Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 15 Moranang 2015

1. Molokoloko wa ditlhaselo tsa sešweng go Batswantle

1.1 Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa sešweng tsa tirisodikgoka kgatlhanong le batswantle. Ga jaana, Kabinete e rata go tshidisa malapa a ba ba latlhegetsweng ke matshelo le go eleletsa ba ba gobetseng pholo e e bonako. Ga go tsielego kgotsa kgalefo efe e e ka nnang seipato sa ditlhaselo tse le go utswa mo mabenkeleng. Le fa e le gore dintlha tsa baagi di a utlwala, tirisodikgoka kgatlhanong le motho yo mongwe ga e ne e rarabolola mathata a. Boammaaruri ke gore di re senya leina jaaka batho, le go nna kgatlhanong le meono le metheo ya temokerasi ya rona. Aforika Borwa e lwele kgatlhanong le bokoloniale le Tlhaolele ka thuso ya maAforika a mangwe gore batho botlhe mo kontinenteng ya rona ba tlotliwe le go tsholwa ka seriti.

1.2 Seabe sa ditlhaselo tse se na le ditlamorago tse dikgolo tse di sa siamang mo dikamanong tsa rona tsa ikonomi, loago le sepolotiki mo kontinenteng le go ralala lefatshe. Dikhamphani tsa Aforika Borwa tse di nang le dikgwebo tse di atlegang mo kontinenteng go thusa go etleetsa lotseno lwa rona le go tsepamisa ikonomi di ka itemogela ditiragalo tse di tshwanang le tse. Ga jaana, diopedi tsa Aforika Borwa tse di neng di tshwanetse go ya go bontsha bokgoni jwa tsona kwa ntle ga melelwana ya Aforika Borwa, jaaka BigNuz kwa Zimbabwe, Kelly Khumalo le Casper kwa London, ba ne ba tshwanelwa ke gore dikonsarata tsa bona di phimolwe ka ntlha ya ditlhaselo tse. Bontsi ba baagi ba rona ba ba neng ba ikaegile ka mabenkele ano a batswantle go reka dijo le ditlhokwa tsa letsatsi le letsatsi jaanong ba setse ba le mo tlalelong.

Gompieno, maAforika Borwa a itumelela naga e e gololosegileng, e e fitlheletsweng ka seabe sa dinaga di le mmalwa tsa Aforika. Mogale wa rona yo o hulereng, Moporesitente Oliver Tambo, o ne a amogetswe kwa nageng ya Zambia dingwaga di ka nna 30 le maAforika Borwa a mangwe a a neng a le kwa botshabelo. Dinaga tse dingwe tsa Aforika ga di a tshola fela batho ba rona, ba tlametse gape le ka metswedithuso e bile ba bangwe ba duetse tlhwatlhwa e kgolo mo bangwe ba bona ba neng ba latlhegelwa ke baagi ba bona fa ba ne ba thusa gore Aforika Borwa e fitlhelele temokerasi. Aforika Borwa e ka se faposiwe mo maikaelelong a yona a go latelela ponelopele ya Aforika Yotlhe jaaka e tlhagelela mo go Lenaneng la Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) la 2063, e e neng e gagamalelwa ke bagologolo ba rona jaaka Kwame Nkrumah, Nnamdi Azikiwe, Mwalimu Julius Nyerere le Nelson Mandela.

Moporesitente Jacob Zuma o neetse Ditona tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso mmogo le Ditona e leng ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago tiro ya go samagana le maphata otlhe a a maleba go batla tharabololo. Ditona di tshwanetse gape le go samagana le maemo a loago le ikonomi a go bonalang e le ona motlhodi wa ditlhaselo tse, gore ntlha e e rarabololwe ka nonofo le ka tirisanommogo. Moporesitente o begile gape le dikgato tse di tsewang ke Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) go tlisa taolo mo melelwaneng ya rona.

1.3 Kabinete e ikuela go baagi botlhe, mekgatlo le batho ka bosi go dirisana mmogo kgatlhanong le ditlhaselo tse. Aforika Borwa ga se naga e e tirisodikgoka mme ka jalo batho ba le mmalwa ba ka se letlwe go itirela boithatelo mo nageng. Tirisodikgoka ga e ise e nne tharabololo ya mathata mo setšhabeng sepe fela, e bile e ka se nne tharabololo le mo Aforika Borwa. E seng ka leina la rona!

2. Difikantswe

2.1 Kabinete e etse tlhoko tshwetso ka bolaodi jwa yunibesithi ya go tlosa sefikantswe sa ga Rhodes, kwa khamphaseng ya Yunibesithi ya Cape Town. Aforika Borwa mo dingwagasomeng di le pedi tse di fetileng e nnile le katlego e kgolo mo go netefatseng gore matshwao a hisetori ya rona a nyalana le dipalopalo tsa naga ya rona le tsamaiso ya temokerasi ya rona. Le fa go le jalo, Kabinete e a amogela gore leeto la go tlosa matshwao le maina a hisetori a a tsosang di letseng mo nageng ya rona ga e a tsamaela ka bonako jo bo neng bo solofetswe. Kabinete e lemogile e bile e rotloetsa ditherisano tse di setseng di simolotse ka ga phetogo ya setšhaba sa rona, e bile re tlhaloganya le tsielego ya baithuti ka ntlha ya fa phetogo e nnile bonya. Ka jalo re ba rotloetsa go latela ditsamaiso jaaka di tlhalosiwa mo melaong ya rona.

2.2 Kabinete e ikuela go maAforika Borwa go nna le seabe mo tiragalong e e eteletsweng pele ke Lefapha la Botsweretshi le Setso ka ga ngwaoboswa le poposetšhaba. MaAforika Borwa a gakololwa ka Molao wa Metswedithuso ya Ngwaoboswa ya Bosetšhaba wa 1999 o o tlhagisang ditsamaiso tsa ditherisano tse di tshwanetseng go latelwa mabapi le go tlosiwa kgotsa go fudusiwa ga difikantswe.

3. Ketelo ya Semmuso ya Zimbabwe

3.1 Kabinete e amogela katlego ya Leeto la Semmuso la Zimbabwe le le neng le eteletswe pele ke Moporesitente Robert Gabriel Mugabe. Aforika Borwa le Zimbabwe di na le hisetori e telele ya dikamano tsa sedika le tsa setso. Batho ba Zimbabwe ba nnile le seabe sa botlhokwa sa hisetori ka go tshegetsa kgaratlho ya kgololosego ya Aforika Borwa.

3.2 Ketelo e e godisitse dikamano tsa dinaga ka bobedi ka go tlhongwa ga Khomišene ya Dinagapedi mmogo le go saena ditumalano di le tharo le Dimemoratamo tsa Kutlwano (di-MoU) di le pedi.

  • Tumalano ya go Tlhongwa ga Khomišene ya Dinagapedi e tsholeletsa kamano e e tlhomameng ya dinaga ka bobedi kwa maemong a a kwa godimo a ka ona Ditlhogo tsa Dinaga di le pedi tse di kopanang go sekaseka tswelelopele mabapi le ditumalano tsa tirisanommogo tse go dumalanweng ka tsona. 
  • Tumalano ya Tirisanommogo mo Taolong ya Metswedithuso ya Metsi le go tlhongwa le go dira ga Khomišene ya Metsi e e Kopanetsweng go tla tiisa tirisanommogo mo togamaanong ya metswedithuso ya metsi, tlhabololo le taolo ya kutlwisisano le dipoelo tse di tshwanang. Dinaga ka bobedi di tla dira ditlhotlhomiso mmogo go tlhaloganya mothamo wa metswedithuso ya metsi a dinoka tsa kwa Zimbabwe go tlamela metsi go Rephaboliki ya Aforika Borwa; go tlhoma diporojeke tsa metsi mmogo, tse di tla bakang go tlholwa ga ditiro, tlhabololo ya ikonomi le tlhabololo le phetiso ya dinonofo. 
  • Tumalano mabapi le go Thusana ga dinaga ka bobedi magareng ga Tsamaiso ya Ditirelo tsa Melelwane – e tlhoma motheo wa go tlhoma molelwane wa ditiro tsotlhe. Se ke setshwantsho sa maemo a boditšhaba se se buelelwang ke Mokgatlo wa Melelwane wa Lefatshe. Morero ke go kgontsha botsamaiso ka bobedi go refosana tshedimosetso, go tshegetsana ka thuso ya setegeniki, le go dira ditekanyetso, diketelo le ditlhotlhomiso mmogo le go dirisana go fitlhelela nonofo ya ditiro.
  • MoU wa Ditherisano tsa Sedipolomate o tla tlhoma tsela ya dipuisano tse di tswelelang tsa sedipolomate mo mererong ya Aforika le merero e mengwe e dinaga ka bobedi di nang le kgatlhego mo go yona. Maitlhomomagolo a MoU o ke go tlhoma tsela ya ditherisano tsa sedipolomate tse di tswelelang mo mererong ya go matlafatsa dikamano tsa dinaga tsoopedi, tshireletso le tirisano mo Aforika.
  • MoU ka ga Tirisano ya Kgwebisano o ikaelela go tlamela ka serala go dinaga tsoopedi go rerisana le go abelana maitemogelo go kgontsha kgolo ya ikonomi. Maphata a dumalane go dirisana ka tsweletso ya kgwebisano, tharabololo ya dikgoreletsi tsa kgwebisano le go bopa mothamo wa setegeniki mo mafelong a a farologaneng a a supilweng mmogo le tlhabololo ya dinonofo ka kakaretso.

4. Yunibesithi ya Disaense tsa Boitekanelo ya Sefako Makgatho (SMU)

4.1 Kabinete e amogetse go thankgololwa ga SMU ke Moporesitente Jacob Zuma kwa Ga-Rankuwa, Gauteng ka la bo 14 Moranang 2015. Yunibesithi e, e e akaretsang khamphase ya MEDUNSA eo mo malobeng e neng e le ya Yunibesithi ya Limpopo, e simolotse ngwaga wa yona wa dithuto wa ntlha ka 2015 ka baithuti ba le 5 000.

Go tlhongwa ga Yunibesithi ya Sefako Makgatho go tlamela ka tšhono e ntle ya tlhabololo le katiso ya bašwa ba dirutegi tsa boitekanelo ba ba tla nnang le seabe se se siameng mo matshelong a maAforika Borwa a mantsi a a santseng a itemogela botlhoki le go se fitlhelele ditirelo tsa boitekanelo. SMU ke yunibesithi ya ntlha e e ikemetseng ya dithuto tsa boitekanelo go tlhongwa mo nageng. Puso e tla tswelela go beeletsa mo thutong le tlhabololong ya dinonofo e leng motlhodi o mogolo wa kgolo ya ikonomi le tlhabololo.

5. Beke ya Bosetšhaba ya Imbizo

5.1 Kabinete e supile boitumelo go maAforika Borwa otlhe a a tlileng ka bontsi go nna le seabe mo kgolaganong ka tlhamalalo le baemedi ba baagi ka nako ya Beke ya Bosetšhaba ya Imbizo e morero wa yona e neng e le “Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa”. Se ke sesupo sa temokerasi e e golang e mo go yona baagi ba nnang le seabe mo maitekong a maikaelelo a ona e leng go dira gore puso e ikarabele e leng se se tlhagelelang mo teng ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba. Baeteledipele ba sepolotiki ba ne ba inyalanya le baagi le go tlhalosa dintlha tse di adilweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka nako ya Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2015.

5.2 Imbizo e e tlametse gape baeteledipele ba sepolotiki ka tšhono ya go tlhalosa maano a puso a go tokafatsa thebolo ya ditirelo le go reetsa dikgwetlho tse baagi ba samaganang natso. Go nnile le di-Izimbizo di feta 70 go tloga ka la bo 07 Moranang go fitlha ka la bo 12 Moranang 2015. Ka la bo 12 Moranang, ditiragalo tse di ne tsa lere go tlhongwa ga “Imbizo Lounge”, e e neng ya tsholwa ke baeteledipele ba le bararo ba sepolotiki mo diporofenseng di le tharo ka nako e le nngwe.

6. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

6.1 Kabinete e amogela dipoelo tsa ditlhotlhomiso tse di dirilweng mabapi le dingongorego le dipotso di le 161 091 tse di amogetsweng ka Mogala wa Dingongorego wa Moporesitente fa e sale o tlhongwa ka Mopitlwe 2013. Ditlhotlhomiso di supile mefuta ya dikgetse tse di tlhatlhetsweng ke baagi, le go lemoga merero e e tlhagelelang le dintlha tsa tsamaiso go ralala puso. Diphitlhelelo di supile dintlha di le mmalwa tse di tshwenyang baagi tse di tshwanang go ralala puso.

Diphitlhelelo tsa ditlhotlhomiso tse di tla thusa mafapha go tlhaloganya botoka dintlha tse di tshwenyang baagi le tshedimosetso e e maleba e baagi ba e tlhokang. Tsereganyo e tla tokafatsa tsela e re rebolelang baagi ditirelo ka yona.

6.2 Kabinete e amogetse pegelo ya sešweng mabapi le tshekatsheko ya go duela bareboladitirelo mo matsatsing a le 30 morago ga go amogela tshupatuelo ya semolao. Kabinete e etse tlhoko tswelelopele e e nnileng teng, fela e santse e tshwenyegile ka mafapha a a santseng a lebagane le dikgwetlho.
Tshekatsheko e e bapisang mafapha a bosetšhaba magareng ga 2013 Ferikgong go fitlha Diphalane le 2014 Ferikgong go fitlha Diphalane  e supile fa go na le tokafalo ya 39% mo palogareng ya ditshupatuelo tse di duetsweng mo matsatsing a le 30 le tokafalo ya 32% mo palogareng ya ditshupatuelo tse di duetsweng morago ga matsatsi a le 30.
Mafapha a bosetšhaba a begile fa ditshupatuelo di le 155 572 tsa bokana ka R3,8 bilione di duetswe morago ga matsatsi a le 30 ka nako e le nngwe, mme di le 62 887 tsa bokana ka R2,1 bilione tse di fetileng matsatsi a le 30 di ise di duelwe.
Mafapha a diporofense mo pakeng yona e a supa tokafalo e nnye fela ya 5% mo palogareng ya ditshupatuelo tse di duetsweng mo matsatsing a le 30. Diporofense di begile gore ditshupatuelo di le 241 332 tsa bokana ka R13,4 bilione di duetswe morago ga matsatsi a le 30 mme ditshupatuelo di le 356 079 tsa bokana ka R21,8 bilione tse di fetileng matsatsi a le 30 di ise di duelwe.
Se ke poelomorago ya 52% mo palogareng ya ditshupatuelo tse di fetang matsatsi a le 30 tse di iseng di duelwe.

Go thusa mafapha a a santseng a kgaratlha, Kabinete e rebotse go tlhongwa ga yuniti mo teng ga Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro go tswelela go sala morago mafapha a a kgaratlhang. Yuniti e e tla dirisana le Lefapha la Matlole a Bosetšhaba mmogo le Lefapha la Bodirediphuso le Tsamaiso (DPSA).
Godimo ga moo, go tla phasalatswa mogala wa bosetšhaba o bareboladitirelo ba tla o fitlhelelang go bega dikgetse tsa tiego ya dituelo. Kgetse e e tla isiwa kwa lefapheng le le maleba mme ditsibogo di tla begiwa.

6.3 Kabinete e etse tlhoko pegelo ka ga go Tsenyatirisong gwa Lenaane la Dipoelo la Tshekatsheko ya Dithekiso tsa Diromelwantle le Thuso ya Dipeeletso (EMIA) mmogo le go amogela leano la tsibogo le tokafatso ya bolaodi ka Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri. Se e nnile karolo ya Leano la Tlhotlhwafatso la Bosetšhaba go sekaseka nonofo ya lenaneo le mo go tshegetseng batlhagisi le barekisantle ba Aforika Borwa.

EMIA e thusitse dikgwebo di le 6 766 tse di romelang ntle go ralala diporofense tsotlhe le go duela ditleleimi tsa boleng jwa R510 milione go tloga ka 2009/10 go fitlha ka 2012/13. Dikgwebo tse di tshegeditsweng tse di tlhodile ditiro di le 24 802. Dipatlisiso tsa bannaleseabe ba EMIA di bontsha tiriso e e kwa godimo ya dipoelo tsa EMIA mo Bathong ba ba Neng ba sena Ditšhono mmogo  le difeme tse beng ba tsona e leng basadi.

6.4 Kabinete e amogetse seralwa sa Setlankana sa Pholisi ya Itekolesego gore se tla phasaladiwang mo Kuranteng ya Puso go bona ditshwaelo tsa baagi. E ikaelela go tokafatsa nonofo mo go lekanyetseng itekolesego, go tokafatsa momaganyo le tirisano le diporofense le go tlhoma Boto ya Itekolesego ya Bosetšhaba jaaka molekanyetsi go samagana ka nonofo le itekolesego e e seng mo molaong.

6.5 Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga seralwa ga Pholisi ya Nnotagi go bona ditshwaelo go tswa mo baaging. Seralwa sa Pholisi ya Nnotagi se tla tokafatsa nonofo mo go lekanyetseng kgwebisano ya nnotagi le go thibela kgwebisano e e seng mo molaong. Gareng ga tse dingwe, ditshitshinyo di tshwaela ka seabe sa nnotagi mo loagong le ikonoming mmogo le ditlamorago tse dingwe tsa tiriso e e botlhaswa ya nnotagi mmogo le phetogo mo intasetering ya nnotagi.

6.6 Kabinete e ne ya bolelelwa ka ditlamorago tsa tlhotlhwafatso ya tekotupo ya Kgolo ya Motheo ya Ngwana mo go dirilweng ditlhotlhwafatso tse di tseneletseng mo go ba Mophato wa R le ditsereganyo tsa phepo mo baneng ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano.

Kabinete e amogetse go tlhongwa ga Leano la Phepo la Bosetšhaba la Aforika Borwa le le momaganeng, le le lebang ntlha ya phepo ka botlalo, go akaretsa paka ya pele ga boimana, matsatsi a ntlha a le 1 000 a botshelo, kgolo ya motheo ya ngwana le Mophato wa R. Leanotlhabololo go tswa mo tlhotlhwafatsong le le ka ga “Seabe sa go Tsenngwa ga Mophato wa R mo Dipoelothutong” le gatelela go tokafadiwa ga boleng jwa Mophato wa R go godisa seabe sa ona mo baneng ba ba tlhokang le mo diporofenseng tse di dirang bokoa. Se se akaretsa go katisiwa le go tlhabololwa ga barutabana ba Mophato wa R le go tsaya tsia ntlha ya go thapa batho ba ba nang le setifikheiti sa dithutego tse di maleba (NQF ya maemo a 5).

7. Melaotlhomo

7.1 Kabinete e amogetse go rebolwa ga Molaotlhomo wa Diinšorense go bona ditshwaelo mo baaging.
Molaotlhomo o o nyalana le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba, o netefatsa lekala la inšorense le le dirang e bile le laolwa sentle, le go rotloetsa matlole a a edileng a a tla tshegetsang kgolo ya ikonomi ka go kgontsha maemo a a kwa godimo a a tlhomilweng go lebilwe mathata a matlole a ngwaga wa 2008. O kgontsha gape le letlhomeso le le dirang sentle la lekala la inšorense.
Paka ya Bolaodi jwa Tshekatsheko ya Matlotlo e tlhagisa mokgwa o mošwa, o o lebileng isago e bile o ikaegile ka diphonkgelo malebana le go retelelwa ke go duela ka go momaganya ditlhokego tsa matlole le diphonkgelo tse di leng teng tsa setlamo sa inšorense. O tlamela gape ka dipoelo go boradiinšorense go dirisa didiriswa tsa sešweng tsa tshekatsheko le taolo ya phonkgelo. Mekgwa e e batla go thusa go netefatsa tshireletso e e botoka ya bengdipholisi le batswelwamosola le go nna le seabe mo tsepamong ya matlole.

7.2 Kabinete e amogetse gape le go phasaladiwa ga seralwa sa Molaotlhomo wa Tokafatso ya Molao wa Tikwatikwe ya Matlhale a tsa Matlole, 2014 go bona ditshwaelo tsa baagi. Molaotlhomo o wa Tokafatso, o tshitshinya ditokafatso mo teng ga Molao wa Tikwatikwe ya Matlhale a tsa Matlole (Molao 38 wa 2001). Se ke go samagana le matshosetsi a tsepamo ya tsamaiso ya rona ya matlole a a bakwang ke tsamaiso e e seng ya semolao ya madi le go tlamela borukhutlhi ka matlole, ka go netefatsa gore go ikobelwa melawana le maemo a boditšhaba, mo teng ga letlhomeso la melao ya Aforika Borwa.

8. Maemo a Kabinete mo Mererong ya jaanong

8.1 Kabinete e tshwenyegile ka koketsego e e kwa godimo ya dintsho tsa ditsela mo pakeng ya Paseka, e mo go yona go diragetseng dikotsi di le 208 tse di bakileng dintsho di le 287, fa go bapisiwa le dintsho tsa ngogola di le 193 ka dikotsi di le 148.
Pabalesego mo tseleng ke maikarabelo a maAforika Borwa otlhe mme katlego ya matsholo a rona a pabalesego mo tseleng e ka bonala fela fa badirisatsela botlhe fa  ba dira karolo ya bona. Bakgweetsi ba tshwanetse go ikobela melao ya tsela, ba se nwe ba kgweetsa, ba kgweetse ka lebelo le le lekanyeditsweng le go netefatsa gore dirori tsa bona di siametse tsela.

Mo boemong jwa batho ba Aforika Borwa, Kabinete e romela matshidiso a a bothito go puso le batho ba Rephaboliki ya Kenya, segolo malapa a batswasetlhabelo ba ba tlhokafetseng mo ditlhaselong tse di masisi kwa Yunibesithing ya Kholeji ya Garissa ka 2 Moranang 2015.
Kabinete e ikuela mmogo le Moporesitente Jacob Zuma mo go kgaleng ditiro tse tsa borukhutlhi le go gatelela gore Aforika Borwa e tshegetsa maiteko a Kenya le dinaga tsa boditšhaba go tlisa kagiso, tsepamo, temokerasi le poposetšhaba kwa Somalia.

8.2 Kabinete e akgola batho ba Nigeria ka go tshwara ditlhopho tse di renang kagiso, di sena bofitlha, di na le seriti, di gololosegile e bile di sa gobelele ka 28 Mopitlwe 2015, jaaka go goeleditse Khomišene ya Bosetšhaba e e Ikemetseng ya Ditlhopho ya Nigeria. Mo boemong jwa maAforika Borwa, Kabinete e akgola Mogenerale Muhammad Buhari ka go tlhophiwa ga gagwe jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Federale ya Nigeria.

8.3 Kabinete e akgola Marlene van Niekerk ka go nna moAforika Borwa wa ntlha go tsena mo lenaneng le lekhutshwane la Sekgele sa Boditšhabatšhaba sa Man Booker. O ne a amogelwa ka diphitlhelelo tse di manontlhotlho tsa botlhami, go akaretsa ditiro tse di jaaka Triomf le Agaat. O amogetse gape Sekgele sa Ikhamanga ka 2011 ka “seabe sa botlhale jwa gagwe mo botsweretshing jwa dikwalo le setso”.

9. Ditiragalo tse di tlang

9.1 Kabinete e amogetse gore Moporesitente Jacob Zuma o tla bo a araba dipotso kwa Palamenteng ka Labone, 16 Moranang 2015.

9.2 Kabinete e amogela Ketelo ya Semmuso kwa Jakarta, Indonesia ya Moporesitente Jacob Zuma ka 19 go fitlha ka 20 Moranang, e e tla sekasekang maemo a dikamano tsa dinaga ka bobedi go netefatsa phitlhelelo ya ‘Leano la Tiro’ la dingwaga tse tlhano, jaaka le buisanetswe ke maphata a mabedi kwa Pretoria ka Ngwanatsele 2014.
Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela gape Samiti ya Asia-Africa magareng ga 22 le 23 Moranang kwa Jakarta, e e tla matlafatsang tirisano ya Dinaga tse di kwa Borweng jwa Mogarafatshe ya go fitlhelela kgolo ya loago le ikonomi mo dikgaolong tse pedi tse.
Ketelo e e tla khutlisiwa ka Moletlo wa Khonferentshe ya bo 60 ya Bandung ya 1955 le ka Moletlo wa Khonferentshe ya bo 10 ya Tirisanommogo ya Togamaano e Ntšwa ya Ešia-Aforika (NAASP) ka 24 Moranang 2015, tse di tla diragalang kwa Bandung, West Java. Ke kwa Bandung kwa baeteledipele ba mokgatlo wa rona e leng Moses Kotane le Maulvi Cachalia ba neng ba tlisa dikgopolo tsa go se kgetholole go ya ka mmala le maikemisetso a sebele mo morerong wa lefatshe.

9.3 Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go nna le seabe mo diketekong tsa Kgwedi ya Kgololosego, tse di tlisang ngwagasome wa boraro wa kgololosego ya naga e ka go rotloetsa seriti sa botho le go gagamalela maikaelelo a a tshwanang a naga go aga Aforika Borwa yo o momaganeng e bile a tswelela pele.
Keteko ya rona ya bosetšhaba e tla nna ka Letsatsi la Kgololosego, 27 Moranang 2015 ka fa tlase ga morero o: “Keteko ya Tshimologo ya Ngwagasome wa Boraro wa Kgololosego ya rona ka go Itlhaganedisa Phetogo ya Mmatota ya Ikonomi”.
MaAforika Borwa a gokololwa gape ka ditlhabelo tse di dirilweng ke bakaulengwe ba rona le basadi mo ntweng kgatlhanong le tsamaiso e e setlhogo ya tlhaolele gore rotlhe re kgone go itumelela kgololosego e re nang nayo gompieno.
Go tlotla maAforika Borwa a a nnileng le seabe mo tsweletsong ya temokerasi, Moporesitente Jacob Zuma o tla neelana ka Dikgele tsa Bosetšhaba ka Letsatsi la Kgololosego kwa Union Buildings. Kabinete e akgola baamogedi botlhe le go ba lebogela seabe sa bona.

9.4 Kabinete e dumetse gore Aforika Borwa e nne moamogelabaeng wa Kopano e e Tlwaelegileng ya bo 25 ya Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) kwa Lefapheng ya Dikamano tsa Boditšhaba le Tirisano le kwa Sandton International Convention Centre kwa Johannesburg, go tloga ka 7-15 Seetebosigo 2015.  Aforika Borwa e ithaopile go nna moamogelabaeng morago ga gore Chad e ikgogele morago.

Maitlhomomagolo a samiti ke go sekaseka tswelelopele e e dirilweng mo phitlhelelong ya maitlhomo a kontinente, go lebilwe thata morero wa 2015, e leng “Ngwaga wa Matlafatso le Tlhabololo ya Basadi go fitlhelela Maikaelelo a Aforika a 2063”. Dintlha dingwe tsa botlhokwa e tla bo e le maemo a kagiso le tshireletso mo Aforika, go lwantsha bolwetse jwa Ebola le seabe sa loago le ikonomi mo kontinenteng, metswedi mengwe ya matlole go Kitlano ya Aforika, go amogelwa ga Dingwaga tsa Ntlha tse Lesome tsa Leano la go Tsenngwa Tirisong ga Maikaelelo a AU a 2063 le poposešwa ya Ditšhabakopano mo Dingwageng tsa yona di le 70.

10. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

10.1 Ngaka Diane Cecile Parker jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Thuto ya Yunibesithi kwa Lefapheng la Thuto e Kgolwane.

10.2 Rre Abel Makalene Mawela, jaaka Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga wa Boto ya Koporasi ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle.

10.3 Rre Tefetso Bernard Phitsane jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga ya Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa).

10.4 Boto e e Ikemetseng ya Taolo ya Baruni:
a) Mohumagadi Lise Keech;
b) Rre Abel Dlamini;
c) Rre Thiru Pillay;
d) Rre Zola Luxolo Fihlani;
e) Mohumagadi Amanda Lethukuthula Mazibuko;
f) Mohumagadi Noluphumzo Leonora Noxaka;
g) Mohumagadi Rene Aloise Kenosi (o thapilwe gape);
h) Rre Alexander Van der Watt (o thapilwe gape); le
i) Rre Michael Sass (o thapilwe gape).

10.5 Lekgotla la Aforika Borwa la Dikamano tsa Boditšhabatšhaba (SACOIR):
a) Moporofesara Maxi Schoeman (Thuto e e kwa Godingwana);
b) Moporofesara Anthoni Van Nieuwkerk (Thuto e e kwa Godingwana);
c) Ngaka Siphamandla Zondi (Thuto e e kwa Godingwana);
d) Moporofesara Shamil Jeppie (Thuto e e kwa Godingwana);
e) Porof Sekgothe Mokgoatsana (Thuto e e kwa Godingwana);
f) Mohumagadi Chichi Maponya (Kgwebo);
g) Mohumagadi Danisa Baloyi (Kgwebo);
h) Ngaka Thandi Cynthia Ndlovu (Kgwebo);
i) Mohumagadi Nonhlanhla Mjoli-Mncube (Kgwebo);
j) Rre Billy Masetlha (Kgwebo);
k) Rre Dennis George (Mekgatlo ya Badiri);
l) Rre Joel Mfingwana (Mekgatlo ya Badiri);
m) Ngaka Somadoda Fikeni (Mekgatlo ya Baagi);
n) Mogenerale Moyo Mudau (Mekgatlo ya Baagi);
o) Rre Aziz Pahad (Mekgatlo ya Baagi);
p) Rre Tshepo Mashiane (Mekgatlo ya Baagi);
q) Moambasatara Griffiths Mandlenkosi Memela (Mekgatlo ya Baagi);
r) Rre Jimmy Gotyana (Mekgatlo ya Baagi); le
s) Rre Kenny Morolong (Mekgatlo ya Baagi).

10.6 Khomišene ya Ditirelo tsa Sesole:
a) Mohumagadi Sebina Hlapolosa;
b) Moporofesara Malegapuru William Makgoba; le
c) Rre Joseph Maselele Jongile.

10.7 Rre Kevin Wakeford jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Koporasi ya Dibetsa tsa Aforika Borwa  (Armscor).

10.8 Moporofesara Ntomb’fikile Mazibuko jaaka Monnasetilo wa Khuduthamaga wa Lekgotla la Bothati jwa Melaotaolo ya Intaseteri ya Tshireletsego ya Poraefete.

Dipotsiso:
Mohumagadi Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Cell: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore