Go kwadisa legae la tlhokomelo ya bana















Kwadisa mokgatlo o o sa direng morokotso 


Ka ga go kwadisa Mokgatlo o o sa direng Morokotso


Fa mokgatlo wa gago e se o o dirang morokotso e bile e se karolo ya puso, o ka dira kopo ya kwadiso. O ka romela kopo ya gago ya mokgatlo o o sa direng morokotso (NPO) kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago ya Porofense.


Kwadisa mokgatlo wa wa gago gore o amogelege mo matlhong a baborogi.


DiNPO di akaretsa diterasete, ditlamo le mekgatlo e mengwe ya batho e e tlhometsweng baagi.

Go kwadisa NPO ya gago go botlhokwa gonne setifikeiti sa teng se:


  • tokafatsa seriti sa gago le tšhono ya go bona thuso ya matlole.

  • letla mokgatlo wa gago go bula akhaonto ya banka

  • thusa mokgatlo wa gago ka dipoelo tsa lekgetho.


Go kwadisa, o tshwanetse go bo o le nngwe ya tse di latelang:


  • Mekgatlo  e seng ya Puso (NGO)

  • Mekgatlo ya Setšhaba (CBO)

  • Mekgatlo ya Sedumedi (FBO)


[Godimo]


Se o tshwanetseng go se dira


  • Tlatsa foromo ya kopo ya NPO NPO application form mme o e ise kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago ya Porofense.

  • Isa foromo e e tladitsweng ya NPO mmogo le dikhopi tse pedi tsa ditlankana tsa motheo tsa mokgatlo.

    • Terasete – Tetla ya Terasete le lekwalo la tumelelo go tswa kwa kgotlatshekelo

    • Karolo 21 – Setifikeiti sa momaganyo le memorantamo le dikarolo tsa kamano

    • Kamano ka go Itlhophela – Molaotheo

  • Ditlankana tsa motheo tsa NPO di tshwanetse go nna le ditlamelo tsa Karolo 12 (A-O) tsa Molao wa Mekgatlo e e sa Direng Morokotso kgotsa Nonprofit Organisations Act, 1997. Fa o retelelwa ke go dira jalo, kopo ya gago e tla ganwa.

  • Fa o sa kgotsofalela go ganwa kgotsa go phimolwa ga setifikeiti sa mokgatlo wa gago, o ka dira boikuelo go setlhopha sa batsereganyi.

  • Fa mokgatlo wa gago o sena go kwadisiwa, o solofelwa go isa pegelo ya ngwaga dikgwedi di le robongwe morago ga ngwaga wa ona wa ditšhelete o sena go fela. Pegelo ya ngwaga e tshwanetse go nna le pegelo ka tlhaloso le pegelo ya matlole.

  • O ka isa kopo ya gago kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago ya Porofense kgotsa ka poso go:


The Directorate

Non-profit organisations

Department of Social Development

Private Bag X901

Pretoria

0001


Kgotsa ka seatla go:


Department of Social Development

134 Pretorius Street

HSRC Building

Pretoria


Ela tlhoko:


  • Ke tlolomolao gore mokgatlo o dire e kete o kwadisitswe jaaka NPO.

  • Mafapha a a farologaneng a puso a rebola thuso ya matlole go ditirelo tse di farologaneng.


[Godimo]


Nako ya tiragatso


  • Go ka tsaya bokana ka dikgwedi tse pedi go diragatsa kwadiso yotlhe.

  • Fa kopo ya gago e setse e amogetswe, lefapha le tla go romelela lekwalo la go amogela, morago ga moo setifikeiti sa kwadiso se tla rebolwa fa kopo ya gago e fitlhelela ditlhoko tsa Molao wa Mekgatlo e e sa Direng Morokotso, 1997.


[Godimo]


Tuelo ke bokae


Tirelo e ke mahala.

 


[Godimo]


Diforomo tse di tladiwang


(Diforomo di tla rebolwa ka mokgwa wa PDF. Go bula ditlankana tsa PDF, o tlhoka go nna le Adobe Acrobat Reader 4 kgotsa e e kwa godimo mo khompiuteng ya gago.)


Kopo ya kwadiso ya Mokgatlo o o sa direng morokotso


[Godimo]


 

Share this page