Go fiwa boemong jwa tatlhegelo ga lekwalotetla la go kgweetsa

Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang

Ka ga go emisetsa karata ya laesense ya go kgweetsa e e senyegileng

Fa e le gore karata ya gago ya laesense ya go kgweetsa e latlhegile, e utswilwe kgotsa e senyegile, o ka nna wa kopa e ntšhwa.

O tla tshwanela ke go kopa laesense ya go kgweetsa ya nakwana ka tlhwatlhwa ya tlaleletso fa o ntse o letetse thebolo ya laesense ya gago ya go kgweetsa.

Ela tlhoko: Go bona karata ya kemisetso, ga o kitla o tlhoka go dira teko ya laesense ya go kgweetsa, fela o tla ya kwa tekong ya matlho le dikgatiso tsa menwana ya gago di tla tsewa. Kgotsa, o ka nna wa dira teko ya matlho kwa ngakeng ya matlho mme wa romela foromo kwa lefelong la pharakano. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela DLTC e e gaufi nao ka tse di latelang:
    • Lekwaloitshupo (ID) la gago le khopi ya lona gongwe lekwalo la mosepele le le amogelesegang la Aforika Borwa le khopi ya lona.
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting.
    • Fa o nna mo lefelong la baipei, o tshwanetse go tla ka lekwalo le le nang le setempe sa semmuso sa letlha go tswa kwa mokhanselareng wa oto a tlhomamisa aterese ya gago ya poso le ya bonno.
    • Dinepe di le nne tse di tlwaelegileng. O tshwanetse go tlhomamisa pele le DLTC gore ba tlhoka dinepe di le kae pele ga o di tsaya.
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya laesense ya go kgwetsa (DL1).
  3. Tlatsa foromo ya kitsiso ya go fetola aterese gongwe dintlha tsa motho gongwe setheo (NCP).
  4. O tlaa tlhoka go dira tlhatlhobo ya matlho.
  5. Mo letlhakoreng le lengwe, tlhatlhobo ya matlho e ka dirwa ke ngaka ya matlho e o e itlhophelang; dipholo di tshwanetse go isiwa kwa DLTC.

Nako ya tiragatso

  • Laesense e ntšhwa ya go kgweetsa e tshwanetse go siama mo dibekeng tse nne go ya go tse thataro.
  • Laesense ya nakwana ya go kgweetsa e rebolwa ka gangwe.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya laesense ya go kgweetsa, DL1 e teng kwa seteišeneng sa teko ya laesense ya go kgweetsa.

 

Share this page