Kopo ya setifikeite sa go siamela tsela

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kopa setifikeite sa tshiamelo ya tsela

O tshwanetse go isa serori sa gago ditekong tsa go siamela go dirisa tsela pele o se kwadisa mo leineng la gago. Fa serori sa gago se dirisiwa jaaka sepalangwa sa botlhe, kgotsa e le serori sa morwalo o o bokete (ntle le dibese), o tshwanetse go se isa ditekong tsa tshiamelotsela ngwaga le ngwaga pele o tšhwafatsa laesense ya serori seo. Bese e tshwanetse go dirwa teko ya tshiamelotsela gangwe mo dikgweding tse thataro.

Dirori tsotlhe tse di dirang mo ditseleng tsa botlhe di tlhoka go tlhatlhobiwa go netefatsa gore di siametse tsela. Ke maikarabelo a gago jaaka mong wa serori go isa serori sa gago tekong. Diteko tsa dirori di ka dirwa kwa diteišeneng tsa poraefete kgotsa tsa botlhe tsa tlhatlhobo ya dirori.

Kwa bokhutlong jwa teko, fa serori se falotse, go rebolwa kitsiso.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela seteišene se se gaufi sa teko ya dirori le ditokomane tse di latelang:
    • setifikeite sa kwadiso ya serori 
    • lekwaloitshupo
    • madi a a tlhokegang.
  2. Go tlatsa foromo ya ACR.

Nako ya tiragatso

Kopo e lebiwa ka letsatsi lona leo.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya ACR (Kopo ya Setifikheiti sa Tshiamelotsela).

Diforomo di bonwa kwa seteišeneng sa diteko (testing station) gaufi nao kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis.

O ka golagana le mang

Share this page