Puo ya Pulo ya Palamente ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa kwa Cape Town City Hall, kwa KAPA Bophirima, ka la bo 18 Phukwi 2024
Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA) yo a Tlotlegang, Mme Thoko Didiza,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) yo a Tlotlegang, Mme Refilwe Mtshweni-Tsipane,
Motlatsamoporesitente Rre Paul Mashatile,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki,
Moporesitente wa mo malobeng yo gape e neng e le Mmusakgotla wa NA mo malobeng e bong Mme Baleka Mbete,
Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Phumzile Mlambo-Ngcuka,
Modulasetulo wa NCOP wa mo malobeng, Rre Amos Masondo,
Moatlhodimogolo Rre Raymond Zondo,
Motlatsamoatlhodimogolo, Mme Mandisa Maya,
Meyara yo Mogolo wa Cape Town, Geordin Hill-Lewis,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Emang Temokerasi Nokeng,
Moamogedi wa Tlotla e e Tlotlegang ya Kabo ya Ikhamanga, Ngaka Esther Mahlangu,
Baeng ba ba Tlotlegang le Batho ba Maemo a a Tlotlomadiwang
Ditokololo tsa Ditheo tsa Sedipolomate,
Maloko a a Tlotlegang a Palamente
MaAforika Borwa a gaetsho,
Re bokane fano mo porofenseng ya Kapa Bophirima go latela gore re itemogele ditsuatsue tse di bogale tse di rutlumolotseng magae a batho, mafelo a dikgwebo le go ripitla mafaratlhatlha, e leng selo se se amileng matshelo a diketekete tsa batho mo porofenseng yotlhe.
Mo matsatsing a se kae a a fetileng re bone gape le go runya ga melelo mo porofenseng ya KwaZulu-Natal, mo malakabe a ona a fetileng ka matshelo a batho ba le 14 mmogo le matshelo a batimamelelo ba le barataro. Malakabe ano a jele gape le malapa a mangwe ka molelo mmogo le go tshuma metlhape le mafelo a bojang a go disetsa metlhape.
Jaaka batho ba ba amegileng ba semeletse go busetsa matshelo a bona sekeng, kutlwelobotlhoko ya maAforika Borwa otlhe e lebisiwa kwa bathong botlhe ba ba amilweng ke masetlapelo ano a a tlhodilweng ke maemo a loapi.
Maloko a a Tlotlegang,
Ke kopile Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba mmogo le Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense go tshwara kopanotshwaraganelong eno ya Palamente maitlhomo e le go bula Palamente semmuso mo letsatsing leno le le botlhokwa thata le le tletseng bokao jo bo seng kana ka sepe.
Mo letsatsing leno re keteka botsalo jwa ga rre wa naga eno yo gape e leng sekao se segolo mo lefatsheng ka bophara sa kagiso, phimolakeledi mmogo le poelano, e bong Moporesitente Nelson Rolihlahla Mandela.
Go ralala le naga ya rona mmogo le lefatshe ka bophara, dimilionemilione tsa batho di keteka letsatsi leno ka go direla setšhaba mmogo le go ipopa ngatana.
Ka ditiro tsa bona seo se bontsha boammaruri jwa botshelo mo go reng motho ke motho ka batho ba bangwe.
Umuntu ngumuntu ngabantu. Motho ke motho ka batho.
Muthu ndi muthu nga vhangwe vhathu. Munhu yi munhu yi vanhu.
Letsatsi leno le re gakolola gore re na le maikarabelo a go tlhokomelana; le gore ga re kitla re kgona go tshela monate le ka boitumelo fa ba bangwe bona ba sa tshele jalo.
Le re gakolola gore le fa re tshwaragane le namane e tona ya tiro ya gore re atlege le go gatelapele mo botshelong, re na le maikarabelo a go dira bonnete jwa gore ga go ope yo re mo tlogelang go salela kwa morago.
Rona re le maAforika Borwa re setšhaba se se nang le batho ba ba farologaneng, re na le hisetori e e sa tshwaneng, ditumelo tse di sa tshwaneng, ditso tse di sa tshwaneng le dipuo tse di sa tshwaneng.
Le fa go le jalo, re bana ba mpa e le esi. Ebile re batla go fitlhelela dilo tse di tshwanang mo botshelong.
Ke ka ntlha ya dilo tseno tse re batlang go di fitlhelela mo botshelong tseo di dirileng gore baagi ba nanga ya Aforika Borwa ba rome Palamente eno mmogo le Puso eno go dirisanammogo mme go gatelwe kwa pele.
Mo moatsatsing a le masometlhano a a fetileng baagi ba Aforika Borwa ba ne ba leba kwa ditlhophong go ya go tseela naga eno tshwetso gore bokamoso jwa yona bo tla leba kae. Pele ga ditlhopho ba ne ba ntsha se se mo mafatlheng a bona ka seo se ba tshwenyang mmogo le go tlhagisa seo ba batlang go se bona se diragala.
Mo ditlhophong tseo ba di dirileng ba bontshitse gore ba batla gore baeteledipele ba makoko a dipolotiki ka go farologana ba tshwanetse go beela kwa thoko dikgogakgogano tsa bona mme ba simolole go dirisana gore naga e kgone go ka mekamekana le dikgwetlho tseo di re tobileng mo matlhong re le setšhaba.
Ba re romeletse molaetsa o o tlhamaletseng gore ntle le go tshwaragana, go dirisana mmogo le go ipopa seoposengwe, maiteko a rona a go fedisa tshokolo, botlhokatiro le go se lekane re se meno e tla nna a go itaya sefoletsa.
Ka go kaelwa ke thomo eno go tswa kwa bathong ba rona, makoko a dipolotiki a a farologaneng a tsere tshweetso ya gore go tlhomiwe Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU).
Mo kgatong eno e e iseng e ke e bonwe mo hisetoring ya temokerasi ya naga ya rona, makoko a dipolotiki a le masome a e leng karolo ya Palamente eno a dumelane le gore e tla nna karolo ya go aga letsholo le le utlwanetsweng leno la go dira gore re nne le Aforika Borwa yo o botoka, yo batho ba yona ba lekalekanang.
Makoko ano a ikopantse, le fa tota a na le tseo ba sa dumelaneng ka tsona, maitlhomo e le gore ba batla go bona re na le setšhaba se batho ba sona ba ipopileng seoposengwe, ba atlega e bile go se ope yo a sa unngwelweng.
Ka go latela Polelwana ya Maitlhomo, makoko otlhe a dirile boikano jwa gore a tla obamela Molaotheo mmogo le taolelo ya molao mmogo le go rwala maikarabelo, go dira ka botshepegi, go nna le seriti le go tsamaisa puso le ditheo tsa yona ka tsela e e lolameng.
