Ditifikeiti tsa boditšhabatšhaba tsa disata

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Kopo ya setifikheiti sa Mokgatlo wa Boditšhaba wa Teko ya Dipeo (ISTA)

Go kgona go romelantle peo o dirisa setifikheiti sa ISTA (Mmala wa Namune le/kgotsa wa Botala jwa Loapi) o tshwanetse go dira kopo kwa laboratoring ya semmuso ya ISTA.

Kopo ya setifikheiti sa ISTA kwa Laboratoring ya Semmuso ya Teko ya Dipeo (OSTL).

OSTL ke laboratori e e amogetsweng semolao (nomorokamogelo ZA01) ya ISTA. OSTL e dumeletswe go rebola ditifikheiti tsa Boditšhaba tsa Tshekatsheko ya Dipeo.

O ka dira kopo ya Setifikheiti sa setlhotshwana sa dipeo (Seed Lot Certificate) sa mmala wa Namune kgotsa Setifikheiti sa Sampole ya Dipeo (Seed Sample Certificate) se se Botala jwa Loapi.

  • Setifikheiti sa Mmala wa Namune se rebolwa fa go ntshitswe sampole mo setlhotshwaneng mme diteko di dirwa ka fa tlase ga maikarabelo a laboratori e e amogetsweng semolao. Setifikheiti se se dira mo setlhotshwaneng se peo e tserweng mo go sona.
  • Setifikheiti se se Botala jwa Loapi se rebolwa fa sampole e se maikarabelo a laboratori e e amogetsweng semolao mme laboratori e e amogetsweng semolao e rwele fela maikarabelo a go tlhatlhoba sampole eo. Setifikheiti se se dira fela mo sampoleng e e amogetsweng gore e sekasekwe.

Se o tshwanetseng go se dira

Mo lebakeng la Setifikheiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhaba:

  1. Sitlholola foromo kgotsa golagana le OSTL mme o tlatse foromo ya kopo ya Setifikheiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhaba.
  2. Kopa dinomoro tsa semmuso tse di neelwang ditlhotshwana tsa dijalo.
  3. Romela kopo ya gago ka fekese go OSTL 012 808 5383 le/kgotsa ka imeile go SeedTesting@daff.gov.za
  4. Fa kopo ya gago e sena go amogelwa o tla rebolelwa dinomoro tse di kgethegileng tsa ditlhotshwana tsa dipeo mme kopo ya gago e tla romelwa go wena ka fekese kgotsa imeile. E tla romelwa ka fekese kgotsa imeile le go modiradisampole mo kantorong ya kgaolo e e gaufi nao kwa disampole di tla diragadiwang teng. 
  5. Tlhopha ditlhotshwana tsa dipeo go dira disampole. Se se akaretsa go tshwaya setlhotshwana ka dinomoro tse di reboletsweng setlhotshwana seo. O tshwanetse tshwaya setshodi sengwe le sengwe (ka mokwalo o o bonalang) kgotsa o se neele nomoro ya setlhotshwana e e rebotsweng.
  6. Fa ditlhotshwana tsa dipeo di siametse go dirwa disampole, itsise modiradisampole gore a tle go tsaya disampole.
  7. Modiradisampole o rwala maikarabelo a go dira disampole tsa semmuso le go tswalela ditlhotshwana tsa dipeo.
  8. Disampole di romelwa kwa OSTL go sekaseka boleng jwa tsona mme go rebolwe setifikheiti se se maleba.
  9. Morago ga go romela sampole, o tla newa tshupatefo.

Mo lebakeng la Setifikheiti se se Botala jwa Loapi:

  1. Dira kopo ya Setifikheiti se se Botala jwa Loapi ka lekwalo le le mo setlhogokwalong sa mokgatlo wa gago, ka ntlha ya fa go sa tshwaiwe setlhotshwana sa dipeo le disampole tsa semmuso.
  2. Duela tlhotlhwa ya tlhatlhobo ya dipeo mme o romele bopaki jwa tuelo kwa OSTL ka fekese kgotsa imeili gore o rebolelwe setifikheiti.

Dintlha tsa banka tsa Setifikheiti sa Boditšhaba sa Mmala wa Namune le se se Botala jwa Loapi
Banka: Standard Bank
Leina la lekala: Arcadia
Khoutu ya lekala: 01-08-45
Nomoro ya akhaonto: 011244887
Leina la akhaonto: NDA Seed Testing Services

O ka duela ka mokgwa wa inthanete kgotsa ka namana kwa khaonthareng.

Gakologelwa go tsenya nomoro ya tshupatefo jaaka referense.

Nako ya tiragatso

Laboratori ya Semmuso ya Teko ya Dipeo (OSTL) e tsaya tsia thata teko ya disampole tsa dipeo tse di tla romelwang ntle. Mefuta e e farologaneng ya dijalo e na le maemo a a farologaneng a diteko mme paka ya teko e ka tsaya matsatsi a le mmalwa go ya go dibeke di le mmalwa.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for the insurance of an Orange International Certificate (OIC) (Kopo ya thebolo ya Setifikheiti sa Mmala wa Namune sa Boditšhaba (OIC)
 

O ka golagana le mang

 

Tel: 012 3196262/6311
Fax: 012  319 6372 
E-mail: BeckyM@daff.gov.za / AngelMab@daff.gov.za

Physical address: Official Seed Testing Station, Directorate Plant Production,
Plant Genetic Resources Centre, KwaMhalanga Road, Roodeplaat,
Pretoria

Postal address: Official Seed Testing Centre, Directorate Plant Production,
Private Bag X250,
Pretoria,
0001

Share this page