Laesense ya go kgweetsa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go tsenya kopo ya laesense ya go kgweetsa

O tlhoka laesense ya go kgweetsa go kgweetsa semolao mo ditseleng tsa Aforika Borwa. Pele o tsenya kopo ya laesense ya go kgweetsa, o tshwanetse go nna le laesense ya moithuti wa go kgweetsa.

Go rebolwa dilaesense tse di farologaneng mo ditlhopheng tsa mefutafuta tsa dijanaga:

  • Khoutu A1: E ke ya sethuthuthu se se nang le kgotsa se se se nang kolotsana ya fa thoko mme se na le enjine e e sa feteng 125 cc. O tshwanetse wa bo o le bonnye jwa dingwaga di le 17 ka letlha la tlhatlhobo.
  • Khoutu A: E ke ya sethuthuthu se se nang le kgotsa se se se nang kolotsana ya fa thoko mme se na le enjine e e fetang 125 cc. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.
  • Khoutu B: E ke ya sejanaga, go akaretsa bese e potlana, bese le sejanaga sa dithoto, se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e sa feteng 3 500kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.
  • Khoutu C1: E ke ya sejanaga, bese e potlana kgotsa sejanaga sa dithoto se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e fa gare ga 3 500 kg le 16 000 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.
  • Khoutu C: E ke ya sejanaga, bese kgotsa sejanaga sa dithoto se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e fetang 16 000kg. 
  • Khoutu EB: Ke ya:
    • sejanaga se se botlhofo se se kailweng (sejanaga se se botlhofo se se gogang kolotsana) se se nang le boima jwa kopanelo jwa palogotlhe e e sa feteng 3 500 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo
    • kopanelo ya sejanaga se se nang le boimanosi bo bo sa feteng 3 500 kg le bese e potlana, bese kgotsa sejanaga sa dithoto se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e sa feteng 3 500 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo. 
  • Khoutu EC1: Ke ya:
    • sejanaga se se kailweng sa boima jo bo kwa godimo (sejanaga sa boima jo bo kwa godimo se se gogang kolotsana/dikolotsana) se se nang le boima jwa kopanelo jwa palogotlhe e e fa gare ga 3 500 kg le 16 000 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.
    • kopanelo ya sejanaga se se nang le boimanosi jo bo fa gare ga 3 500 kg le 16 500 kg le bese e potlana, bese e potlana e e seng ya motlhatlhagano, bese kgotsa sejanaga sa dithoto se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e fa gare ga 3 500 kg le 16 000 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.
  • Khoutu EC: Se ke sejanaga se se kailweng go nna le boima jo bo kwa godimo (sejanaga sa boima jo bo kwa godimo se se gogang kolotsana/dikolotsana) se se nang le boima jo bo kopaneng jwa palogotlhe e e fetang 16 000 kg kgotsa kopanelo ya bese kgotsa sejanaga sa dithoto se se nang le boima jwa sejanaga jwa palogotlhe e e fetang 16 000 kg. O tshwanetse wa bo o na le dingwaga di le 18 kgotsa go feta go tsenya kopo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela tikwatikwe e e gaufi nao e e dirang diteko tsa laesense ya go kgweetsa (DLTC) go beeletsa letlha la teko. Tsamaya ka tse di latelang:
    • lekwalo la gago la go kgweetsa la moithuti.
    • lekwaloitshupo (ID) la gago
    • dinepe di le nne tse di tshwanang tsa mmala o o tlwaelegileng. O tshwanetse go tlhomamisa pele le DLTC gore ba tlhoka dinepe di le kae pele ga o di tsaya.
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting. 
    • fa o nna mo lefelong la baipei, o tshwanetse go tla ka lekwalo le le nang le setempe sa semmuso sa letlha go tswa kwa mokhanselareng wa oto a tlhomamisa aterese ya gago ya poso le ya bonno.
    • madi a peeletso. 
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya laesense ya go kgweetsa (DL1) kwa DLTC.
  3. Tshola rasiti jaaka bosupi jwa tuelo le tlhomamiso ya letlha le nako ya teko.
  4. Ka letlha la teko, o tshwanetse go bo o le kwa DLTC ka nako e e beilweng ya teko. Go tla tlhomamisiwa rasiti le laesense ya gago ya moithuti pele ga o tswelela ka teko.
  5. O tla lekwa ke motlhatlhobi yo o nang le borutegi jo bo maleba.
  6. Fa o falotse teko, go tla tsewa dikgatiso tsa menwana ya gago mme o tla dirwa teko ya matlho kwa DLTC. Mo letlhakoreng le lengwe, o ka dira tlhatlhobo ya matlho ke ngaka e e nang le borutegi jo bo maleba ya matlho mme wa isa foromo eo kwa DLTC. 
  7. Fa o falotse teko ya go kgweetsa, o tshwanetse go duela madi a go rebolwa go amogela laesense ya go kgweetsa ya nakwana, e o tla e dirisang fa o sa ntse o letile laesense ya go kgweetsa ya karata e e otarilweng.
  8. O tla itsesewe fa laesense ya gago ya go kgweetsa ya karata e siametse go ka tla go tsewa. O tshwanetse go tsaya laesense ya gago ya go kgweetsa kwa DLTC e o dirileng kopo kwa go yona.

Nako ya tiragatso

  • Laesense ya gago ya go kgweetsa e tshwanetse go siama mo dibekeng di le nne go ya go di le thataro.
  • Laesense ya nakwana ya go kgweetsa e ntshiwa ka gangwe.

Tuelo ke bokae

Ikgolaganye le kantoro ya selegae ya thebolo ya dilaesense ya gago go utlwa ka tlhwatlhwatuelo.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya Kopo ya laesense ya go kgweetsa (DL1) e teng kwa lefelong la tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa lengwe le lengwe.

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page