Kopa go busediwa madi a laesense ya koloi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kopa go busediwa madi a laesense

Fa serori sa gago se utswitswe, phimotswe kgotsa se kailwe se sa siamela go ka dirisiwa leruri, o ka dira kopo ya go busediwa madi a laesense ya serori seo.

Kopo ya gago ya go busediwa madi e tshwanetse go lebisiwa go MEC wa porofense e serori sa gago se neng se kwadisitswe kwa go yona mo pakeng ya dikgwedi tse tharo morago ga letlha la kitsiso ya phimolo ya serorir sa gago. Madi a o tla a busediwang a tla balwa jaaka nngwe-somepeding ya tlhotlhwa ya laesense ya serori e e dueletsweng serori sa gago kgwedi nngwe le nngwe e laesense eo e sa ntseng e tlhomame.

Fa kopo ya gago e sena go amogelwa, MEC yo o maleba o tla go rebolela madi a gago – le fa go le jalo madi a a kwa tlase ga R100 a ka se busiwe. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela bothati jwa kwadiso mo porofenseng e o kwadisitseng serori kwa go yona o tshotse tse di latelang:
    • lekwaloitshupo la gago
    • afitafiti e e netefatsang gore serori se utswitswe, ga se a siamela go ka dirisiwa leruri kgotsa se na le setifikeiti sa phimolo.
  2. Tlatsa foromo ya RLF (Kopo ya go busediwa Madi a Laesense).

Nako ya tiragatso

Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo, mme madi a tla busiwa morago ga matsatsi a le mmalwa ka ntlha ya ditsamaiso tsa boruni.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya RLF (Kopo ya go busediwa Madi a Laesense) (Application for refund of licence fees (RLF) )

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa dikwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis (eNaTIS website).

O ka golagana le mang

 

Contact the relevant municipality

Share this page