhomo wa Ditlamo tsa Puso (di-SOC) o o ka ga go Phimolwa ga Setlamo sa Difofane tsa Naga ya Aforika Borwa (SAA)
5.2. Tumelano e e Mabapi le Thekiso le Theko setlamo seno mmogo le dikgato tsa go phimola Molao wa Setlamo sa Difofane tsa Naga ya Aforika Borwa wa bo 05 wa ngwaga wa 2007, ke dikgato tse di neng di tsamaisana le gore Lefapha la Dikgwebo tsa Puso la mo malobeng le ne le tshwanetse go garela tumelano eno. Molaotlhomo wa teng o ne wa adiwa kwa Palamenteng ka la bo 25 Ferikgong 2024; mme morago ga foo, ka la bo 14 Mopitlwe 2024, tumelano eno e ne ya gogelwa kwa morago ka ntlha ya go se dumelane ka dipuisano tsa theko le thekiso magareng ga bareki le barekisi. Ka ntlha ya go gogelwa kwa morago ga tumelano eno seno se raya gore dilo tsotlhe tse di neng di utlwanetswe ga go sa tlhokagala gore di phetagadiwe, magareng ga tsona ke ya go phimolwa ga Molao wa Setlamo sa Difofane tsa Naga ya Aforika Borwa wa bo 05 wa ngwaga wa 2007, mme ke ka ntlha ya seno go nang le kopo ya gore go gogelwe kwa morago kopo e e neng e dirilwe ya go phimola molaotlhomo ono mo lenaneong la Palamente.
D. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi. Maitlhomo a molaotlhomo yono ke go gagamatsa melawanataolo le tlhokomelo ya ditirelo tsa metsi mmogo le go tokafatsa dikgato tsa go ikamanya le Molao wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997).
1.2. Dintlha tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaong wa Ditirelo tsa Metsi di tsenya tirisong dikgato tse di kwalolotsweng sešwa tsa go rarabolola bothata jwa dimasepala jwa go se kgaoganye tiro ya Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi (WSA) mmogo le ya Ditheo tsa Batlamedi ba Ditirelo tsa Metsi (WSP), ka go tlamela setšhaba ka tshedimosetso e e tlhamaletseng mabapi le gore setheo se sengwe le se sengwe sa tseno se tla bo se dira tiro mang, go samagana le tiro e e sa wetseng pelo e e dirilweng ke di-WSP ka go naya di-WSA dithata tsa molao tsa gore go tshwanetswe go thapiwe fela di-WSP tse di nang le dilaesense mme gore Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le rebole dilaesense tseno di-WSP tseo di tshwanetse go bo di ipontshitse gore di na le bokgoni.
1.3. Dintlha tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla samagana gape le makoa a a nopotsweng mo lekaleng leno, go tsenyeletsa le mo go direng gore e nne tlolo ya molao fa go sa latelwe melao, dithulaganyo le maemo a a tlhomilweng fa go rarabololwa mathata mmogo le mo go se itepatepanyeng le maemo a batlamedi ba ditirelo tsa metsi ba tshwanetsweng go itepatepanya nao, mme tiro ya go netefatsa gore go itepatepanngwa nao e rwele ke magetla a Setheo sa Ditirelo tsa Metsi.
2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metsi a Naga
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng ditshitshinyo tsa go fetola Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metsi a Naga. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Metsi a Naga wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 36 wa 1998).
3. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Bana
3.1. Kabinete e neetse tetla ya gore go ka phasaladiwa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Bana go neela setšhaba tšhono ya go ntsha maikutlo a sona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go lotsa bogale jwa Molao wa Kgodiso ya Bana yo o ntseng o dirisiwa ga jaana wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005), mme go samaganwe le dikarolo di le dintsinyana tse di sa direng ka botlalo tse di jaaka makoa le diphoso tse di leng teng mo thulaganyong ya go godisa le go tlhokomela bana mo ditirelong tse dintsi tse di amanang le go tlhokomela bana tse di tsenyeletsang go thibela bana go wela mo dikotsing, go rarabolola bothata mo baneng nako e santse e le teng, melao e e lekaneng, dithata tsa go godisiwa ke batho ba bangwe, go ruta bana go phela le batho ba bangwe le mo lephateng la ditirelo tse di tlhokomelang bana fa sekolo se tswile. Molaotlhomo yono o batla gape le go gagamatsa dikgato tsa go tlhokomela bana gore ba se welwe ke leru la go bogisiwa ka go otliwa, go tshwarwa makgwakgwa, go boga, go latlhiwa le go dirisiwa jaaka dilo fela.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Ngaka Cynthia Ntombifuthi Khumalo o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo (DG) wa Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso.
2. Ngaka Sipho Ngomane o thapilwe go nna Motlatsi wa Mokaedi yo Mogolo (DDG) mo Kantorong ya Tsamaiso ya Tiro kwa Lefapheng la Bojanala.
3. Mme Yanga Ntombizodidi Tantsi o thapilwe go nna DDG: mo Kantorong ya Tsamaiso e e Tshwaraganetsweng ya Tiro le Kgodiso ya Dikgwebo tse di Potlana kwa Lefapheng la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana.
4. Rre Vuyisa Africa Dayile o thapilwe go nna DDG: mo Kantorong e e Kwalang Dipholisi le go Dira Dipatlisiso mo Lefapheng la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana.
5. Ngaka Nonhlanhla Ignatia Ndlovu o thapilwe go nna DDG: mo Kantorong ya Merero ya Lephala la Malwetse a Mogare wa Lebolelateng/Lebolelateng (HIV/AIDS), Bolwetse jwa lehuba (TB) le Dikolo tsa Maokelo a Malwetse a Basadi (MCWH) kwa Lefapheng la Boitekanelo.
6. Go Thapiwa ga Boto ya Batlhokomedi ba ba Emetseng Puso mo Letloleng la Ditlamo tsa go Aga la Tirisano
a. Moporofesara Wellington Didibhuku Thwala;
b. Mme Allyson Lawless;
c. Ngaka Msizi Reginald Myeza; mmogo le
d. Mme Zukiswa Kimani.
7. Go Thapiwa ga Boto ya Koporasi ya Naga ya Thuso ka Matlole a go Aga
(a) Rre Khalid Desmond Golding (Monnasetulo);
(b) Mme Balungile Siphumelele Dlungwane;
(c) Rre Thulani Siyabonga Mabaso;
(d) Mme Jacqueline Ramatsimele Maisela;
(e) Mme Ayesha Seedat;
(f) Mme Alison Hickey -Tshangana;
(g) Mme Nomzamo Babhekile Hlengiwe Khumalo;
(h) Moatefokate Mthokozisi Daluxolo Xulu;
(i) Mme Tshepiso Florah Kobile;
(j) Rre Velile Cecil Dube;
(k) Mme Noluthando Khulukazi Mashologu; mmogo le
(l) Rre Satish Roopa.
8. Go Thapiwa ga Boto ya Dikema tsa Baagi ya Ditirelo tsa Ombud:
(a) Mme Busisiwe Nwabisa Nzo (Monnasetulo);
(b) Mme Sarah Madinoge Letsie;
(c) Mme Moganambal Karen Muthen; mmogo le
(d) Rre Mduduzi Orville Sikhumbuzo Zungu.
9. Go Thapiwa ga Boto ya Setheo sa Melao ya Taolo ya Batlhankedi ba Thekiso ya Dintlo
(a) Mme Mmanare Evylyn Mamabolo;
(b) Mme Merriam Mapule G. Mashiteng;
(c) Rre Leshabe Samuel Rampedi; mmogo le
(d) Rre Thomas Khorommbi Sigidi.
