Thomelontle le thomeloteng ya dikuno tsa phetheroliamo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya tetla ya thomeloteng kgotsa thomelontle ya ditlhagiswa tsa peteroleamo

Fa o batla go romela teng kgotsa go romela ntle ditlhagisa tsa peteroleamo mo Aforika Borwa, o tshwanetse go dumelelwa pele ke Lefapha la Diminerale le Maatla (DME) go bona to tetla go tswa go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC).

Thomeloteng le thomelontle ya ditlhagiswa tsa peteroleamo di ka fa tlase ga taolo ya thomeloteng/thomelontle mme ka jalo setlamo kgotsa motho yo o ikaelelang go romela teng kgotsa go romela ntle ditlhagiswa mo kgotsa kwa ntle ga Aforika Borwa o tlhoka tetla ya thomeloteng kgotsa ya thomelontle.

Go rebolwa ga ditetla tsa thomeloteng le thomelonte ya ditlhagiswa tsa peteroelamo go ka fa tlase ga ditlhokego tse di laolwang ke Lefapha la Diminerale le Maatla (DME).

Gore o tsewe tsia mo go dumeleleng, o tshwanetse go ikgolaganya le DME malebana le tsamaiso e e tlhokegang.

Dithoto tse di jaaka oli e tala, lookwane, parafene, dioli tsa togetso, digase tsa peteroleamo, mafura a peteroleamo, bitumenen ya peteroleamo le bonota jwa parafene di ka fa tlase ga mekgwataolo ya thomeloteng le thomelontle.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Kopa foromo ya kopo ya tetla ya thomeloteng kgotsa thomelontle go tswa go ITAC kgotsa e sitlholole go tswa mo webosaeteng ya ITAC.
  2. Tlatsa foromo ya kopo mme o e romele go DME go bona tumelelo, mmogo ole khopi ya setifikeiti sa kwadiso ya VAT sa Setlamo sa gago
  3. Fa kopo ya gago e sena go dumelelwa, e tseye kwa DME mme o e ise kwa ITAC.
  4. ITAC e tla diragatsa kopo ya gago le go go rebolela tetla fa kopo ya gago e atlegile.

Ela tlhoko:  Ditetla tsa thomeloteng di dira sebaka sa dikgwedi tse 12 mme ditetla tsa thomelontle di dira dikgwedi tse thataro.

Nako ya tiragatso

Paka ya go rebola ditetla tsa thomeloteng ke matsatsi a tiro a le mararo.

Tuelo ke bokae

Khomišene ya Tsamaiso ya Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba ga e duedise dituelelo tsa tirelo mme o tla tshwanelwa ke go duela Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (Sars) lekgetho la dithoto. Lekgetho la dithoto le duelelwa jaaka phesente ya boleng jwa dithoto (jaaka go kailwe mo mametlelelong ya Molao wa Lekgetho la Dithoto le Dithekiso). Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga Lekgetho la Dithoto, etela webosaete ya Sars

Diforomo tse di tladiwang

Thomelontle:

Thomeloteng:

O ka golagana le mang

 

ITAC national office - Import and Export Control

Tel: 0861 834 384, 012 394 3590, 012 394 3591
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X753 Pretoria, 0001
Web address: http://www.itac.org.za

Department of Energy

Tel: 012 406 8000
E-mail: info@energy.gov.za
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: 192 Visagie Street, Corner Paul Kruger & Visagie Street, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X96, Pretoria, 0001
Web address: https://www.energy.gov.za/

Share this page