Dintlhakgolo tsa Puo ya Maemo a Setšhaba ya Bogare jwa Ngwaga go bobegakgang ka ga tsiboso ya dikgatelopele tse di dirilweng mo dipeelong tsa yona

Moporesidente Jacob Zuma o tlhagisitse Dintlhakgolo tsa Puo ya Maemo a Setšhaba ya Bogare jwa Ngwaga go bobegakgang ka ga tsiboso ya dikgatelopele tse di dirilweng mo dipeelong tsa yona, kwa Union Buildings kwa Pretoria ka Labobedi, la bo 11 Phatwe 2015. Tshedimosetso e ne e totile tiro e puso e e dirileng malebana le go tsenya tirisong ngwaga wa ntlha wa Letlhomeso la Togamaano la Pakagare (MTSF) la 2014-2019, jaaka le tlhagisitswe mo SoNA ka Tlhakole 2015.

MTSF, e e leng Lenaanetiro la Puso, le ikaegile ka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), leo e leng leano la naga la ikonomi ya loago la gore go bo go samaganwe le dikgwetlho tse tharo tsa lehuma, botlhokatiro le go tlhoka tekatekano ka 2030.

Tshedimosetso ka Leano la Dintlha di le Robongwe

Mo puong ya gagwe ya SoNA ka Tlhakole 2015, Moporesidente Zuma o itsisitse Leano la Dintlha di le Robongwe go susumetsa kgolo ya ikonomi le go tlhama ditiro tse di tlhokegang thata. Leano la Dintlha di le Robongwe le dira jaaka tsibogelo ya dikgwetlho tsa kgolo e e lekanyeditsweng ya ikonomi ya Aforika Borwa.

Go tlaleletsa mo kgolong e e lebeletsweng ya 2% ka 2015, go na le kgonagalo ya gore Leano la Dintlha di le Robongwe le ka akofisa kgolo ya ikonomi ka 0.8% mo pakakhutshwaneng le ka 1% mo pakagareng go ya go pakatelele.

  1. Dikarolo tsa leano ke tse di latelang:
  2. Go rarabolola mathata a motlakase
  3. Go tsosolosa temothuo le boleng jwa thulaganyo ya tlhagisodikuno tsa temothuo.
  4. Go atolosa tsweletso kgotsa go oketsa boleng jwa lehumo la diminerale.
  5. Go tsenngwa tirisong go go mosola go gaisa ga Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri le le nang le dipoelo tse di kwa godimo.
  6. Go rotloetsa dipeeletso tsa lekala la poraefete.
  7. Go fokotsa dikgotlhang tsa mo ditirong.
  8. Go bulela bokgoni jwa dikgwebopotlana tse di mo Magareng le tse Dikgolwane (di-SMME), dikoporasi, dikgwebo tsa metsesetoropo le tsa metseselegae.
  9. Go ntšhwafatsa puso le go rotloetsa seabe sa ditlamo tsa puso, mafaratlhatlha a thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano gongwe go phasaladiwa ga broadband, mafaratlhatlha a metsi, kgeleloleswe le dipalangwa.
  10. Operation Phakisa, e maikaelelo a yona e leng go godisa ikonomi ya mawatle le makala a mangwe.

LEPHATA LA DITLHAGISO

Dipeeletso le go tlhama ditiro

Puso e thusitse lekala la dijanaga go tlhagisa diyuniti di feta 566 000 ka 2014 go tswa go diyuniti di le 356 800 ka 2000.

Tshegetso eno e thusitse diromelwantle tsa dijanaga go tloga go diyuniti di le 11 000 ka 1995 go ya go diyuniti tse di fetang 270 000 ka 2014. Ka ntlha ya seo, go tlhamilwe ditiro di le 300 000 mo lekaleng la dijanaga.

Gape go dirilwe dipeeletso tse dikgolo mo makaleng a a botlhokwa a a tlhagisang a tshwana le lekala la dijanaga, le le fetolang ditlhagiswa tsa temothuo mmogo le dieleketoroniki.

