Kopa laesense ya nakwana ya go kgweetsa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kopa laesense ya nakwana ya go kgweetsa

O ka kopa laesense ya nakwana ya go kgweetsa fa o kopile ntšhwafatso ya laesense ya gagi e e fedileng kgotsa o latlhile laesense ya gago ya go kgweetsa. 

Laesense e e tlhomame dikgwedi tse thataro fela mme e ka ntshiwa kwa lefelong lengwe le lengwe la teko ya laesense ya go kgweetsa. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela tikwatikwe e e gaufi nao ya diteko tsa laesense ya go kgweetsa ka tse di latelang:
    • Khopi e e tlhomamisitsweng ya lekwaloitshupo (ID) la gago gongwe lekwaloitshupo (ID) la nakwana.
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka lekwalo la akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting.
    • Fa o nna mo lefelong la baipei, o tshwanetse go tla ka lekwalo le le nang le setempe sa semmuso sa letlha go tswa kwa mokhanselareng wa oto a tlhomamisa aterese ya gago ya poso le ya bonno.
    • Dinepe di le nne tse di tlwaelegileng. O tshwanetse go tlhomamisa pele le DLTC gore ba tlhoka dinepe di le kae pele ga o di tsaya.
    • Madi a a duelwang.
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya laesense ya go kgweetsa (DL1).
  3. Tlatsa foromo ya kitsiso ya go fetola aterese gongwe dintlha tsa motho gongwe setheo (NCP).
  4. O tlaa ya tekong ya matlho kwa DLTC gongwe o ka dirwa teko ya matlho ke ngaka e e nang le borutegi jo bo maleba ya matlho mme wa isa foromo kwa DLTC.

Nako ya tiragatso

Laesense ya nakwana ya go kgweetsa e ntshiwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya laesense ya go kgweetsa, DL1. Tlatsa foromo ya kopo e e teng kwa lefelong la teko ya laesense ya go kgweetsa.

 

 

Share this page