Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 16 Ngwanaitseele 2023

A. Merero ya ga Jaanong Tsosoloso le Kgolo ya Ikonomi

1. Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS) 
1.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya kotara ya boraro ya ngwaga wa 2023 ya QLFS e e gololotsweng ke ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) e e bontshang gore dipalopalo tsa batho ba ba nang le ditiro di setse jaanong di tlhatlogile go feta le tseo di neng di le teng mo matsatsing a pele ga COVID-19. 
1.2.  Kabinete e itumedisiwa ke gore diporofense tsotlhe, ntle le e le esi fela, di dirile gore palo ya batho ba ba nang le ditiro e oketsege ka bokanaka 399 000 mo jaanong batho botlhe ba ba nang le ditiro ba leng kanaka dimilione di le 16,7 mo kotareng ya boraro, fa di bapisiwa le dimilione di le 16,3 mo kotareng ya bobedi mo ngwageng wa 2023. Go tlholegeng ga ditiro tseno tse di ka fitlhang go 152 000 kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, tse di ka fitlhang go 70 000 kwa porofenseng ya Limpopo, mmogo le tse di ka fitlhang go 61 000 kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mmogo le ya Mpumalanga, go bontsha sentle gore maemo a ikonomi a a itharabologelwa ka iketlo mo go ageng sešwa ikonomi e e botoka, e e thatafetseng le e e direlang botlhe a ntse a itharabologelwa ka ntlha ya Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi. 
1.3.  Kabinete e leboga seabe se ba makala le diintaseteri tse di latelang ba tswelelang go nna le sona ka tlhomamo:
1.3.1.1.  Mo lephateng la dikgwebo tse di kwadisitsweng semmuso dipalo tsa ditiro tse di tlhodilweng di oketsegile ka di le 287 000 fa mo lephateng le le sa kwadisiwang semmuso teng di oketsegile ka di le 29 000;
1.3.1.2.  Mo lephateng la tlamelo ya matlole (fano go buiwa gape le ka ditirelo tsa dikgwebo) teng go tlhatlogile ka diphatlhatiro di ka fitlhata go di le 237 000;
1.3.1.3.  Mo lephateng la baagi le thuso ya setšhaba teng go tlhatlogile ka diphatlhatiro di ka fitlhata go di le 119 000 fa mo lephateng la temothuo teng di tlhatlogile ka di le 61 000.
1.4.  Kabinete e nopotse gape le seabe se se sa jeseng diwelang seo dikgwetlho tsa motlakase le tsa dijanaga tse di rwalang dithoto di tswelelang go nna le tsona mo maphateng a tlhagisodikuno, meepo, dipalangwa le tse dingwe tse di botlhokwa. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore kgatelopele e tla iponagatsa mo nakong e e sa fediseng pelo mo go fediseng ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri mmogo le matsapa a a leng teng mo intasetering ya dijanaga tse di rwalang dithoto. 
1.5.  Kabinete e itumedisiwa ke gore le fa go ntse go na le dikgwetlho, botlhokatiro mo bašweng bona bo tswelela go fokotsega (mo bo fokotsegileng ka diphesente di le 1.9 fa di bapisiwa le tsa mo kotareng e e fetileng), jaaka go nnile le koketsego ya bokanaka 237 000 mo bašweng ba ba thapilweng, mme seno se raya gore palogotlhe ya bašwa ba ba nang le ditiro e fitlha go dimilione di le thataro.

2.  Dipeeletso 
3.  Mo ona maiteko ano a go tsosolosa le go godisa ikonomi, Kabinete e amogetse matlole a mangwe gape a a kana ka dibilione di le tlhano tsa diranta a a beeleditsweng ke Setlamo sa Dijanaga sa Ford jaaka se batla go tlisa sejanaga sa bona se sentšhwa sa motlakase se se tsamayang ka dibeteri sa Ford Ranger se go solofelwang gore se tla rekisediwa dinaga tsa Yuropa, New Zealand le Australia. Ga jaanong setlamo seno se thapile batho ba le kanaka 5 200 ka fa nageng ya Aforika Borwa. 
3.1.  Kabinete e amogetse gape le dipeeletso tse di dirilweng ke setlamo sa Procter & Gamble (P&G) mo femeng ya bona ya maemo a a kwa godimo ya Pampers Premium Care kwa Ekurhuleni, Gauteng. Dipeeletso tsotlhe tsa P&G fa di kopane di ka fitlha go dimilione tsa tsa diranta di le 900 fa e sale go tloga mo ngwageng wa 2018 mme bomosola jwa yona ga jaana bo setse bo tlhomile ditiro di feta di le 4 000 bobedi tse di tobaneng le intaseteri eno mmogo le tse di sa tobanang nayo.
3.2.  Dipeeletso tsa ditlamo tseno ka bobedi e leng tsa Setlamo sa Dijanaga sa Ford mmogo le tsa porojeke ya P&G a bontsha botlhokwa jwa seabe seo Moporesitente Cyril Ramaphosa a nnileng le sona mo a tsereng matsapa a go batlana le babeeletsi kwa Khonferenseng ya Dipeeletso ya Naga ya Aforika Borwa mmogo le go totobaletsa babeeletsi gore naga ya Aforika Borwa ke lefelo le le siametseng dipeeletso tsa bona. 

4.  Go Rekisiwa ga Nama ya Kgomo kwa Nageng ya Bogosi ya Saudi Arabia 
4.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go saenela ditumelano tsa go rekisiwa ga nama ya kgomo kwa nageng ya Bogosi ya Saudi Arabia, fa go ne go tshwerwe Samiti ya Dipeeletso ya Dinaga tsa Saudi le tsa Aforika. Kgato eno e botlhokwa thata mo go direng bonnete jwa gore ditlhagisiwa tsa nama ya kgomo tsa naga ya Aforika Borwa di letlelelwa go rekisediwa maraka o o botlhokwa ono, mmogo le mo go direng gore lephata la temothuo le kgone go godisa ikonomi le go tlhola ditiro. 
4.2.  Kabinete e akgotse Tona Thoko Didiza mmogo le Tona Ebrahim Patel ka tiro e ba e dirileng mo go direng bonnete jwa gore naga ya Aforika Borwa e bulelwe dikgoro tsa go rekisetsa maraka ono nama ya kgomo. 

5.  Maaka a ka Bomo a a ka ga Ditlhokwa tsa go Ikobela Dikgato tsa Matlafatso ya Bathobantsho mo Mererong ya Ikonomi (BEE) mo go Rekisetseng Dinaga tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa tsa Lephata la Temothuo
5.1.  Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale maaka a ka bomo a a dirilweng ke ditheo tsa bobegakgang a a ka ga ditlhokwa tsa go ikobela Dikgato tsa Matlafatso ya Bathobantsho mo Mererong ya Ikonomi mo go rekisetseng dinaga tsa kwa ntle ditlhagisiwa tsa lephata la temothuo mme maitlhomo a maaka ano ke fela go gotetsa ditlhobogano tsa semorafe mme e gakolola ditheo tsa bobegakgang gore kgololesego ya ditheo tseno ga e tsamaye e le esi, e tsamaya le maikarabelo.
5.2.  Kabinete e leboga intaseteri ya temothuo, segolobogolo ba SA Wine and Agricultural Chamber of Business, bao ba itsegeng thata ka gore ke ba Agbiz, jaaka ba eme kgatlhanong le seno ka maitlhomo a go se letlelele naga gore e gogagogane ka semorafe jaaka ba tsere dikgato ka bonako go supa fa seno e le maaka ka gang fela morago ga gore maaka ano a phasaladiwe. Lefoko la lona mo ntlheng eno le bontsha sentle gore le eme ka lefoko le le leng fela jaaka setlhopha sa naga sa di-Springbok, le eme ka le le reng Re na le Maatla Fa Fela Re le Ngatananngwe. 

6.  Bojanala
6.1.  Kabinete e nopotse tirisanommogo e e tlhomilweng magareng ga Lefapha la Bojanala mmogo le Setlamo sa Google jaaka selo se se tla fetolang dilo jaaka seno se tla dira gore naga ya Aforika Borwa e beewe kwa maemong a a kwa godimo jaaka lefelo le le gaisang le go ka jelwang nala kwa go lona. 
6.2.  Tirisanommogo eno magareng ga tse dingwe tse dintsi e tla dira gore tiriso ya dididirisiwa tsa thekenoloji e kgone go godisa bojanala le go somarela tlhago, mmogo le mo go diragatseng maikano a Google Maps a go dira gore thekenoloji e thuse bajanala gore ba se latlhwe ke leoto ba iphitlhele ba wetse mo ditseleng tse di itsegeng ka ditiragalo tse di tletseng botlhokotsebe.

Go Lwantshana le Botlhokotsebe le Bokhukhuntshwane 

7.  Letsholo le le Tshwaraganetsweng la go Lwantshana le Bosenyi
7.1.  Kabinete e amogetse dikgato tsa go romela masole a le 3 300 a Setheo sa Masole a Naga (SANDF) go tloga ka la bo 28 Diphalane 2023 go fitlha ka la bo 28 Moranang 2024, mme ona a tlile go thusana le batlhankedi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mmogo le batlhankedi ba bangwe ba ditheo tsa molao go samagana le ditiragalo tsa meepo e e seng mo molaong.
7.2.  Kgato eno e totobatsa maikano a puso a go fedisa gotlhelele ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong le go dira gore maemo e nne a a edileng a a unngwelang botlhe mmogo le a a kgontshang ikonomi go fetoga. 
7.3.  Ditona tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego ba fane ka tshedimosetso e e mabapi le kgatelopele e e dirilweng mo go lwantshaneng le bosenyi, e bile gape mo bekeng e e fetileng Tona ya Mapodisi o abelane ka tshedimosetso ya go re baya mo dinakong ka Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi tsa Kotara e nngwe le e nngwe.

8.  Dipuisano tsa Naga tsa Lekgotlha la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee
8.1.  Kabinete e itumeletse Dipuisano tsa Naga tse di tshwerweng ka katlego tsa Lekgotlha la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee tse mo go tsona go neng go atlhaatlhiwa kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Leano la Naga la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee mmogo le ditshitshinyo tse di dirilweng mo pegelong ya Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko.
8.2.  Kgatelopele e e dirilweng e tsenyeletsa go diragadiwa ga ditshitshinyo di le robedi mo go di le 16 tse di ka ga go kwalola sešwa melao gore e kgone go samagana le ditshitshinyo tse di rileng tse di dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko mme melao eno ga jaana e atlhaatlhwa ke palamente.Melaotlhomo eno ke e e buang ka maphata a a jaaka a dithendara tsa puso, tsamaiso ya phetolo ya batsholateu, maitsholo a badiredipuso ba tshwanetseng go nna nao, phetolo ya ditheo tsa tirelo ya twantsho ya bosenyi, ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le go fetola tsamaiso ya ditlhopho. 
8.3.  Yuniti ya Thopo ya Dithoto dikopo tsa yona tsa go rebolelwa taelo ya kgotlatshekelo ya go tswalela tiriso ya dithoto tsa batho ba go belaelwang ba amegang mo mofetshong wa bosenyi di amogetswe ke kgotlatshekelo mme dithoto tse di ka balelwang go dibilione tsa diranta di le 14 mo melatong e e tsamaelang le ya go goga puso ka nko mme e bile gape e kgonne go dira gore madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 5.4 a a neng a tserwe go se mo molaong a busediwe. Mo godimo ga tseno tsotlhe, Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso e setse e tlhatlhetse kwa kgotlatshekelo dikgetse di le 34 tse di tsamaisanang le ditiragalo tsa go goga puso ka nko, mme mo go tsona go na le balatofadiwa ba le 205. 

9.  Go Lantshana le Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi
9.1.  Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale tiragalo ya go tlhaba ka thipa moithuti wa mosadi wa yunibesiti ya Cape Peninsula University of Technology, yo a tlhabilweng ke monna wa gagwe. 
9.2.  Puso e ikuela mo baaging go dirisana mmogo le puso go fedisa ditiragalo tsa go bogisa basadi fa ka fa letlhakoreng le lengwe ditheo tsa molao tsona di tswelela go golega ditlhokotsebe tsa ditiragalo tse di setlhogo tseno. 

10.  Go Tlhokafala ga Bana ka Ntlha ya go se Fepiwe 
10.1.  Kabinete e tshwentswe ke dipegelo tsa Khomišene ya Aforika Borwa ya Ditshwanelo tsa Batho tse di ka ga go tlhokafala ga bana ka ntlha ya go se fepiwe. 
10.2.  Kabinete e rata go ka gopotsa baagi gore puso go na le ka fao e thusang baagi go tshwana le ka Madi a Puso a go Thusa go Godisa Bana mme maitlhomo a thuso eno ke go thusa malapa gore a kgone go tlamela bana ka dilo tse ba di tlhokang. Thuso eno e tlaleletsa gape le mo dithusong tse dingwe tse tse puso e abelanang ka tsona go tshwana le tsa Matsholo a go Thusa Baagi a a jaaka a puso mo go ona e tlamelang baagi ba ba tlhokang thuso ka dijo ka go fepa bana kwa dikolong ka Letsholo la Naga la Phepo ya Barutwana kwa Dikolong mmogo le matsholo a go fepa baagi le a ditheo tsa go tlhatlhelela baagi.

11.  Go Ikwadisetsa go Tlhopha
11.1.  Mo Matsatsing a Bukhutlho jono jwa Beke jwa la bo 18 le la bo 19 Ngwanaitseele 2023 Kabinete e boeletsa boikuelo jwa yona jwa go ikuela mo baaging botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tlhopha go leba kwa mafelong a go tlhopha mo dikgaolong tse ba nnang mo go tsona go ya go ikwadisetsa go tlhopha, mmogo le go abelana ka tshedimosetso e ntšhwa e ba ditlhopho ba senang yona. 
11.2.  Mo go thuseng batlhophi ba ba tlhokang go lata makwaloitshupo a bona kgotsa ba ba tlhokang makwaloitshupo a nakwana, Lefapha la Merero ya Selegae le dirile gore mo bokhutlhong jono jwa beke jwa go ikwadisetsa go tlhopha dinako tsa dikantoro tsa bona tsa go bula di tsamaisane le tsa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC).
11.3.  Kabinete e gakolotse baagi gore ba ka ikwadisetsa ditlhopho mo inthaneteng mo webesaeteng ya https://registertovote.elections.org.za/Welcome mme yona fa e sale e bulwa ka Tlhakole 2023, mme le mo go yona ba ka ikwadisa kgotsa ba tsenya tshedimosetso ya bona e ntšhwa e e leng mo dinakong. 

Go Agiwa ga Mafaratlhatlha 

12.  Motlakase 
12.1.  Tona ya Merero ya Motlakase mo Kantorong ya Moporesitente o buile go tlala molomo ka maemo a motlakase ka fa nageng mmogo le ka kgatelopele e e dirilweng mo go direng gore re se tlhaele motlakase.. 

13.  Go se Felelwe ke Metsi
13.1.  Kabinete e itumedisitswe ke dipegelo tse di reng dikgogakgogano tse di ntseng di le teng magareng ga tse di dirileng gore go nne le tshalelomorago mo go tsenyeng tirisong porojeke ya Letamo la Mzimvubu di rarabolotswe mme tlhatlhobo ya lefelo e simolotse ka Ngwanaitseele, mme dipuisano magareng ga magosi mabapi le ka ga ka fao baagi ba tla amegang di tsweletse. 
13.2.  Kabinete e nopoletswe gore go tsweletswe ka tiro ya go godisiwa ga dipota tsa Letamo la Clanwilliam gore le kgone go ka boloka metsi a a kanaka dimitara tsa dikhubiki di le dimilione di le 344 go fepa metsi kwa baaging ba Masepala wa Tikologo wa West Coast, ba Masepaleng wa Selegae wa Cederberg mmogo le ba Masepaleng wa Selegae wa Matzikama. 
13.3.  Kabinete e tsopoletswe gore go agiwa ga Letamo la Tzaneen go simolotswe gape ka Seetebosigo 2023, mme go lebeletswe gore tiro eno e tla garela ka Moranang 2025.
13.4.  Kabinete e tsopoletswe gore setlhopha se se golaganeng sa batlhankedi ba mebasepala ya diteropokgolo e le meraro e bong wa Ekurhuleni, Joburg le wa Tshwane mmogo le ba Setlamo sa Rand Water ba tswelela go kopana letsatsi le lengwe le le lengwe go atlhaatlhaa mabaka a a dirang gore go nne le dikgwetlho tsa metsi. Ntlha e kgolo thata mo porofenseng ya Gauteng e e dirang gore go nne le dikgwetlho tsa metsi ke metsi a a dutlang a a bakiwang ke mafaratlhatlha a dimasepala mmogo le go tlhoka dithulaganyo tse di maleba tsa go tlhokomela fa go dutlang metsi mmogo le go baakanya dipeipi tse di dutlang ka manontlhotlho. 

14.  Kgato ya Bobedi ya SA Connect 
14.1.  Kabinete e amogetse le go sekegela tsebe pegelo e e ka ga go tsenya tirisong Kgato ya Bobedi ya SA Connect. SA Connect ke letsholo le le botlhokwa la puso leo maitlhomo a lona e leng go tswalela sekgala se se leng teng magareng ga baagi fa go tla mo didirisiweng tsa dijithate ka go gokelela malapa le ditheo tsa puso mmogo le go dira gore setšhaba sotlhe go ralala le naga se kgone go gokelelwa mo go Wi-Fi. 
14.2.  Mabapi le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo Kgatong ya Bobedi ya porojeke eno, Kabinete e itumedisitswe ke gore go setse go gokeletswe malapa a le 1 000 mo porotebenteng mme go logwa maano a go tsenyetsa baagi mafelo a di Wi-Fi a feta a le 1 000 mo Sedimontholeng wa 2023. 
14.3.  Mo godimo ga seno, porojeke eno e thankgolotse mafaratlhatlha a inthanete gore malapa a golaganngwe le go dira gore inthanete e se ba turele. Ka R249 ka kgwedi lelapa le le ikwadiseditseng go tsenyetswa inthanete le tla kgona go reka datha e e sa feleng kgwedi yotlhe, mme datha ya R5 ka letsatsi e ka kgona go ba rekela datha e e kanaka ghiki o le mong.
14.4.  Go lebeletswe gape le gore porojeke eno e tla re tswela mosola mo ikonoming jaaka e tla tlholela batho ba ba nang le bokgoni jo bonnye ba le 4 505 ditiro mmogo le go tlholela ba le 169 ba ba nang le bokgoni ditiro, mme e bile gape e tla ema nokeng dikgwebopotlana le tse dikgolonyana di le 75. 
14.5.  Mo godimo ga seno, dikolo di le 18 000, dilaeborari di le 943, maokelo a le 5 731 mmogo le dikgotla di le 8 241 mo dikgweding tse di tlang mafelo ano a tla tlamelwa ka marang a kgaso a a dirisiwang ka bontsi mme seno se tla diriwa go ya ka maikano a go thusa baagi a a dirilweng ke ditlamo tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. 
14.6.  Go solofelwa gore porojeke eno e tla gokelela malapa a feta dimilione di le tlhano mmogo le mafelo a le 32 000 a di-Wi-Fi mo metseng mo nageng ka bophara sebaka sa go feta dikgwedi di le 36. 

15.  Lenaaneng la Phetolelokgaso go ya go ya Dijithale 
15.1.  Kabinete e nopotse kgatelopele e naga eno e tsweletseng go e dira mo go tsweng mo kgasong ya analoko go tseneng mo go ya dijithale. Fa e sale ka la bo 23 Phukwi 2023, dikgaso tsotlhe tse di gasang ka marang a kgaso a analoko mo marang a teng a sa feteng di-mekahetse di le 694 di ne tsa timiwa mo diporofenseng tseo di neng di saletse kwa morago mme tsona ke porofense ya Kapa Botlhaba,KwaZulu-Natal, Kapa Bophirima mmogo le Gauteng. Seno se tla lokolola sekgala se se tlhokagalang sa porotebente ya megala ya seatla le go kgontsha didirisiwa tse dingwe tsa thekenoloji ya ditlhaeletsano le tshedimosetso go ka nna le sekgala. 
15.2.  Kabinete e nopoletswe gore Tona ya Ditlhaeletsano le Mafaratlhatlha a Thekenoloji o ne a dira boikano jwa gore e tla re ka Sedimonthole 2024 ga garelwa kgato ya bofelelo ya go tima dikgaso tsotlhe tsa analoko, mme mo ntlheng eno go na le tema e e diriwang e bile letlha leno le santse le eme fela jalo. 

16.  Letsholo la Dimasepala la go Phepafatsa le go Jala 
16.1.  Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go nna le seabe mo letsholong la go dira gore naga e phepafadiwe le go nna e le phepa ka go tsenya letsogo mo letsholong la go phepafatsa le go jala le le tla diragadiwang naga ka bophara. Letsholo leno le le setseng ga jaana le tlholetse batho ba le 37 000 ditiro maitlhomo a lona ke go fedisa mafelo a a sa letlelelwang a go latlhela ditshila mo go ona mo gare ga metse naga ka bophara. 
16.2.  Fano go tla phepafadiwa mebila letsatsi le lengwe le le lengwe, ga tloswa ditshila mo mafelong a go sa tshwanelwang go latlhelwa ditshila mo go ona, ga phepafadiwa dintshi tsa mawatle le dinoka mmogo le go tsosolosa mafelo a diphaka. 

Bokgoni jwa Puso

17.  Dipholo tsa Boruni tse di Tokafetseng tsa Ditheo tsa Puso ya Naga le tsa Ditheo tsa Mebuso ya Diporofense mo Ngwageng wa Matlole wa 2022/23
17.1.  Kabinete e ne ya tsiboswa ke Setheo sa Kantoro ya Moruni yo Mogolo wa Aforika Borwa (AGSA) ka dipholo tsa ngwaga wa matlole wa 2022/23 tsa ditheo tsa puso ya naga le ditheo tsa mebuso ya diporofense.
17.2.  AGSA e nopotse dikgato tse di tiisang mmoko tse di bontshang tokafalo e e ntseng e nna gone mo go bontshang gore mo ditheong tsotlhe go simolola go nna le thwalo ya maikarabelo, botshepegi, botswapelo le dikgato tsa taolo tse di tswileng diatla.
17.3.  Mafaha le ditheo tse di iponetseng dipholo tse di kgotsofatsang tsa boruni di oketsegile go tloga mo go di le 94 mo ngwageng wa matlole wa 2018/2019 go fitlha mo go di le 147 mo ngwageng wa matlole wa 2022/2023, mme go ntse go tokafala ngwaga o mongwe le o mongwe fa go lebelelwa dipegelo tsa bona.
17.4.  Mafapha le ditheo tseo di boneng dipholo tse di kgotsofatsang tseo di tlhokang go ka baakanngwa fao le fale ke di le 162, mme ona a emetse diphesente di le 39 tsa ditheo tse di tlhatlhobilweng.
17.5.  Palo ya mafapha le ditheo tse go fitlhetsweng di sa tsamaisi tiro sentle fa di tlhatlhobiwa e wetse kwa tlase go tloga mo go di le 25 mo ngwageng wa matlole wa 2018/2019 go fitlha mo go di le tlhano mo ngwageng wa matlole wa 2022/2023 mme ka jalo ona a emetse phesente e le nngwe fela ya ditheo tse di tlhatlhobilweng tse di sa tsamaiseng tiro sentle.
17.6.  Le fa AGSA e begile gore e balela madi a a latlhegetsweng ke puso go dibilione tsa diranta di le 14, go dikgato tse dingwe tse di ntseng di dirisiwa go thibela tiriso e e botlhaswa ya madi a puso mme tsona di bontsha fa maemo a ntse a tokafala. 
17.7.  Le fa go santse go na le dikgwetlho tse dintsi, dipholo tsa boruni tsa ngwaga wa 2022/23 ka ditheo tsa puso ya naga le mebuso ya diporofense di ganetsana le dipuopuo tsa gore puso e gosomela ka mogoso, mme ditheo tse di sa tseyeng letlhakore tse ditlhatlhobo tsa tsona di senang diphitlhela tse di jaaka AGSA di bontsha tokafalo e e boitshegang e e tswelelang go nna teng.

18.  Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya Qatar Mabapi le Merero ya go Dirisana le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
18.1.  Mo bekeng e e fetileng Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a garela leeto la gagwe kwa nageng ya Qatar go latela gore a tsibogele taletso ya Motlotlegi Sheikh Tamim bin Hamad Al Thani, Tlhogo ya Puso ya Naga ya Qatar. Leeto leno le bontsha botsalano magareng ga dinaga tseno jwa bogolo jwa dingwaga di le masome a mararo.
18.2.  Moporesitente o ne a tsamaile le baitseanape ba dikgwebo ba maemo a a kwa godimo mme ba ne ba atlhaatlhaa kgang ya dikgwebo le beng ba dikgwebo ba naga ya Qatar mo makaleng a a farologaneng mme maitlhomo e ne e le go tokafatsa tirisanommogo mo mererong ya dikgwebo. 
18.3.  Moporesitente Ramaphosa mmogo le Tlhogo ya Qatar ba dumelane gore ba tla tlhoma ditlhopha tse di tla dirisanang mmogo tse di tla samaganang le go dira gore dipeeletso tsa naga ya Qatar ka fa nageng ya Aforika Borwa di oketsege go tshwana le botsalano jo dinaga tseno di nang le bona. 

19.  Dipolotiki tsa dikgaolo
19.1.  Kabinete e boeleditse boikuelo jo bo dirilweng ke bateledipele ba dinaga tsa Aforika jo bo ka ga ntwa e e tsweletseng kwa Gaza, mme boikuelo jono bo dirilwe kwa Samiting ya Dinaga tsa Aforika le tsa Saudi kwa Riyadh e e neng tshwerwe ke Morwakgosi Mohammed Bin Salman. Mo samiting eno go kgalemetswe ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go tlhasela baagi le go gatakaka melao ya lefatshe e leng seo se diriwang ke puso ya Iseraele. 
19.2.  Kabinete e santse e tshwenngwa ke tlhaselo ya baagi ba Palestina jaaka ba tlhaselwa ke Puso ya Iseraele, mmogo le ditiragalo tsa ka bomo tsa go tlhaselwa ga dikolo tse di agilweng ke Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) kwa Gaza mmogo le go bolawa ga bana ba le diketekete ba ba neng ba tshabetse ntwa eno ba iphitlhile kwa dikolong, mmogo le ditiragalo tse di tsweletseng tsa go tlhasela batlhankedi ba maokelo, balwetse le maokelo. 
19.3.  Ke ka ntlha ya ditiragalo tse di setlhogo tseno tse di tsweletseng go diriwang ke puso ya Iseraele e e sa kgathaleng le gore ope areng mme e enngwe nokeng ke dinaga tse di nang le maatla a mantsi, moo ka la bo 17 Ngwanaitseele 2023 naga ya Aforika Borwa - mmogo le naga ya Comoros, Djibouti, Bolivia le ya Bangladesh - di neng tsa tsaya tshweetso ya go tlhatlhela kgetse ya seo se diragalang kwa Palestina le Iseraele kwa Kgotlatshekelong ya Lefatshe ya go Bega Ditiragalo tsa Botlhokotsebe (ICC).
19.4.  Le fa e le gore ka ngwaga wa 2018 Puso ya Palestina e ne ya dira boikuelo kwa go ICC gore e dire dipatlisiso tse di mabapi le ditiragalo tsa botlhokotsebe, naga ya Aforika Borwa e dumela gore ditiragalo tse di setlhogo tse di diragalang ga jaana, segolobogolo kwa Gaza, di tlhoka go tseewa tsia mme mebuso e tshwanetse go ema nokeng ka botlalo boikuelo jono. Moabasatara wa naga ya rona kwa Hague o isitse kopo eno ka namana gore ICC e dire dipatlisiso go bona fa ditiragalo tse di dirilweng e se tse di gatakakang molao wa dintwa, tse di gatakakang ditshwanelo tsa batho le tse di ka ga polao ya batho ba morage o o rileng mme maitlhomo a go dira seno ke go thusa gore botlhe ba ba amegang ba rweswe maikarabelo. Ka ntlha ya fa lefatshe ka bophara le bona se se diriwang mo go direng botlhokotsebe jono, mmogo le dipuopuo tse di buang ka go bolaya morafe o o rileng tse di diriwang ke baeteledipele ba Iseraele, re solofela gore mo nakong e e sa fediseng pelo go tla tswa ditaelo tsa gore baeteledipele bano ba tshwarwe mmogo le Moeteledipele wa Iseraele e bong Netanyahu. 
19.5.  ICC ga e a bolo go dira dipatlisiso mabapi le maemo a kwa Palestina fa e sale ka ngwaga wa 2021 fa go ne go rarabololwa mosifa wa kgang e e ka ga gore naga efe e felela kae. Le fa go le jalo, re etse tlhoko gore Kantoro ya Motšhotšhisi e tsweletse go goga maoto le fa ntse e bona gore maemo a tswelela go tswa mo taolong. Ditiragalo tse di setlhogo tseno di ka bo di ne di sa diragala fa e ka bo go ne go tserwe dikgato ka ponyo ya leitlho fa puso ya Palestina e ne a dira boikuelo lwa ntlha ka nako eo e neng e bo dira.
19.6.  Re solofela gore jaanong palo ya mebuso e le yona e emang kgatlhanong le seo Iseraele e se dirang le yona e setse e thatafaditse mafoko a yona gore ntwa eno e fedisiwe, mme ka ntlha ya bontsi jwa bopaki jo ga jaana bo leng gone, re solofela gore ditaelo tsa gore batho ba tshwarwe di tla ntshiwa mo nakong ya Kopano ya Mekgatlho e e tla tshwarwang mo gare ga kgwedi ya Sedimontholo e e tla tshwarelwang kwa New York. Fa ICC e ka se dire seno e tla bo e le bopaki jo bo tlhamaletseng jwa gore thulaganyo e go ntseng go itshepilwe yona ya lefatshe ya gore mebuso e dire tiro ya yona ka tshwanelo ga e sa le mosola mme go tlhokagala gore go agwe thulaganyo e nngwe e ntšhwa. 
19.7.  Mo kgweding e e fetileng e le esi go bolailwe palo e e kwa godimo ya bana go gaisa palo ya ba ba bolailweng mo dintweng tse di fetileng fa di tlhakanngwa tsa ngwaga yo mongwe le yo mongwe mo dingwageng di le tharo tse di fetileng. Batlhankedi ba ba setseng ba bolailwe kwa Gaza ba ba direlang UN ba feta ba ba bolailweng kwa mafelong a mangwe fa e sale UN e nna teng. Dipalo tsa babegi ba dikgang ba ba bolaiwang mo ntweng eno ba tswelela go pakelana. Batho bano botlhe ba bolaiwa ke seo puso ya Iseraele e se dirang, seo ba se dirang e seng ka ntlha ya gore ba batla go itshireletsa, mme e le ka ntlha ya gore ba batla go fedisa morafe wa batho ba ba rileng jaaka baeteledipele ba teng mo dipuopuong tsa bona ba tlhalositse gore ba batla go bolaya batho botlhe ba Palestina ba ba nnag kwa Gaza gore e sale e le lefelo le go tla nnang maIseraele kwa go lona. 
19.8.  Lefatshe le ka se nne la phutha matsogo, lefatshe lotlhe le tshwanetse go ema le lwantshane le go fedisa dipolao tse di setlhogo tseno gona jaanong.

B.  Ditshwetso tsa Kabinete mmogo le tse di Tserweng mo Kopanong e e Itlhophileng ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka la bo 09 Ngwanaitseele 2023
1. Go Keteka Moletlo wa Segopotso sa bo 20 sa Letsholo la go Sekasekana Makoa la Dinaga tsa Aforika (APRM) 

1.1.  Kabinete e atlhaatlhile mmogo le go ema nokeng kopo ya gore Aforika Borwa e tshware Moletlo wa Segopotso sa bo 20 sa APRM go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2023. Naga ya Aforika Borwa e ema nokeng maitlhomo a APRM a a ka ga go tsholetsa ponelopele ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) e dinaga tsotlhe tsa Aforika di tshwanang ka yona fa go tla mo dilong tse di botlhokwa ka puso ya temokerasi ya tsona mmogo le ka go akaretsa batho botlhe mo tlhabologong ya kontinente. 
1.2.  Moletlong ono wa go keteka Segopotso sa bo 20 o tla bo o tsenetswe ke ditlhogo tsa dinagale tsa dipuso tse di busang ga jaana le tse di neng di busa mo nakong e e fetileng mmogo le monnasetulo wa Khomišene ya AU. 

2.  Go Dirisiwa ga Madi a a Leng mo Akhaontong ya Madi a a Buseditsweng mo Pusong a a Neng a Utswitswe (CARA)
2.1.  Kabinete e dumeletse gore madi a a leng mo akhaotong ya CARA a ka nne a dirisediwa go lwantshana le ditiragalo tsa go epa dirašwa go se mo molaong mmogo le go lwantshana le ditiragalo tse dingwe tsa bosenyi. 
2.2.  Madi a a kanaka dibilione di le R2.1 a abilwe gore a dirisediwe go lwantshana le ditiragalo tsa go epa dirašwa go se mo molaong, e leng selo se se tswelelang go kgarietsa ikonomi ya naga ya Aforika Borwa. Madi ano a tla abelwa SAPS, SANDF, Lefapha la Merero ya Selegae mmogo le Setheo sa Taolo ya Melelwane. SAPS e tla dirisa madi ano go reka dijanaga, difofane, dirori tsa di-Nyala mmogo le go oketsa palo ya mapodisi ka a le 4 000 sebaka sa dikgwedi di le 18.
2.3.  Ditiragalo tsa go epa dirašwa go se mo molaong mmogo le ditiragalo tse dingwe tsa bosenyi go dira gore naga ya Aforika Borwa e senyegelwe ke dibilione tsa diranta ngwaga yo mongwe le yo mongwe e bile seno se kgotlhela leina la rona jaaka lefelo le go ka beelediwang mo go lona.

3.  Leano la go Tsenngwa Tirisong Leano la Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET-IP) 
3.1.  Kabinete e neseditse pula JET-IP, mme yona e tla thusa naga ya Aforika Borwa go fetogeleng mo metlakaseng e e sa kgotlheleng tikologo ka go oketsa metswedi ya ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa. 
3.2.  JET-IP e tlhagisa dikgato di le dintsinyana tse naga ya Aforika Borwa e tlhokang go di tsaya mmogo le dipeeletso tse di tlhokwang go tseewa gore naga e kgone go tsena mo maemong a a sa kgotlheleng tikologo mmogo le go nna le ikonomi e e sa kgoreletseng maemo a loapi go ya ka Seabe se Dinaga di Tshwanetseng go Nna le Sona e leng ntlha e e tlhagisitsweng kwa UN. Kabinete e tsaya fa JET-IP e tla bontsha maikano a naga ya Aforika Borwa a go fetogela mo motlakaseng o o sa kgotlheleng tikologo go ya ka ditlhokwa tsa motlakase tsa naga eno. 
3.3.  JET-IP e tla diragadiwa ka mekgwa e e farologaneng mo lephateng la metlakase, mme yona magareng ga e mengwe e mentsi e tsenyeletsa Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo wa kwa Mpumalanga, Dijanaga tse di Tsamayang ka Motlakase o o Fetlhiwang ka Ditsela tse Dintšhwa mmogo le Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo. Leano leno le samagana gape le maikano a naga ya Aforika Borwa a Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris mmogo le a Tumelano ya Leano la go Tsamaisa Tiro la UN le le ka ga Phetogo ya Maemo a Loapi mmogo le maikano a Leano la Tlhabololo ya Naga (NDP). JET-IP e tla kgontsha naga ya Aforika Borwa gore ka iketlo e thuse naga ya Aforika Borwa gore e kgone go fitlhelela maikano a yona a go fokotsa kueletso ya mesi e e kgotlhelang tikologo fa ka fa letlhakoreng le lengwe e tla dira gore go nne le kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, go nne le motlakase o o lekaneng mmogo le go tlhola ditiro.

4.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Dipalangwa tsa Naga go Fokoletsa Banamedi Dituelelo 
4.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa mo lekwalong le le gatisang melao ya puso Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Dipalangwa tsa Naga go Fokoletsa Banamedi Dituelelo gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga sona. Pholisi eno e tshitshinya gore madi a a duelelwang dipalangwa tsa naga ya Aforika Borwa tse di rileng a tshwanetswe go fetolwa gore a duelelwe monamedi.
4.2.  Puso e itse sentle gore lephata la dipalangwa le botlhokwa thata mo tlhabololong ya naga, jaaka malapa a le mantsi a itshepetse mo dipalangweng tsa banamedi go ba isa ko ba tlhokang go ya gone. 

5.  Pegelo ya Kgatelopele e e Dirilweng mmogo le ya Tsamaiso ya Tiro ya go Diragatsa Leano la go Tsamaisa Tiro mo Pakeng ya Ngwaga wa 2019-2024 
5.1.  Kabinete e amogetse le go sekaseka Pegelo ya Kgatelopele e e Dirilweng mmogo le ya Tsamaiso ya Tiro ya go Diragatsa MTSF go tloga mo pakeng ya la bo 01 Moranang 2023 go fitlha mo go ya ka la bo 30 Lwetse 2023. Dipegelo tseno ke karolo ya dilo tse di bokeletsweng tse di botlhokwa mo pusong mo go fitlheleleng dipeelo tsa NDP. 
5.2.  Dipegelo tseno di tsepamisitse mogopolo mo dintlheng di le supa tse puso ya borataro ya temokerasi e di nopotseng jaaka dilo tse di botlhokwa tse go tshwanetsweng go samanaga natso: 

  • Ntlha ya Ntlha: Go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le mekgwa e bile e tlhabologa;
  • Ntlha ya Bobedi: Tlhabololo ya thuto, bokgoni le boitekanelo; 
  • Ntlha ya Boraro: Go ipopa seoposengwe ka go dira gore go nne le ditirelo tse di botlhokwa tse di tshepagalang tse di nang le boleng;
  • Ntlha ya Bone: Go samagana le dithulaganyo tsa go fedisa go kgaoganya madulo go ya ka sebomorafe, go aga mafelo a batho ba ka nnang mo go ona mmogo le dipusoselegae;
  • Ntlha ya Botlhano: Go nna Seoposengwe;
  • Ntlha ya Borataro: Go fetola ikonomi le go tlhola ditiro;
  • Ntlha ya Bosupa: Go aga Aforika yo o botoka le lefatshe le le botoka.

5.3.  Tona e e rweleng maikarabelo a Togomaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mo Kantorong ya Moporesitente o tla tshwara kopano le ditlhopha tsa puso mo a tla atlhaatlhang ka botlalo Leano la Dikgato tse Puso e tla di Tsayang. 

C.  Melaotlhomo

1.  Molaotlhomo wa Setlamo sa Naga ya Aforika Borwa sa Leokwane (SANPC) 
1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa SANPC. Molaotlhomo ono o neela tshweetso e e tserweng ke Kabinete maatla e e ka ga go dira gore setlamo sa PetroSA, Setlamo sa Aforika Borwa sa Tlhagiso ya Digase (iGas) mmogo le Setheo sa Matlole a go Tshegetsa Maano a Merero ya Leokwane e nne setlamo se le sengwe.
1.2.  Molaotlhomo ono o letlelela gore go kgonagale gore go bulwe setlamo sa puso se se tla dirang gore naga ya Aforika Borwa e kgone go nna le seabe se se bonagalang mo go epololeng leokwane leokwane le gase. Seno se tla dira gape le gore naga e kgone go nna le leokwane le gase tse di sa tlhaeleng gore ikonomi e kgone go tlhatloga le go gola. 
1.3.  SANPC e tla samagana le togo ya maano a a botlhokwa, tsamaiso le puso ya metswedi ya leokwane ya naga, mme seno se tla dira gore go nne le tlhabololo le tlholo ya ditiro. 

D.  Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.  Go thapiwa lekgetlo le lengwe gape ga Ngaka Molefi Motuku go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Lekgotlakhuduthamaga la Thekenoloji ya Dimenerale (MINTEK);
2.  Go thapilwe Rre Siyabulela Koyo go nna CEO wa Setlamo sa Metsi sa Amatola;
3.  Go thapiwa lekgetlo le lengwe gape ga Mme Poppy Khoza go nna Mokaedi wa Tsamaiso ya Setheo sa Difofane tsa Baagi sa Aforika Borwa (konteraka ya gagwe ya tiro e tsosolositswe gape);
4.  Batlhankedi ba Boto ya Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi ya Phongolo – Umzimkhulu
(a)  Ngaka Thava Kelly (Monnasetulo);
(b)  Rre Sibusiso Makhanya (Motlatsamonnasetulo);
(c)  Mme Hlengiwe Ndlovu;
(d)  Rre Bhekumuzi Gumbi;
(e)  Ngaka Lembi William Mngoma;
(f)  Mme Snenhlanhla Mngadi;
(g)  Moporofesara Purshottama Reddy;
(h)  Rre Mdandla Myeni; mmogo le
(i)   Mme Nokuthula Khanyile
5.  Batlhankedi ba Boto ya Setheo sa Taolo ya Pokeletso ya Metsi ya Vaal Orange 
(a)  Rre Desmond Solomon Fransman (Monnasetulo);
(b)  Mme Tsakane Zwane (Motlatsamonnasetulo);
(c)  Rre Hubert Thompson;
(d)  Mme Nontuthuzelo Njeza;
(e)  Rre Nakana Lazarous Masoka;
(f)   Mme Ponatshego Lizzy Mothibi
(g)  Mme Doris Liana Theresia Dondur;
(h)  Mme Dichikane Rachel Mashego; mmogo le 
(i)  Rre Louis Van Oudtshoorn.

E. Ditiragalo tse di Tlang

1.  Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng (go tloga ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2023) 
1.1.  Monongwaga ke Mokete wa bo 25 wa go keteka tseokarolo ya naga ya Aforika Borwa mo Letsholong la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng. Mokete ono o tla tshwarelwa kwa porofenseng ya Mpumalanga kwa Lebaleng la Metshameko la Nsikazi le le kwa Teropong ya Mbombela mme lona le tla ka ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Oketsa Lebelo la go Tsaya Dikgato tsa go Fedisa Tirisodikgoka le Polao ya Basadi le Bana: Ga go Ope yo go Itlhokomoloswang Ene”.Molaetsa yo o latelang ono ona o re: “A basadi ba tlamelwe ka metsi a a babalesegileng: ditshwanelo tse di botlhokwa tsa batho, go samaganwe le dikgwetlho tse basadi ba tobanang le tsona fa ba tshwanetse go iponela metsi a a babalesegileng mmogo le dintlwanaboithusetso. 
1.2.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa Go Tshwara Mmogo Khonferense ya Boraro ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e e ka ga go Nna Tlhogo ya Lelapa ka Tsela e e Tshwanetseng gore re Fedise Pogiso ya Basadi le Basetsanyana (EVAWG) mme khonferense eno e tla tshwarwa ke naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Comoros mme yona e tla tshwarelwa kwa Pretoria go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Ngwanaitseele 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Kopanya Maikano Otlhe gore a Bue ka Lefoko le le Leng mo Kopanokgothakgotheng ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e e ka ga go Fedisa Pogiso ya Basadi le Basetsanyana”.

F.  Melaetsa

1.  Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Moporofesara Dire Tladi yo a neng a direla setheo sa thuto e kgolwane sa Yunibesiti ya Pretoria, jaaka a tlhophilwe ke UN gore e ye go nna moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Phimolakeledi. Moporofesara Tladi ke serutegi se se itsegeng thata, o na le bokgoni jo bontsi mo mererong ya botipolomate e bile ke ene fela moAforika Borwa wa ntlha go ka tlhophiwa mo kgotlatshekelong eno fa e sale e tlhomiwa dingwaga di le 78 tse di fetileng, e bile ke moatlhodi wa bobedi go tlhophiwa mo kgaolong e e ka fa borwa jwa Aforika mme e bile gape ke moatlhodi wa bobedi yo monnye ka dingwaga yo a kileng a tlhophiwa mo kgotlatshekelong eno.
  • Setheo sa AGSA jaaka se thapilwe gore se nne setheo se sengwe gape sa boruni go tlhatlhoba Mokgatlho wa UN wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO). Seno se totobatsa maemo a tlotlo ya ditheo tsa Aforika Borwa. Mo dingwageng di le 10 tse di fetileng AGSA e kile ya nna setheo sa boruni se se tlhatlhobang Mokgatlho wa UN.
  • Mamelodi Sundowns jaaka e dirile naga ya rona motlotlo ka go fenya Lekga ya Metshameko ya Kgwele ya DInao ya Ditlhopha tsa Aforika. Phenyo eno ke e nngwe ya dikao tsa maatla a metshameko mo go kgoneng go dira gore re age setšhaba le go nna seopo se le sengwe.
  • Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Basadi sa Mamelodi Sundowns ka go fitlhelela makgaolakgang a Lekga ya Metshameko ya Kgwele ya DInao ya Ditlhopha tsa Aforika jaaka se šašarile Setlhopha sa Casablanca. 
  • Setlhopha sa Naga sa Kerikete sa di-Protea jaaka se bontshitse maikaelelo le go lwela go fenya fa se ne se latlhegelwa mo motshamekong kgatlhanong le naga ya Australia mo motshamekong wa sekamakgaolakgang wa Metshamekong ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe mme le fa go le jalo re akgola Australia jaaka e fentse Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe ya Ngwaga wa 2023.
  • Modiragatsi yo a itsegeng thata yo a kwalang gape le metshameko e bong Ngaka John Kani, jaaka a neilwe tlotla e kgolo ya Motlhankedi wa Tlotla e e Tlotliwang mo Pusong ya Boritane (OBE) jaaka e le tlotla ya go tlotla seabe se a nnileng le sona mo diterameng. OBE ke tlotla ya naga ya Boritane e e bontshang tlotlo ya maemo a a kwa godimo e e tlotlang batho ba ba nnilelng le seabe se segolo mo ditirong tsa bona.
  • Tona ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi, Ngaka Blade Nzimande, jaaka ba Yunibesiti ya Beijing Jiaotong kwa China ba mo abetse kabo ya tlotlo ya boporofesara. Seno ke go bontsha tlotlo mo seabeng se a nnileng le sona mo lephateng la thuto, mme e bile gape ke sesupo sa go gagamatsa tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya China.
  • Ngaka Kogie Naidoo, yo a abetsweng Kabo ya Tlotlo ya Basadi ba Lephata la Merero ya Saense ba ba Dirileng Tiro e e Tswileng Diatla mme dikabo tseno di ne di rebolwa go ya ka letsholo la Merero ya go Dira Ditekelelo la Setheo sa Tirisanommogo Magareng ga Dinaga tsa Yuropa le Dinaga tse di Santseng di Iketetsa - leno ke letsholo la go dira dipatlisiso la Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa.
  • Lekala la Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (dtic) le le bediwang South Africa’s InvestSA, jaaka le fentse Kabo ya Tlotlomatso ya Dipeeletso ya UN kwa Foramong ya Borobedi ya Dipeeletso tsa Lefatshe, jaaka se kgonne go tlotlomatsa le go tsamaisa porojeke e kgolo ya motlakase e e tsenyeletsang le dipeeletso tsa go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle gore go kgone go agiwa ka fa nageng porojeke e kgolo ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, e go lebeletsweng gore e tla tlamela malapa a feta 200 000 ka motlakase o o sa kgotlheleng tikologo.
  • Naga ya Aforika Borwa e beilwe mo maemong a ntlha mo Maemong a Dikgaisano tsa Lefatshe a GBS, mme seno ke ka ntlha ya kemo ya yona mo go tshegetseng lephata la ditikatikwe tsa megala tsa ‘Global Customer Lifecycle Management’ mmogo le go balelwa mo maemong a bobedi mo maemong a Tlamelo ya Ditirelo ka Megala Lefatshe ka Bophara mmogo le mo maemong a Ditirelo tsa Kemonokeng. 

2.    Melaetsa ya Matshediso 
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Seopedi sa Aforika Borwa Marc Rantseli, yo e neng e le yo mongwe wa baopedi ba setlhopha sa diopedi di le pedi se se neng se bediwa Marc Alex mme setlhopha seno o se simolotse le abuti wa gagwe Alex Rantseli.
  • Mogasi wa mananeo a metshameko yo a neng a tumile yo gape e neng e le morulaganyi wa dikgang Sello Rabothata. O ne a itsege ka lerato la gagwe la kgwele ya dinao, e bile ke yo mongwe wa batho ba ba nnileng le seabe mo go tleng ka leina la Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa sa Kgwele ya Dinao sa Bafana-Bafana
  • Mogasi wa mananeo a seyalemowa yo a neng a ratega Irvin Sihlophe, yo a neng a gasa le go tlhagisa mananeo a metshameko mo seyalemoweng sa SABC sa Ukhozi FM.
  • Mopalestina yo gape e neng e le tlhogo ya mokgatlho wa Gift of the Givers kwa dikantorong tsa ona tsa kwa Gaza, e bong Ahmed Abbasi, yo a bolailweng mo ntweng e e tsweletseng magareng ga Iseraele le Hamas.


Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore