Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro wa la bo, 07 Phatwe 2024

Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro wa la bo, 07 Phatwe 2024

Kopano ya ntlha e e ka ga Tiro ya Semmuso ya Kabinete ya Tsamaiso ya Puso ya bo 7 e tshwaretswe kwa Union Buildings, Pretoria, matsatsi a le mabedi pele ga letsatsi la go keteka Letsatsi la Naga la Seabe sa Bomme. Jaaka re tla bo re keteka dingwaga di le 68 tsa segopotso sa seabe sa Mogwanto wa Bomme mmogo le sa dingwaga di le 70 fa e sale go tlhomiwa Lekwalo la Ditshwanelo tsa Bomme, boikuelo jwa maitlhomo jo bo dirilweng ke Mokgatlho o o Tshwaraganetsweng ke Basadi ba Naga ya Aforika Borwa bo tlhagisitse ka tolamo lefoko la basadi ka ga basadi ba bangwe ba naga ya Aforika Borwa fa go tla mo ditshwanelong tsa bona le ka ga dilo tseo di ba amang.

Mo ngwageng ono re keteka Kgwedi ya Basadi fa ka fa letlhakoreng le lengwe re keteka go thapiwa ga Moatlhodimogolo Mandisa Maya jaaka a dirile bontle thata mme e tla nna Moatlhodimogolo wa Ntlha wa Mosadi go ka okama maemo a Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka fa nageng ya Aforika Borwa. Mo nakong e e fetileng o dirile bontle thata gape mo a neng a okame maemo a Moporesitente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jwa Dingongorego mo a okameng maemo ano go tloga ka ngwaga wa 2017 e bile teng moo e ne e le ene mosadi wa ntlha go ka okama maemo ao.

Botlhokwa jwa gore a thapiwe mo maemong ano bo ka tlhaloganyega ka mabaka ano. Go ya ka Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baatlhodi ba Bomme: “Ka ngwaga wa 1994 go ne go na le baatlhodi ba ka nna 165, ba le 160 e ne e le banna ba batho ba basweu, ba le bararo e ne e le banna ba mmala wa sebilo, ba le babedi e ne e le basadi ba batho ba basweu; go ne go se le fa e le mosadi a le mongwe fela wa mmala wa sebilo mo baatlhoding bao. Fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2023, go na le baatlhodi ba le 253, ba le 113 ke basadi, mme diphesente di le 32 tsa palo eno ke basadi ba mmala wa sebilo fa diphesente di le 13 e le basadi ba batho ba basweu, mme seno se raya gore kemedi ya basadi ba baatlhodi ke diphesente di le 45. Mo godimo ga seno, baatlhodi ba bangwe gape ba ba setseng ba le 140, diphesente di le 39, ke tsa banna ba mmala wa sebilo fa di le 17 e le banna ba batho ba basweu.”

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Metshameko ya Ngwaga wa 2024 ya Diolimphiki tse di Tshwaretsweng kwa Paris: Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa
1.1.    Kabinete e akgola Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa jaaka se dirile naga motlotlo ka go emela naga kwa Metshamekong ya Diolimphiki e e neng e tshwaretswe kwa Paris jaaka setlhopha seno se tsholeditse kwa godimo serodumo sa naga ka go dira gore naga e balelwe mo maemong a dinageng tse dingwe di balelwang mo go ona e leng mo maemong a a balelwang mo go bo 30 a dinaga tse di fitlheletseng dimetale di le dintsinyana.
1.2.    Kabinete e akgola gape le:
1.2.1.    Mothumi yo a thumang setlhapi, Tatjana Smith, jaaka a fentse gauta mo lebelong la go thuma go phaphametswe ka dikgara la basadi la bokgakala jwa dimitara di le 100 mmogo le go fenya selefera mo lebelong la go thuma go phaphametswe ka dikgara la basadi la bokgakala jwa dimitara di le 200.
1.2.2.    Setlhopha sa Blitzboks jaaka se fentse poronse mo Metshamekong ya Banna ya Kgwele ya Rakabi.
1.2.3.    Mokganni wa Digategate tsa go Namela Dithaba Alan Hatherly jaaka a fentse poronse mo Lebelong la Metshameko ya Banna ya Digategate tsa go Namela Dithaba la go Kgabaganya Naga.
1.2.4.    Akani Simbine yo a tlhomileng rekoto e ntšhwa mo lebelong le go neng go tshetshethiwa la banna la bokgakala jwa dimitara di le 100 mme o tsene ka maemo a bone. Fa go buiwa ka dinaga tse di nang le batabogi ba ba nang le lebelo, naga ya Aforika Borwa le yona e balwa mo go tsona.
1.3.    Go ikuelwa mo go maAforika Borwa gore ba tswelele gape le ka go ema nokeng Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se se tla gaisanelang Metshameko ya Diolimphiki tsa Batho ba ba Golofetseng e e tla tshamekiwang go tloga ka la bo 28 Phatwe go fitlha ka la bo 8 Lwetse 2024.

2.    Ikonomi
2.1.    Mafaratlhatlha a Diterene
2.1.1.    Kabinete e itumeletse tiro e e dirilweng ke Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA), setheo sa Lefapha la Dipalangwa (DoT), ka go tsenya tirisong terene e ntšhwa e thekenoloji ya teng e leng ya maemo a a kwa godimo mme terene eno e direlang kwa Diporong tsa Diterene tsa kwa Teropong ya Motsekapa. 
2.1.2.    Ditirelo tseno di tsentswe gape mo mo seteišeneng sa diterene tse di tswang kwa Nyanga go leba kwa Mandalay. Diterene tseno di dirisa ditsela tsa segompieno tsa go bontsha gore terene e a tla fa e tswa kwa Nyanga go leba kwa Mandala, e leng selo se se dirang gore di femelesege le go feta le go dira gore ditirelo tsa diterene di tshepagale. 
2.1.3.    Dikarolo tse dintšhwa tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo mo ditereneng tseno di tsenyeletsa mejako ya go ipula le go itswalela mmogo le dikhamera tse di tsentshitsweng mo lebakaneng le lengwe le le lengwe go disa pabalesego ya banamedi. 
2.1.4.    Kabinete e akgotse gape le dikgato tsa go tsosolosa mafelo a diterene a mangwe a a neng a phutlhame, e leng karolo ya maitlhomo a a kwa setlhoeng a puso a go dira gore go nne le dipalangwa tse di rwalang baagi tse di babalesegileng, tse di tshepagalang le tseo di sa tureng.

3.    Mafelo a Ngwaoboswa ya Lefatshe a Mokgatlho wa Dinagakopano mo Mererong ya Thuto, Saense le Setso (UNESCO)
3.1.    Kabinete e itumeletse dikgato tsa mo malobanyaneng tsa go oketsa palo ya mafelo a ngwaoboswa a naga ya Aforika Borwa a a ka ga ditiragalo tsa go lwela ditshwanelo le go lwela kgololesego ka go tsenngwa mo lenaaneng la Mafelo a Ngwaoboswa ya Lefatshe a UNESCO.
3.2.    Mafelo ano a a filweng leina la The Human Rights, Liberation and Reconciliation: Nelson Mandela Legacy Sites, ga a re thuse fela go somarela ngwaoboswa ya naga ya rona e e tshwanang e le esi, mme a thusa naga ya rona gore e gatele pele mme e nne naga e e ratiwang thata ke bajanala jaaka naga e e nang le Mafelo a a Gaisang mo Lefatsheng a Ngwaoboswa, mme seno se tla godisa lephata la bojanala mmogo le ikonomi.
3.3.    Mafelo ano a akaretsa Union Buildings, Constitution Hill, Liliesleaf farm, Sharpeville memorial, Walter Sisulu Square, 16 June 1976: The Streets of Orlando West, University of Fort Hare, ZK Mathews House, Mqhekezweni, Waaihoek and Ohlange.
3.4.    Lenaane la Komiti ya Mafelo a Ngwaoboswa ya Lefatshe a UNESCO le tsenyeletsa gape le mafelo a mangwe gape a le mararo a Paka ya Motsi wa fa go ne go Dirisiwa Letlapa e leng go tlotlomatsa seabe se se botlhokwa se naga ya Aforika Borwa e nnileng le sona mo go thuseng go tlhaloganya koo motho a tswang teng. Mafelo ano ke la Diepkloof Rock Shelter le le gaufi le Elands Bay kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, Pinnacle Point Site Complex kwa Mossel Bay gona mo porofenseng ya Kapa Bophirima, mmogo le Sibhudu Cave kwa KwaDukuza, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.

4.    Phopholetso ya Dipalopalo tsa Batho ba Dingwaga tse di fa Gare
4.1.    Kabinete e itumeletse dipegelo tsa dipatlisiso tsa Phopholetso ya Dipalopalo tsa Batho ba Dingwaga tse di fa Gare tsa Ngwaga wa 2024 mme tsona di bontsha gore maAforika Borwa jaanong a phela sebakanyana go gaisa mo nakong e e fetileng.
4.2.    Batho jaanong ba tshela sebaka sa bonnye jwa dingwaga di le 66,5 go gaisa mo nakong e e fetileng mo ba neng ba tshela sebaka sa dingwaga di le 53,6 ka ngwaga wa 2005 mme seno ke ka ntlha ya mefutafuta e e farologaneng ya thuso ya puso ya go oketsa matsholo a melemo ya go okobatsa le go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng - e leng le lengwe la matsholo a magolo thata a melemo ya go okobatsa le go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng mo lefatsheng, matsholo a go tlhabela ente mmogo le phokotsego ya masea a a tlhokafalang go tloga mo go a le 57 a a neng a tlhokafala mo go a le 1 000 a a belegweng ka ngwaga wa 2002 go fitlha mo go a le diphesente di le 22,9 mo go a le 1 000 a a belegweng mo ngwageng wa 2024.
4.3.    Setšhaba sa naga ya Aforika Borwa jaanong se setse se feta dimilione di le 63, mme se tsweletse go gola ka diphesente di le 1,33 go tloga ka Phukwi 2023 go fitlha ka Phukwi 2024.
4.4.    Dipalopalo tse di tlhotlhomisitsweng tseno tsa kgolo ya setšhaba di tla tlhaba puso botlhale fa e loga maano a yona le go abelana ka ditlhokwa jaaka re tswelela go direla maAforika Borwa otlhe botshelo jo bo botoka.

5.    Tshireletsego le Pabalesego
5.1.    Go lwantshana le botlhokotsebe
5.1.1.    Kabinete e itumeletse tiro e e namatshang pelo e e dirilweng ke sepodisi mo go golegeng ditlhokotsebe tsa ditiragalo tsa bosenyi tsa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala, jaaka go semeletswe go lwantshana le botlhokotsebe. 
5.1.2.    Letsholo la go Fiela Botlhokotsebe la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) la Operation Shanela le tshwere babelaelwa ba ditiragalo tse di farologaneng tsa botlhokotsebe ba le 766 237, mme ba le 161 752 ke ba ba neng ba batliwa mo ditiragalong tsa bosenyi tse di tlhobaetsang setšhaba, mme tsona di tsenyeletsa tsa polao, go kgothosiwa ga dirori tse di rwalang madi, go kgothosa go tlhometswe ka ditlhobolo tse di boitshegang, petelelo, go kgothosa beng ba dijanaga dijanaga tsa bona.
5.1.3.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tswalela kampa e e seng mo molaong ya go katisa masole kwa White River, kwa porofenseng ya Mpumalanga, mme seno se diragetse go latela gore go tsewe dikgato tse di matsetseleko tsa go lwantshana le botlhokotsebe mme seno se feleditse se thusitse gore baagi ba naga ya Libya ba le 95 ba tshwarwe. 
5.1.4.    Kabinete e dirile boikuelo jwa gore maAforika Borwa otlhe a tshwarisane le mapodisi mo go lwantshaneng le botlhokotsebe ntle le gore ba itseele molao mo matsogong.
5.1.5.    Kabinete ga e a itumela le e seng ka ditiragalo tse dingwe tse di dirilweng ke ba bangwe ba baeteledipele mo setšhabeng ba ba rweleng maoto a bona ba ya go tshosetsa matshelo a barutwana le barutabana ko dikolong tsa bona. Lefapha la Thuto ya Motheo le tla tswelela go dirisana le SAPS go dira bonnete jwa gore kwa dikolong botlhe ba babalesegile gore ba kgone go diragatsa seo ba se tletseng e leng go ithuta le go ruta.

5.2.    Bosenyi le Bonweenwee
5.2.1.    Kabinete e kgotsofaditswe ke katlholo ya go rwesa molato le go romelwa kwa kgolegelong batlhankedi bao mo malobeng ba neng ba direla Lefapha la Merero ya Selegae mmogo le batswantle bao ba rwesitsweng molato wa go dira bokhukhuntshwane le bonweenwee mo tsamaisong ya kantoro ya merero ya bofaladi, eo e rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Melato e e Itlhophileng ya Botlhokotsebe jwa Ditheo le Dikgwebo ya kwa Durban. Go atlegeng mo kgetseng eno go gagamatsa maiteko a puso a go aga tsamaiso ya puso e e nang le maitseo, e e dirang ka manontlhotlho le e e tlhabologang ka botswapelo.

B.    Go Baya Kabinete mo Dinakong

1.1.    Go se Felelwe ke Metsi
1.1.1.    Kabinete e lomilwe tsebe ka matsholo a go samaganweng le ona a a tla dirang bonnete jwa gore ka fa nageng ga re felelwe ke metsi jaaka re setse re bone ka fao jaanong metsi a dirisiwang ka bontsi ka teng ka ntlha ya setšhaba se se oketsegang le ikonomi e e golang, mmogo le ka ntlha ya gore segolobogolo diphesente tsotlhe di le 75 tsa metsi a a sa tsweng ka fa tlase ga lefatshe mo nageng ya Aforika Borwa ke ao a tamileng.
1.1.2.    Ga jaanong go samaganwe le diporojeke di le 14 tse di bitsang dibilione di feta di le R100 mme tsona di mo maemong a a farologaneng a go aga mafaratlhatlha a setšhaba a go tamela metsi. 
1.1.3.    Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe ka go dirisana mmogo le Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (SALGA) mmogo le Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA) le tlhomile Katoro ya Tshwarisano ya Merero ya Ditiro tsa Metsi eo maitlhomo a yona e leng go thusana le bomasepala gore ba samagane le matsholo a go dira gore re nne le metswedi e e farologaneng ya metsi gore mo isagong re se felelwe ke metsi. 
1.1.4.    Kabinete e boleletswe gape le ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go direng bonnete jwa gore baagi ba kwa Giyani le ba kwa Hammanskraal ba tlamelwa ka metsi mmogo le go samagana le matsapa a soreje e e elelang gotlhe kwa Masepaleng wa Emfuleni.
1.1.5.    Kabinete e boleletswe gore matsi a setse a buletswe go fepela metseselegae e le robongwe ka metsi mo Masepaleng wa Greater Giyani mme e tla re kwa bokhutlhong jwa Phatwe 2024 metseselegae e mengwe gape e le 15 le yona ya bo e setse e na le metsi.
1.1.6.    Masepala wa Tikologo wa Mopani o setse o neetswe matlole a go o thusa go tsosolosa le go oketsa Lefelo la go Tlhatswa Metsi la Giyani.
1.1.7.    Lefapha la Metsi, ka go dirisana mmogo le Masepala wa City of Tshwane le Setlamo sa Metsi sa Magalies Water, ba samagane le go garela porojeke ya Magalies Water e leng selo seo se tla tlamelang baagi ba kwa Hammanskraal, kwa teropong ya City of Tshwane, ka motswedi o mongwe wa metsi a go nwewa fa Diphalane 2024 a goroga, mme ka fa letlhakoreng le lengwe Masepala wa City of Tshwane o tswelela ka go baakanya le go tlhabolola Lefelo la go Tlhatswa Metsi a a Leswe la Rooiwal.
1.1.8.    Ka ntlha ya dikgwetlho tsa metsi a a tlhaelang ka fa nageng, lefapha le sweditse gore le tla tshwara dikopano le bobegakgang morago ga dibeke tse dingwe le tse dingwe di le pedi go itsise setšhaba ka kgatelopele e e diriwang mo go rarabololeng tlhaelo ya metsi mmogo le dikgato tse setšhaba di tshwanetseng go di tsaya go dira bonnete jwa gore ga re felelwe ke metsi ka fa nageng ya rona eo ka bo yona e senang metsi a le mantsi.

1.2.    Motlakase
1.2.1.    Jaanong re setse re le gaufi le go fitlhelela maemo a go tlamela setšhaba ka motlakase o o sa tshabeleng ruri mme seno ke ka ntlha ya go kakatlela Leano la go Tseela Motlakase Dikgato e leng leano leo le tsibositsweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Phukwi 2022. Tsepamiso ya mogopolo mo leanong leno mo tirong ya go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a motlakase go re thusitse gore re nne le motlakase ka go tsenya tirisong motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa e leng selo seo se dirileng gore re kgone go abelana ka motlakase le go dira gore sebakanyana sa dikgwedi di se kae re se tlhole re nna le ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri. Seno se botlhokwa thata mo go thuseng go godisa ikonomi e bile se mosola mo go tlhabololeng boleng jwa matshelo a batho ka go kgontsha baagi gore ba tswelele go tshela jaaka ba ntse ba tshela go se seo se ba kgoreletsang. 
1.2.2.    Eskom e itemogetse Tatlhegelo ya Motlakase ka Ntlha ya go Robega ga Metšhini (UCLF) e e fokotsegileng thata e e kanaka dimekawate di le 8 321 fa Phukwi 2024 e garela, e leng motlholo o mogolo o ba o fitlheletseng mo diteišeneng tsa bona tsa phetlho ya motlakase fa e sale go simololwa go tokafatsa maemo a motlakase.
1.2.3.    Kabinete e akgotse Eskom jaaka e fitlheletse ntlha e e botlhokwa eno mme e rotloetsa maAforika Borwa gore ba tswelele go itlwaetsa go somarela motlakase gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase ka fa nageng ya rona di se phutlhame. Ka go dira seno, rotlhe re tla bo re tshameka karolo ya rona mo go thuseng go dira gore lebone ka fa nageng ya rona le time, e leng selo se se botlhokwa thata mo kgwebong, mo diintasetering le mo ikonoming.

2.    Merero ya Kgwebisano
2.1 Foramo ya bo 21 ya AGOA
2.1.1.    Kabinete e lomilwe tsebe ka seabe se naga ya Aforika Borwa e nnileng le sona kwa Foramong ya bo 21 ya Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA) kwa Amerika mme seno se bontsha gore naga ya rona le ya Amerika di santse di nosana metsi.
2.1.2.    Naga ya Aforika Borwa e tswelela go lwela ntlha ya go ntšhwafatsa AGOA, jaaka e tla felelwa ke nako morago ga sebaka sa dikgwedi di le 14, e bile e eme nokeng boikuelo jwa Ditona tsa Kgwebisano tsa Dinaga tsa Aforika gore puso ya Amerika e phimole ntlha ya go ntšhwafadiwa ga AGOA ngwaga le ngwaga.

2.2.    Dikgogakgogano Magareng ga Aforika Borwa le Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa mo Ntlheng ya Mokgatlho wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO)
2.2.1.    Kabinete e tsibositswe gape le gore naga e tlhatlhetse kgetse semmuso le Mokgatlho wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) kgatlhanong le Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa ka ntlha ya melao ya tsona e e gagametseng e e nang le ditlhokwa tse di sa tlhokagaleng tsa boitekanelo jwa ditlhare tsa dinamune tse di ka ga Mouta o o Tlholang Dipatso tse Dintshonyana mo Dinamuneng (CBS) mmogo le Mae a Dirurubele mo Dinamuneng (FMC) jaaka e le melawanataolo e e tobaneng le ditlhagisiwa tse di tswang kwa nageng ya Aforika Borwa go rekisediwa Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa.
2.2.2.    Mo lefatsheng ka bophara naga ya Aforika Borwa e mo maemong a bobedi fa go tla mo go rekiseng dinamune mme diphesente di le 33 tsa dinamune tsotlhe tse e di rekisang ke tseo e di rekisetsang maraka wa Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa. Intaseteri eno ya Aforika Borwa e tlholetse batho ba le 140 000 ditiro kwa metseselegaeng ya naga ya Aforika Borwa mme ka jalo e tlhokometse batho ba feta milione le halofo.
2.2.3.    Dikgato tseno tse di tserweng ke Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa, le fa boammaruri tota e se tse di re iletsang go rekisa, di tšhonolola Intaseteri ya Aforika Borwa ya dinamune ka madi a le mantsi thata, ao a balelwang a ka fitlha dibilione di le R2 ngwaga le ngwaga. Dinaga tse di Tshwaraganeng tsa Yuropa di tsere tshwetso ya go gagamatsa melawanataolo eno mo letlhakoreng la naga ya Aforika Borwa e le nosi mme dinaga tse dingwe tse le tsona di nang le matsapa a a tshwanang le a Aforika Borwa tse di jaaka naga ya Iseraele tsona kotlhao eno ga di otlhaiwe ka yona.

2.3.    Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
2.3.1.    Kabinete e amogetse Lekwalo la Melaetsa ya Kgotlatshekelo ya Baatlhodi ba Lefatshe (ICJ) e e ka ga Dikgato tsa Molao mo ntlheng e e ka ga Pholisi ya Iseraele le e e ka ga seo e se Dirang kwa Mafelong a Palesetina ao Iseraele e rometseng masole kwa go ona, mme mo lekwalong leno botlhe ba eme ka le le reng seo Iseraele e tsweletseng go se dira kwa Mafelong a Palesetina ao Iseraele e rometseng masole kwa go ona ke selo se se seng mo molaong go ya ka molao wa dinaga tsa lefatshe.
2.3.2.    Katlholo eno e oketsa maikarabelo ao dinaga tsotlhe di nang le ona mo go fediseng go tlodisa matlho tlolomolao eo Iseraele e tsweletseng go e dira mme di tshwanelwa ke go tsaya dikgato go dira bonnete jwa gore melao ya lefatshe e tswelele go tlotliwa.
2.3.3.    Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga di le 49 tsa Dinagakopano (UN) tseo di ntshitseng se se mo mafatlheng a yona mo ntlheng eno kwa Kgotlatshekelo ya Baatlhodi ba Lefatshe ka kgwedi ya Tlhakole 2024.

2.4.    Megwanto ya kwa Nageng ya Kenya le ya kwa Nigeria
2.4.1.    Kabinete e tshwentswe ke megwanto ya kwa Nageng ya Kenya le ya kwa Nigeria mme e ikuetse mo maphateng otlhe a a amegileng gore ba dumelane ka bonako ka ditharabololo tsa go tswela baagi mosola mo dikgwetlhong tse ba tobaneng le tsona tsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba ditlhokang go iphedisa, mme le naga ya Aforika Borwa le yona e wetswe ke lona leru leo.

2.5.    Ditlhopho tsa Naga ya United Kingdom
2.5.1.    Kabinete e akgola Tonakgolo ya naga ya United Kingdom e bong Rre Keith Starmer mmogo le Mokgatlho wa gagwe wa dipolotiki e bong Labour Party go latela gore ba fenye mo ditlhophong tsa mo malobeng. Naga ya Aforika Borwa e malalaalaotswe go ka dirisana le naga ya United Kingdom mo go oketseng kgwebisano le tirisanommogo le yona.
2.5.2.    Puso e tla tswelela go ela tlhoko se se diragalang kwa dinageng tse dingwe tse le tsona di samaganeng le ditlhopho mo ngwageng ono.

2.6.    Bao ba Tlhophilweng go Emela Naga ya Aforika Borwa kwa Ditheong tsa Mekgatlho ya Ditšhabakopano
2.6.1.    Kabinete e eleditse masego bao ba tlhophilweng go emela Aforika Borwa kwa Ditheong tsa Mekgatlho ya Ditšhabakopano:
2.6.1.1.    Go tlhophiwa ga Mme Swazi Bajabulile Tshabalala go okama maemo a Moporesitente wa Bankatlhabololo ya Aforika (AfDB) go tloga ka paka ya 2025 go fitlha ka ya 2030, mme ene o tla tlhophilwe kwa ditlhophong tse di tla tshwarwang ka Phatwe 2024.
2.6.1.2.    Go tlhophiwa ga mme Yvette van der Merwe go okama maemo a Moporesitente wa Mokgatlho wa Ditshimo tsa Morara le Majalwa a Morara (OIV) kwa ditlhophong tse di tla tshwarwang ka Diphalane 2024 kwa nageng ya Fora. Aforika Borwa e tlhophile gore a tlhophiwe lekgetlo le lengwe gape kwa Lekgotleng la Ditshwanelo tsa Batho go tloga ka ngwaga wa 2026 go fitlha ka wa 2028.
2.6.1.3.    Aforika Borwa e tshegeditse tshwetso ya go tlhopha lekgetlho le lengwe gape ga Moporofesa Frans Jacobus Viljoen go emela naga mo Komiting ya Merero ya go Tlhaba Malotsana Dinagakopano ka Ditshwanelo tsa Batho go tloga ka ngwaga wa 2025 go fitlha ka wa 2027, mme ene o tla tlhophilwe kwa ditlhophong tse di tla tshwarwang ka Diphalane 2024 kwa New York, kwa nageng ya Amerika.
2.6.1.4.    Aforika Borwa e batla gape le go nna le seabe mo Khomišeneng ya Maemo a Basadi ba Dinagakopano (CSW) ka ngwaga wa 2025 mmogo le mo Khomišeneng ya Thuso ya Setšhaba ka ngwaga wa 2025. Ditlhopho tsa dikhomišene ka bobedi di tla tshwarwa ka Moranang 2025.
2.6.1.5.    Aforika Borwa e tla batla gape go nna le setulo mo Lekgotleng la Phemelo la Dinagakopano sebaka sa paka ya dingwaga di le pedi go tloga ka ngwaga wa 2031 go fitlha ka wa 2032, fa e tla bo e le nako ya gore Aforika Borwa e nne yona e e tsoramang setulo.

2.7.    Aforika Borwa e ipaakanyetsa go okama maemo a Boporesitente jwa G20
2.7.1.    Aforika Borwa e tla tsorama maemo a Boporesitente jwa G20 ka la bo 1 Sedimonthole 2024.
2.7.2.    Kabinete e beilwe mo dinakong mabapi le dithulaganyo tse Aforika Borwa e setseng e di dirile mo go ipaakanyetseng maemo a Boporesitente jwa G20 le mo go ipaakanyetseng go amogela baeng ka Samiti ya G20 e e tla tshwarwang ka ngwaga wa 2025. 
2.7.3.    Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e rwesitswe maikarabelo a go rulaganyetsa tiragalo eno mo legatong la puso le baagi ba Aforika Borwa.
2.7.4.    Aforika Borwa e tla tswelela go dirisa ditšhono tsa go tshwara dikopano tsa boditšhabatšhaba le go etelela kwa pele mekatlho ya boditšhabatšhaba e e jaaka G20 maitlhomo e le go dira gore lefatshe ka bophara le kgone go bona dikgwetlho tse di tobileng Aforika le dinaga tse di ka fa Borwa jwa lefatshe fa go tla mo mererong ya tlhabologo.

C.    Ditiragalo tse di Tlang
1    Kgwedi ya Basadi 
1.1    Naga e tla keteka Mekete ya 2024 ya Letsatsi la go Tlotla Seabe sa Bomme ka la bo 9 Phatwe 2024 kwa Lebaleng la Metshameko la Dennis Nel kwa Pofadder kwa porofenseng ya Kapa Bokone ka molaetsamogolo yo o reng: “Re keteka dingwaga di le 30 tsa temokerasi re tlhomile leitlho Tlhatlhelelo ya Bomme”. 
1.2    Mokete wa monongwaga wa go keteka Kgwedi ya Basadi o tla sekaseka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo dikarolong tsa go matlafatso ya basadi ka go ba thusa le go ba tlamela ka ditšhono tsa go itirela letseno fa e sale go tloga temokerasi e rego mmogo le go sekaseka gore maitlhomo a Lekwalo la Ditshwanelo tsa Basadi a fitlheletse kgotsa jang. 
1.3    Naga ya rona e tlotlomatsa basadi ba feta ba le 20 000 ba ba rweleng maoto ba ya go gwantela Union Buildings ka la bo 9 Phatwe 1956, mo ba neng ba gwantela gore Molao wa Dipasa jaanong o laola gore le basadi le bona ba tshwanetse go tshwara dipasa. 
1.4    Kabinete e laletsa baagi gore e nne karolo ya ditiragalo tseno tsa go keteka kgwedi eno mme mo go tsona go tla nna le dikopano tsa bagwebi, dipuisano mo go tla buisanwang ka ditšhono tse di leng teng tseo basadi ba ka iponelang tsona mo makaleng a a farologaneng, tseo di leng botlhokwa mo go tswaleleng sekgala sa go tlhoka tekatekana ga batho ba bong jo bo farologaneng.

2    Kopano e Kgolo ya bo 32 ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Merero ya go ya Lefaufaung (IAU)
2.1    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara kopano e kgologadi ya merero ya lefaufau, e bong Kopano e Kgolo ya bo 32 ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Merero ya go ya Lefaufaung (IAU), mme yona e tla tshwarelwa kwa Motsekapa. 
2.2    Kopano eno e tla tshwarwa sebaka sa dibeke di feta di le pedi go tloga ka la bo 6 Phatwe 2024 mme eno ke khonferense ya ntlha mo re bonang dinaga tsa boditšhabatšhaba di tshwarela kopano ya merero ya lefaufau ka fa kontinenteng ya Aforika.
2.3    Dikopano tsa mefuta eno di botlhokwa thata mo go thuseng gore Aforika Borwa ikonomi ya yona e se itshegetse fela ka ditlhagisiwa mme e itshigetse gape le ka kitso le botlhale. Aforika Borwa mo tsamaong ya nako e nnile le kgatelopele e e bonagalang mo mererong ya lefaufau, mo e diragaditseng diporojeke tse dikgolo tsa saense tse di jaaka SKA le MeerKAT.

3    Beke ya Aforika Borwa ya go Tlhalefela Madi
3.1    Beke ya Aforika Borwa ya go Tlhalefela Madi (MSWSA) ya Ngwaga wa 2024 e tla simolola ka la bo 26 Phatwe 2024 go fitlha ka la bo 1 Lwetse 2024 mo go tla tlhagelelang matsholo a a farologaneng a go ruta bareki ka tiriso ya madi.
3.2    MSWSA ke letsholo le Komiti ya ka fa Nageng ya go Ruta Badirelwa ka Tiriso ya Madi (NCFEC) le itshimololetseng lona go rotloetsa, go matlafatsa le go ruta maAforika Borwa mmogo le go dira gore re nne le baagi ba ba nang le kitso ya go dirisa madi.
3.3    Ditiragalo tse di tla tshwarwang di tsenyeletsa tsa go tlhatlhelela batho ntle le go ba duedisa, go tlhagisa tshedimosetso, go ipabatsa kwa dimolong, kwa dikopanong tsa dipontsho le mo dikopanong tse di tshwarwang mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano.

C.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 
•    Mme Kholeka Gcaleka, Tlhogo ya Setheo sa Aforika Borwa sa Mosireletsi wa Setšhaba jaaka a tlhophilwe go okama maemo a Moporesitente wa Kgaolo mo Setheong sa Boditšhabatšhaba sa Boombate
•    Ngaka Mugwena Maluleke, Tlhogo ya Merero ya Mokgatlho wa Badiri ba Barutabana ba Aforika Borwa (SADTU), jaaka a tlhophilwe go okama maemo a Moporesitente wa Mokgatlho wa Lefatshe wa bo 10 wa Merero ya Thuto ya Boditšhabatšhaba.
•    Ngaka John Kani, modiragatsi, motsamaisi le mokwadi wa metshameko, jaaka a tlotlomaditswe ka go neelwa Kabo ya Bogosi jwa Naga Britain eo e rebolwang ke Motlotlegi Kgosi Charles wa Boraro.

2.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 
•    Barutwana ba le batlhano ba Sekolo sa Morneg Combined ba ba tlhokafetseng fa bese e ba neng ba e nametse e ne e thulana le terene mo mmileng wa R104 gaufi le motse wa Mafube, o o fa gare ga Wonderfontein le Arnot.
•    Modiragatsi yo a tumileng Connie Chiume, yo a neng a na le dingwaga di le 72, yo a neng a itsege thata kaseitshwantsho se a diragaditseng mo go sona ka fa nageng sa Rhythm City. O ratilwe thata gape le mo setshwantshong sa difilimi tsa Marvel sa Black Panther. 
•    Puso le baagi ba naga ya Federal Democratic Republic of Ethiopia go latela gore mmu le matlapa a kgokologe kwa Gofa, e leng lefelo le le kwa ntlheng ya Borwa Bophirima jwa naga ya Ethiopia, mme ka bomadimabe batho ba le 250 ba latlhegetswe ke matshelo a bona.
•    Batho ba le bane ba ba latlhegetsweng ke matshelo fa bene e le terene e e tsamaisang merwalo di thulana kwa Postmasburg kwa porofenseng ya Kapa Bokone.
•    Rre Robbie Venter, yo a neng a le dingwaga di le 64, yo a kileng a okama maemo a Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa setlamo sa of Altron yo a diretseng ditlamo tse di farologaneng tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT) fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1997.
•    Rre John Sidipa Mphosi, yo a neng a le dingwaga di le 71, Monnasetulo wa Setlamo sa Global Oil, e leng setlamo se se nang le mafelo a a rekisang leokwane.

A bojotlhe jwa bona mewa ya bona e robale ka kagiso.
 

Share this page

Similar categories to explore