10. Go Thapiwa ga Boto ya Setheo sa Kago ya Dintlo
(a) Rre Malesela Phineas Sebatjana.
11. Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto ya Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA)
(a) Mme Sedzani Faith Mudau (Monnasetulo);
(b) Mme Fathima Gany (Motlatsamonnasetulo);
(c) Rre Theunis Potgieter;
(d) Rre Mongezi India;
(e) Rre Dennis Thokozani Dlomo;
(f) Mme Pamela Bulelwa Yako;
(g) Mme Bongiwe Pityi;
(h) Ngaka Salome Chiloane-Nwabueze;
(i) Ngaka Prittish Dala;
(j) Rre Lisa Mangcu;
(k) Mme Bongiwe Mbovu;
(l) Mme Siphumelele Dlungwane;
(m) Moatefokate Johannes Collen Weapond
(n) Moporofesara John Lamola (Mokaedikhuduthamagamogolo)
(o) Mme Lindsay Olitzky (Motlhankedi yo Mogolo wa Matlole)
12. Go Thapiwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Melawanataolo ya Dipalangwa mo Mererong ya Ikonomi (TER) (Go Thapiwa ga Boto ya TER ke e nngwe ya dikgato tsa go phetagatsa tiro ya go dira diphetogo mo lekaleng la dirori le dijanaga tse di rwalang dithoto)
(a) Mme Ethel Teljeure (Monnasetulo);
(b) Mme Balebebetje Zondi;
(c) Mme Fathima Bibi Sheik;
(d) Rre Lucky Thekisho;
(e) Rre Vincent Blennies; mmogo le
(f) Rre Ravindra Nair.
13. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Setheo sa Matlole a Dikgobalo mo Dikotsing tsa Dijanaga mo Mebileng ya ka fa Nageng (RAF)
(a) Rre Kenneth Brown (Monnasetulo)
(b) Mme Nonhlanhla Mabusela-Aikhuere (Motlatsamonnasetulo);
(c) Mme Ntswaki Kutumela;
(d) Mme Innocentia Mmule Pule;
(e) Rre Richard Dyantyi;
(f) Rre Mpontshane Alfred Mkhipheni;
(g) Rre Neeshan Balton;
(h) Mme Alfredina (Ntina) Themba
F. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la go Keteka Seabe sa Basadi
1.1 Moporesitente Ramaphosa o tla etelela naga kwa pele mo go ketekeng Letsatsi la Naga la go Keteka Seabe sa Basadi mo Ngwageng wa 2025 ka la bo 09 Phatwe mme letsatsi leno le tla ketekelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Nkowankowa kwa Tzaneen mo porofenseng ya Limpopo. Letsatsi la segopotso sa monongwaga le ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Aga Ikonomi e e Nang le Maatla e e tla Tswelang Botlhe Molemo”, e leng molaetsa yo o tsamaisanang le se Maemo a Boporesitente jwa G20 jwa naga ya Aforika Borwa e emeng ka sona mmogo le maikano a yona a Go Tshwaragana, Go Lekalekana le Go Tlhokomelana.
1.2 Letsholo la monongwaga le gateletse gore seabe se basadi ba nnang le sona se okediwe mo maemong a boeteledipele le mo maemong a ikonomi, go oketsa ditšhono tsa gore ba nne le seabe mo mererong ya matlole mmogo le go thulana ka tlhogo le ditiragalo tsa dipogiso le dipolao tsa basadi le basetsanyana jaaka e le tse dingwe tse dikgolo tsa dilo tse di kgoreletsang go matlafadiwa ga basadi.
1.3 Kgwedi ya Basadi ga se fela ya go itumelelela fela go tlotliwa ga basadi le bogatlhamelamasisi jwa bona mme gape ke go itumelela go nna le seabe ga basadi botlhe go tswa gotlhe ko ba tswang, mme gape ke boikuelo jwa gore go tsibogelwe dikgato tsa go dirabonnete jwa gore basadi ba nna le seabe ka botlalo le ka go lekalekana mo go ageng isago ya naga ya Aforika Borwa
2. Kgothakgothe ya Setlhopha sa Merero ya Phimolakeledi, Thibelo ya Bosenyi le Phemelo (JCPS) Mabapi le Letsholo la go Lemosa Setšhaba le go Thibela Ditiragalo tsa Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF)
2.1 Setlhopha sa Merero ya Phimolakeledi, Thibelo ya Bosenyi le Phemelo (JCPS) se tla tshwara Kgothakgothe ya Mabapi le Letsholo la go Lemosa Setšhaba le go Thibela Ditiragalo tsa Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF) ka la bo 08 Phatwe kwa Ga- Kgapane, kwa porofenseng ya Limpopo.
2.2 Kgothakgothe eno e tla bokanya mafapha a puso, mekgatlho ya setšhabai ya magosi le baagi ba mo motseng e leng dikgato tsa go lemosa setšhaba tsela ya nnete le bophelo mmogo le go gatelela tsibogelo ya bothata jono gore e nne e e ikaegileng ka ga ka fao bothata jwa GBVF bo ka rarabololwang ka teng mo metseng.
3 Samiti ya Dipeeletso mo Aforika
3.1 Kabinete e letleletse naga ya Aforika Borwa go ka amogela baeng ba Samiti ya Dipeeletso mo Mererong ya Metsi ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e e tla tshwarelwang kwa Motsekapa go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 15 Phatwe 2025. Samiti eno e tla tsenelwa ke Ditlhogo tsa Dinaga mmogo le Ditlhogo tsa Mebuso, Ditona tsa Merero ya Metsi mo dinageng tsa bobona, Dinaga tse e leng karolo ya G20, babeeletsi, lekala la poraefete, bakwadi ba dipholisi, dirutegi, mekgatlho ya boditšhabatšhaba mmogo le makala a mothale ono mme go tla abelanwa ka dipono fa go tla mo dikgwetlhong tse go tobanweng le tsona mo kabong ya metsi, mo go tlamelweng ka matlole a go aga mafaratlhatlha a metsi mmogo le mo go beeletseng mo metsing ka fa kontinenteng.
3.2 Samiti eno e tsamaisana le dipeelo tsa G20 tse di ka ga go tlhatlosa boleng le dipalo tsa matlole a go tlamela dinaga tse di santseng di iketetsa mme seno se tla diriwa ka go bokeletsa dipeeletso tse di tla beelediwang mo go direng gore re se felelwe ke metsi, mmogo le mo go direng gore go nne le palo e e lekaneng ya badiri mo lekaleng la metsi, segolobogolo mo go bokeletseng dipeeletso tse di tla thusang go tswalela sekgala sa go tlhoka dipeeletso se se nopotsweng go thusa mo Letsholong la go Beeletsa mo Mererong ya Metsi la Kontinente ya Aforika, leo gape le bediwang “Thiba Phatlha, Letsholo la go Beeletsa mo Metsing”. Se sengwe gape ke gore, samiti eno e tla baya mo pepeneneng metseletsele ya diporojeke tse babeeletsi ba ka beeletsang mo go tsona go bontsha bao ba ka ratang go beeletsa bokgoni jwa naga rona.
4. Go Thankgololwa ga Lefelo la go Tlhatswa Metsi a Setlamo sa Rand Waterkwa Zuikerbosch
4.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla thankgolola Lefelo la go Tlhatswa Metsi a Setlamo sa Rand Waterkwa Zuikerbosch kwa gaufi le Vereeniging ka la bo 08 Phatwe 2025. Leno ke lefelo le legolo la maemo a a kwa godimo la go Tlhatswetsa Metsi mo Kontinenteng yotlhe ya Aforika mme maitlhomo ke go dira gore le rebolele ditirelo tsotlhe tsa tlamelo ya metsi tse ga jaana Rand Water e samaganeng le tsona mmogo le go dira gore tshokolo ya metsi mo porofenseng ya Gauteng e se tlhole e nna selo se se tshwenyang.
