Amogelwa jaaka Mokgatlho wa Ditshiamelo tsa Setšhaba

Fa o batla gore setlamo sa gago se amogelwe jaaka Mokgatlho wa Ditshiamelo tsa Setšhaba (PBO) o tshwanetse go dira kopo kwa Tirelong ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS).

Go nna le tshiamelo ya go amogelwa jaaka PBO setlamo se tshwanetse sa bo se kopanngwe kgotsa se tlhamilwe mo Aforika Borwa jaaka:

  • setlamo se e seng sa lotseno se se nang le memorantamo wa kopano o e leng lekwalo la kwadiso.
  • sekgwama se se nang le kano ya sekgwama jaaka lekwalo la kwadiso.
  • mokgatlho wa batho o o nang le molaotheo o e leng lekwalo la kwadiso.

Mokgatlho o tla gololwa mo lekgethong la lotseno fa o amogetswe ke SARS mme o obamela ditlhokego tse di tlhagisitsweng mo Molaong wa Lekgetho la Lotseno.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga mekgatlho ya tshiamelo ya setšhaba kgotsa golagana le SARS mo 012  483 1700 kgotsa teu@sars.gov.za.

 

SARS Contact Centre 0800 00 7277

Share this page