Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 9 Phukwi 2014

10 Jul 2014

1. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

1.1. Kabinete e gakolola maAforika Borwa otlhe go tlotla le go gopola Moporesitente wa rona yo o rategang wa maloba, moswi Nelson Mandela mo Kgweding eno ya Mandela ka go nna le seabe se se tlhaga mo Letsholong la "Phepafatsa Aforika Borwa." Ka Letsatsi la Nelson Mandela ka la bo 18 Phukwi le go ralala kgwedi eno ka bophara, maAforika Borwa a tshwanetse go aba bonnye metsotso e le 67 go phepafatsa Aforika Borwa go ya ka kgoeletso ya Moporesitente Jacob Zuma ka nako ya Puo ya Maemo a Setšhaba. Moporesitente wa maloba moswi Nelson Mandela o re rutile gore motho mongwe le mongwe a ka ama baagi ba gaabo ka tsela e e molemo. Rotlhe re na le maikarabelo a go tlotla botshelo jwa gagwe ka go phepafatsa, go tokafatsa le go ntlafatsa ditšhaba tsa borona la rona.

1.2. Kabinete e amogela lenaane le le kgolo la tsosoloso ya diporo la Setheo sa Diporo le Banamedi sa Aforika Borwa (PRASA). Jaaka karolo ya lenaane leno, Tona ya Dipalangwa e sirolotse sethalo sa bofelo sa terena e ntšhwa, ya sešweng mme e babalesegile ya PRASA e e ipelang ka thekenoloji ya sešweng mo intasetering ya diterena go ralala lefatshe. Seno ke phitlhelelo e nngwe e e kgethegileng mo maitlamong a puso a go aga mafaratlhatlha a a tla susumetsang ikonomi le go tshegetsa theko ya selegae. Go solofetswe gore terena ya ntlha ya PRASA e tla bo e le mo seporong ka 2015. Go ntšhwafadiwa ga tsamaiso ya diterena go tla tokafatsa ditirelo tsa diterena tsa metro - 'sesusumetsi se segolo sa phetogo ya dipalangwa tsa botlhe mo Aforika Borwa. PRASA e tla dirisa bokana ka R51 bilione mo dingwageng di le 10 tse di latelang go rekela batho ba Aforika Borwa diterena tsa maemo a a kwa godimo di le 600. Palogotlhe ya diterena tseno di le 580 di tla agiwa mo Aforika Borwa kwa faboriking e ntšhwa e e tla dirwang kwa Dunnotar kwa ntle ga Nigel e e kwa Ekurhuleni ka ditshenyegelo tsa R1 bilione. Setheo sa bogolo jwa  600 000 m2 se diretswe go kgona go tsenya polante ya bodirelo, tlamelo ya katiso mmogo le phaka e e feletseng ya bodirelo. Porojeke e tla tlhama ditiro tsa tlhamalalo di le 8 088, e leng karolo ya ditiro di le 33 000 tsa tlhamalalo le tse e seng tsa tlhamalalo mo pakeng ya dingwaga di le 10, go fitlhelela tiragatso ya selegae ya go feta 65%. Palogotlhe ya batho ba le 19 527 (baenjiniri, badiri ka diatla, bategeniki, bakgweetsi ba diterena le, gareng ga ba bangwe, bathekenoloji) mo nakong ya porojeke. Lenaane la Ntšhwafatso ya Dipalangwa la Kgwebo ya Diterene ga le fela ka ga go rekwa ga diterena, le ka ga dipilara di le tharo tse di tla busetsang intaseteri eno kwa serodumong sa yona sa maloba, tsa tsosolosa lephata la rona la boenjiniri jwa diterena mmogo le go tshwaela mo tlhabololong ya ikonomi ya selegae.

1.3. Kabinete gompieno e amogela go tlhongwa ke Moporesitente Jacob Zuma ga polante ya go lomaganya le go dira ya Ditirelo tsa Dikoloi tsa Ntlha (FAW) ya Aforika Borwa ya Kgaolo ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDZ) kwa COEGA kwa Motsemogolong wa Nelson Mandela Bay kwa Port Elizabeth, e e kwa Kapa Botlhaba. Polante ya go lomaganya dilori ya R600 milione e e fitlhelwang kwa Kgaolong ya 2 ya COEGA IDZ e tlamelwa ka matlole ke Koporasi ya Setlhopha sa China FAW mmogo le Letlole la Tlhabololo la China-Africa. Ke nngwe ya dipeeletso tse dikgolo go gaisa tse di dirilweng ke setlamo sa China. Polante eno e tla tshwaela mo go bonalang mo maitlhomong a bosetšhaba a tlhabololo ya ikonomi-loago jaaka a fitlhelwa mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), Leano le Lentšhwa la Puso la Kgolo ya Ikonomi mmogo le Maanotiro a Pholisi ya Diintaseteri. Mesola e e bonwang ke Nelson Mandela Bay le kgaolo ya Kapa Botlhaba ka kakaretso e akaretsa go ngokiwa ga peeletso ya tlhamalalo go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle e e tla lebisang kwa go tlhamiweng ga ditiro tsa leruri le go tlamela ditšhono tsa tlhabololo le katiso.

1.4. Gape Kabinete e nyatsa bogodu jwa dikheibole go tswa mo mafaratlhatlheng a diterena, motlakase le makgotlatoropo.  Bogodu jo bo jalo bo kgoreletsa tsamao e e bobebe ya ikonomi ya naga mme mo mabakeng mangwe, bo ama matshelo a batho.  Ditheo tsa tiragatso ya molao di tla netefatsa gore ba ba tshwerweng ba tla lebaganngwa le bogale jotlhe jwa letsogo la molao.  Gape Kabinete e boeletsa maitlamo a yona a go tswala ditlamo tsa matlhekge a ditshipi tse di ungwelwang le go tlhotlheletsa bosenyi jono. Go ikuelwa mo baaging go dira mmogo le puso ka go begela Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.

1.5. Kabinete e rotloetsa baduelalekgetho go isa dipoelo tsa bona tsa lekgetho tsa paka ya lekgetho ya 2014, e e buletsweng ka la bo 1 Phukwi 2014. Makgetho a kgontsha puso go tlamela maano a tlhabololo a naga ka matlole. Moduelalekgetho mongwe le mongwe yo o isang poelo ya nnete ka nako o diragatsa seabe sa gagwe sa gotsweletsa pele Aforika Borwa.

1.6. Kabinete e amogela go saenwa ga Molao o o Baakantsweng wa Pusetso ya Ditshwanelo tsa Mafatshe ke Moporesitente Jacob Zuma, e leng molao o o bontshang go bulwa gape ga go tsenngwa ga dikopo tsa mafatshe ke batho ba ba tlotsweng ke letlha la bofelo le le fetileng mme o tlamela badiradikopo ka dingwaga tse dingwe di le tlhano go dira dikopo tsa mafatshe. Le fa go setse go tsentswe dikopo tsa pusetso ya mafatshe di fopholediwa go nna 80 000 pele ga letlha la bofelo la 1998, go fopholediwa gore go na le dikgetse tsa boammaaruri tsa palo e e ka fetang eo gatlhano tse di ka tsenngwang ke batswasetlhabelo ba diphudugo tsa pateletso tsa paka ya tlhaolele. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go phasalatsa molaetsa wa molao ono go netefatsa gore batswasetlhabelo ba ba tseetsweng mafatshe, mme ba tlotswe ke letlha la bofelo la 1998, ba a itlhagisa go dira dikopo tsa mafatshe a bona go tloga ka la bo 1 Phukwi 2014 go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2019.

1.7. Kabinete e akgola babatlisisi ba ba reboletsweng matlole ke Aforika Borwa ba Arei ya Sekwere Kilometara (SKA) ba ba ribolotseng thulaganyo e kgolo ya mosima o montsho kwa lefaufaung. Seno ke tlhomamiso e e molemo ya bolepanaledi jo bo anameng mme bo le maleba jwa seyalemowa jo bo golang ka lebelo mo Aforika Borwa. Thibololo eno gape e supa gore Aforika Borwa e na le boitseanape jwa saense le setegeniki go ka nna moeteledipele wa lefatshe mo go tsa bolepanaledi jwa seyalemowa. Patlisiso eno e e lemogwang boditšhabatšhaba ke kgakololo ya ditšhono tse di kgethegileng tse di neilweng Aforika Borwa ka ntlha ya katlego ya rona mo kgaisanong, go aga bokgoni jwa rona ka go susumetsa kgatlhego mo saenseng le boenjeneri mo bašweng ba rona. Gape e tlamela naga ya rona ka motheo wa go simolola go tlhagisa borasaense ba ba tla tshwaelang mo phitlhelelong ya Ponelopele ya 2030 ya NDP. Thibololo eno ke tshimologo ya tse dingwe tse dintsi tse di tla kgontshiwang ke SKA. Katlego ya kgaisano ya rona gape e butse ditšhono tse dintsi mo nageng, bogolo segolo diketekete tsa ditiro mo dikagong, ditirong le mo tlhokomelong mo Kapa Bokone ko mooko wa SKA o agwang gona.

1.8. Kabinete e ikuela mo bašweng go dira dikopo tsa ditheo tsa thuto e kgolwane gone jaanong go lepalepana le letsholo la Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso la Dira Kopo Jaanong! Ka letsholo leno, barutwana ba tlamelwa ka tshedimosetso e e tlhokegang gore ba dire boitlhophelo ka kitso malebana le dithuto tsa bona le gore ba dire dikopo go sa le gale. Gape seno se tla thibela kgatelelo e baithuti ba lebanang nayo kwa tshimologong ya ngwaga wa dithuto. Gape barutwana ba gakololwa go dirisa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete sa Baithuti, se se tlamelang thuso ya ditšhelete go baithuti ba ba nang le bokgoni mme ba tlhoka ditšhelete.

1.9. Kabinete e amogela dipoelo tsa Kopano ya bo23 ya Tlwaelo ya Kokoano ya Kitlano ya Aforika (Samiti ya AU) e e neng  e tshwerwe fa gautshwane ka moono wa: "2014, Ngwaga wa Temothuo le Go nna teng ga Dijo mo Aforika" koo Moporesitente Jacob Zuma a neng a eteletse pele kemedi ya seemo se se kwa godimo gona. Go tshwanetse ga elwa tlhoko ditshweetso tsa dintlha tsa botlhokwa tse di amanang le tlhabololo, kagiso le pabalesego, phetogo ya tlelaemete le go dira gore go nne le ditlamelo mmogo le go konosediwa ga Lenaneo la 2063 la Letlhomeso la Kontinente, jaaka karolo ya ponelopele ya Aforika mo dingwageng tse di latelang di le 50 mmogo le Seemo se se Tshwanang sa Aforika mo Lenaneong la Tlhabololo la Morago ga 2015.

1.10. Kabinete e romela matshediso go balelapa le ditsala tsa Motlatsa Moporesitente wa Mokgatlho wa Basadi wa African National Congress yo e neng e le Semesegolo sa maloba sa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense, Mme Nosipho Ntwanambi. O tlogetse phatlha e kgolo mo kgaratlhong e e tswelelang pele ya bosiamisi le tekatekano mo baaging moo baagi botlhe ba ka itumelelang kgololesego e e lekalekanang, ditshwanelo le ditšhono.

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e boleletswe ka Dipoelo tsa Kopano ya bo11 ya Khonferense ya Maphata (COP 11) kwa Kopanong ya Ditšhabakopano ya go Lwantsha Kakafalo (UNCCD), e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 16 go ya go la bo 27 Lwetse 2013 kwa Windhoek, Namibia. Kopano e totile go samagana le dintlha tsa lefatshe tsa bosekaka, go batla go nna sekaka le go batla go omelela go go  batlang go nna bongola mo tikologong. Gareng ga ditshweetso tsa botlhokwa, Khonferense e dumelane ka tokafatso ya bokgoni, tiragatso le tirisego ya ditsamaiso tsa kgokaganyo tsa Kgaolo le gore Diyuniti tsa kgokaganyo tsa Kgaolo di dira ditiro tsa tsona ka tshwanelo.  Gape Khonferense e dumelane ka go fudusediwa ga Tsamaiso ya Lefatshe go tswa kwa Letloleng la Boditšhabatšhaba la Tlhabololo ya Temothuo kwa Roma go ya Bonn gore e busediwe kwa bokwaleding jwa UNCCD. Ditshweetso di tla tshegetsa go maatlafadiwa ga bokgoni jwa go samagana le dikgwetlho tsa go kakafala mo kontinenteng.

2.2. Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e amogela Paakanyo ya Thibelo ka fa tlase ga Tumelano ya Basel e e ka ga Taolo ya Motsamao wa go Kgabaganya melelwane ga Maswe a a Kotsi mmogo le go Latlhwa ga ona. Tumelano ya Basel ke tumelano ya boditšhabatšhaba e e laolang motsamao wa go Kgabaganya melelwane wa maswe a a kotsi. Le fa Paakanyo ya Thibelo ya Tumelano ya Basel e amogetswe go sireletsa dinaga tse di tlhabologang go tlogela go amogela diromelwateng tsa maswe a a kotsi go tswa kwa dinageng tse di tlhabologileng, go amogelwa ga Thibelo go tla netefatsa gore boitekanelo jwa batho le tikologo bo sireletsa ditshika tsa isago, le gore tlhabololo ya ikonomi-loago e tswelediwa ka tsela e e nnelang leruri. Seno se tla dira tshwaelo e e bonalang mo go fokotseng mathata a Aforika a go phuaganngwa ga maswe a a kotsi.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Moporesitente Jacob Zuma, o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa go ya kwa Samiting ya bo6 ya Brazil, Russia, India, China, Aforika Borwa (BRICS), e e tla amogelwang ke Rephaboliki ya Feterale ya Brazil ka la bo 15-16 Phukwi 2014, ka fa tlase ga moono wa: “BRICS: Kgolo e e Akaretsang, Ditharabololo tse di nnelang Leruri." Ka paka e Aforika Borwa e neng e le Modulasetilo wa BRICS, go nnile le tswelelopele e e bonalang ya go tsepamisa ditsamaiso tsa BRICS tse di tlhomilweng kwa Samiting ya Botlhano ya BRICS, e leng Lekgotlakgwebo la BRICS mmogo le Lekgotla la Maano la BRICS, mme Baeteledipele ba BRICS ba tla newa dipegelo tse di ka ga tiro e e dirilweng ke dipopegotheo tseno.

Puso ya Aforika Borwa e diragaditse ka botlalo Leano la Tiragatso la eThekwini, le le amogetsweng kwa Samiting ya bofelo ya BRICS e e neng e tshwaretswe kwa Durban, Aforika Borwa, mme e tla tlhagisa pegelo ya go fetisa marapo malebana le tirisanommogo ya maphata mo pakeng ya yona jaaka Modulasetilo wa BRICS, e sedifatsa tswelelopele e e dirilweng ke Aforika Borwa ka paka ya yona jaaka Modulasetilo wa BRICS malebana le ditshwetso tse di fitlhelwang mo Tumelanong ya eThekwini le Leano la Tiragatso.

3.2. Ka Latshipi wa la bo 13 Phukwi 2014, Lefapha la Dipalangwa le tla bo le araba baagi ba Mebasepala wa Nkangala le wa Dr JS Moroka ka ntlha e e mabapi le Letsholo la Tlhabololo ya Seporo le Mmila wa Moloto. Mmila wa Letsholo la Tlhabololo ya Seporo e tla nna thulaganyo e e kopaneng ya dipalangwa tsa botlhe e mokotla wa yona e tla bong e le diterena mme mefuta e mengwe ya dipalangwa - go totilwe dibese le dithekesi - e tlamela ka ditirelo tsa neeletso. Boeteledipele jwa Mpumalanga, Gauteng le Limpopo mmogo le boratoropo ba dikgaolo le makgotlatoropo ba tla pata Tona mo leetong leo. PRASA, e leng setheo sa setšhaba se se ka fa tlase ga Lefapha la Dipalangwa, e tla etelela pele porojeke eno go tloga jaanong go ya kwa pele.

3.3. Mo bekeng e e tlang, mafapha a tla bo a tlhagisa Ditekanyetsokabo tsa ona kwa Palamenteng.  Ditona di tla bo di amogana maano a tsona a ditshenyegelo ka thulaganyo ya Palamente mme gape di golagana gape le baagi ba tsona ka maano a tsona.

3.4. Kabinete e eleletsa masego baatlelete ba rona ba ba tla bong ba na le seabe kwa Metshamekong ya Commonwealth, e e diragalang go tloga ka la bo 23 Phukwi go fitlha ka la bo 3 Phatwe 2014 kwa Glasgow, Scotland, mme e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go ba tshegetsa.

4. Go thapiwa

4.1. Kabinete e itemogetse go thapiwa ga ditokololo tsa Lekgotla la Bosetšhaba la Bogakolodi jwa Boitshimololelo sebaka sa paka ya dingwaga di le nne:
a) Moatefokate Louisa Zondo
b) Rre Garth Strachan (moemedi wa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri)
c) Moporofesara Jennifer Thomson
d) Mme Clare Busetti
e) Mme Zanele Monnakgotla
f) Ngaka Azar Jammine
g) Moporofesara Cheryl de la Rey (Modulasetilo)
h) Ngaka Andile Ngcaba
i) Mme Nonkululeko Nyembezi-Heita
j) Ngaka Sibusiso Sibisi
k) Moporofesara Olive Shisana
l) Rre Dhesigen Naidoo
m) Ngaka Albert Van Jaarsveld
n) Moporofesara Glenda Gray
o) Moporofesara Roseanne Diab
p) Ngaka Shadrack Moephuli
q) Rre Kevin Nassiep
r) Rre Sim Tshabalala
s) Ngaka Khotso Mokhele
t) Moporofesara Anton Eberhard

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore