Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo ya Dikopo (CAS) di thusa baithuti ba ba weditseng dithuto tsa bona ka katlego kwa dikolong, ba ba iseng ba amogelwe kwa ditheong tsa thuto e kgolwane le bao ba batlanang le diphatlha tsa go amogelwa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane ka go ba tlamela ka tshedimosetso le diphatlha tse di santseng di buletswe mo ditheong tsa thuto.
Go simolola mo ngwageng ono wa dithuto wa 2026, Lefelo la Kamogelo le Phetiso ya Dikopo (CACH) le tswaletswe mme mo legatong la lona go butswe Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo ya Dikopo (CAS).
Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo ya Dikopo ke ditirelo tse di tshwaraganetsweng tsa go thusa go baya mo phatlhalatseng diphatlha tse di santseng di butswe mo ditheong tsa thuto e kgolwane, re bua ka diyunibesiti, dikholeje le ditheo tse dingwe tse di abelanang ka ditšhono tsa mothale ono. Di thusa gape le gore batho ba kgone go tsaya ditshweetso ba na le kitso e e tseneletseng le go thusa bao ba batlang go ya kwa ditheong tsa thuto e kgolwane gore ba se iphitlhele ba tsieditswe ke ditheo tsa thuto tse di seng mo molaong.
Lefapha la Ditheong tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso le itomile sesino gore go se nne le mošwa ope yo a leng mo lefifing a sena tshedimosetso, dikgakololo kgotsa go enngwa nokeng go bona ditšhono tsa go ya sekolong mo ditheong tsa thuto e kgolwane.
Bao ba batlang go tsweletsa dithuto tsa bona mo ditheong tsa thuto e kgolwane ba ka ikgolaganya le ba Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo ya Dikopo ka nomoro ya WhatsApp chat mo go 081 308 4196.

