Dingongorego le dikgotlhang mabapi le teko ya dipeo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga dingongorego le dikgotlhang mabapi le teko ya dipeo

Fa o rata go tlhotlhomisa boleng kgotsa kgolo e e bokoa ya  dipeo, golagana le Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tlhatlhobo (DIS) kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi gore dipeo di tlhatlhojwe.

Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tlhatlhobo (DIS) bo tla kopa Labwill Laboratoring ya Semmuso ya Teko ya Dipeo (OSTL) go sekaseka ngongorego kgotsa kgotlhang eo.

Motho, mokgatlo, setheo, setlamo kgotsa molemirui a ka tlhatlhela ngongorego kgotsa kgotlhang. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le DIS mme o tlhagise tshedimosetso yotlhe ka botlalo e e amanang le kgotlhang kgotsa ngongorego eo.
  2. Tlatsa foromo ya ngongorego mme o e romele kwa kantorong e e gaufi nao ya DIS ya sedika. 
  3. Modiradisampole wa DIS o tla ntsha sampole mo setlhotshwaneng sa dipeo mme a se ise go lekiwa kwa OSTL. 
  4. Fa ngongorego ya gago e netefaditswe, k.g.r. boleng bo sa ikobele Plant Improvement Act, 1976, ga o kitla o duela. Fa ngongorego ya gago e sa netefadiwa, o tla amogela topotuelo mme o duele tlhotlhwa e e beilweng.

Dintlha tsa banka:

Banka: Standard Bank
Leina la lekala: Arcadia
Khoutu ya lekala: 01-08-45
Nomoro ya akhaonto: 011244887
Leina la akhaonto: NDA Seed Testing Services

O ka duela ka mokgwa wa inthanete kgotsa ka namana kwa khaonthareng.

Gakologelwa go tsenya nomoro ya tshupatefo jaaka referense.

Duela tlhotlhwa ya tlhatlhobo ya dipeo mme o romele bopaki jwa tuelo kwa OSTL ka fekese kgotsa imeili gore go rebolelwe pegelo.

Ela tlhoko: Fa ngongorego e sa amogelege, ditlamorago tsa ditlhotlhomiso di tla rebolwa fela morago ga tuelo.

Nako ya tiragatso

OSTL e tsaya tsia thata teko ya disampole tsa dipeo mabapi le dingongorego kgotsa dikgotlhang. Bogolo jwa kgotlhang kgotsa ngongorego, k.g.r. palo ya disampole, mefuta ya dijalo le mefuta ya diteko tse di tla dirwang, di na le seabe mo nakong e e tla tsewang go dira ditlhotlhomiso. Ga go tshedimosetso e e ka rebolwang ka maemo a tirelo. Botsa kwa lefelong leo ka bolona (leba dintlha tsa kgokagano).

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tlhatlhobo bo tla romela diforomo fa o sena go golana le bona.
 

O ka golagana le mang

 

Directorate Inspection Services

Phindile Ngesi
Tel: 012 319 6043
E-mail: PhindileN@dalrrd.gov.za  

Lazarus Rachidi
Tel: 011 971 5136
E-mail: LazaruR@dalrrd.gov.za  

Physical address: Official Seed Testing Station, Directorate Plant Production,
Plant Genetic Resources Centre, KwaMhalanga Road, Roodeplaat, Pretoria

Postal address: Official Seed Testing Centre, Directorate Plant Production,
Private Bag X250, Pretoria, 0001

Share this page