Pogelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 04 Mopitlwe 2015

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogetse Tekanyetsokabo ya Bosetšhaba ya 2015 e e tla tsamaisang tsenngotirisong ya maano a le robongwe a a tlhagisitsweng ke Moporesitente mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba. Tekanyetsokabo eno e tlamela ka netefaletso, tsepamo le kgagamatso ya taolo ya matlole e leng tseo di tlhokegang go sutlhisa ikonomi ya Aforika Borwa mo dikgwetlhong tse di gagametseng tseno tsa ikonomi.

Kabinete e ipoa sebedi gore dikgato tsa lekgetho tse di tserweng mo Tekanyetsokabong ya Bosetšhaba ya 2015 di botlhokwa mo go tshegetseng matlole mo ngwageng yo re o lebileng. MaAforika Borwa a rotloediwa go dirisanammogo le puso go samagana le maemo a jaanong a ikonomi go dira gore go nne le kgolo e nngwe gape ya ikonomi.

1.2. Kabinete e akgola tiro e ntle e e dirilweng ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa ka go ela maemo tlhoko gore go nne le ditlhopho tse di senang kgoreletso ebile di sa tsee letlhakore kwa Lesotho mo tirong ya gagwe jaaka Motsamaisi wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC). Kabinete gape e akgola Lekgotlha la Dikeletso tsa Ditlhopho (EAC) la SADC, Khomišene ya Ditlhopho ya Lesotho (LEC), Ditlhophatshireletso mmogo le baagi ba kwa Lesotho go tshwara ditlhopho tse di senang kgoreletso ebile di sa tsee letlhakore. Aforika Borwa e tla dirisana le puso e ntšhwa e e tlhophilweng ya Lesotho go tlhabolola ikonomi ya dinaga ka bobedi, Tikologo ya Borwa jwa Aforika mmogo le Kontinente yotlhe.
 
1.3 Kabinete e dumeletse le go amogela go tsayakarolo gwa Aforika Borwa mo go tshwayeng Letsatsi la Lefatshe la Diphologolo tse Ditlhaga ka la bo 03 Mopitlwe 2015. Ka ntlha ya ketelopele ya ga Tona Molewa Aforika Borwa e tswelapele go tsenyatirisong manaane a a sireletsang tikologo ya naga le go lwantshana le go tsoma ntle le tumelelo. Se sengwe se se botlhokwa magareng a tse dingwe ke go bewa ga The Green Scorpions kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa O.R. Tambo.

Seno ke go netefatsa kobamelo tebang le Melawana ya Ditshedi tse di mo Matshosetsing kgotsa tse di Sireleditsweng, Melawana ya Khonferense ya Maloko a Tumelano mo Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba ya Ditshedi tse di mo Matshosetsing tsa Diphologolo le tsa Dimela tsa Naga (CITES), Thekiso ya Dijalo tse di sa tswang go Itemogelwa, Melawana ya Phitlhelelo ya Dikungwelo le Dikabelano mmogo le Melawana ya Tshupogo ya Ditshedi le Tseo di sa Itsegeng. Aforika Borwa gape e nnile le karolo e e botlhokwa mo go buisaneng le Interpol, bogolosegolo mo go Komiting ya Kgagamatso ya Kobamelomelao ya Boto ya Dikeletso ka ga Tikologo, mmogo le mo ditlhopheng di le tharo tsa ditirelo tsa bosenyi e leng Setlhopha sa Bosenyi jwa Diphologolo tse di Tlhaga, Setlhopha sa Bosenyi jwa Botheatlhapi mmogo le Setlhopha sa Bosenyi jwa Tshilafatso ya Tikologo.

1.4. Kabinete e nopotse gore Durban e dirile boikuelo jwa go tshwara Metshameko ya Commonwealth ka 2022, jo bo tsentsweng semmuso kwa London ka la bo 02 Mopitlwe 2015. Go tshwarwa ga metshameko eno go ka tlisa kgonagalo ya go tlhama diphatlhatiro tse di ka balelwang go 11 650 mmogo le go oketsa ekonomi ya rona ka madi a a ka balelwang go R20 bilione. Boswa jo bongwe jo metshameko eno e tla e sielang Durban e tla nna thulaganyo e e golagantsweng ya dinamelwa tsa botlhe moo mano a setseng a atlenegisitswe.

2.  Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e atlenegisitse Pholisi ya Dipaakanyo tsa Phetolelokgaso go nna ya Dijithale go akareditswe le mokgwa wa taolelo ka fa Lebokoswana la Thelebišene (STB), e leng seo se tla tlhaloswang ka botlalo gang fa pholisi e sena go phasaladiwa. Puso e tla abelana ka di-STB mo ntlon mo malapeng a feta dimilione di le tlhano a a humanegileng a a nang le dithelebišene. Bao ba tla beelwang kwa setlhoeng e tla nna ba malapa a a leng kwa mafelong a a kwa melelwaneng ya naga. Tona ya Ditlhaeletsano o tla itsise letlha la go tshuma kgaso ya dijithale le go tima kgaso ya analoko mo nakong e e sa fediseng pelo.

2.2. Kabinete e atlenegisitse Letlhomeso la dingwaga di le tlhano la Togamaano ya Temothuo, Jalodikgwa le Boreaditlhapi mmogo le Leanotiro la Pholisi ya Temothuo. Letlhomeso leno le le tlhoma dikgwetlho tse di botlhokwa tse di tobaneng le makala otlhe ano a le mararo mmogo le maitlhomo a go tsereganya mo mafelong a le mane e leng Tekanyetso le phetoso maemo; kgolo e e lekanyeditsweng le kgaisano, tshomarelo le puso ya tikologo. Togamaano le leanotiro di tla baakanngwa ngwaga mongwe le mongwe. Kabelanosešwa ya lefatshe ke le lengwe la manaane a puso a a rotloeditseng tekatakano, fela go fitlha ga jaanong ga le a fitlhelela go le kalo fa go tla mo phetoso maemong. Fa lenaane la kagosešwa le tlhabololo le ikantse gore maitlhomo magolo a kabelanosešwa ya naga ke go baakanya sebopego sa Temothuo ya Aforika Borwa. Gape a ikaelela go tshegetsa makala gore a godise ikonomi le go tlhama ditiro.

2.3. Kabinete e atlenegisitse gore Kopanokgobokgobo ya Dipetlele tsa Lefatshe ya bo 40 ya Dipuso tsa Dipetlele tsa Boditšhabatšhaba e tshwarelwe kwa Durban kwa bokhutlhong jwa 2016. Dipuso tsa Dipetlele tsa Boditšhabatšhaba ke mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o ikemetseng, o o sa direng letseno, o e seng wa puso tebang le mokgatlho wa ditlhokomelo tsa boitekanelo mmogo le dipetlele. Kopanokgobokgobo eno ya ngwaga mongwe le mongweq e naya badiredi ba boitekanelo ka tšhono ya go abelana dikakanyo/ ditiragatso tsa go baakanya dipoelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo.

2.4. Kabinete e ikuela mo go batsadi botlhe go tsya karolo ka matlhatlhaga mo ditlhophong tsa 2015 tsa Makgotlataolo a Dikolo (di-SGB) tse di tla simololang mo dikolong tsotlhe tsa puso ka la bo 6 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2015. Di-SGB di tsenya letsogo mo tlhagisong ya maikutlo a a tseneletseng a gore baagi e nne beng ba dithoto tsa dikolo tsa rona. Tiro yotlhe ya dikolo e e akaretsang diphitlhelelo tsa dithuto e bonagala e tokafala fa go na le batsadi ba ba tsayang karolo ka matlhagatlhaga mme ba na le kgatlhegelo mo mererong ya sekolo. Babusi ba feta 250 000 ba a tlhophiwa mo morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le tharo go direla dikolo tsa rona tsa setšhaba ba totile maitlhomo a le esi, go dira gore thuto e nne ntlha e e botlhokwa ya setšhaba.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e atlenegisitse go isiwa kwa Palamenteng ga melaotlhomo e le pedi, ka bobedi e baakanya Molao wa Bana, wa 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005) jaaka o baakantswe ke Molao wa bo 41 wa 2007. Dipaakanyo tseno di tsibogela dikatlholo tsa kgotlatshekelo,tseo di tlhagisitseng fa dikarolo dingwe tsa Molao di sa ithaya ka Molaotheo.

Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Molao wa Bana, wa 2015 (karolo ya bo 75 ya Molaotlhomo) – dipaakanyo di baakanya tlhaloso ya “tlolomolao ka ga tsa thobalano” mme di e lepalepisa le dipaakanyo tsa Molao wa Bosenyi (ditlolomolao ka ga tsa thobalano le mathata a mangwe) Molao wa bo 32 wa 2007. Dipaakanyo tseno gape di samagana le go letlelela batlolamolao ba bana go senka ba bueledi pele maina a bone a ka akarediwa mo Rejisetareng ya Tshireletso ya Bosetšhaba. Dipaakanyo tseno tse di tshitshintsweng gape di tlhalosa ka botlalo ditlhokwa tsa go baya ngwana kwa tlhokomelong ya mekgatlho e e tlhokomelang bana ba dikhutsana mmogo le go tlhalosa dikarolo tse dingwe gape tse di farologaneng tsa bana ba ba ka godisiwang semolao.

Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Bobedi tsa Molao wa Bana, wa 2015 (karolo ya bo 76 ya Molaotlhomo) – maitlhomo a yone ke go netefatsa gore bana botlhe ba itumelele ditirelo le dipoelo tseo maitlho a tsone e leng go tlhokomedisa phitlhelelo ya go bona tlhokomelo ya loago le pabalesego mmogo le go tlhoma thulaganyo ya tlhokomelo ya loago e e mosolo. Gape o senka go neelana ka tikologo e e bolokesegileng e bile e babalela tlhokomelo ya bana ba ba fitlhelwang ba tlhoka tlhokomelo le pabalasego ka boammaruri.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong ya jaanong

4.1. Kabinete e nyefola ka bogale go sutlhisiwa ga ditokomane tse di ka bayang tshireletsego ya naga mo kotsing. Le fa e le setlwaedi se se diriwang go ralala dinaga go abelana ka tshedimosetso e e ka ga, magareng ga tse dingwe, dintlha tse di botlhokwa tse di tobaneng le ditšhono tsa ikonomi le dintlha tsa pabalesego, fela go sutlhisiwa ga ka bomo ga ditokomane tse di tlhalosang ka botlalo ditiro tsa Lekala la Tshireletsego ya Puso ga go mo molaong.

Kabinete e amogetse ka tsoopedi dipatlisiso ka botlalo tse di runtseng tebang le Lekala la Tshireletsego ya Puso mo ntlheng eno mme e netefaletsa maAforika Borwa gore Lekala la Tshireletsego ya Puso le tla tswelela go dira jaaka le solofetswe e leng go sireletsa le go babalela seriti sa naga, baagi ba yone le mafaratlhatlha a yone.

Kabinete e ipoa sebedi ka molaetsa wa ga Tona ya Lekala la Tshireletsego ya Puso David Mahlobo wa gore maitsholo a a jalo a nyatsa mosola wa ditiro tsa tshireletsego ya naga mmogo le melelwane ya yone.

4.2. Kabinete e amogetse kitsiso ya Eskom ya gore Yuniti ya Borataro ya Seteišene sa Motlakase sa Medupi e simolotse go tlhagisa motlakase wa yone wa ntlha mo bekeng eno, mme seno se e dirile yuniti ya bone ya ntlha mo di le thataro go ka dirisiwa. Tiriso eno ke thulaganyo eo mo go yona jenereitara e golaganngwang ka motlakase mo keriting ya motlakase ya bosetšhaba. Fa re ntse re semeletse go ka oketsa tlamelo ya motlakase mo keriting ya motlakase ya bosetšhaba, kabinete e ikuela mo baaging go tswelela go obamela dikgato tsa go sonaga motlakase. Baagi ba rotloediwa go sonaga motlakase fa re santse re tsweletse go tlhagisa metswedi e mengwe ya motlakase.

4.3 Kabinete e akgola boganka, boikemisetso, boinelo le go dira ka natla ga banna le basadi ba ba dirang ba sa kgaotse go boloka matshelo le go babalela tshenyo ya dithoto, diruiwa le tlhago ya rona e ntle e e neng e aparetswe ke leru la molelo o monamagadi wa kwa Motsekapa.

Kabinete e tlhagisitse ditebogo tsa yone mo baaging gore ka mowa wa Botho, mmogo le tirisanommogo le puso go tlhomilwe ditikwatikwe tse digolo tsa tlhokomelo go amogela bao ba sa tlholeng ba na le magae. Mowa wa go thusana o o tlhagisitsweng ke batho ba ba thusang batswasetlhabelo ba molelo ono ke o mogolo go gaisa mo e bileng o rotloetsang.