Tseno di akaretsa R5 bilione go tswa go Mercedes Benz, R3 bilione go tswa go Ford, R4 bilione go tswa go Unilever kwa mafelong a bodutelo a le mane mo dingwageng tse di fetileng mmogo le R228 milione go tswa go Samsung.

Ka 2014, diromelwantle tsa dijanaga di dirile bokana ka R115 bilione, e leng 12.7% ya diromelwantle tsotlhe mo nageng.

Tseraganyo ya puso e maitlhomo a yona e neng e le go emisa kwelotlase mo makaleng a diaparo, dikhai, letlalo mmogo le ditlhako e bakile gore go somarelwe ditiro di le 68 000 mo lekaleng.

Kwa bokhutlong jwa Mopitlwe 2015, go ne go setse go amogetswe palogotlhe ya R3,7 bilione go tshegetsa lekala la poraefete fa e sale go tsenngwa tirisong ga Lenaane la Kgaisano la Diaparo le Dikhai ka 2010.

Fa e sale ka 2009, puso - ka Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri (the dti) - e ntse e tshegetsa madirelo a phetolo ya ditlhagiswa tsa temothuo ka thuso ya boleng jwa R1,2 bilione ka dikema tse di farologaneng.

Tlhabololo ya indaseteri

Go tsweletsa tlhabololo ya indaseteri go ya pele mo nageng puso e ne, gareng ga ditsibogo tse dingwe, ya itsise Lenaane la diindaseteri tsa Bantsho, le le rulaganyeditsweng go fetola lekala le le tlhagisang le go bulela bokgoni jwa bagwebi ba bantsho.

Go bonwe matlole a tshimologo a bokana ka R1 bilione go tswa kwa dti a ngwaga wa ditšhelete wa 2015/16 le R23 bilione go tswa kwa go Koporasitlhabololo ya Indaseteri mo dingwaganeng tsa ditšhelete tse di latelang di le tharo.

MAFARATLHATLHA

Puso le ditheo tsa setšhaba di beeleditse go feta R1 tirilione mo mafaratlhatlheng magareng ga 2009 le 2014.

Dipeeletso di mo motlakaseng, ditseleng, diporo, maemelakepe, dipalangwa tsa botlhe, metsi a mantsi le bophepa, dipetlele, thuto ya motheo le e kgolwane.

Go atolosiwa ga Broadband

Ka Phatwe 2015, go ne go setse go anamisitswe megala ya fibre optic ya boleele jwa dikilomitara di le 41 351 go tlamela ikonomi ka bokgoni jwa broadband.

Phetolelokgaso go Dijithale

Ka Mopitlwe 2015, Kabinete e amogetse dipaakanyo tsa bofelo tsa Pholisi ya Phetolelokgaso go Dijithale, e e buletseng porojeke go kgontsha go tsenngwa tirisong ga yona. Gape Kabinete e amogetse gore puso e tlamele magae a a humanegileng a le dilimilione di le tlhano a a nang le dithelebišene ka mabokoswana a thelebišene.

Le fa naga e sa fitlhelela letlha la go tima analoko la bo 17 Seetebosigo 2015 jaaka le ne le beilwe ke Mokgatlho wa Boditšhatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano, go dirilwe tiro e ntsi mo thulaganyong e e lebisang kwa go timiweng ga analoko.

Lefapha la Tlhaeletsano le setse le konoseditse le go saena ditumelano tsa sebedi le dinaga tsa boagisanyi - Botswana, Namibia, Mozambique, Lesotho le Swaziland, go fokotsa kgoreletsego ya makhubu a radio go kgabaganya melelwane.

MOTLAKASE

Go setse go nnile le tswelelopele e e bonalang mo go rarabololeng dikgwetlho tsa Motlakase mo Aforika Borwa fa e sale go tlhomiwa Leano la Motlakase la Dintlha di le Tlhano ka Sedimonthole 2014.

Ditiragatso tsa tiro le tlhokomelo kwa Eskom di tswelela go tokafala go netefatsa gore mafelo a bodutelo jwa motlakase a baakanngwa ka tshwanelo mme a tlamela ka motlakase go ya ka bokgoni jwa ona.

