Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 5 Lwetse 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro la bo, 5 Lwetse 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
 
A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi 


1.1. Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a naga ya Aforika Borwa go tshegetsa matsholo a puso mo go samaganeng le kgolo ya ikonomi go latela dipalopalo tsa kgolo tse di reng ikonomi ya rona e wetse kwa tlase ka diphesente di le 0.7 mo kotareng ya bobedi go tshwa mo diphesenteng di le 2.6 mo kotareng ya ntlha.
1.2. Le fa e le gore makala mangwe a ikonomi, a a jaaka a moepo, dikago le matlole, a itshupile a tokafaditse kgolo ya one, seno se ne se sa lekana go ka thibela kwelotlase mo makaleng a mangwe, bogolosegolo mo lekaleng la temothuo.  
1.3. Fa go tla mo tirisomatloleng gone, madi a diromelwantle a itshupile a tokafetse e le tota, le fa go le jalo, seno se amilwe ke kwelotlase ya tirisomatlole a kwa malapeng le kgogelomorago e e kgologadi mo dithotong tsa dikgwebo. Dipeeletso go tswa mo makaleng a poraefete di okeditswe, mme fela dipeeletso go tswa mo makaleng a puso di wetse kwa tlase.
1.4. Matshosetsi a a lebileng mebaraka ya lefatshe ka bophara le dipoelo tsa Seelo sotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) a tlhoka gore puso e potlakise maitlhomo a go sutisa dikgoreletsi tsa kgolo ya ikonomi fa mo letlhakoreng le lengwe e tshegetsa baagi ba naga ya rona ba ba leng mo tlalelong.  
1.5. Kgolo ya ikonomi e simolotse go goga maoto thata mo dingwageng di le nne tse di fetileng. Seno se supa mabaka a a jaaka komelelo e e nnileng teng mo lekaleng la temothuo le ditlhwatlhwa tsa dithoto tse di wetseng kwa tlase mmogo le dikgoreletsi tsa dithulaganyo tsa kwa malapeng, e leng tsone tse di nyemisitseng mooko dipeeletso le go tlhodiwa ga ditiro. 
1.6. Puso gareng ga tse dingwe e ikanne go konosetsa merero ya thulaganyo ya di-visa go ka tshegetsa lekala la bojanala, go konosediwa ga melao ya meepo go tshegetsa lekala la meepo mmogo le go ritibatsa seemo sa matlole sa dikgwebokgolo tsa puso. 
1.7. Samiti e e tlang e e ka ga go tlhola ditiro le dipeeletso, mmogo le sephuthelwana sa tsosoloso se se tshitshintsweng ke puso, se tla tlamelana ka ditshitshinyo tsa tsosoloso tse di tlhokagalang go ka busetsa maemo a ikonomi mo sekeng. 
1.8. Kabinete e totobaditse maikemisetso a puso a go somarela matlole le a go kwalola sešwa letlhomeso la matlole a a tla tlhagisiwang mo Puong ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS). 

2. Baeng ba naga ya United Kingdom (UK) le ya Northern Ireland 

2.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Cyril Ramaphosa fa a amogela moeng Theresa May yo e leng Tonakgolo ya naga ya UK of Great Britain le ya Northern Ireland mo loetong lwa gagwe lwa tiro lo lo atlegileng. Leeto leno le tla tlisa dipoelo tse di tokafetseng mo nageng ya Aforika Borwa ka go natlafatsa kgwebisano le dipeeletso magareng ga dinaga tseno ka bobedi. Naga ya UK ke e nngwe ya dinaga tsa kwa ntle tse di beeletsang thata mo nageng ya Aforika Borwa, ka difeme di feta di le 50 tsa Britain tse di beeleditseng mo nageng eno. Mo dipuisanong tsa dinaga tseno di le pedi, go buisanwe gape le ka kgonagalo ya matsapa a go dirisanammogo.
2.2. Tonakgolo May gape o neetse Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Taolo, e leng Moporesitente Ramaphosa, mmogo le baagi ba Aforika Borwa, Bele ya sekepe sa SS Mendi go bontsha tlotlo ya go iketswa setlhabelo ga maAforika Borwa a feta a le 600 ao a nyeletseng motsing wa fa sekepe sa SS Mendi se ne se nwela mo lewatleng la English Channel mo dingwageng di le 100 tse di fetileng. 

