Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro la bo, 26 Mopitlwe 2025

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Ikonomi 
1.1    Depeeletso
1.1.1    Kabinete e bontshitse tshepo mo ikonoming ya rona e e kakatletseng, jaaka naga e tswelela go dira botsalano jwa tirisanommogo le makala a mangwe a a botlhokwammogo le go ngokela dipeeletso tse dintšhwa. 
1.1.2    Kabinete e itumeletse gape le dikgato tsa go thankgololwa ga lefelo la polokelo ya tshedimosetso ya dikhomphiutha la setlamo sa Google South Africa la go bitsa dibilione tsa diranta di le R2.5 kwa Johannesburg, e leng selo se se tla dirang gore naga ya Aforika Borwa e bolokele tshedimosetso ya yona mo mafaratlhatlheng a lefatshe a Google Cloud. Porojeke eno ke ya ntlha a Google e e dirileng mo kontinenteng ya Aforika e bile e supa ka fao go dirilweng dipeeletso tse di kgolo ka teng mo mafaratlhatlheng a thekenoloji a naga ya Aforika Borwa.
1.1.3    Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe nna le seabe mo leetong la naga ya rona la go dira gore botlhe ba nne le seabe mo go godiseng ikonomi le mo go tlholeng ditiro ka go dora gore dipeeletso di tlhatloge mmogo le ka go dira gore go gagamadiwe dilo tsetlhe tse dintle tsa naga ya rona.

1.2    Seabe sa Lekala la Poraefete mo Diporojekeng tsa Diterene le tsa Dikepe tse di Rwalang Dithoto
1.2.1    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go thankgolola Kopo ya Tshedimosetso ka Seabe sa Lekala la Poraefete mo Diporojekeng tsa Diterene le tsa Dikepe tse di Rwalang Dithoto, jaaka seno e le karolo ya dikgato tse di botlhokwa tsa go tlhabolola lekala la go rwala dithoto la Aforika Borwa e leng selo se se tla godisang kgolo ya ikonomi ka go tokafatsa dithulaganyo tsa go tsamaisa merwalo go e isa kwa dinageng tse dingwe.
1.2.2    Leano la go Rulaganya Dijanaga tse di Rwalang Dithoto ka fa nageng ya Aforika Borwa le tlhotlheletsa dikgaisano gore di oketsege mo lephateng la mafelo a boemelaterene le a boemelakepe, e leng selo se se tla godisang dipeeletso go tswa mo lekaleng la poraefete fa ka fa letlhakoreng le lengwe mafaratlhatlha a a botlhokwa a a jaaka diporo le mafelo a boemelakepe a tswelela go nna mo tlase ga taolo ya puso.

1.3    Motlakase
1.3.1    Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa go okediwa ga motlakase wa naga ka dimekawate di le 800 tsa phetlho ya motlakase e ntšhwa morago ga gore Eskom e atlege mo go busetseng tirisong yuniti ya bofelelo ya motlakase ya Seteišnene sa Motlakase sa Kusile. Seno se tla thusa mo go direng gore motlakase o se tlhole o tshabela ruri mmogo le mo go direng gore mo nakong e e tlang re se nne le motlakase o o tlhaelang.

1.4    Dipatlisiso tsa Kotara Nngwe le Nngwe tsa Dipalopalo tsa Batho ba ba Dirang le ba ba sa Direng
1.4.1    Kabinete e itumedisiwa ke koketsego ya dipalopalo tsa batho ba ba dirang ka ba le 12 000 mo jaanong palo ya bona e balelwang mo go ba le dimilione di le 10.64 mo lephateng la ditiro tsa semmuso tseo e seng tsa temothuo mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2024. Dipalopalo tsa Kotara Nngwe le Nngwe tsa Dipalopalo tsa Batho ba ba Dirang le ba ba sa Direng di bontshitse dipalopalo tsa ditiro tse di tlhodilweng mo lephateng la kgwebisano, la ditirelo tsa dikgwebo, la dipalangwa mmogo le la motlakase. 
1.4.2    Le fa go nnile le tlhabologonyana e nnye, dipalopalo tsa batho ba ba nang le ditiro tsa letsatsi le letsatsi di santse di le kwa tlase go gaisa tsa ngwaga yo o fetileng. Kabinete e ikotlile sehuba go lwela go tlisa diphetogo mo ditheong, mmogo le go dira gore go nne le kgolo ya ikonomi e e tsepamisitseng mogopolo mo matsholong e leng selo se se tla dirang gore go nne le maemo a a siameng a go tla tlhomiwang ditiro ka ntlha ya ona.

2.    Tsiboso e e Botlhokwa e e ka ga Molao wa Phetogo ya Maemo a Loapi, Molao wa bo 22 wa ngwaga wa 2024
2.1    Kabinete e itumeletse tsiboso ya Molao wa Phetogo ya Maemo a Loapi wa ngwaga wa 2024 (Molao wa bo 22 wa 2024) eo e dirilweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Mosupologo wa la bo 17 Mopitlwe 2025, e leng selo se se kgontshang gore go nne le dipholisi tse di mosola tsa phetogo ya maemo a loapi mmogo le leano la paka e telele la go dira gore re nne le ikonomi le setšhaba se se sa kueletseng mesi.
2.2    Kabinete e neseditse pula gape le Badirisanimmogo ba Rona ba Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (IPG), e leng tirisano ya dinaga tse di akaretsang United Kingdom, Germany, France mmogo le Dinaga tsa EU, ba ba ithaopileng gore ba tla tswalela sekgala se se bulegileng golatela gore Amerika e ikgogele morago mo Letsholo la Dinaga tse di Dirisanang Mmogo go Tsenya Didirisiwa tsa Motlakase o o Fetlhiwang ka Ditsela tse Dintšhwa.
2.3    Maikano otlhe a a dirilweng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba a go ema nokeng Aforika Borwa ka matlole jaanong a fitlha mo go dibilione tsa diranta tsa Amerika di le12.8, e leng matlole a a akaretsang dibilione tsa diranta tsa Amerika di feta di le 9 go tswa kwa go IPG mmogo le a mangwe go tswa kwa Spain, Switzerland mmogo le Canada.

3.    Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba 
3.1    Botsalano jwa Naga ya Aforika Borwa le Japan
3.1.1    Kabinete e itumeletse tirisanommogo e e gagamaditsweng magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Japan go latela leeto le le amanang le tiro ya ga Motlatsamoporesitente Paul Mashatile fa a ne a etetse naga ya Japan go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 19 Mopitlwe 2025 mo maitlhomo e neng e le go gagamatsa botsalano jwa dinaga magareng ga Aforika Borwa le Japan mo dikarolong tse dinaga tseno di dirisanang mo go tsona.
3.1.2    Dipuisano di ne tsa tshwariwa le Setheo sa Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba sa Japan ga atlhaatlhiwa dikarolo tse go ka dirisanwang mmogo mo go tsona mo mererong ya ikonomi, ga buisanwa le Mokgatlho wa Merero ya Tlhabololo ya Ikonomi ya Aforika kwa Nageng ya Japan ka ditšhono tsa go gwebisana le dipeeletso mmogo le go kopana le Mokgatlho wa Lephata la Tlhokomelo ya Ditshipi le Motlakase wa Naga ya Japan mo go neng ga tšhotlhiwa kgang ya ditšhono tse di leng teng tse go ka beelediwang mo go tsona mo lekaleng la meepo.

4.    Boitekanelo 
4.1    Go Golewa kwa Morago ga Melawanataolo ya Molao wa Tlhagiso ya Dijo tse di Dirilweng ka Sejalo sa Patše le Motekwane 
4.1.1    Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa Lefapha la Boitekanelo tsa go golewa kwa morago ga Melawanataolo ya Molao wa Tlhagiso ya Dijo tse di Dirilweng ka Sejalo sa Patše le Motekwane o o neng o iletsa ditiragalo tsa go rekisa dijo tse di dirilweng ka sejalo sa patše le motekwane.
4.1.2    Le fa go dumelanwa gore go tlogela ditiragalo tsa go rekisa ditlhagisiwa tseno gore go diragale ntle le go latela molao ope go na le ditlamorago tse di sa itumediseng mo go nang le kgonagalo ya gore le bana ba ka iphitlhela ba jele dijo tseo, Melawanataolo eno pele e ka tsenngwa tirisong e tshwanetse go romelwa kwa baaging gore ba ntshe maikutlo a bona ka ga yona, gore go se iphitlhelwe melawanataolo eno e gatakaka Katlholo e e Rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo mmogo le go ganetsana le Molao wa Tetlelelo ya Batho go Dirisa Motekwane.
4.1.3    Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le samagane le tiro ya go dirisana le mafapha ka go farologana go Kwala Melawanataolo e e tla emang nokeng Molao wa Tetlelelo ya Batho go Dirisa Motekwane.

4.2    Bolwetse jwa Leruo (FMD)
4.2.1    Kabinete e beilwe mo dinakong ka dikgato tse di tserweng tsa go atolosa Dikgato tsa go Tlhoma Mafelo a go Runtseng Malwetse mo go Ona Leitlho le le Ntšhotšho (DMA) mo maitlhomo a go dira seno e leng go thibela go anama ga bolwetse jwa leruo. 
4.2.2    Mafelo ano a akaretsa a a leng mo dimasepaleng tse di latelang: Big Five Hlabisa; Mtubatuba; Nongoma; Ulundi; Umhlabuyalingana; Jozini; Pongola; Abaqulusi; Mfolozi; uMhlathuze; Mthonjaneni; Nqutu; Nkandla; uMlalazi mmogo le Mandeni.
4.2.3    Ga go phologolo epe ya tlhakwana (kgomo, nku le podi), ditlhagisiwa tse di tswang mo go tsona kgotsa karolo epe ya sele ya diphologolo tseno e e letleletsweng go ka tsena kgotsa go tswa mo mafelong ano ntle le fa e le gore ngaka ya maokelo a diphologolo a puso e rebotse phomete e e letlelelang seno go diragala.

5.    Phimolokeledi, Thibelo ya Botlhokotsebe le Pabalesego 
5.1    Thibelo ya Botlhokotsebe 
5.1.1    Kabinete e neseditse pula tiro e e dirilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mo letsholong la bona la Operation Shanela le le diragaditsweng go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 23 Mopitlwe 2025 mo go golegilweng babelaelwa ba le 12 892. 
5.1.2    Mo palong eno go na le babelaelwa ba ba neng ba batliwa ka patla le jase ba le 1 753 jaaka ba amega mo ditiragalong tsa botlhokotsebe jo bo setlhogo jo bo jaaka polao, maiteko a polao, petelelo, kgothoso ya mafelo a dikgwebo le malapa. Mo godimo ga bao, ba le 1 794 ke babelaelwa ba ba amegang mo ditiragalong tsa go gobatsa batho ba bangwe, mme ba le 203 ke bao ba gwebang ka diritibatsi. Babelaelwa ba bangwe gape ba le 1 507 ba tshwaretswe gore ba fitlhetswe ba tshotse diritibatsi mo go bona fa babelaelwa ba bangwe gape ba le 115 ba tshwaretswe gore ba fitlhetswe ba tshotse ditlhobolo tse di seng mo molaong.

5.2    Go Tswelela ka Matsholo a Tshedimosetso ya Maaka le ya go Latlhetsa Setšhaba 
5.2.1    Kabinete e tshwenngwa ke ditiragalo tse di tsweletseng tsa go tswelela ka matsholo a tshedimosetso ya maaka le ya go latlhetsa setšhaba a a diriwang ke setheo sa Solidaritiet mmogo le sa AfriForum mmogo le bao ba dirisanang mmogo le ditheo tseno, mme ka ntlha ya seno ditheo tse di disang tiragatso ya molao di samagane le go dira ditpatlisiso tsa go bona fa e le gore ditheo tseno go sengwe seo se di dirileng go gatakaka melao ya naga ya Aforika Borwa.
5.2.2    Mo maitekong a go thibela gore maaka ano a se tlhole a phasaladiwa, mapodisi a Aforika Borwa a ne a rwala maoto go ikopanya le ba setheo sa AfriForum go ba bontsha gore ga go batho ba ba sweu ba ba bolawang ekete ke ditshenekegi mo ntlheng ya dipolao tsa balemirui. 
5.2.3    Mo kopanong eno AfriForum e dumelane le ntlha ya gore dipalopalo tse di rebotsweng ke Tona ya Sepodisi ke nnete e e senang tshutiso, mmogo le tsona tsa dipolao balemirui.
5.2.4    Mang le mang o a itse gore tse dingwe tsa ditiragalo tsa dipolao tsa balemirui di tlhodiwa ke batho bao batswasetlhabelo ba ba itseng mme bona ba akaretsa le balosika.
5.2.5    Kabinete e bile gape e a itse gore ke maaka a matala gore go na le balemirui ba ka dira 72 000 ba batho ba basweu ba ba saenetseng gore le bona ba batla go fudugela kwa nageng ya Amerika go latela gore ba lalediwe ke Moporesitente wa Amerika. 
5.2.6    Go ya ka tshedimosetso e e tshwerweng ke setheo sa AgriSA, Lefapha la Temothuo mmogo le StatsSA, naga ya Aforika Borwa e na le balemirui ba bagwebi ba le 41 000.

5.3    Go Lwantshana le Bonweenwee
5.3.1    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go thankgololwa ga Foramo ya go Lwantshana le Bonweenwee ka go Tlhokomela Melelwane ka la bo 25 Mopitlwe 2025, jaaka e le karolo ya maiteko a go thibela bonweenwee mo lephateng la go tlhokomela le go disa metsamao mo melelwaneng.

B.    Go Baya Kabinete mo Dinakong
1.1.    Dikopano tsa go Ipaakanyetsa Samiti ya Dinaga di le Someamabedi (G20)
1.1.1.    Naga ya Aforika Borwa e tsweletse go tshwara metseletsele ya dikopano tsa maemo a a kwa godimo tsa G20 mo go ipaakanyetseng go tshwara Samiti ya G20 ka Ngwanaitseele 2025. Dikopano tse di fetileng di tshwerwe go ya ka tatelano eno: 
1.1.2.    Kopano ya Ntlha ya Setlhopha sa Tiro sa G20 sa Merero ya Kgwebisano le Dipeeletso e ne e tshwerwe go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Mopitlwe 2025 mme mo go yona go tšhotlhilwe kgang ya go tlhoma diikonomi tse botlhe ba nang le seabe mo go tsona, dilo tse re atlegileng mo go tsona le tseo re reteletsweng mo go tsona mo o gwebisaneng re le mefuta ya dinaga mo pakeng ya dingwaga di le 30 tse di fetileng. Go ne gape ga tšhotlhiwa le kgang ya go gwebisana le go gola mmogo, mogopolo o o nang le maikarabelo o o ka ga ditsela tseo go ka gwebisanwang ka tsona, go dira gore re nne le diintaseteri tse di dirisang motlakase o o sa kgotlheleng tikologo mmogo le go fetola Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshwe (WTO).
1.1.3.    Puisano le Setšhaba ka ntlha ya Setlhopha sa Tiro sa G20 sa Merero ya Temothuo mmogo le Kopano ya Baitseanape ba Bagolo mo Lephateng la Temothuo di ne di tshwaretswe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano ka la bo 18 Mopitlwe 2025 mme go ne ga tšhotlhwa kgang ya tlhokomelo ya temothuo, go tla ka maano a mantšhwa le go dira gore e tsetsepele. 
1.1.4.     Setlhopha sa Tiro sa G20 sa Merero ya Ditheo tsa Matlole a Dinaga tsa Boditšhabatšhaba se tshwaretse kopano ya sona mo Pretoria ka la bo 18 Mopitlwe 2025 mo go neng ga tšhotlhiwa mathata a a bakiwang ke dikoloto tsa kontinente ya Aforika. 
1.1.5.    Naga ya Aforika Borwa ka la bo 20 Mopitlwe 2025 e ne ya tshwara le kopano ya go ipaakanyetsa Samiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika ya Ngwaga wa 2025 ya Dipeeletso mo Matsholong a Metsi e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka Phatwe 2025. 
1.1.6.    Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Tlhokomelo ya Tikologo (ECSWG) se tshwere kopano ya sona ka la bo 25 Mopitlwe 2025 mme sa tšhotlha kgang e e ka ga dintlha tse di botlhokwa mo tikologong le dikgato tse di botlhokwa tse di tshwanetsweng go tsewa ka lepotlapotla go samagana le phetogo ya maemo a loapi. 
1.1.7.    Kopano ya bobedi ya Setlhopha sa Tiro sa G20 sa Merero ya Tlhokomelo ya Boitekanelo e tsweletse mme e tla garelwa ka la bo 28 Mopitlwe 2025. Mo kopanong eno go tšhotlhiwa kgang e e ka ga dikgato tse di ka dirisiwang go dira bonnete jwa gore batho botlho ka go lekalekana ba tlamelwa ka ditirelo tsa boitekanelo ka go tshwana.
1.1.8.    Setlhopha sa Phetagatso ya Tiro sa G20 sa Merero ya Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho(AI) se tla tshwarela kopano ya sona kwa Gqeberha go tloga ka la bo 7 go fitlha ka la bo 11 Moranang 2025 mo go tla tšhotlhiwang kgang e e ka ga go fetola maemo a thekenoloji, mmogo le a go dira gore setšhaba se nne le seabe mo kgolong ya ikonomi. 
1.1.9.    Kabinete e amogetse gape le pegelo e e ka ga dikgato tse di setseng di dirilwe mo go somareleng Mafelo a Ngwaoboswa a Naga ya Aforika Borwa mo Lefatsheng go ya ka maemo a go tshwanetsweng go itepatepanya le ona a G20 mme pegelo eno e balelelwa jaaka e nngwe ya dikgato tsa go ipaakanyetsa kopano ya G20. Kabinete e nopotse gore mo Mafelong otlhe a le 12 a Ngwaoboswa a Naga ya Aforika Borwa mo Lefatsheng, a le supa a siametse go ka amogela baeng ba G20, mme a santse a tlhoka go tshwarwatshwarwa go se nenenyana fela gore baeng ba nne le megopolo e e itumedisang ka ga ona.

1.2.    Samiti ya Borobedi ya Naga ya Aforika Borwa le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa (EU)
1.2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gagamatsa maano a tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le EU mo Samiting ya Borobedi ya Naga ya Aforika Borwa le EU e e neng e tshwaretswe mo nageng ya Aforika Borwa ka la bo 13 Mopitlwe 2025. 
1.2.2.    EU e boeleditse kemonokeng ya yona mo Boporesitenteng jwa G20 jwa Aforika Borwa mmogo le gore G20 e botlhokwa thata mo go gagamatseng tirisanommogo le dinaga tsa boditšhabatšhaba mo mererong ya ikonomi. 
1.2.3.    EU e tlhalositse gape le gore e tla tlhagisa Mokotla wa Dipeeletso tsa go Bula Ditsela o o kanaka dibilione tsa diranta di le R93,5 o o tla dirisediwang go ema nokeng ka dipeeletso diporojeke tse di beeletsang mo phetogong ya motlakase o o sa kgotlheleng tikologo, mo mafaratlhatlheng a thekenoloji le a mafelo a go golaganya mafaratlhatlha mmogo le mo dikgwebong tsa intaseteri ya go dira melemo ya ka fa nageng.

2.    Pegelo ya kgatelopele e e dirilweng mo go direng gore mabentlele a a potlana a di-spaza mmogo le mafelo a mangwe a a rekisang dijo a kgone go ikwadisa semmuso mmogo le dikgato tse di dirilweng go thibela malwetse a a neng a tlhodilwe ke dijo 
2.1.    Kabinete e rometswe pegelo ya kgatelopele e e dirilweng mo go direng gore mabentlele a a potlana a di-spaza mmogo le mafelo a mangwe a a rekisang dijo a kgone go ikwadisa semmuso mmogo le go bewa mo dinakong ka dikgato tse di dirilweng go thibela malwetse a a neng a tlhodilwe ke dijo. 
2.2.    Paka ya go dira dikopo tsa go kwadisa mabentlele a di-spaza jaanong e tswaletswe mme bao ba batlang go bula dikgwebo tse dintšhwa tsa mothale ono ke bona fela ba ba tla direlwang.

3.    Go Fetolela Dikarata tsa Megolo ya Puso ya go Thusa Setšhaba ka go Emisa go Dira ga tsa Setheo sa Aforika Borwa sa Tlhokomelo ya Setšhaba (SASSA) ka go ba Rebolela tsa Postbank 
3.1.    Kabinete e amogetse tshedimosetso e e e bayang mo dinakong ka ga kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go emiseng dikarata tsa SASSA mme mo legatong la tsona go tsenngwa dikarata tse di femelesegileng tsa Postbank. 
3.2.    Letlha la bofelo la gore bao ba golang megolo ya SASSA gore ba buse dikarata tseo mme ba tle go neelwa dikarata tsa Postbank le buseditswe kwa morago lekgetlo le lengwe gape go fitlha ka la bo 30 Moranang 2025 e leng nako e e lekaneng e e tla kgontshang Lefapha la Thuso ya Baagi gore le kgone go garela thulaganyo ya go ntsha batho bao ba golang megolo ya puso ya go thusa setšhaba ba ba saletseng mo thulaganyong ya kgale.

C.    Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Kgato ya Bobedi ya Operation Vulindlela 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dintlha tse go tshwanetsweng go tsepamisiwa megopolo mo go tsona tse di mabapi le Operation Vulindlela, e leng letsholo le le tshwaraganetsweng ke Kantoro ya Moporesitente mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba mo maitlhomo e leng go tlisa phetogo ya dithulaganyo.
1.2.    Dintlha tse go tsepamisitsweng megopolo mo go tsona di tsenyeletsa go garela tiro e e saletseng kwa morago mo Kgatong ya Ntlha mo maphateng a Motlakase, Metsi, di-Visa le mo lephateng la Phetolo ya Dijanaga tse di Rwalang Dithoto mmogo le mo ntlheng e ntšhwa e go tshwanetsweng go tsepamisiwa mogopolo mo go yona e e mabapi le Puso ya Dimasepala, merero ya mafelo a bodulo a a sa lekalekaneng go ya ka semorafe mmogo le diphetogo mo didirisiweng tsa thekenoloji.
1.3.    Kabinete e laetse gore Operation Vulindlela, mo puisanong le mafapha a a matshwanedi, e samagane le go atlhaatlha ntlha ya go tla ka ditsela tse dingwe gape tse go ka tsepamisiwang mogopolo mo go tsona mo go tsosoloseng diintaseteri le mafelo, ka maitlhomo a go bulela kago ya mafaratlhatlha, mmogo le go bulela ditšhono tsa lekala la gase le leokwane mmogo le tsa go tsomana le metswedi ya dimenerale e e tswang ka fa tlase ga lefatshe.
1.4.    Kabinete e nopotse gore naga ya Aforika Borwa ke naga ya borobedi e e nang le ntletsentletse ya dimenerale tsa gase mme gape dithabathaba tsa gase tseno di tlhoka gore naga e tlhome dithulaganyo tsa go itirela letseno ka gase eo. 
1.5.    Kabinete e tla tshwara gape le kopano e e itlhophileng go tsepamisa mogopolo mo ntlheng ya Leano la go Godisa Ikonomi mo pakeng ya dibeke di le nne tse di tla latelang.

2.    Pholisi ya Tlhokomelo ya Boleng jwa Metsi a a Kopanetsweng a Naga 
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Pholisi ya Tlhokomelo ya Boleng jwa Metsi a a Kopanetsweng a Naga. Maitlhomo a pholisi eno ke go mekamekana le dikgwetlho tsa boleng jwa metsi jaaka di sa bolo go nopolwa mo Sekwalweng sa Masupatsela sa 1997 se se ka ga Pholisi ya Metsi a Naga ya Aforika Borwa mmogo le mo Molaong wa Metsi a Naga. 
2.2.    Pholisi eno e tlhagisa dintlha tse di botlhokwa tse e tla nnang tsona tse tlhokomelo ya boleng jwa metsi e tla ikakatlelang ka tsona. E rulaganya ka tolamo melao yotlhe e e tsamaisanang le merero ya metsi mmogo le maikano a naga eno mo maitlhomong a yona a go obamela dithulaganyo tsa go somarela metsi jaaka e le sedirisiwa se se tlhokagalang.

3.    Leano la Konokono la Merero ya Motlakase mo Nageng ya Aforika Borwa (SAREM)
3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Leano la Konokono la Merero ya Motlakase mo Nageng ya Aforika Borwa. 
3.2.    Maitlhomo a leano leno ke go tobana le tlhokagalo e e golelang kwa pele ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le didirisiwa tsa thekenoloji tsa polokelo ya motlakase e leng seo se tla godisang diintaseteri le go itlhagisetsa motlakase ka fa nageng. 
3.3.    Leano leno le tsepamisitse mogopolo mo motlakaseng o o fetlhiwang ka letsatsi le le l fetlhiwang ka phefo, motlakase o o bolokelwang mo didirisiweng tsa thekenoloji tsa dibetering tsa litiamo ya ayone mmogo le mo dibetering tsa fanadiamo mme ka jalo maitlhomo a leano leno ke go tsamaisana le dinako. 
3.4.    Kabinete e laetse gore go samaganwe le tiro e e latelang mo Leanong la Konokono leno:
3.4.1.    Babeeletsi ba merokotso ba tshwanetse go tlamela ka matlole thulaganyo ya go tlhatlhelela batlamedi ba motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, 
3.4.2.    Go tshwanetswe go tseelwe tlhogong dikgato tsa go tlhagisa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologogore re kgone go fitlhelela maikano a rona a boditšhabatšhaba a go fitlhelela diphesente di le tlhano mo kgotlhelong ya tikologo ka mesi ka ntlha ya leokwane le le dirisiwang mo mererong e e farologaneng mo difofaneng le mo dikepeng fa ngwaga wa 2030 o goroga.

4.    Leano la Puso le le ka ga Phetogo ya Thekenoloji 
4.1.    Kabinete e neseditse pula Leano la Puso le le ka ga Phetogo ya Thekenoloji leo maitlhomo a lona e leng go rotloetsa tiriso ya thekenoloji go godisa kabo ya ditirelo tsa puso mmogo le go dira gore puso e dire tiro ya yona ka manontlhotlho. Dintlha tse go samaganwang le tsona di akaretsa: tirisano ya mafapha, dithulaganyo tse di sa tlholeng di le mosola, maikarabelo a a sa tshwarwang ke lefapha le le esi la puso mmogo le tlhaelo ya bokgoni mo pusong.
4.2.     E tlhamilwe ka tsela eo e tla kgontshang gore re nne le didirisiwa tsa thekenoloji tsa puso tse di kgonang go abelana ka ditirelo sentle ka ntlha ya fa e tlhaloganya gore setšhaba sa yona se tlhoka eng, segolobogolo batho ba ba senang ditlogo, ka go dira bonnete jwa gore ba tlamelwa ka ditirelo tse di tswileng diatla le tse di mosola.

D.    Melaotlhomo
1.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi (NWRIA) 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi. Dintlha tse di kwalolotsweng sešwa tseno maitlhomo a tsona ke go dira gore Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi se kwadisiwe go ya ka Sekejule sa Bobedi jaaka setlamo sa kgwebo ya puso.

E.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Fhululani Peter Netshipale o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo (DDG) wa Lefapha la Thuso ya Setšhaba.
2.    Ditokololo tsa Lekgotla la Aforika Borwa le le Samaganang le Merero ya go Thibela go Anama ga Dibetsa tsa go Ripitla Setšhaba: 
(a)     Mme Ditebogo Kgomo (Monnasetulo);
(b)     Ngaka Kelvin Kemm; 
(c)     Ngaka Alison Lubisi;
(d)     Rre Gian Marcon ;
(e)     Mme Kgaugelo Mogashoa;
(f)     Mme Elsie Monale; 
(g)     Rre Sandile Ndlovu;
(h)     Mme Deidre Penfold;
(i)     Mme Lizell Reinecke; 
(j)     Moporofesara Bismark M Tyobeka; mmogo le 
(k)     Ngaka Jaqueline Weyer.

3.    Ditokololo tsa Setlamo sa Puso sa Merero ya Dikgwa sa Aforika Borwa: 
(a)    Moporofesara Edward Nesamvuni (Monnasetulo)
(b)    Rre Neeshan Balton (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape)
(c)    Mme Lahlane Malema (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape)
(d)    Rre Norman Baloyi;
(e)    Rre Leo Long;
(f)    Rre Ndyebo Grootboom;
(g)    Moatefokate Nomazotsho Yvonne Memani;
(h)    Rre Zwintayo Madula;
(i)    Mme Sharon Mkhize; mmogo le 
(j)    Mme Ntombifuthi Nkosi.

F.    Ditiragalo tse di Tlang
1.1.    Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB) 
1.1.1.    Naga ya Aforika Borwa mo malobanyaneng ka la bo 24 Mopitlwe 2025 e ne e keteka Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB) ka molaetsamogolo yo o reng “Go jalo! Nna le Wena Re Ka Fedisa TB: Go Tlhoka Fela Maikemisetso, Dipeeletso le go Phethagatsa Dikgato”. 
1.1.2.    Kabinete e itumeletse gore Aforika Borwa e kgonne go fokotsa bolwetse jwa TB ka diphesente di le 57 mo ngwageng wa 2023 gore e kgone go fitlhelela Dipeelo tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) tsa go fokotsa TB ka halofo ya diphesente mo pakeng ya go tloga ka 2015 go fitlha ka 2025. Letsholo la naga ya rona le legolo la melemo ya go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng le lona le nnile mosola mo go fokotseng TB, mo go e phekoleng le mo go fokotseng dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang.
1.1.3.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go leba kwa maokelong a bona go tlhatlhobiwa gore ba ka tswa ba na le bolwetse jwa TB kgotsa jang mme ga go tuelo epe e ba tla e duedisiwang.

2.    Kopano ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe e e tla Tshwarwang go Tloga ka la bo 27 go Fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025
2.1.    Kopano ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe ya ngwaga wa 2025 e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025 e e tla tshwarelwang kwa Gallagher Estate ka molaetsamogolo yo o reng: “Tshomarelo ya Metsi le Tlamelo ya Setšhaba ka Ona.” 
2.2.    Kopano eno e tla atolosa maikano a a dirilweng mo Leanong la Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP) go tloga ka ngwaga wa 2025 go fitlha ka wa 2029 mmogo le ao a leng mo go Operation Vulindlela 2.0 jaaka e le karolo ya leano la go fetola maemo a lephata la metsi mo Tsamaisong ya Puso ya Bosupa.
2.3.    Kopano eno e tla bapisa kgatelopele e e dirilweng mo Leanong la go Tsaya Dikgato la Samiti ya Merero ya Metsi mo Ngwageng wa 2024 mme la sekaseka dipegelo tsotlhe tsa Sedimonthole 2023 tse di ka ga Thoro ya Metsi a a Phepa, a a Leswe le go Thibela Tshenyo ya Metsi.

3.    Kopano ya Basadi mo Mererong ya Ikonomi (WECONA)
3.1.     Kopano ya Basadi mo Mererong ya Ikonomi, e e lwelang gore basadi ba neelwe ditšhono mo mererong e megolo ya ikonomi go tshwana fela le batho ba bangwe go thibela leru la tirisodikgoka le dipola mo basading (GBVF), e tla tshwarwa ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
3.2.    Kopano eno ya setšhaba e tla kopanya ditlamo, mafapha a puso, mekgatlho le batho botlhe go tla ka leano leo le tla amogelwang go dirisiwa mo go direng gore le dikgwebo tsa basadi di kgone go nna le seabe mo ikonoming.

4.    Kgwedi ya go Keteka Kgololesego 
4.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya go Keteka Kgololesego ka Moranang mmogo le Letsatsi la go Keteka Kgololesego ka la bo 27 Moranang 2025. 
4.2.    Kgwedi ya Kgololesego mmogo le Letsatsi la Kgololesego ke ditiragalo tse dikgolo thata tse setšhaba sa rona se tshwanetseng go di keteka, jaaka e le nako e naga ya rona e ipontshang gore ke naga ya Aforika Borwa e e tshwaraganeng, e e sa tlhaololeng go ya ka semorafe, e e se nang ditiragalo tsa go nyatsa batho ba bong jo bongwe, mme ke naga e e ikaegileng ka go tlotla molao jaaka Molaotheo o tlhalosa. 
4.3.    Moletlo wa monongwaga wa go keteka Letsatsi la Kgololesego o tla tshwarelwa kwa porofenseng ya Mpumalanga e bile o tla tswalela gape le mekete ya go keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi.

