Laesense ya ditirelo tsa kgaso mo ditheong tse dinnye

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Mabapi le laesense ya ditirelao tsa kgaso mo ditheong tse dinnye

Molao wa Kgaso wa 1999 (Molao wa bo 4 wa 1999), o tlhalosa gore ditirelo tsa kgaso mo ditheong tse dinnye ke ditirelo tse di gasang mananeo a baagi, a ditheo tsa poraefete kgotsa a ditheo tsa puso mme bokgakala jo kgaso eno bo tshwanetseng go bo fitlhelela ga bo a tshwanela go feta wate e le nngwe.

Laesense ya ditirelo tsa kgaso mo ditheong tse dinnye e ka rebolwa fela mo maemong a a latelang:

  • Ditirelo tsa kgaso mo ditheong tse dinnye mo go gasiwang mananeo a ditheo tsa kgwebo – ditirelo tse di jaaka go gasa mananeo a mo mabentleleng a kwa dimolong/mo ditikwatikweng tsa mabentlele, go gasa kwa mabaleng a metshameko, go gasa kwa mabaleng ao go tshwaretsweng mekete kwa go yona le kwa mafelong a go bogelwang difilimi gone, kgotsa kwa mafelong a mangwe a mothale ono ao Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) di a tsayang a le matshwanedi.
  • Ditirelo tsa kgaso mo ditheong tse dinnye mo go gasiwang mananeo a baagi – ditirelo tse di jaaka go gasa mananeo mo mafelong a bagodi o gasetsa mafelo a bagodi, dikgolagano tsa kgaso magareng ga mafelong a sedumedi, dikgolagano tsa kgaso magareng ga mafelo a sedumedi le a bagodi kgotsa kwa mafelong a mangwe a mothale ono ao Icasa e a tsayang a le matshwanedi.

Dilaesense ka bobedi e leng ya go gasetsa baagi le ya go gasetsa maphata a kgwebo di tla neelwa nako ya sebaka sa dingwaga di le tharo, fa laesense ya mekete e e itlhophileng yona e tla rebolelwa sebaka sa matsatsi a le 30.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Nopola bokgakala jo o bo batlang gore marang a kgaso ya lona bo bo fitlhelele.
  2. Tlhalosa gore lefelokgaso la lona le tla nna kae le gore le tla gasa ntlheng efe.
  3. Tlhoma setlhophatiro se se tla rwalang maikarabelo a go tlhatlhela dikopo le go rwala maikarabelo a go nna mong wa kopo mo legatong la yoo a rulaganyang mokete oo.
  4. Setlhophatiro se tshwanetse go:
    • bokeletsa dipampiri tseo baagi ba di saenileng
    • kwala leanotlhomo la kgwebo
    • tsamaisa ditlhopho tsa ditokololo tsa Boto ka thulaganyo ya setemokerasi
  5. Kopa khophi ya foromo ya go tlhatlhela kopo ya go neelwa tetla ya go rebola ditirelo tsa kgaso le tsa go phasalatsa marang a kgaso kwa dikantorong tsa Icasa.
  6. Tlatsa foromo eo ka seatla o dirisa ditlhaka tse dikgolo.
  7. Isa foromo ya boammaruri le dikhophi di le 16 tsa yona tse di netefaleditsweng kwa dikantorong tsa Icasa, mmogo le madi a o tshwanetseng go a duela.

Diforomo tse di sa tlatsiwang ka botlalo di tla busediwa kwa mothong yo o dirileng kopo mme ga go maikarabelo ape a tshitiso a a tla amogelwang ke Icasa mo ntlheng eno.

Go tsaya nako e e kana kang

Go rebolelwa tetla ya laesense ya mothale ono go ka goga sebaka sa dikgwedi di le pedi go leba kwa go di le tharo.

Go ja bokae

 

Diforomo tse tladiwang

Foromo ya go tlhatlhela kopo e tla nna karolo ya dintlankana tse di tla phasaladiwang mo Kaseteng ya Puso.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

ICASA head office
Tel: 012 568 3000/3001
E-mail: info@icasa.org.za 

Physical address: 350 Witch-Hazel Ave, Eco-Park Estate, Centurion, 0144
Postal address: Private Bag X10, Highveld Park 0169

Regional offices

 

Share this page