Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga tetla ya nakwana kgotsa e e kgethegileng ya sejanaga
Tetla ya nakwana ya sejanaga e tlhomame matsatsi a le 21 fela mme e dirisetswa sejanaga se se kwadisitsweng, se se nang le laesense mme se siametse tsela.
Tetla ya nakwana e dirisiwa mo mabakeng a a latelang:
- Go romela sejanaga kwa go mong wa sona mo teng ga Rephaboliki ya rona,
- Go romela sejanaga ke morekisi wa dijanaga kgotsa kwa go morekisi wa dijanaga mo teng ga Rephaboliki, kgotsa
- Mabaka a kwadiso le a thebolo ya laesense
Go ka rebolwa tetla e le nngwe fela ya sejanaga sengwe le sengwe sa mong.
Tetla e e kgethegileng ya sejanaga e tlhomame matsatsi a le mararo fela.
Tetla e e kgethegileng ya sejanaga e dirisiwa mo mabakeng a a latelang:
- Go tlhatlhoba sejanaga sa go nna jalo;
- Go ya kgotsa go boa kwa lefelong le le mo teng ga Rephaboliki kwa dipaakanyo di tla dirwang teng kgotsa kwa di dirilweng teng mo sejanageng sa go nna jalo;
- Go fitlhelela motlhatlhobi wa dijanaga kgotsa sediriswa sa tekanyetso ya boima; kgotsa
- Go amoga mong sejanaga sa go nna jalo jaaka go tlhalositswe mo molawaneng wa 69.
Go botlhokwa go ela tlhoko gore sejanaga se se nang le tetla e e kgethegileng se ka se rwale dithoto kgotsa bapalami. Ga go na tekanyetso ya palo ya ditetla tse di ka rebolwang mo go mong mongwe le mongwe.
Se o tshwanetseng go se dira
- Ikele kwa bothating jo bo gaufi jwa kwadiso o tshotse tse di latelang:
- Khopi ya lekwaloitshupo la gago
- tlhwatlhwatuelo e e beilweng.
- Tlatsa foromo ya Tetla ya Nakwana/E e kgethegileng (TSP1).
Tuelo ke bokae
Ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae e e rebolang dilaesense go bona tlhwatlhwa.
- City of Johannesburg
- City of Tshwane
- City of Cape Town
- Nelson Mandela Bay
- Eastern Cape municipalities
- Free State municipalities
- Gauteng municipalities
- KwaZulu-Natal municipalities
- Limpopo municipalities
- Mpumalanga municipalities
- North West municipalities
- Northern Cape municipalities
- Western Cape municipalities