3. Samiti ya Foramo e e ka ga Tirisanommogo ya dinaga tsa China le tsa Aforika (FOCAC) 

3.1. Kabinete e tsibogetse Leanotiro la Beijing (2019-2021), le le tlhalosang ka botlalo dipoelo tsa Samiti ya FOCAC eo bannasetulo ba yona e tla nnang Moporesitente Ramaphosa mmogo le Moporesitente  Xi Jinping wa naga ya China.
3.2. Go loga leano la tirisanommogo ka botlalo mo dikoporasing la dinaga tsa China le tsa Aforika, China e ikantse gore yona e tla tsenyatirisong maano a le 10 a dikoporasi mo Aforika. Ona a mo dikarolong tsa diintaseteri;  go tlhabolola temothuo; mafaratlhatlha; ditirelo tsa matlole; go babalela tikologo; go rulaganya kgwebisano le dipeeletso; go fokotsa khumanego le go tlhokomela merero ya loago; maokelo a setšhaba; kabelano ya dingwao le ditso tsa baagi ba ba farologaneng mmogo le kagiso le pabalesego. Mo tsamaong ya nako, tirisanommogo magareng ga matlhakore ano ka bobedi e tla theewa mo godimo ga moono yo o reng: “ Dinaga tsa China le tsa Aforika: Di aga setšhaba se se golaganeng tota se se totileng bokamoso jo bo tshwanang ka go dira gore maphata ka bobedi a amogele moputso o o lekanang ka go dirisanammogo.”

4. Tlhwatlhwa ya leokwane 

4.1. Kabinete e amogetse tlhwatlhwa ya leokwane e e sa fetogang mo kgweding eno jaaka kimololo ya nakwana e e tlang gangwe fela mo letsatsing e e tla imololang banamedi ba dipalangwa tsa setšhaba, beng ba dijanaga le bareki, fa mo letlhakoreng le lengwe Lefapha la Eneji (DoE) le tsweletse go batlana le ditharabololo tse dingwe.   
4.2. Matsapa a a amang lefatshe lotlhe go akaretsa le go okediwa ga tlhwatlhwa ya oli e tala le dipuo tse di sa itumediseng tse di totileng mebaraka e e santseng e supoga go dirile gore tlhwatlhwa ya leokwane e tlhatloge ka lobelo mo nageng ya Aforika Borwa fa e sale ka Moranang monongwaga.   
4.3. Kabinete e itsisitse matshwenyego a yona tebang le go okediwa ga ditlhwatlhwa tseno mmogo le leru le letsho le le aparetseng  bareki ka kakaretso, go akaretsa, gareng ga tse dingwe, seabe se se amanang le koketso ya ditlhwatlhwa fa batlhagisi ba oketsa ditlhwatlhwa tsa ditlhagisiwa tsa bona tseo di rekiwang ke mabentlele le 
4.4. Mo go tseeng tsia seno, Tona ya Eneji, Rre Jeff Radebe, o tsere dikgato tse di itlhophileng tsa go tsereganya mo legatong la puso go ka sireletsa baagi kgatlhanong le koketsego e nngwe gape ya leokwane, ntle le koketsego ya disente di le 4.9 tsa go reka litara kwa mebentleleng a go reka leokwane moo e tla dirisediwang go oketsa megolo ya badiredi ba ba jaaka batshedi ba peterole kwa diteišeneng tsa leokwane. 
4.5. Jaaka mo nakong ya jaanong fa ikonomi e anngwa ke ditsuatsue tsa maemo a ikonomi mo lefatsheng ka bophara, Kabinete e itumedisiwa ke gore ditsereganyo tseno ga di na seabe sepe mo matloleng ka ntlha ya gore e dirisa madi a a setseng a tsenyeleditswe mo ditlhwatlhweng tsa leokwane.

5. Pusetso ya dinaga  
5.1. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go dirisa dikganetsano tse di ka ga pusetso ya dinaga go ka gagamatsa go aga setšhaba le go ka nna seoposengwe. Thulaganyo e e tsweletseng ka ga seno kwa palamenteng e tla tlisa ditharabololo le go re kgontsha gore jaaka naga re kgone go gatela pele. Thulaganyo eno e e senang bofitlha, e e latelang molao e bile e obamela molaotheo le dithulaganyo tsa ona e tsamaelana le maikaelelo a rona a go fitlhelela tharabololo e e tla tokafatsang setšhaba sa borona. 
5.2. Kabinete e na le tshepo ya gore dikgato tseno tse di tserweng di tla re thusa go tla ka ditharabololo tse di ka ga pusetso ya dinaga tse di tla thusang baagi botlhe.  
5.3. Ka go dirisanammogo, re ka aga setšhaba se se botoka tota moo ditoro le ditakatso tsa batho botlhe di ka fitlhelesegang.  

6. Metsi 

6.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgang tsa gore Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le konoseditse go aga Letamo la Noka ya Cornelis kwa Foreistata. Letamo leno le go solofelwang le tla thusa malapa a le 2 690 le batho ba ba ka balelwang go 10 674 le tla fokotsa dikgwetlho tsa metsi tseo baagi ba motse wa Warden le wa Ezenzeleni ka fa tlase ga Masepaleng wa Selegae wa Phumelela ba neng ba tobane le tsone. 
6.2. Aforika Borwa e santse e samagane le dikgwetlho tsa go tlhaela metsi ka ntlha ya ditlamorago tsa komelelo mme Kabinete e ikuela mo go baagi botlhe go dirisa metswedi eno ka go e somarela le go nna botlhale mo tshomarelong ya metsi.

7. Thuto

7.1. Kabinete e akgotse Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) mo thulaganyong ya yona e e atlegileng ya go neelana ka Sekopotlana sa Delft South, se se kwa ntle ga teropo ya Motsekapa kwa Kapa Bophirima. 
7.2. Sekolo seno se agilwe ka Letsholo le le Potlakisitsweng la go Tlisa Mafaratlhatlha a Dikolo (ASIDI) ka madi a a jeleng bokanaka R75 milione. Se na le diphapusiborutelo di le 45, laboratori ya dikhomphiutara le ya saense, laeborari mmogo le tikwatikwe ya go jela. Lefelo leno la maemo a a kwa godimo le tla tlamela barutwana ba ka nna 1 578 mo setšhabeng sa Delft ka lefelo le ba ka ithutang le go rutelwa mo go lona.
7.3. Seno ke sekolo sa bofelo sa di le 25 tseo di neetsweng porofense ya Kapa Bophirima ka letsholo la DBE. Go fitlha ga jaanong ASIDI e setse e agile dikolo tsa maganagobonwa di ka nna 205 mo nageng ka bophara. Palo yotlhe e le kanaka 685 ya dikolo di setse di tlametswe ka tirelo e e tshepagalang ya metsi, tse dingwe gape dikolo di ka nna 486 di setse di tsenyeditswe dintlwanaboithusetso tse di seriti fa tse dingwe gape dikolo di ka nna  372 di gogetswe motlakase lekgetlo la ntlha fa e sale di nna teng.

8. Dikopo tsa Ngwaga wa 2019 tsa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) 

8.1. Kabinete e amogetse tsibogelo go tswa kwa matšhwititšhwiting a baithuti bao ba nang le kgatlegelo ya go ithutelapele go latela pulo ya semmuso ya dikopo tsa ngwaga wa 2019 tsa NSFAS ka la bo 03 Lwetse. Bathuti ba ka feta 45 000 ba ba batlang go o ithutelapele le bao ba setseng ba ikwadisitse ba ikwadisitse mo webesaete ya NSFAS mo letsatsing la ntlha fa go bulwa. Go setse go dirilwe kgatelopele e e bonagalang mo go ka fokotseng dituelelo tsa baithuti tse di saletseng morago. 
8.2. Thulaganyo ya go tsenya kopo e ikaegile ka mokgwa o montšhwa o o tseyang ditshwetso tsa dituelelo ka bonako fa mo letlhakoreng le lengwe go sa tlhole go le boima go ka tlatsa diforomo fa o le moithuti go sa kgathalesege gore o kwa ntlheng efe ya lefatshe. 

9. Bolwetse jwa Listeriosis

9.1. Kabinete e amogetse kgoeletso ya gore bolwetse jwa Listeriosis bo fedile mme seno se bontsha mosola wa tirisanommogo e e matlafetseng mo leanong la tsibogelo magareng ga Lefapha la Boitekanelo (DoH) le Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang, ka tshegetso go tswa kwa Mokgatlhong wa Boitekanelo jwa Lefatshe (WHO), mo go laoleng le mo go fediseng leuba leno. 
9.2. DoH e tsentse tirisong mokgwa wa go disa thibelo ya go ipoa sebedi ga bolwetse jono.Difeme tsotlhe tse di dirang dijo tse di sa tlhokeng go apeiwa pele di ka jewa tsa dinama mmogo ltsentse tirisong mokgwa wa go disa thibelo ya go ipoa sebedi ga bolwetse jono.Difeme tsotlhe tse di dirang dijo tse di sa tlhokeng go apeiwa pele di ka jewa mmogo le dikgogo di tshwanetse go nna le leano la pabalesego ya dijo, go latela Molawanataolo wa bo R607 o o phasaladitsweng ka la bo 14 Seetebosigo 2018. Go lekolwa ga difeme e tla nna lenaneo la go ya go ile, go ya ka melawanataolo e e kwalolotsweng sešwa wa phepafatso. 

10. Ditatofatso tsa dijo tse di seng tsa boammaruri le tseo di fetilweng ke nako

10.1. Kabinete e akgotse dikgato tsa ka bonako tsa ga Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, go batlisisa ditatofatso tsa gore dikgwebo dingwe mo Aforika Borwa di rekisa dijo tse di seng tsa boammaruri le tseo di fetilweng ke nako. DoH e amogetse dingongorego di le dintsi le go le go tseela tlhogong ketsaetsego ya dibidio tse go senang boammaruri ba tsona tse di ka ga dijo tse di tsweletseng go phasaladiwa mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano.
10.2. Fa e sale ka Phatwe, go simolotswe ka matsholo a diphuruphutso mo dikgwebong tse di farologaneng tsa dijo mme e bile a tsweletse go ralala le naga ka bophara. 
10.3. Agriculture, Forestry and FisheriesMo godimo ga fao, intaseteri ya dijo e kopilwe gore go totobatsa boammaruri jwa kgonagalo ya go nna le dijo tse di seng tsa boammaruri fa mo letlhakoreng le lengwe ditheo tsa bothati jwa taolo tsa puso go tswa kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mmogo le kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri (dti) go akaretsa le Khomišene ya Naga ya Ditshwanelo tsa Bareki (NCC), ba mekamekana le go netefatsa boammaruri jwa ditatofatsa tsa baagi tse di ka ga boleng jo bo theoseditsweng kwa tlase mo dijong.  

10.4. Kabinete e ikuela mo baaging go elatlhoko mareo a a farologaneng a a ka ga dijo: 

  • Lereo la best-before date le dirisediwa dijo tse di gwamisitsweng kgotsa tse di leng ka fa gare ga dithini gore di ka bewa mo shelefong sebaka se se kanakang, fela ga le tlhalose gore motho o tshwanetse go nna le pelaelo ka tsone.
  • Lereo la sell-by date le dirisediwa dijo tse di mowafalang tseo gantsi di bewang ka fa setsidifatsing mme go simolola ka Phukwi monongwaga lereo leno ga le sa le matshwanedi go ka dirisiwa, go ya ka ditheo tsa bothati tsa lefatshe.
  • Lereo la use-by kgotsa la expiry date le raya gore dijo di fetilwe ke nako mme dijo tsa mothale ono ga di sa jega morago ga letlha le le beilweng. Mo dijong tse di mowafalang, seno se raya gore dijo tsa mothale oo ga di a tshwanelwa go jewa ka gotlhe gotlhe. 
  • “Ditlhagisiwa tse di seng tsa boammaruri” go le gantsi ke ditlhagisiwa tse di rekisiwang ka leina la setlhagisiwa sa setlamo sengwe mme “fake food” ke lereo le le dirisiwang mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano go tlhalosa dijo tse di senang dikotla tse di fitlhelwang mo dijong mo go tsone.


