Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, wa la bo 12 Ngwanaitseele 2025

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Merero ya Ikonomi
1.1.    Puo ya Ngwaga wa 2025 ya Pholisi ya Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTBPS)
1.1.1.    Kabinete e neseditse pula MTBPS ya ngwaga wa 2025 jaaka e le karolo ya maiteko a puso a go godisa ikonomi, go tlhola ditiro mmogo le go samagana le dikgwetlho tse di mabapi le ditlhokwa tse batho ba iphedisang ka tsona. 
1.1.2.    MTBPS e tsebusitse gore dipalopalo tseo e neng e di tlhomile leitlho di fetogile go tloga mo go tseo di neng di lebile diphetogo tsa ditlhwatlhwa mme ga jaanong go tlhomilwe leitlho dipalo tse di rileng mme tsona di balelwa mo go 3%. Mosola wa go samagana le diphetogo tsa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse di amang megolo e batho ba iponelang yona ke gore e thusa gore ditlhwatlhwa tsa dilo tse batho ba phelang ka tsona di se tswe mo taolong, di thusa go dira gore maemo a nne a tsepame, mme seno se dira gore madi a re rekang ka ona a kgone go reka dilo di le dintsinyana, mme seno se tla dira gore rotlhe re kgone go iponela megolo ka go lekalekana mmogo le go re ema nokeng gore re kgone go itlwaetsa go boloka madi. Fa go tla mo maemong a magolo a ikonomi, maitlhomo a pholisi eno ke go ema nokeng dikgato tsa go bolotsa maemo a ikonomi mmogo le go dira gore ledi la naga le tsetsepele le nne le maatla a a sa phuaganeng bonolo mme dintlha tseno ka bobedi jwa tsona di botlhokwa thata fa go tla mo dikgatong tsa go tiisa babeeletsi mmoko mmogo le tsa go godisa maemo a ikonomi. Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba/Setlhopha sa Baitseanape ba Banka ya Naga se se dirileng ditshitshinyo tseno mo Pholising ya Matlole a Naga ba tseetse tlhogong ditlamorago tse di tla tlisiwang ke pholisi eno, mme ba ne ba lebelela mabaka a a fa pele ga bona mme ba swetsa ka go eletsa Kabinete gore seno se tla tswela naga mosola thata mo maemong a re leng mo go ona. 
1.1.3.    MTBPS e totobaditse gape le maemo a puso a go tokafatsa ditirelo tse di botlhokwa tse puso e di abelang setšhaba tse di jaaka tsa kalafo le pholo, tsa thuto le tsa go tlhokomela baagi ba ba dikobodikhutshwane ka go ba tlamela ka megolo ya go thusa setšhaba fa ka fa letlhakoreng le lengwe leano leno le samagana le merero e e mabapi le go beeletsa mo mafaratlhatlheng a setšhaba go tshwana le go beeletsa mo mafaratlhatlheng a metlakase, a metsi le a dijanaga tsa dithoto.

1.2.    Dipatlisiso tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Dipalopalo tsa Badiri di Bega gore mo Kotareng ya Boraro ya Ngwaga wa 2025 go Tlhodilwe Ditiro tse Dingwe gape di le 248 000
1.2.1.    Kabinete e itumeletse Dipatlisiso tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Dipalopalo tsa Badiri tse di diriwang ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) mo se begileng gore go tlhodilwe ditiro tse dingwe gape di le 248 000 mo Kotareng ya Boraro ya Ngwaga wa 2025, mme seno se raya gore palo ya batho ba ba nang le ditiro e oketsegile mme e fitlha mo go ba le dimilione di le 17.1 mme palo e e ,emeng ga jaanong ya semmuso ya batho ba ba senang ditiro go raya gore e fokotsegile ka phesente e le 1.3 mme go raya gore mo kotareng eo palo ya batho ba ba tlhokang ditiro e eme mo go diphesente di le 31.9%.
1.2.2.    Kabinete e itumedisitswe ke dipalopalo tse di rekotilweng tsa ditiro tse di tlhodilweng mo makaleng a a leng botlhokwa thata mo kgolong ya ikonomi a go aga, a setšhaba le a go direla setšhaba, mmogo le mo makaleng a go gwebisana. Ditiro tse dintsi tse di tlhodilweng ke makala a kago ke ka ntlha ya dikgato tsa puso tsa go potlakisa gore go agiwe mafaratlhatlha a a tla tlhokang matlole a le kanaka diranta di le tirilione o le mongwe jaaka go rebotswe pegelo eo mo nakong ya Puo ya Tekanyetsokabo ya ngwaga wa 2025 mmogo le go totobadiwa gape le mo go MTBPS ya ngwaga wa 2025.