5.    Samiti ya Merero e e ka ga Bana ba Aforika (ACS) e e tla Tshwarwang go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 7 Moranang 2025
5.1.    Mo nageng ya Aforika Borwa go tla tshwarelwa Samiti ya Merero e e ka ga Bana ba Aforika kwa Johannesburg go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 7 Moranang 2025. 
5.2.    Naga ya Aforika Borwa e tlhophilwe gore e nne yona a go tla tshwarelwang samiti eno mo go yona, mme kopano eno e tla gogwa kwa pele ke Mokgatlho wa Setšhaba wa Nelson Mandela Children’s Fund.
5.3.    Batsayakarolo mo kopanong eno go tswa kwa dinageng ka go farologana mo kontinenteng ba tla phuthagana mo khonferenseng eno ya merero ya bana go tšhotlha kgang ya bana le bakwadi ba dipholisi.

6.    Khonferense ya bo 17 e e Tshwarwang Gabedi ka Ngwaga ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baatlhodi ba Dikgotlatshekelo ba Basadi (IAWJ)
6.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Khonferense ya bo 17 e e Tshwarwang Gabedi ka Ngwaga ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baatlhodi ba Dikgotlatshekelo ba Basadi mme yona e tla tshwarelwa kwa Motsekapa go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 12 Moranang 2025 ka molaetsamogolo yo o reng: “Bogatlhamelamasisi: Basadi ba e Tshwara kwa Bogaleng go Phutlhamisa GBVF”.
6.2.    Khonferense eno, e e tla etelelwang kwa pele ke Lephata la Naga ya Aforika Borwa la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baatlhodi ba Dikgotlatshekelo ba Basadi, e tla kopanya baatlhodi le batlhankedi ba molao go tswa kwa dikhuntlhong nne tsotlhe tsa lefatshe. Go tla atlhaatlhiwa mekgwa e e ka dirisiwang go fedisa GBVF ka go sola mosola ditshwanelo tsa basadi mmogo le boeteledipele jwa bona. Mo khonferense batlhankedi ba ba tumileng mo lephateng la molao ba ba jaaka Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo Mme Mandisa Maya ba tla ema khonferense eno ka lefoko.

7.    Leeto la Semmuso la Moporesitente go Etela Teropokgolo ya Nelson Mandela Bay 
7.1.    Moporesitente Ramaphosa o tla tsena mo Leetong la Semmuso la Moporesitente go Etela Teropokgolo ya Nelson Mandela Bay kwa Gqeberha go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Moranang 2025 go atlhaatlha kgatelopele e e dirilweng mo kabong ya ditirelo, mo go rarabololeng dikgwetlho tse di nopotsweng mmogo le ditšhono tse di sotsweng mosola go dira gore botlhe ba nne le seabe mo go godiseng ikonomi. 
7.2.    Leeto la Semmuso la Moporesitente le tla bo le tsenetswe ke baeteledipele go tswa mo maphateng otlhe a puso a le mararo mme ebile seno se naya puso tšhono ya go buisana le baagi.

8.    Samiti ya Aforika ya Merero ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo e tla Tshwarwa go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2025
8.1.    Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara kolobetso ya Samiti ya Aforika ya Merero ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2025. 
8.2.    Maitlhomo a Samiti ya Aforika ya Merero ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo ke go tlhotlheletsa gore go nne le tirisanommogo, go abelanwe didirisiwa tsa thekenoloji, go tlhatlhelela badiredi mmogo le go bulela dimaraka mo lekaleng la leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.

G.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
1.1.    Motlotlegi, Moporesitente Netumbo Nandi-Ndaitwah mo go tlhomiweng mo setulong sa go nna Moporesitente wa naga ya Namibia. Ke Moporesitente wa mosadi wa ntlha mo nageng ya gagwe go tlhopha Motlatsamoporesitente wa ntlha wa mosadi, e bong Motlotlegi, Motlatsamoporesitente Lucia Witbooi mmogo le go nna le Kabinete e e tshwerweng ke basadi ka bontsi. 
1.2.    Setlhopha sa Aforika Borwa jaaka se dirile bontle mo Metshamekong ya Lefatshe ya ngwaga wa 2025 ya Diolimphiki tsa Mariga tsa Boramabelo ba ba Golofetseng kwa nageng ya Italy mmogo le Metshameko ya Lefatshe ya Diatlelete e e Tshamekelwang mo Teng ga Ntlolehalahala kwa China. 
1.2.1.     Kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Diolimphiki tsa Mariga tsa Boramabelo ba ba Golofetseng, naga ya Aforika Borwa e fentse metale o le mongwe wa gauta, tsa selefera di le tharo mmogo le di le pedi tsa poronse:
a)    Naledi Hlalele o fentse metale wa gauta mo metshamekong ya go Retšhelela ka Disekeiti;
b)    Bianca Basson mmogo le Kenneth Mokabo o fentse metale wa selefera mo metshamekong ya go Retšhelela ka Disekeiti;
c)    Shane Bentley o fentse metale wa selefera mo Metshamekong ya Mabelo a Makhutshwane a go Retšhelela ka Disekeiti; 
d)    Tyrell Sykes o fentse metale wa poronse mo Metshamekong ya go Retšhelela ka Disekeiti; mmogo le 
e)    Shirnel Swarts o fentse metale wa poronse mo Metshamekong ya Mabelo a Makhutshwane a go Retšhelela ka Disekeiti.

1.2.2.    Setlhopha sa Aforika Borwa sa Metshameko ya Lefatshe ya Diatlelete e e Tshamekelwang mo Teng ga Ntlolehalahala kwa China, jaaka se fentse mo metshamekong e e latelang: 
a)    Prudence Sekgodiso o dirile dikgakgamatso mo phenyong ya gagwe ya go nna mosadi wa ntlha wa moAforika Borwa go fenya metale wa gauta mo lebelong la dimitara di le 800 la Metshameko ya Lefatshe ya Diatlelete e e Tshamekelwang mo Teng ga Ntlolehalahala.
b)    Akani Simbine jaaka a fentse metale wa poronse mo lebelong la dimitara di le 60 mo Metshamekong ya Lefatshe ya Diatlelete e e Tshamekelwang mo Teng ga Ntlolehalahala.
c)    Cheswill Johnson o dirile bontle thata mo lebelong la go tlola go itatlhela mo motlhabeng mo motshamekong wa banna fa Chris van Niekerk ene a dirile bontle mo motshamekong wa go konopa tshipi e e potokaneng.
1.3.    Mošwa wa Lebelo la go tlola matšato Bayanda Walaza, yo a fentseng melelwane e le 10, mo a tsereng maemo a botlhano a boramabelo ba bannye mo lebelong la dimitara di le 100 mmogo le go fenya metshameko ya mabelo ya maAforika Borwa a a leng ka fa tlase ga dingwaga di le 20 o garetse lebelo la gagwe ka disekone di le 9.99 gore a kgone go fenya metale wa gauta kwa Metshamekong ya Dikgaisano tsa Diatlelete kwa Kgaolong ya Bokone jwa Gauteng.
1.4.    Rassie Erasmus jaaka a neilwe tlotla ya go bediwa Mokatisi wa Ngwaga wa 2024 kwa Dikabong tsa Metshameko ya Rakabi tsa Naga ya Aforika Borwa.t the SA Rugby Awards.
1.5.    Motshameki wa Setlhopha sa Naga sa di-Springbok Cheslin Kolbe go bo e le motshameki wa kwa morago wa ntlha fa e sale go tloga ka 2013 go fenya Kabo ya 2024 ya Motshameki wa Ngwaga wa Metshameko ya Aforika Borwa ya Rakabi.
1.6.    Nadine Roos jaaka a bontshitswe tlotla ya go nna Motshameki wa Mosadi wa Ngwaga wa 2024 mo Metshamekong ya Rakabi ya Naga ya Aforika Borwa, jaaka a amogetse tlotla eno gabedi mo dingwageng di le tharo.
1.7.    Bafana Bafana jaaka ba nanogetse mo Setlhopheng sa C mo Metshamekong ya go Nna le Matshwanedi a go Tsenela Sejana sa Lefatshe sa FIFA mo Ngwageng wa 2026 jaaka se fentse ka dino tse pedi go lefela mo motshamekong wa bona le setlhopha sa naga ya Lesotho kwa Lebaleng la Metshameko le le neng le tletse ka barati ba kgwele ya dinao la Peter Mokaba.
1.8.    Seopedi sa moAforika Borwa Tyla Laura Seethal, yo a tumileng ka leina la Tyla, yo a neilweng leina la gore ke Modiragatsi wa Ngwaga yo a Dirileng Bontle mo Lefatsheng kwa Dikabong tsa Mmino tsa Seyalemowa sa iHeartRadio.

2.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

2.1.    Mme Yolanda Nyembezi, yo a tumileng ka gore ke Yallunder, yo a neng a na le bogoni jwa mefutafuta mo lephateng la mmino yo a neng a dira gore bareetsi ba reetse mmino wa gagwe ka tlhoafalo ka ntlha ya lentswe la gagwe le le molodi le lerato la gagwe la go diragatsa.
2.2.    Rre Ashwin Trikamjee, Moporesitente wa Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Hindu Maha Sabha yo gape e neng e le Monnasetulo wa Foramo ya naga ya Baeteledipele ba Merero ya Sedumedi. E ne e le Ramolao wa go Lwela Ditshwanelo tsa Batho. O nnile le seabe gape le mo go godiseng motshameko wa kgwele ya dinao ka fa nageng ya Aforika Borwa. Jaaka e ne e le Molweladitshwanelo tsa Batho Kgatlhanong le Puso ya Tlhaolele, o ne a eteletse kwa pele Karoloya kwa Durban ya Mokgatlho wa Kgaratlhelo ya Baagi ba Maintiya. 
2.3.    Baletamotse ba le barataro ba ba bolailweng mmogo le go eletsa pholo ya ka bonako go baletamotse ba bangwe ba le barataro ba ba phologileng ba ba santseng ba okiwa dikgobalo tse ba leng mo go tsona ka ntlha ya se se diragetseng kwa lefelong leo batho ba itshubileng mo go lona le le kwa Soshanguve la Marry Me. Bao ba tlhokafetseng ke Mpho Johannes Koko, Phelemon Seshoka, Katlego Motloutsi, Andries Moreteledi Tlhabane, Siliky Ngoeng, mme yo mongwe go santse go sa itsiwe gore ke mang. Batho ba le babedi ba go belaelwang ba na le letsogo mo botlhokotsebeng jono ba tshwerwe e bile ba iponagaditse kwa Kgotlatshekelo ka Laboraro wa la bo 26 Mopitlwe 2025. 
2.4.    Rre James O'Connell, mofofisi wa difofane yo sefofane sa gagwe sa Impala Mark 1 se sugaganeng fa a ne a diragatsa karolo ya gagwe kwa Tiragalong ya Difofane ya kwa Lebopong la Bophirima mo Lefelong la Difofane la kwa Saldanha kwa Kapa Bophirima.

Dipotsolotso: 
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore