Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 19 Ngwanaitseele 2014

1. Go Tsenngwatirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogetse go rebolwa gwa Operation Phakisa 2: Go oketsa Lenaane la Takatso ya go Iponela Ditleliniki le go di Tlhokomela. Lone lo latela lwa Operation Phakisa 1 e leng leo le neng le tsepamisitse mogopolo mo go otlololeng phokgoni jwa ikonomi ya mawatle a Aforika Borwa. Operation Phakisa 2 e ikemiseditse go tokafatsa boleng jwa tlhokomelo jo bo abelwang Maokelo a Tlhokomelo ya Boitekanelo a le 500, a a akaretsang ditleliniki tsa puso le Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Baagi. Ditlamorago tse di solofetswe di tlhalosa phetogo ya ditleliniki tse di leng teng ga jaanong mmogo le Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Baagi go ka nna ditikwatikwe tsa tiro e e tswileng diatla e e tla dirisiwang ke maAforika Borwa otlhe, ka ntlha ya boleng jo bo okeditsweng jwa ditirelo tse di tla abiwang.

1.2. Kabinete e akgotse bafenyi ba Dikabo tsa Tiro e e Tswileng Diatla tsa Batho Pele, tseo di neng di tshwerwe ka la bo 14 Ngwanaitseele 2014. Dikabo tseno di di rotloetsa tiro e e matsetseleko le go akgola tiro e e tswileng diatla mo tirelopusong.

1.3. Kabinete e lemositse fa Tona ya Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa, Fikile Mbalula, o tla tshwara Dikabo tsa 2014 tsa Metshameko ya maAforika Borwa kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Sandton ka la bo 30 Ngwanaitseele 2014. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa a a ratang motshameko go nna karolo ya Dikabo tsa Metshameko ya maAforika Borwa ka go tlhopha Naletsana ya Motshameko wa Ngwaga. Tshedimosetso e teng mo www.sasportsawards.com.

1.4. Kabinete e akgotse ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba Bafana Bafana, di-Springboks le di-Proteas ka go fofisetsa folaga kwa godimo ka metshameko ya bona e mentle mo bokhutlhong jwa beke mmogo le go tlisa boikgantsho mo Aforika Borwa. Go neelwa leina ga Rre AB de Villiers jaaka Motshameki wa Ngwaga wa Kherikhete ke Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Letsatsi le le Lengwe (ODI) ka ntlha ya fa a nositse metabogo ya ODI e le 7 000 go a akgolwa, ebile go bontsha tlotlo.

1.5. Kabinete e amogetse go rebolwa gwa Dibese tse di Bonako le go Babalasega (BRT) tsa A Re Yeng kwa Tshwane, mme di simolotse go tsamaya ka Mosupologo, 17 Ngwanaitseele 2014. A Re Yeng, jaaka ditirelo tsa BRT tse dingwe le tse dingwe go ralala naga, ke karolo ya togamaano ya mafaratlhatlha a dipalangwa tsa botlhe e e tla tokafatsang matshelo a banamedi ka go ba neela  dipalangwa tsa fa teropong tse di bonako, tse di babalesegileng, tse di duelesegang ebile di sa kokonele. Go agiwa ga ditirelo tseno ke karolo ya lenaane la puso la go tlhagisa mafaratlhatlha, leo le ikaeletseng go tlhabolola mafaratlhatlha a maemo a a kwa godimo mo Aforika Borwa, le go tlhagisa ditirelo.

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse go tsenngwatirisong ga lenaane le le mosola go netefatsa kobamelo ya dipholisi le malawana e e leng teng e e ka ga go gagamatsa theko ya ditlhagisiwa tsa fa gae. Seno se akaretsa thulaganyo ya tolamiso ya dipholisi go sekaseka le go gagamatsa Molao wa Letlhomeso la Pholisi ya Ditheko tsa Boitlhophelo, go atolosa Lenaane la Tlhabololo ya Batlamedi go ya kwa Ditlamong tsotlhe tsa Puso tse di nang le boleng mo togamaanong go akaretsa le go gagamatsa melawana ya mafapha (bogolosegolo lokwalo lwa ditshwanelo tsa meepo) go letlelela ditheko tsa ka fa nageng.

