Ditumelelano le bomo jwa tiriso

  Ditumelelano le hom jwa tiriso
   

Motho yo mongwe le yo mongwe yo o fitlhelelang webosaete
e (modirisi) o tshwanetse go obamela, le go dumelelana le,
ditumelelano le boemo jo bo beilweng mo kitsisong e ya semolao. Fa
e le gore modirisi ga a dumelelane le ditumelelano le boemo jo,
modirisi ga a kitla a nna le phitlhelelo, go bontsha, go dirisa,
kgotsa go tsaya tshedimosetso go tswa mo khomphutareng le/kgotsa go
dira dikhopi kgotsa go phatlhalatsa diteng tse di bonwang mo
webosaeteng e.

1. Tiriso le Tetlokhopi ( Usage and
Copyright)

1.1  Badirisi ba ka nna
ba thadisa, ba dira dikhopi, ba tsaya tshedimosetso go tswa mo
khomphutareng ya teraebeng (drive) ya selegae, go gatisa le go
phatlhalatsa diteng tsa webosaete, kgotsa karolo nngwe le nngwe ya
mabaka a tshedimosetso kgotsa kaelo fela le go nna ka mabaka a e
seng a kgwebo. 

1.2 Badirisi ba ba ikaelelang go dirisa diteng go tswa mo
webosaeteng ka maikaelelo a kgwebo ba ka nna ba dira jalo ka
tumelelo e e kwadilweng ya letlapele e e ka bonwang mo Motsamaising
wa Webo mo mogaleng o +27 12314 2140 kgotsa mo emeileng ya
eleketeroniki @gcis.gov.za. Kumo nngwe le nngwe le/kgotsa khopi ya
diteng kgotsa ya karolo e e rileng ya maikaelelo a tsa kgwebo e
tshwanetse go akaretsa kitsiso ya tetlokhopi jaaka e feleletse: ©
GCIS2004: DITSHWANELO TSOTLHE DI BEELEDITSWE. 

1.3 Ditshwanelo tsotlhe tsa ngwao le tsa Tlhaeletsano/neeletsano ya
Puso le Dithulaganyo tsa Tshedimosetso (Government Communications
and Information System (GCIS) kgotsa dilo dingwe le dingwe tse di
tshelang mo molaong go sa kgathalesege gore ke diteng dife tse di
leng teng mo webosaeteng tse abelwang le go beelwa kwa
thoko.

2. Ditshwanelo tsa Diphatlho/dithoto tse go dirisiwang
Tlhaloganyo (Intellectual Property Rights)

Diteng tsotlhe, data le matshwaokgwebo, go akarediwa, le fa e se
mo go lekanyeditsweng, manane mo khomphutareng, thekenoloji,
didatabeise, go itse gore go diriwa jang, diteng, dikerafo,
diikhone, go ditshwaragano tse di feteletseng, tshedimosetso ya
poraebete, meakanyetso, lenane, kgatiso, kumo, tirego, kgotsa
kakanyo e e tlhalositsweng mo webosaeteng e ka nna ya bo e
tsamaisana le ditshwanelo tse dingwe, go akarediwa le ditshwanelo
tsa phatlho/thoto e e batlang tiriso ya tlhaloganyo, ditshwanelo
tse e leng phatlho/thoto ya kgotsa e e neilweng lekwalotetla ke
GCIS, kgotsa dilo tse di tshelelang mo molaong, tse e leng gore di
sirelediwa mo kgatakong ke molawana wa Aforika Borwa le dikgolagano
tsa boditšhabatšhaba ga mmogo le ditumelano. Go ya ka tsamaiso ya
ditshwanelo tse di tshwanetseng modirisi, ditshwanelo tsotlhe tsa
diphatlho/dithoto tse go dirisiwang tlhaloganyo mo go tsona mo
webosaeteng e, di tlhagisiwa ka mokgwa wa peeletso le ka go nna le
phitlhelelo ya data mo webosaeteng e modirisi a se nang
lekwalotetla kgotsa go se nang tsamaiso.

3. Go se dire kopotuelo
(Disclaimer)

3.1  Tshedimosetso e e leng teng mo webosaeteng e, e ikaelela
go naya tshedimosetso ya kakaretso mabapi le sengwe se se rileng
kgotsa dingwe tse di rileng, mme ga se tiro e e tseneletseng ka ga
dithuto tse di rileng ka ga sengwe kgotsa dilo dingwe.

3.2 Ke boikarabelo jwa modirisi go ikgotsofatsa pele a ka bona
phitlhelelo ya webosaete e gore webosaete e fitlhelela ditlhokego
tsa motho mongwe le mongwe gape e ka dirisiwa mmogo le sediriso sa
mekhanikhale se se dirisiwang go tsamaisa tiro e e rileng le/kgotsa
manane mo khomphutareng. Tshedimosetso, dikakanyo le megopolo tse
di tlhagisiwa mo webosaeteng e ga di a tshwanela go tsewa jaaka
kgakololo ya boithutelo kgotsa mogopolo wa bokantoro wa GCIS kgotsa
wa sengwe se se tshelang sa semolao go ya ka fa tshedimosetso,
dikakanyo le megopolo di tlhagisiwang ka teng mo webosaeteng e.
Badirisi ba tlhotlhelediwa go ikopanya le ba dikgakololo tsa
borutegi pele ba ka tsaya setlhodi sa tiro e e rileng e e amanang
le tshedimosetso, dikakanyo le megopolo e e tlhagisiwang mo
webosaeteng e.  

3.3 GCIS ga e dire boemedi kgotsa dithebolo, tse di tlhagisiwang
kgotsa ka mokgwa o mongwe, gore magareng ga tse dingwe, diteng le
thekenoloji tse di ka bonwang mo webosaeteng e di gololosegile mo
diphosong kgotsa mo go tlogelweng kgotsa tirelo e ka nna 100% e sa
tsenwetsenwe ke sepe fa gare le go se nne le diphoso kgotsa go
fitlhelela melawana e e rileng ya tiro kgotsa ya nonofo. Webosaete
e, e neilwe fela "jaaka e ntse". GCIS ga e dire kopotuelo
ya dithebolo tsotlhe, go akarediwa, kwa ntle ga ditekanyetso,
dithebolo tsa bogwebi, tsa leina, boitekanelo jwa maikaelelo a a
rileng, go se nne le dikgatako, go ka dirisiwa mmogo le,
pabalesego, le nepo le go se dire ditlhagiso tsa boemedi kgotsa
dithebolo malebana le diteng tsa webosaete le gore webosaete e
tlhomilwe kgotsa e neilwe go fitlhelela ditlhokego tsa modirisi
mongwe le mongwe. Badirisi ba tlhotlhelediwa go bega phoso nngwe le
nngwe, go se dire ka tshwanelo kgotsa materiale o o befelang fa go
dirisiwa tshwaraganelo ya tshedimosetso ka ga se se neng se
diriwa/ditsibogelo.
 
3.4 Tiriso ya diteng tsa webosaete e, e ka nna kotsi mo modirising
wa yona. Modirisi o tshwanetse go nna le boikarabelo jo bo tletseng
le kotsi ya go latlhegelwa mo go ka nnang kotsi mo modirising wa
webosaete e. GCIS kgotsa sengwe le sengwe se se tshelelang mo
molaong go sa kgathalesege gore ke tshedimosetso efe e e leng teng
mo saeteng, kgotsa bathapiwa ba GCIS kgotsa ba se se tshelelang mo
molaong, ba ka se ka ba nna le molato mo ntlheng nngwe le nngwe e e
kgethegileng, e e sa tlhamalalang, mo tiragalong, pheletsong,
kgotsa ditshenyegelo tse di amegang kgotsa ditshenyegelo dingwe le
dingwe tse di jalo, gore ke tse di dirilweng ka tiragalo ya
konteraka, tiragalo e e dirilweng go ya ka molawana, jaaka phoso ya
mo gae (go akarediwa, kwa ntle ga tekanyetso, botlhaswa), kgotsa go
sa nneng jalo, go amanngwa le tiriso ya tokomane e kgotsa
tshedimosetso. Fa e le gore nngwe ya tse di neilweng ga e
patelesege ka botlalo ka mabaka a a rileng, tse di setseng di tla
nna di dirisiwa. Go ya ka dikarolwana tsa 43(5) le 43(6) tsa
Ditlhaeletsano/Dineeletsano tsa Eleketeroniki le Molao wa Tirisano
wa 25 wa 2002, GCIS e ka se bonwe molato mo ditshenyegelong dingwe
le dingwe, tatlhegelong, kgotsa mo melatong ya mofuta mongwe le
mongwe o o ka tlhagelelang mo tirisong ya webosaete e kgotsa mo go
retelelweng ga yona.kgotsa ga ditirelo kgotsa ga diteng tse di
newang go tswa go kgotsa ka webosaete e.
 
3.5 Ditshwaraganelo dingwe mo go sengwe se se thusang mo
webosaeteng, se laetsa kwa metsweding e e tshwerweng ke batho ba
boraro ba GCIS e se nang taolo ya bona. GCIS ga e dire boemedi bope
kgotsa dithebolo malebana le nepo, kgotsa ntlha e e amanang le
metswedi eo. 

3.6 Ditshiamelo tsa Karolo ya 2 ya Kgaolo ya III ya
Tlhaeletsano/Neeletsano ya Eleketeroniki le Molao wa Tirisano wa 25
wa 2002 ke fa o tlogetsweng teng go dirisiwa mo
tlhaeletsanong/neeletsanong le melaetsa ya data e modirisi a e
romelang kwa go GCIS ka tiriso ya webosaete e.
Tlhaeletsano/neeletsano nngwe le nngwe kgotsa melaetsa ya data e
modirisi a e romelang kwa go GCIS e tla tsewa jaaka e kete e
amogetswe ke GCIS morago ga gore go bonwe temoso ka lekwalo. Fa
modirisi a sa amogele tsibogelo mo nakong e e amogelesegang,
modirisi o tshwanetse go e sala morago le GCIS. GCIS ga e a
tshwanela go bonwa molato mo go retelelweng go romela tsibogelo kwa
modirising. 

3.7 Fa e le gore modirisi o batla tshedimosetso e nngwe gape go
tswa mo go GCIS mabapi le ditirelo tsa yona kgotsa diteng tsa
webosaete e, ditshwaraganelo tsa tshedimosetso e e bonweng mo go se
se neng se diriwa e ka nna ya dirisiwa.

4. Pabalesego

4.1 Tshireletso

GCIS e na le lefelo le le tlwaelegileng la boemo jwa tsa kgwebo tsa
thekenoloji le pabalesego ya tiragalo ya go sireletsa tshedimosetso
yotlhe e e neelwang ke badirisi ba ba latlhegetsweng, ba ba sa
diriseng sentle, diphetogo kgotsa ditshenyegelo. Dikgato tsotlhe
tse di tlwaelegileng di tla tsewa go babalela tshedimosetso ya
modirisi. Bathapiwa ba ba leng mo molaong, ba ba nang le
boikarabelo jwa tlamelo ya data e e bontshang maikutlo e e
neilweng, ba tshwanetse go nna le botshepegi mabapi e data eo.
Pholisi e e dirisiwang mo bathapiweng botlhe ba GCIS kgotsa
mekgatlho yotlhe ya setšhaba e ka amogela tshedimosetso eo go tswa
go GCIS. Go tshwanetse gore go thibelwe motho mongwe, kgwebo,
kgotsa sengwe se se tshelelang mo molaong go oketsa kgotsa go leka
go oketsa phitlhelelo e e seng mo molaong mo tsebeng nngwe le nngwe
ya webosaete e, kgotsa go neela kgotsa go leka go neela khoutu e e
seng mo molaong, e e senyegileng kgotsa khoutu ya ka bomo mo
webosaeteng e. Fa motho a neela kgotsa a leka go neelana ka khoutu
e e seng mo molaong, e e senyegileng, kgotsa ya ka bomo mo
webosaeteng e kgotsa a leka go nna le phitlhelelo e e seng mo
molaong mo tsebeng nngwe le nngwe ya webosaete e, a ka nna a bonwa
molato wa tshenyo kgatlhanong le motho yoo, mme fa GCIS kgotsa
mokgatlho mongwe wa setšhaba o ka bona tshenyo nngwe kgotsa
tatlhegelo, go tla kopiwa ditshenyegelo tsa mo.

4.2 Tshwaraganelo le Tlhomo (Linkage and
Framing)

Re amogela diwebosaete tsa batho ba boraro go tshwaragana le
tshedimosetso e e leng teng mo ditsebeng tsa Go thibelwa motho
mongwe le mongwe, kgwebo, selo sengwe se se tshelelang mo molaong
kgotsa webosaete go sekeletsa tsebe nngwe le nngwe mo webosaeteng
e, go akarediwa tsebe ya selegae, ka tsela efe kgotsa efe kwa ntle
ga pele ga thebolo e e kwadilweng ya GCIS. 

4.3 Go tshwaragana le Diwebosaete tsa Ditlhopha tsa Boraro
(Links to Third Party Websites)

GCIS e ka neelana ka ditshwaraganyo mo diwebosaeteng dingwe fela
jaaka tshiamelo le kakaretso ya tshwaraganyo nngwe le nngwe e e sa
ameng kano ya GCIS mo diwebosaeteng tseo. Diwebosaete kgotsa
ditsebe tse di tshwaraganeng ga se tse di tshwanetseng go laolwa ke
GCIS. GCIS ga e na boikarabelo kgotsa molato, ka tlhamalalo kgotsa
ka go se nne ka tlhamalalo, ka mokgwa wa diteng, tiriso, kgotsa go
se kgone go dirisa kgotsa go fitlhelela tshwaraganyo nngwe le nngwe
ya webosaete kgotsa e e leng teng mo ditshwaraganyong tsa
diwebosaete.

5. Boporaebete (Privacy)

5.1 Matseno (Introduction)

Setlankana sa poraebete se tlhagisiwa mo go GCIS ga mmogo le selo
se se supang go tshela molao, se se laolang, se netefatsa kgotsa se
se dirisang tshedimosetso e e ka bong e tshwerwe go tswa mo saeteng
e.

Modirisi a ka nna a etela webosaete e kwa ntle ga go neelana ka
tshedimosetso nngwe le nngwe ya gagwe. Modirisi, le fa go ntse
jalo, o amogela go dirisa data e e ntseng jalo ka tirisano ya
setlankana seo sa poraebete. Tsweetswee, elatlhoko gore saete e, e
ka nna le tshwaraganyo le disaete tse dingwe tse di sa laolweng ke
setlankana se sa poraebete.

Fa e le gore modirisi o na le dipotso kgotsa o amegile mabapi le
setlankana sa poraebete kgotsa ka boporaebete jwa gagwe fa a ntse a
dirisa Webosaete e, a ka nna a dirisa tshwaraganelo ya
Tshedimosetso mabapi le se se neng sa tsibogelwa. 

5.2 Difaele tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo
boraoseng ya modirisi (Cookies)

GCIS e ka nna ya dirisa difaele tse dinnye tsa diteng tse di bewang
mo boraoseng ya modirisi kgotsa mo ditshwantshong tsa eleketeroniki
tse di dumelelang webosaete e go bala badirisi ba ba nang le
phitlhelelo mo tsebeng e e rileng le go fitlhelela difaele tse
dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi go
netefatsa gore webosaete e tlamelwa ka tshwanelo le go nolofatsa
tlhabololo ya webosaete. GCIS kgotsa bathelesi ba ditirelo ke bona
ba ba tshwanetseng go dirisa difaele tseo tse dinnye tsa diteng tse
di beilweng mo boraoseng ya modirisi go batla data e e fa magareng.
GCIS e ka dirisa ditogamaano tsa go nna jalo ka nako nngwe le nngwe
go batla tshedimosetso mo dithulaganyong tsa yona le go tlhaola
ditlhopha tsa badirisi ba dikarolo tse di tshwanang le aterese ya
IP, kgaolo, mofuta wa boraose le ditsebe tse di etetsweng.
Tshedimosetso e begelwa motsamaisi wa webosaete yo o tla dirisang
tshedimosetso e go sekaseka palo ya badirisi kwa mafelong a a
farologaneng a webosaete go netefatsa gore saete e e dirisiwa jaaka
motswedi wa tshedimosetso wa nepagalo le o o nonofileng.

Ga se difaele tse dinnye tsa diteng tse di beilweng mo boraoseng
ya modirisi kgotsa dibikhone tsa webo tse di tsayang tshedimosetso
ya motho go tshwana le maina a modirisi kgotsa aterese ya emeile.
Modirisi a ka nna a gana difaele tse dinnye tsa diteng tse di
beilweng mo boraoseng ya gagwe jaaka balebeledi ba le bantsi ba ba
dumelelang motho mongwe le mongwe go gana difaele tseo tsa diteng
tse di beilweng mo boraoseng ya modirisi. 

5.3 Tshedimosetso ya modirisi (Personal Information
Use)

Tshedimosetso ya motho e dirisiwa fela ka mabaka a a
lekanyeditsweng, sekao, fa modirisi a ikwadisa mo webosaeteng go
kopa ditlhaeletsano/dineeletsano mo nakong e e tlang ka mafelo a a
itumedisang a GICS. GICS e ka dirisa tshedimosetso e modirisi a e
tshotseng go itirela thalotlhakore ya gagwe go e tlwaetsa tsibogelo
eo ya yona mo dikopong tse dingwe kgotsa dipatlisisong le go
tlhabolola webosaete. Fa modirisi a tlhopha go ikwadisa ka go
dirisa mogala mo tiragalong e e diriwang ke GCIS, GCIS e tla dirisa
tshedimosetso e modirisi a e tlisitseng go mo tsibogela. Go oketsa
mo go se, motsamaisi wa webo, a ka nna a, fa go tlhokagalang teng,
dirisa tshedimosetso ya modirisi wa webosaete mo ditirisong tse di
farologaneng tse di tsamaelanang tsa saete. GCIS e tla netefatsa
gore ditiro tsotlhe tsa papatso di obamela molao o o mo tirisong le
gore di a dirisiwa ga mmogo le manane go bona tumelelo e e
tshwanetseng pele go romelwa emeile ya modirisi e e nang le
tshedimosetso ka ga ditirelo tsa GCIS. Modirisi a ka nna a kopa
GCIS nako nngwe le nngwe go sa tlhole e romela dimateriale tsa go
nna jalo kwa go ena ka go dirisa tshedimosetso e e bonweng mabapi
le se se neng se dirisiwa/ditsibogelo kgotsa tshwaragano e e sa
duelelwang.

5.4 Go senolelwa Ditlhopha tsa Boraro (Disclosure to
Third Parties)

Le fa e le gore GCIS e ka neelana ka tshedimosetso ya badirisi go
batlamedi ba ditirelo gore e ba tshware, tshedimosetso eo boemong
jwa yona, e ka se ka ya refosana ka tshedimosetso e batho ba boraro
kgotsa mongwe le mongwe fela mo setšhabeng a nang le
maikaelelomagolo ka yona kgotsa a a sa amaneng le bona, kwa ntle ga
fela go senotswe mo nakong ya go tseiwa ga tshedimosetso eo mo
lefelong leo.

Tshedimosetso ya motho e ka sutisediwa kwa boditšhabatšhabeng ke
GCIS kgotsa kwa bathong ba boraro ka maikaelelo a a tlhalositsweng
fa godimo. Se, se ka se ka sa akaretsa tshutiso kwa dinageng kwa
ntle ga melao ya tshireletso ya data e e tshwanang le e e leng teng
mo nageng ya bonno ya modirisi. Ka go neelana ka tshedimosetso go
GCIS ka tiriso ya webosaete e, ke modirisi yo o neelanang ka
tumelelo eo ya ditshutiso.

Mo go tshwanetseng teng, tshedimosetso ya motho e ka senolwa ka
ntlha ya kgatelelo ya molao, mo molawaneng kgotsa mo badiraboemong
bangwe ba Puso, kgotsa mo bathong ba boraro fa go tlhokagalang teng
kgotsa mo go batlegang teng go obamela melawana ya semolao kgotsa e
e patelesegang kgotsa dikopo kgotsa ka maikaelelo a a tlhaotsweng
fa godimo. 

5.5 Phitlhelelo ya tshedimosetso ya Motho (Access to
Personal Information)

Fa e le gore tshedimosetso ya motho e setse e tlisitswe mo
webosaeteng e, badirisi ba ba batlang go thadisa tshedimosetso ya
bona ba ka nna ba dira jalo ka go kopa thadiso e e ntseng jalo ka
mokgwa wa tshwaragano wa tshedimosetso e e bonweng fa go ne go
diriwa sengwe. Fa go ntse jalo, badirisi ba ka kgona go fitlhelela
dithalotlhakore tsa bona, go di siamisa le go tlhabolola diaterese
le megala ya bona kgotsa go se duelele mokgatlho ope ka nako nngwe
le nngwe. Badirisi ba ba nang le mathata go fitlhelela
dithalotlhakore tsa bona kgotsa ba batla go kopa khopi ya
tshedimosetso ya bona, ba ka nna ba ikgolaganya le motsamaisi wa
webosaete ka go dirisa tshwaraganelo ya tshedimosetso ka ga se se
neng se diriwa/ditsibogelwa. Mo mabakeng otlhe, GCIS e tla
tlhokomela dikopo tsa phitlhelelo ya tshedimosetso kgotsa go fetola
tshedimosetso go ya ka ditlhokego tsa semolao tse di
dirisiwang. 

5.6 Ga go na tumelano (No agreement)

Ga go na se se leng teng fa, kgotsa se se tlhomilweng kgotsa se se
ikaelelang go tlhoma konteraka kgotsa tumelelano epe e e nnang teng
magareng ga GCIS le modirisi mongwe le mongwe yo o etelang
webosaete e.

5.7 Tshireletso ya Ngwana ya Poraebete (Children's
Privacy Protection)

GCIS e lemoga botlhokwa jwa tshireletso ya poraebete ya bana mo
lefatsheng la tirisano. la ‘nline’. 

6. Go neelwa ditirelo (Severability)

Ditumelelano le boemo jwa tiriso bo dira borutegi jotlhe kgotsa
botsalano bongwe magareng ga GCIS le modirisi wa webosaete e. Go
retelelwa gongwe le gongwe ga GCIS go diragatsa kgotsa go pateletsa
ditshiamelo dingwe le dingwe tsa ditumelelano le boemo jo jwa
tiriso, bo ka se ka jwa nna le thebolo ya ditshiamelo tseo kgotsa
go neeelana ka ditirelo tse di ntseng jalo tsa ditshiamelo. Fa e le
gore mo tumalelanong kgotsa boemong bongwe le bongwe jwa tiriso ya
webosaete e, ga e dirisiwe ka bojotlhe jwa yona, kgotsa ditrelo ga
di amogelesege ka mabaka a a rileng, tiriso ya yona e ka se ke ya
dira gore go thibelwe tiriso ya yona kgotsa go neela ditirelo ka
gope.Fa ditumalano kgotsa maemo a tiriso e a sa diragadiwe ka
botlalo kgotsa di sa tlhomama ka tsela e e rileng, le fa go ntse
jalo, ditumalano tse kgotsa maemo a, go tla nne go tswelelwe ka go
neelana ka ditirelo go fitlha paka ya ditumalano le maemo a a
dirilweng a fela.. Ditumelelano le boemo jo bo setseng bo ka se
amiwe ke go se patelesege kgotsa go se amogelesege ga ditirelo tse,
mme bo tla nna bo patelesega le go dirisiwa. 

7. (Go tlhabololwa ga Ditumelelano le Boemo ( Updating
of these Terms and Conditions)

GCIS e beelana ditshiamelo tsa go fetoga, tsa go tlhabolola, tsa go
oketsa mo go kgotsa go tlosa mo karolong kgotsa mo gotlhe ga
ditumelelano le boemo jwa tiriso go simolola nako nngwe le nngwe.
Phetolo ya ditumelelano le boemo jo jwa tiriso, bo tla tsaya nako
mo diphetogong tse di romelwang mo webosaeteng. Ke tlamego ya
modirisi go tlhokomele ka nako nngwe le nngwe ditumelelano le boemo
jwa tiriso mo webosaeteng e, go lemoga diphetogo le ditlhabololo.
Tiriso e e tsweletseng ya webosaete ke modirisi ka tatelano ya
thomelo ya diphetogo, e tla nna temogo ya kitsiso ya modirisi go
amogela go obamela le go angwa ke ditumelelano le boemo jwa tiriso,
go akarediwa le diphetogo le ditlhabololo
tseo.  

8. (Tshedimosetso mabapi le webosaete le mong wa yona
(Information about website and owner)

8.1  Maina a a feleletseng le maemo a semolao a mong wa
webosaete ke:

Government Communication and Information System (GCIS), a National
Government Department of the Republic of South Africa, as
represented by the Chief Executive Officer of the GCIS.

(Lenane la Tshedimosetso le Tlhaeletsano/neeletsano ya Puso
(GCIS), Puso ya Bosetšhaba

(Lefapha la Rephaboliki la Aforika Borwa, jaaka le emetswe ke
MotlhankediMogolo wa Khuduthamaga wa GCIS). 
 
8.2 Aterese ya Webosaete e ke:
http://www.services.gov.za

 
8.3 Diaterese le megala ya mong wa webosaete:

Aterese ya poso:
Government Communication and Information System
Private Bag X745
PRETORIA
0001

Aterese ya mmila:
Government Communication and Information System
Midtown Building No. 356
Cnr Prinsloo and Vermeulen Streets
PRETORIA
South Africa

Mogala: +27 12 314 2911
Fekese: +27 12 323 3831

Emeile:
electronic@gcis.gov.za

 

   

Share this page