Ikwadise le Letlole la Inšorense ya fa o Latlhegetswe ke Tiro (UIF) jaaka mothapi

Molao o go gapeletsa go ikwadisa le UIF le go duela dikabelo go Letlole fa o na le batho ba o ba thapileng go go direla mo nakong e e fetang diura di le 24 ka kgwedi.

Kabelo ya kgwedi le kgwedi ya UIF ke diphesente di le pedi tsa tuelo yotlhe ya mogolo wa modiredi wa gago ya kgwedi le kgwedi. O tshwanetse go goga phesente e le nngwe ya tuelo ya mogolo otlhe wa modiredi wa gago ya kgwedi le kgwedi mme wena jaaka mothapi o neela phesente e le nngwe.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go ikwadisa le UIF jaaka mothapi kgotsa ikgolaganye le UIF.

 

Share this page