A. Merero ya ga Jaana
1. Ikonomi
1.1. Aforika Borwa: Lefelo la Dipeeletso la Mmamoratwa
1.1.1. Kabinete e lemogile maikutlo a a edileng a peeletso a a bakilweng ke maeto a tiro a ga Moporesitente Cyril Ramaphosa le Motlatsa-Moporesitente Paul Mashatile kwa New York kwa USA le London kwa United Kingdom (UK), ka tatelano.
1.1.2. Lenaneo la Moporesitente, ka motsi wa Kopano Kakaretso ya Ditšhaba tse di Kopaneng (UNGA), le ne le akaretsa ditšhono tsa go babatsa Aforika Borwa jaaka lefelo la dipeeletso la mmamoratwa jaaka fa a ne a bua kwa New York Stock Exchange – e leng lefelo le legolo go gaisa la kgwebisano ya dithoto mo lefatsheng ka matlotlo a mebaraka.
1.1.3. Mo letsholong la dipeeletso la ga Motlatsamoporesitente kwa UK le kwa Ireland o ne gape a ema ka lefoko London Stock Exchange (LSE) ka ga tlhokego ya go atolosa dipeeletso mo Aforika Borwa. LSE ke setheo sa ditlamo tse dikgolo mo ikonoming se se ntseng se tlotliwang kwa Yuropa go tloga ka 2023.
1.1.4. Moporesitente Ramaphosa le Motlatsamoporesitente Mashatile, le ditlhopha tse di neng di tsamaile nabo, ba tlhalositse dintlhakgolo tsa Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga, e mo go yona ntlha e e kwa setlhoeng e leng ya go fitlhelela kgolo ya ikonomi e e akaretsang le go tlhola ditiro, gammogo le maiteko a a maleba a a tswelelang go fitlhelela maitlhomo a a beilweng. Ba ne gape ba tlhagisa tiro e e tswelelang ka lenaneo la phetolo ya ditheo go tlhola maemo a a siametseng peeletso. Lenaneo la phetolo ya ditheo le tsamaisiwa ke Letsholo la Vulindlela ka Kantoro ya ga Moporesitente le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.
1.2. Semphato sa Puso le Kgwebo – Kgato ya bo2
1.2.1. Kabinete e amogetse go thankgololwa ga Kgato ya bo2 ya Semphato sa Puso le Kgwebo se maikaelelo a sona e leng go tsenya tirisong ditsereganyo tsa botlhokwa go ralala makala otlhe a a lebilweng go itlhaganedisa tsela ya naga ya go fitlhelela kgolo ya ikonomi e e akaretsang le go tlholwa ga ditiro, ka peeletso e e oketsegang gammogo le potlako ya go tsenngwa tirisong ga diphetogo, go tokafatsa maikutlo a bosetšhaba.
1.2.2. Go tshegetsa ditsereganyo tsa puso, Batlhankedi Khuduthamaga (bo-CEO) ba feta 130 ba dikgwebo tse dikgolo mo Aforika Borwa ba rebotse thuso, go akaretsa boitseanape go samagana le mathata a kgaotso ya motlakase a ga jaana e leng sengwe sa maloba, go tshegetsa go tsenngwa tirisong ga Mmepe wa Mafaratlhatlha a Tsamaisodithoto, Phetolo ya merero ya Visa, le ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee mo Kgatong ya 1.
1.3. Diphetogo tsa Visa di Gatisitswe
1.3.1. Kabinete e amogetse go gatisiwa ga tsamaiso e ntšhwa ya divisa ya Aforika Borwa e leng kgato e e botlhokwa mo go ngokeng dinonofo le dipeeletso tsa boditšhabatšhaba, go godisa bojanala le go tlhola ditiro.
1.3.2. Tona ya Merero ya Selegae, Ngaka Leon Schreiber, o gatisitse diphetogo tse, e leng karolo ya katlego ya Letsholo la Vulindlela.
1.4. Tiragatso ya Melao ya Bodiri
1.4.1. Kabinete e akgotse maiteko a a tseneletseng e bile a kopanetswe a a neng a eteletswe pele ke Lefapha la Ditiro le Badiri (DEL) go netefatsa gore bathapi ba ikobela ditlhokego tsa go bothapi.
