Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga ditshwanelo tsa temo ya dijalo

Tshwanelo ya temo ya dijalo ke mofuta wa tshwanelo ya dithoto tsa tlhaloganyo o o newang bajadi ba dijalo tsa mefuta e mešwa. Bajadi ba dijalo tse dišwa ba newa ditshwanelo tsa temo ya dijalo go sireletsa dijalo tse kgatlhanong le go jewa ntsoma ntle le tetla ya bona.

Fa o lema mofuta wa dijalo mme o rata go bona moputso wa matlole ka ntlha ya maiteko a a gago, o tshwanetse go kwadisa mofuta oo le Mokwadisi wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo. Fa o sena go kwadisa mofuta wa dijalo, e nna thoto ya gago ya tlhaloganyo. Molemi kgotsa setheo sefe sa temo se ka dira kopo ya ditshwanelo tsa temo. Balemi ba boditšhaba ba ka dira kopo fela ka moemedi yo o nnang mo Aforikaborwa.

Balemi ba dijalo ba newa ditshwanelo ka mefuta ya dijalo e e goeleditsweng go ya ka Plant Breeders’ Rights Act (Molao wa Ditshwanelo tsa temo ya dijalo), 1976 (Molao 15 of 1976).  Dijalo tse di tlhagelela mo Lenane 1 la Melawana.

Ditlhokego tsa go rebola Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo:

Gore o newe ditshwanelo tsa temo ya dijalo, mefuta ya dijalo tseo e tshwanetse go bo e le e mešwa, e Kgethegile, e na le Tshwano, e Tsepame (DUS) mme e na le leina le le amogelegang (leina la mofuta oo). Mofuta o tsewa o le:

  • Mošwa fa:
    • Sere se se gasagasang (peo kgotsa thupana) ya mofuta oo se ise se rekisiwe mo Aforika Borwa sebaka se se fetang ngwaga.  
    • Sere se se gasagasang sa mofuta oo wa setlhare kgotsa kutu se ise se rekisiwe dingwaga di feta thataro, kgotsa tse nne mo lebakeng la sejalo se sengwe.
  • Kgethegile fa se farologana le mefuta ya losika lo lo tshwanang.
  • Tshwano fa dijalo ya mofuta oo di tshwana ka dipharologantsho tse di maleba. 
  • Tsepame fa dijalo tsa mofuta o o rileng, morago ga go lengwa makgetlo a le mmalwa di sa ntse di tshwana le dimela tsa ntlha.

Paka ya tshwanelo ya temo ya dijalo

Fa mofuta wa gago o sena go amogelwa, o tla rebolelwa setifikheiti sa tshwanelo ya temo ya dijalo. Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo di tlhomame dingwaga tse 25 mo mabakeng a dikutu le ditlhare, le dingwaga tse 20 mo mabakeng a mefuta ya ngwaga le ngwaga, go balwa go simolola ka letsatsi le setifikheiti sa kwadiso se rebotsweng ka lona.

Ela tlhoko: Jaaka motsholatshwanelo ya temo ya dijalo, o tshwanetse go sireletsa dikgatlhegelo tsa gago le go netefatsa gore mofuta oo ga o jewe ntsoma e se ka fa molaong ke motho yo sa newang thata.

Tshireletso ya Nakwana

O ka dira kopo go Mokwadisi wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo ya tshireletso ya nakwana ya mofuta oo go fitlha diteko di konosediwa mme o rebolelwa ditshwanelo tsa temo ya dijalo. Tshireletso ya nakwana e atlenegisiwa mo dimeleng tse diteko tsa tsona di tsayang sebaka se se fetang ngwaga.

Ditlamego tsa gago ke dife?

Ka nako ya ditshwanelo tsa gago o tshwanetse go:

  • tshola mofuta oo le netefaletso ya gore sere se se gasagasang se tla nna se le teng.
  • duela ditlhotlhwa tse di beilweng tsa ngwaga le ngwaga.

Fa o retelelwa ke go dira se, Mokwadisi a ka phimola ditshwanelo tsa gago tsa temo ya dijalo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Leba Lenane 1 la Plant Breeders’ Rights Act (Molao wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo) go tlhomamisa gore a mofuta oo o goeleditswe.
  2. Fa mofuta wa sejalo seo o se teng mo lenaneng, romela kopo ya kgoeletso ka mabaka a a kwadilweng go Mokwadisi wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dimela.
  3. Fa mofuta wa semela seo o le teng mo lenaneng, tlatsa foromo ya kopo ka dintlha tse di latelang ka botlalo:
    • dintlha tsa gago go akaretsa maina, diaterese le boagi jwa gago
    •  lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa e se wena o jetseng dijalo, tlhophileng kgotsa dirileng mefuta ya dijalo
    • leina le le tshitshinngwang, le le tshwanetseng go ikobela Karolo 10 ya Molao
    • naga e mofuta o o jetsweng kgotsa o fitlhetsweng kwa go yona
    • dintlha tsa dikopo tse di fetileng kwa dinageng tse dingwe tsa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo kgotsa go tsenngwa mo manaaneng a mefuta ya semmuso malebana le sejalo seo, go akaretsa matlha a go tsenngwa, dinomoro tsa kopo, dikgato tsa tshekiso, le matlha a tumelelo le selekanyetso se se dirisitsweng
    • fa sere se se gasagasang le/kgotsa sere se se kotulwang sa mofuta oo se setse se rekisitswe kgotsa se bapaditswe, dintlha tsa dinaga, matlha le bogolo jo di diragetseng ka jona
    • lenanepotso la setegeniki. Supa mo lenanepotsong la setegeniki gore mofuta o mošwa o o tshwanetse go bapisiwa le mefuta efe e e itsegeng go lemoga dipharologano
    • maatla a mmueledi 
    • madi a teko
    • sere se se gasagasang: Matlha le boleng jwa dire tse di gasagasang tse o tshwanetseng go di romela di ka bonwa kwa go Mokwadisi fa o di kopa.

Nako ya tiragatso

  • Tsamaiso ya tshekatsheko ya ditshwanelo tsa temo ya dijalo e tsaya setlha sa temo go ya go tse pedi.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsa kopo le dipotso tsa setegeniki di ka bonwa kwa kantorong ya Mokwadisi e bile di teng gape mo webosaeteng ya lefapha http://agriculture%2C%20land%20reform%20and%20rurual%20development/ : divisions/ genetic resources/ plant breeder’s rights.

O ka golagana le mang

1. Kantoro ya Mokwadisi

Mokwadisi: Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo
Directorate Genetic Resources
Private Bag X973
PRETORIA
0001
253 Harvest House
30 Hamilton Street
Arcadia
Pretoria

Mokwadisi: Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo: 
Noluthando Netnou Nkoana
Mogala: +27 12 319 6183
Fekese:+27 12 319 6385
Imeili: NoluthandoN@daff.gov.za

Motlhankedi wa Kwadiso ya Mefuta ya Dijalo: Dimela tsa Mekgabiso le Maungo
Marcini Govender
Tel: +27 12 319 6226
Fekese: +27 12 319 6385
Imeili: MarciniG@daff.gov.za

Motlhankedi wa Kwadiso ya Mefuta ya Dijalo: Dimela tsa Temothuo le Merogo
Elna de Bruyn (CJ)
Mogala: +27 12 319 6096
Fekese: +27 12 319 6385 /0866923788
Imeili:  ElnaDB@daff.gov.za

2. Ditikwatikwe tsa Tshekatsheko ya DUS

Roodeplaat – Dimela tsa Temothuo, merogo le dimela tsa mekgabiso
Heléne Nel
Division Variety Control
Private Bag X11
GEZINA
0031
Mogala: 083 230 4806 / 083 230 4791 / 082 656 3689/90/91/92
Fekese: 083 235 9378
Imeili: HeleneN@daff.gov.za

Stellenbosch – Maungo a ditlhare tse di tlhotlhoregang, setoroberi, diterebe, merogo le Porotešia
Robyn Hierse or Carensa Petzer
Division Variety Control
Private Bag X5044
STELLENBOSCH
7599
Mogala: (021) 809 1648 / 1650 / 1653 / 1655
Fekese: (021) 887 2264
Imeili: RobynH@daff.gov.za/CarensaP@daff.gov.za

Nelspruit – Maungo a matute le a bobatsatsana
Mark Schaffner
Division Variety Control
Private bag X11208
NELSPRUIT
1200
Mogala: (013) 753 7099 / 7100
Fekese: (013) 752 3854
Imeili: MarkS@arc.agric.za

 

 

Office of the Registrar:

Registrar: Plant Breeders’ Rights
Postal address: Directorate: Genetic Resources,
Private Bag X973,
Pretoria,
0001.

253 Harvest House,
30 Hamilton Street,
Arcadia,
Pretoria.

Noluthando Netnou Nkoana
Tel: +27 12 319 6183
Fax:+27 12 319 6385
E-mail: NoluthandoN@daff.gov.za

Plant Variety Registration Officer: Ornamental and Fruit crops
Marcini Govender
Tel: +27 12 319 6226
Fax: +27 12 319 6385
E-mail: MarciniG@daff.gov.za

Plant Variety Registration Officer: Agricultural and Vegetable crops
Elna de Bruyn (CJ)
Tel: 012 319 6096
Fax: 012 319 6385 /0866923788
E-mail: ElnaDB@daff.gov.za

2. DUS Evaluation centres:

Roodeplaat: Agricultural crops, vegetables and ornamental crops
Heléne Nel
Postal address: Division Variety Control,
Private Bag X11,
Gezina,
0031.

Tel: 083 230 4806 / 083 230 4791 / 082 656 3689/90/91/92
Fax: 083 235 9378
E-mail: HeleneN@daff.gov.za

Stellenbosch: Deciduous fruit, strawberries, grapes, tunnel vegetables and proteas
Robyn Hierse or Carensa Petzer
Division Variety Control,
Private Bag X5044,
Stellenbosch,
7599.

Tel: 021 809 1648 / 1650 / 1653 / 1655
Fax: 021 887 2264
E-mail: RobynH@daff.gov.za/CarensaP@daff.gov.za

Mbombela: Citrus and Subtropical fruits
Mark Schaffner
Division Variety Control,
Private bag X11208,
Mbombela,
1200.

Tel: 013 753 7099 / 7100
Fax: 013 752 3854
E-mail: MarkS@arc.agric.za

Share this page