Kopo ya thuso ya batlhokomelo go tswa go Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF)

Go latela loso lwa motho yo a ntseng a duela dikabelo mo UIF, o ka dira topotuelo ya ditshiamelo tsa motlhokomelwa mo UIF, fa e le gore o:

  • molekane ka lenyalo
  • molekane wa botshelo jotlhe
  • motlhokomedi
  • ngwana wa motho yo a neng a duela dikabelo.

O tshwanetse go tsenya kopo mo dikgweding di le thataro morago ga loso lwa motho yo o duelang dikabelo. Bana ba e leng batlhokomelwa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 21 ba tshwanelwa ke ditshiamelo fa e le gore ga go na molekane ka lenyalo kgotsa molekane wa botshelo jotlhe yo o sa ntseng a le teng mo botshelong.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go dira topotuelo ya batlhokomelwa ya UIF kgotsa ikgolaganye le UIF.
 

 

Share this page