Seno ke sedirisiwa se se maatla go dira diintaseteri mme se tla thusa tiro e ntle ya diintaseteri tsa bosetšhaba, go kgontsha tlhabololo ya diintaseteri tse dingwe gape tse dintšhwa tsa bosetšhaba mmogo le bokgoni jwa thekenoloji, go oketsa diromelwantle le go fitlhelela matlafatso ya ikonomi ya bathobantsho e e tseneletseng.

2.2. Kabinete e boleletswe ka Samiti ya Moporesitente ya Pusoselegae, le go amogela Lenaane la go Boela kwa Motheong, mabapi le Pusoselegae, leo le ikaegileng ka go aga lekala la puso leo le nang le lekala la Pusoselegae e e nang le tsibogelo, tlhokomelo le maikarabelo. Lenaane la go Boela kwa Motheong le tla tsepamisa mogopolo go direng maano le ditiro tsa mebasepala yotlhe ka ga kabelo ya ditirelo tsa motheo e e nang le mosola mmogo le go ikgolaganya gangwe le gape le baagi. Maitlhomo ke go tswa mo maikaelelong go ya kwa tshimololong ya go diragatsa.

Tokafatsa ya tiro ya mebasepala e tla tokafatsa maemo a botshelo jwa maAforika Borwa otlhe a a itshetlegileng thata ka mebasepala e e dirang sentle gore ba tshele ka seriti.

Go simolola ka 1994 pusoselegae e ntse e le karolo e e botlhokwa ya go aba ditirelo.

Le fa go nnile le kgatelopele e e iseng e tswe e diriwe mo go abeng metsi, motlakase, kgeleloleswe le go olela ditlakala mo maemong otlhe a pusoselegae, mo mafelong ao kabo ya ditirelo e retelang, re tshwanetse go baya batho le dingongorego tsa bone kwa setlhoeng. Seno se raya gore re tshwanetse go efoga tsamaiso ya go abelana ditirelo go simolola ka ba ba kwa godimo go ya kwa ba ba kwa tlase mme re dirise mokgwa wa Batho Pele le go direla ditšhaba tsa borona. Se sengwe se se botlhokwa mo thulaganyong eno ke mokgwa wa go bega le go ikarabela mo ditirelong.

2.3. Kabinete e amogetse go tlisiwa ga Pegelo ya Aforika Borwa ya Dipeonakong ya Dingwagapedi ka Phokotsego ya Digase, e e akaretsang le Ditlhagisiwa tsa Bofelo tsa 2001-2010 tsa Ntlwana ya Dijalo tsa Tlhago ya Digase (GHG), kwa Kgothakgotheng ya Letlhomeso la Dinagakopano (UNFCCC). E tlhagisa tlhatlhobo le tshekatsheko ka ga phokotso ya lemorago la digase tsa GHG tsa Aforika Borwa le dintlha tse di botlhokwa mo go fetoleng phokotso ya digase. Gape e tlhagisa ditekanyetso tse di botlhokwa tsa phetogo ya loapi jaaka karolo ya go fetoga go leba kwa ikonoming e e kwa tlase ya go dirisa digase.

Tseno di akaretsa go tlhalosa phokotsego ya dipoelo e e lebeletsweng mo tirisoong ya digase; go rotloetsa boitlhamedi le dipeeletso mo ntšhwafatsong ya motlakase; go rotloetsa bokgoni jwa motlakase; go aga thulaganyo ya bosetšhaba ya kgobokanyo ya tshedimosetso ka ga ntlwana ya dijalo tsa tlhago; le didirisiwa tse dingwe tse di jaaka Lekgetho la Khabone. Seno gape se dira karolo ya maikano a go bega a boditšhabatšhaba a Aforika Borwa ka fa tlase ga  UNFCCC.

2.4. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga setlhophatiro sa tirisano ya mafapha ka fa tlase ga Setlhopha sa Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba, Kgwebisano le Pabalesego go tlhokomela tsenngotirisong ya Tumelano ya Botsamaisi jwa Kgwebisano ya Mokgatlho wa Kgwebisano wa Boditšhabatšhaba (WTO).

Maemo a Aforika Borwa ke go dirisana le dinaga tse dingwe tsa Aforika go netefatsa gore go tsenngwatirisong ga Tumelano ya Botsamaisi jwa Kgwebisano ga e gapeletse dinaga tsa Aforika go tsaya dikano tseo ba senang bokgoni jwa go ka di tlamela mme di feletse di ba tsentse tobetobeng ya tsa melao. Fa Aforika Borwa e tswelela ka dipuisano magareng ga dinaga tse di farologaneng ka fa tlase ga Doha Round, maemo a rona ke go senka dipoelo tse di somarelang sebaka sa rona go ka tlhagisa dipholisi tse di tshegetsang tlhabololo ya diintaseteri le ditiro e leng se se leng mo botengteng jwa diphitlhelelo tse di tlhagisitsweng mo Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP)

Aforika Borwa e netefaleditse botlhokwa jwa mokgwatiriso o o akaretsang ka botlalo magareng ga dinaga tebang le tsamaiso ya kgwebo ya WTO jaaka mokgwa o o maleba go ka tshegetsa dipoelo tse di lekalekanang tse di itumedisang ditokololo tsotlhe.

2.5. Kabinete e beilwe dinakong ka Mebaraka e e Tshwanang ya kwa Botlhaba le kwa Borwa jwa Aforika – Setšhaba sa kwa Botlhaba le kwa Borwa - Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (COMESA-EAC-SADC) Tumelano ya Dinagatharo ya Kgwebisano e e sa Kgoreletsiweng (TFTA) le go amogela maemo a Aforika Borwa mo go TFTA. Boitlhamelo jwa Dinagatharo ke porojeke e e botlhokwa e e etilweng pele ke Aforika maitlhomo a yona e le go godisa diikonomi tse dikgolo, go letlelela go gaisana, kgaoganyo, go rotloetsa boleng jwa dikgwebo tsa tikologo, go gwebisana le go beeletsa magareng ga ditikologo, le go atolosetsa mafaratlhatlha go tshela melelwane.

Aforika Borwa e tsenetse dipuisano jaaka karolo ya Mokgatlho wa Badiredi ba Dithoto tsa Aforika Borwa (SACU) o o tsenelang dipuisano e le setheo se le esi. Dinagatharo di na le letseno le le tlhakanetsweng la palogotlhe ya boleng jwa dikuno tsa naga jo bo ka fitlhelelang US$1.2 trilione mmogo le palo e e kopantsweng ya baagi ba ba ka nnang 626 milione, ba ba emetseng palo e e ka fetang halofo ya palogotlhe ya maAforika le ikonomi. Tirisanommogo ya ditikologo e tla dira mebaraka e megolo tebang le kgolo e e potlakang le e e somarelegang mo Aforika ke  kgatokgolo ya go itharabologelwa mo lefeng la bokoloniale la go nna le mebaraka e mennye e e kgaogantsweng ya Aforika.

2.6. Kabinete e itsisitswe ka ga ditshitshinyo tsa Samiti ya Brisbane e e mabapi le G20 go ka iponela mokgwa o o galefileng, o o akaretsang e bile o diragatsa go ka laola makala a tsa matlole. Seno ke go tswelela go tsenya seatla mo tsetsepeleng ga matlole le go itharabologela thulaganyo ya matlole ya fa gae le ya boditšhabatšhaba. Go latela Matsapa a Lefatshe a Matlole ka 2008, Baeteledipele ba G20 ba ikanne go tlhagisa dipaakanyo tse di nang le mooko fa go tla mo thulaganyong ya matlole a lefatshe. Maitlhomo a bone e nnile go golaganya diphoso tse di dirilweng tse di bakileng matsapa a lefatshe le go baakanya ka pabalesego, metswedi e mengwe gape e e tsetsepetseng ya matlole gore e kgone go sekegela ditlhokwa tsa ikonomi ya nnete.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, G20 e ne e tsepamisitse mogopolo mo go baakanyeng diphoso tse di bakileng matsapa, ka go gagamatsa maemo a boditšhabatšhaba gore go nne le ditheo tse di tsetsepetseng tsa matlole mmogo le mebaraka e e nang le mosola. Samiti ya Brisbane e konoseditse kgato ya ntlha ya paakanyo ya matlole, mme fa go gatelwa kwa pele e, Boto ya Tshomarelo ya matlole mmogo le diforamo tse di angwang le yone tse di direlang go rotloetsa thulaganyo e e ikaegileng ka tshepano le tirisanommogo e leng sengwe se se botlhokwa go tshola thulaganyo e e senang bofitlha ya matlole a lefatshe e leng seo se ka re fitlhelisang dipeelo tsa G20 tse di nang le kgolo e e matla, e e somarelegang e bile e na le tshegetso.

