Kopo ya lekwalotetla la go ithutela bokgweetsi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga laesense ya moithuti wa go kgweetsa

Laesense ya go ithuta go kgweetsa e go letla go kgweetsa fela fa o le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mokgweetsi yo o nang le laesense. Fa setlhopha sa serori se se kgweediwang se tlhoka gore o nne le tetla ya seporofešenale ya go kgweetsa, mokgweetsi yo o nang le laesense o tshwanetse go bo a na le tetla ya seporofešenale ya go kgweetsa.

Laesense ya go ithuta go kgweetsa ke tetla e e netefatsang gore o na le kitso ya motheo ya serori le melao ya tsela. Laesense ya go ithuta go kgweetsa e tlhomame dikgwedi di le 24 mme nako e e ka se atolosiwe.

Dilaesense tse di farologaneng di ntshiwa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa dirori:

  • Khoutu ya 1: E ke ya sethuthuu se se se nang kolotsana e e bewang mo thoko ga sona, sethuthuu sa maotwana a le mararo, sethuthuu sa maotwana a le mane. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 16 ka letlha la go dira kopo fa e le gore enjene ya sethuthuu seo ga e fete 125cc, le bonnye dingwaga tse 18 fa e le gore e feta 125cc.
  • Khoutu ya 2: E ke ya serori, go akaretsa le bese e nnye, bese kgotsa serori sa dithoto, se se nang le boima jotlhe jwa serori jo bo sa feteng 3 500kg. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 17 ka letlha la teko gore o kgone go tsenya kopo.
  • Khoutu ya 3: E ke ya serori se se nang le boima jotlhe jo bo fetang 3 500kg. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 18 ka letlha la teko gore o kgone go tsenya kopo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela lefelo la teko ya laesense ya go kgweetsa (DLTC) go beeletsa letlha la teko le go tlhomamisa peelano.
  2. O tshwanetse go ya le tse di latelang:
    • lekwaloitshupo (ID)
    • dinepe tse pedi tsa ID tsa mmala o mosweu le o montsho 
    • tuelo ya peeletso.
  3. Tlatsa foromo ya Kopo ya Moithuti wa go kgweetsa (LL1), e e leng teng mo DLTC. Fa o le dingwaga tse 65 kgotsa go feta o tshwanetse go tlatsa le foromo ya setifikheiti as boitekanelo (MC), se se bonwang teng kwa DLTC.
  4. O tla dira teko ya matlho kwa lefelong la teko kgotsa, o ka nna wa dira teko ya matlho kwa ngakeng ya matlho e e nang le dithutego le go romela foromo kwa lefelong la teko.
  5. Pele o kwala teko ya laesense ya go ithuta, o tshwanetse go ithuta matshwao a tsela, taolo ya serori le melao ya tsela go nna le kitso ya motheo ya serori le matshwao a tsela.
  6. Ka letsatsi la teko o tshwanetse go bo o tshotse tse di latelang:
    • setlankana sa peeletso
    • ID ya gago.
  7. Fa o falola teko o tshwanetse go duela madi la thebolo.

Nako ya tiragatso

Laesense ya go ithuta go kgweetsa e rebolwa ka letsatsi le le lengwe fa o falotse.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

  • Foromo ya Kopo ya Moithuti wa go kgweetsa (LL1)
  • Modirakopo yo o kwa godimo ga dingwaga tse 65 o tlhoka foromo ya Setifikheiti sa Boitekanelo (MC).

Diforomo tse di teng kwa tikwatikweng ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa kgotsa mo go eNatis.

O ka golagana le mang

 

Share this page