5. Melaetsa
5.1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
- Puso le setšhaba sa naga ya Nigeria go latela gore Moporesitente wa mo malobeng wa naga eno,e bong Muhammadu Buhari, a robalele ruri. Boeteledipele jwa Moporesitente Buhari bo dirile gore dinaga tsa rona ka bobedi di tshwaragane le go feta mmogo le go thusa go godisa le go tlhabolola mmogo Aforika.
- Mme Tracy Brown, tlhogo ya batšotšhisi ba kgotlatshekelo ya kgaolo, yo a neng a direla mo Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya New Brighton kwa Gqeberha yo a bolailwe setlhogo fa pele ga ntlo ya gagwe. Polao ya gagwe ke tiragalo ya go bontsha lonyatso lo lo feletseng la molao wa naga ya rona le matsapa a rona a re sa feleng maatla mo go ona a go apara kobo e le nngwe le ditlhokotsebe.
- Mmegadikgang yo a tlotlegang yo gape e neng e le Morulaganyimogolo wa lekwalodikgang la Sowetan, e bong Pearl Sebolao yo a nang le sebaka sa dingwagasome di feta di le pedi mo tirong ya gagwe ya bobegakgang.
- Modiragatsi le mametlae, Meme Ditshego, yo a diragaditseng mo mananeong a thelebišene, mo diraleng mmogo le mo ditshwantshong tsa difilimi.
- Rakgwebo yo a neng a tumile, moroki wa diaparo yo gape e leng yo mongwe wa bao ba seimolotseng setlamo sa diaparo tsa fešene se se gapileng dikabo ka mefutaafuta sa Sun Goddess, e bong Vanya Mangaliso yo a dirileng gore moaparo wa setso wa naga ya Aforika Borwa o ratege.
- Puso ya naga ya Ghana, go latela gore sefofane se se dirisang lefetlho se kalologe kwa lefaufaung mme se sugagane se nameditse batlhankedi ba puso ba le bantsinyana.
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Moatlhodi yo Mogolo wa Kgotlatshekelo e Kgolo ya go Reetsa Dikgetse Lekgetlo le Lengwe Gape e bong Dunstan Mlambo yo a thapilweng mo maemong a Motlatsamoatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya naga ya Aforika Borwa. Mo malobeng Moatlhodi Mlambo e ne e le Moatlodi yo Mogolo wa Kgaolong ya Kgotlatshekelo e Kgolo ya porofense ya Gauteng mme le go tsweng koo o ntse a ipontshitse gore o ikemiseditse go direla lephata la dikgotlatshekelo ka botswapelo go dira gore le kgone go ikemela, setšhaba se bone ditirelo tsa molao mmogo le go fetola dikgotlatshekelo.
- Ngaka Mafu Rakometsi, Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Lekgotla la Umalusi jaaka a thapilwe go nna Moporesitente wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Diteko tsa Thuto.
- Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa jaaka se dirile bontle jo bo seng kanaka sepe kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Baithuti ba Diyunibesiti (FISU), e e neng e tshwaretswe kwa nageng ya Germany. Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se garetse metshameko se phuthetse dimetele tsotlhe di le 19, mme mo go tsona go na le tsa Gauta di le 6, tsa Selefera di le 5 mmogo le tsa poronse di le 8.
a. Bayanda Walaza jaaka a fentse metale wa Gauta mo lebelong la dimitara di le 100 le la dimitara di le 200.