2.7. Kabinete e nopotse le go amogela semmuso ditharabololo tsa kopano ya Lekgotla la Bogokaganyi jwa Moporesitente (PCC) e e neng e tshwerwe ka la bo 18 Mopitlwe 2014, maitlhomo e le go tsenyatirisong.

Ditharabololo tse di botlhokwa di akaretsa:

(a)  go lepalepangwa le NDP go tlhagisa kgatelopele e e dirilweng ke lekala la dipusoselegae mo go tsenyeng tirisong ga NDP. Mafapha a puso a bosetšhaba, Khomišene ya Maano ya Bosetšhaba, le diporofense go netefatsa gore maano a bomasepala a tsamaisana le NDP le maano a mangwe a bosetšhaba;
(b)  go baakanya tlhokagalo ya bokgoni mo maphateng ano a mararo a puso go tshegetsa bomasepala gore ba diragatse ditiro tsa bone;
(c)  tiropotlako go fitlhelela pusoselegae e e fototsweng mmogo le go baakanya dikgwetlho tse di bapisiwang le go fitlhelela taolo e e mosola ya mebasepala ya puso, go baakanya dikgwetlho tse di tsamaelanang le ka moo sebaka se rulagantsweng ka teng mo diteropong le mo diteropokgolong.

2.8. Kabinete e nopoletswe ka ga dipaakanyo tsa Ditlhopho tsa Mebasepala ka 2016 mmogo le go amogela go tlhomiwa ga Setlhophatiro sa Ditona mmogo le Setlhophatiro sa Setegeniki ka ga Ditlhopho tsa Mebasepala. Gape Kabinete e amogetse diphetogo tse di dirilweng ka ga mo Pusoselegaeng: Molao wa Sebopego sa Mebasepala, 1998 (Molao wa bo 117 wa 1998) go ka isiwa palamenteng, gore o kgone go tlamela Moporesitente (mo malobeng e ne e le Tona) go tlhoma letsatsi le go tla tshwariwang ditlhopha tsa makgotla otlhe a mebasepala ka lona. Ditlhopho tsa mebasepala tsa 2016 e tla bo e le tsa bone go tloga mo letsatsing la temokerasi mme dithulaganyo tse di rulaganyediwang kwa pele tseno di rulaganyetswang kwa pele di tla netefatsa gore ditlhopho tseno di tla atlega fela jaaka tse di fetileng.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go tlisiwa ga Molao wa Bosenyi (Molaotlhomotlhabololo wa 2014 wa Tlolomolao ka Thobalano le matsapa a a samaganeng le ao) kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya dikatlholo di le pedi tse di farologaneng tse di tserweng kwa Kgotlatshekelokgolong ya Molaotheo, ka go baakanya dikarolo tse di amegang tsa Molao wa Bosenyi  (Molaotlhomotlhabololo wa Tlolomolao ka Thobalano le matsapa a a samaganeng le ao) wa 2007, go okobatsa maemo a ga jaanong a go tlhoka nepo ga bosemolaotheo. Maitlhomomagolo a karolo 15 le 16 ya molao ono, e leng go babalela bana ba ba leng mo kotsing ya go ka betelelwa ke bagodi, e tswelapele go se anngwe ke ditshitshinyo tse di leng teng tsa paakanyo.

Ditshitshinyopaakanyo tsa Molao tsa karolo 50 le 51 di ikemiseditse go ka nna mosola mo ntlheng ya gore dikgatlhegelo tsa bana di botlhokwa thata mo dintlheng tsotlhe tse di tshwenyang.

3.2. Kabinete e amogetse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomotlhabololo wa Merero ya Semolao wa 2014 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Melao e le mentsinyana, eo e laolwang ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, go ka baakanya dikgwetlho tsa sebele le tsa Setegeniki, ka maitlhomo a tirontle le maikarabelo a mokgatlho.

3.3. Kabinete e amogetse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomotlhabololo wa Dibanka wa 2014 kwa Palamenteng. Tlhabololo ya Molao wa Dibanka, 1990 (Molao wa 94 wa 1990) o oketsa bolaodi jwa dibanka go dira gore lekala la matlole le babalesege le go sireletsa batsenyi ba madi. Mo go rotloetseng botlhokwa jwa thulaganyo ya dibanka go botlhokwa gore melawanataolo le ditaolo tsa dibanka di beewe mo maemong a boditšhabatšhaba le tiro e ntle. 

Molaotlhomotlhabololo o senka go oketsa matla a bolaodi jwa dibanka fa o santse o le ka fa tlase ga taolo ya:

(a) go neelana ka maano a mangwe a go tsosolosiwa ga banka mo maemong a a leng teng ga jaanong,
(b) go laola tsamaiso ya dikarolo tsotlhe tsa kgwebo ya banka go ya kwa setheong se se tla di tsayang go latela go isiwa mo go sone go ya ka karolo 54 ya Molao wa Dibanka; le
(c) go laola go tsenngwatirisong ga dikgato tse di fa godimo ke bolaodi.

4. Maemo a Kabinete mo mererong ya ga jaanong

4.1. Kabinete e akgotse tirisanommogo magareng ga puso, lekala la baagi le barutegi mo go tlhotlheletseng thuto le matlafatso mo bašweng, e leng seo se dirileng gore Moporesitente Jacob Zuma a tlhome Thusanani Foundation. Mokgatlo yo o eteletsweng pele ke wa bašwa ono yo o sa direng lotseno o tla tswalela sekgala sa tshedimosetso ya thuto magareng ga baithuti ba kwa metseselegaeng ba ba tsenang kwa dikolong tse dikgolwane le ba ba tsenang kwa diteropong, e leng seo se tla tlhabololang dipholo tsa kwa sekolong. disekolašipi di le pedi, Pixley ka Isaka Seme Scholarship Fund le Johnstone Mfanafuthi Makhatini International Scholarship Fund di tla tlhomiwa.

4.2. Kabinete e utlwisitswe botlhoko thata ke go goroga ga ditopo tsa maAforika Borwa a a tlhokafetseng ka ntlha ya go gosomelwa ke moago kwa Lagos e e kwa Nigeria ka la bo 12 Lwetse 2014.

Kabinete e akgotse matsapa a bao ba tsereng karolo mo go busediweng ga baswi fa gae e bile e leboga tirisanommogo e e nnileng gone magareng ga badiredipuso ba Nigeria mo go potlakiseng thulaganyo eno le fa go ne go na le tlhakatlhakano.

Kabinete e tswelapele go thusana le malapa a a amegileng mme e solofela gore seno se tla ba wetsa matshwafo. Re tla gagamatsa matsapa a rona a go netefatsa gore baswi ba le 11 ba maAforika Borwa bao ba santseng ba tshwanetse go ka bonwa kwa Nigeria, ba tlisiwa gae ntle le tiego epe. Kabinete e akgotse matsapa otlhe a maAforika Borwa a go tshwaragana jaaka naga mo kutlobotlhokong eno.

Kabinete e romela matshediso a yona kwa lelapeng la ga Dennis Furhri yo a tlhokafetseng fa a ne a rometswe go nna karolo ya go lata ditopo tsa baswi ba maAforika Borwa bao ba tlhokafetseng ka ntlha ya go gosomelwa ke moago ka la bo 12 Lwetse 2014. Aforika Borwa e latlhegetswe ke modiredipuso yo o boineelong.

4.3. Kabinete e amogetse go thapiwa ga setlhopha se se ikemetseng go batlisisa magatwe a ditiragalo tsa bosenyi tse di dirilweng ke badiredipuso ba Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) ba ga jaanong le ba mo nakong e e fetileng mme e ikuetse mo baaging go naya setlhopha seno sebaka sa go konosetsa dipatlisiso tsa sone.

Ditiragalo tseno ga di a tshwanela go furalela tse dintle tseo SARS e di dirileng jaaka lekala la puso le le netefatsang fa naga e na le madi a go fitlhelela maikano a a farologaneng a ikonomi le a loago.

4.4. Kabinete e amogetse kopano magareng ga boto ya Difofane tsa Aforika Borwa, Tona ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso Lynne Brown le Tona ya Matlotlo Nhlanhla Nene go buisana ka tsela e e ka dirisiwang mabapi le Difofane tsa le go solofela gore tsereganyo e nne le dikuno tse di bonagalang mo merwalong ya bosetšhaba le go e busetsa kwa tseleng e e lebisitseng kwa dipoelong le bolaodi jo bo siameng.

