A. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Puo ya Tekanyetsokabo ya Ngwaga wa Matlole wa 2025-2026
1.1. Go ne go tshwerwe Kopano e e sa Tlwaelegang ya Kabinete ka Mosupologo wa la bo 03 Mopitlwe 2025 go sekaseka dikakanyo di le dintsinyana tse di dirilweng ke ditokololo tsa Kabinete mabapi le ntlha ya gore ke dikgato dife tse di ka tsewang, re lebeletse maemo a re lebaganeng le ona, tse di ka re thusang go tlamela ka matlole ditiro tse di tshwanetseng gore re di dire mo ngwageng wa matlole wa 2025/26. Kopano eno e tshwarwa morago ga gore go tshwarwe kopano e nngwe gape e e sa tlwaelegang ya Kabinete e e neng e tshwerwe ka Mosupologo wa la bo 24 Tlhakole 2025, mo go neng ga buisanelwa ka tsenelelo dipuisano tse di mabapi le matlole a mannye a naga e nang le ona mmogo le tlhokagalo ya go tsenya tirisong ka bonako maano a mararo a a botlhokwa a Tsamaiso ya Puso ya Bosupa e e leng mo diatleng tsa Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU). Kwa kopanong eo ya la bo 24 Tlhakole 2025, Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a tlhoma setlhopha sa Ditona se se eteletsweng kwa pele ke Motlatsamoporesitente Paul Mashatile go thusana le Tona ya Matlole mmogo le setlhopha sa gagwe sa Setheo sa Matlole a Naga go rulaganya ditshitshinyo tsa Kabinete gore ba di sekaseke go ya pele.
1.2. Setlhopha se Motlatsamoporesitente a se eteletseng kwa pele se se enngweng nokeng ke Setheo sa Matlole a Naga se sekasekile ditshitshinyo tse di farologaneng tse di sekasekilweng ke Kabinete. Mo go sekegeleng tsebe kgaolo ya bo 27 ya Molao wa Taolo ya Tiriso ya Madi a Puso (PFMA) (Molao wa bo 1 wa 1999), Kabinete e ne ya laela Tona ya Matlole go itlhophela mo ditshitshinyong tse di atlhaatlhilweng gore ke efe tshitshinyo e e ka e dirisang go tlamela ditiro tsa puso ka matlole ka mokgwa o o sa ikgatoloseng dintlha tse di latelang:
(a) Matlole a mannye a naga e nang le ona;
(b) Go se imetse bahumanegi le bao ba golang megolo e e seng e mentsi; mmogo le,
(c) Go ema nokeng kgodiso ya ikonomi.
1.3 Jaaka jaanong thulaganyo ya go sekaseka ditshwaelo tsa Kabinete e garetswe, Tona ya Matlole mmogo le Setheo sa Matlole a Naga jaanong ba ipaakanyetsa go garela Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga mmogo le go e tlhagisa ka la bo 12 Mopitlwe 2025.
Dipotsolotso:
Rre Sathasivan (Terry) Vandayar – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 082 444 9092