Dipeo tsa semmuso

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tlhatlhobo ya disampole tsa dipeo tsa semmuso

Fa o batla gore disampole tsa dipeo di tlhatlhobiwe go bona gore a di itshekile, di ka mela le/kgotsa di a dirisega, badiradisampole ba Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi ba tshwanetse go tsaya disampole.

Disampole tsa semmuso tsa dipeo di tshwanetse go ikobela maemo a Plant Improvement Act (PIA). Fa peo e sa ikobele Molao o, e tshwanetse go gogelwa morago mo thekisong kgotsa e newe leibole e nngwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Badiradisampole go tswa kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi ba tla tsaya disampole tsa dipeo tsa taolo ya kgwebisano (TC) le dipeo tse di tswang kwa dinageng disele (IS) go tswa mo bathing, k.g.r. mekgatlo, ditheo, ditlamo, dikoporasi le balemirui ba ba rekisang dipeo.
  2. Mefuta yotlhe ya dipeo tse di leng teng, dipeo tsa kgwebo tse di dumeletsweng, e tsewa tsia Mefuta ya dipeo tse di tla dirwang disampole e tlhophiwa jaana:
    • tlhopho ya dipeo e e sa lateleng mokgwa ofe fela
    • mefuta ya dipeo tse di belaelwang
    • mefuta ya dimela tse di nang le mathata.
  3. Disampole tse di tlhatlhobelwa go ikobela ditlamelo tsa Plant Improvement Act.
  4. O tshwanetse go golagana le Kantoro ya Kamogelo, Kwadiso le Pego (Kantoro ya RRR) ya Laboratori ya Ditlhatlhobo tsa Semmuso tsa Dipeo fa o na le dipotso, sk. ditlhatlhobo di tsamaya jang le tshedimosetso ka ga dipegelo kgotsa ditifikheiti.

Ela tlhoko:
Dipegelo ka ditlhatlhobo tse di dirilweng di romelwa go modiradisampole yo o dirileng sampole eo. Fa o batla dipoelo tse, Pegelo ya Tshekatsheko ya Dipeo e tla rebolwa mme o tshwanetse go duela tlhwatlhwa e e maleba.
Dintlha tsa banka:

Banka: Standard Bank
Leina la Lekala: Arcadia
Khoutu ya lekala: 01-08-45
Nomoro ya akhaonto: 011244887
Leina la akhaonto: NDA- Seed Testing Services
Gakologelwa go tsenya nomoro ya tshupatefo jaaka referense.

Duela tlhotlhwa ya tlhatlhobo ya dipeo mme o romele bopaki jwa tuelo go OSTL ka fekese kgotsa ka imeili gore o rebolelwe pegelo.

Nako ya tiragatso

Mefuta ya dimela e na le mabaka a a farologaneng a ditlhatlhobo le paka ya tlhatlhobo e ka nna matsatsi a le mmalwa go ya go dibeke di le mmalwa.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Ga go na diforomo tse di tladiwang.

O ka golagana le mang

 

Tel: 012 3196262/6311
Fax: 012  319 6372 
E-mail: BeckyM@daff.gov.za / AngelMab@daff.gov.za

Physical address: Official Seed Testing Laboratory, Directorate: Plant Production, Plant genetic Resource Centre, Kwamhlanga Road

Postal Address: Private Bag x250, Pretoria 0001

Share this page