b. Lebelo la banna banna ba le bane ba ba emetseng naga ya Aforika Borwa mo motabogong wa go neeletsana ka kotana mo go tabogeng sekgala se sengwe le se sengwe sa di le nne tsa dimitara di le 100 (mme naga e ne e emetswe ke Bayanda Walaza, Retshidisitswe Mlenga, Kyle Zinn mmogo le Mthi Mthimkulu) mme ba fentse metale wa Selefera.
c. Lythe Pillay yo a fentseng metale wa Gauta mo lebelong la banna la dimitara di le 400.
d. Aiden Smith jaaka a fentse metale wa Gauta mo motshamekong wa go konopa tshipi e e bokete, jaaka a fetile bao a neng a gaisana le bona fa a ne a konopa lekgetlo la borataro leo e neng e le lekgetlo la gagwe la bofelo.
e. Pieter Coetze o gapile dimetale di le pedi tsa Gauta mo lebelong la gagwe la dimitara di le 50 le la dimitara di le 100 la go thuma go phaphametswe ka mokokotlo. O fentse gape le metale wa Gauta le wa Selefera le kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Dikgaisano tsa go Thuma e e neng e tshamekelwa kwa Singapore.
- Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa jaaka ba ntshitse ga tshwene mo Metshamekong ya Ngwaga wa 2025 ya Dikgaisano tsa Dinaga tsa Aforika ya Batshameki ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 18 le ba ba ka fa Tlase ga di le 20, e e neng e tshwaretswe kwaAbeokuta, kwa nageng ya Nigeria. Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se gapile dimetale tsa Gauta, Selefera le Poronse mo metshamekong ka go farologana.
- Zakithi Nene jaaka a gapile metale wa poronse mo lebelong la dimitara di le 400 kwa dikgaisanong tsa London Diamond League
- Retshidisitswe Mlenga go fenyeng lebelo la dimitara di le 100 mo Metshamekong ya Dikgaisano tsa Lefatshe e e neng e tshwaretswe kwa nageng ya Austria.
- Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa sa Batshameki ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 20 sa Batshameki ba Rakabi jaaka ba fentse Metshameko ya Dikgaisano tsa Lefatshe e e neng e tshamekelwa kwa Rovigo, kwa nageng ya Italy.
- Aldrich Potgieter jaaka a fentse Metshameko ya Leeto la gagwe la Ntlha la Mokgatlho wa Batshameki ba Metshameko ya Kolofo (PGA) mme a na fela le dingwaga di le 20, jaaka a fentse metshameko ya ngwaga wa 2025 ya Rocket Classic e e neng e tshamekelwa kwa Lebaleng la Metshameko ya Kolofo la kwa Detroit kwa nageng ya Amerika.
- Diganka tsa Batshameki ba Naga ya Aforika Borwa ba Metshameko ya Kerikete jaaka ba fentse metshameko ya makgaolakgang ya Diganka tsa Metshameko ya Lefatshe e e neng e tshamekelwa kwa Birmingham, kwa nageng ya England.
- Sekolo sa Redhill jaaka se dirile motlholo ka go nna sekolo sa ntlha mo nageng ya Aforika Borwa go fenya Metshameko ya Dikolo ya Sejana sa Bolotloa ya Batshameki ba dingwaga tse di ka fa Tlase ga di le 17.
- Ditirelo tsa Kgaso ya Dikgang tsa Setheo sa Kgaso sa Naga ya Aforika Borwa (SABC) jaaka se di tla bo di tshwara dingwaga di le 75 di ntse di gasa dikgang ka tlhamalalo mo setšhabeng.
- Naga ya Aforika Borwa jaaka go dumelanwe semmuso gore Metshameko ya Dikgaisano go Nosa mo Misimeng e le 54 (LIV) ya Ngwaga wa 2026 e tla tshamekelwa fano, mme metshameko eno e megolo thata mo lefatsheng mme e tla bo e le lantlha ka Motsheganong 2026 e tshamekelwa mo porofenseng ya Gauteng, mo nageng ya Aforika Borwa.
Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485