Ba dumelane le gore go nne le Dintlha tse di Tlhomilweng tse di tshwanetsweng go diragadiwa jaaka metheo ya tiro eo e tshwanetsweng go diriwa ke Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga.
Dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go latela gore go tlhomiwe dintlha tseno di enngwe nokeng ka botlalo jwa tsona kwa kopanong ya mo malobanyaneng ya Kabinete ya Lekgotla, mo go neng go na le ditona le batlatsatona mmogo le ditonakgolo tse dintšhwa. Go ne gape go na le baemedi ba Dipuso tsa Dimasepala, Bakaedi ba Bagolo ba Ditheo tsa Puso mmogo le batlhankedipuso ba bangwe ba ba tshwereng maemo a a botlhokwa thata mo pusong.
Mo maitseboeng ano ke lo abela tsona dikgato tseo tse di tshwanetsweng go tsewa.
Kabinete e tla tshwara kopano e nngwe gape go tšhotlha kgang ka ga ditogamaano tse di ka diriwang go mekamekana le Leano la Tlhabololo la Pakagare, e leng seo se tla dirang gore dikgato tseno e nne karolo ya maano le ditharabololo tse di tseneletseng tseo puso e tla itshamelang ka tsona ka go di tsenya tirisong mo pakeng ya dingwaga tse di tlang di le tlhano.
Leano la Tlhabololo la Pakagare le tla tlhagisa ponelopele e e tlhamaletseng le togo ya maano a a tlhalosang ka tlhamalalo seo a batlang go se fitlhelela mmogo le dikgato tse di tlhamaletseng, tse di sekasekegang le tse di nonofileng tsa gore seo se tla fitlhelelwa jang. Dintlha tseno tse di totilweng go fitlhelelwa ga tsona go tla nna ka fa tlase ga madi a a lekanyeditsweng, e leng madi a a beetsweng go diragatsa dintlha tseno.
Mo tirong yotlhe eno e e tla diriwang mo go godiseng le go tlhabololeng ikonomi ya naga ya rona, mosupatsela e santse e le o osi fela e leng Ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Naga.
Fa re tswelela go kwala Leano la Tlhabololo la Pakagare re tla le lepalepanya le Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri tsa Dinagakopano mmogo le Maitlhomo a Aforika a 2063.
Lekgotla la Kabinete le nopotse ka fao makoko otlhe a Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga a nang le mafolofolo a go dirisanammogo go tswela maAforika Borwa otlhe mosola.
Go nopotswe mmogo le go lebogwa gape le matsapa le mafolofolo a Ditona le Batlatsatona mmogo le Ditonakgolo tse dintšhwa ao ba a dirileng mo ditirong tsa bona.
MaAforika Borwa a gaetsho,
Le fa tota re na le dingwaga di le 30 re le mo temokerasing, mmogo le tiro e re e dirileng mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng ya go tsosolosa ikonomi ya rona le setšhaba sa rona, dimilione tsa maAforika Borwa e santse e le bahutsana, ga ba na ditiro e bile ba nna le mo setšhabeng sa batho ba sona ba sa lekalekaneng.
Re setse re na le sebaka sa dingwaga di le lesome le halofo ikonomi ya naga ya rona e sa gole go le kalo.
Seemo sa baagi ba Aforika Borwa jaaka se le gompieno se tlhoka gore re ipope ngatana re le Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga mmogo le bannaleseabe botlhe ba ba botlhokwa ka fa nageng ya rona gore re tsaye dikgato ka bonako, ka bogatlhamelamasisi le ka go se komakome.
Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga e dirile boikano jwa gore fa e le dingwaga di le tlhano tse re tobaneng le tsona e tla nna tse di tla itsegeng ka go diragatsa dikgato tse di tla tlhabololang dintlha di le tharo tse di botlhokwa:
Ya ntlha ke ya go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.
Ya bobedi ke ya go fokotsa khumanego le go lwantshana le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba iphedisang ka tsona.
Ya boraro ke ya go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e tlisa tlhabologo.
Re tsere tshweetso ya go dira gore kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola e nne karolo e e botlhokwa mo tirong ya Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga le mo go nneng kwa setlhoeng mo mererong ya naga.
Re na le maitemogelo a a tlhamaletseng mo dingwageng di le 30 tse di fetileng a a bontshang gore fa ikonomi ya naga ya rona e gola, e kgona go tlhola ditiro. Mme fa e sa gole e palelwa ke go tlhola ditiro mme le ditiro tse dingwe di feletsa di re latlhegela.
Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga e tla sala morago kgato nngwe le nngwe e e re thusang gore re kgone go nna le kgolo ya ikonomi e e tsetsepelang, e e golang ka lebelo mme e tla samagana le go tlosa dikgoreletsi tsotlhe tse di emang kgolo eno kwa pele.
Re itomile sesino fa re re kgolo ya ikonomi ya rona e tshwanetse go nna e e tsenyeletsang batho botlhe. Fa re re e tshwanetse go fetola matshelo a batho.
Kgolo ya ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona e tshwanetse e nne yona e e tla kgaoganyang sešwa khumo le ditšhono mo baaging ba naga ya rona.
E tshwanetse e eme nokeng dikgato tsa go matlafatsa maAforika Borwa a bana ba mmala wa sebilo le basadi, mmogo le bao mo malobeng ba neng ba kgapetswe kgakala le ditšhono tsa ikonomi.
Tsotlhe tseno ke karolo ya dintlha tse di botlhokwa mo molaotheng wa naga ya rona tse di ka ga go busetsa maemo a a tlhakatlhakantsweng ke puso ya bogolotala sekeng mmogo le go samagana le dikgato tse di gogang maoto tsa go tlisa tlhabololo.
Ka go matlafatsa batho le go fetola maemo a bona re ka dira gore re kgone go sola mosola kitso, bokgoni, metswedi le maatla a maAforika Borwa otlhe.
Re tla tswelela ka go dirisa matsholo a a jaaka a Matlafatso ya Bathobantsho mo Mererong ya Ikonomi ka Bophara, a go thapa batho ba merafe e e farologaneng ka go tshwana mmogo le a go ema nokeng dikgwebopotlana, tse dikgolo le tse dikgologadi.
Re tla tswelela go lwela le go sireletsa ditshwanelo tsa badiri tse di lwetsweng ka ntwa ya matlho a mahibidu, mmogo le go tswelela go lwela go tokafatsa maemo ao ba dirang mo go ona le ao ba nnang mo go ona.
Kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona e gapeletsa gore basadi le bašwa e tshwanetse go nna karolo e e botlhokwa mo ikonoming.
Kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona e re tlhoka gore re sutise mefuta yotlhe ya dikgoreletsi tsa set šhaba, ikonomi, setso le e mengwe e mentsi gore batho botlhe ba ba nang le bogolofadi mmogo le ba ba leng mo tlalelong ba kgone go nna le seabe mo ikonoming.
Re tla ema nokeng kgolo ya dikgwebo tsa kwa metseselegae mmogo le go beeletsa mo go direng gore go tsenngwe mafaratlhatlha a setšhaba mo dikgaolong tseo di sa tlamelweng ka ditirelo tse di lekaneng.
Re tla tswelela gape go oketsa matlole a pusetso ya dinaga, go potlakisa kabelo ya mafatshe a puso mmogo le go tokafatsa mafelo a bodulo mme re tla dira seno ka go oketsa badiri mo ditheong tse di amegang.
Gore re kgone go nna le kgolo e e akaretsang botlhe e e golang ka lebelo, re tlhoka go baakanya mebasepala ya naga ya rona e e gogang boima.
Kgolo e iponagatsa mo dimasepaleng mo batho ba nnang teng le mo ba dirang teng.
Dimasepala tsa rona e tshwanetse e nne tsona tse di abelanang ka ditirelo tse di thusang baagi mmogo le go disa kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola. Di tshwanetse go dira ka natla gore di ngokele dipeeletso.
Kgato eno e ka kgona go rotloetsa dikgwebo gore di okediwe mmogo le go tlhola ditiro tse dingwe gape mo dikgaolong tsa dimasepala tseo. Babeeletsi ba ngoka ke mafelo a a nang le mafaratlhatlha a segompieno a a tshepagalang.
Ka go nolofatsa le go potlakisa maano le dithulaganyo tsa semolao, seo se ka dira gore go nne bonolo gore dikgwebo di dire dipeeletso mmogo le go bula dikgwebo tsa bona mo dimasepaleng tseo, mme seno se tla tlhola ditiro tse dingwe gape.
Re le puso ya naga re na le maikarabelo a Molaotheo mmogo le dithomo tse batlhophi ba re romileng go di phethagatsa e leng go thusana le dimasepala gore di kgone go dira tiro ya tsona le go diragatsa maatla a tsona ka tshwanelo.
Re tla dira bonnete jwa gore seemo sa ditheo mmogo le tlamelo ya matlole e nne tse di lekanetseng go ka diragatsa tiro ya dipusoselegae, mmogo le go dira bonnete jwa gore dimasepala di kgone go tlamelwa ka matlole le ka ditirelo tse di lekaneng.
Re tla tlhoma dithulaganyo tse di tla dirang bonnete jwa gore go thapiwe fela batho ba ba nang le bokgoni le kitso le makwalo a a lekaneng mo maemong a a kwa godimo mo dimasepaleng, mmogo le go dira bonnete jwa gore go nna le ditheo tse di ikemetseng tse di tla disang dithulaganyo tsa go thapa batlhankedi bano.
Jaaka kgato e e tla tsewang gona jaanong, re tla dira gore go nne le tsetsepelo mo pusong ya diteropokgolo mmogo le go busetsa sekeng kabo ya ditirelo.
Ga re a bolo go simolola ka tiro eno.
Fa ke ne ke jetse nala eThekwini fa ngwaga ono o ne o rotoga, ke ne ka kopana le baagi ba teropo eno, bagwebi ba yona mmogo le batlhankedi ba masepala.
Ba ne ba ntlhalosetsa gore bona se ba se batlang ke go dirisana mmogo go aga teropo eno gore ba tle ba ipele ka yona.
Fa e sale go tloga ka yona nako eo re sale ra tlhoma Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini gore thuso go tswa kwa pusong ya naga le ya porofense e nne bobebe mo go fetoleng teropokgolo eno, go baakanyana le matsapa a metsi le disoreje mmogo le go ngokela dipeeletso tse dintšhwa.
Le diteropokgolo tse dingwe tse le tsona di kopanang le dikgwetlho tse dikgolo le tsona re tla thusana le tsona fela jaaka re dirile mo go eno gore e tle e re kamoso seno se kgone go dira gore diteropokgolo tsa rona e nne tsona tse di fetlhang kgolo ya ikonomi le go nna mafelo a a phophomang ka ditšhono.
Mo dingwageng di le tlhano tse re tobaneng le tsona, re dirisana jaaka seeoposengwe, re kopanya bokgoni jwa rona rotlhe, re tla kgona go aga kgolo e ntšhwa ya ikonomi ya Aforika Borwa e botlhe ba nang le seabe mo go yona mme seno se tla kgonega ka go dira dipeeletso tse di boitshegang mo mafaratlhatlheng.
Go samaganwe le diporojeke tse dikgolo go ralala le naga ka bophara mo maphateng a a jaaka a dipalangwa, ditsela, metsi, motlakase le a go agela baagi madulo.
Re tla tlhatlosa dipeeletso mo mafaratlhatlheng ka bontsi jo bo boitshegang ka go dirisa dikgato tse di golaganeng, mo re tla dirang gore Setheo sa Mafaratlhatlha a Aforika Borwa e nne sona komang ka nna wa tsamaiso le togelomaano ya mafaratlhatlha ao.
Re repisa bogale jwa melawanataolo fa go tla mo tirisanommogong magareng ga ditheo tsa puso le tsa poraefete gore re kgone go iponela dipeeletso tse dikgolo mo matsholong a go tokafatsa matshelo a batho le mo go a go aga mafaratlhatlha a ikonomi.
Mo diteropokgolong tsa rona le mo metseselegaeng ya rona e e leng kwa garegare re solofela thuntshalerole mo go tla thunyang lerole ka ntlha ya dikago tse go tla samaganwang natso ka fa nageng ya rona mo go tla agiwang dilo tse di jaaka ditsela, maporogo, dintlo, dikolo, dipetlele le ditleliniki, go tla epelwa gape le porotebente le go epelwa ga dipala tse dingwe tse dintšhwa tsa motlakase tsa motlakase o mošwa.
Re tshwanetse go samagana le go itlwaetsa go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a setšhaba, mmogo le go tsenya dikgato le dithulaganyo tirisong go dira bonnete jwa gore seno se a phetagadiwa
Re le Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga re itomile sesino mo go atoloseng letsholo la rona la dipeeletso, go rotloetsa le go kgontsha dikgwebo gore di beeletse mo ditheong tsa tlhagiso.
Mefuta ya dipeeletso e me jalo e tla dira gore palo ya batho ba ba thapiwang e susumoge e leng seo se tla tswelang mosola maAforika Borwa a a senang ditiro, segolobogolo bašwa.
