Kopo ya makwalotshupo go ETQA jaaka motlamedi wa thuto le katiso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

 

Tlhaloso

Melawana e e dirang go Netefatso ya Boleng jwa Thuto Katiso le Tlhabololo (ETDQAs) ka fa tlase ga Bothati jwa Dithutego jwa Aforika Borwa kgotsa  South African Qualifications Authority (SAQA) e tlhoka gore batlamedi ba thuto le katiso ba dire kopo ya makwalotshupo. Go newa makwalotshupo, batlamedi ba thuto le katiso ba tshwanetse go ikwadisa go ya melawana e e maleba. Molao o o malebana le Thuto e Kgolwane le Thuto e e Tswelelang o tlhoka gore batlamedi botlhe ba thuto le katiso ba ba rebolang dithutego tse di tletseng ba kwadisiwe le Lefapha la Thuto.

Motlamedi wa thuto le katiso o tshwanetse go rebola dielo tsa dikarolwana le/kgotsa dithutego tse di welang ka fa tlase ga ntlhatsepamo ya bothati jwa Netefatso ya Boleng jwa Thuto Katiso le Tlhabololo (ETQA) Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso kgotsa Mokgatlo wa Porofešenale.

Ditlhokego tsa go newa makwalotshupo:

  • Ditlhokego tsa go ka rebolelwa makwalotshupo di fitlhelwa mo teng ga setlankana se se bidiwang Mekgwa le Dikaedi go Batlamedi kgotsa Criteria and Guidelines for Providers mme se ka bonwa mo webosaeteng ya SAQA.
  • Dithulaganyo (le/kgotsa ditlhatlhobo) tse di rebolwang ke motlamedi wa thuto le katiso di bopa dielo tsa dikarolwana le/kgotsa dithutego tse di kwadisitsweng mo teng ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Dithutego (NQF). 
  • Kharikhulamo (popego, diteng le dithusathuto) e nyalana le. 
  • Go na le badiri ba ba nang le dithutego (barutisi le batlhatlhobi ba ba kwadisitsweng). 
  • Baithuti ba fitlhelela ditirelo tse di lekaneng tsa tshegetso mo thutong. 
  • Mekgwa le didiriswa tsa tlhatlhobo tse di dirisiwang go lekanyetsa ditlhokego tsa dielo tsa dikarolwana le/kgotsa dithutego ga di gobelele, di siame e bile di a ikanyega, e bile di dirisiwa go tsweletsa thuto.

    Dikgato tse di latelwang

    • Romela lekwalo la maikaelelo a gago a go newa makwalotshupo jaaka motlamedi wa thuto le katiso go ETQA e e maleba.
    • Isa foromo ya itlhatlhobo le kopo go ETQA.
    • Fa o sa newa makwalotshupo mme o akanya gore tsamaiso e ne e gobelela, o na le tshwanelo ya go ikuela.
    • Lenane la diETQA le dintlha tsa tlhaeletsano di teng mo webosaeteng ya SAQA.

    Boemo jwa tirelo

    Go ka tsaya dikgwedi di ka fitlha go 6.

    Tlhotlhwa

    Tirelo e ke mahala.

    Diforomo tse tladiwang

    Diforomo tsa kopo tsa tumelelo ya batlamedi le ditlankana tse di amanang natso di ka bonwa kwa ETQA e e maleba.

    Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

     

    National office
    Tel 012 431 5070
    Helpdesk 0860 111 673
    Fax 012 431 5147
    E-mail verifications@saqa.co.za
    City/town Pretoria
    Province Gauteng
    Physical address South African Qualifications Authority, Quality Assurance and Development, Hatfield Forum West, 1067 Arcardia Street, Hatfield, Pretoria
    Postal address Postnet Suite 248, Private Bag X06, Waterkloof, 0145
    Website https://www.saqa.org.za/

     

    Share this page