1.4.2. Fa e sale kwa tshimologong ya Tsamaiso ya Puso ya Bosupa, DEL e rebotse dikotlhao tse di fetang dimilione tse lesome tsa diranta go bathapi ba ba tlolang molao mo lekaleng la kamogelobaeng ba ba tswelelang go thapa batswantle ba ba senang ditokomane tse di maleba. Bosekaseki bo bo tshwana le bo bo dirilweng mo intasetering ya dillori go netefatsa gore bathapi ba ikobela ditlamelo tsa Molao wa Ditlhokego tsa Motheo tsa Bothapi, 1997 (Molao wa bo 75 wa 1997).
1.4.3. Bosekaseki bo senotse go se ikobele Melao ba Bodiri go akaretsa dituelo tse di kwa tlase, dikgogelo tse di seng mo molaong, le mekgwataolo e e sa lekanang ya boitekanelo le pabalesego mo tirong.
1.5. Sekema sa Thuso sa Mothapi-Mothapiwa sa Nakwana (TERS)
1.5.1. Kabinete e amogetse go okediwa ga tekanyetsokabo ya TERS go tswa go dimilione di le R400 go ya go dibilione di le R2.4 mo ngwageng o wa ditšhelete.
1.5.2. Koketso e ke karolo ya tsibogo ya puso go thusa go somarela ditiro ka go thusa ditlamo tse di iphitlhelang di le ka fa tlase ga kgatelelo ya matlole ka ntlha ya maemo a a bokete a ikonomi, ka go dira jalo go fokodiwe go kgaolwa ga badiri mo tirong.
2. Ntwa kgatlhanong le Bosenyi le Bonweenwee
2.1. Bosenyi
2.1.1. Kabinete e kgadile polao ya batho ba le somerobedi (18) kwa Lusikisiki gammogo le baagi ba ba paterolang mo motseng ba le barataro (6) kwa Qumbu kwa Kapa Botlhaba mo ditiragalong tsa go thuntsha batho ba bantsi
2.1.2. Kabinete e amogetse go tlhongwa ka bonako ga setlhopha sa batlhankedi ba baitseanape ba sepodisi go batlisisa ditiragalo tse tsa go thuntshiwa ga batho, se tiro ya sona e setseng e tlhagisa maungo, ka mmelaelwa a le mongwe yo o golaganngwang le go thuntshiwa ga batho ba le 18 kwa Lusikisiki a setse a tlhageletse kwa kgotlatshekelo.
2.1.3. Kabinete e amogetse go atlega ga matsholo a a eteletsweng pele ke ditheo tsa dipatlisiso tsa bosenyi kwa Verulam le High-Flats kwa KwaZulu-Natal. Mo letsholong la Verulam, mapodisi a ne a itepatepanya le ramaanomogolo yo e bileng e le mongwe wa babelaelwa ba ba ntseng ba batliwa thata tebang le dikgothosong tsa dirori tse di tsamaisang madi kwa KwaZulu-Natal. Mmelaelwa yo o ne a bolawa mo ditiragalong tsa fa a ne a thuntshana le mapodisi. Mo tiragalong e nngwe e e tshwanang le eno, babelaelwa ba le babedi (2) ba ba neng ba bolaya batho ba le supa (7) le bona ba bolailwe fa ba ne ba thuntshana le mapodisi kwa High-Flats.
2.1.4. Kabinete e rotloediwa ke go atlega go go tswelelang ga Letsholo la Shanela. Mo bekeng e e fetileng go tshwerwe babelaelwa ba feta 10 000 ka ntlha ya ditlolomolao tse di farologaneng jaaka polao, petelelo, go tshola ditlhobolo tse di seng mo molaong, kgothoso ya dikgwebo le batsamaisa ba diritibatsi tse di seng mo molaong ba ba tshwerweng ka kwa magorogelong a naga ya rona.
2.1.5. Kabinete e tswelela go akgola letsholo le le kopanetsweng kwa Limpopo le le bakileng go senolwa ga laboratori ya diritibatsi kwa Lebowakgomo, kwa go tserweng diritibatsi tsa boleng bo bo ka nnang dimilione tse nne (4) tsa diranta le go tshwarwa ga babelaelwa ba le bararo (3).
2.2. Ntwa Kgatlhanong le Bonweenwee
2.2.1. Kabinete e amogetse go tshwarwa ga bakaedi ba le barataro ba feme ya boenjeneri ba ba latofadiwang ka dintlha tse di fosagetseng tebang le Maatlafatso ya Ikonomi go Bantsho le tsietso ya dithentara tsa boleng ba dimilione di le R400a kwa setlamong sa Eskom le sa Sasol.
