Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 6 Phatwe 2014

1. Kgwedi ya Basadi/Mekete ya Bosetšhaba ya Letsatsi la Basadi

1.1. Kabinete e amogetse maano a Mekete ya Bosetšhaba ya Letsatsi la Basadi mmogo le ditiragalo tsotlhe tse di baakanyeditsweng go diragadiwa mo kgweding yotlhe ya Phatwe. Moporesitente Jacob Zuma o tla etelapele moletlo wa bosetšhaba o o tla tshwarelwang kwa Lebaleng la Kgosi Zwelithini, kwa Umlazi, e e kwa KwaZulu Natal ka la bo 9 Phatwe 2014 ka fa tlase ga moono yo o reng: Re Keteka Segopotso sa bo 60 sa Tumelano ya Basadi mmogo le Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego: mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa e e senang kgethololo go ya ka lotso le bong.”

Jaaka karolo ya mekete ya kgwedi ya basadi, puso e tla tshwara meletlo e le mmalwa go tlhagisa basadi mo makaleng a a farologaneng le go tlhagisa diphitlhelelo tse re di fitlheletseng jaaka naga. Tse dingwe tsa meletlo e e rulagantsweng di akaretsa Dikabo tsa Basadi mo Lekaleng la Go Aga (14 Phatwe), Dikabo tsa Basadi mo go tsa Saense (15 Phatwe), Dikabo tsa Molemerui wa Mosadi mo Ngwageng Otlhe (22 Phatwe) mmogo le Dikabo tsa Basadi mo Ditirong tsa Metsi (29 Phatwe).

Jaaka karolo ya mekete, Tona ya Lefapha la Manno a Batho mmogo le Bakhuduthamaga ba Diporofense (MINMEC) mo kopanong e e itlhophileng e e neng e tshwerwe ka la bo 4 Phukwi 2014, o letleletse lenaane la go aba dintlo di le 1 956 mo porofenseng e nngwe le e nngwe ya di le robongwe. Lenaane leno le bontsha tlotlo mo basading ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings kgatlhanong le melao ya makwaloitshupo ya 1956.

Thankgololo ya ntlha ya lenaane leno e diragetse kwa motseseteropong wa Ratanda o o leng kwa Lekgotlateropong la Selegae la Lesedi kwa Gauteng ka la bo 04 Phatwe 2014. Palogotlhe ya dintlo di le 17 604 di tla agiwa ke basadi mme bajalefa ba tsone e tla nna basadi, bagodi le malapa a a tlhokometsweng ke bana jaaka go tlhalositse Tona ya Lefapha la Manno a Batho Lindiwe Sisulu mo puong ya gagwe ya maloba ya tekanyetsokabo.

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa le go tsaya karolo mo manaaneng le mo ditiragalong tsa Kgwedi ya Basadi go ralala kgwedi yotlhe go netefatsa gore diphitlhelelo tsa basadi di a ketekiwa. Go akareditswe Lenaane la Kgwedi ya Bosetšaba ya Basadi.

2. Manaane a a Botlhokwa a a tla Tsentshiwang Tirisong

Kabinete e amogetse le go lebogela kgatelopele tebang le manaane a a botlhokwa a a tla tsentshiwang tirisong e leng seo se laetsang maikemisetso a rona mo go tsweletseng pele Aforika Borwa.

2.1. Pulo ya Lefelo la Dipaakanyo tsa Mabakane a Transet la boleng jwa R30 milione kwa De Aar e e kwa Kapa Bokone le tla tshegetsa ikonomi ya tikologo eo le go tokafatsa maemo a botshelo jwa baagi. Ditiro di feta 100 tse di maleba di setse di tlhagisitswe mme di feta 300 le tsone di solofetswe go tlhagisiwa.

Lefelo la Dipaakanyo tsa Mabakane ke karolo ya leano la mafaratlhatlha la Transet la R300 bilione le le tla tsosolosang le go ntšhwafatsa kgokagano ya diporo, mela ya dipeipi mmogo le boemelakepe e leng seo se tlha tlhagisang ditiro tse dintšhwa di le 588 000. Bašwa mo tikologong eo le bone ba tla unngwelwa go tswa mo Moagong wa Ditiro tse Dintsi tse di Farologaneng tsa Bašwa. Porojeke eno ke karolo ya diporojeke tse dingwe tsa puso tse di ka ga mafaratlhatlha tse di gokagangwang ke Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha.

2.2. Jaaka karolo ya letsholo la puso la go oketsa bokgoni jwa intaseteri ya ditlhagiswa ya Aforika Borwa, go oketsa motheo wa diintaseteri tsa naga le go tlhoma ditiro tse di tlhokegang, lefelo la boleng jwa R80 milione le tlhomilwe kwa Epping Cape Town e e leng kwa Motsekapa. Lefelo leno la mofuta wa tlhagiso ya motlakase wa letsatsi wa Photovoltaic (PV) wa dimekawate di le 120 le tlhagisitswe semmuso ka la bo 06 Phatwe 2014 ke Jinko Solar, e leng setlamo sa  ditšhabantsi sa Matšhaena. Eno ke karolo ya tlhagiso ya Lenaane la Batlhagisi ba Motlakase ba ba Ikemetseng ba Ntšhwafatso ya Motlakase wa Aforika Borwa (REIPPP). Lefelo leno le solofetswe go tlhagisa diphanele di le 1 300 tsa motlakase wa letsatsi mo letsatsing le le lengwe, ka tsholofelo ya dipoelo tsa madi di ka dira R600 milione ka ngwaga. Fa e sale go amogelwa lenaane leno, setlamo sa Jinko Solar se setse se abelane ka diphanele tsa motlakase wa letsatsi wa di-PV o feta dimekawate di le 300, ka go fitlhelela dishere mo marakeng di ka atumela 30%.

Lefelotirelo leno, e leng le lentšhwa e bile le tlhabologile go gaisa a a tshwanang le lone mo kontinenteng yotlhe, le solofetswe go tlhagisa di-MW di le 120 kwa bokhutlhong jwa ngwaga. Seno ke karolo ya letsholo la puso go oketsa bokgoni jwa intaseteri ya ditlhagisiwa tsa Aforika Borwa, go oketsa motheo wa diintaseteri le go tlhoma ditiro tse di tlhokegang kwa Epping. Ikonomi mo Tlhagong e nopotswe jaaka karolo e e botlhokwa e go tla tsepamisiwang mogopolo mo go yone mo Leanong la Dikgato tsa Pholisi ya Diintaseteri le go abelana ka ditšhono tse di botlhokwa tsa go tlhola ditiro, go tlhagisa dilo tsa selegae le go godisa ikonomi.

2.3. Kabinete e itumeletse go thankgololwa ga Tikwatikwe ya Ditirontle tsa Motlakase o o Ntšhwafadiwang kwa Upington, e e kwa Kapa Bokone e e leng mo legatong la maiteko a mangwe a go tsweletsa pele Aforika Borwa. Tikwatikwe eno ke dipoelo tsa tirisanommogo magareng ga dirutegi, makala a poraefete le puso mo lekaleng la ntšhwafatso ya motlakase. Tikwatikwe e tla tshegetsa dipatlisiso, tlhabololo le boitlhamedi mo lekaleng la metlakase, go sedimosetsa le go nna le seabe mo ditshweetsong tsa dipholisi mmogo le go tshegetsa tlhabololo ya badiredi le matlole. Seno se tla nna le seabe se segolo mo go atoloseng Ikonomi ya tsa Tlhago, mmogo le go abelana ka kitso ya bokgoni jwa porofense le jwa tikologo. Motlakase o o ntšhwafadiwang o tlhagisa ditšhono di le ntsi tsa dipoeletso, go akaretsa le ditšhonontsi tsa go tlhama ditiro. 

2.4. Kabinete e amogele go thankgololwa ga porojeke ya motlakase wa thekenoloji ya Disele tsa Mafura a Haeterojene (HFC) ka la bo 5 Phatwe 2014 e leng kopanyo ya tsereganyo e e thatafetseng le e e tlhagisang magareng ga puso le tirisanommogo le Anglo-Ballard. Porojeke eno ya go soreletsa motlakase go tswa mo thekenolojing ya diseleng tsa mafura ke tekelelo ya lefelo la motlakase ya ntlha mo lefatsheng ya mafaratlhatlhana a motlakase wa mafura. Ya kgatlhegelo e e rileng ke karolo e e botlhokwa ya tlhabololo le go tsenya tirong ga thekenoloji eno mo go direng gore botlhokwa jwa tshwaragano ya motlakase bo nne jwa selegae go totilwe thata ntlha ya go dirisathekenoloji ya disele tsa mafura jaaka karolo e nngwe e e ka dirisiwang ya dikokoma tsa thekenoloji. Projojeke eno e tla tsenelela mo ikonoming ya diintaseteri tsa Aforika Borwa mmogo le go di letlelela go fokotsa mowa o o sa siamelang ikonomi ya tsona le go di letla go nna le karolo e kgolo mo go tlhameng ditiro. 

3. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e amogetse tlhagiso ya ntlha ya lekala la dipalangwa tsa Aforika Borwa e e tlhagisitsweng ke Dipuisano tsa Ditirelo mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC). Lekala leno le botlhokwa fa go tla mo ditšhonong tsa kgolo le mo go tlhameng ditiro mo Aforika Borwa, ka bobedi jaaka batsereganyi mo thekong ya didiriswa mmogo le go nna le ditirelo tsa kgwebisano mo maatleng a lone. Kopanyo ya Ditikologo tsa Naga mo ditirelong tsa dipalangwa e ka tlhagisa ditšhono tse di tlhokegang mo marakeng wa kgwebo mabapi lebatlamedi ba ditirelo ba Aforika Borwa mmogo le mo dipeeletsong go ralala makala a dipalangwa mo tikologong. Jaaka letseno le tlhagisiwa ke go romelantle ditirelo tse di botlhokwa mo kgwebong, ditlamo tsa Aforika Borwa di ka iponela dipoelo tsa kgwebo mmogo le go tsenya seatla mo tlhabololong ya lekala la dipalangwa mo tikologong.

3.2.  Kabinete e nopoletswe ka ga dipoelo tsa dipatlisiso tsa dipalopalo tsa ditshuku ka 2013 kwa Kruger National Park mme e amogetse ditshwaelo tsa togamaano ya tsereganyo mo go sireletseng motlhape wa tshukudu. Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo o tla tshwara kgothakgothe le borradikgang tebang le seno. 

3.3. Kabinete e amogetse thulaganyo e ntšhwa ya Pakatiro ya Baagi ba Zimbabwe. Tona ya Merero ya Selegae o tla tshwara kgothakgothe le borradikgang tebang le thulaganyo eno.

3.4. Kabinete e amogetse gore go nne le tshekatsheko ka botlalo mabapi le Ditheo tsa Matlole a Tlhabololo ya Porofense (di-PDFI) morago ga dipoelo le ditshitshinyo tse di sa tsenelelang tsa Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba tsa go lekola maemo a ga jaanong a matlole le ditlhabololo tse di nang le mosola. Tshekatsheko ka botlalo ya di-PDFI e tla thusa go netefatsa gore ditiro tsa bone di rulagantswe ka tshwanelo le go nna mosola mo go tshegetseng maitlhomo a dipholisi tsa ikonomi le loago tsa puso mmogo le go netefatsa gore go abiwa didirisiwa tse di tshwanetseng le tse di mosola tsa puso.

3.5. Kabinete e amogetse kgatelopele ya Togamaano ya Diphetogo ya go aga sešwa Lefapha la Ditiro tsa Puso le go Konosetsa Dipegelo tsa go Tsetsepela ga Kgato. Kabinete e kgotsofadiwa ke kgatelopele e e tlhagisitsweng mo go fetoleng lefapha. Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Puso o tla tshwara kgothakgothe le borradikgang tebang le pegelo eno.

4. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

4.1. Kabinete e amogetse Molao o o baakantsweng wa Tekatekano mo Bothaping o o tsentsweng tirisong ka bogale ka la bo 1 Phatwe 201. Molao o o baakantsweng o tshegetsa phetogo, ditirelo tse di siameng tsa bodiredi mmogo le go sireletsa kgatlhanong le go kgethololwa go go seng mo molaong. Gape o thatafatsa tsengotirisong mmogo le mekgwa e e gapeletsang ka, go naya motlhala, go oketsa dikotlhaotuelo fa go sena kobamelo epe. Kabinete e ikuela mo bathaping go obamela dintlha tsa molao mmogo le go dirisana le puso go fetola mafelotirelo. Mo godimo ga fao, Lefapha la Ditiro le dira matsholo a mo mebileng a go ruta setšhaba ka ga tekatekano mo ditirong mmogo le botlhokwa jwa yone.

4.2. Kabinete e akgotse Setlhopha sa Aforika Borwa mo tirong ya yone e e itumedisang mo Metshamekong ya Commowealth kwa Glasgow, e e kwa Scotland e e fentseng dikabo di le 13 tsa gauta, di le 10 tsa selefera le di le 17 tsa poronse. Aforika Borwa e wetse mo legatong la bo 17 mo maemong a dikabo e bile e ne e le naga e e dirileng bontle thata mo dinageng tsa Aforika. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tlotla le go keteka diphitlhelelo tsa baatleletiki ba rona ba Aforika Borwa ka Labotlhano 8 Phatwe 2014, fa dibese tse di tlositsweng magodimo di tla bo di rwele ba baatleletiki go tswa kwa Ntlong e e Tlotlegang ya Metshameko ya Mabelo kwa Johannesburg ka at 11h00.

4.3. Kabinete e akgotse setlhopha sa bosetšhaba sa metshameko ya kerikete (Proteas) mo boeteledipeleng jwa Mokapotene wa Diteko tsa Metshameko Hashim Amla ka go fenya metshamekotatelano ya diteko kwa Sri Lanka le go boela mo maemong a ntlha mo maemong a Diteko tsa Lekgotla la Kerikete la Boditšhabatšhaba.

4.4. Kabinete e akgotse Zolani "Last Born" Tete ka go fenya Motshameko wa Mabole wa Boditšhabatšhaba (IBF) wa setlhogo sa mabole a a bofefo kwa Japane.

4.5. Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng le ditsaleng tsa ga monna yo a latlhegetsweng ke botshelo ka ntlha ya thoromo ya lefatshe ka Labobedi mme e lakaletsa bao ba leng mo dipharagobeng pholo ya ka bonako. Ka Botsamaisi jwa Matlhomolapelo jwa Bosetšhaba, puso e tsibogetse mafelo a a amegileng.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela Samiti e e Tlwaelegileng ya bo 34 ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso tsa SADC ka la bo 17 le 18 Phatwe 2014 kwa Victoria Falls, e e kwa Zimbabwe. SADC e tswelapele go nna kganno e e botlhokwa mo dipholising tsa boditšhaba mo tlhabololong le tshwaraganong ya mafelo a tikologo. Dintlha tse di botlhokwa tse di tla buisanelwang kwa samiting di akaretsa Paakanyo ya Leano la Tlhabololo ya Togamaano Ditshupetso tsa Tikologo, Ponelopele ya SADC ya 2050, Dinagatharo tsa SADC mmogo le Togamaano ya Phepo le Dijo le Pholisi ya Temothuo mo Tikologong.

5.2. Tlhonngo ya Lekgotla la Meepo e tla diragala ka la bo 13 le 14 Phatwe 2014 kwa Gallagher Estate e e kwa Johannesburg ka fa tlase ga moono yo o reng: “Go agelela mo thusong ya meepo go simolola kwa tshimologong ya temokerasi: Tse di fetileng re a di amogela mme bokamoso re a bo aga.” Lekgotla le letlelela tirisanommogo ya togamaano magareng ga bannaleseabe mo intasetering ya meepong ya Aforika Borwa mmogo le batsayakarolo ba bangwe fela. Kabinete e ikuela mo badirisaning botlhe go dira ba lebile go tsenya tirisong Letlhomeso la Ditumelano mabapi le Intaseteri ya Meepo ya Leruri le go netefatsa gore Puso e tla elatlhoko kobamelo ya Ditumelano tsa Meepo.

5.3. Tikwatikwe ya boitlhamedi ya Ditirelo tsa Puso e tla tshwara Kopanokgolo ya bo 8 ya yone ya Boitlhamedi jwa Lekala la Puso ka la bo 19 le la bo 20 Phatwe 2014 kwa Motsekapa ka fa tlase ga moono yo o reng: “Go Tsweletsa Pele Boitlhamedi jwa Ditlhagiswa tsa Naga go Godisa Karolo ya Kabo ya Ditirelo.” Kabinete e eletsa masego baeteledipele ba ditsereganyo jaaka boitlhamedi mo lephateng la setšhaba bo le botlhokwa go re thusa go fitlhelela Ponelopele ya 2030 jaaka e tlhagisiwa ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba. Kabinete gape e akgola botlhe ba ba tlhophilweng go amogela Dikabo tsa Boitlhamedi jwa Lekala la Puso e leng tse di tsibogelang le go akgola botlhokwa jwa boitlhamedi jo bo tokafatsang matshelo a maAforika Borwa otlhe.

6. Go thapiwa

6.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Bakaedi ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Setlamo sa SOC sa Inšorense ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Dikoloto tsa Diromelwantle.
a) Mme Andiswa Mosai, le
b) Rre Lefentse Cuitzen Radikeledi (kemedi ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba).

6.2. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Bakaedi ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Kantoro ya Tshedimosetso ka Maemo a Boleng a Aforika Borwa.
a) Rre Jeff Molobela (Motsoramasetulo),
b) Mme Doris Elekanyani Ndlovu,
c) Nivashnee Naraindath,
d) Anna-Marie Lotter (kemedi ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri),
e) Ngaka Michael John Ellman (o thapiwa lekgetlo la bobedi),
f) Mme Venete Jarlene Klein (o thapiwa lekgetlo la bobedi),
g) Rre Webster Masvikwa (o thapiwa lekgetlo la bobedi), le
h) Rre Guy Harris (o thapiwa lekgetlo la bobedi).

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore