Dira kopo ya go neelwa lekwalonetefaletso la ditirelo tsa kgwebokgaso

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa lekwalonetefaletso la ditirelo tsa kgwebokgaso

Lekwalonetefaletso la ditirelo tsa kgwebokgaso le neelwa mogasi wa tirelo ya kgaso yo a dirang letseno kgotsa jaaka setheo se se ka itirelang letseno. Lekgotlakgaso la Aforika Borwa ke lona le le esi lekgotlakgaso la setšhaba mo Aforika Borwa.  

Motho mongwe le mongwe yo a batlang go abelana ka ditirelo tsa kgwebokgaso o tshwanetse go bo a na le lekwalonetefaletso la boammaruri la kgaso.

oromo ya go dira kopo mmogo le lefelo le le tshitshintsweng di tla nna karolo ya taletso e e rileng gore o dire kopo jaaka go tlhagelela mo Lekwalodikgang la go Tlhomamisa Melao ya Puso.

Dikgato tse di latelwang

  1. Tlatsa foromo ya go dira kopo ka mokwalo wa ditlhaka tse kgolo.
  2. Isa foromo ya boammaruri le dikhophi tsa yona tse di netefaleditsweng semolao di le 16 tsa go dira kopo mmogo le tuediso madi a a sa busediweng ya go dira kopo kwa go Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa.
  3. Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa kwa go badiradikopo mme ga go maikarabelo ape a a tla jarwang tebang le tshitiso eo.

Go tsaya nako e e kana kang

Lekwalotetla le ka tlhagisiwa morago ga dikgwedi di le tharo go ya go di le 12.

Go ja bokae

Tariffs 2023/24

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Diforomo tsa go dira kopo e tla nna karolo ya melao e e tla phasaladiwang mo Lekwalodikgang la go Tlhomamisa Melao ya Puso.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

ICASA head office

Tel: 012 568 3000/3001
E-mail: info@icasa.org.za 

Physical address: 350 Witch-Hazel Ave, Eco-Park Estate, Centurion, 0144
Postal address: Private Bag X10, Highveld Park 0169

Regional offices

Share this page