Ntshwafatso ya lekwalotetla/laesense ya go kgweetsa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ntšhwafatsa laesense ya serori sa gago

O tshwanetse go ntšhwafatsa laesense ya serori sa gago ngwaga le ngwaga pele e felelwa ke nako. Fa o ka retelelwa ke go ntšhwafatsa laesense ya gago o tla tshwanelwa ke go duelela dikotlhao tsa go duela thari le ditshalelomorago.

O newa matsatsi a le 21 a kutlwelobotlhoko fa o sa ntšhwafatsa laesense e e feletsweng ke nako ya serori sa gago. Paka ya boutlwelobotlhoko e balwa go simolola ka letlha la bofelo la papetlana ya ga jaana. O tshwanetse go ntšhwafatsa laesense ya serori sa gago kwa bothating jwa kwadiso jo bo maleba kgotsa kwa posong e e leng mo lefelong la gaeno.

Ntšhwafatso ya laesense ya serori gabedi ka ngwaga:

Dibese di tshwanetse go ntšhwafatsa dipapetlana tsa dilaesense gangwe mo dikgweding tse thataro gonne setifikheiti sa tshiamelotsela se tlhomame dikgwedi di le thataro (6) fela.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Fa serori sa gago se dirisiwa jaaka sepalangwa sa botlhe kgotsa serori sa morwalo o o bokete, o tshwanetse go bona setifikheiti sa tshiamelotsela. E seng jalo, papetlana ya laesense le setifikheiti sa tshiamelotsela di ka se rebolwe.
  2. Etela bothati jwa kwadiso jo bo gaufi nao kgotsa dikantoro tsa poso tse di kgethegileng o tshotse tse di latelang motho ka nosi:
    • lekwaloitshupo la gago
    • kitsiso ya ntšhwafatso ya laesense ya serori (MVL2). Fa o se na kitsiso ya ntšhwafatso, tlatsa foromo ya ALV (Kopo ya Laesense ya Serori).
  3. Mekgatlo:
    • setifikheiti sa kgwebo sa mokgatlo
    • lekwaloitshupo la moemedi
    • lekwalo la moemedi
    • kitsiso ya ntšhwafatso ya laesense ya serori (MVL2). Fa o se na kitsiso ya ntšhwafatso, tlatsa foromo ya ALV (Kopo ya Laesense ya Serori).
  4. Duela tlhotlhwa e e maleba jaaka e tlhagelela mo kitsisong eo.

Nako ya tiragatso

Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae ya thebolo ya makwalotetla go bona tlhwatlhwatuelo.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya ALV (Kopo ya Laesense ya Serori) e ka bonwa go bothati jwa kwadiso kgotsa dikantorong tse di rileng tsa poso (registering authority or selected post office) kgotsa o ka e sitlholola mo go eNaTIS website.

O ka golagana le mang

 

Share this page