1.3.    Go Gorogile Bajanala ba le Dimilione di le 7.6 fa e Sale go Tloga ka Kgwedi ya Ferikgong go Fitlha ka ya Lwetse 2025 
1.3.1.    Kabinete e itumedisitswe ke dipalopalo tsa go goroga ga bojanala ba le dimilione di le 7 634 261 ka fa nageng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba fa e sale go tloga ka Kgwedi ya Ferikgong go Fitlha ka ya Lwetse 2025, mme palo eno e kolobetsa pelo jaaka e bontsha gore e feta ya palo ya yona paka eno ya mo ngwageng wa 2024 ka bokanaka 1 108 222 mme seno se bontsha gore naga ya Aforika Borwa e di goga kwa pele fa go tla mo go nneng mmamoratwa wa bajanala.
1.3.2.    Bajanala ba bantsi ba ba okeditseng palo eno ke ba ba tswang kwa Middle East ba ba dirang diphesente di le 58%, kwa Europe ba ba dirang diphesente di le 29%, ba ba tswang mo dinageng tsa Aforika ba ba dirang diphesente di le 28%, ba ba tswang kwa Bokone jwa Amerika ba ba dirang diphesente di le 22%, mmogo le ba ba tswang kwa dinageng tsa Asia ba ba dirang diphesente di le 11%.

1.4.    Setlamo sa Naga ya Aforika Borwa sa Biovac se Dira Moento wa Kholera - Ono ke Molemo wa Ntlha o o Dirilweng ka fa Nageng ya Aforika Borwa
1.4.1.    Kabinete e akgotse Setlamo sa Naga ya Aforika Borwa sa Biovac mmogo le Lefapha la Merero ya Kalafo le Phekolo mmogo le la Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi jaaka ba thankgolotse moento wa ntlha o o dirilweng ka fa nageng ya Aforika Borwa fa e sale naga eno e nna teng mo lefatsheng. 
1.4.2.    Bokgoni jwa setlamo sa Biovac jwa go tla ka moento wa Kholera ke sesupo se se feletseng sa go bontsha gore naga ya Aforika Borwa e gatetse kwa pele go le kanakang fa go tla mo mererong ya go dira melemo, ya saense mmogo le ya thekenoloji e bile se bontsha ka fao re setseng re kgona go dira meento go tshwana le ya lehuba e bong Moento wa BNG mmogo le go kgona go dira moento otlhe ka botlalo. Tirisanommogo ya setlamo sa Biovac mmogo le Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Batho (HSRC) le Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) ke go bontsha gore puso e tota e na le bokgoni jwa go ka bokeletsa bokgoni jwa yona go samagana le dikgwetlho tse naga e tobaneng le tsona.
1.4.3.    Kabinete e na le tshepo e e tletseng mo setlamong sa Biovac gore ka go dirisana mmogo le badirisanimmogo ba yona, seabe se e tla nnang le sona mo isagong fa go tla mo go gogoleng malwetse mo nageng ya Aforika Borwa mmogo le mo kontinenteng e tla nna se segolo fa go tla mo go direng meento e e tobaneng le go lwantshana le malwetse a a ratang go wela kontinente ya rona.

2.    Kopano ya Mokgatlho wa Dinaga di le Someamabedi (G20)
2.1.    Go setse fela matsatsi a le robongwe jaanong gore Kopano ya G20 e tshwarwe
2.1.1.    Jaaka go setse fela matsatsi a le robongwe gore go tshwarwe Kopano ya Baeteledipele ba Mokgatlho wa G20 ka la bo 22 le la bo 23 Ngwanaitseele 2025 kwa NASREC mo kgaolong ya Johannesburg, Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore naga ya Aforika Borwa e malalaalaotswe go ka tshwara ka katlego kopano eno ya G20 e e tla bong e le lantlha e tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika.
2.1.2.    Puso e setse e ithulagantse sentle gape le go ka tshwara Samiti ya Merero ya go Direla Setšhaba ya G20 e e tla tshwarwang sebaka sa matsatsi a le tlhano go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Ngwanaitseele 2025 kwa Hoteleng ya Birchwood mmogo le kwa Lefelong la go Tshwarela Dikhonferense la OR Tambo kwa Ekurhuleni. 
2.1.3.    Fa e sale e rwala maikarabelo a go nna Moporesitente wa G20, naga ya Aforika Borwa e setse e tshwere dikopano di le 130 tsa go ithulaganyetsa go tshwara kopano e kgolo ya G20 mme ga go epe ya dikopano tseno e e nnileng le mathata ape mme naga e dirisitse tšhono eno go bontsha bajanala bontle jwa diporofense tsa naga ya rona ka go farologana ga tsona. Ga go porofense epe e mo go yona go sa tshwarelwang e nngwe ya dikopano tsa go Ipaakanyetsa Kopano e Kgolo ya G20.
2.1.4.    Maano a go disiwa ga maemo a tshireletsego ka botlalo mabapi le Kopano ya Baeteledipele ba G20 mmogo le Samiti ya Merero ya go Direla Setšhaba ya G20 a tsamaya ka tolamo mme a disiwa le go tsamaisiwa ka tshwanelo ke ditheo tse di maleba tsa tshireletsego le pabalesego. E tla re ka Labotlhano wa la bo 14 Ngwanaitseele 2025 Moporesitente a jela nala lefelo le go tlileng go tshwarelwa mo go lona Kopano eno kwa NASREC ka la bo 14 Ngwanaitseele 2025 go atlhaatlha gore ka namana gore dithulaganyuo di tsamaela kae. 
2.1.5.    E tla re ka Latshipi wa la bo 16 Ngwanaitseele 2025 ga tshwarwa Kopano le Bobegakgang mabapi le go itsese setšhaba le lefatshe ka bophara ka gore dithulaganyo tsa go ipaakanmyetsa go tshwara kopano di tsamaela kae, mmogo le gore ke eng se se kgonnweng go fitlhelelwa fa e sale naga ya Aforika Borwa e tsena mo setilong sa Boporeseitente jwa G20 ka Ngwanaitseele 2024.

