Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 15 Tlhakole 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Puso

1.1. Kabinete e amogela Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya 2017 ya ga Moporesitente Jacob Zuma ka moono wa "Phetogo e e Tseneletseng ya Ikonomi". Seno e ne e le mo bogareng jwa paka ya Botlhano ya Tsamaiso eno e e lebisitseng kwa go reng 2017 e goelediwe jaaka Ngwaga wa Oliver Reginald Tambo le ngwaga wa go gagamatsa tshwaragano.

Moporesitente Jacob Zuma o thadisitse tswelelopele e re e dirang go fitlhelela ponelopele ya rona ya Setšhaba sa Temokerasi ya Bosetšhaba le dikgato tsa botlhokwa tse di tlhokegang go re atametsa gaufi le ka bonako go nna setšhaba se se kopaneng, se se sa tlhaoleng go ya ka bomorafe, se se sa tlhaoleng go ya ka bong, sa temokerasi le se se humileng.

Moporesitente o lebeletse go tsenngwa tirisong ga lenaneo la Puso mme a itsese maano a a tsepameng a a dirisegang a go tsenngwa tirisong go go bokgoni ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), le le tshegetsang Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2014-2019. SoNA ya 2017 e bontshitse sentle gore maiteko a a kopanetsweng a puso, kgwebo le badiri a go diragatsa Leano la Dintlharobongwe a simolola go bonala. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa Moporesitente jwa go maatlafatsa maiteko a a ikaeletseng go tsamaisa diphetogo tse di tseneletseng tsa ikonomi le maiteko a go akofisa go tsenngwa mo tirisong.

Ditona tsa Ditlhopha di ipaakanyetsa go tshwara dikopano tsa bobegakgang tsa morago ga SoNA go tlhalosa Lenaanetiro la la Puso la 2017/18. Puo ya Tekanyetsokabo ya 2017/18  e tla tlhagisa kabelo ya ditlamelo go ya kwa mananeong a a farologaneng a puso go ya  jaaka Moporesitente a gateletse.

1.2. Dipoelo tsa Khonferense ya Peeletso mo Meepong ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa di bontsha seemo se sentle sa kgaisano sa naga mo maphateng a meepo le tse di amanang le tseo.

Lephata la meepo le sala go nna motheo wa ikonomi ya Aforika Borwa, le tshwaela 8% mo Seelosotlheng sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP), le thapa batho ba ka nna 460 000 mme le amogela madi a dinaga tse di kwa ntle. Aforika Borwa e tswelela go nna bogorogelo jo bo tlhagisang e bile bo atswa ba babeeletsi ba meepo ka bokana ka $2.5 go ya go 3 trilione ya dirasefe tsa diminerale tse e seng tsa maatla tse di sa ntseng di le gona. Dipaakanyo tsa Molao wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Petoroliamo ka Seetebosigo 2017 le go kasetiwa ga Tumelano e e boeleditsweng ya Meepo ka Mopitlwe 2017, di tshwaela mo go kgontsheng seemo sa taolo se se rotloetsang peeletso, kgwebisano le tlhabololo ya dikgwebo ka tsela e e nang le tekatekano e bile e na le maikarabelo mo loagong.

1.3. Indaba e maatlafaditswe ke Invest Africa e leng serala se se letlang baeteledipele ba kgwebo, babeeletsi le bagwebi go bona tshedimosetso le ditšhono go tswa Aforika.

1.4. Kabinete e amogela Tumelano e e fitlheletsweng magareng ga indaseteri ya dikonteraka le Puso, e gape e itseweng jaaka Lenaneo la Kagosešwa la Boithaopo (VRP).
Tumelano eno e tlhoma dipeelo tsa setlamo tsa diphetogo, e ka nna ka thekiso ya bonnye 40% ya dišere go bantsho ba Aforika Borwa gongwe ka selekane le ditlamo tse dinnye tsa dikonteraka tsa bantsho, go thusa go oketsa letseno go nna 25% ya letseno le le kwadilweng la setlamo, mo pakeng ya dingwaga di le supa.

Eno ke tumelano e e botlhokwa tota ya lephata ya diphetogo e e fitlheletsweng le puso go fitlha ga jaana mme e ka thusa go diragatsa ponelopele ya Puso ya phetogo e e tseneletseng ya ikonomi. Gape ke sekao se se ka nnang se lebelelwa fa go dirwa diphetogo mo maphateng a mangwe.