Eskom e saenile ditumelano tsa Pakakhutshwane tsa Theko ya Motlakase tse di tlisang tlamelo ya tlaleletso ya motlakase go thusa tlhaelo ka ntlha ya dipaakanyo mmogo le go lepalepana le tlhokego mo dipakeng tsa tlhokego e e kwa godimo.

Go tla tlalelediwa ka dimekawate (MW) tse dingwe di le 800 mo mafaratlhatlheng ka tlhagisommogo ya motlakase le mogote.

Manaane a tshomarelo ya motlakase a bakile gore go nne le poloko ya 450 MW mmogo le phokotsego ya digase.

Diporojeke tse di farologaneng tsa Lenaane la Tlhagiso ya Motlakase e e Ikemetseng ga jaana di tlamela mafaratlhatlha ka 1800 MW. 

Mo dingwageng tse pedi le halofo tse di latelang, diporojeke di le 92 tsa lenaane la motlakase o o ntšhwafadiwang di tla tlamela mafaratlhatlha ka palogotlhe ya 6 327 MW.

Go tsweletswe ka go lebelela boitlhophelo jo bongwe jwa tlhagiso ya motlakase, go akarediwa diporojeke tsa go kgabaganya melelwane mo kgaolong ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) tse di aakaretsang tsa metsi, gase le malatlha.

Malebana le tlamelo ya motlakase ya pakagare le pakatelele, lenaane la kago ya nyutlilia le setse le le kwa legatong le le tsweletseng la maano mme go tshwanetse ga fediwa ka theko mo ngwageng wa ditšhelete wa 2015/16.

Leanolegolo la Tiriso ya Gase le le ntšhwafaditsweng, le le tla susumetsang tlhabololo le dipeeletso mo indasetering ya gase, le tla phasaladiwa.

Puso e tla tswelela go tsweletsa tiro e e lebisang kwa goreng go nne le motswako o o ikanyegang wa motlakase go netefatsa go nna teng ga motlakase gompieno le mo isagong.

IKONOMI

Ikonomi ya Aforika Borwa, fela jaaka ikonomi yotlhe mo lefatsheng, e tsweletse go kgaratlha go boela kgolo ya yona ya pele ga mathata a ditšhelete.

Aforika Borwa e ne e itlamile ka seelo sa kgolo ya 5% ka 2019, fela seelo sa kgolo ya ikonomi sa 1.5% se se fitlheletsweng ka 2014 se sa le kgakala le phitlhelelo ya NDP.

Le gale, le fa go ntse go na le kgolo e e bonya go ralala lefatshe, go solofetswe fa kgolo ya ikonomi e tla oketsega ka iketlo go ya go fitlha go bonnye 3% mo dingwageng di le tharo tse di latelang, gonne go solofetswe gore tlhaelo ya motlakase - e leng sekgoreletsi se segolo - e tla fokotsega.

Tshegetso ya dipeeletso

Ka la bo 7 Phatwe 2015, kopano ya Setlhopha sa Tiro sa Kgwebo sa Moporesidente se buisanetse, gareng ga tse dingwe, botlhokwa jwa go tokafatsa bokgoni jwa taolo le dinako tsa go diragatsa go tshegetsa dipeeletso. Ka jalo, go atolosiwa ga lenaane la Dikgaolo tsa Ikonomi tse di Kgethegileng le tla tswelela pele.

Go tlhamiwa ga tikwatikwe ya kgokaganyo ya dipeeletso gongwe lefelo le le tlamelang ka ditirelo tsotlhe go tsenngwa tirisong go tshegetsa dipeeletso tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba. Ditekeletso di tlhomilwe kwa dti.

Tikwatikwe e tla tokafatsa seemo sa dipeeletso le go tokafatsa go dira kgwebo bonolo ka go supa dikgoreletsi, go tlosa dikgoreletsi tsa tsamaiso, go fokotsa tlhaelo ya bokgoni jwa taolo, go tlhoma dintlhatheo le seemo, go tokafatsa nako ya go dira, go gokaganya le go akofisa dipotsiso tsotlhe tsa dipeeletso.

Melawana e Mentšhwa ya Visa

Go latela dingongorego malebana le melawana e mentšhwa ya Visa, puso e tlhomile Komiti ya Ditona (IMC) e e malebana le Melawana ya Bofaladi.

Komiti ya IMC e tla samagana le dipoelo tse di neng di sa lebelelwa tsa melawana e mentšhwa ya bofaladi mo makaleng a a farologaneng, go akarediwa bojanala le dipeeletso.

Modulasetilo wa IMC ke Motlatsamoporesidente Ramaphosa mme e na le Ditona tsa Bojanala, Merero ya Selegae, Kgwebo le Indaseteri, Tlhabololo ya Loago mmogo le Tlhabololo ya Dikgwebopotlana.

TLHABOLOLO YA DIKGWEBOPOTLANA

Go tsweletswe ka ditsereganyo tsa ditlapele tsa go bulela bokgoni jwa di-SMME, dikoporasi mmogo le dikgwebo tsa metsesetoropo le metseselemagae. Di akaretsa go dira go lebisa kwa go diragadiweng ga pholisi ya peelothoko ya 30% go tshegetsa di-SMME le dikoporasi.

Kgwebopotlana ke kgwebokgolo

Di-SMME di tla tshegediwa ka phitlhelelo e e oketsegileng ya mebaraka le ditšhelete. Go tla fokodiwa dikgoreletsi tsa di-SMME, go akarediwa go sekaseka melao e e leng teng ga jaana ya dikgwebopotlana.

Tuelo ya batlamedi ba ditirelo

Go tlhomilwe yuniti e e kgethegileng kwa Lefapheng la Maano, Tlhokomelo le Tshekatsheko go batlisisa dikgetse tsa go duelwa thari gongwe go se duelwe ga batlamedi ba ditirelo, le fa ba ntse ba tlhagisitse setlankana sa tuelelo se se siameng mo matsatsing a le 30.

DIKAMANO TSA BADIRI

Motlatsamoporesidente Ramaphosa o etelela pele kopano magareng ga kgwebo le badiri go baakanya dikamano tsa badiri.

Go fitlheletswe tumelano ya tlhaloso e e dirang ya Tuelopotlana ya Bosetšhaba kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Badiri.

Ditsela tse dingwe tsa go fokotsa dikgotlhang tsa kwa tirong di akaretsa tumelano ya go tlhabolola Molao wa Maitsholo wa go ngala tiro, go tswalelwa kwa ntle mmogo le katlholelo e e patelediwang ke Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo.

TEMOTHUO

Go setse go na le tswelelopele e e bonalang mo tlhabololong ya Diphaka tsa Temothuo, mme go setse go supilwe ditsha di le 43 tsa di le 44.  Go tla tlhomiwa Phaka ya Temothuo e le nngwe kwa Bokone Bophirima.

Puso e tswelela go tsenya tirisong maiteko a mangwe a botlhokwa a Leano la Tiragatso la Pholisi ya Temothuo go tshegetsa kgolo le ditiro mo temothuong le phetolong ya ditlhagiswa tsa temothuo.

Leano le akaretsa go oketsa tshegetso ya balemirui ba ba leng teng ba ba botlana mmogo le go sekaseka ditsela tsa go atolosa palo ya batlhagisi ba temothuo go bonala.

Metsi le kgelelo leswe

Puso e supile metsi jaaka tlamelo ya botlhokwa ya tlhabololo ya ikonomi mme go tsweletswe ka tiro ya go tsenya tirisong leano la dintlha di le tlhano la metsi le kgelelo leswe.

Leano le akaretsa go:

  • baakanya le go ntšhwafatsa mafaratlhatlha a ga jaana a metsi le kgelelo leswe
  • aga matamo a mantšhwa le go tlhabolola metsi a a ka fa tlase ga lefatshe
  • tokafatsa boleng jwa metsi
  • tlhabolola thekenoloji e e kgatlhisang ya tsamaiso ya tshedimosetso ya metsi le kgelelo leswe.
  • go netefatsa taolo e e tokafaditsweng le e e gokaganeng e tshwana le ya dilaesense tsa tiriso ya metsi.

Go tla dirwa tshekwatsheko ya Molao wa Ditirelo tsa Metsi, wa 1997, (Molao wa bo 108 wa 1997) le Molao wa Beke ya Bosetšhaba ya metsi wa 1998 (Molao wa bo 36 wa 1998).

Puso e tsereganya mo go emiseng go dutla ga metsi go go jelang naga R7 bilione ka ngwaga.

Lenaane la puso, ka Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, la go katisa badirikadiatla ba le 15 000 le ba go baakanya dipompo go baakanya dithepe tse di dutlang mo dikgaolong tsa bona, le tla tlhomiwa semmuso kwa Port Elizabeth, Kapa Botlhaba, ka la bo 28 Phatwe. Go setse go ngokiwa ba ntlha ba le 3 000 go tsenela mo ngwageng wa ditšhelete wa 2015/16.

Thuto ya motheo

Dipholo tsa Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaga le ngwaga tsa 2014 di supile gore go fetilwe diphitlhelelo tsa Mophato wa 3 mo bokgoning jwa go buisa le go kwala le dipalo, go akarediwa le Puo ya kwa Gae ya Mophato wa 6.

Le gale, tiragatso ya Mophato wa 6 le 9 mo Dipalong le Puo ya Tlaleletso ya Ntlha e sa ntse e le kwa tlase ga dipeelo.

Go tla maatlafadiwa go tsenngwa tirisong ga Togamaano ya Dipalo, Saense le Thekenoloji mo dikolong tsotlhe. Gape puso e tla netefatsa tokafatso ya tlamelo ya barutabana, katiso le tlhabololo.

Go tsweletswe gape ka tokafatso ya borutegi jwa barutisi ba Mophato wa R jaaka karolo ya peeletso ya pakatelele mo thutong ya boleng.

BOITEKANELO

Lenaane la Ditšhabakopano la AIDS le akgotse Aforika Borwa ka tsibogo e e atlegileng ya HIV le AIDS.

Diphitlhelelo di akaretsa phitlhelesego e e atolositsweng ya kalafi ya dianthiretrobaerale (ARV) ya batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS. Go fitlha ga jaana batho ba le dimilione di le 3.1 ba amogela kalafi ya ARV, mme seo se feta phitlhelelo e e neng e beilwe ya 2014/15 ya dimilione di le tharo.

Ditlhatlhobo tsa lehuba di atolositswe mme di fitlhelela batho ba le dimilione di le 15.2, mme seo se fetile phitlhelelo e e neng e beilwe ya dimilione di le thataro.

Kgaratlho kgatlhanong le HIV le AIDS e a tswelela, go akarediwa ntwa kgatlhanong le nyefolo e e amanang le bolwetse jo gore batho ba ba tshelang ka mogare ono ba tshela matshelo a a siameng.

Pholisi ya Bašwa ya Bosetšhaba (NYP)

Kabinete e amogetse NYP ka Motsheganong 2015. Go tlhomilwe Setlhopha sa Tiro sa Moporesidente sa Bašwa (PYWG), se se akaretsang ditheo tsa bašwa le puso e e eteletsweng pele ke Motlatsatona wa Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro kwa Kantorong ya Moporesidente, Rre Buti Manamela. PYWG e thusa go golaganya go tsenngwa tirisong ga NYP.

Manaane a a tsenngwang tirisong a akaretsa go:

  • katiso le tekolo ya bašwa ba ba nang le dikgwebo le dikoporasi;
  • go fetolwa le go sekaseka Sekema sa Bosetšhaba Sa Thuso ya Ditšhelete sa Baithuti.
  • go oketsa ikwadiso kwa diyunibesithi le dikholetšhe tsa katiso ya tiro ya diatla;
  • go tsenya tirisong ga manaane a go tlhamela bašwa ditiro a tshwana le go tsenngwa ga dikisara tsa metsi tse di dirisang maatla a letsatsi mmogo le mabokoswana a thelebišene; le
  • go tsenya tirisong manaane a ditiro a setšhaba le go tsweletsa dintlhatheo tsa go tlhamiwa ga moagi yo o maleba.