Re tla fetlha kgolo ya ditiro mo makaleng a a tlhokang badiredi ba bantsi mo go ona a a jaaka a go abelana ka ditirelo, a mo temothuong, a mo go betleng didirisiwa tse di sa kgotlheleng tikologo mmogo le a mo bojanaleng.
Gore re kgone go tlholela maAforika Borwa ditiro tse dingwe gape tse dintsi, re tla lebelela gore re samagane le go itshilela dimenerale tsa rona ka borona gore re tle re rekise ditlhagisiwa tse re feditseng ka tsona go na le go rekisa dimenerale tse di iseng di silwe.
Re tla samagana le go kwala pholisi e e laolang diintaseteri tsa thekenoloji mme pholisi eno e tla tsepamisa mogopolo mo karolong e e ka ga ka fao dikgwebo tseo di dirang ka teng mo ikonoming ya naga ya rona mo go thuseng dikgwebo tse dingwe gore di kgone go godisa dikgwebo tsa tsona mo go gwebeng ka ditlhagisiwa tse di di rekisetsang dinaga tsa boditšhaba gore di kgone go tlhola ditiro.
Re tla tswelela go dirisana le bannaleseabe ba dikgwebo gore re tswelele go tlhabolola le go tsenyatirisong Maano a Magolo a go godisa diintaseteri, go ngokela kgolo ya dipeeletso, go tlhola ditiro le go refosana maemo.
Re na le tumelo e e senang bana ba phefo gore dikgwebopotlana mmogo le dikgwebo tse di sa kwadisiwang di botlhokwa thata mo go tliseng kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona mmogo le mo go tlholeng ditiro.
Re tla tsepamisa mogopolo mo go emeng nokeng dikgwebopotlana, tse dikgolo le tse dikgologadi tse di kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng. Re tla isa ditiro tse di fetlhang ikonomi koo baagi ka bontsi ba fitlhelwang teng gore re tle re kgone go tlhola ditiro tse dingwe tse dintsi.
Melao e e kgoreletsang ke yona e e thibelang go tlhodiwa ga ditiro. Lefapha le lengwe le le lengwe mmogo le setheo se sengwe le se sengwe sa puso ba laetswe gore ba fokotse go dirisa melao e e kgoreletsang dikgwebo le mo go sa tlhokagaleng jaaka e nyemisa dikgwebo mmoko go ka tlhola ditiro.
Re bontshitse mosola wa go tlhola ditiro tsa puso le tsa setšhaba jaaka e le seo se tlholang ditiro ka bonako le go tlhola ditšhono tsa ka fao batho ba ka iphedisang ka teng.
Bašwa ba le bantsi ba iponetse merokotso ya megolo ya letseno, maitemogelo le ditšhono tsa go tlhatlhelelwa ka kitso le bokgoni ka ntlha ya go thusiwa ke Letsholo la Maditshegetso a go Tlholela Bašwa Ditiro la Moporesitente, Letsholo la go Tlholela Baagi Ditiro mmogo le matsholo a mangwe a mantsi a a ka fa tlase ga Letsholo la Moporesitente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro.
Re tla tswelela go atolosa le go dira gore matsholo ano e feletse e le a ditheo gore kwa bofeleng bašwa ba bangwe gape ba bantsi ba kgone go neelwa ditiro le go neelwa ditšhono tsa go tlhatlhelelwa ka kitso le bokgoni.
Ka go sola mosola Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, re kgonne go tlhola ditiro mmogo le ditsela tseo batho ba ka iphedisang ka tsona di ka nna dimilione di le pedi. Re ikemiseditse go susumosa letsholo la go tlholela setšhaba ditiro gore le kgone go tlhola ditiro le go feta.
Re bona khumo e e seng kana ka sepe fa re leba kwa ntle ga melelwane ya naga ya rona.
Jaaka re godisa tirisanommogo ya rona le dinaga tsa kwa ntle mo mererong ya ikonomi jaaka re baakanya tirisanommogo ya rona le dinaga tse di gwebang le naga ya rona ka semetela se se kwa godimo mmogo le go ipaakanyetsa go gweba le dinaga tseo mo isagong di tla tsogang di gwebisana le rona, re tla ipaakanyetsa tsotlhe tseno ka go potlakisa dikgato tsa go tsenya tirisong Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe gore re kgone go oketsa ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba gore di kgone go anama kontinente yotlhe.
Re tla dira seno jaaka karolo ya kgato ya naga ya rona ya go dirisana le dinaga tsa boditšhaba, e leng tsela e e tlhotlheletsang gore go rene kagiso, phemelo, temokerasi le tlhabologo mo kontinenteng ka bophara ya Aforika mmogo le go dira gore re nne le lefatshe le botlhe ba le tshwaraganetseng.
Mo dingwageng di le tlhano tse re tobaneng le tsona re tla thamuletsa ditšhono tse dikgolo tse di tlhagisiwang ke lephata la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa gore le tsona e nne tsona tse di tlisang kgolo ya ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona.
Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse mo lefatsheng di nang le mafelo a mantle thata a go ka fetlhiwang motlakase wa letsatsi le wa phefo mo go one.
Jaaka re tsena mo dikgatong tsa go fetola motlakase ka maitlhomo a go dira se se tshwanetseng mme re tsena mo go diriseng motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, naga ya Aforika Borwa e tshwanetse go bula lekala la go tlhagisa dikuno le le sa kgotlheleng tikologo le le tla samaganang le go rekisetsa dinaga tsa boditšhaba leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo mmogo le ditlhagisiwa tse dingwe tsa mofuta oo, go di rekisetsa dijanaga tse di tsamayang ka motlakase mmogo le go di rekisetsa didirisiwa tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
Re setse re bone ka fao porofense ya Kapa Bokone e setseng e ngoketse dipeeletso tse di jang dibilione tsa diranta mo go beeletseng mo diporojekeng tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
Go samaganwe le tiro ya go tlhoma Lefelo la Dikgwebo tse di Itlhophileng kwa Boegoebaai e leng lefelo leo le tla tlhotlheletsang gore go nne le dipeeletso mo diporojekeng tsa motlakase o o sa kgotlheleng tikologo wa go fetlhiwa ka metsi
Re setse re na le metseletsele e mentsi ya diporojeke tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, mme fa e kopanngwa e ka dira dimekawate di feta di le 22 500 tsa motlakase o montšhwa wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, o dipeeletso tse di dirilweng go tswa kwa lephateng la poraefete di ka balelwang go madi a le kanaka dibilione di le R400. Dipeeletso tse di tshwanang le tseno ke tsona tse di tla tlholelang batho ba le bantsi ditiro.
Mo bekeng fela yona eno, re bone porojeke e kgolo ya motlakase ya lekala la poraefete motlakase wa yona yo e o fetlhang o golaganngwa le diyuniti tsa tlamelo ya motlakase kwa Lichtenburg mo porofenseng ya Bokone Bophirima mo go tsentsweng diphanele tsa motlakase wa letsatsi di feta di le 390 000 tse di tla oketsang motlakase mo diyuniting tseno ka motlakase o o kanaka dimekawate di le 256.
Diporojeke tsa mofuta ono re tla nna re di bona di ntse di diragadiwa le go gola go ralala le naga ya rona mo dikgweding le mo dingwageng tse di tlang. Fa dipeeletso tseno di simolola go re tswela mosola re tla bona ka ditiro di simolola go tlhodiwa.
Leano la naga ya rona la go Beeletsa mo Phetogong ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET-IP) le tlhamaletse gore go tshwanetswe go beelediwe matlole a a fetang diranta di le trilione le halofo gore re nne le motlakase ono, mmogo le go ema nokeng badiri le baagi ba porofense ya kwa Mpumalanga le ba mafelo a mangwe a go epiwang malatlha kwa go ona.
Naga ya Aforika Borwa e samagane le go tsenya tirisong matsholo a motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mme go solofetswe gore seno se tla godisa ikonomi thata mmogo le go tlhola ditiro tse dintsi mo dingwageng di le lesome le go feta tse di tlang.
Re na gape le tšhono ya go ka dira gore naga ya rona e nne le seabe se segolo mo lephateng la ikonomi ya ditheo tsa thekenoloji mmogo le go tlhola ditiro mo lephateng la ditirelo tsa ditlhagisiwa tsa thekenoloji.
Re tlile go beeletsa mo matsholong a go dira makwaoloitshupo a sethekenoloji le mo go direng gore mo legatong la dituelelo tsa madi go feletse go dirisiwa dituelelo tsa sethekenoloji, ra dira gore porotebente e kgone go rekega, mmogo le go oketsa matsholo a go tlhatlhelela bašwa ka kitso le bokgoni mo dithutong tsa thekenoloji.
Jaaka re tswelela go ikutlwisa dikgaolo tse dintšhwa tseno tsa kgolo ya ikonomi, re tla tswelela gape le ka go diragatsa diphetogo tse dikgolo tse di tla dirang gore re kgone go nna le kgolo ya ikonomi.
Ka fa letlhakoreng le lengwe gona re tla thankgolola kgato ya bobedi ya Letsholo la Operation Vulindlela, e leng letsholo le legolo la puso le le sa bolong go nna le seabe se se botlhokwa mo go emeng nokeng le mo go diragatseng diphetogo.
Mo kgatong ya lona ya bobedi, letsholo leno la Operation Vulindlela le tla tsepamisa mogopolo mo go fetoleng tsamaiso ya dimasepala ka go tokafatsa kabo ya ditirelo tse di botlhokwa, ka go sola mosola mafaratlhatlha a setšhaba a thekenoloji gore a kgone go thusa gore go nne le kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona.
Letsholo leno le tla samagana gape le go potlakisa dikgato tsa go lokolola dinaga tsa puso gore di dirisediwe go agela setšhaba dintlo mmogo le go fetola pholisi ya dintlo ya naga ya rona gore e kgone go dira gore batho ba kgone go ka iponela dintlo tse di rekegang mo lefelong le lengwe le le lengwe le ba ka ratang go ka nna mo go lona.
Go tla re tsaya sebaka sa go feta dingwaga di le lekgolo gore re garele dikgato tsa go fetola intaseteri ya motlakase wa naga ya Aforika Borwa.
Fa e sale go tsibosiwa Leano la go Tseela Motlakase Dikgato ka Phukwi 2022, re nnile le kgatelopele e kgolo mo go fokotseng ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
Mo dingwageng di feta di le tlhano tse di tlang, puso e tla tsepamisa mogopolo mo go godiseng le mo go gagamatseng lephata la tsamaiso ya dithoto.
Gore re kgone go phetagatsa kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona, re tlhoka lephata la tsamaiso ya dithoto le le dirang tiro e e tswileng diatla gore e nne lona le le tsamaisang dimenerale tsa naga ya rona, ditlhagisiwa tsa rona tsa lephata la temothuo mmogo le ditlhagisiwa tse di tlhagisitsweng ka fa nageng go ya kwa bareking ba tsona.
Ka go tsenya tirisong Leano la go Rulaganya Dijanaga tse di Rwalang Dithoto, re tla tswelela ka diphetogo tsa go fetola lephata la dijanaga tse di rwalang dithoto la naga ya Aforika Borwa.
Tiro e re samaganeng nao le bagwebi le mekgatlho ya badiri kwa Komiting ya Naga ya Matsapa a Lephata la Dijanaga tse di Rwalang Dithoto e setse e tokafaditse maemo mo lephateng la dijanaga tse di rwalang dithoto mo ditereneng le mo maemelafofaneng.
Gore batho ba naga ya rona ba tshele ka boitumelo ba tlhoka metsi.
Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di senang metsi go le kalo, mme go nneng teng ga metsi mo nageng ya rona go tshosediwa ke dikgato tse mo malobeng go itlhokomolositsweng tsona tsa go reka mmetela wa metsi mmogo le dikgato tsa go se beeletse mo mafaratlhatlheng a go tsamaisa metsi.
Ka jalo re tla tswelela ka dikgato tsa go baakanya ditheo tsa lekala la metsi gore re kgone go dira dipeeletso tse dintsi mo go rekeng metsi ka mmetela mmogo le go tlhokomela metsi bokaone mo nageng ka bophara.
Fela jaaka dikgwebo di tlhoka metsi le motlakase gore di kgone go dira tiro ya tsona, go fela jalo le ka ikonomi jaaka yona e tlhoka kitso le bokgoni gore e gole.
Fa go tlhokagalang bokgoni jo re senang jona ka fa nageng, re tlhoka go ngokela batho ba ba nang le makwalo le maitemogelo a kitso le bokgoni jo bo maleba.
Re tla tswelela ka letsholo la go fetola di-visa le le tsentsweng tirisong mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng maitlhomo e le go ngokela batho ba ba nang le bokgoni jo re bo tlhokang mmogo le dipeeletso le go godisa lekala la bojanala.
Re tla tswelela ka letsholo la pholisi ya ikonomi e e potlana le le emang nokeng kgolo le tlhabololo tse di tsepameng le tse di sa tekatekeng.
Fela jaaka dinaga tse dingwe tse dintsi, le naga ya rona e ne ya tshwanelwa ke go adima madi gore e kgone go ema nokeng matsholo a re neng re tlhoka go a tlamela ka matlole.
Re tla tlhokomela matlole a puso ka go fokotsa sekoloto. Re itomile sesino go fokotsa sekoloto gore re tle re kgone go dirisa madi a a neng a duelela dinamane tsa sekoloto mo matsholong a mangwe a a botlhokwa mo go thuseng baagi le mo ikonoming ya naga.
Kgato ya bobedi e re batlang go samagana le yona mo Pusong e e Tshwaraganetsweng ya Naga ke go lwantshana le tshokolo le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa ditlhokwa tse batho ba di tlhokang go iphedisa.
Go tlhokagala leano le le mosola, le le kopaneng le le le tlhamaletseng la go fedisa tshokolo gore le kgone go ka tlhokomela le go ema nokeng batho ba ba sokolang thata mo setšhabeng.
Le fa go na le dinako tse o fitlheleng ditlamo di le dintsi di dira madi a a boitshegang a dinamane tsa merokotso, le ka tsona dinako tseo go a bo go ntse go na le dimilione tsa maAforika Borwa tse di santseng di sokola ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di golelang kwa godimo.
Re le Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga re tla lebelela gore re oketse palo ya dijo tse di sa tshwanelwang go duelela lekgetho la VAT, mmogo le go sekaseka ka botlalo ditlhwatlhwa tse di dirisiwang, go akaretsa le ditlhwatlhwa tsa leokwane, gore re tle re kgone go bona gore ke fo kae fo re ka fokotsang ditlhwatlhwa teng.
Tshokolo ya go tlhoka seo e leng sa gago ke e nngwe ya dilo tse di tlholang bodidi jwa nta e e motopo, e leng seo se dirang gore go nne boima le go feta mo bathong ba naga ya rona gore ba kgone go ka ithekela dilo tse di tlhwatlhwagodimo.
Go rebolela batho ka makwalobopaki jwa madulo a lefatshe le a dintlo tse ba di dueletsweng ke dibanka go tla thusa batho gore ba nne le seo e leng sa bona gore ba kgone go se dirisa go tokafatsa maemo a bona a go itirela letseno.
Go tlhoka mogolo le gone ke selo se se gakatsang tshokolo.
Tsela e le esi e e kgonang go samagana le tshokolo ke go tlholela batho ditiro. Re setse re dirile le dikgato tse dingwe tsa go thusa batho ba ba senang ditiro ka go ba thusa ka mefutafuta e e farologaneng ya dithuso go akaretsa ka nako ya COVID fa re ne re simolola go tsenya tirisong Megolo ya go inola batho mo tshotlegong (SRD).
Mogolo ono o thusitse dimilione tsa batho ba ba neng ba sena ditiro ba ba neng ba sena le fa e le sente yo montsho.
Re tla dirisa mogolo ono go tsenya tirisong mefuta e mengwe ya go tlhola megolo e e tla nnelang ruri go thusa batho ba ba senang ditiro gore re tle re kgone go fedisa tshokolo ya go tlhoka megolo.
Re tshwanetse re dire bonnete jwa gore dimasepala di latela ka tshwanelo matsholo a go thusa malapa a a dikobodikhutshwane, gore malapa a go nnang batsofe, batho ba ba sa itekanelang sentle le bahutsana a kgone go thusiwa ka go duelelelwa ditirelo tse di botlhokwa.
Se se botlhokwa go gaisa, re tla lepalepanya dithuso tsa baagi le mefuta e mengwe ya dithuso gore re tle re kgone go inola batho mo tshokolong.
Re le naga re tlhoka go bona seabe se se botlhokwa se thuto e e nang le boleng le e e dirang ka tshwanelo e nang le sona mo go fokotseng tshokolo le mo go tliseng kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola.
Ka jalo re tla tsepamisa mogopolo mo go direng gore go se tlhole go nna le ngwana yo a sa tseneng dikolo tsa bomapimpana, e leng selo se se tlhokegang fa ngwana a gola gore a kgone go tswelela ka dithuto tse di kwa godingwana.
Re tla dira bonnete jwa gore dikolo di nne mo maemong a a siametseng thuto, ka go dira gore re nne le diphaposiborutelo tse di lekaneng, dintlwanaboithusetso tse di femelesegileng le tse di siametseng dikolo, metsi a go nwewa mmogo le go fepa barutwana ba ba tlhokang dijo letsatsi le lengwe le le lengwe.
Gore re kgone go nna le bokgoni jo re bo tlhokang mo ikonoming ya naga ya rona, re tla atolosa dithuto tsa rona tsa thuto ya tlhatlhelelo ka bokgoni jwa tiro ya diatla le ya setegeniki mo dikolong le mo ditheong tse di kwa godimo tsa thuto, mme ra dira gore fa go tla mo go tlhatlheleleng ka bokgoni re se tlhole re botlhoka.
Tiro e e botlhokwa e le yona re tla samaganang le yona ke ya go fokotsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba di tlhokang go iphedisa mme re tla dira seno ka go dira bonnete jwa gore motho yo mongwe le yo mongwe ka fa nageng ya Aforika Borwa o kgona go fitlhelela ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo ka go lekalekana ntle le gore di mo turele.
Jaaka re tla bo re tsenya tirisong Inšorense ya Tlhokomelo ya Botekanelo jwa Setšhaba (NHI), re tla simolola ka go tsepamisa mogopolo mo go gagamatseng mafaratlhatlha a tlhokomelo ya boitekanelo, go tlhabolola katiso ya batlhankedi ba kalafo mmogo le go dirisa thekenoloji go thusa mo maokelong.
Le fa tota go santse go na le dikgogakgogano mabapi le NHI, go na le tumelano e kgolo ya gore re tshwanetse go sola mosola ditheo le batlhankedi ba maokelo a puso le a poraefete gore re kgone go fitlhelela tlhokomelo ya boitekanelo e maAforika Borwa otlhe a e tlhokang ka go lekalekana.
Ka go tsenya tirisong NHI re na le tshepo e e tletseng ya gore re tla kgona go dira gore bannaleseabe botlhe ba amogele seemo sa rona, e bile re na le tshepo ya gore re tla kgona go rarabolola dikgogakgogano tse di leng teng le go baya fa tafoleng ka botlalo kgang e e tlhamaletseng e botlhe ba tla e utlwang.
Jaaka batho ba bantsi ba nnela kgakala le koo ba ingapangapelang, madi a ba a dirisang a dipalangwa go leba koo ke a mantsi mme a dira gore ba dirise madi a mantsi mo dipalangweng go gaisa mo goreng ba itlhokomele ka ona.
Ka jalo ntlha e e kwa setlhoeng e re tla samaganang le yona ke ya go konosetsa dikgato tsa go busetsa diterene tsa banamedi sekeng go ralala le naga gore batho ba kgone go di dirisa fa ba tswa kwa mafelong a a leng kgakala go ya kwa bogareng jwa diteropo.
Jaanong diphesente di ka nna di le 80 tsa diterene di setse di simolotse go boela tirong ya tsona, mme diteiene tsa diterene di ka nna di le 300 tse di neng di phuagantswe di baakantswe, mme jaanong ke mafelo a a babalesegileng a a tlamelang banamedi ka ditirelo tse di manontlhotlho.
Ntlha ya leano la boraro ya Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga ke go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e dira ka botswapelo.
Re tla tswelela ka tiro e re samaganeng le yona ya go dira gore bodiredipuso bo diriwe tiro ya seporofešene, ra dira bonnete jwa gore mo tirelopusong re ngokela batho ba ba nang le bokgoni, kitso le maitseo.
Re tla tswelela go lwantshana le bonweenwee mmogo le go thibela go itshunya nko ga sepolotiki mo tsamaisong ya puso.
Mo tsamaisong ya puso eno, re tla garela tiro ya go busetsa maemo a matlole a ditheo tsa dikgwebo tsa puso (di-SOE) sekeng mmogo le tiro ya tsona.
Re tla garela dikgato tsa go tsenya tirisong thulaganyo e ntšhwa ya go laola di-SOE. Seno se tla tokafatsa go nna le maikarabelo, go dira ka botshepegi, merero ya tsamaiso le tlhokomelo ya ditheo tsa puso fa ka fa letlhakoreng le lengwe tsamaiso e e sa lolamang mmogo le kgonagalo ya bonweenwee tsona di ntse di fokotsega.
Go tlhomiwa ga setlamo se segolo sa go disa di-SOE go tla re thusa gore re kgone go aga setheo sa letlole la setšhaba la go beeletsa.
Dinaga tse dingwe tse di setseng di atlegile mo go tlhomeng ditheo tsa letlole la setšhaba la go beeletsa di kgona go ipokeletsa matlole go tswa mo di-SOE tsa bona go na le go adima.
Gore re kgone go tshwara botlhokotsebe le bonweenwee ka dinaka, re tshwanetse go nna le ditheo tsa molao tse di nang le bokgoni, tse di tlhatlhaganeng le tse di ikemetseng gore di kgone go tlhalefela ditiragalo tsa bosenyi jo bo nang le matlhajana le jwa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go timetsa motlhala.
Re tla dirisa thekenoloji ya segompieno go lwantshana le botlhokotsebe. Re tla dirisa tshedimosetso e e leng teng go re supetsa mafelo a bosenyi bo itelekelang mo go ona mme ka yona re tla kgona go tsaya ditshweetso tse di nepileng go tshegetsa tiro ya sepodisi mmogo le dikgato tse di tlhokagalang go thibela botlhokotsebe.
Ka go dirisa diyuniti tse di itlhophileng tsa sepodisi re tla tswelela go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo tswileng mo taolong jo bo jaaka bogodu jwa dirašwa tsa meepo, digongwana tsa bogodu, go kgothosiwa ga dirori tse di rwalang madi mmogo le go kgothosiwa ga beng ba dikonteraka ka go tshosediwa ke digongwana tse di tlhometseng tse di ba kgoreletsang go aga mme di ba batla dituelelo gore di ba letlelele go tswelela ka tiro ya bona.
Re tla tswelela go tsenya tirisong Leano la Naga la go Samagana le Tiro ya go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi (GBV), mmogo le go oketsa ditirelo tsa go ema nokeng batswasetlhabelo tse di jaaka Mafelo a go Tlhokomela le go Thoba Matshwafo a Batswasetlhabelo a di-Thuthuzela mmogo le mafelo a a leng kwa diteišeneng tsa sepodisi a a samaganang le merero ya GBV.
Maloko a a Tlotlegang,
Dingwaga di le 30 tse di fetileng Moporesitente Nelson Mandela o ne a ema Ntlo eno ka lefoko a bua ka seo Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga ya motsi oo e setseng e se dirile mo matsatsi a yona a le 100.
Fa a ne a bua a nopola dikakanyo tse di farologaneng tsa maloko otlhe a a farologaneng a motsi oo mo pusong, o ne a re:
“Se se re kopantseng mono ke maikemisetso a rona a a sa sweng lentswe a go iteka ka fao re ka kgonang go kopanya setšhaba sa rona le go fetola maemo a sona.”
Seo ke sona seo le gompieno re ka se boeletsang fa re bua ka Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga ya motsi o re leng mo go ona gompieno e e tlhomilweng ke makoko a le masome a dipolotiki a a nang le baemedi ba ona kwa Palamenteng.
Se rotlhe se re kopanyang ke maikemisetso a go dira gore setšhaba sa rona se boelane ka go godisa dikgato tsa go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona mmogo le go dira gore batho botlhe ba lekalekane le go unngwelwa ka go lekana.
Re ikemiseditse go tokafatsa naga ya rona mmogo le baagi ba yona ka go dira gore re nne le kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona, go tlholela batho ditirol le go fokotsa tshokolo.
Eno ke kgato e bojotlhe jwa rona re tshwanetseng go nna le seabo mo go yona.
Mo motsing wa Puo ya go Tlhoma Moporesitente mo Setilong, ke ne ka dira boikano jwa gore re tshwanetse go dirisana mmogo go tshwara Puisano le Setšhaba go buisana ka dikgwetlho tse dikgolo tse di tobaneng le naga ya rona, mmogo le gore ke eng se bojotlhe jwa rona re tshwanetseng go se dira gore re tle re nne le bokamoso jo bo botoka le naga e ntle.
Mo setšhabeng baagi ba neseditse pula kgang eno ya go tshwara Puisano le Setšhaba.
Ba re puisano eno e tshwanetse go tsenelwa ke bannaleseabe botlhe ba ba botlhokwa ka fa nageng, ba ba tla emelang setšhaba, magosi le dingaka, badumedi le dikereke, badiri, bagwebi, baemedi ba merero ya setso, batshameki ba metshameko mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba emetseng dikgatlhegelo le dikakanyo tse di farologaneng tsa baagi ba naga ya rona.
Fa re lebelela sekao se se dirilweng ke dikopano tse di botlhokwa thata mo hisetoring tse di jaaka ya ngwaga wa 1955 ya Congress of the People, ya ngwaga wa 1989 ya Conference for a Democratic Future mmogo le ya dingwaga tsa bo ma 1990 kwa tshimologong ya diuisano tsa Convention for a Democratic South Africa, mmogo le go nopola maitemogelo a re nnileng le ona mo go kwaleng molaotheo o montšhwa wa temokerasi ya naga ya rona ka ngwaga wa 1996, re bona gore re tlile go tlhoka go tshwara Puisano le Setšhaba e kgolo e e tlileng go nna e telele le go nna le batho ba naga ya rona ba bantsi ba ba tlileng go nna le seabe mo go yona gore setšhaba se nne le seabe mo go yona.
Fela jaaka re setse re kile ra dira ga ntsi ntsi fela mo mererong e e botlhokwa mo dinakong tse di fetileng, le fano re tla tlhoka go dumelana ka go nna le ponelopele e le nngwe e e tshwanang gore re kgone go fitlhelela diphisegelo tseo re di fisegelang re le naga.
Ka go tshwara Puisano le Setšhaba re neelwa maikarabelo a gore re tlise diphetogo, re tlise kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona, re tlhole ditšhono.
Dingwaga di se kae tse di fetileng batho ba ba farologaneng mmogo le bannaleseabe go tswa mo setšhabeng sa rona ba ne ba ikopanya go atlhaatlha dikgonagalo tse di farologaneng tse di isang kwa isagong ya naga ya rona.
Batho bano ba ne ba ipitsa Indlulamithi Scenarios 2035.
E nngwe ya dikgonagalo tse ba tlhalosang di ka nna teng ba di bitsa ‘The Recrimination Nation’, mme ba ne ba dirisa letshwao la nonyane e e molodi o o kwa godimo e e bediwang Tshababarwa go tshwaya bokao jono.
Setshwantso se ba se tshwantshitseng ka kgonagalo eno se bontsha naga e go sa tseweng dikgato mo go yona, mo mathata a naga e nang le ona go setseng go tlwaelegile gore a tlogelwa fela go atela kwa pele a sa rarabololwe, mo batho ba teng ba solanang ka matsapa le maitsholo a a bodileng ao a wetseng naga ya Aforika Borwa. Setshwantsho seno se bontshitse setshwantsho seo mo go sona re bonang naga ya rona e phutlhama.
Kgonagalo ya bobedi yona ke e e bontshitseng setshwantsho sa lenong, mo naga e e leng mo tlalelong e busiwang ke pusotshwaraganelo ya bomponeng-mponeng bao maitlhomo a bona a leng esi fela e leng go phuphura khumo ya puso le go tshosetsana le batho ba bangwe.
Setshwantsho seno se re bontsha ka fao babeeletsi ba phuthaphuthang sa bona ba le botsa phokojwe, kgolo ya ikonomi e phutlhama mme botlhokatiro, tshokolo le go se lekane re se meno e nna dilo tse di tswang mo taolong le go feta.
Batho bano ba ne ba re bontsha gape le kgonagalo e nngwe e ba e bitsang ‘The Cooperation Nation’, mme letshwao la yona ke la dinonyane tsa thaga.
Setshwantsho sa kgonagalo eno sona se re bontsha ka fao morago ga dikgogakgogano le ditshenyo tse di dirilweng ke merusu e e neng e le teng makoko a dipolotiki a simololang go boelana le go dirisana mmogo sentle, mmogo le ditheo tsa puso, dikgwebo tsa poraefete mmogo le mekgatlho ya baagi mo maitlhomo e leng go ipopa ngatana go nopola le go samagana le mathata a a tlhokwang go rarabololwa ka bonako mme botlhe ba dirisa maatla a yo mongwe le yo mongwe wa bona a nang le ona.
Ga jaanong go setse go na le diphetogo mo pusong mmogo le diphetogo tse di dirang gore ikonomi e gole, mo e tla ngokelang dipeeletso tse dingwe gape tse dintsi, e leng selo seo kwa bofelong se tla dirang gore batho ba ba senang ditiro dipalo tsa bona di fokotsege mmogo le go fokotsa go se lekane re se meno le tshokolo.
Ka go tlhoma Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga, ka go ipaakanyetsa go tshwara Puisano le Setšhaba, re tsere dikgato tse di tlhamaletseng gore re batla go ipona re le setšhaba sa ‘The Cooperation Nation’.
Ka jalo re batla gore rotlhe re le maAforika Borwa re simolole go itshwara jaaka ‘dithaga’. Kana dithaga ke tse dingwe tsa dinonyane tse di tshelang mmogo go nne di dirisana sentle mmogo go aga madulo a a gagamatsang.
Le fa tota go ntse go na le dikgwetlho tsotlhe tse re nang le tsona, le fa tota go na le dilo tse dintsi tse re farologaneng ka tsona, le fa tota go ntse go na le dikgwetlho tsotlhe tse di re kgarameletsang kwa morago, re le maAforika Borwa re a bidiwa gore re tsetsepele mo ntlheng eno ya gore re tshwaragane, re godise ikonomi le go dira gore le ba bangwe le bona e nne karolo.
Mo mosong wa gompieno setlhopha sa maAforika Borwa a go pagama dithaba ba gorogile kwa ntlhorong ya thaba ya Kilimanjaro, e leng ntlhoro e e kwa godimo go di gaisa tsotlhe mo kontinenteng ya Aforika.
Ba dirile seno ka leina la Nelson Mandela mmogo le go dira jalo jaaka sesupo sa go keteka dingwaga di le 30 tsa segopotso sa kgololesego ya naga ya rona.
Letsholo leno le le bediwang Trek4Mandela, le ne le tsenetswe gape le ke batho ba bangwe go tswa mo lefatsheng ka bophara ba ba namelang dithaba ka maitlhomo a go thusa basetsanyana gore ba se tlogele sekolo ka go thusa letsholo leno go bokeletsa matlole a tiragalo eno, a a tla dirisediwang go ba rekela dilwana tsa ka fa teng tsa bomme mmogo le dilwana tse dingwe tse ba di tlhokang.
A seo ba se dirang se tswelele go re rotloetsa.
A seo ba se fitlheletseng se re gopotse gore, re le setšhaba sa naga ya Aforika Borwa, ga go thaba epe e re ka palelwang ke go e namela e bile ga go ntlhoro epe fela ya thaba e re ka palelwang ke go fitlhelela kwa godimo ga yona.
Ke garela ka go le gopotsa mafoko a ga Rre Martin Luther King Jr, le fa ke sa a bee jaaka ene a a beile, fa a ne a re:
Mo maitseboeng ano tla re emeng re ikotle sehuba.
Tla re emeng ka phisegelo e e seng kana ka sepe.
Tla re gateleng pele re gata re gatoga mo matsatsing ano a a boima, matsatsi ano a a tletseng dikgwetlo, mme re dire jalo go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne e e tshwanetseng go nna yona.
Re na le tšhono ya go ka dira gore naga ya Aforika Borwa e nne naga e e botoka e e gaisang.
A Modimo a boloke naga ya Aforika Borwa le setšhaba sa yone.
Nkosi Sikelel’ iAfrika.
Pula.