Kabinete e akgola botlhe ba ba saenileng tumelano mme e rotloetsa ditlamo tse dingwe tsa dikonteraka mo lephateng tse di iseng di nne karolo ya tumelano, go latela seno mme e nne karolo ya selekane se se agiwang, ka go dira maitlamo a a tshwanang le a go oketsa diphetogo mo lephateng.

1.5. Kabinete e akgola balekane botlhe ba loago kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Badiri (Nedlac) ka tumelano ya hisetori ya kitsiso ya Tuelopotlana ya Bosetšhaba (NMW) ya R20 ka ura go simolola ka nako e e seng morago ga Motsheganong 2018.

Tumelano ya NMW le dikgato tse dingwe tsa go tiisa tsepamo ya badiri le dipuisano tse di kopanetsweng ke kgato ya botlhokwa ya go tlhama setšhaba se se lekalekanang, se se nang le bosiamisi mme se humile jaaka go solofetswe go ya ka NDP.

NMW, e e leng gore ke boalo jo go seng modiri ope yo o tshwanetseng go duelwa ka fa tlase ga jona, e tla tokafatsa matshelo a dimilione tsa badiri ba ba duelwang madi a mannye le go samagana le kgwetlho ya go tlhoka tekatekano ya dituelo.

Tuelo e beilwe mo legatong la ntlha le le tla dirang phapang ya nnete mo matshelong a baagi fela ba Aforika Borwa mme e ntse e fokotsa dikamego tse di tseneletseng tsa ditiro. Dikgwebo tse di sa kgoneng go duela NMW di ka dira kopo ya go gololwa nakwana, fa go sa ntse go lebeletswe dikgato tsa go thusa maphata a a tekatekang a ikonomi.

1.6. Kgwetlho ya botlhokatiro e sa ntse e le setlapele se se kwa godimo sa puso mme mananeo le ditsereganyo tsotlhe di lebeletse go fetola seemo seno, bogolo segolo mo seemong se se thata seno sa ikonomi. Kabinete e amogela koketsego ya ditiro mo ikonoming mo kotareng ya bone ya 2016, moo go tlhamilweng ditiro di le 235 000, go ya ka Tshekatsheko ya Kotara ya Badiri. Koketsego e bakilwe thata ke go thapiwa mo lephateng la ditirelo la naga, le latelwa ke dipalangwa le tlhagisodikungo.

Kgolo ya ditiro mo kotareng e bakile phokotsegonyana mo seelong sa botlhokatiro go ya go 26.5%.

1.7. Kabinete e leboga batsadi, barutabana, batlhatlheledi le batsamaisi mo tshimologong e e atlegileng ya ngwaga wa dithuto wa 2017. Thuto ke nngwe ya ditlapele tsa rona tsa botlhokwa mme e botlhokwa mo go fitlheleleng Ponelopele ya 2030 ya NDP.

1.8. Kabinete e akgola maikemisetso a Mophato wa Materiki wa 2016 jaaka re keteka phitlhelelo ya seelo se se oketsegileng go tloga go 70.7% ka 2015 go ya go 72.5% ka 2016.

Kabinete e eleletsa barutwana botlhe masego mme re solofela tokafalo e nngwe mo seelong sa phitlhelelo mo Mophatong wa Materiki wa 2017.

Kabinete gape e eletsa masego barutwana ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo tsa tlaleletso tsa materiki magareng ga la bo 11 Tlhakole 7 le la 18 Mopitlwe 2017 tebang le boitshoko jwa bona.

1.9. Jaaka karolo ya maiteko a puso a go rotloetsa baagi go sireletsa ditshwanelo tsa thuto, Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro le tla bitsa Di-imbizo tsa Boela Sekolong tsa NDP ka 25 Tlhakole 2017 kwa diporofenseng tsotlhe. Thuto ke motheo wa mananeo otlhe a puso mme Bakhuduthamaga botlhe ba tla nna le seabe. Baagi ba lalediwa go tshwaragana le ditokololo tsa Kabinete, Ditokololo tsa Palamente, Ditonakgolo le baeteledipele ba pusoselegae fa ba tla bo ba etela dikolo, ditheo tsa thuto e kgolwane le ditikwatikwe tse dingwe tsa thuto.

1.10. Go lepalepana le ditaelo tsa Tumelano ya Kgololesego tsa gore "thuto e kgolwane le katiso ya setegeniki di tla bulelwa botlhe ka ditetlo tsa mmuso le dibasari tse di abiwang go ya ka bokgoni", Puso, ka Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) e tlamela matlole go baithuti ba bantšhwa kwa diyunibesithing. Seno ke go tlaleletsa mo baithuting ba ba boelang gape ba le 107 000 go tswa kwa diyunibesithing di le 25 le baithuti ba ba boelang gape ba le 737 747 kwa dikholeje tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET).

1.11. Puso ya rona e tswelela go lebelela ditsela tse di farologaneng tsa go bona ditharabololo tse di nnelang leruri tsa go tlamela ka matlole le go bulela bahumanegi le ba ba dirang ditšhono tsa thuto le katiso ya morago ga sekolo. Lenaneo la Thuso ya Ditšhelete la Baithuti la Ikusasa (ISFAP) ke selekane sa itshimololelo sa setšhaba le poraefete se se eteletsweng pele ke Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane (DHET) le le thusang "bao letseno la kwa malapeng a bona le sa ba kgontsheng go ka tlamelwa ka matlole a NSFAS".

Porojeke e lekelediwa kwa diyunibesithing di le thataro le kwa kholejeng ya TVET e le nngwe mme e tla tlamela matlole go baithuti ba ka nna 1 500 ba ba ithutelang didikirii tsa tshimologo di le mmalwa mmogo le dithuto tse dingwe tsa porofešenale di le supa le borutegi jwa boathisene bo le bongwe ka nako ya dithuto tsa bona. Ba tla amogela gape tshegetso ya thuto, tshegetso ya loago, katiso ya bokgoni jwa botshelo, tataiso mmogo le tshegetso ya kalafi fa go tlhokega. Go tla tlhokega madi a feta R200 milione go kgontsha tekeletso eno go atlega mme bontsi jwa ona bo tla tswa kwa lephateng la poraefete.

1.12. Kgaisano ya bobedi ya Aforika Borwa ya Bokgoni jwa Lefatshe e e amogelwang ke Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane kwa Inkosi Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 17 Tlhakole 2017 e keteka talente ya baathisene le bategeniki ba bašwa mo nageng. E dira gape jaaka lenaneo la ketleetso go tlhagisa botlhokwa jwa lephata la boathisene mo ikonoming ya naga. Bafenyi ba ya go emela Aforika Borwa kwa Kgaisanong ya Boditšhabatšhaba ya Bokgoni jwa Lefatshe kwa Abu Dhabi kwa United Arab Emirates ka Diphalane 2017.

1.13. Ketelo e e sa begwang pele ya ga Moporesitente Jacob Zuma kwa seteišeneng sa Mapodisi sa Nyanga kwa Motsekapa e diragala ka nako e le nngwe le kgololo ya Tshekatsheko ya Batswasetlhabelo ba Bosenyi ya 2015/16 ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA). Ketelo eno e e atlegileng, e e leng karolo ya lenaneo la Moporesitente la Tlhokomelo la Siyahlola, e senotse tiro e e dirwang go lwantsha bosenyi mo lefelong leo. Mafapha a Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso (JCPS) a mo tseleng ya go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng Seteišene seno sa Mapodisi.

1.14. Tshekatsheko ya Batswasetlhabelo ba Bosenyi e botlhokwa ka ntlha ya fa e kaela puso mo go tlhameng dipholisi tsa yona tsa go lwantsha bosenyi. Seno se lepalepane le ntlhapele ya puso ya gore Batho Botlhe ba Aforika Borwa Ba Babalesegile e bile ba Ikutlwa Ba Babalesegile. Dipholo di thusa go kaela tiro e nngwe e go tlhokegang gore e dirwe, go tshwantsha dikgang tse di monate tsa diphitlhelelo tsa dingwaga tse di fetileng di le tlhano le megopolo le maitemogelo a baagi.

2. Ditshwetso tsa Kabinete

2.1. Go tsenngwa tirisong ga Tshekatsheko ya Bokgoni jwa Taolo ya Tikologo mo Lephateng la Meepo, go akareditse tsibogo ya botsamaisi le leano la tokafatso la Lefapha la Merero ya Tikologo.

Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo, 1998 o tlhalosa tsela ya tsamaiso ya tikologo e e tshwanetseng go akarediwa go ralala maphata otlhe, go akarediwa lephata la meepo. Maitlhomo ke go netefatsa gore kamego ya tikologo ka ntlha ya ditiro tsa meepo e a fokodiwa gongwe e a laolwa. Tshekatsheko e sekasekile bomaleba le bokgoni jwa molao le tiragatso ya yona go fitlhelela maitlhomo ano.

Kabinete e tshegetsa 'Thulaganyo ya Tikologo e le Nngwe' jaaka e tshitshintswe mo Leanong la Tokafatso ka thomo ya go ela tlhoko dikgato tsa tlaleletso tsa go tokafatsa jaaka tepatepanyo e nngwe le Melao e e Totileng Tsamaiso ya Tikologo. Gape Kabinete e tshegetsa puisano e e ka ga go tswalwa ga meepo go netefatsa tshireletsego ya tikologo le go fokotsa matshosetsi a ikonomiloago mo baaging ba ba mabapi.

2.2. Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya Ketleetso ya Lekgetho ya Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) ya 2015/16 e e tlhagisiwang kwa Palamenteng, e bontsha ka moo lenaneo la Ketleetso ya Lekgetho la Dipatlisiso le Tlhabololo le tsweletsang peeletso e e oketsegileng ya lephata la poraefete la R&D. Seno se tlhokega go oketsa bokgoni jwa ikonomi go susumetsa go tlhama ditiro, gammogo le go oketsa kelelo e e siameng ka phetiso ya kitso le tlhabololo ya bokgoni.

Go tloga ka Mopitlwe 2015 go fitlha Tlhakole 2016, Lefapha la Saense le Thekenoloji le amogetse dikopo tsa ketleetso ya lekgetho la Dipatlisiso le Tlhabololo di le 189 go tswa kwa ditlamong di le 147. Seno se okeditse palogotlhe ya ditlamo tse di nang le seabe mo lenaneong la ketleetso fa e sale le tlhongwa ka Ngwanaitseele 2006 go ya go 962. Mo pakeng eno, Lefapha la Matlotlo le fopholetsa gore go tlogetswe letseno le le ka fetang R6 bilione ka ntlha ya ketleetso ya lekgetho ya R&D. Mo go yona paka eo, ketleetso e tshegeditse ditshenyegelo tsa R&D tse di ka nnang R36.1 bilione.

Mo ditlamong di le 962, 47% ke Dikgwebopotlana, 12% ke dikgwebo tse dikgolo (tsa letseno la R41 milione go fitlha go R100 milione); 32% ke dikgwebo tse dikgolo thata (R100 milione le go feta); mme 8% ga e a senola bogolo jwa letseno.

2.3. Kabinete e amogetse kitsiso ya thulaganyo ya kgokaganyo ya tekanyetsokabo ya puso ya ditiro tsa R&D.

NDP e lemoga gore Dipatlisiso le Tlhabololo le boitlhamedi di na le seabe sa botlhokwa mo go tokafatseng go gaisana ga ikonomi ya Aforika Borwa le go tshegetsa tlhabololo ya ikonomiloago le ditiro.

Mafaratlhatlha a botlhokwa a bosetšhaba a saense a Aforika Borwa a onetse mme a tlhoka tokafatso ya thekenoloji le ntšhwafatso ka bonako go tsweletsa tlamelo ya ditirelo e e bokgoni. Mafaratlhatlha ao a magolo e bile a tlhotlhwagodimo, mme a tla tlhoka peeletso e e gokaganeng go ralala mafapha.

Kgokaganyo ya tekanyetsokabo e e tshitshinngwang e tla tsenngwa kgato ka kgato mo pakagareng ya 2016/17 le 2019/20.

2.4. Kabinete e begetswe gape ka tswelelopele e e dirilweng kwa diporojekeng tsa Square Kilometre Array (SKA) le MeerKAT, le go tlhomiwa go go rulagantsweng ga Bolepanaledi jwa Radio jwa Aforika Borwa, le go amogelwa ga thelesekoupu ya Hydrogen Epoch of Re-ionisation Array (HERA) kwa setsheng sa SKA.

SKA le MeerKAT ke nngwe ya Diporojeke tsa Togamaano tsa Mafaratlhatlha di le somerobedi tsa Khomišene ya Kgokaganyo ya Mafaratlhatlha ya Moporesitente. Diporojeke tseno tse dikgologadi tsa mafaratlhatlha di tshwaela mo go NDP ka bokgoni jwa tsona jwa go tsweletsa tlhabololo ya ikonomi, go golola ditšhono tsa ikonomi le go tsweletsa go tlhamiwa ga ditiro.

Go na le tswelelopele e e bonalang mo dipaakanyong tsa SKA-1 mo Aforika Borwa go akarediwa go bonwa ga lefatshe le dipuisano ka tumelano ya boditšhabatšhaba le thulaganyo ya ditheko. Mo dingwageng tsa lona di le lesome, Lenaneo la Tlhabololo ya Letlotlo la Batho le rebotse dibasari di feta 800, mme dikolo tsa Carnarvon di bona tshegetso e kgolo.

Setshwantsho sa "lesedi la ntlha" sa MeerKAT sa lefaufau la radio se se tlhagisitsweng fela ka diantena/dinaka di le 16 se bontsha dinaledi tsa radio tse di fetang 13003 mo boalong jo bo kgakajana mme se bontsha gore ke thelesekoupu e e gaisang ya radio mo Karolong ya Borwa le gore e tla nna thelesekoupu e e gaisang mo lefatsheng ya mofuta oo, fa e setse e konoseditswe. Dinaka tse di feletseng di le 64 di tla bo di tlhomilwe e bile di dira ka Mopitlwe 2018 mme di agiwa ka 75% ya diteng tsa selegae gore go baakanyediwe indaseteri ya selegae go nna le seabe se se tseneletseng.

HERA ke tekeletso ya tlaleletso ya saense go tsweletsa go tlhaloganngwa ga dipopego tsa pejana tsa dinaledi mme e tlamelwa ka matlole ke Setheo sa Bosetšhaba sa Saense sa Amerika ka tirisanommogo le Yunibesithi ya Cambridge.

Kgopolo ya bolepadinaledi jwa radio bo le bongwe fela jo bo tla itseweng jaaka Bolepadinaledi jwa Radio jwa Aforika Borwa bo tla akaretsa diporojeke le ditiro tse di farologaneng tsa bolepadinaledi jwa radio jwa Aforika Borwa. Go na le diphitlhelelo tsa bokgoni tse di tla fitlhelelwang ka Tlamelo ya Bosetšhaba e ntšhwa e le nngwe fela ka fa tlase ga Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso.

2.5. Lekwalopuso la Mabudusatsela la Pholisi ya Bosetšhaba ya Diphofo tsa Baagi, le le tsweletsang le go tokafatsa pabalesego ya diphofo tsa baagi, tshireletsego le go obamela tsa tikologo, le amogetswe. Le tsweletsa gape dikgatlhegelo tsa bosetšhaba tsa Aforika Borwa mme le gokaganya katoloso ya kgwebisano le bojanala. Gape le tsweletsa tlhabololo ya indaseteri ya diphofo e e bokgoni le e e tlhagisang, e e kgonang go gaisana mo maemong a selegae le a boditšhabatšhaba.

2.6. Gape Kabinete e amogetse Leanotlhabololo la Bosetšhaba la Maemelafofane le le simolotsweng ke Lokwalopuso la mabudusatsela la Pholisi ya Bosetšhaba ya Diphofo tsa Baagi go samagana le sekgala se se magareng ga mafaratlhatlha a ga jaana a maemelafofane le seemo se se elediwang mo isagong.

Le tla kaela le go tshegetsa maano a mafaratlhatlha ka kakaretso le tlhabololo ya maemelafofane a a farologaneng ka kgokagano le bokao jo bo anameng jwa sebaka le dipalangwa, go ntse go buisanwa le baamegi ba botlhokwa ba maemelafofane.

Mafaratlhatlha a maemelafofane ke karolo ya botlhokwa ya thulaganyo ya dipalangwa ya Aforika Borwa mme a tshwaela mo tlhabololong ya ikonomiloago ya naga ka go gokaganya bojanala le kgwebisano ya selegae le boditšhabatšhaba.

2.7. Pholisitlhomo e e Akaratsang ya Dipalangwa tsa Mawatle ya 2016 e amogetswe gore setšhaba se tshwaele mo go yona.

Seno se tlamela ka letlhomeso la bosetšhaba le le kaelang taolo e e lotaneng, kgolo, tlhabololo le diphetogo mo lephateng la mawatle, go lebeletswe go bula bokgoni jo bo tletseng jwa lephata la mawatle le go tokafatsa tshwaelo ya lona mo maitlhomong a tlhabololo ya ikonomiloago a naga, fa le ntse le tshwaela mo kgwebisanong ya boditšhabatšhaba.

Seno ke go lepalepana le dintlhatheo tsa puso tse di amanang le Operation Phakisa malebana le go godisa Ikonomi ya Mawatle le diphitlhelelo tse di anameng go tswa kwa Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo la 2030 le Leano la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha go tsweletsa kgolo ya ikonomi le go tlhotlheletsa go tlhamiwa ga ditiro.

3. Melaotlhomo

3.1. Go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Maano a Sebaka mo Mawatleng wa 2016 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o tlamela ka letlhomeso la molao la tlhabololo ya thulaganyo ya maano a sebaka mo mawatleng e e tsweletsang kgolo ya ikonomi; mme e gokaganngwa ka maano a a gokaganeng go ralala maphata a le mantsi.

O tla tsweletsa taolo e e siameng ya mawatle ka go netefatsa go nna le seabe ga maphata otlhe mo tsamaisong le togamaanong e e kopanetsweng mo sebakeng sa mawatle. Gape o tla gokaganya: tharabololo ya dikgotlhang (magareng ga badirisi ba sebaka le bothati jo bo laolang); tokafatso ya tshedimosetso; kitso le tsamaiso ya sebaka sa mawatle mo Aforika Borwa.

Molaotlhomo o tla lebisa kwa tlhabololong e e nnelang leruri, go na le fela tshomarelo gongwe tshireletso ya tikologo, go lebeletswe go tshwaela mo maitlhomong a loago le ikonomi ka kakaretso. Gape ke maiteko a botlhokwa a ntlha a Operation Phakisa (Ikonomi ya Mawatle) go bulela bokgoni jwa ikonomi.

3.2. Tlhagiso ya Molaotlhomo wa Paakanyo wa Seemo sa Dikumo tsa Temothuo kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Seemo sa Dikumo tsa Temothuo wa 1990 (Molao wa bo 119 wa 1990).

Molaotlhomo o ikaelela go maatlafatsa letlhomeso la taolo la tlhagiso ya temothuo, boitekanelo le pabalesego ya dijo tsa dingwe tsa dikumo tsa temothuo. Letlhomeso le le jalo la taolo le tsweletsa pabalesego ya dijo mme le tlhama seemo se se kgontshang gore go nne le tlhagiso e e oketsegileng le ya leruri. Seno se tla oketsa ditiragatso tsa kgwebisano e e sa gobeleleng le tshireletso ya badirisi.

3.3. Go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Thulaganyo ya Kwadiso ya Makwalobopaki jwa Bodulo a Eleketeroniki wa 2016, gore setšhaba se tshwaele.

Molaotlhomo o gokaganya go tlhamiwa, go tlhomiwa le go tlhokomelwa ga thulaganyo ya kwadiso ya makwalobopaki jwa bodulo a eleketeroniki e e tla tlamelang, gareng ga tse dingwe, ka ikwadiso ya makwalobopaki jwa bodulo a eleketeroniki a mantsintsi e le ka ntlha ya dikgato tsa Puso ya rona tsa ntšhwafatso ya naga, go tokafatsa nako e e tseewang mo go tsibogeleng dikopo tsa makwalobopaki jwa bodulo le ditokomane tsa badirisi; go tlamela ka phitlhelesego ya ditirelo tsa ikwadiso ya makwalobopaki jwa bodulo go ralala naga; go tokafatsa nepagalo ya tlhatlhobo le kwadiso; go dira gore tshedimosetso e nne teng mo setšhabeng; mmogo le ditlamelo tsa tshireletsego tse di akaretsang go se bee mo pepeneneng tshedimosetso ya badirisi.

Seno gape se tshegetsa boikuelo jwa NDP jwa gore go diragadiwe dikgato mo mafapheng otlhe a puso le mo maphateng otlhe go tsamaisa tshedimosetso le thekenoloji ka bokgoni go netefatsa gore Aforika Borwa ga e nne motswasetlhabelo wa 'sekgala sa dijitale'.

4. Dintlha mo Tikologong

4.1. Kabinete e tshwaragana le Moporesitente Jacob Zuma go romela matshediso go bamalapa le ditsala tsa balwetse ba bolwetse jwa tlhaloganyo ba ba tlhokafetseng kwa Gauteng. Puso le baagi ka kakaretso, ba na le maikarabelo a go sireletsa le go tlhokomela ba ba mo matshosetsing. Kabinete e akgola Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi ka go thapa Moombate wa Boitekanelo go batlisisa diphoso tsotlhe tse di dirilweng ke ditheo tsa boitekanelo le badiri ba boitekanelo. Go feta moo, kgato e e tsewang ke Tonakgolo ya Gauteng, David Makhura, e e ikaegileng ka pegelo ya Moombate wa Boitekanelo, e a amogelwa. Kabinete e ikuela gape mo go Tonakgolo Makhura go netefatsa gore go tsewa dikgatokgalemo tse di maleba kgatlhanong le botlhe ba ba ka neng ba dirile ka tsela e e sa siamang gongwe ba dirile tiro ya bona botlhaswa.

4.2. Kabinete e ne e tshwentswe ke maitsholo a a sa siamang a a bontshitsweng kwa Pulong ya Palamente a a sa gatakeng fela ditshwanelo tsa ba bangwe mo Palamenteng, mme a gataka le ditshwanelo tsa maAforika Borwa otlhe. Palamente ke nngwe ya ditheo tsa motheo tsa temokerasi tsa Aforika Borwa, tse di tlhomilweng ke Molaotheo, go tshegetsa Ditshwanelo tsa Botho le go ikarabela mo bathong ba Aforika Borwa – ba e leng gore botlhe ba re file maikarabelo a go ba etelela pele go ya kwa botshelong jo bo botoka. Ditokololo tsa Palamente, jaaka baemedi ba batho, ba tshwanetse go baya dikgatlhegelo tsa maAforika Borwa otlhe pele mme ba maatlafatse gape seabe sa setheo seno sa botlhokwa.

4.3. Kabinete e tlhaloseditswe ka Kgwanyape e e bidiwang Dineo, mme go lebeletswe gore Aforika Borwa e tla itemogela dipula tsa matlakadibe le tse di maatla go tloga gompieno, Labone, 16 Tlhakole 2017 go fitlhelela mafelo a beke - Sontaga 19 Tlhakole 2017. Kgwanyape e tla ama Mpumalanga, dikarolo tse di kwa bokone jo bo tseneletseng jwa KwaZulu-Natal le Limpopo. Seno se tla ama thata - Kruger National Park, Makgotlatoropo a dikgaolo tsa Enhlanzeni, Vhembe, Mopani le Waterberg. Dikarolo tse di kwa botlhaba jwa Limpopo le tsona di ka itemogela seelo se se kwa godimo sa pula ka Labotlhano, se se fopholediwang go 200 mm mo pakeng ya diura di le 24.

Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Tsamaiso ya Matlhotlhapelo le Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Ditiro tse di Kopanetsweng e e akaretsang mafapha le ditheo tse di farologaneng tsa puso, di sekasekile seemo mme di buletse Ditikwatikwe tsa Diporofense  tsa Ditiro tse di Kopanetsweng di le tharo kwa Limpopo, Mpumalanga le Kwazulu-Natal. Thulaganyo eno ya maphatamantsi e tla thusa fa go ka tlhokega go netefatsa gore baagi botlhe ba babalesegile le go fokotsa kamego.

Puso e ikuela mo baaging botlhe ba ba amegang go itlhokomela thata pele ga go goroga ga kgwanyape eno. Baagi ba rotloediwa gore ba se ke ba kgabaganya ditsela tse di rwaletseng, maborogo le dinoka. Re ikuela gape mo batsading le mo batlhokomeding ba bana go netefatsa gore bana ba babalesegile ka nako ya dipula. Baagi ba tshwanetse go dira mmogo go netefatsa gore botlhe ba babalesegile. Tsweetswee reetsang ditsiboso le tshedimosetso ka ga Kgwanyape ya Dineo fa di tla bo di gasiwa go ralala diteišene tsa selegae tsa seyalemowa.

4.4. Kabinete e tshegetsa ka botlalo tsereganyo le puisano le baagi ka kemedi ya puso, e e eteletsweng pele ke Tona ya Merero ya Selegae, Malusi Gigaba le Mokhuduthamaga wa Pabalesego ya Baagi wa Gauteng, Sizakhele Nkosi-Malobane go buisana ka merero e e amang baagi mo kgaolong, bogolo segolo merero e e amanang le sepodisi le ditlolomolao tse go tweng di dirwa ke bafudugedi.

Kabinete e tshegetsa boikuelo jwa Tona jwa "kgato e e tseewang ke puso yotlhe" mo dintlheng tseno tsa nnete tse di tlhagisiwang ke baagi, tse go tla samaganwang natso ka: go tlhomiwa ga Bothati jwa Tsamaiso ya Melelwane jo bo tla thusang ka tsamaiso e e botoka ya melelwane ya rona, go kwadisiwa ga batho botlhe ba ba nnang mo Aforika Borwa, tirelo e e bokgoni ya sepodisi le go netefatsa gore baagi le baditšhaba ba obamela melao le Molaotheo wa Rephaboliki.

Kabinete e tshegetsa setlhopha sa tshireletsego ka botlalo, go netefatsa gore merero eno e rarabololwa ka moo go tla kgotsofatsang baagi ba Aforika Borwa. Seno se tla tlhoka gore go nne le puisano e e botoka le tirelo ya sepodisi magareng ga baagi le bothati. Kabinete gape e rata go ikuela gore baeteledipele le baemedi botlhe gore ba dire ditshwaelo tse di nang le boikarabelo mo setšhabeng mmogo le gore go samaganwe le dintlha tsotlhe ka maikarabelo.

4.5. Mo tiragalong e e farologaneng, Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale go tlhaselwa ga balatedi, batshameki le batlhankedi ka nako ya motshameko wa Absa Premiership magareng ga Mamelodi Sundowns le Orlando Pirates kwa Loftus Versfeld, go go bakileng dikgobalo tsa batho ba le 13.

Maitsholo ao le ditiro tsa bosenyi di kgotlhela motshameko, ga di bue naga sentle mme di tlhoka dikgato tse di gagametseng go tswa kwa bothating jwa kgwele ya dinao go netefatsa gore ditiragalo tsa mofuta oo ga di boelediwe.

5. Melaetsa ya matshediso le ya kakgolo

5.1. Kabinete e romela matshediso go balelapa, ditsala le barati le balatedi ba rakabii ka go tlhokafala ga mokapotene wa maloba wa Springbok, Joost van der Westhuizen.

Moporesitente Jacob Zuma o ne gape a goeletsa Phitlho e e Kgethegileng ya Semmuso ya Porofense go keteka mogaka ono wa rakabii wa Aforika Borwa.

5.2. Kabinete e amogela go tlhophiwa ga Tona ya Boditšhaba ya Chad, Moussa Faki Mahamat, jaaka Modulasetilo o montšhwa wa Khomišene ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), go tsena mo legatong la Ngaka Nkosazana-Dlamini Zuma wa Aforika Borwa.

5.3. Kabinete e amogela go thapiwa ga Tona Jeff Radebe jaaka moambasadara wa Aforika Borwa wa Baagi ba Lefatshe, mme o tla nna karolo ya mokgatlho wa Baagi ba Lefatshe ba le dimilione di le robedi go ralala lefatshe. Seno ke kgolagano ya batho ba ba tumileng, batlhami ba dipholisi, baeteledipele ba kgwebo, bakgaratlhi le baamegi ba ba itlamileng go samagana le dikgwetlho tse dikgolo go gaisa tsa lefatshe le go fedisa lehuma le le tseneletseng. Ke tiro e e lepalepaneng le maitlhomo a NDP la go fedisa lehuma le go fokotsa go tlhoka tekatekano, mme e ungwela letlhomeso la tlhabololo la kontinente - Agenda 2063.

5.4. Tona ya Saense le Thekenoloji, Naledi Pandor, le ene gompieno kwa Boston, Amerika o tlotlwa ke Mokgatlho wa Amerika wa Tsweletso ya Saense ka ntlha ya seabe sa gagwe sa tsereganyo ya saense.

5.5. Kabinete e akgola bafenyi ba Dikgele tsa ngwaga le ngwaga tsa Ubuntu, tse di neng di amogetswe ke Lefapha la Dikamano le Tirisano ya `Boditšhabatšhaba go keteka baagi ba Aforika Borwa ba ba nang le seabe se se tlhaga go bontsha setshwantsho se sentle sa Aforika Borwa kwa ntle ga naga. Bona ba akareditse: Winnie Madikizela-Mandela; Siyabulela Xuza; Pretty Yende; Esther Mahlangu; Gertrude Shope; le Moambasatara wa China Tian Xuejun. Go akgotswe gape le Sasol, Babies Behind Bars le Setheo sa Desmond Tutu sa HIV.

5.6. Kabinete gape e akgola setlhopha sa Aforika Borwa sa Sevens se gape se itseweng jaaka Blitzboks ka ntlha ya go gapa tonamente ya Motseletsele wa Lefatshe wa Rugby Sevens kwa Sydney. Ke phenyo ya sona ya bobedi fa e sale kwa tshimologong ya ngwaga morago ga Blitzboks ba sena go gapa HSBC Wellington Sevens ka Ferikgong.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Mme Claire Busetti Mo Botong ya Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso.

6.2. Rre KW Vukela jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tlamelo ya Ditirelo kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso.

6.3. Mme JL Meyer jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Lefapheng la Tirelong ya Dikgatiso tsa Puso.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgolagano: 082 901 0766
 

Share this page

Similar categories to explore