A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1. Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya Ngwaga wa 2025
1.1.1. Kabinete e itumeletse Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya Ngwaga wa 2025 e e lekang go lekanyetsa leano la go tsamaisa tiro ya matlole la Aforika Borwa, gore ka fa letlhakoreng le lengwe e kgone go tlamela ka matlole ditiro tsa Tsamaiso ya Puso ya Bosupa, tse Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa a di umakileng mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA), fa ka fo le lengwe e leka go samagana le go fokotsa boima jo batho ba ba humanegileng le ba ba sa itsholelang go le kalo ba leng mo go bona.
1.1.2. Go tlamela tiro ya go aga mafaratlhatlha ka matlole a le kanaka tirilione o le mongwe mo pakeng ya Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF), go agiwa ga mafaratlhatlha a mangwe a tlaleletso ka dithulaganyo tsa go ema nokeng dikoloto mmogo le go tsenya tirisong dithendara di le dintsinyana ka go di tsenya mo Lenaneong la Tekanyetsokabo ya mafaratlhatlha e leng sesupo se se bontshang maikemisetso a go godisa ikonomi ka go e godisa ka matsholo a magolo a go aga mafaratlhatlha fa ka fa letlhakoreng le lengwe a thusa go tokafatsa kabo ya ditirelo.
1.1.3. Dithulaganyo tse di tlhomilweng go kgontsha lephata la poraefete go nna le seabe, jaaka di adilwe mo Puong ya Tekanyetsokabo – e leng karolo ya letsholo la Operation Vulindlela le le tlisang diphetogo mo lephateng la motlakase, dipalangwa le lekala la dijanaga tse di rwalang dithoto – di bontsha maikemisetso a puso a go dira bonnete jwa gore makala a poraefete a kgona go beeletsa ka botlalo mmogo le go dira gore botlhe ba nne le seabe mo go godiseng ikonomi
1.1.4. Le fa tota re dumela gore go tlhatlosiwa ga phesente ya tuelo ya lekgetho go tla nna le seabe se se sa jeseng diwelang, Puo ya Tekanyetsokabo e adile dikgato tse di jaaka tseno tse di tla dirisiwang go fokotsa bogale jwa tlhatloso eno:
1.1.4.1. Lekgetho la leokwane le ka se tlhatlosiwe
1.1.4.2. Megolo ya puso ya go thusa setšhaba ya batsofe le bagolofadi e tla tlhatlosiwa ka phesente ya go fokotsa bogale jwa maemo a a fetogetseng ruri a ditlhwatlhwa mo ikonoming e leng madi a le kanaka R130 mme seno se tla dira gore mo ngwageng wa 2025 ba amogele madi a a kanaka R2 315.
1.1.4.3. Tlamelo ka matlole a mantsi mo Setheong sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA) go dira gore dipalangwa tsa diterene di tlhabologe go tla thusa matlole a a dirisiwang ka fa lapeng fa go tla mo go dueleleng dipalangwa.
1.1.5. Se se botlhokwa se se tshwanetsweng ke go tlhaloganngwa ke gore, tlhatloso ya tuelelo ya lekgetho e tlile go thusa naga thata ka go e tlamela ka matlole a gore e kgone go tswelela ka tiro ya yona, ka go kgona go tswelela go duelela megolo ya barutabana ba le 11 000 mo dikolong, megolo ya badiredi ba maokelo ba le 9 300, megolo ya dingaka di le 800 tse e leng gona di garela dithuto tsa bona tse di thusang kwa maokelong a a leng mo ditšhabeng tsa rona mmogo le go dira gore bana ba ba nang le dingwaga di le nne ba le 700 000 ba kgone go tsena dikolo tsa bomapimpana (ECD), e leng dikolo tse di botlhokwa thata gore di kgone go ba baakanyetsa go ya sekolong.
1.2. Kgolo ya Ikonomi
1.2.1. Tlhatlogo ya Palogotlhe ya Letseno la Ditlhagisiwa Tsotlhe tsa ka fa Nageng (GDP) ka diphesente di le 0.6% mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2024 e bontsha gore maphata otlhe jaanong a simolola go itharabologelwa, mme re bona kgolo eno mo kotareng e e fetileng ya monongwaga mo kgolong e nnileng teng mp lephateng la temothuo, la matlole, la kgwebisano le la ditirelo tsa go thusa kwa malapeng a batho.
1.2.2. Intaseteri ya temothuo e itharabologetswe ka diphesente di le 17,2%, e leng se se dirileng gore GDP e tlhatloge ka dipoente tsa diphesente di le 0,4. Dikgwebo tsa ditirelo tsa matlole, tsa ditirelo tsa go rekisa dintlo le meago mmogo le tsa intaseteri ya ditirelo tsa dikgwebo di setse di gola lekgetlho la bo robedi ka dikotara tse di tlhomaganeng, mme dikgwebo tsa ditirelo tsa matlole, tsa ditirelo tsa go rekisa dintlo le meago mmogo le tsa intaseteri ya ditirelo tsa dikgwebo ke tsona tse di tsentshang letsogo thata mo go godiseng ikonomi.
1.2.3. Kabinete e na le tshepo ya gore go oketsa tsepamiso ya mogopolo le lebelo mo go fetoleng maemo a ikonomi, mo go fetoleng kabo ya ditirelo le dithata tsa puso, mmogo le mo go oketseng seabe se makala a poraefete a nang le sona mo go nneng le seabe mo go godiseng ikonomi, tseno tsotlhe di tla dira gore re nne le kgolo ya ikonomi e kgolo mo ngwageng wa 2025 le mo dingwageng tse di tla latelang ono.
1.3. Depeeletso
1.3.1. Kabinete e itumedisitswe ke tsiboso ya setlamo sa Microsoft South Africa mabapi le go beeletsa dibilione tsa diranta di le 5.4 mo go tsenyeng ka fa nageng mafaratlhatlha a Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho(AI).
1.3.2. Setlamo seno se tsibositse gape le gore se tsaya karolo mo go tlhagiseng dithuto tsa thekenoloji ka fa nageng ya Aforika Borwa jaaka se duelela dithuto tsa batho ba le 50 000 ba ba ithutelang dithuto tsa lekwalo la setegeniki le le tlhokagalang mo lephateng la thekenoloji.
1.3.3. Mo go oketseng dipeeletso ka fa nageng ya rona, setlamo sa naga ya India sa go aga dijanaga sa Mahindra se saenile Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) le Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) ya naga ya Aforika Borwa mme maitlhomo ke go sekaseka kgonagalo ya go ka tlhoma setlamo se se feletseng sa go aga dijanaga tsa bona ka fa nageng.
1.3.4. Kabinete e gakolotse maAforika Borwa otlhe gore ba na le maikarabelo a go bua ka leina la naga ya rona ka mafoko a a molotsana mo ditsebeng jaaka e le bona bao ba unngwelwang ke dipoelo tsa seno mo go direng gore naga e tshologelwe ke dipeeletso mo lefatsheng ka ntlha ya South Africa Incorporated (SA Inc.). Re tshwanetse go tswelela go ema ka lefoko le le esi mo go sireletseng dikgatlhegelo tsa naga, boipuso jwa yona le temokerasi ya molaotheo wa naga ya rona.
2. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
2.1. Maemo a Boporesitente a Aforika Borwa mo Mokgatlhong wa Dinaga di le Masomeamabedi (G20)
2.1.1. Ntle le go atlegeng mo go okameng Maemo a Boporesitente jwa G20, naga ya Aforika Borwa e kgonne gape le go tshwara ka katlego dikopano tse di latelang tsa ditlhopha tsa ditiro tse di farologaneng mmogo le dikopano tsa ditlhopha tsa phetagatso ya ditiro tse di farologaneng fa kgwedi ya Tlhakole a garela mmogo le mo kgweding eno:
2.1.1.1. Kopano ya G20 e e ka ga Setlhopha sa Tiro ya Dipatlisiso le Boitlhamedi (RIWG), e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Foreistata kwa Mangaung go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 25 Tlhakole 2025, mo go atlhaatlhilweng mekgwa e go ka solwang mosola dipatlisiso le boitlhamedi go rarabolola dikgwetlho tse lefatshe le tobaneng le tsona, mmogo le go tlhotlheletsa tiriso ya saense le thekenoloji. Mo kopanong eno go ne gape ga tšhotlhwa dintlha tse di botlhokwa tse go tla samaganwang le tsona mo tsamaong ya ngwaga, mme tsona ke tse di latelang:
(a) Ntlha ya bo 1: Go Bulela Boitlhamedi gore bo Tlisa Tlhabologo;
(b) Ntlha ya bo 2: Go Tlisa Tlhabololo e e Tsepameng ka go Dirisa Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo; mmogo le
(c) Ntlha ya bo 3: Go Tlisa Pharologano, Tekatekano, Tsenyeletso ya Batho Botlhe le Phitlhelesego mo Mererong ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi.
2.1.1.2. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro ya go Lwantshana le Bonweenwee (e e tshwaretsweng kwa Motsekapa, go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Mopitlwe 2025) mme yona e sekasekile dithulaganyo tse di ka dirisiwang go potlakisa dikgato tsa go tsenya tirisong melao ya go lwantshana le bonweenwee. Kopano eno e neile bao ba neng ba e tsenetse tšhono ya go nna le seabe mo go tleng ka mogopolo ono mmogo le go simolola tiro ya ntlha e mo isagong go tla agelelwang mo godimo ga se e se dirileng, e leng selo se se tla gagamatsang gore go nne le dipuisano le tirisanommogo mabapi le go gagamatsa maano a go lwantshana le bonweenwee. Mo kopanong eno, batsayakarolo ba buisane le go dumelana ka dintlha di le mmalwa tse di latelang:
(a) Ntlha ya bo 1: Go Oketsa Seabe sa Lekala la Poraefete;
(b) Ntlha ya bo 2: Go Tlhatlosa Tiro e e Diriwang ka Manontlhotlho ya go Busa Dithoto tsa Puso tse di Utswitsweng;
(c) Ntlha ya bo 3: Go Dira gore Tiro e Diriwe ka go Tshwaraganelwa ke Baagi Botlhe; mmogo le
(d) Ntlha ya bo 4: Go Sireletsa Batho ba ba Ntshang Mosi ka Sekhurumelo.
2.1.1.4. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro ya Merero ya Temothuo, e e neng e tshwerwe mo mafaratlhatlheng a inthanete go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 4 Mopitlwe 2025, go atlhaatlhilwe dintlha tse di botlhokwa tse di amang bannaleseabe mo lekaleng la temothuo mo lefatsheng ka bophara mmogo le go dumelana ka dintlha tse di botlhokwa tse go tla samaganwang le tsona mo tsamaong ya monongwaga. Tsona ke tse di latelang:
(a) Ntlha ya bo 1: Go bulela dikgoro tsa dimaraka gore botlhe ba nne le seabe mmogo le go thiba tlhokego ya dijo;
(b) Ntlha ya bo 2: Go thusa bašwa le basadi gore ba nne le seabe mo thulaganyong ya dikgwebo tse di tlhagisang dijo;
(c) Ntlha ya bo 3: Go tlisa boitlhamedi le phetisetso ya thekenoloji; mmogo le
(d) Ntlha ya bo 4: Go dira gore phetogo ya maemo a loapi e tsetsepele gore lephata la temothuo le se tlhole le bogisega.
2.1.1.5. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro ya Merero ya Bojanala, e e neng e tshwerwe mo mafaratlhatlheng a inthanete ka la bo 5 Mopitlwe 2025, go atlhaatlhilwe dintlha tse di ka ga tsela e go ka solwang mosola lephata la bojanala gore le tle le tokafatse matshelo a batho, baagi le lefatshe ka bophara. Go buisanwe gape le ka dintlha di le nne tse di tshwanetsweng go diragadiwa monongwaga mme go ne ga dumelanwa ka tsona, mme tsona ke tse:
(a) Ntlha ya bo 1: Go tla ka dithekenoloji tsa AI le go tla ka ditsela tse di tla thusang batho mo go tlhabololeng dikgwebo tse e leng gona di simolola tsa go tsaya maeto le tsa bojanala mmogo le go thusa Dikgwebopotlana, tse Dikgolwane le tse Dikgolo (di-SMME);
(b) Ntlha ya bo 2: Go Tlamela Lephata la Bojanala ka Matlole le ka Dipeeletso go Gagamatsa Tekatekano le go Tlhotlheletsa Tlhabololo e e Tsepameng;
(c) Ntlha ya bo 3: Go Golaganya Ditirelo tsa Ditlamo tsa Difofane gore go Tsaya Maeteo e Nne Selo se se Bonolo; mmogo le
(d) Ntlha ya bo 4: Go Gagamatsa Kakatlelo ya Lephata la Bojanala gore le Kgone go Tshwaraganelwa, le Tsepame mmogo le go Tlhabologa.
2.1.1.6. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro ya Merero ya go Fokotsa Dikotsi tsa Matlhotlhapelo, e e neng e tshwerwe mo mafaratlhatlheng a inthanete ka la bo 5 Mopitlwe 2025, mo go atlhaatlhilweng dikgato tsa go potlakisa dikgato tsa go supa dikotsi tse di ka nnang teng mo matsholong otlhe nako e santse e le teng, e leng ntlha e e botlhokwa e e beilweng ke Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) mme e gatelela gore dinaga di dirise Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Fokotsa Dikotsi tsa Matlhotlhapelo la Sendai 2015-2030. Naga ya Aforika Borwa e tsaya kopano eno jaaka serala se se botlhokwa sa boditšhabatšhaba se mo go sona go ka toutelelwang ntlha ya go rwala maikarabelo mmogo gore re kgone go mekamekana le dikotsi tseno, re godise tirisanommogo magareng ga rona mmogo le go tsaya dikgato tse di utlwagalang go thibela go gakatsa kgotsa go galefisa dikotsi. Mo kopanong eno go dumelanwe ka dintlha tse di latelang:
(a) Ntlha ya bo 1: Go Rarabolola go se Lekalekane ga Baagi le go Fokotsa Dikotsi;
(b) Ntlha ya bo 2: Go Disa Lefatshe ka Bophara ka Thulaganyo ya go Okola Dikotsi di Santse di Simolola;
(c) Ntlha ya bo 3: Mafaratlhatlha a a Kgonang go Mekamekana le Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo;
(d) Ntlha ya bo 4: Go Tlamela ka Matlole Ditiragalo tsa go Thibela Matlhotlhapelo;
(e) Ntlha ya bo 5: Dikgato tsa go Itharabologelwa mo Matlhotlhapelong; mmogo le
(f) Ntlha ya bo 6: Mekgwa ya Botshelo e e Ikaegileng ka Ditshedi le Dijalo/Ditharabololo tse Tlhago e re Nayang Tsona.
2.1.1.7. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Phetagatso ya Tiro ya Merero ya go Thiba Tlhokego ya Dijo, e e neng e tshwerwe mo mafaratlhatlheng a inthanete ka la bo 5 Mopitlwe 2025, mo go atlhaatlhilweng dipholisi le matsholo a go thiba tlhokego ya dijo. Mo kopanong go dumelanwe ka go dira gore go tlhomiwe thulaganyo e e gagametseng, e e sa tseyeng letlhakore le e e sa sitisegeng ya tlamelo ka dijo. Go dumelanwe gape le ka go rarabolola dintlha tse di botlhokwa tse di jaaka dikgoreletsi tsa kgwebisano, tlamelo ka matlole a tlhagiso ya dijo, mmogo le seabe se phetogo ya maemo a loapi se nang le sona mo lephateng la tlamelo ya dijo. Tse dingwe tsa dintlha tse di botlhokwa tse go builweng ka tsona ke tse di latelang:
(a) Ntlha ya bo 1: Go tlhoma dipholisi tse di nang le mooko tse di ka ga go thibela tlhokego ya dijo;
(b) Ntlha ya bo 2: Go dira gore ditlhwatlhwa tsa dijo di se itlhatlogele fela;
(c) Ntlha ya bo 3: Go dira gore melao le maemo a nne mo pepeneneng;
(d) Ntlha ya bo 4: Go tla ka Leano la G20 la go Tsaya Dikgato mo go Thibeng Tlhokego ya dijo; mmogo le
(e) Ntlha ya bo 5: Go rulaganyetsa lefoko la ditona la go nesetsa pula dikgato tsa go tsenya leano tirisong.
2.1.1.8. Letsholo la go ya kwa Baaging la G20 le le neng le tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Venda kwa Thohoyandou ka la bo 7 Mopitlwe 2025 maitlhomo a lona ke go dira gore baagi naga ka bophara ba buisane le go tsaya karolo mo Boporesitenteng jwa Aforika Borwa jwa G20. Kopano eno e diriseditswe go rotloetsa baagi ka fa nageng go amogela baengg ba ba tla thologelang ka fa nageng jaaka re tla bo re ntse re tshwara dikopano tse di farologaneng mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng, mmogo le go ba rotloetsa gore ba tswe ka makatlanamane ba bontshe baeng ditso le dingwao tsa bona tse di farologaneng. MaAforika Borwa a ne gape a rotloediwa gore ba tlotlele baeng ka dinaane tse di itumedisang tsa naga ya bona.
2.1.2. Dikopano tse di latelang ke tsa Ditlhopha tsa Tiro tsa G20 mmogo le tsa Ditlhopha tsa go Phetagatsa Tiro mme tsona di tla tshwarwa go tloga gompieno go fitlha Mopitlwe 2025 o konosela:
2.1.2.1 Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa go Phetagatsa Tiro e e ka ga Merero ya go Kgolo ya Ikonomi e e Tswelang Botlhe Mosola, go Tlhola Diintaseteri, go Tlhola Ditiro le go Fokotsa go se lekalekane ga setšhaba: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka la bo 17 Mopitlwe 2025.
2.1.2.2 Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Kgwebisano le Dipeeletso: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Mopitlwe 2025.
2.1.2.3 Kopano ya bobedi ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Maokelo: e tla tshwarelwa kwa Durban go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
2.1.2.4 Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Tlhokomelo ya Tikologo le ya Maemo a Loapi: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
2.1.3 Tshedimosetso ka botlalo ka ga go tshwarelwa ga dikopano tse di farologaneng tsa G20 ka fa nageng ya Aforika Borwa mmogo le eo e leng ka ga tseo di tšhotlhilweng mo dikopanong tseo o ka tsena mo webesaeteng ya: www.g20.org KGOTSA mo go ya: www.g20.org.za
2.2 Thuso ya Baagi ba Naga ya Palesetina
2.2.2 Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale maitsholo a naga ya Iseraele a go ganetsa dithuso tse di lebisiwang kwa lefelong la Gaza mmogo le dikgato tsa go tswalela melelwane mo nakong eo baagi ba Gaza ba bogang go feta lefoko leo ka bolona mme ba tlhoka dijo, madulo le melemo.
2.2.3 Ditiragalo tseno di tswelela go diriwa ke Iseraele ka maitlhomo a go dirisa tlala jaaka sebetsa sa ntwa le fa Kgotlatshekelo ya Lefatshe e ntse e ntshitse katlholo ya gore seo ba se dirang ke maiteko a go bolaya batho ba Palesetina ekete ke ditshenekegi.
2.2.4 Kabinete e boeletsa boikuelo jwa setšhaba sa rona mo lefatsheng jwa gore Iseraele e tshwanetswe go rwesiwa maikarabelo le go dira bonnete jwa gore ditirelo tsa go tswa baagi thuso kwa lefelong la Gaza di fitlhelela mafelo otlhe a lefelo leno ka pabalesego ntle le go kgorelediwa.
3. Bosenyi
3.1. Go Itumelela Katlholo ya Kgotlatshekelo ya kwa Malawi e e ka ga go Busetsa ka fa Nageng Shepherd le Mary Bushiri
3.1.1. Kabinete e itumedisitswe ke katlholo e e rebotsweng ke Moagiseterata yo Mogolo wa Kgotlatshekelo ya kwa Malawi ya gore Shepherd le Mary Bushiri ba busediwe ka fa nageng ya Aforika Borwa go tla go feleletsa tsheko ya kgetse ya bona mo ba latofadiwang ka ditatofatso di le dintsi tsa bosenyi mme mo go tsona go na le tsa petelelo, go gatakaka Molao wa Keletso ya Matlole le Ditirelo tsa go Tsereganya wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 37 wa 2002), Molao wa Dibanka wa ngwaga wa 1990 (Molao wa bo 94 wa 1990), Molao wa Bofaladi wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 13 wa 2002) mmogo le go ikgatolosa melao ya kgotlatshekelo e ba lailweng ka yona fa ba ne ba rebolelwa beile.
