Kopo ya setifikeiti sa lenyalo

Go tlhomamisiwa le go kwadisiwa ga manyalo a selegae, manyalo a setso le dikgolagano tsa selegae di tsamaisiwa ke Lefapha la Merero ya Selegae. Manyalo a selegae a laolwa ke Molao wa Manyalo (Wa bo 25 wa 1961). Gape Aforika Borwa e lemoga manyalo a setso ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso, o o simolotseng go dira ka Ngwanaitseele 2000. Dikgolagano tsa selegae, tse di ka dirwang ke batho ba bong bo le bongwe fela, di lemogwa go ya ka Molao wa Dikgolagano tsa Selegae (2006).

O tshwanetse go kwadisa lenyalo la gago la setso mo dikgweding di le tharo morago ga letlha la go keteka gongwe go tsena mo nyalong go dira gore le nne mo molaong. Tlhaloso ya lenyalo la setso ke le le "buisanelwang, ketekwang gongwe le diragadiwa go ya ka dithulaganyo tsa molao wa setso wa seAforika o o leng gone mo Aforika Borwa."

O tla amogela setifikeiti sa lenyalo go latela lenyalo la gago. O ka dira kopo ya khophi ya setifikeiti sa gago sa lenyalo fa o ntse o nyetswe mo Aforika Borwa mme lenyalo la gago le kwadisitswe. Setifikeiti sa lenyalo ke bosupi jwa gore lenyalo la gago le kwadisitswe e bile ke la boammaaruri.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go nyala, manyalo a a ileditsweng le lenyalo la mmotlana kgotsa golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

Share this page