O dira jang dikopo tsa go phimolwakeledi fa o nnile le dikgobalo kgotsa phetelo ya bolwetse kwa Letloleng la Phimolakeledi

Fa o ka gobala, wa fetelwa ke bolwetse kgotsa wa tlhokafala o le kwa tirong, wena kgotsa bao o ba tlhokometseng le ka dira dikopo tsa phimolokeledi kwa Letloleng la Phimolakeledi.

Letlole le duelela badiredi ba leruri le ba nakwana mmogo le badiri ba ba katisiwang le badiri ba diatla phimolakeledi mo fa ba gobetse kgotsa ba tshwaeditswe ke bolwetse mo tirong ya bone mme ba latlhegetswe ke mogolo ka ntlha ya seo.

O ka dira dikopo fa e le gore o:

  • thapilwe mo nakong ya leruri mo tirong
  • modiredi yo a thusang ka ditirelo tsa ka fa lapeng kwa lefelotulong kgotsa o thapilwe mo tirong ya kgwebisano
  • le modiri ka diatla kgotsa modiri yo a katisiwang wa temothuo kgotsa
  • le modiri yo a duelwang ke setheo sa bothapelotiro.

O ka se diri dikopo fa e le gore o:

  • modiredi yo a thusang ka ditirelo tsa ka fa lapeng mme o thapilwe ke legae le le rileng
  • leloko la Sesole la Leruri la Sesole sa Tshireletso ya Setšhaba sa Aforika Borwa mme o santse o direla tshireletso ya Rephaboliki go ya ka melawana ya karolo ya 1 ya Molao wa Tshireletso wa 1957
  • modiredi yo a sa direng ka fa tlase ga taolo ya mothapi, go neela sekao, modiredi wa nakwana yo a thapilweng ke modiredi yo a thapilweng ke mothapi. Badiredi ba ba thapilweng ke modiredi wa nakwana yo a thapilweng ke modiredi wa kgwebo ba sireletsegile
  • mong ka nosi wa kgwebo
  • modiredi yo a diretseng dinaga tsa kwa ntle ga Aforika Borwa go feta dikgwedi di le 12 ntle le go tsenela tumelano le Mokaedikakaretso wa Lefapha la Ditiro
  • ba bonwe molato ka go diragatsa maitsholo a a sa letlelesegang, ntle le fa e le gore o golofetse mo go tshosang kgotsa o tlhokafetse.

Elatlhoko: fa e le gore wena, jaaka modiredi, o ka tlhokafala ka ntlha ya phetelo malwetse kgotsa dikgobalo tsa kwa tirong, bao o ba tlhokometseng ba ka dira dikopo tsa phimolakeledi go tswa mo letloleng.

Merokotso ya dituelo tsa phimolakeledi ga e kitla e duelwa fa:

  • ka bega kotsi kwa mothaping morago ga dikgwedi tse di fetileng di le 12 tsa morago ga kotsi kgotsa go tlhokafala kgotsa morago ga gore o fetelwe ke bolwetse
  • ka se iponagatse kwa tirong mo matsatsing a le mararo kgotsa kwa tlase, mme letlole le tla duela fela kalafo
  • kotsi e tlhodilwe ke wena ka ntlha ya botlhaswa jwa gago kgotsa ka ntlha ya go dira se se sa dumelesegang (ntle le fa fela o golofetse mo go feteletseng kgotsa o tlhokafetse mo kotsing eo, fa go le jalo letlole le tla tswela pele ka go duelela phimolakeledi)
  • ntle le mabaka a a utlwalang o ganetsa kgotsa ka thato ya gago o sa batle go ka alafiwa.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go cdira dikopo tsa dituelo tsa phimolakeledi ya dikgobalo kgotsa phetelo ya malwetse kwa tirong kgotsa golagana le ba Letlole la Phimolakeledi.

 

Share this page