2.3. Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong le Polao ya Basadi (GBVF)
2.3.1. Go atlholelwa dipaka tse 42 tsa botshelo botlhe kwa kgolegelong ga ga mmeteledi yo a beteletseng batho ba le bantsi e bong Nkosinathi Phakathi ke Kgotlatshekelokgolo ya Gauteng go romela tsiboso e e bogale go batlolamola ba GBVF gore setšhaba sa rona ga se kitla se nna mo pitlaganong ka ntlha ya ditiro tsa bona tsa bobodu.
2.3.2. Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa otlhe go bega batlolamolao ba bosenyi ba GBVF kgotsa tirisodikgoka efe fela kgatlhanong le batho ba ba bokoa – ngwana, motsofe kgotsa motho yo o nang le bogole – kwa seteišeneng sa sepodisi sa selegae kgotsa go leletsa mogala wa mahala wa Crime Stop: 086 00 10111.
3. Mmuso
3.1. Go diragatsa tsholofetso ya gagwe ka motsi wa Puo ya Tekanyetsokabo ya Kantoro ya Moporesitente ya go dirisana mmogo le dipuso tsa diporofense le tsa selegae go samagana le dikgwetlho tsa thebolelo ya ditirelo, Moporesitente Ramaphosa o tla etelela pele setlhopha sa maloko a Kabinete go rerisana le Ditonakgolo le Dikomiti tsa Khuduthamaga tsa Diporofense.
3.2. Leeto la ntlha e tla nna la go ya kwa Limpopo ka Labotlhano, 1 Ngwanatsele 2024, go latele KwaZulu-Natal ka Labone, 7 Ngwanaitseele 2024.
4. Tshireletso ya Loago
4.1. Maemo a a Masisi a Bosa
4.1.1. Kabinete e rotloeditse Maaforika Borwa gore ba nne malala a laotswe le go ikobela ditsiboso go tswa go Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa. Naga e tswelela go itemogela maemo a bosa a a masisi jaaka go wa ga semathana go go sa tlwaelegang, merwalela, matlakadibe, diphefo tse di senyang le makhubu a mogote ka ntlha ya ditlamorago tsa phetogo ya tlelaemete. Ditsiboso ka ga maemo a bosa di tswelela go begiwa go rarala dirala tsotlhe tsa bobegakgang, go akaretsa diteišene tsa radio tsa selegae.
4.1.2. Kabinete e tla amogela mo Nakong e e sa fediseng pelo, Togamaano e e Momaganeng ya Taolo le Tsibogelo ya Matlhotlhapelo e e tla akaretsang mekgwa ya go fokotsa matlhotlhapelo le tsibogo, go akaretsa kabo ya matlole mo mabakeng a ditiragalo morago ga matlhotlhapelo.
4.2. Kopano ya ntlha ya Foramo ya Bosetšhaba ya Metsesetoropo ya Aforika Borwa ka ga Manno mo Lefatsheng Lotlhe le Morero wa Metsesetoropo
4.2.1. Mafapha a Mafelobonno a Batho, le Puso Tshwaraganelo le Merero ya Setso, Kopano ya Ditoropokgolo ya Aforika Borwa gammogo le Lenaneo la UN la Mefelobonno a Batho (UN-Habitat) a ne a tshwara kopano ya ona ya ntlha ya matsatsi a le mararo, ya Foramo ya Bosetšhaba ya Metsesetoropo ya Aforika Borwa ka ga Manno mo Lefatsheng Lotlhe le Morero wa Metsesetoropo, gammogo le Pholisi ya Aforika Borwa ya Metsesetoropo. Foramo e, e ne e kokoantse balekane ba botlhokwa mo mererong ya loago go samagana le dikgwetlho le go dirisa ka botlalo ditšhono tsa toropofalo e e bonako ya Aforika Borwa.
4.2.2. Foramo e ne ya tlhagisa botlhokwa ba go tsamaisa toropofalo e e bonako mo bokaelong ba go tsibogela ditiragalo tsa ga jaana tse di jaaka phetogo ya tlelaemete, mekgwa ya motsamao e e tokafaditsweng le thekenoloji.
4.3. Go Busediwa Gae ga Masaledi a Balwela Kgololosego ba Aforika Borwa
4.3.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go busiwa ga masaledi a balwela kgololosego ba rona ba ba neng ba boloketswe kwa Zimbabwe le Zambia kwa ba neng ba tshabetse teng. Go busediwa ga masalaedi a bona mo Aforika Borwa yo o gololosegileng wa temokerasi ke phitlhelelo ya Matseno a Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996, a a re rotloetsang go ‘fodisa tlhaolele ya maloba le go bopa setšhaba se se ikaegileng ka meono ya temokerasi, bosiamisi ba loago le ditshwanelo tsa motheo tsa botho.’
