Kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methalethale

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa mofuta wa dijalo

Go rekisa disata kgotsa matlhogela go tswa mo sejalong o tshwanetse gore o kwadise pele mo lenaneng la mefuta.

Pele o ka rekisa sere se se gasagasang sa mefuta e e rileng ya dijalo mo Aforika Borwa, o tshwanetse go dira kopo go Mokwadisi wa Tokafatso ya Dijalo gore mofuta o mošwa wa sejalo sa gago o amogelwe.

O ka kopa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF) go akaretsa mofuta o mošwa wa sejalo mo lenaneng la mefuta go ya ka Plant Improvement Act (Molao wa Tokafatso ya Dijalo), 1976 (Lenane 2 la Molao).

DAFF e boloka lenane la mefuta e e botlhokwa ya dijalo tsa temothuo, merogo le maungo. Tshwetso e e fitlhelelwa ka go leba botlhokwa jwa sejalo seo mo ikonoming ya Aforikaborwa.

Mofuta wa sejalo o ka tsenngwa mo lenaaneng fa go fitlheletswe ditlhokego tse di latelang:

  • Sere se se gasagasang se tshwanetse go ikobela ditlhokego tsa DUS (kgethegile, tshwano le tsepamo):
    • se tshwanetse go bo se farologana le mefuta ya losika lo lo tshwanang
    • se na le tshwano k.g.r. fa dijalo tsa mofuta oo di tshwana ka dipharologantsho tse di maleba
    • se tsepame k.g.r. fa dijalo tsa mofuta o o rileng, morago ga go lengwa makgetlo a le mmalwa di sa ntse di tshwana le dimela tsa ntlha
    • se tshwanetse go nna le leina le le amogelegang.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Isa tse di latelang go Mokwadisi wa Tokafatso ya Dijalo:
    • foromo ya kopo e e tladitsweng 
    • lenanepotso la setegeniki 
    • tlhotlhwa e e beilweng ya kopo le tlhatlhobo 
    • peo kgotsa sere se se gasagasang 
    • lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa e se wena o jetseng dijalo, tlhophileng kgotsa dirileng mefuta ya dijalo.
  • Go kgona go lemoga pharologano ya mofuta o mošwa o, supa mo lenanepotsong la setegeniki gore mofuta o mošwa o o tshwanetse go bapisiwa le efe e e itsegeng mo Aforikaborwa.
  • Go na le matlha a a beetsweng go isiwa ga ditlankana le dire tse di gasagasang go Mokwadisi. Tshedimosetso mabapi le matlha a, bogolo jwa dire tse di gasagasang, kwa di tshwanetseng go romelwa teng, e ka bonwa go Mokwadisi fa o e kopa.

Fa tshireletso go ya ka ditshwanelo tsa temo ya dijalo e tlhokega, badirakopo ba gakololwa go isa dikopo tseo ka nako e le nngwe go Mokwadisi wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo go boloka nako le madi.

Nako ya tiragatso

Tsamaiso ya lenane la mefuta e tla tsaya setlha sa temo go ya go tse pedi.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

O ka golagana le mang

 

National office

Director: Plant Production
Department of Agriculture, Forestry and Fisheries
Private bag x250
PRETORIA

Tel: 012 319 6079/6072
Fax: 027 12 319 6372
E -mail: DPP@dalrrd.gov.za

Physical address:  Harvest House, 30 Hamilton Street, Arcadia, Pretoria
 

Share this page