3.    Motlakase
3.1.    Kabinete e neseditse pula tsiboso ya Eskom e e mabapi le gore Sethe sa Naga sa Taolo ya Motlakase wa Aforika Borwa (NERSA) se okeditse paka ya nako ya laesense ya Yuniti ya bobedi ya Koeberg e e letlang gore Yuniti eno e ka dirisiwa sebaka sa dingwaga di le 20, mme seno se tla kgontsha gore yuniti eno e nne mo tirisong go fitlha ka la bo 09 Ngwanaitseele 2045. Eno ke ntlha e e kgolo thata e e tla oketsang nako e naga ya Aforika Borwa e tla nnang le motlakase o o sa kgaogeng mme e bile gape seno se bontsha ka fao Eskom e ikotlileng sehuba fa go tla mo go nneng le ditheo tsa maemo a a kwa godimo fa go tla mo maemong a pabalesego.
3.2.    Kabinete e amogetse gape le tsibso ya NERSA e e ka ga go kwadisa mafelo a le 181 a mantšhwa a go fetlha motlakase mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa matlole wa 2025/26.
3.3.    Mafelo ano fa a kopane a fetlha motlakase o o kanaka dimekawate di le 1 401 mmogo le matlole a dipeeletso a a ka balelwang mo go dibilione di le R30.78.

4.    Merero ya Boditšhabatšhaba 
4.1.    Naga ya Aforika Borwa e Nopotswe go Nna Monnasetulo wa Nakwana wa SADC kwa Samiting e e Tshwarwang ka Ntlha ya Maemo a Segapeletsa ya Ditlhogo tsa Dinaga tsa SADC 
4.1.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka seo se diragetseng mo Samiting e e Tshwarwang ka Ntlha ya Maemo a Segapeletsa ya Ditlhogo tsa Dinaga tsa SADC e e neng e tshwerwe ka la bo 07 Ngwanaitseele 2025 le gore go raya eng fa naga ya Aforika Borwa e nopotswe go nna Monnasetulo wa Nakwana wa SADC kwa Samiting eo.
4.1.2.    Go nneng Monnasetulo wa Nakwana wa SADC ga naga ya Aforika Borwa go raya gore e tla nna mo maemong ao go fitlha ka Phatwe 2026 mme gape e tla tswelela ka go phetagatsa mogopolo wa naga ya Madagascar o SADC e o amogetseng o o buang ka “Go Tlhoma Diintaseteri, Go Fetola Meetlo ya Temothuo mmogo le go Fetola Merero ya Motlakase go Dira gore SADC e Tsetsepele”.
4.1.3.    Naga ya Aforika Borwa e tsena mo maemong a go nna monnasetulo wa nakwana ka ntlha ya gore naga ya Madagascar e ikgogele kwa morago mo maemong a yona a go nna monnasetulo ka ntlha ya fa e batla go tsepamisa mogopolo wa yona mo go direng gore naga eo e se phutlhame go latela gore go runye megwanto e megolo e setšhaba sa naga eo se neng se dira boikuelo mo go yona.
4.1.4.    SADC e akgotse ba e leng gona ba tlhophiwa go tlhomiwa mo ditulong tsa go etelela dinaga tsa bo bona kwa pele e bong Motlotlegi Moporofesara Peter Mutharika, yono ke Moporesitente wa Naga ya Setšhaba Malawi; Motlotlegi Ngaka Patrick Herminie, Moporesitente wa Naga ya Setšhaba sa Seychelles; mmogo le Motlotlegi Ngaka Samia Suluhu Hassan, Moporesitente wa Naga ya Setšhaba se se Tshwaraganeng sa Tanzania. 
4.1.5.    SADC e romela matshediso a yona go tswa kwa boteng jwa dipelo kwa go ba malapa a bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo megwantong e e neng e runtse mo kgweding ya Lwetse kwa Nageng ya Setšhaba sa Madagascar, mmogo le ya sešeng jaana e e kwa Nageng ya Setšhaba se se Tshwaraganeng sa Tanzania.

4.2.    Dikgato tsa Semolao tsa go Busetsa ka fa Nageng bao ba Tshabelang kwa Dinageng tse Dingwe fa ba Sena go Roba Melao ya Naga: Go Phimola Setšhaba sa Aforika Borwa Keledi
4.2.1.    Kabinete e tsibositswe ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo dikgatong tsa naga ya Aforika Borwa tsa dikopo tsa tsona tsa dikgato tsa semolao tsa go busetsa ka fa nageng bao ba tshabelang kwa dinageng tse dingwe fa ba sena go roba melao ya naga: mabapi le bao ba tshabetseng kwa nageng ya Botswana le ya Malawi. 
4.2.2.    Kabinete e totobaditse ntlha ya gore botlhe ba ba latofadiwang ka go roba melao ya naga ba tshwanetse go ikarabela kwa ditheong tsa dikgotlatshekelo tsa naga ya Aforika Borwa mme ba rwale maikarabelo otlhe a molao o ba rwesang ona mme ka jalo Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le sweditse gore le tla tsaya dikgato tse dingwe gape tsa go ikuela kwa kgotlatshekelong ya naga ya Malawi go latela tshwetso e kgotlatshekelo eo e e tsereng ka ga kgetse ya ga Rre Bushiri.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Go Kwalolwa Sešwa ga Pholisi ya Babueledi ba Puso
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go kwalolwa sešwa ga Pholisi ya Babueledi ba Puso. Maitlhomo a go kwalola sešwa pholisi eno ke go kgontsha gore e letlelele badiredi ba puso gore ba kgone go dirisa ditirelo tsa batlhankedi ba setheo sa babueledi ba puso, mme bona ba tsenyeletsa gape le batlhankedi ba ba neng ba direla puso mo nakong e e fetileng, batlhankedi ba dikgotlatshekelo tsa puso mmogo le batlhankedi ba khuduthamaga ya baeteledipele ba puso fa e le gore ba tlhoka babueledi mo tirong ya bona ya semmuso. 
1.2.    Diphetogo tse di dirilweng di tla tsenyeletsa batlhankedi ba puso, batlhankedi ba kgotlatshekelo mmogo le batlhankedi ba khuduthamaga ya baeteledipele ba puso fa ba bediwa go tla go ema fa pele ga Komiti e e Dirang Dipatlisiso, jaaka go solofetswe gore ba dire tiro ya bona jaaka e le batlhankedi ba puso, batlhankedi ba kgotlatshekelo mmogo le batlhankedi ba khuduthamaga ya baeteledipele ba puso.

2.    Naga ya Aforika Borwa e Simolola Dithulaganyo tsa Maikemisetso a Yona a go Gaisanela go Nna Bafenyi ba go tla Tshwarelwang Metshameko ya Lefatshe ya Dikgaisano tsa Diolimphiki (IOC) ya Ngwaga wa 2036 Kgotsa wa 2040
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa gore naga ya Aforika Borwa e Tswelele ka Dipuisano le ba IOC ka maitlhomo a go gaisanela go nna bafenyi ba go tla tshwarelwang kwa go yona Metshameko ya Diolimphiki ya ngwaga wa 2036 Kgotsa wa 2040. Dipuisano tse di tsweletseng tseno le ba IOC ke karolo ya dipuisano tsa kwa tshimologong le tsa go sekaseka kgonagalo ya go fenya maemo ano jaaka go le botlhokwa thata mo go naga ya Aforika Borwa jaaka e na le kgatlhegelo ya go ka nna yona e go tshwarelwang mo go yona Metshameko ya Dioliphiki mmogo le ya Diolimphiki tsa Batho ba ba Tshelang ka bogolofadi ka go latelana ga yona e bong ya ngwaga wa 2036 kgotsa ya ngwaga wa 2040. 
2.2.    Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore naga ya Aforika Borwa e ithulagantse sentle e bile e tlile go kgona go tshwara metshameko eno ya diolimphiki ka ntlha ya gore e na le mafaratlhatlha otlhe a a tlhokagalang go ka tshwara metshameko eno.

3.    Letsholo la Botlhano la go Tseela Dikgato Ditiragalo tsa go Thapiwa ga Bana mo Ditirong (CLPA) la Naga ya Aforika Borwa go Tloga ka Paka ya 2025 go Fitlha ka ya 2029
3.1.    Kabinete e neseditse pula CLPA ya Botlhano, e leng yona e e dirisiwang jaaka leano la go tsamaisa tiro ya mothale ono ya naga eno mo go lwantshaneng le Ditiragalo tsa go Thapiwa ga Bana mo Ditirong. Letsholo leno le gogiwa kwa pele ke puso mme maitlhomo a lona ke go gagamatsa molao le go o phetagatsa, go lemosa setšhaba ka bothata jono mmogo le go ema nokeng dikgato tsa mekgatlho ya baagi gore e kgone go thusa bana ba ba anngwang ke bothata jono jwa go dirisiwa ka go thapiwa ba santse ba le bannye.Go tswa mo maitemogelong a go nnilweng le ona mo matsholong a mo nakong e e fetileng, letsholo leno la botlhano maitlhomomagolo a lona ke go gagamatsa ditharabololo tse di kopanetsweng le tseo di tobaneng le bothata ka tolamo, mo go gatelelwang ntlha ya go nopola bothata jono bo santse bo simolola mmogo le go tlamela bana ba ba wetsweng ke leru leno mmogo le ba ba leng mo kotsing ya go ka welwa ke leru leno ka dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang.

4.    Go Gogelwa Morago ga Dikgato tsa go Iletsa Maemo a Tlhokomelo le Tsosoloso ya Sedirisiwa sa go Fetlha Motlakase sa Pebble Bed(PBMR)
4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gogelwa morago ga dikgato tsa go iletsa maemo a tlhokomelo le tsosoloso ya PBMR go letlelela naga ya Aforika Borwa gore e tswelele go aga thekenoloji ya PBMR. 
4.2.    Tshwetso eno e tla tlhotlheletsa maitlhomo a naga ya Aforika Borwa a go lwela go nna le seabe mo pakeng ya go gaisana ka metswedi ya motlakase wa nyutlelia mmogo le maokwane mme seno se tla dira gore naga e nne le seabe mo go agiweng ga Thekenoloji ya Didirisiwa tse di Potlana tsa go Fetlha Motlakase.
4.3.    Kabinete e neseditse pula gape le dikgato tsa go ntsha setlamo sa PBMR mo setlamong sa Eskom gore jaanong se nne ka fa tlase ga taolo ya NECSA.

C.    Melaotlhomo
1.    Molaotlhomo wa Magosi a Merafe ya Masarwa 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Magosi a Merafe ya Masarwa wa Ngwaga wa 2025. Molaotlhomo ono o tsibogela katlholo e e ntshitsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e ntshitseng taolo ya kgotlatshekelo e e rileng Molao wa Magosi a Merafe ya go tloga ka ya maKhoi go fitlha ka ya maSan wa Ngwaga wa 2019 (Molao wa bo 3 wa 2019) ga o mo molaong gonne Palamente ga e a o tsamaisa go latela dikgato tse di maleba tsa go laletsa setšhaba go ntsha maikutlo a sona ka molao oo. 
1.2.    Ka ngwaga wa 2024, Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Magosi Mmogo le a Merafe ya Masarwa wa ngwaga wa 2024 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ona. Molaotlhomo yo o kwalolotsweng sešwa yono o tla naya Palamente tšhono ya gore e kgone go obamela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Molao wa Magosi Mmogo le a Merafe ya Masarwa wa ngwaga wa 2019 o tsene mo legatong la Molao wa go Laola le go Tsamaisa Merero ya Magosi wa Ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 41 wa 2003).

D.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Mashwahle Joseph Diphofa o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo (DDG) wa Lefapha la Merero ya Dintlo tsa Magosi (konteraka ya gagwe e tsosolositswe sešwa).

2.    Go Thapiwa ga Batlhankedibagolo bao e Seng ba Khuduthamaga ba Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng 
i.    Rre Basil Mpumelelo Maseko; mmogo le
ii.    Mme Siphumelele Balungile Dlungwane.

3.    Go Thapiwa Lekgetlo le Lengwe Gape ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika 
iii.    Rre Kenneth Willy Brown; mmogo le
iv.    Mme Dinao Modirwadi Lerutle.

4.    Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tlhabololo ya Motlakase (SANEDI)
i.    Rre Sicelo Goodwill Xulu (monnasetulo)
ii.    Mme Nonkosi Koranteng (motlatsamonnasetulo)
iii.    Moporofesara Anastassios Pouris, mmogo le
iv.    Mme Octavia Matshidiso Matloa

E.    Go Baya Kabinete mo Dinakong
1.    Matlole a Dikgwebopotlana tsa go Phuruphutsa Kgonagalo ya go Tlhama Moepo (JMEF) 
1.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka tiro ya JMEF, mmogo le ka kgatelopele e e setseng e dirilwe ya go ntsha dithebolelo tsa ntlha tsa matlole le maano a a logiwang go samagana le go fetola JMEF gore e tle e nne setheo se se ikemetseng sa tlamelo ya matlole. Ka ngwaga wa 2022 Kabinete e neseditse pula JMEF gore e nne setheo se se tlhomiwang go ema nokeng dikgwebopotlana tse di nang le matshwanedi a go ka phuruphutsa kgonagalo ya go tlhama moepo gore di kgone go tswelela go phetagatsa tiro eo. Ka nako eo setheo se ne sa ipolelela gore se batla go ngokela diphesente di le tlhano tsa matlole a a dirisiwang mo lefatsheng ka bophara go phetagatsa tiro ya go phuruphutsa kgonagalo ya go tlhama moepo gore phesente eno e tlisiwe ka fa nageng ya Aforika Borwa. 
1.2.    Fa e sale setheo seno se tlhomiwa, se kgonne go tlhoma dithulaganyo tsa taolo ya setheo mmogo le go thankgolola Kgato ya Ntlha e e totileng meepo ya dimenerale tse di botlhokwa tse di jaaka koporo, nikele, gorofaete, lethiamo mmogo le tse dingwe dimenerale tse di sa tlalang go le kalo mo lefatsheng. Mo go yona kgato eno, go amogetswe dikopo tsa go enngwa nokeng ka matlole di le 119 tse di tlhokang matlole a le dibilione di le R3.7. Mo go tsona dikopo tsotlhe tseno, di le 49 ke tseo go tsewang gore di na le matshwanedi, tse di bontshang gore go na le kgatlhegelo e e seng kana ka sepe ya go beeletsa mo go tsona le gore go na le merokotso e megolo e e tla unngwelwang fa go ka beelediwa mo go tsona.

2.    Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Tleng ka Ditsela tse Dingwe tsa Kemonokeng ka Matlole a go Ntšhwafatsa le go Godisa Metlakase ya ka fa Nageng
2.1.    Kabinete e tsibositswe ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tleng ka ditsela tse dingwe tsa kemonokeng ka matlole a go ntšhwafatsa le go godisa metlakase ya ka fa nageng, go tsenyeletsa le tseo di setseng di dirilwe mo go tlhomeng Kantoro ya Diporojeke tsa Ditheo tse di Ikemetseng tsa Metlakase (ITPO)e e leng ka fa tlase fa Kantoro e e Dirisanang le Ditlamo tse di Tlhagisang Motlakase. Ka Sedimonthole 2023 Kabinete e ne ya nesetsa pula dikgato tsa Letsholo la ITP le le letlang ditlamo tsa poraefete gore le tsona di nne le seabe mo go tleng ka mafaratlhatlha a mantšhwa a motlakase, go a tlameleng ka matlole, go a ageng le go a laoleng ka go dirisa leano la go tsamaisa tiro la melaotaolo e e tlhokang lehunelo. 
2.2.    Go tiro e kgolo e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong dikgato tse dingwe tsa go tla ka mefuta e mengwe ya tlamelo ka matlole a go ntšhwafatsa le go godisa metlakase, segolobogolo mo ntlheng ya go dira gore go nne le tikologo e e bulelang batho dikgoro gore ba kgone go tsenela Diporojeke tsa Ditheo tse di Ikemetseng tsa Metlakase. 
2.3.    Go solofetswe gore Kgato ya Ntlha ya Letsholo la ITP e tla tlhoma megala e mentšhwa ya motlakase ya boleele jwa dikhilomitara di le 1,164 mmogo le motlakase o mongwe wa bontsi jo bo lekanang le jwa seteišene se se potlana sa motlakase. Dipuisano magareng ga puso le babeeletsi di totobaditse ntlha ya gore go mmaraka o mogolo wa ditlamo tse di batlang go nna le seabe mo letsholong la naga ya Aforika Borwa la go ntšhwafatsa le go atolosa metlakase. Dikgato tsa go phasaladiwa ga melawanataolo e e iseng e butswe mo lekwalong la melao ya puso e e ka ga phetolo ya metlakase mmogo le Ditshwetso tsa Tona ke karolo ya kgatelopele e e setseng e dirilwe.

3.    Pegelo e e ka ga Dipoelo tse di ka ga Setheo sa Mokgatlho wa Batlhagisi ba Ditaemane mo Kontinenteng ya Aforika (ADPA) mmo go le Maeto a go Jelana Nala mmogo le a Semmuso a go Etela Naga ya Setšhaba sa Botswana
3.1.    Kabinete e reboletswe pegelo mabapi le leeto la tiro ya thomo ya semmuso kwa nageng ya Botswana mo maitlhomo e neng e le go rotloetsa naga ya Botswana go nna tokololo ya ADPA. 
3.2.    ADPA e tlhomilwe maitlhomo e le go rotloetsa gore go nne le tirisano mmogo magareng ga dinaga tse di ntshang taemane mo motlhabeng wa tsona mo kontinenteng ya Aforika, go dira gore melao ya go tsamaisa tiro ya lephata leno e tsamaisane, mmogo le go gagamatsa maatla a ba tla nnang le ona fa ba ipopile seoposengwe mo intasetering ya ditaemane ya lefatshe. Le fa e le e nngwe ya dinaga tse dikgolo thata mo kontinenteng ya Aforika tse di tlhagisang taemane, Botswana fa e sale ADPA e nna teng ka ngwaga wa 2006 ga e a bolo go tsaya tshwetso ya go se nne tokololo ya yona.
3.3.    Go tsweng ga Tona Mantashe mo leetong la gagwe kwa Botswana, go bonagala e kete e tla dumela go nna karolo ya ADPA mme e kopile gore naga ya Aforika Borwa e nne yona e e tsamaisang dithulaganyo tsa go buisana le Kantoro ya Bokwaledi jwa ADPA gore yona e nne le seabe fela sa go bogela mme e seng sa go tsaya karolo. Leeto leno le totobatsa ntlha ya tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Botswana, le gore naga e nngwe le e nngwe e tla unngwelwa ke eng mo meepong le mo go tlhabololeng kontinente.

4.    Ditumelano tsa Tirisanommogo ga Eskom le Ditheo tsa go Rekisa Motlakase
4.1.    Kabinete e begetswe ka DDA e bile e ema nokeng ntlha ya gore e tsenngwe tirisong. DDA ke konteraka e e nayang Eskom dithata tsa go nna yona e e rwalang maikarabelo a go rekisa motlakase, go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a motlakase, go baakanya mafaratlhatlha a a tlhokang go baakanngwa mmogo le go nna yona e dituelo di duelelwa mo go yona. 
4.2.    Maitlhomo a dikgato tseno ke go rarabolola matsapa a a jaaka dikoloto tsa masepala le kabo ya ditirelo tse di seng manontlhotlho, e leng dikgato tse di tobaneng le go tokafatsa go ikanyega ga motlakase mmogo le go thusa mebasepala gore di kgone go boela go kgona go laola mafapha a yona a metlakase.
4.3.    Ditumelano tseno di botlhokwa thata mo go tsosoloseng maitshwaro a a amogelesegang a go tlhokomela matlole a puso, go oketsa mekgwa ya go bokeletsa matlole a a tshwanetseng go busediwa kwa pusong mmogo le go dira gore ditirelo tsa motlakase di se phutlhame mo dimasepaleng jaaka e le karolo ya Lefapha la Metlakase le Digase go netefatsa gore go nna le intaseteri ya kabo ya motlakase e e tsamaisiwang ka thulagano e e sa phutlhameng e e tshepagalang.

F.    Ditiragalo tse di Tlang
1.1    Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi 
1.1.1    Naga e keteka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi (DRAM) e e ketekiwang go tloga ka la bo 03 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 03 Sedimonthole ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Dirisanammogo ga Makala ka go Farologana go Dira gore Baagi ba ba Tshelang ka Bogolofadi le Bona e Nne Karolo ya Setšhaba.” Kgwedi eno e tla garela ka Letsatsi la Lefatshe mmogo le Letsatsi la ka fa Nageng la go Keteka Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi ka la bo 03 Sedimonthole—Kabinete e ikamanya le dikgato tsa maAforika Borwa otlhe a a samaganeng le go tsibosa setšhaba ka ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi, go ba dira karolo ya setšhaba le go ba bona fela jaaka rona.
1.1.2    Puso e tsweletse go tsenya tirisong Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi, e leng selo se se bontshang maikemisetso a yona a go dira gore re nne le setšhaba se botlhe ba amogelwang mo batho botlhe ba ba nang le bogolofadi ba sa kgorelediweng go iketla ka ditshwanelo tsa bona go lekalekana fela le batho ba bangwe, seriti sa bona le go nna le seabe se se bonagalang. 
1.1.3    Le fa go nnile le kgatelopele e kgolo mo go tsenyeng tirisong ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi, Kabinete e ikuela mo ditheong tsotlhe ka fa nageng go phetagatsa maikarabelo a tsona mo go fediseng dikgoreletsi tse di leng teng le mo go letleng gore batho ba ba tshelang ka bogolofadi le bona ba fitlhelele diono go tshwana fela le batho ba bangwe.

2.    Letsema! Naga ya Aforika Borwa e Ipopa Seoposengwe go Ema Kgatlhanong le Ditiragalo tsa go Melela Basadi le Bana Meno
2.1    Jaaka re atumela nako ya Letsholo la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng le le tla simololang ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2025 ka molaetsamogolo yo o reng: “Letsema: Banna, Basadi, Basimane le Basetswana, botlhe ba ipopile seoposengwe go lwantshana le go fedisa Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Basadi (GBVF)”. Kabinete e tshwenngwa thata ke gore le fa puso, mekgatlho ya baagi, dikgwebo le ditšhaba di tsweletse go lwantshana le bothata jono, naga ya Aforika Borwa e santse e santse e na le dikgetse tse di tlhobaetsang tsa melato ya GBVF.
2.2    Mo go tsibogeleng dikgetse tse di kgwa godimo tsa GBVF, puso ka kgwedi ya Moranang monongwaga e ne ya thankgolola Letsholo la Matsatsi a le 90 la go Potlakisa go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Basadi go dira bonnete jwa gore bothata jono jwa GBVF bo tseelwa dikgato tse di tla diragadiwang ka bonako le ka thulaganyo e e lolameng mmogo le go diragatsa ka bonako dikgato tse di saletseng kwa morago tsa Leano la Naga la go Lwantshana le GBVF. 
2.3    Letsholo leno la matsatsi a le 90 le ne le eteletswe kwa pele ke Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS) e leng se se samaganeng le ditharabololo tse di phetagaditsweng ka bonako le tse di nnileng le mosola mo go busetseng kwa tlase ditiragalo tsa GBVF tse di ntseng di tlhatloga ka fa nageng.Seno se tsenyeletsa go tlhomiwa ga Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) go dira bonnete jwa gore go nna le tirisanommogo mo go tsenyeng tirisong Leano la Naga la go Lwantshana le GBVF.

3.    Kopano ya Naga e e ka ga Ditiro tsa go Aga 
3.1    Kopano ya Naga e e ka ga Ditiro tsa go Aga e tla tshwarwa go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 14 Ngwanaitseele 2025 kwa porofenseng ya Gauteng, e e neng e tshwerwe ke ba Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba (DPWI) ka go dirisana mmogo le Boto ya Setheo sa Intaseteri ya go Aga Meago le Dintlo (CIDB).
3.2    Kopano eno e tla samagana le go tla ka ditharabololo tse di tobaneng le go potlakisa diporojeke tsa kago, go tsenyeletsa le tsa go femela ka batlhankedi ba phemelo mafelo a go tsweletsweng mo go ona ka diporojeke tsa kago, go dira gore dithulaganyo tsa go reka ditirelo tsa kago di tsamaisane, go tokafatsa dithulaganyo tsa go bega tiro ya lephata leno, mmogo le go dira gore go nne le tirisanommogo magareng ga makala a puso le a poraefete.

G.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

  • Mme Ntombazana Botha, mokgaratlhelakgololesego yo gape e neng e le Motlatsatona wa Botsweretshi le Setso.

2.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

  • Mme Joyce Pitso, Rre Mosotho Moepya yo a tlileng go nna tokololo ya go ya go ile fa Moatlhodi Dhaya Pillay ene e tlile go nna tokololo ya nakwana mo Khomišeneng ya Merero ya Ditlhopho ya Aforika Borwa. kabinete e akgotse Rre Mosotho Moepya mo maemong a gagwe jaaka monnasetulo wa Khomišene eno.
  • Mme Botseetse Kgaphola, go latela gore e nne mofenyi wa korone ya Bommabontle ba ba Tshelang ka Bogolofadi ba Naga ya Aforika Borwa.
  • Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Bašwa ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 17 - Amajimbos, jaaka e le setlhopha sa ntlha ka fa nageng sa batshameki ba dingwaga tseno go ka fetela mo Sejaneng sa Lefatshe sa Fifa sa Bašwa ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 17.
  • Setlhopha sa di-Springbok jaaka se fentse motshameko wa sona wa bobedi kwa Metshamekong ya Dinaga ya Quilter jaaka di fentse naga ya Fora ka dino di le 32 go di le 17.
  • Mokapotene wa di-Springbok Siya Kolisi, mo go abelweng hutshe ya Motshameko wa bo 100. Ke motshameki wa bo robongwe mo hisetoring ya di-Springbok go abelweng hutshe ya Motshameko wa bo 100. Seo a se fitlheletseng mo botshelong ke selo se se rotloetsang e bile go bontsha ka fao a nang le maikemisetso le ka fao a sa itlhobogeng.
  • Mmegadikgang Wa Tirelokgaso ya Aforika Borwa yo a begang dikgang tsa boditšhabatšhaba, Rre Sherwin Bryce-Pease mmogo le rraditshwantsho Rre Aaron Berbrick jaaka ba nopotswe ke Mokgatlho wa Babegadikgang wa Dinagakopano jaaka bafenyi ba maemo a gauta a Kabo ya Segopotso sa Ricardo Ortega.
  • Rre Dan Marokane, Khuduthamaga ya Setlamo sa Eskom, jaaka a fentse Kabo ya Ngwaga wa 2025 ya Baeteledipele ba Ditheo tsa Kgwebo ya Lekwalodikgang la maemo a Sunday Times mo Dikabong tsa Ditlamo di le Lekgolo tse di Tlageletseng mo lekwalodikgannyeng leno la Sunday Times.
  • Naga ya Nigeria jaaka e le yona e gatile mo motlhaleng wa naga ya Aforika Borwa wa go lokololwa mo dikgatong tsa go lebiwa ka leitlho le le ntšhotšho la Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF). Seno ke selo se se botlhokwa thata mo kontinenteng ya Aforika jaaka se busetsa seriti sa Aforika fa go tla mo mererong ya dimaraka tsa go tsamaisa matlole, seno se fokotsa dituelelo tsa matlole mmogo le go dira gore babeeletsi ba tie mmooko.

Dipotsolotso di ka lebisiwa kwa go:
 Rre Sandile Nene – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 712 2316
 

Share this page

Similar categories to explore