Tsenya kopo ya go tlhoma foramo ya lefelotiro

Foramo ya lefelotiro ke dikomiti tsa badiri ba ba tlhophilweng ke badiri ba bangwe mo lefelotirong. Gangwe le gape ba kopana le bathapi go rerisana ka ga dintlhaphisegelo tsa lefelotiro.

Diforamo tseno ga di a tsena mo logatong lwa ditherisano tsa mekgatlho ya badiri mme fela di samagana le merero e e tshwanelang ke go rarabololwa ka tsela e e botoka ka mokgwa wa go rerisana go na le go dira ditherisano tsa mekgatlho ya badiri. Tsona di akaretsa dintlha tse di sa amaneng le dituelo, tse di jaaka go rulaganngwa sešwa gwa tiro le go tsenngwa tirisong gwa didirisiwa tse dintšhwa tsa thekenoloji.

Diforamo tsa lefelotiro di tlhometswe go:

  • godisa dikgatlhegelo tsa badiri botlhe mo lefelotirong, e seng fela tsa maloko a mekgatlho ya badiri
  • oketsa nonofo mo lefelotirong
  • rerisana le badiri ka ga merero e e rileng
  • akaretsa badiri mo go tseyeng ditshweetso tse di kopanetsweng mo mererong e mengwe.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go tlhoma foramo ya lefelotiro kgotsa ikgolaganye le Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA).

 

Share this page