Ditshenyegelo tsa Dipapatso tse di Farologaneng tsa Puso ka Tona Faith Muthambi

Jaaka Tona ya Tlhaeletsano, ke tlhoka go siamisa kgang e e seng ya nnete e e dirisiwang gantsi e Democratic Alliance (DA) e sa leng e e rekisa jaaka potso ya palamente mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Yona e amana le ditshenyegelo tsa papatso tsa puso tse di tsamaisiwang ke Lefapha la Tlhaeletsano. DA ya re Puso e duela "bobegakgang jo bo utlwanang le mmuso". Ka Labone, di29 Ferikgong, morago ga ke sena go golola karoganyo ya ditshenyegelo tsa papatso tsa puso ka Lefapha la Tlhaeletsano, kgang eno e e seng ya nnete e boile gape, e kopolotswe mme ya kgomarediwa ka fa tlase ga leina la ga Gavin Davis.

Go mo pepeneneng gore Motlotlegi Davis yo e leng Tokololo ya Palamente, tota ga a tlhaloganye tlhaeletsano ya papatso mme ga gona nnete mo maitekong a gagwe a go pateletsa mogopolo wa gagwe o o fosagetseng kgatlhanong le bobegakgang jwa bantsho go nna kganetsano e e seng ya nnete e le go tsweletsa dikgatlhego tsa gagwe. Go nna le kitso ya phatlalatso ya dikuranta, go anama ga babuisi mmogo le diteng tsa dikuranta go ka bo go thibetse diphoso tse di bonalang mo ditatofatsong tsa motlotlegi.

Nnete ke gore, The New Age e gaufi thata le Business Day mo mererong ya dikgang go lebeletswe selebo sa dikgang tsa bona. Patlisiso e e dirilweng ke setlamo se se itsegeng boditšhabatšhaba, Media Tenor, e tlhagisitse pegelo e e sekasekang dipego tse di rotloetsang ka Moporesidente Zuma mo pakeng ya Phukwi 2014-Ferikgong 2015 e supa gore 10% tsa dikgang tsa The New Age di bega sentle ka Moporesidente Zuma mme 9% tsa dikgang tsa Business Day le tsona e ne e le tse di nang le diteng tse di rotloetsang ka ga Moporesidente. A re tshwanetse go tsaya gore Business Day ke sediriswa sa maaka gongwe e rata Moporesident Zuma?

Go tsaya ditshwetso mo seemong sa bobegakgang jo bo tlhaga e bile bo fetogafetoga, setlhopha sa ka fa gare se se rekang dipapatso mo Lefapheng la Tlhaeletsano se kaela ditheko tsa dipapatso tsa puso ka go dirisa serweboleta sa papatso se se eteletseng pele lefatshe ka bophara sa Telmar Media le ditirelo tse di dirisediwang phitlhelelo, seelo sa bonako gammogo le go anama. Badirisi ba ba 10 000 ba Telmar go ralala dinaga di le 85, ba akaretsa ditheo tsa papatso tse di itlhomileng kwa pele mo lefatsheng, baphasalatsi ba dijitale le ba kgatiso, ditirelokgaso mmogo le babapatsi. Badiri ba ka fa gare ba ba rekang dipapatso ba tsenela dikatiso tse di tlhomamisitsweng ke SAARF le Telmar gangwe le gape, mme e bile ke ditokololo tsa Mokgatlho wa Dipapatso tsa Bobegakgang wa Aforikaborwa.

The New Age - e leng lekwalokgang le le phatlhaladiwang bosetšhaba le bapisiwa le makwalokgang a ditoropokgolo (The Herald - Nelson Mandela Bay, The Mercury - Durban, Pretoria News - Pretoria) mme seo ke phoso gonne tseno di gaisana kwa mebarakeng e e rileng ya dikgaolo. Fa re ka latela mogopolo wa ga Motlotlegi Davis yo e leng tokololo ya palamente, puso e ka tlhoka go bapatsa mo makwalokgannyeng a le mmalwa a ditoropokgolo - kwa diporofenseng tsotlhe go lepalepana le phatlhalatso ya The New Age, mme seo se ka nna tlhotlhwagodimo go feta go bapatsa mo The New Age. Nte ke tlhagise se mme se kwalwe, The New Age e phasaladiwa kwa diporofenseng tsotlhe di le robongwe, mme e na le dikgatiso di le thataro tsa dikgaolo. Kgatiso nngwe le nngwe ya The New Age e na le tsebe e e totang porofense mme e tlhaola dikgang tsa selegae mo godimo ga dikgang tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba. 

Puso e dirisa tlhaeletsano ya mogoso go diragatsa thomo ya yona ya go tlhaeletsana le MaAforikaborwa a le mantsi ka foo go ka kgonegang ka gona. Motlotlegi Davis o dumelana gore puso e dirisa makwalokgang a le 248 go begela setšhaba ka mananeo a yona, fela o tlola ntlha ya gore puso ke motshegetsi o mogolo wa bobegakgang jwa kgatiso ka dipapatso tsa yona. Go a gakgamatsa gore motlotlegi o tswelela go rekisa nnete e e sa felelang malebana le bogolo jwa babuisi ba The New Age. Babuisi ba yona ba le 153 000 ga ba akaretse babogedi ba tlaleletso ba le 621 000 ba ba lekanyediwang ka AMPS ka Dipegelo tsa yona tsa TNA - kgaso ya tlhamalalo e e akaretsang seabe sa baamegi, babuisi ba makwalokgang gammogo le balatedi ba mafaratlhatlha a tlhaeletsano ya loago  ka phasalatso ya thelebišene. mafaratlhatlheng a tlhaeletsano ya loago

Ke laletsa Motlotlegi Davis yo e leng tokololo ya palamente go etela Tshedimosetso House; e leng lefoko le le kayang temogo, go ithuta, tshedimosetso, gongwe kitso (gongwe a ka se tlhaloganye kgakantsi ya leina leo) gore a tle a rutwe ke batho ba ba nang le talente ba e leng bana ba legae ba ba thapilweng mo lephateng la Lefapha la Tlhaeletsano le le rekang dipapatso. Gongwe seno se ka fodisa tsibogo ya gagwe ya go bona dikakanyo tse di bosula le fa di seyong gona.

Dipotsiso
Ayanda Hollow
Sele: 061 488 0634

Share this page

Similar categories to explore