4.3.2. Maiteko a ke karolo ya Porojeke ya Pusetsogae ya Batshabi, e maikaelelo a yona e leng go letla naga le ba malapa go tlotla segopotso sa ba ba lwetseng kgololosego le bosiamisi, le gore puso e tlotle le go busetsa seriti sa ba ba ikentshitseng setlhabelo gore naga e gololosege.
4.3.3. Aforika Borwa e tswelela go leboga kemonokeng ya boditšhaba ya dinaga tsotlhe tse di tlametseng balwela kgololosego ba ka manno, tshegetso le mafelo a ba boloketsweng mo go ona.
4.4. Metshameko
4.4.1. Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa go tshegetsa motshwaradino wa Mamelodi Sundowns le Bafana Bafana, Ronwen Williams, yo o tlhophilweng jaaka mongwe wa batshwaradino ba le 10 ba ba gaisang mo lefatsheng kwa dikabong tsa Ballon d’Or mo lekaleng la Sejana sa Yachine, ka go kwadisa ditlhopho tsa bona mo go https://www.lequipe.fr/en/special/selection/ballon-dor-2024/section/the…
4.4.2. Williams ke motshameki wa ntlha wa Aforika Borwa go tlhophiwa mo dikabong tsa Sejana sa Yachine kwa Ballon d’Or. Moletlo o wa dikabo tse wa bo68 o tla tshwarwa ka 28 Diphalane 2024. Re ka boutela Williams ka Seesimane le Sefora go fitlha ka motsi oo.
5. Merero ya Boditšhaba
5.1. Tshwetso ya UNGA ka ga Iseraele/Palestina
5.1.1. Kabinete e amogetse tshwetso ya hisetori ya UNGA e e laetseng gore go nna ga Iseraele kwa Jerusalema Botlhaba, West Bank kwa Gaza, ga go mo molaong, mme ya laela gore banni ba le masole a Iseraele ba tloge kwa lefelong leo.
5.1.2. Tshwetso e ga se fela gore e botlhokwa mo kgetseng ya Aforika Borwa kwa Kgotlatshekelo ya Boditšhaba ya Bosiamisi (ICJ), mme gape e dirile gore dinaga tse di tlhabologileng jaaka Spain, Belgium le Japan di inaakantse le bontsi ba dinaga tse di kwa borwa go tshegetsa tshwetso eo.
5.2. Leeto la Tiro kwa Pusong ya Lesotho
5.2.1. Kabinete e etse tlhoko Leeto la Tiro kwa Pusong ya Lesotho la ga Moporesitente Ramaphosa ka Labotlhano, 4 Diphalane 2024, ka taletso ya ga Motlotlegi Kgosi Letsie III. Ka nako ya leeto le, Moporesitente o ne a tsenela Keteko ya Letsatsi la Kemonosi le Segopotso sa Lesotho la bo58, mme o ne a neelana ka molaetsa ka paka ya diketeko tse go keteka ngwaoboswa e e humileng ya Setšhaba sa Basotho.
5.3. Kgotlang e e Tswelelang kwa Sudan
5.3.1. Kabinete e etse tlhoko go etegela ga kgotlang kwa Sudan mme ya ikuela go batho botlhe ba Sudan go ikobela dikaedi tsa AU le Bothati ba Tirisano ya Dipuso ka ga Tlhabololo go fedisa kgotlang e. Aforika Borwa e ikemiseditse go neela boitseanape ba yona go thusa maphata, batsayakarolo gammogo le bannaleseabe ba ba maleba go dira mmogo go fitlhelela kagiso ya leruri kwa Sudan.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Pegelo ka ga go Konosediwa ga Boruni ka Maloko a Tirelo Bolaodi Bogolo (SMS)
1.1. Kabinete e ne ya bolelelwa ka ga tswelopele mo go konosetseng lenaneo la Ditshenolo (e-Disclosures) ka maloko a SMS mme ya akgola katlego e e setseng e dirilwe e e akaretsang go ikobela melao ka botlalo ga mafapha a bosetšhaba le a porofense a le 147 go tswa go palogotlhe ya 160, le go ela tlhoko dipatlisiso tse di tswelelang kgatlhanong le maloko a a sa ikobeleng melao.
1.2. Kabinete e ikuetse go Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso go leka go atolosetsa tsamaiso ya eDisclosure go bommasepala.
2. Pegelo ka ga go tlhongwa ga Lenaneo la Bogareng la Kotlhao go ralala maphata a puso ka boraro
2.1. Kabinete e amogetse peodinakong ka ga go tlhongwa ga Lenaneo la Bogareng la Kotlhao go ralala makala otlhe a puso mme e tshegeditse tshitshinyo ya go momaganya tsamaiso ya Lenaneo la Bogareng la Kotlhao le ditsamaiso tsa tuelo ya meputso ya PERSAL tsa dipusoselegae, go kgona go lemoga go thapiwa ga batlhankedi ba ba latofadiwang, ba ba lebogileng tiro le ba ba kobilweng.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
Melaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Setlamo sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa sa Peteroliamo (SANPC)
1.1. Kabinete e amogetse go romelwa ga Molaotlhomo wa SANPC kwa Palamenteng. Molaotlhomo o o tlamela ka ga go tlhongwa ga setlamo se e leng sa puso, e leng tiragatso ya Tshwetso ya Kabinete ya 10 Seetebosigo 2020 go kopanya PetroSA, Setlamo sa Tlhabololo ya Gase sa Aforika Borwa (South African Gas Development Company) (iGas) le Mokgatlo wa Togamaano wa Letlole la Leokwane (Strategic Fuel Fund Association).
1.2. Bokgoni ba selegae ba metlhotlho mo Aforika Borwa bo tshwerwe ke Ditlamo tsa Oli tsa Boditšhaba (diIOC), e leng se se ka bakang kotsi ya tshireletso ya maokwane a diedi ka ntlha ya fa diIOC di tswalela metlhotlho ya tsona. Molaotlhomo o o tshitshinngwang o tlhoma SANPC jaaka mankge wa bosetšhaba yo o tla nnang le ditshwanelo tsa ona tsa go tlhotlhomisa oli le gase ka bosona le go tshola dišere ka Puso mo ditshwanelong tse e leng tsa poraefete.
2. Molaotlhomo wa Dikumo tsa Peteroliamo wa 2024
2.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Dikumo tsa Peteroliamo go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Maikaelelo a Molaotlhomo o ke go netefatsa tshireletso ya dikumo tsa peteroliamo le tlhabololo e e lolameng ya lekala la dikumo tsa peteroliamo, go akaretsa go tsenngwa ga dikarolo tsa sešweng, tse di phepa e bile di ntšhwafatsega tse di tla tokafatsang motswako wa maatla.
2.2. Molaotlhomo o o tla nna le seabe mo maitlhomong magolo a puso ka ga tlhabololo ya ikonomi le go tlhola ditiro mo lekaleng la Aforika Borwa la dikumo tsa peteroliamo gammogo le go samagana matshwenyego a le mmalwa a a neng tlhagisiwa tebang le tsamaiso ya Molao wa Dikumo tsa Peteroliamo, 1997 (Molao 120 wa 1977).
3. Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo
3.1. Kabinete e amogetse go romelwa kwa Palamenteng ga seralwa sa Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo.
3.2. Seralwa se sa Molaotlhomo se ikaelela go tokafatsa Molao wa Boitekabelo le Pabalesego ya Meepo, 1996 (Molao 29 wa 1996) ka go golaganya ditiragalo tsa botsamaisi, go matlafatsa ditlamelo tsa tsenyotirisong, go diragatsa ditlolo le dikotlhao, le go tokafatsa ditlhaloso tse di rileng.
3.3. Molaotlhomo o, gareng ga tse dingwe, o tla netefatsa gore dielo tsa boitekanelo le pabalesego di tsenngwa tirisong ka nonofo, di a diragadiwa le go tokafadiwa kwa meepong, mme se se tla fokotsa dintsho, dikgobalo le malwetse a mo tirong.
D. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Rre Nkululeko Lwazi Mahlangu jaaka Motlatsa Mokaedi-Kakaretso: Mmuso, Dikotsi le Ikobelo Melao mo Lefapheng la Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha.
2. Go thapiwa ga maloko a boto ya Setheo sa Bodutelo sa Limpopo-Olifants (Limpopo-Olifants Catchment Agency):
(a) Moatefokate Thato Goodness Moeeng (Monnasetilo);
(b) Rre Nandha Govender (Motlatsa Monnasetilo);
(c) Rre Francois Joubert;
(d) Mme Phathutshedzo Mudzanani;
(e) Ngaka Vhahangwele Bologo Akwinekomi;
(f) Rre Nkhangweni Lawrence Rambau;
(g) Rre Dikgole Timothy Seroka;
(h) Moatefokate Reinette Mary Rosey; le
(i) Moatefokate Elanie Broekman.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Dipalangwa
1.1. Ngwaga o ke wa segopotso sa bo19 sa Kgwedi ya Dipalangwa ya Diphalane ka fa tlase ga setlhogo: “Re dira go le gontsi mmogo”. Ditiragalo di tla nna ka ga go bontsha mafaratlhatlha a dipalangwa tsa botlhe le ditokafatso tse di tswelelang tsa ditirelo tsa botlhe ka semphato le bannaleseabe botlhe.
1.2. Go dirwa tswelopele e e bonalang mo lekaleng la tsamaiso ya dithoto fa e sale go tlhomiwa Setlhopha sa Togamaano sa Transnet (Transnet War Room), ka tiragatso e e tokafetseng ya ditiro tsa tsamaiso ya dithoto ka seporo le magorogelo.
1.3. Puso e tla bontsha gape diporojeke tse dikgolo tsa kago ya ditsela, go akaretsa tokafatso ya N2/N3 kwa KwaZulu-Natal le Tsela ya Moloto e e golaganyang diporofense tsa Gauteng, Mpumalanga le Limpopo.
1.4. Setheo sa Diporo sa Bapalami le sona se nnile le katlego e kgolo tebang le go bulwa gape ga mela ya botlhokwa go akaretsa Mola wa Katlehong-Kwesine, o o solofelwang go konosediwa kwa bokhutlong ba ngwaga o wa ditšhelete.
2. Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago
2.1. Diphalane gape ke Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago mme puso e ikaelela go dira tsiboso ka ga Ditirelo tsa Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
2.2. Mo tsamaong ya kgwedi e, go tla etelwa setšhaba go ralala naga go golaganya baagi le ditirelo tsa loago, mananeo a tlhabololo le go buisana le baagi, mananeo a matsholo le tiragatso ya ditshwanelo go tokafatsa boleng ba botshelo ba baagi ba ba amegang.
3. Khonferense ya Bosetšhaba ya Hisetori e e Tlotliwang ya Ngwaga le Ngwaga
3.1. Aforika Borwa ke moamogelabaeng wa Khonferense ya Bosetšhaba ya Hisetori e e Tlotliwang ya Ngwaga le Ngwaga go tloga ka 7 go fitlha ka 11 Diphalane kwa Ulundi, KwaZulu-Natal.
3.2. Kwa khonferenseng ya monongwaga, go tla tsepamiwa mo dintlheng tsa ditiragalo tsa setšhaba tse di sa rekotiwang, tse di bolokilweng le go somarelwa mo teng ga diakhaefe tsa bosetšhaba le tsa diporofense.
4. Kgwedi ya Tsiboso ka ga Boitekanelo ba Tlhaloganyo
4.1. Diphalane ke Kgwedi ya Tsiboso ka ga Boitekanelo ba Tlhaloganyo, e maikaelelo a yona e leng go ruta setšhaba ka ga boitekanelo ba tlhaloganyo le go se rotloetsa go tlhokomela boitekanelo ba bona ba tlhaloganyo. Re rotloetsa Maaforika Borwa otlhe go batla thuso le tshegetso le go tlotla batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo.
5. Samiti ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS)
5.1. Moporesitente Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya BRICS ya 2024 kwa Kazan, Russia go tloga ka 22 go fitlha ka 24 Diphalane 2024.
5.2. Samiti e ya bo16 ka fa tlase ga setlhogo: “Go Maatlafatsa Bomaphatamantsi go fitlhelela Tlhabololo le Tshireletso ya Lefatshe e e Siameng”, e tla sekaseka merero e e ka ga kgwebisano, merero ya dipolotiki tsa lefatshe le go tsweletsa tirisanommogo magareng ga dinaga tse e leng maloko.
6. Letsatsi la Kgololosego ya Bobegakgang
6.1. Ka Lamatlhatso, 19 Diphalane 2024, Aforika Borwa e tla bo e keteka Letsatsi la Kgololosego ya Bobegakgang go gopola ditiragalo tsa 19 Diphalane 1977 (Laboraro o Montsho) tse di neng di thibela mekgatlo e mebedi ya Letsholo la Itemogo ya Bantsho le makwalodikgang a le mabedi (2). Aforika Borwa wa temokerasi o nnile le Tswelopele e e bonalang go letla kgololosego ya bobegakgang le kgololosego ya itlhaloso. Tshwanelo ya kgololosego e tsentswe mo teng ga Molaotheo wa Aforika Borwa.
7. Imbizo ya Moporesitente ya Mmotlele wa Tlhabololo ya Didika (DDM)
7.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela pele Imbizo ya Moporesitente ya DDM kwa Umgababa kwa Toropokgolong ya eThekwini kwa KwaZulu-Natal ka Labotlhano, 8 Ngwanatsele 2024.
7.2. Kabinete e ikuela go baagi ba Umgababa le mafelo a a mabapi go tsenela pitso e le go rerisana le baemedi ba bona ba puso ka ga ditharabololo tsa dikgwetlho mo mafelong a bona, le go batla ditsela tse di ka thusang mo go tokafatseng thebolelo ya ditirelo.
8. Ditlhatlhobo tsa Setifikheiti sa Bosetšhaba sa Materiki (NSC)
8.1. Kabinete e eleletsa masego Baithuti ba Setlhopha sa 2024 masego jaaka ba tlile go simolola ditlhatlhobo tsa materiki ka 21 Diphalane 2024, mme e ikuela go batsadi le batlhokomedi go tshegetsa baithuti mo pakeng e e botlhokwa e ya dithuto tsa bona.
8.2. NSC e tswelela go nna mosola e bile e bulela bašwa ditšhono tse di farologaneng.
G. Melaetsa
1. Go akgola
Kabinete e akgola le go eleletsa masego:
• Setlhopha sa Aforika Borwa sa Boramolao kwa ICJ se se neetsweng Sekgele sa bo4 sa Steve Biko/Frantz Fanon sa Kgololo ya Monagano (Award for Psychological Liberation). Sekgele se ke sa tiro ya bona tebang le go ikobela Tumalano e e ka ga Thibelo le Kotlhao ya Bosenyi ba Polao ya Batho kwa Gaza. Maloko a setlhopha se ke John Dugard SC; Adila Hassim SC; Tembeka Ngcukaitobi SC; Blinne Ní Ghrálaigh KC, Max du Plessis SC, Vaughan Lowe KC, Tshidiso Ramogale, Sarah Pudifin-Jones le Lerato Zikalala.
• Boporofesara Salim Abdool Karim le Quarraisha Abdool, ka go fenya Sekgele sa Lasker se se maemo ka bodiredipuso ba bona bo bo manontlhotlho ka ntlha ya ditlhotlhomiso tsa bona tsa HIV tse di bolokang matshelo.
• Relebogile Maloma, morutwana wa segatlhamela masisi wa Mophato wa bo3 yo o dirwang khemoteraphi gammogo le morutabana wa gagwe, Mme Nqobile Mbatha, ka go amogela ga bona Kabo e e Kgethegileng ya Tona ya #My Teacher ka ntlha ya kgang ya bona e e rotloetsang. Le fa tota a ne a lwa le kankere, Relebogile ka tshegetso e e sa reketleng ya ga Mme Mbatha, a kgonne go nna mo dinakong ka tiro ya gagwe ya sekolo le fa a ne a le kwa bookelong. Mme Mbatha o ne a netefatsa gore Relebogile ga a salele kwa morago, ka go mo thusa go nna a golane le barutwana nae mo dithutong. Ka maiteko a a kgethegileng a, Relebogile ga a kgona fela go nna mo dinakong ka tiro ya gagwe ya sekolo, o ne dira go tlala seatla mme a fetsa a balwa le ba le 10 ba ba kwa godimo mo phaposing ya gagwe – tsotlhe tse go tswa kwa bolaong ba gagwe ba bookelo. Kgang ya bona ke bopaki bo bo maatla ba seabe se se mosola sa borutisi bo bo boineelo le bopelonomi, gammogo le boitsetsepelo ba mowa wa motho.
• Mme Melisa Carol Du Plessis (Bothakga mo go Ruteng Mophato wa R);
• Mme Bonisiwe Happiness Maphumulo (Bothakga mo go Ruteng kwa Sekolong se se Potlana);
• Mme Nthabiseng Mavis Mateba (Bothakga mo go Ruteng Dinonofo tsa Botshelo, Mephato 1- 6);
• Mme Koliwe Doris Mbatha (Bothakga mo Boeteledipeleng ba Sekolopotlana);
• Rre Thapelo Jacob Mthimkhulu (Bothakga mo go Ruteng Sekolosegolo);
• Mme Rose Martha De Jonker (Bothakga mo Boeteledipeleng ba Sekolosegolo);
• Rre Tiisetso Daniel Chaka (Bothakga mo go Ruteng ba Ditlhokego tse di Kgethegileng);
• Rre Mbongiseni Cyril Dlamini (Bothakga mo Boeteledipeleng ba Ditlhokego tse di Kgethegileng),
• Rre Itumeleng Esau Jr Komane (Bothakga mo go Ruteng le go Ithuteng ka Tiriso ya Thekenoloji);
• Mme Maserole Mojela (Bothakga mo go Ruteng Disaense tsa Tlhago);
• Mme Motlatso Lucia Maake (Bothakga mo go Ruteng Bonetetshi);
• Rre Ethon Alexander (Bothakga mo go Ruteng Dipalotharabololo, GET);
• Rre Sithembiso Eugene Mahlalela (Bothakga mo go Ruteng Dipalotharabololo, FET);
• Rre Derek Swart (Kabo ya Phitlhelelo ya Botshelo Botlhe ya Kader Asmal); le
• Mme Ntombozuko Mkizwana (Kabo Morutabana yo o Gaisang mo Nageng).
• Springboks, setlhopha sa rakebi sa bosetšhaba, ka phenyo ya bona e e duleng diatla kgatlhanong le Argentina le go newa sekgele sa Bommampodi ba Rakebi ba 2024.
• Setlhopha sa Aforika Borwa sa Banna ba Dingwaga tse di ka fa Tlase ga 20 sa Kgwele ya Dinao, se se itsegeng jaaka Amajita, ka go newa sekgele sa Bommampodi sa TotalEnergies CAF Under-20 Africa Cup of Nations, le go sutlhelela ga bona kwa kgaisanong ya U-20 ya Sejana sa Africa Cup of Nations.
• Motorsport South Africa, go kgona go nna baamogelabaeng ba tiragalo e ntšhwa ya World Rally-Raid Championship (W2RC), e jaanong e tla tshwarelwang le mo Aforika Borwa ka 2025.
• Zoalize Jansen van Rensburg, ka go rwesiwa sekgele sa Miss World South Africa 2024. Zoalize o na le dingwaga tse 18 mme o tla emela naga kwa Kgaisanong ya Bommabontle ya Lefatshe (Miss World Pageant) ya bo72 ka Tlhakole 2025.
• Bafenyi ba dikarolo tse di farologaneng kwa Dikabong tsa ntlha tsa SAICA South African in Australia Awards. Kabo ya CEO e neetswe Manana Johnson ka ntlha ya go supa bokgoni mo makaleng a a farologaneng a kago ya setšhaba, Ubuntu, seabe mo loagong le tirisano le bašwa.
2. Matshediso
• Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go Puso le batho ba Democratic Republic of Congo go latela matlhotlhapelo a kwa Lake Kivu ka Lamatlhatso, 5 Diphalane 2024, a a bakileng dintsho.
Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ba malapa le ditsala tsa:
• Moruti yo o Tlotliwang Ray McCauley, motlhomi wa Kereke ya Beibele ya Rhema (Rhema Bible Church) le Monnasetilo wa maloba wa Lekgotla la Bosetšhaba la Ditumelo tse di Farologaneng mo Aforika Borwa.
• Moatlhodi wa Maloba Willem Heath – yo e neng e le monnasetilo wa Khomišene ya Dipatlisiso ya Heath e e neng e batlisisa bonweenwee, tsietso le tsamaiso e e sokameng kwa Kapa Botlhaba, yo gape a neng a eteletse pele Yuniti e e Kgethegileng ya Dipatlisiso go simolola ka 1997 go fitlha ka 2001.
• Mankge wa mmino wa sedumedi Solomon Molokoane, yo o neng a itsege ka leina la tiragatso la ‘Solly Moholo’, yo o neng a re neela thotloetso, pholo, le boitapoloso ka mmino wa gagwe.
• Siphiwe ‘General GTZ’ Sibisi, yo e leng leloko le le neng le setse la setlhopha sa Kwaito, Chiskop, se se nnileng le seabe sa motheo mo tlhabololong ya mmino wa Kwaito mo nageng.
3. Kitsiso go Setšhaba
a. Kabinete e ikuela go batho botlhe mo nageng ya rona go dirisa metsi ka tshomarelo ka ntlha ya fa Aforika Borwa e le naga e e tlhaelang metsi e bile ga jaana re itemogela tlhaelo ya metsi. Re ikuela segolo go baagi ba Gauteng le KwaZulu-Natal, kwa dikiletso tsa metsi tsa maemo a ntlha (1) le a bobedi (2) di tsentsweng tirisong, go ikobela dikiletso tse
b. Metsi ke botshelo, a dirise ka maikarabelo.
E rebotswe ke: Government Communication and Information System (GCIS)
Dipotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485