4.5. Kabinete e tla gagamatsa tsibogelo ya Lefapha la Matlotlo mabapi le  tshweetso ya Moody ya go theosa maemo a dipeeletso tsa Aforika Borwa mo letsenong go fitlha mo “Baa2 / P-2” go tswa mo “Baa1 / P-2” le go baakanya selebego sa lotseno go nna se se tsepameng, di latela nako ya kgolo e e bokoa ya ikonomi.

Kabinete e tla boeletsa gore Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) ga jaanong le setse ntse le potlakisitse dipoelo tse di ikaegileng ka kgolo ya ikonomi go akaretsa dikgato tse di jaaka diporojeke tse dikgolo mo go tsa diterene, motlakase le boemelakepe tse di tla thusang dipeeletso. Tsepamisomogopolo le yona e tla potlakisiwa mo go fetoleng meago e e santseng e tla agiwa eo mosola wa tsone o tla tshegetsang kgolo ya ikonomi.

4.6. Kabinete e ne e gagametse e bile e nyemisitswe mmoko ke  maitsholo a mo malobeng a maloko a mangwe a Kokoanotheomolao ya Bosetšaba. Maitsholo a a jalo a kgatlhanong le boleng jwa kgaratlhelo ya rona ya tokologo le go fapoga loeto lwa rona la Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego.

Seriti sa Palamente jaaka setheo sa temokerasi se tshwanetse go sirelediwa le go babalelwa ke maloko otlhe. Maitsholo a a sa amogelesegeng a phimola maikarabelo mo maAforika Borweng otlhe le go fapoga mo tirong ya Palamente ya go tsholetsa boleng le melao e e tlhagisiwang mo Molaotheong.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela Kopano ya Dinagapedi ya Aforika Borwa le Botswana (BNC) kwa Gaborone e e kwa Botswana, ka la bo 20 Ngwanaitseele 2014. BNC e tswelela go nna serala se se botlhokwa go tsholetsa botsalano le tirisanommogo ya dinagapedi.

5.2. Moporesitente Zuma o tla amogela Moporesitente wa Palestina Mahmoud Abbas kwa Pretoria go simolola ka la bo 26 go fitlha ka la bo 27 Ngwanaitseele 2014. Leeto leno le tla agelela mo botsalanong jo bo maatla jwa go nna bana ba motho magareng ga Aforika Borwa le Palestina, jo bo simolotsweng ka nako ya kgaratlhelokgololosego. Botsalano jwa dinagapedi bo tla bo tla tsepamisamogopolo mo botsalanong jwa Aforika Borwa le Palestina, Thulaganyo ya Kagiso kwa Dinageng tse di kwa Bogareng jwa Botlhaba le ka fao Aforika Borwa e ka kgonang go tswelela go thusana mo kgaratlhong ya kwa Palestina e e mabapi le kgololesego le maikemisetso.

5.3. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya bobedi ya Turkey e e tla tshwarelwang kwa Malabo e e kwa Equatorial Guinea ka la bo 21 Ngwanaitseele 2014. Maitlhomo a Samiti ke go sekaseka kgatelopele e e dirilweng ke “Leano le le Tsenngwangtirisong ka Kopanelo la Tirisanommogo ya Aforika-Turkey 2010-2014”. Tirisanommogo eno e tsenya letsogo mo go tlhabololeng Aforika mo dipeelong tse di beilweng ke Lenanetema la Kitlano ya Aforika la 2063.

Motlatsamoporesitente Ramaphosa, jaaka modulasetilo wa Lekgotla AIDS la Bosetšhaba la Aforika Borwa (SANAC), o tla tshwaya Letsatsi la Boditšhabatšhaba la AIDS ka la bo 1 Sedimonthole 2014 kwa Virginia, Lejweleputswa e e kwa Foreisetata ka fa tlase ga thitokgang: “Go tlhoka Mmamodula le Kgethololo.” Aforika Borwa e dirile kgatelopele e kgolo thata mo go atumeleng phitlhelelo ya dipeelo tsa yona tsa Leano la Togamaano la Bosetšhaba la HIV le AIDS, TB le di-STI 2012 – 2016.  Ka bomadimabe mmamodula le kgethololo di tswelela go ama katlego mo kgatelopeleng e e diriwang ke togamaano eno le go tsenya letsogo mo go boneng ditirelo tse di kwa tlase tsa thibelo ya HIV.

Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go tshegetsa, go tlhokomela le go amogela bao ba nang le HIV le AIDS. MaAforika Borwa otlhea rotloetswa go tsenela thobalano e e babalesegileng; ba dire diteko tsa HIV gangwe ka ngwaga gore ba dire ditshweetso tse di utlwalang ka ga dikgato tsa thibelo, kalafo, tlhokomelo le tshegetso; mme mo banneng le mo basimanyaneng gore ba dirise ditirelo tsa kalafo ya bogwera.

5.4. Lefapha la Merero ya Tikologo le tla tsaya karolo mo Kopanokgolong ya Makoko ya bo 20 (COP 20) mmogo le kopano ya bo 10 ya Kopanokgolo ya Makoko ya bo 10 (COP 10) e e tla dirisiwang jaaka Kopano ya Makoko mo Thulaganyong ya Kyoto (CPM 10) e e tla tshwarelwang kwa Lima e e kwa Peru go simolola ka la bo 1 go fitlha ka la bo 12 Sedimonthole 2014.

Kopanokgolo ya Phetogo ya Maemo a Bosa ya Lima e botlhokwa thata go fitlhelela konosetso ya dipuisano tsa tumelano ya 2015 ya maemo a a letleletsweng a Aforika Bowa kwa dipuisanelong e lepalepisitswe le dikgatlhegelo tsa naga mmogo le NDP.

5.5. Lefapha la Botsweretshi le Setso mmogo le Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa di tla tshwara sekgele sa bobedi sa Letsatsi la Setso le Metshameko la Nelson Mandela kwa Union Buildings e e kwa Pretoria ka la bo 22 Ngwanaitseele 2014 ka fa tlase ga thitokgang: “TSHWARAGANANG: Monna a le mongwe, Naga e le nngwe, Mokete o le mongwe.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go tsaya karolo mo ditirong tsa metshameko le ditso tsa baagi go nna ka bobedi di na le matla a go tshwaraganya maAforika Borwa otlhe. Moletlo o no gape o na le tšhono ya go leboga botlhokwa jwa Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela le go tlhokomela ditsela tseo re ka tswelelang ka tsone tsa go tsweletsa lefa la gagwe.

5.6. Kabinete e nopotse go akgolwa ga Matsatsi a le 16 a Bolwelwaditshwanelo a a supang segopotso sa bo 16 sa letsholo, le le simololang ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2014. Thitokgang ya monongwaga ke “nkakaretse, re tsweletsa pele Aforika Borwa e e se nang tirisodikgoka. Ka thitokgang eno, kgoeletso ya 2014 e ikaelela go tswelapele go tlhagisa temoso ya tshireletso ya basadi le bana. Thitokgang gape e tsepamisa mogopolo thata mo go tsholetseng banna jaaka badirisani mo letsholong leno go lwantshana le seomodiro seno se se bosula.

6. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

6.1. Rre Thobile Maxin Lamati jaaka Motlatsamokaedikakaretso kwa Lefapheng la Ditiro.

6.2. Mme Nthabiseng Bernadette Makhatha jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Thutatsela le Maemo kwa Lefapheng la Mananepalo la Aforika Borwa.

6.3. Ditokololo tseo e Seng tsa Khuduthamaga mo Botong ya Setheo se se Mabapi le go Robiwa ga Melao ya Pharakano le Ditsela.

a) Mme Nomini Elizabeth Rapoo (o thapilwe gape jaaka Modulasetilo),
b) Mme Nomusa Zethu Qunta;
c) Moporofesara Tebogo Job Mokgoro;
d) Rre Bryan Shuan Chaplog;
e) Rre Benedict Matinise; le
f) Moadfokata Xolisile Khanyile.

6.4. Rre Lefadi Lucas Makibinyane jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Amatola Water.

6.5. Boto ya Bakaedi ya Setlamo sa Aforika Borwa se se Mabapi le Inšorentshe ya Dikotsi tse di Ikgethileng (SASRIA).

a) Rre Mohamed Adam Samie (o thapilwe gape jaaka Modulasetilo);
b) Rre Ranti Mothapo (Motlatsamodulasetilo); le
c) Rre Stephanus Hermanus Schoeman.

Dipotsiso: Rre Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

 

 

Share this page

Similar categories to explore