Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 22 Ngwanaitseele 2014

1. Maemo a Kabinete mo mererong ya ga jaanong

1.1. Kabinete e e amogetse Kgoeletso ya Boganka ya Matsatsi a le 16 ka fa tlase ga thitokgang “Nkakaretse: Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa e e senang tirisodikgoka”
Mo ngwageng ono (2014) go tshwaiwa segopotso sa bo16 sa kgoeletso eno e e ikaeletseng go tswelapele go godisa temoso ya tshireletso ya basadi le bana, go tsepamisitswe mogopolo thata mo go akaretseng banna le go dirisana mmogo le bona go lwantsha leroborobo leno la tirisodikgoka mo basading le mo baneng.

Kgoeletso eno e tla rebolwa ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2014. Go feta Kgoeletso ya Boganka ya Matsatsi a le 16, go na le lenaane le le telele la ngwaga leo le tla lekolang le go sekaseka bogolo joo matshelo a tokafetseng ka jone ka go tsenyatirong melao le manaane ao a ikaeletseng go fedisa tirisodikgoka mo basading le mo baneng.

1.2. Kabinete e tsopoletswe ka ga pegelo ya kgatelopele mo go tlhabololeng mokgwa wa Baagi wa Tshekatsheko.
Projeke tekelelo e tsepamisa mogopolo mo go ageng bokgoni jwa puso jwa go tsibogela dikakanyo tsa baagi jaaka karolo ona ya tshekatsheko. Tekelelo eno e tla dirisa manaane a ntseng a le teng a a jaaka Lenaaneng la Ditiro tsa Baagi mmogo le lenaane la Badiri ba ba Tlhabololang Setšhaba go tlhatlosa tshekatsheko e e ikaegileng mo baaging mo nakong ya Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF).

Tekelelo e tsepamisitse mogopolo mo makaleng a a botlhokwa a a latelang a lefapha: la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Lefapha la Boitekanelo le la Tlhabololo ya Loago mmogo le Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA). Seno se tla katolosetswa kwa makaleng a mangwe mo tsamaong ya nako ya MTSF.

1.3. Kabinete e letleletse go romelwa ga mapodisi a SAPS a le 140 kwa Nagabogosing ya Lesotho mo nakong ya matsatsi a le 90; ka kgonagalo ya go ka okediwa fa go ka nna le tlhokego ya seo.

Tsereganyo ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) ya ka bonako e ne e tlhokagala kwa Nagabogosing ya Lesotho morago ga dikgogakgogano le le go tlhoka tsetsepelo ga maemo a sepolotiki le a pabalesego ka Phatwe 2014. Tsereganyo ya SADC e totile phitlhelelo ya tsetsepelo ya go ya go ile ya sepolotiki le ya pabalesego.

Tirisano ya mokgatlo wa Troika wa dinaga tsa SADC mo Sepolotiking, Pabalesegong le mo Thireletsegong mo Aforika Borwa e leng modulasetilo mo go ona, o kopile Puso ya Aforika Borwa go tshegetsa tsengotirisong ya Molatshupetso wa Nagabogosing ya Lesotho.

Go romelwa ga mapodisi a SAPS a le 140 go simolotswe ka la bo 2 Lwetse 2014 mme go solofetswe fa go tla konosetswa ka la bo 30 Ngwanaitseele 2014, fa go ka se nne le tlhokego ya go okediwa ga nako e e beilweng. Aforika Borwa e rometse mapodisi a yona kwa Lesotho go ya ka kaelo ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa wa 1995; (Molao wa bo 68 wa 1995) o o letlelelang gore fa go na le tlhokagalo ya gore Mokomišenara wa Naga wa SAPS a romele mapodisi go tshela molelwane wa Rephaboliki, a ka dira seno ka tetlelelo ya Tona. Ka ntlha ya fa mapodisi ano a tla bo a dira ka fa tlase ga taelo ya SADC, ga go kitla go saeniwa Memorantamo wa Kutlwisisano magareng ga Aforika Borwa le Puso ya Lesotho.

1.4. Kabinete e dumeletse maikarabelo a baemedi ba Aforika Borwa a go ka bua mo legatong la yona kwa Kgothakgotheng ya bo 10 ya Kopano ya Makoko (COP) kwa Kokoanong ya kwa Vienna mmogo le Kopano ya bo 26 ya Makoko (MOP) mo Thulaganyong ya Montreal ka ga Dilo tse di Fetsang Llaga ya Osoune (COP10-MOP26), ka la bo 17-21 Ngwanaitseele 2014 kwa Paris, France.

Kokoano ya kwa Vienna Thulaganyong ya Montreal di tlhomilwe ke Lenaane la Tikologo ya Dinagakopano ka maitlhomo a go sireletsa Ozone Layer. Tshireletso ya tikologo mo dikokomeng tsa ga jaanong le tse di tlang ke selo se se botlhokwa mmogo le tshireletso ya Llaga ya Osoune. Maitlhomomagolo ke go direla ntlheng ya bolaodi jo bo utlwagalang jwa tikologo fa go tla mo dieding tse di bogale ka mokgwa wa go somarela.

1.5. Kabinete e dumeletse go tlhomiwa ga Lekgotla la Borramatlole ba Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming go lekola le go sekaseka go tsenngwatirisong ga dipeelo tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa tsa Tshegetso ya Bantsho mo Ikonoming.

2. Go Tsenngwatirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

2.1. Kabinete e amogetse Leeto la go Lekola Kabelo ya Ditirelo la Siyahlola ya Moporesitente Jacob Zuma la go ya kwa Kgaolong ya Mopani kwa Giyani e e kwa Porofenseng ya Limpopo. Manaane a kabelo ya ditirelo a dirile gore go nne le metsi mo metseng e le 55 mo kgaolong eno mmogo le ntšhwafatso ya Ditirelo tsa Phepafatso ya Metsi a Giyani, e e okeditseng bontsi jwa one ka dimekalitara di le 6.7 ka letsatsi. Kabelo eno ya metsi e tla tokafatsa kelelatšhila mmogo le go nna le karolo e e botlhokwa mo boitekanelong le pholo ya baagi.

2.2. Kabinete e amogetse boitshimololelo jo bo dirilweng ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa jo bo tlhagisitseng mokgatlho wa Lekgotlha la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Mekgatlho ya Badiri (Nedlac) ka la bo 4 Ngwanaitseele 2014 go bona ditharabololo tse di matshwanedi kgatlhanong le dikgogakgogano tsa kwa tirong kwa go Indaba ya Dikamano tsa Bodiredi.

Baemedi bao ba neng ba tsenetse Indaba eo ba ikanne gore “mokgatlho o itse dikgwetlho tsa botlhokatiro, khumanego le botlhokatekatekano jo bo tobaneng le Ikonomi ya Aforika Borwa mmogo le baagi. Ntle le go itshokeladikgwetlho dipe tse di ka kgoreletsang dipuisano tsa ga jaanong tse di mabapi le loago, mokgatlho wa Nedlac di tsaya Nedlac jaaka mokgatlho o o botlhokwa moo ditherisano tsa loago di diragalelang mo go lone, ka go rialo ke bone balaodi ba thulaganyo nngwe le nngwe e e ka latelang Indaba ya Dikamano tsa Bodiredi (Indaba).

Balekane ba Indaba ba mekgatlho ya Ikonomi le ya Badiri e tla nna seo se simololang thulaganyo ya dipuisano ka go dirisa ditlhophatiro, tseo di tlha supololang ditsela tsa go lwantsha dikgwetlhokgolo tse di sekasekiwang mo nakong ya Indaba. Mosupatsela yo a tseneletseng ka ga thulaganyo eno o tla tlhagisiwa mo dikgweding di le pedi tsa Indaba mme ditsereganyo di tla simololwa ka Ferikgong 2015.
Kabinete e na le tshepo mo go reng dipuisano tsa mothale oo magareng ga puso, kgwebo, mekgatlho ya badiredi le baagi ba tla dira gore ikonomi e gole ka maatla thata.

2.3. Kabinete e amogetse tsereganyo ya Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa mo pegelong e e begilweng ya go ntshiwa mo tulong ka kgang kwa dipolaseng tsa Kapa Bophirima. Kopano ya gagwe le balemirui mmogo le badiredi ba bone ba kwa dipolaseng go nnile mosola mo ntlheng eno.