MEEPO

Meepo ke karolo ya botlhokwa ya ikonomi ya Aforika Borwa. Puso e tshwentswe ke gore matshosetsi a go latlhegelwa ke ditiro mo makaleng a meepo le tshipi a ka ama malapa le baagi ba le bantsi mmogo le ikonomi.

Go samagana le tatlhegelo ya ditiro ya ga jaana mo lekaleng la meepo, Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale, Moatefokate Ngoako Ramatlhodi, o ne a bitsa kopano ya baamegi ba kgwebo le bodiri mo lekaleng la meepo ka la bo 5 Phatwe 2015.

Kopano e supile dikarolo di le mmalwa tsa go boloka ditiro mmogo le go bona ditsela tse dingwe kwa ntle ga tatlhegelo ya ditiro. Go ne ga tlhomiwa setlhopha sa tiro mme sa romiwa go tla ka ditshitshinyo tse di nang le dintlha ka botlalo.

Ka la bo 7 Phatwe, Setlhopha sa Tiro sa Moporesidente sa Kgwebo se romile puso le Tšhembara ya Meepo go bona tharabololo e e amogelesegang kwa ntle ga dikgotlatshekelo, ka moono wa "fa o setse o maatlafaditswe, o nna o maatlafetse" mo Tumelanong ya Meepo.

Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tlhabololo ya Metswedi ya Dimenerale le Peteroliamo o buseditswe kwa Palamenteng go samagana, gareng ga tse dingwe, le patlomaikutlo kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense, e go bonwang e sa lekana.

Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le tswelela go ntsha ditaelo kwa ditlamong tse di sa obameleng molao. Go beelwa thoko ga laesense ya Optimum Coal go tlositswe mme setlamo se laetswe go samagana le merero e e amanang le go se obamele melao.

Operation Phakisa

Puso e tlhomile mokgwa wa dipoelo tsa ka bonako tsa tlamelo ya ditirelo, Operations Phakisa, mo makaleng a boitekanelo le mawatle ka 2014.

Mining Phakisa, e e lebisitsweng kwa go fetolweng ga ditlhagiswa tsa diminerale, e tla tlhomiwa kwa bokhutlong jwa 2015.

Tshegetso ya pusoselegae

Puso e ntse e tshegetsa makgotlatoropo mo dikarolong tse di farologaneng go tsenya tirisong lenaane la Re boela kwa Motheong, le le tlhomilweng ka Lwetse 2014, go tsosolosa pusoselegae.

Ditheo tsa puso le lekala la poraefete di rotloeditswe go duela melato ya tsona go kgontsha makgotlatoropo go dira sentle.

Go fitlha ga jaana, makgotlatoropo a kolotiwa madi a a gaufi le R100 bilione, mme palo eo e batlile go menagana gabedi fa e sale ka 2009.

TSHIRELETSEGO LE PABALESEGO

Dikarolo tse di farologaneng tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa - go akarediwa matlhale a bosenyi, setlhopha sa tsibogo, sepodisi se se bonalang, Hawks, mmogo le Kgwebo Kgatlhanong le Bosenyi, mabentlele a diselefounu, Tikwatikwe ya Tshedimosetso ya Matshosetsi a Dibanka ya Aforika Borwa mmogo le ditlamo tsa tshireletso tsa poraefete - di atlegile go samagana le dikgothoso tsa ditikwatikwe tsa marekelo.

Mapodisi a lemogile gore bontsi jwa ditikwatikwe tsa marekelo di ne di totilwe bogolo segolo go kgothosa mabentlele a diselefounu. Diselefounu le didiriswa tse dingwe tsa eleketoroniki tse di utswilweng di ntsheditswe kwa ntle ga Aforika Borwa. Go tshwerwe babelaelwa ba le mmalwa, go akarediwa ba go tweng ke baeteledipele ba teng.

Dipolao tsa mapodisa

Go latela dipolao tsa mapodisi a le 55 fa e sale ka Ferikgong monongwaga, Tona ya Sepodisi Nathi Nhleko o kopilwe go sekaseka gape togamaano ya pabalesego ya mapodisi go kgontsha mapodisi go tsiboga ka tshwanelo fa a tlhaselwa.

Tlhaselo ya mapodisi ke tlhaselo ya bothati jwa Mmuso mmogo le setšhaba.

MaAforika Borwa a kopilwe go nna le seabe se se tlhaga go thibela ditlhaselo ka go supa ba ba bolayang mapodisa ka ntlha ya fa ba tshela magareng ga bona. Batho ba tshwanetse gape go tswelela go tlamela mapodisi ka tshedimosetso malebana le botlhe ba ba nang le seabe mo ditirong tsa bosenyi gore go kgone go nna le loago le le babalesegileng.

Ka di6 Lwetse, go tla tshwarwa tirelo ya ngwaga le ngwaga ya go gopola mapodisi otlhe a a tlhokafetseng kwa Union Buildings kwa Pretoria.

Matlhotlhapelo a Marikana

Go tsenngwa tirisong ga pegelo e e ka ga ditiragalo tsa matlhotlhapelo kwa Marikana, Bokone Bophirima, tse di lebisitseng kwa go bolaweng ga batho ba feta 44, e tsewa e le setlapele se se kwa godimo.

Go samaganwe le tsibogo ya Mokhomišinara wa Bosetšhaba wa Sepodisi, Mogenerala Riah Phiyega, mo dikatlenegisong tsa Khomišene ya Farlam malebana le tshiamelo ya gagwe go nna mo kantorong.

Go tsweletswe ka dipuisano le Ditona tse dipotefolio tsa tsona di amiwang ke pegelo ya Marikana, go tshwana le Sepodisi, Bodiri, Metswedi ya Diminerale, le Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo.

Setšhaba se tla neelwa pegelo mo tsamaong ya nako malebana le tswelelopele e e dirilweng malebana le go tsenngwa tirisong ga dikatlenegiso. Maitlhomo a ditsereganyo tsotlhe ke go netefatsa gore ga go kitla go tlhola go nna le tiragalo ya mofuta oo mo Aforika Borwa.

Ditlhaselo tsa baditšhaba

Go latela ditlhaselo tsa baditšhaba ka Moranang monongwaga, Komiti ya Ditona e e ka ga Bofudugedi e ikaelela go dira tsotlhe tse di kgonegang go thibela poeletso ya ditlhaselo tseo.

Dikgato tse di tsewang di akaretsa tlhabololo ya melao le melawana, tokafatso ya sepodisi ka Operation Fiela-Reclaim, le go tsweletsa go aga mmogo ka kagiso mmogo le tirisanommogo magareng ga baagi le baagi ba dinaga tse dingwe.

Komiti ya Ditona e tla kopana le mekgatlho e e emetseng baditšhaba le baagi ba Aforika go tsweletsa dipuisano tse Moporesidente a nnileng natso le bona ka Moranang 2015.

AFORIKA YO O BOTOKA

Kgolo e e bonako mo kontinenteng ya Aforika e tlamela ka ditšhono tsa mebaraka e e anameng ya ditlhagiswa le ditirelo. Growth in the sub-Saharan region is expected to reach 4,5% in 2015.

Mo ntlheng eno, SADC e lebeletswe thata go konosetsa pholisi ya indaseteri ya kgaolo.

Aforika Borwa e tla tswelela go dira mo Kitlanong ya Aforika le SADC go nna le seabe mo go tlhamiweng ga dikgaolo tsa kgwebo e e gololesegileng mo kontinenteng le go tsweletsa maano a gore Aforika e nne le madirelo.

Share this page

Similar categories to explore