3.1.2. Katlholo eno e a bontsha gore molao ga go ope yo a ka o tshabelang e bile e bontsha gape gore ditirelo tsa dikgotlatshekelo di gogiwe ka ditsebe, mmogo le gore go na le tirisanommogo magareng ga ditheo tsa boditšhabatšhaba mmogo le go tshepana ga ditheo tsa molao tsa naga ya Aforika Borwa le ya Malawi.
3.1.3. Re a itse gore ba lelapa la ga Bushiri ba tlhalositse gore katlholo eno ba tlile go ganetsana le yona semolao. Le fa go le jalo, re na le tshepo e e tletseng gore fano gone kgetse ya rona ga se e e botlhofo.
3.1.4. Naga ya Aforika Borwa e letile ka ditsetsenkwane go ikopanya le Setheo sa Mapodisi a Lefatshe go re thusa ka dithulaganyo tsa go ba busetsa ka fa nageng gore ba tle go seka melato ya bona.
4. Maemo a bosa a a bogale
4.1. Dipula tse di bogale tsa mo malobanyaneng di fetile ka matshelo a batho ba le mmalwa, makgolokgolo a bona ga ba sa na ko ba ka nnang gone, mme magae le mafaratlhatlha a dubakane kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.
4.2. Maemo a KwaZulu-Natal a a bakilweng ke maemo a a bogale ano abosa a dirile gore go ntshiwe pego ya gore porofense e wetswe ke matlhotlhapelo e leng pego e e tla kgontshang Lefapha la Merero ya Tsamaiso ya Tiro ya go Dirisana ga Maphata a Puso le Merero ya Magosi e kgone go gwetlha ditheo tsotlhe tsa puso gore di tshwaragane mme di abelane ka thuso ya baagi, e leng selo se se tla fokoletsang baagi bogale jwa matlhotlhapelo ano.
4.3. Puso e a tswelela go thusa batswasetlhabelo ba merwalela mme Lephata la go Agela Baagi Bonno lona le neetse porofense ya KwaZulu-Natal dimilione tsa diranta di le 100 go thusa go samagana le mathata a a bakilweng ke merwalela eno.
4.4. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go nna kelotlhoko thata fa go na le maemo a a sa itumediseng a bosa. Dipula tse di bogale di ka feletsa di dirile gore go nne le merwalela, segoloboglo mo mafelong a a agilweng mo meeding, mo gaufi le maborogo le mo gaufi le ditsela.
4.5. Fa go na le merwalela, go ikuelwa mo baaging gore ba se dirise ditsela tse metsi a leng mantsi mo go tsona, go bogela le go reetsa dikgang go tswa mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano a puso a a gasang tshedimosetso e e leng mo dinakong.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Go Sireletsa le go Tokafatsa Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba (NMW)
1.1. Kabinete e amogetse le go sekaseka pegelo go tswa kwa Lefapheng la Merero ya Ditiro le Badiri mabapi le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go sireletseng le mo go tokafatseng NMW.
1.2. Molao wa NMW wa ngwaga wa 2018 (Molao wa bo 9 wa 2018), o o tlhomilweng ka Ngwanaitseele 2018, o tlhomile motheo wa go fokotsa setlwaedi sa megolo e e sa lekalekaneng mmogo le megolo e e fetanang ka sekgala se se tlhabisang ditlhong, e bile o tswelela go tlhokomela badiredi ba ba golang megolo e mennye ka fa nageng.
1.3. Go simolola ka la bo 1 Mopitlwe 2025, mogolo ono o okeditswe ka diphesente di le nne, e leng go tloga go R27,58 go fitlha go R28,79 ka ura. Kokeletso eno maitlhomo a yona ke go tswa thuso le go fokoletsa boima batho ba le dimilione di le thataro ba ba golang selekano sa mogolo ono.
2. Go Tlhotlheletsa Dithuto tsa Motheo
2.1. Kabinete e ikantse gore e tla ema nokeng leano la go rulaganya sešwa lekala la Thuto ya Motheo mo dithutong tsa go simolola sekolo.
2.2. Ka Ferikgong 2025, Lefapha la Thuto ya Motheo le ne la tsibosa le go keteka dipholo tse di kwa godimo tsa materiki tse di gaisitseng dipholo tsotlhe tse naga e kileng ya nna le tsona mo go falotseng barutwana ba le diphesente di le 87.4%. Le fa go le jalo, kgwedi pele ga dipholo tseno lefapha le ne le sa tswa go rebola dipoelo tsa dipatlisiso go tswa mo dipatlisisong tse di farologaneng di le tharo tse di supang gore bana ba go fitlha dingwaga di le lesome (10) ba naga ya Aforika Borwa ba ba ka dirang diphesente di le 80 ga ba itse go buisa ba bo ba tlhaloganya se ba se buisang, go sa kgathalesege gore ba buisa dikwalwa tsa puo efe mo dupuong tsotlhe tsa ka fa nageng.
2.3. Go rarabolola bothata jono Tona ya Thuto ya Motheo o thankgolotse dikgato tsa go rulaganya sešwa lephata la thuto mo go tla diragadiwang matsholo a a latelang
2.3.1. Bana botlhe ba tla tshwanelwa ke go tsena Dikolo tsa Bomapimpana (ECD) tse di abelanang ka thuto e e boleng mme go tla tshwanela gore dikolo tseno di kwadisiwe ka bontsi, go diriwe bonnete jwa gore ngwana yo mongwe le yo mongwe o duelelwa bontlha bongwe gore a kgone go tsena dikolo tseno, go tlamela dikolo tseno ka Dibuka le Didirisiwa tsa go Ruta le go Ithuta (LTMS), mmogo le go ema nokeng barutabana ba dikolo tseno gore ba kgone go ithutela makwalo a go nna barutabana ba dikolo tseno. Tlamelo ka matlole a go phetagatsa tiro eno e setse e tsentshitswe mo Tekanyetsokabong ya Naga ya Ngwaga wa 2025.
2.3.2. Letsholo la go sekaseka le go kwala sešwa maitsholo le maemo a thuto gore go tle go kgonwe gore diphatlhatiro tsa barutabana di kgone go okediwa mo dikolong tse di rutang bana ba dithuto tse di kwa tlase.
2.3.3. Letlole la Dibasari la Funza Lushaka le tla beelwa baithuti ba ba batlang go ithutela tiro ya go nna barutabana ba dikolo tse di rutang bana ba dithuto tse di kwa tlase.
2.4. Go rulaganngwa sešwa ga lephata leno go tla gagamatsa bokgoni jwa go buisa dibuka le go bala dipalo ga barutwana ba dikolo tse di kwa tlase, mme seno se tla ba baakanyetsa gore kwa pele ba kgone go samagana le dirutwa tse di boimanyana mme gare ga tsona ke tse di jaaka Dipalo, Disaentshe, Dithuto tsa go Ithutela go Rwala Maikarabelo a Dithulaganyo tsa Matlole a Setheo, Dithuto tsa go Buisa Maemo a Matlole a Naga.
3. Kgatelopele e e Dirilweng mo Phetlhong ya Motlakase
3.1. Kabinete e amogetse pegelo e e buang ka ga seo Eskom e se dirang mo go tlhabololeng phetlho ya motlakase mmogo le mo go direng gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di se tlhole di tshabelwa ke bana ba phefo ka go dira gore re se tlhole re itemogela ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
3.2. Morago ga gore re kgone go busetsa motlakase o o kanaka dimekawate di le 300 mo diyuniting tsa phetlho ya motlakase mmogo le go tlaleletsa motlakase wa tlaleletso o o beelwang motsi wa tlala, go ne ga tsewa tshwetso ya gore dikgato tsa motlakase o o tshabetseng ruri di se tsewe fa e sale go tloga ka ura ya bo 10:00 ka Latshipi wa la bo 9 Mopitlwe 2025. Metšhini ya go fetlha motlakase ka malatlha kwa Diteišeneng sa Motlakase sa Kusile e dira ka botlalo jaaka diyuniti tsotlhe tsa yona, tse di neng di timile go tloga ka Labotlhano wa la bo 7 Mopitlwe jaanong di buseditswe tirisong ka botlalo mme le yuniti ya bobedi ya seteišene sa motlakase sa Koeberg le yona e buseditswe tirong ka botlalo.
3.3. Tiro yotlhe ya phetlho ya motlakase fa e sale ka selemo sa ngwaga wa 2024 e tokafetse thata mmogo le go laolega, mme seno se dirile gore diphesente di le 98 tsa matsatsi di tlhoke ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Go Tshwara Kopano ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe
1.1. Kabinete e tshwaretse Kopano ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe kwa porofenseng ya Gauteng go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
1.2. Kopano eno e dirisitswe jaaka tšhono ya go batla tshedimosetso ka ga se se setseng se dirilwe fa e sale go phasaladiwa Pegelo ya go Dutla ga Metsi, motsing yo go neng go tshwerwe Samiti ya Merero ya Metsi ka Ferikgong 2024, mo go neng go kopane ditheo tsotlhe tse di abelanang ka ditirelo tsa metsi mo go neng ga tšhotlhwa dikgwetlho tse lekala le tobaneng natso.
1.3. Mo samiting eno go ne ga tlhomiwa Leano la go Tsaya Dikgato tsa go samagana le dikgwetlho tseo, mme kopano ya sešweng eno e tla re neela tšhono ya gore re sekaseke kgatelopele e e dirilweng mmogo le go nopola dikgato tse dingwe gape tse di tlhokagalang.
1.4. Se se solofetsweng go phetagadiwa ke kopano eno ke go dira gore go dumelanwe ka dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go boloka metsi ka fa nageng ya Aforika Borwa, kgatelopele e e dirilweng mo ditharabololong tse di iseng di garelwe go tswa mo Samiting ya Merero ya Metsi ya Ngwaga wa 2024 mmogo le dikgato tse di botlhokwa tse di tlhokagalang go tlhabolola poloko ya metsi mmogo le go tla ka leano la go tsaya dikgato le lentšhwa le le tsamaisanang le dinako.
1.5. Kabinete e amogetse gore naga e tobane le dikgwetlho tse di mabapi le poloko ya metsi mme e totobaditse maikemisetso a yona a go netefatsa gore moAforika Borwa mongwe le mongwe o tla tsenyetswa metsi a a phepa, a a siametseng go nwewa, a a sa feleng mmogo le ditirelo tsa tlhokomelo ya kgeleloleswe.
2. Pegelo ya Kopano ya UN e e Buang ka Maemo a Dinaga fa go tla mo Ditshwanelong tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi (UNCRPD) ya Paka ya Bobedi, Paka ya Boraro le Paka ya Bone
2.1. Kabinete e neseditse pula kgang ya gore Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi e romele pegelo e e romelwang kwa UN paka e nngwe le e nngwe e e beng maemo a naga UNCRPD mo Pakeng ya Bobedi, Pakeng ya Boraro le mo Pakeng ya Bone. Pegelo eno e tlhalosa gore ke eng se naga ya Aforika Borwa e setseng e se dirile mo tirong ya go tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi.
2.2. Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Naga e e Nopolang Dintlha tse di Botlhokwa mo go Tsenyeng Tirisong UNCRPD ka ngwaga wa 2013 mme pegelo eno morago e ne ya isiwa kwa UN ka ngwaga wa 2014.
2.3. Pegelo eno ya kgatelopele, e dipaka tsa yona di sobokantsweng mo pegelong e le nngwe, e bontsha ka fao puso e tsentshitseng tirisong Sekwalwa sa Masupatsela sa Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi. E nopola diphetogo mo dipholising le mo melaong, mmogo le dikgato tse di tserweng go sireletsa le go tsholetsa ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi. Pegelo eno e bontsha ka gao go tserweng matsapa ka teng mo lephateng la thuto, mo go buleng baagi matlho, mo lephateng la maokelo, mo ditirelong tsa go tlhokomela baagi, mo go fitlheleleng ditirelo tsa go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona mmogo le mo go direng gore go se tlhole go nna le maipato a go thapa batho ba ba tshelang ka bogolofadi. Pegelo eno e tla gatisiwa mo webesaeteng ya: www.gov.za
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Neil Jansen o thapilwe go nna Motlatsi wa Mokaedi yo Mogolo (DDG): mo lekaleng la Merero ya Tlhokomelo le Tlhatlhelelo ya Badiredi ka fa Lefapheng la Merero ya Selegae.
2. Go thapiwa ga ditokololo tsa boto ya Setlamo sa Alexkor:
(a) Mme Dineo P. Peta (monnasetulo);
(b) Mme Hilary A. Swartbooi;
(c) Moporofesara wa Namaotshwere Trevor G. Fowler;
(d) Mme Shinduvi Zitha;
(e) Mme Bongi Ngxishe;
(f) Ngaka Jonty Tshipa;
(g) Rre Nico Patrick Swart; le
(h) Rre Freddy Raseote.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Samiti ya Phetolo ya Boitlhamedi mo Dithulaganyong tsa go Tlhomiwa mo Setulong
1.1 Samiti ya Phetolo ya Boitlhamedi mo Dithulaganyong tsa go Tlhomiwa mo Setulong e tla tshwarwa go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 14 Mopitlwe 2025 mo go tla bokelediwang bokgoni jwa saentshe, thekenoloji le boitlhamedi jwa naga ya Aforika Borwa ka tsela e e tla dirang gore botlhe ba nne le seabe.
1.2 Samiti eno e tsenelwa ke makgotla a ditiro tsa saentshe, ditheo tsa dithuto tse dikgolwane, mafapha a puso, makala a dikgwebo le mekgatlho ya badiri go atlhaatlha le go bontshana gore Thulaganyo ya Boitlhamedi ya Naga e ka solwa mosola jang mo dinakong tsa gompieno le mo dinakong tse di tlang. E tla tshitshinya dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go dira gore re fitlhelele ka bonako kemonokeng ya dikgato tsa go thusa ikonomi le setšhaba e botlhe ba nang le seabe mo go yona e e tla nnelang ruri, e leng seo se tla tswelang maAforika Borwa otlhe molemo.
2. Samiti ya Borobedi ya Naga ya Aforika Borwa le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa (EU)
2.1 Samiti ya Borobedi ya Naga ya Aforika Borwa le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa (EU) e tla tshwarelwa kwa Motsekapa gompieno ka la bo 13 Mopitlwe 2025, mme Moporesitente Cyril Ramaphosa e tla bo e le monnasetulo a tshwarisane tiro eo le monnasetulo Rre António Luís Santos da Costa wa Lekgotla la Yuropa, mmogo le Moporesitente wa Khomišene ya Yuropa e bong Ngaka Ursula von der Leyen, ka maitlhomo a go godisa botsalano jwa naga ya Aforika Borwa le jwa EU.
2.2 Mo samiting eno go tla buisanelwa dintlha tse di ka ga kgwebisano le dipeeletso, mmogo le go oketsa tirisanommogo le go tsosolosa botsalano jwa tirisano ya dinaga ka bobedi magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya EU.
2.3 Mo samiting eno go solofetswe gore go tla ribololwa ditsela tse go ka dirisanwang mmogo ka tsona go rarabolola dikgwetlho tse di tobaneng le dikgaolo le lefatshe ka bophara, mme tsona di tsenyeletsa phetogo ya maemo a loapi, tlhobaetso ya pabalesego ya batho, go rena ga kagiso, pabalesego le go laolega, go fetogela mo tirisong ya tshomarelo ya tlhago mmogo le go fetola ditheo tsa meso ya lefatshe.
2.4 Mo samiting eno go tlatiisediwa boikano jwa go ema nokeng Boporesitente jwa G20 jwa Aforika Borwa mmogo le dintlha tse di botlhokwa bo tshwanetseng go di diragatsa, go tsenyeletsa le molaetsamogolo o o reng go tshwaragana, go lekalekana le go tlhokomelana.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Dylan Naidoo jaaka e le ene ngwana wa mmala wa sebilo wa ntlha wa moAforika Borwa go fenya kgaisano ya SA Open, e leng motshameko o mongwe wa metshameko ya kgale ya dikgaisano tsa kolofo. Phenyo ya gagwe e dirile gore a kgone go fitlhelela Metshameko ya Dikgaisano tsa Kgwedi ya Phukwi e e tla tshemekelwang kwa Royal Portrush.
- Ncazelo Mlilo jaaka a tlhophilwe mo maemong a le mabedi dikabo tsa Basadi ba ba Fetolang Lefatshe. Dikabo tseno di akgola basadi lefatshe ka bophara ba ba dirang tiro e ntle mo go fetoleng matshelo a batho ba bangwe.
- Setšhaba sa Mamoseleme jaaka ba tla bo ba keteka kgwedi ya Ramadan.
- Rre Patrice Motsepe go latela gore a tlhophiwe lekgetlo le lengwe gape go nna Moporesitente wa CAF. Seabe se a nang le sona mo go tlhabololeng motshameko wa kgwele ya dinao mo Aforika Borwa le mo kontinenteng ya Afroika ka bophara ke selo se se re dirang motlotlo.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
- batho ba le 31 ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo dikotsing di le tharo tsa dibese tse di sa diragalang ka nako e le esi kwa bogare jwa Reddersburg le Smithfield kwa porofenseng ya Foreistata; mo tseleng ya Bokone jwa N2, gaufi le Mandeni, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mmogo le mo tseleng ya R21 kwa Ekurhuleni, mo porofenseng ya Gauteng ka go latelana ga tsona.
- barutwana ba le bane ba ba tsenang dikolo tse di potlana ba ba tlhokafetseng mo tseleng ya N12 kwa Daveyton, Ekurhuleni, mo porofenseng ya Gauteng.
- montshadiphiri yo gape e neng e le molweladitshwanelo tsa batho e bong Pamela Mabini yo a neng a lwela basadi ba ba bogisiwang ka GBV yo gape a dirileng bonnete jwa gore ditlhokotsebe tsa GBVF ba di gama ba sa di tlhapela.
- Crystal-Donna Roberts,modiragatsi le mogasi wa Aforika Borwa yo a diragaditseng mo mananeong a difilimi a a jaaka The Endless River le Krotoa mmogo le go tlhagelela gape le mo metshamekong ya Arendsvlei, Swartwater le 7de Laan.
- Ngaka Gomolemo Mokae, molweladitshwanelo tsa batho yo a neng a lwantshana le puso ya tlhaolele yo gape a neng a lwela go bula bana ba mmala wa sebilo matlho, yo gape e neng e le ngaka ya ditirelo tsa kokelo e bile gape e le mokwadi wa dibuka yo a neng a lwela Dipuo tsa Bana ba Mmala wa Sebilo. O ne a amogela dikabo tsa dipuo go tswa go Pan South African Language Board go tsholetsa tiriso ya dipuo tsa seAforika mo dibukeng tsa Aforika Borwa.
- Rre Athol Fugard, modiragatsi yo a tumileng mo lefatsheng, mokwadi wa dinaane le metshameko yo a nopotsweng ka fa nageng le mo lefatsheng ka bophara mo seabeng se a nnileng le sona mo ditietareng. Ka ngwaga wa 2001, leina la gagwe le ne la kwadiwa le maina a mangwe a a tlotlegang mo go American Theatre Hall of Fame mmogo le go abelwa Kabo ya Aforika Borwa ya Ikhamanga ka ngwaga wa 2005.
- Ebenhaezer Dibakwane, rametlae yo a fentseng dikabo, yo gape e neng e le modiragatsi le mokwadi.
- Khomotso Jacob Makwetla, molweladitshwanelo tsa go matlafatsa batho ba bantsho mo dikgwebong, yo gape a nnileng le seabe mo go godiseng motshameko wa kgwele ya dinao le wa mabole ka fa nageng.
E rebotswe ke: Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485