2.4. Kabinete e amogetse katlego mo leetotirelong la setlhophatona la kwa United Kingdom le le neng le eteletswe pele ke Tona kwa Kantorong ya Moporesitente, Jeff Radebe, go simolola ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Diphalane 2014. Lenaane, leo le neng le akaretsa Kgothakgothe ya innovaBRICS le Kopano ya mo Mosong mo Ntlong ya Chatham kwa London, le neile puso mmogo le baeteledipele ba kgwebo ya Aforika Borwa tšhono ya go ka rekisa Aforika Borwa jaaka naga ya botlhokwa mo dikgwebong.

2.5. Kabinete e amogetse nopolo ya Morunikakaretso ka ga dipoelo tsa boruni jwa puso ya Bosetšhaba le ya Porofense ya 2013/14 jaaka seno e le karolo ya matsapa a puso go netefatsa fa go nna le puso e e siameng. Puso e tla tsaya dikgato mabapi le ditiragalotshokololo fa go ka nna le dikgetse tseo e leng gore makoa a nopotswe ke dithunyo tse no.

3. Maemo a Kabinete mo Mererong ya Jaanong

3.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya Banka ya Lefatshe (Pegelo ya bo 6 ya Diphetogo tse Dintšhwa mo Ikonoming ya Aforika Borwa, go tsepamisitswe megopolo mo pholising ya madi le kgaoganyo ya ona) e leng sesupo sa gore Aforika Borwa e fitlheletse go le gontsi mo dingwageng di le 20 tse di fetileng.  Diphetogo tse Dintšhwa tsa Aforika Borwa, tse di phasaladitsweng ka Labobedi wa la bo 04 Ngwanaitseele 2014 di fitlhetse gore dipholisi tsa madi di fokotsa seelo sa bohuma le botlhokatekatekano, le gore lekgetho le ditlamelo tsa leago di aba ka tshwanelo mogolo go tswa kwa bahuming go leba kwa bahumaneging. Pegelo e nopotse gore pholisi ya madi e  tota e le mosola mo Aforika Borwa ka ntlha ya fa e unngwela bahumanegi. Pegelo e nopola gape gore dipholisi tseno tsa matlole di inotse batho ba le 3.6 milione go tswa mo lehumeng ka 2010/11.

3.2. Kabinete e etsetlhoko dikgwetlho tsa ga jaanong tsa motlakase tse di bakiwang ke matsapa a setegeniki le a mafaratlhatlha mo mafelong a mangwe a rona a tlamelo ya motlakase. Kabinete jaanong e ikuela mo maAforika Borweng otlhe  otlhe go thusana mo go somareleng motlakase jaaka motlakase wa naga o ketefalelwa thata. Kabinete e batla go netefaletsa maAforika Borwa gore tsotlhe di a diriwa go baakanya matsapa ano.

3.3. Kabinete e etsetlhoko Dipatlisiso tsa Pakagare tsa Badiredi tseo di tlhagisitseng fa botlhokatiro jwa semmuso bo eme mo go 25.4% mo pakagareng eno go tlhatloga go tswa mo go 24.7% mo nakong yona eo mo ngwageng yo o fetileng e tlhagisa tlhokego ya go dira sentle ga ikonomi gore re kgone samagana le dikgwetlhotharo tsa botlhokatiro, bohuma le botlhokatekatekano.

Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore go samagana le botlhokatiro  e santse e le setlapele se se kwa godimodimo sa puso. Fa manaane a puso a go tlhola ditiro a santse a tsweletse go tlhagisa maungo, Kabinete e ikuelela balekaneng botlhe ba tsa loago go dirisana le puso go gagamatsa maiteko a go tlhola ditiro le go iponela ditharabololo tsa pakakhutshwane le pakatelele fa go tla mo botlhokatirong.

3.4. Kabinete e amogetse go lekanyediwa ga kwa godimo ga mo malobeng ka Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) go go dirilweng ke ba Fitch Ratings Agency.

3.5. Kabinete e romela matshidiso a yona kwa mmusong le kwa baaging ba Rephaboliki ya Zambia morago ga go latswa kika ga Moporesitente Michael Chilufya Sata.

3.6. Kabinete e hutsafaditswe ke dintsho di le nne tsa baganka ba rona ba metshameko mme e romela matshediso kwa malapeng le kwa ditsaleng tsa, rramabole Phindile Mwelase, Mofenyi wa metale wa gauta Mbulaheni Mulaudzi, Motshameki wa maloba wa di- Springbok Tinus Linee mmogo le mokapotene wa Bafana Bafana Senzo Meyiwa. Tshegetso ya baagi mo nakong ya ditebello le kutlobotlhoko di re golagantse mo kutlobotlhokong ya rona jaaka re gopola bagale ba rona.

3.7. Kabinete gape e akgotse hape le go tshwarwa ka bonako ga yo mongwe wa babelaelwa ke SAPS mo bekeng e e fetileng mo polaong ya mokapotene wa Bafana Bafana Senzo Meyiwa mmogo le go ikuela mo baaging go tswelapele go dirisana le mapodisi go tshwara babelaelwa botlhe.

Kabinete e amogetse katlholelo ya botshelojotlhe garobongwe kwa kgolegelong go e e atlholetsweng Ntokozo Hadebe mabapi le ditiro tsa bosenyi jo bo setlhogo mo basetsanyaneng ba le bararo kwa Diepsloot e e kwa Johannesburg mmogo le katlholelokgolegelong ya dingwaga di le 315 e e atlholetsweng Mhlonishwa Elias Mathebula mo go bogiseng baagi ba Kwazulu Natal. Go simolola ka 2008 go fitlha ka 2013, Mathebula o ntse a kgarakgatsa basadi kwa Losing lwa Borwa, kwa Umzinto, Hibberdene, Dududu le kwa Msinsi ka go ba sala morago le go betelela batswasetlhabelo ba le 18 ba dingwaga di le 14 go fitlha go di le 40.

Dipolelo tseno di romela molaetsa o o bogale kwa basenying wa gore ditiro tsa bosenyi ga di kitla di letlelelwa.

3.8. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore puso e dira tsotlhe mo matleng a yona go dira gore batho botlhe ba nne ba bolokegile le go ikuela mo baaging go thusana le mapodisi ka go bega ditiro tsa bosenyi mo ditikologong tsa bona.

3.9. Kabinete e boeletsa gore bothati jwa boitekanelo le jwa boemelo jwa go tsena mo nageng bo tswelapele go  nna le kelotlhoko le go thibela Ebola. Go fitlha jaanong go balelwa gore badiredi ba boitekanelo le ba laboratori ba ka nna 525 kwa dipetlele di le 13 (go akaretsa le mafelo a le 11 a a supilweng) mmogo le badiredipuso ba le 270 kwa mafelong a boemelo jwa go tsena mo nageng jo bo leng mo kotsing go gaisa ba katisitswe go samagana le ditiragalo dingwe le dingwe.

3.10. Kabinete e akgotse Motlotlegi Moporesitente Luthenente Mogenerale Ian Khama Seretse Khama, moeteledipele wa Lekoko la Temokerasi la Botswana, ka go tlhophiwa gape jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Botswana, morago ga ditlhopho tse di atlegileng ka la bo 24 Diphalane 2014.

3.11. Kabinete e akgotse Motlotlegi Dilma Rousseff wa Lekoko la Badiri ka go tlhophiwa gape jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Bofeterale ya Brazil morago ga ditlhopho tse di atlegileng ka la bo 26 Diphalane 2014.

3.12. Kabinete e lakaletsa masego Mmusisi wa Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, Lesetja Kganyago jaaka a tla bo a simolola tiro ya gagwe ka la bo 09 Ngwanaitseele 2014. Kabinete gape e leboga Mmusisi yo a tswang Gill Marcus ka tiro e ntle eo a e dirileng ya dipholisi tsa taolo ya madi le fa maemo a ikonomi a ne a le boima.

3.13. Kabinete e rolela hutshe Chad Le Clos jaaka yo mongwe wa ba le babedi ba ba fentseng FINA  (Fédération Internationale de Natation) e leng metshameko ya bathumi ya boditšhabatšhaba e e konoseditsweng kwa Singapore.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela Samiti ya G20 kwa Brisbane,e e kwa Australia go simolola ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Ngwanaitseele 2014. Jaaka e le naga e le esi feela e e emetseng dinaga tse dingwe tsa Aforika mo G20, bolekoko jwa Aforika Borwa bo tlhoma tšhono ya go ka fetola dipholisi tse di botlhokwa tsa boditšhabatšhaba tseo di ka nnang le karolo e e riling mo ikonoming ya rona, mo tikologo le mo kontinenteng.

4.2. Mokaedi wa SADC yoo gape e leng Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla etela Lesotho go simolola ka la bo 05 – 06 Ngwanaitseele jaaka karolo ya matsapa a go sobokanya kagiso le pabalesego kwa Nagabogosing eo. Seno se latela go saenelwa ga boikano jwa kaelo ya Maseru mmogo le Tumelano ya Pabalesego ya Maseru e leng motheo wa go busetsa Lesotho kwa maemong a setlwaedi a sepolotiki le a go tsetsepela ga maemo a pabalesego mo nageng.

4.3. Kabinete e amogela go ribololwa ga Leborogo la Mashunka le Ngubo e leng Sekema go Romela Metsi a go Nosetsa kwa Tugela mmogo le mafole a fantisi a uMsinga kwa uMsinga, e e kwa KwaZulu-Natal, ka la bo 8 Ngwanaitseele 2014 ke Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.
Sekema sa go Romela Metsi a go Nosetsa kwa Tugela se tla thusa balemiruipotlana ba le 1 716 mme mafelo a a rekisang leruo a tla tlhola ditšhono tsa ditiro. Leborogo le le fa godimo ga Noka ya Tugela le tla golaganya baagi ba Mashunka le ba Ngubo botoka mo ditirelong le mo ditšhonong tsa ikonomi. Diporojeke tseno tsa tlhabololo ya mafaratlhatlha a metseselegae a tsamaisana le maikaelelo a puso a go aga ditšaba tsa metseselegaen tse di matlhagatlhaga mme di na le tekatekano ya leruri.

4.4. Lefapha la Merero ya Tikologo, mmogo le Komiti ya Dikarolo tsa Puso ka ga Phetogo ya Loapi, di tla tshwara kgothakgothe ya Tsibogelo ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ka ga Phetogo ya Loapi ka la bo 10 le 13 Ngwanaitseele 2014 kwa Tikwatikweng ya Dikgothakgothe ya Gallagher, e e kwa Midrand, ka fa tlase ga thitokgang: “Aforika Borwa e fetoga khabone ya yona go nna kwa tlase tlase le go tinyalela go nna setšhaba sa ikonomi ya e e sa diriseng khabone e ntsi le go agelela fa godimo ga katlego ya kgothakgothe ya phetogo ya loapi ya kwa Durban.

5. Go thapiwa:

5.1. Kabinete e etse tlhoko go thapiwa mo tirong ga ba ba latelang:

a) Rre M Sachs – Motlatsamokaedikakaretso – Kantoro ya Tekanyetsokabo
b) Rre AF Julies – Motlatsamokaedikakaretso – Botsamaisi le Boikarabelo jwa Dithoto

5.2. Kabinete e etse tlhoko go thapiwa mo tirong ga maloko a a latelang mo Lekgotleng la Borramatlole ba Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming:

a) Rre Randall Barry Howard (Modulasetilo wa Lekgotla la Borramatlole),
b) Rre Ismail Noormahomed Essa (Lekala la puso)
c) Mme Fusi Makhasane (Mokgatlo wa Dikgwebopotlana)
d) Mme Ntokozo Jennifer Sabelo (Ditirelo tsa Dinamelwa tsa kwa Mawatleng)
e) Mme Hlamalani Baloyi (Moemedi wa Bašwa)
f) Rre Colgate Nangu (Molaodi wa Dithoto)
g) Mme Cleo Shiceka (Moemedi wa Diterene)
h) Mme Sibongile Sambo (Moemedi wa Difofane tsa fa Gae)
i) Abner Ramokgolo (Barwaladithoto fa Mebileng)
j) Mme Joy Sebenzile Matsebula (Moemedi wa Batho ba ba Golofetseng)
k) Mme Verlene Manuel (Bolaodi jwa Dibese le Ditirelo tsa Materoko)
l) Rre Herry Tshamunwe Masindi (Mokgatlho wa Badiredi)
m) Mme Carol-Anne Cairns (Moemedi wa Difofane tsa Dinaga tsa kwa Ntle ga Naga)
n) Rre Philip Taaibosch (Moemedi wa Santaco)
o) Mme Mary Phadi (Moemedi wa Mekgatlho ya Basadi)
p) Rre Stephen Sangweni (Moemedi wa Mekgatlho ya Banamedi).

E tlhagisitswe ke Lefapha la Ditlhaeletsano
Dipotsiso:
Rre Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore