Kopo go tlhotlhomisa borutegi jwa bahuduga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso 
Tuelo ke bokae 
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go tlhatlhoba dithutego tsa boditšhaba


Fa o na le dithutego tsa boditšhaba mme o batla go tsena kwa setheong sa thuto kgotsa go dira mo Aforika Borwa, o ka tshwanelwa ke go dira kopo go South African Qualifications Authority (SAQA) gore dithutego tsa gago di tlhatlhobiwe.

Fa o dira kopo ya tetla ya kabo kgotsa ya tiro mo Aforika Borwa, pholisi ya khudugelo e tlhoka gore o romele setifikeiti go SAQA gore se tlhatlhobiwe e le karolo ya kopo ya gago. 

Fa o eletsa go tsena mo setheong sa thuto sa Aforika Borwa, o tla tlhoka gore SAQA e tlhatlhobe dithutego tsa gago fa e le gore setheong se o batlang go ya kwa go sona se lopa jalo. Ditheo tsa porofešebake ke tsona di ka tlhoka gore dithutego tsa gago tsa boditšhaba di tlhatlhojwe ke SAQA pele o o ka letlwa go diragatsa porofešene ya gago.

Ntle le moo, tirelo ya tlhatlhobo ga se ya pateletso mme maitlhomo a yona ke go lemosa maemo a dithutego tsa boditšhaba di tshwanetseng go bewa mo go ona.

Tirelo e e rebolwa ke Bokaedi jwa Tlhatlhobo ya Dithutego tsa Boditšhaba le Ditirelo tsa Kgakololo (Directorate of Foreign Qualifications Evaluation and Advisory Services (DFQEAS) kwa SAQA.   

Ela tlhoko: Go dira kopo ya go tlhatlhojwa ga dithutego tsa boditšhaba, sekaseka dikaedi tsa tsamaiso (procedural guidelines) le lenanetuelo (tariff structure) tse di mo teng ga foromo ya kopo.

Se o tshwanetseng go se dir

  • Bona foromo ya kopo tswa kwa dikantorong tsa SAQA kgotsa e ntshe mo webosaeteng.
  • Tlatsa dikarolo tsotlhe tsa foromo ya kopo.
  • Netefatsa gore bopaki jwa tuelo e e maleba bo tsamaya le kopo.
  • Neelana ka dikhopi tse di bonalang sentle e bile di kannwe tsa ditlankana tse di tlhokegang.

Ditifikeiti tsa dipuo tsa boditšhaba di tshwanetse go tsamaya le diphetolelo tse di kannweng tsa Seesimane.

Ela tlhoko: SAQA e tlhoka setlankana ka puo ya sona le phetolelo e e kannweng.

Nako ya tiragatso

  • Kopo e e tlwaelegileng: matsatsi a tiro a le 30
  • Kopo ya tshoganyetso: matsatsi a tiro a le 20
  • Dikopo tsa botlhokwa: matsatsi a tiro a le 10
  • Dikopo tse di kgethegileng: diura tse 48

Tuelo ke bokae

Diforomo tse di tladiwang

Evaluation of foreign qualifications (Tlhatlhobo ya dithutego tsa boditšhaba)

​​​​​​​O ka golagana le mang

Tikwatikwe ya megala: (012) 431 5070

Imeili:

ceeq@saqa.org.za

National office
Tel 012 431 5070
Fax 012 431 5147
E-mail verifications@saqa.co.za
City/town Pretoria
Province Gauteng
Physical address South African Qualifications Authority, Quality Assurance and Development, Hatfield Forum West, 1067 Arcardia Street, Hatfield, Pretoria
Postal address Postnet Suite 248, Private Bag X06, Waterkloof, 014
Website https://www.saqa.org.za/

 

Share this page