4.4 Kabinete e tswelela go tshwenngwa ke ditlhaselo tsa batswantle le go kgalemala gore makala a semolao a tla tswelela go tlhanasela mo mafelong a a amegang, le gore batlhotlheletsi ba merusu eno ba tobana le bogale jotlhe jwa molao. Ntwa kgatlhanong le batswantle e sekegelwa ka tolamo ka go dirisa Makala a a farologaneng a Puso.

4.5 Kabinete e akgola setlhopha sa kgwele ya dinao ya Batshameki ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 17 (U17) sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa, e leng Amajimbos, ka go diragore naga e nne motlotlo ka go finyelela mo makgaolakgannyeng a 2015 a Dikgaisano tsa U17 tsa Aforika tse di tshwaretsweng kwa Niamey e e kwa Niger. Motshameko wa bona o o bogatlhamela masisi kwa Dikgaisanong tsa Metshameko ya Bašwa ba Aforika o dirile gore ba gaisane mo Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA U17 kwa Chile mo bofelong jwa monongwaga.

4.6 Kabinete e tlhagisitse matshediso a yona mo go tlhokafaleng ga naledi ya mmino wa Aforika Borwa Zayn Adam, e leng seopedi se se tlotlegang sa moeteledipele wa baopedi mo kabong ya seminal 70's outfit Pacific Express moo tiro ya gagwe ya mmino e fetogileng mo dingwageng di feta di le 50 tse di fetileng. O ne a bapisiwa le hisetori ya mmino ya kwa Motsekapa.

4.7 Kabinete e itumedisitswe ke gore, go ya ka nnete ya puso e e nang le tlhokomelo, kgato ya bofelo ya go busediwa ga masaledi a maAforika Borwa a a tlhokafetseng mo nakong ya fa moago wa baeng o o leng mo diatleng tsa kereke ya Synagogue Church of All Nation (SCOAN) o ne o gosomela kwa Lagos e konoseditswe. Matshediso a rona re a romela kwa malapeng a a latlhegetsweng ke bao ba ba ratang thata mmogo le bao ba itemogetseng dikgomalo mo matlhotlhapelong ao.

5 Ditiragalo tse di tlang

5.1 Moporesitente Jacob Zuma o tla naya puo kwa pulong ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Magosi kwa Palamenteng, e e kwa Motsekapa ka la bo 05 Mopitlwe 2015 (Gompieno). Tirisanommogo magareng ga puso le magosi e botlhokwa mo go netefaletseng gore re aga setšhaba se se matlhagatlhaga, se se lekalekanang e bile e le sa leruri.

5.2 Kabinete e amogetse masaledi a baganka ba rona JB Marks le Moses Kotane go tlisiwa gae mo Aforika Borwa go tswa kwa Rašia moo ba neng ba boloketswe gone dingwaga di feta di le 42 tse di fetileng. Baeteledipele bano ba ba sa inaganeleng ba le bosi, bao ba tsewang jaaka borre ba kgaratlho ya tokologo ebile ba rotloeditse baganka ba ba jaaka Nelson Mandela, Oliver Tambo le Walter Sisulu, ba tla neelwa poloko e e ikgethileng ya semmuso. Moporesitente Jacob Zuma o laetse gore folaga ya Bosetšaba e tsholetswe kwa bogareng go simolola ka la bo 09 Mopitlwe go fitlha ka mo maitseboeng a la bo 22 Mopitlwe 2015. Moses Kotane o tla bolokelwasešwa kwa Pella, e e kwa Bokone Bophirima ka la bo 14 Mopitlwe 2015 mme JB Marks ene o tla bolokelwasešwa kwa Ventersdorp, e e kwa Bokone Bophirima ka la bo 22 Mopitlwe 2015. Go busiwa ga bone ke karolo ya maikano a puso la go busetsa masaledi otlhe a baganka ba rona ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bone ba se fa gae. Mo ngwageng yo o fetileng masaledi a ga mobegadikgang yo o itsegeng yo o diphatsa yo a neng a le kgatlhanong le tlhaolele Nat Nakasa le one a buseditswe gae ka katlego go tswa kwa New York go tla go bolokiwasešwa kwa Dirapeng tsa Bagale tse di kwa Chesterville, e e kwa Durban.

5.3 Kabinete e amogetse letsholo le legolo la diteko le ditlhatlhobo tse dintsi tsa Lehuba (TB) le le tla tlhomiwang ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa ka la bo 24 Mopitlwe 2015 moo e tla bong e le Letsatsi la Lefatshe la TB, kwa Kgaolong ya Ngaka Kenneth Kaunda ya kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima – ka fa tlase ga moono yo o reng “Go Fedisa bolwetse jwa Aforika Borwa jwa TB: Re gagamatsa tsibogelo ya rona mo mafelong a a botlhokwa”. Letsholo leno la botshelotelele le tla golaganya maAforika Borwa bogolosegolo bao ba nnang kwa mafelong a meepo, bagolegwa kwa dikgolegelong mmogo le kwa ditikwatikweng tsa tlhabololo ya bana gore ba tlhatlhobiwe le go lekolwa kgatlhanong le TB. Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng go fitlheletswe tse dintle tse dikgolo go gagamatsa ditogamaano tsa puso tebang le go laolwa ga TB ka koketso ya diteko le ditlhatlhobo bogolosegolo ka letsholo la Diteko le Dithobomaikutlo ka ga HIV.  Diteko le ditlhatlhobo di tlotlomaditswe gape le ke go tsenngwatirisong ga diteko tsa ka bonako tsa go netefaletsa malwetse tebang le TB mmogo le TB e e ganang melemo ya TB.

5.4 Kabinete e akgola boinelo le boikemisetso jwa barutabana ba rona, ntle le bona re ne re ka se kgone go fitlhelela dipeelo di le dintsi tsa naga ya rona. Ditlhopho tsa Dikabo tsa Bosetšhaba tsa go Ruta di nopola botlhokwa jwa go nneng le mosola ga barutabana mo go tlhabololeng naga ya rona; Dikabo di nna teng ka la bo 7 Mopitlwe 2015 kwa Gallagher Estate e e kwa Midrand. Lefapha la Thuto ya Motheo le tshwara moletlo ono wa ngwaga mongwe le mongwe go bontsha tlotlo mo barutabaneng ba ba boinelo, ba ba boikemisetso, ba ba dirang ka thata e bile ba le manontlhotlho.

5.5 Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe Nomvula Mokonyane o tla tlhagisa Beke ya Bosetšhaba e e ka ga Metsi kwa KwaDukuza e e kakafetseng e e kwa KwaZulu-Natal ka la bo 16 Mopitlwe 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Metsi ga a na seo se ka a Tseelang Legato”. Beke eno ya bosetšhaba e tla konosediwa ka Letsatsi la Lefatshe le le ka ga Metsi ka la bo 22 Mopitlwe 2015. Letsholo leno le tla ruta maAforika Borwa ka boleng jwa metsi le tlhokagalo ya bolaodi jwa tshomarelo ya motswedi ono yo o seng montsi yono. Kabinete e gakolola maAforika Borwa otlhe gore re tshela mo nageng e e senang metsi a mantsi mme e ikuela mo go botlhe go a somarela ka go baakanya dipeipi tse di dutlang le go dira diphetogo tsa go tshela ka botlhale ka tiriso ya metsi.

5.6 Latshipi 08 Mopitlwe, e tshwaya Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Basadi (IWD) e leng letsatsi le le dirisiwang ngwaga mongwe le mongwe go ralala lefatshe go tlhagisa kgatelopele e e dirilweng, go senka phetogo le go keteka ditiro tsa boganka le maikemisetso mo basading ba ba tlwaelegileng bao ba nnileng le karolo e ntle e le ruri mo hisitoring ya ditšhaba tsa bo bone le ya dinaga tsa bo bone. Lefapha la Basadi le tla etelelapele mokete wa bosetšhaba wa IWD kwa Sekolong se segolwane sa Langa kwa Motsekapa ka fa tlase ga moono yo o reng “Ditokelo tsa Basadi ke Ditokelo tsa Batho: Mmogo re Tsweletsa Pele Aforika Borwa yo o Senang Dintwa”. Moono ono o lepalepantswe le Moono wa Dinagakopano o o reng: “Tekatekano ya Basadi ke Kgatelopele mo go Botlhe!” mmogo le maikano a Mokgatlhokitlano wa Aforika a ngwaga wa 2015 jaaka “Ngwaga wa go Matlafatsa Basadi le Tlhabololo e e Totileng Lenaneo la Aforika 2063”. Letsatsi leo le tla dirisediwa go tlhagisa lenaane la dipuisano tsa Bosetšhaba le tsa Porofense le le tla simololang ka kgwedi eno go fitlha ka Seetebosigo. Seno se tla lebisa kwa pegelong ya maemo a basadi gore e tlhagisiwa ke Moporesitente ka la bo 09 Phatwe.

5.7. Kabinete e ipiletsa mo go Bobegakgannyeng jwa Aforika Borwa go tlhagisa dikopo tsa bone tsa go tsenela dikgaisano tsa Dikabo tsa Bobegakgang jwa SADC ka 2015. Letlha la bofelo ke la bo 31 Mopitlwe 2015 mme tshedimosetso e e tseneletseng e teng mo webesaeteng ya Lefapha la Ditlhaeletsano www.doc.gov.za. Dikabo di lepalepanya mekgatlho ya semmuso ya dipuso tsa SADC, baagi, barutegi, mekgatlho ya badiri le ya bobegakgang. Di rotloetsa tshwaragano le tirisanommogo mo tikologong ka go rotloetsa babegakgang ba dinaga tseo e leng maloko a SADC go bega ka dintlha tse di amanang le tikologo eno. Dikgaisano tseno gape di na le Dikabo tsa Bobegakgang ka tsa Metsi e leng tseo di nopolang botlhokwa jwa dikgang tse di rotloetsang Bolaodi jwa Didirisiwa tsa Metsi bo bo Tshwaraganeng mo tikologong ya SADC.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1 Rre Mayihlome Tshwete jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa Ditirelo tsa Ditlhaeletsano kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.
6.2 Mme CM Mogotsi jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa Lefapha la Botsweretshi le Setso
6.3 Rre Vusimuzi Philemon Madonsela Katoloso ya Dikonteraka jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso.

7 Bakaedi bao e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bolaodi jwa leina la Lefelo la ZA (ZADNA)
7.1 Mme N Dhevcharran  (Modulasetilo)
7.2 Ngaka NYH Mzizana
7.3 Rre AM Brooks
7.4 Rre NM Msibi
7.5 Moatefokate MJ Ralefatane
7.6 Rre MR Khumalo
7.8 Ngaka YKN Mohutsioa-Mathabathe
7.9 Mme MO Morata
7.10 Rre J Tshipa

8. Ditokololo tseo e seng tsa Khuduthamaga mo Botong ya Porotebente ya Infraco
8.1 Rre BMC Ngcobo (Modulasetilo)
8.2 Mme MM Maponya
8.3 Ngaka A Githiari
8.4 Mme N Selamolela

9. Bakaedi bao e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya SENTECH
9.1 Rre MA Mello (Modulasetilo)
9.2 Rre SM Radebe
9.3 Rre LC Mtimde

10 Boto ya Setheo sa Ditshedi tsa di Farologaneng ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa (SANBI)
10.1 Mme MNE Magomola (Modulasetilo)
10.2 Ngaka ST Cornelius
10.3 Ngaka JM Matjila
10.4 Mme BD Ngidi
10.5 Rre S Gounden
10.6 Mme NN Mnqeta
10.7 Mme T Godongwana
10.8 Prof. BW van Wilgen
10.9 Ngaka YN Seleti
10.10 Mme S Mancotywa
10.11 Mme TE Abrahamse

11. Boto ya Diphaka tsa Bosetšhaba ya Aforika Borwa
11.1 Mme J Yawitch (Modulasetilo)
11.2 Ngaka K Njobe
11.3 Rre ET Khumalo
11.4 Ngaka CG Olver
11.5 Mme F Futwa
11.6 Mme BD Ferguson
11.7 Rre M India
11.8 Rre L Zitha
11.9 Ngaka M Matlou
11.10 Rre MT Mokono
11.11 Ngaka N Mzilikazi
11.12 Mme T Semane
11.13 Mme JE McCourt
11.14 Rre FG Mketeni

12. Ditokololo tseo e seng tsa Khuduthamaga mo Setlamong sa Lekala la Ditsela tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANRAL)
12.1 Rre R Morar (Modulasetilo)
12.2 Mme A Lawless
12.3 Mme ZJ Kganyago
12.4 Rre M Matete
12.5 Mme D Mashile-Nkosi

13. Bakaedi bao e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Ditlamo tsa Aforika Borwa tsa Setlamo sa Boemelafofane (ACSA)
13.1 Rre SD Macozoma (Modulasetilo)
13.2 Ngaka MS Mabela
13.3 Mme S Simelane
13.4 Mme MK Matlou

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore