Kwadisa setlamo se se sa itireleng lotseno

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa setlamo se se sa itireleng lotseno 

Gore setlamo sa gago sa setšhaba sa gaeno se tsewe jaaka sengwe sa semolao, o tshwanetse go se kwadisa jaaka setlamo se se sa itireleng lotseno (NPC) le Khomišene ya Ditlamo le Thoto ya Tlhaloganyo (CIPC).

diNPC ke dilo dingwe tse di rulaganyeditsweng go thusa batho, go sireletsa tikologo kgotsa go nna le tlhotlheletso e e siameng. Di ka akaretsa dikereke, mekgatlho ya thusomorafe le mekgatlho ya setso. Maikaelelo-magolo a NPC ke go tswela botlhe mosola, e seng go itirela lotseno.    
Lotseno le thoto di ka phatlhaladiwa kwa bakopanying, maloko, bakaedi kgotsa batlhankedi ba setlamo se se sa itireleng lotseno, ntle le jaaka phimolakeledi e e utlwalang ya ditirelo tse ba di rebotseng. Dithoto le lotseno lotlhe la setlamo se se sa itireleng lotseno di tshwanetse go dirisiwa go tsweletsa maikaelelo a sona a a kailweng, jaaka go tlhalositswe mo Memorantamong wa Kopanyo (MOI).

Palotlase ya bakopanyi ba le bararo e tshwanetse go tlatsa le go saena MOI. Go tshwanetse ga thapiwa bakaedi ba palo e e kwa tlase ya ba le bararo.

Ditlamo tse di sa itireleng dipoelo di tshwanetse go nna le bonnye mokaedi a le mongwe ka dinako tsotlhe (ntle le fa MoI e kaile palotlase e e kwa godingwana ya bakaedi). Go thapiwa ga moruni le mokwaledi wa setlamo ga se taolelo fela ke itlhophelo  

O ka kwadisa Setlamo se se sa itireleng lotseno:

  • Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa gale (go na le maloko)
  • Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa gale (go se na maloko) 
  • Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa tlwaelo (go na le maloko), 
  • Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa tlwaelo (go se na maloko).

Leina la setlamo se se sa itireleng poelo le tla felela ka “NPC”.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikwadise le CIPC mo inthaneteng jaaka moreki gore o kgone go dirisana le CIPC kgotsa ikwadise ka moreki yo o setseng a le teng sk. kopa mmalatlotlo wa gago go go kwadisa.
  2. Beeletsa leina la setlamo ka go tlatsa Kopo ya go Beeletsa Leina, Foromo ya CoR 9.1.  Peeletso ya leina e tlhomame mo dikgweding tse thataro. 
  3. Duela R75 ya go faela fa e le gore o romela ka seatla kgotsa R50 fa e le gore o faele seeleketeroniki.    
  4. Romela ditokomane tse di latelang tsa tshegetso le kopo ya gago:
    • dikhopi tse di kannweng tsa phasepoto (fa o le moditšhaba) kgotsa dikhopi tse di kannweng tsa Lekwaloitshupo (ID) (fa o le Moaforika Borwa) tsa bakaedi botlhe ba kwa tshimologong le bakopanyi ba ba kailweng
    • khopi e e kannweng ya motsenya-kopo fa e le gore kopo ga e a dirwa ke mongwe wa bakaedi kgotsa bakopanyi ba ba kailweng 
    • fa e le gore mokopanyi ke motho wa semolao, jalo thata ya mmueledi ya moemedi e e rebotsweng ke motho yoo wa semolao go kopanya setlamo le go saena ditokomane tsotlhe tse di maleba 
    • fa e le gore motho yo mongwe o kopanya setlamo le go saena ditokomane tsotlhe tse di maleba kwa kopanyong mo boemong jwa bakopanyi le bakaedi ba kwa tshimologong, thata ya mmueledi le khopi e e kannweng ya ID ya motho wa go nna jalo e a tlhokega 
    • fa e le gore leina le ne le beeleditswe pele ga go faela ditokomane tsa kopanyo, jalo tokomane ya peeletso ya leina e botlhokwa.
  5. Fa e le gore o kwadisa Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa gale (go se na maloko), romela tse di latelang:
    • CoR15.1C 
    • CoR 14.1 
    • ditokomane tsa tshegetso 
    • Ditokomane tse di latelang di ka faelwa le CoR15.1C:
      • CoR14.1 Annexure A  
      • CoR14.1 Annexure B  fa e le gore leina le tla beelediwa kwa kopanyong
  6. Fa e le gore go thapilwe moruni, maloko a komiti ya boruni le/kgotsa mokwaledi wa setlamo Fa e le gore o kwadisa Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa tlwaelo (kwa ntle ga maloko), romela tse di latelang:
    • CoR15.1D
    • CoR 14.1 
    • ditokomane tsa tshegetso 
    • Ditokomane tse di latelang di ka faelwa le CoR15.1D:
      • CoR14.1 Annexure A 
      • CoR14.1 Annexure B  fa e le gore leina le beeleditswe kwa kopanyong 
      • CoR14.1 Annexure C  fa e le kgaoganyo ya dithoto tsa setlamo
      • CoR14.1 Annexure D fa e le gore go thapilwe moruni, komiti ya boruni le/kgotsa mokwaledi wa setlamo
  7. Fa e le gore o ikwadisa jaaka Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa Tlwaelo (go na le maloko), romela tse di latelang:
    • CoR15.1E 
    • CoR 14.1 
    • ditokomane tsa tshegetso
    • Ditokomane tse di latelang di ka faelwa le CoR15.1E:
      • CoR14.1 Annexure A 
      • CoR14.1 Annexure B  fa e le gore leina le beeleditswe kwa kopanyong
      • CoR14.1 Annexure C  fa e le kgaoganyo ya dithoto tsa setlamo 
      • CoR14.1 Annexure D fa e le gore go thapilwe moruni, komiti ya boruni le/kgotsa mokwaledi wa setlamo 
  8. Fa e le gore o kwadisa Setlamo se se sa Itireleng Lotseno sa Tlwaelo (kwa ntle ga maloko), romela tse di latelang:
    • CoR15.1D 
    • CoR 14.1 
    • ditokomane tsa tshegetso
    • Ditokomane tse di latelang di ka faelwa le CoR15.1E:
      • CoR14.1 Annexure A 
      • CoR14.1 Annexure B  fa e le gore leina le tshwanetse go beelediwa kwa kopanyong 
      • CoR14.1 Annexure C  fa e le kgaoganyo ya dithoto tsa setlamo
      • CoR14.1 Annexure D fa e le gore go thapilwe moruni, maloko a komiti ya baruni le/kgotsa mokwaledi wa setlamo   

Tsweetswee ela tlhoko: Fa e le gore leina le le tshitshintsweng le a ganwa, setlamo se sa ntse se ka ikwadisa mme nomoroikwadiso ya nna leina la setlamo kwa kopanyong, go fitlhela ka nako e e rileng fa leina le se na go beelediwa/dumelelwa.  

Nako ya tiragatso

  • Go tsaya malatsi a le 5-10 a tiro go beeletsa leina la setlamo.
  • Go ka tsenya malatsi a le 5 go ya go a le lesome a tiro go kwadisa setlamo se se sa itireleng dipoelo.

Tuelo ke bokae

  • R175 – Memorantamo wa Kopanyo (Go na le kgonagalo ya phokotso e e letleletsweng) wa setlamo se se sa itireleng Lotseno sa gale (CoR 15.1C).  
  • R475 – Memorantamo (Go na le kgonagalo ya phokotso e e letleletsweng) wa setlamo se se sa itireleng Lotseno sa tlwaelo (CoR 15.1D) kgotsa go se na maloko (CoR 15.1E).  
  • R50 go faela peeletso ya leina ka seeleketeroniki. 
  • R75 go faela peeletso ya leina ka diatla.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsa kopo di bonwa kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago Companies and Intellectual Property Commission / www.cipc.co.za.
 

O ka golagana le mang

 

Tel: 086 100 2472
Physical address: 77 Meintjies Street, Block F, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Companies and Intellectual Property Commission, P.O. Box 429, Pretoria, 0001

Offices with self-service terminals

Share this page