10.5. Kabinete e boiletsa boikuelo jwa yone mo baaging go tlhagisa bopaki jo bo tebileng jwa dijo tse di dirilweng ka metswako le dikhemikhale tse di sa siamelang matshelo a batho. 
10.6. Mo godimo ga seno, Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditlhaselo le bogodu jwa dithoto tsa mabentlele jaaka boipuseletso jwa go rekisediwa dijo tse di belaelwang. Ditiro tsa bogodu tsa mothale oo ga go kitla go itlhokomoloswa tsone mme ditheo tsa tiragatso ya molao ga di kitla di etsaetsega go ka tshwara le go latlhela kwa kgotlatshekelo batho ba go ka fitlhelwang ba fetlha kgotsa ba diragatsa ditiragalo tsa tlolomolao. Kabinete e ikuela mo baaging ba ba nang le dipelaelo mo dijong tse di rileng go letsetsa mogala wa tshoganyetso mo go 011 386 2003/6 le wa NCC mo go 012 428 7000.

11. Dituelelo tsa madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba

11.1. Kabinete e amogetse pegelo ya dikgatelopele ya Tona ya Tlhabololo ya Loago mme Susan Shabangu, e e ka ga tirisanommogo magareng ga Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) le Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO) gore poso e nne yona e e rwalang maikarabelo a go duelela madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba go simolola ka la bo 1 Diphalane 2018 e leng tiro e e neng e diriwa ke ba Ditirelo tsa Cash Paymaster.  
11.2. Go fitlha ga jaanong SASSA e setse e tsentsetirisong dikarata tsa gauta tsa SASSA, tse di tseneng mo legatong la tsa kgale, di ka nna dimilione di le tlhano le halofo mme le fa go le jalo dikarata di ka nna diketekete di santse di tlhoka go ka fetolwa. Kabinete e ikuela mo beng ba dikarata tsa kgale go tla go tsaya tse dintšhwa mme ba buse tsa kgale.
11.3. SAPO e tla rwala gape le maikarabelo a go duela bao ba reteletsweng ke go goga madi a bona kwa di-ATM kgotsa kwa mafelong a mangwe a bogogamadi. Go bona tshedimosetso ka botlalo, bao ba golang madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba ba ka letsetsa mogala o o sa duelelweng wa SASSA mo go 0800 60 10 11 mo diureng tsa kwa tirong. 

12. Kotsi ya terene 

12.1. Kabinete e lakaletsa banamedi ba ba gobetseng fa diterene di le pedi tsa Metrorail di ne di thulana kwa Eloff Extension kwa Selby, borwa jwa Johannesburg, pholo ya ka bonako mme e ikuela gore go diriwe dipatlisiso mabapi le seo se tlhodileng kotsi eno go netefatsa gore kotsi ya mothale ono ga e ipowe sebedi. 

B.  Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete e dumetse gore Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e rebole Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Bosenyi tsa 2017/18.
1.1. Dipalopalo tsa bosenyi tsa ngwaga le ngwaga di kgontsha puso go lekola dipeelo tse di botlhokwa, bogolosegolo go fokotsa dikgetse tse di setseng di tlhatlhetswe tsa bosenyi jo bo setlhogo, jaaka go tlhagisitswe mo Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014-2019. Dipalopalo tsa bosenyi di ka dirisiwa gape jaaka pulamatlho ya go sa le gale mo go matlafatseng manaane a thibelobosenyi mmogo le ditogomaano tsa mafapha a a farologaneng. 
    
2. Kabinete e tsopoletswe ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go laoleng maitsholo a badiredipuso ba ka fa letlhakoreng le lengwe ba dirang kgwebo le ditheo tsa puso. Go tsholetsa botsamaisi jo bo siameng e bile bo sa tsee letlhakore mo dikgatong tse di tsewang ke batlhankedibagolo ba puso ke karolo e e botlhokwa thata mo go ageng puso e e senang selabe e bile e rwala maikarabelo, jaaka go tlhalosiwa ke Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 le go aga puso e e nang le bokgoni jaaka go bonetswe kwa pele mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP): Ponelopele ya 2030. 

2.1. Kgatelopele e setse e dirilwe ka go tsenya tirisong Molawanataolo wa bo 13(c) wa Melawanataolo ya Tirelo ya Puso (PSR) ya 2016, eo e ganetsang badiredipuso go tsena mo kgwebong le setheo sa puso, mmogo le Molawanataolo wa bo 18 wa PSR wa 2016, o o gapeletsang Tirelo ya Botsamais Bogolwane (SMS) go baya fa phatlhalatseng merero ya bona ya matlole le dikamano tse ba nang le tsone mo dikgwebong tsa poraefete.
2.2.  Kabinete gape e dumetse gore Bothati jo Bogolo jo bo maleba jwa mafapha a puso bo bee leitlho ka fao Molawanataolo wa bo 13(c) wa PSR ya 2016 e tsenngwang tirisong ka gone, bo tsee dikgato tse di maleba le go tlisa pegelo kwa Toneng ya Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) kwa bokhutlhong jwa ngwaga o mongwe le o mongwe wa matlole. Pegelo ya ntlha e tshwanetswe go romelwa kwa go Tona ya DPSA ka la bo 31 Mopitlwe 2019.
2.3. Ka 2016 le 2017, DPSA e nopotse badiredipuso ba ba ikwadisitseng jaaka baabi ba ditirelo mo Sefalanakgobokgobotshedimosong sa Baabaditirelo (CSD), go tswa mo Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba. Mafapha a kopilwe gore a lemose badiredipuso ka merero eno, go netefatsa tshedimosetso le go bega kgatelopele e e dirilweng fa go tla mo dikgatong tse di tserweng tebang le bao ba tlolang molao. 
2.4. Kwa bokhutlhong jwa Moranang 2018, 96% ya di-SMS e ne e setse e phatlhaladitse merero ya bona ya matlole ka lenaneo la eDisclosure. 

3. Kabinete e nopoletswe ka kgatelopele e e dirilweng e e ka ga Motlolo wa go Tlamela ka Matlole wa Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG). 

3.1. Kabinete e amogetse gore go nne le molokoloko wa manaanekatiso a badiredipuso botlhe ao NSG e tla tshwanelwang ke go a goga kwa pele go potlakisa manaane a ditsereganyo tsa tlhabololo ya bokgoni le go dira gore ditirelo tsa puso di bewe mo maemong a seporofešenale. Dituelelo tse di ka ga manaane ano a badiredipuso botlhe tse di duelelwang mo sekgwameng sa NSG ke mafapha a a maleba a a thapileng badiredi ba ba tlhokang katiso go tswa mo mading a tekanyetso ya katiso le tsone di setse di neseditswe pula. 
3.2. Seno se tla dira gore go nne le botsamaisi jwa puso jo bo tlhabololang batho jo gape bo netefatsang gore bo fitlhelela Ponelopele ya 2030 ya NDP ka “Go aga puso e e nang le bokgoni e bile e tlhabolola matshelo a batho, eo ka go dirisana mmogo le baagi ba ba matlhagatlhaga, e kgaratlhelang go fedisa khumanego, botlhokatiro le go tlhoka tekatekano mo mererong ya loago.”

4. Kabinete e dumetse gore go ka phasaladiwa Lokwalotemoso lwa lefapha la puso, lo lo ka ga Saense, Thekenoloji le boitshimololedi lwa 2018, gore baagi ba tlhagise maikutlo a bona ka ga lona. Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji, Mme Mmamoloko Kubayi-Ngubane, o tla nna le tsiboso ka botlalo le babegakgang mo tsamaong ya nako. 

5. Kabinete gape e dumetse gore go ka phasaladiwa Togamaano ya Naga e e ka ga Tshireletso ya Katoloso ya Mafelo (NPAES) gore baagi ba tlhagise maikutlo a bona ka ga yona. 
5.1. NPAES ke togoleano ya dingwaga di le 20 mme e tsamaelana le NDP, ka jalo e tsepamisitse mogopolo mo go  atoloseng mafelo a a sireletsegileng, go lebilwe bogolosegolo kgolo ya ikonomi, phetolothefosano mmogo le tlhokomelo ya ona. 
5.2. NPAES e nopola ka fao go tlhaela ga badiredi le matlole go ka fedisiwang ka gone ka tshwanelo le ka manontlhotlho e leng seo se tla netefatsang gore go atolosiwa mafelo a a sireletsegileng a a ka se tlhokeng madi a le mantsi, ka go tlhokomela tlhago le go se anngwe ke phetogo ya maemo a loapi. 
5.3. Lethathama la mafelo a a sireletsegileng a Aforika Borwa a akaretsa mafelo a ngwaoboswa, diphaka tsa naga, mafelo a dirapa tsa diphologolo, mafelo a dirapa tsa diphologolo tse di itlhophileng, mafelo a a sireletsegileng, mafelo a kwa mawatleng ao a sireletsegileng, mafelo a go tantabela dithaba, dikgwa tse di itlhophileng tse di sireletsegileng mmogo le dirapa tsa dikgwa tsa ditlhare tsa tlhago.

6. Kabinete e neseditse pula maemo a Afrika Borwa mo dipuisanelong mabapi le Kopano ya bo 13 ya Khoferense ya Makoko a a utlwanetseng Dikonteraka mo Kopanokgothakgothe ya Ramsar e e ka ga Mafelo a a Bongola (Ramsar COP 13) e e tla tshwarelwang kwa Dubai, United Arab Emirates, go tloga ka la bo 21 go fitlha ka la bo 29 Diphalane 2018.
6.1. Maitlhomomagolo a Kopanokgothakgothe ya Ramsar ke go netefatsa gore go sonagiwa le go dirisiwa ka botlhale mafelo a a bongola. Mo nageng ya Aforika Borwa, mafelo a a bongola ke one a leng mo maemong a a tlhobaetsang ka go se tlhokomelwe mo dilong tsotlhe tsa tlhago, moo 48% ya one e leng mo kotsing e kgolo thata.
6.2. Seno se mosola mo go tlhokomeleng metsweding ya rona ya metsi jaaka karolo e e matlhagatlhaga ya go netefatsa gore ga re itemogele komelelo.

C. Melaotlhomo

1. Kabinete e dumetse gore go ka phasaladiwa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dituelelo tsa Dikgobalo tse go Itemogelwang tsone kwa Tirong wa 2018 gore baagi ba tlhagise maikutlo a bona ka ga ona.
1.1. Molaotlhomo ono, o o kwalolang sešwa Molao wa Dituelelo tsa Dikgobalo le Malwetse a go Itemogelwang one kwa Tirong,1993 (Molao wa bo 130 wa 1993), o tshegetsa tshegetsa gape le badiredi ba kwa malapeng, e leng bao ba neng ba sa akarediwa mo Molaong ono, jaaka badiredi mabapi le melemo e e ba tshwanetseng, mmogo le go tokafatsa melemo e e leng gone ga jaana. 
1.2. Go kwalolwa sešwa ga molao ono go tokafatsa dituelelo tse di duelelwang badiredi ba ba itemogetseng dikgobalo ba le kwa tirong mmogo le tseo di duelelwang ba lelapa le losika lwa bao ba leng ka fa tlase ga legwafa la modiredi yo a ka tswang a latswitse kika a le kwa tirong, mme o ikaelela go thusa badiredi bano mmogo le ba lelapa le losika lwa bao ba latswitseng kika ka go ba tsosolosa mo moweng le go ba thusa gore ba kgone go boela tirong le mo ditšhabeng tsa bobona ba sa ikobonye.

2. Kabinete e dumeletse gore go ka isiwa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Bosiamisi mo Baneng wa ngwaga wa 2018.
2.1. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Ditirelo tsa Bosiamisi mo Baneng, 2008 (Molao wa bo 75 wa 2008) gore go sekasekiwe dingwaga tseo ngwana a ka pegwang molato fa a sentse gore di okediwe go tloga mo go di le 10 go ya mo go di le 12. Molaotlhomo ono gape o gatelela tshireletso ya ditshwanelo tsa bana ba ba tlotseng molao.
2.2. Molaotlhomo ono gape o fedisa ntlha ya gore go ne go na le maikaelelo a bosenyi, ka go fedisa dikgato tse di tlhokegang go bontsha gore go ne go na le maitlhomo a bosenyi mo dipotsolotsong tsa ntlha.

3. Kabinete e dumeletse gore go ka isiwa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Difofane tsa Baagi wa 2018. 
3.1. Molaotlhomo ono, o o kwalolang sešwa Molao wa Difofane tsa Baagi, 2009 (Molao wa bo 13 wa 2009), o tla gagamatsa matlhomeso a melawanataolo ya pabalesego ya difofane, tshireletsego ya pabalesego le tikologo go netefatsa gore intaseteri ya Difofane tsa Baagi e dira go ya go ile le ka nonofo.
3.2. Seno se tla netefatsa gore Aforika Borwa e tla tswelela go fitlhelela maikano a yona a boditšhabatšhaba fa go tla mo intasetering ya difofane tsa baagi, e leng seo se tla matlafatsang tshegetso mo tlhabololong ya ikonomi ya rona jaaka sedirisiwa sa go samagana le go oketsa kgwebisano, bojanala le go tlhola ditiro.
3.3. Molaotlhomo ono, gareng ga tse dingwe, gape o tlamela ka dipatlisiso tse di ikemetseng tsa dikotsi le matsapa a difofane, mmogo le go baakanya matsapa le dikgwetlho tse go itemogelwang tsone.

D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Mekete ya Beke ya Thusong Service Centre


1.1. Ka moono wa Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba, Mekete ya ngwaga le ngwaga ya Beke ya Thusong Service Centre e e tla tshwarwang go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 21 Lwetse 2018 wa  “Roma Nna: Go Isetsa Baagi Ditirelo tsa Puso”,o neelana ka serala se sengwe seo puso e ka se dirisang go isetsa baagi ditirelo.
1.2. Di-Thusong Service Centre ke mafelo a go fitlhelwang ditirelo tse dintsi tse di farologaneng mmogo le tshedimosetso go tswa kwa pusong mo go one, mme gape ditikwatikwe tseno di le 133 go ralala naga ka bophara ke ditikwatikwe tsa botshabelo, go bona thuso, go baakanya diphoso tsa mo malobeng, go tlhola tekatekano le matlafatso mo go bao mo malobeng ba neng ba kgapetswe kwa thoko mo mererong ya tlhabololo ya maemo a ikonomi ya loago. 
1.3. Puso e samagane le go tsenya tirisong Thulaganyo ya go Laola Mela e leng se se tla fokotsang mela le dithulaganyo tse di telele le go fokotsa sebaka sa go fola mela o letetse tirelo. Thulaganyo eno e tla tsenngwatirisong mo ditikwatikweng tsotlhe go ralala le naga go lebeletswe gape bogolosegolo le go golaganya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT), e leng sengwe se se kgontshang gore go nne bobebe go abelana ka ditirelo. 

2. Khonferense ya Lefatshe ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano ya ITU 2018

2.1. Kabinete e amogetse Khonferense ya Lefatshe ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) e e tla tshwarelwang kwa Durban go simolola ka la bo 9 go fitlha ka la bo 13 Lwetse 2018, ka moono yo o reng “Boitshimololedi mabapi le go Tlhagisa Didirisiwa tsa Thekenoloji”. Mokete ono, o o tla tshwarelwang lantlha mo kontinenteng ya Aforika fa e sale o nna gone, o rebolela batsayakarolo ba le bantsi ba dinaga tsa Aforika tšhono ya go gagamatsa serodumo sa bona sa ICT mo Aforika jaaka sengwe se se botlhokwa mo tlhabololong le mo boitshimololeding jwa didirisiwa tsa thekenoloji.
2.2. Khonferense eno e e tshwaringwang ngwaga le ngwaga e ngokela baeteledipele ba feta 9 000 lefatshe ka bophara, moo baeteledipele ba dipuso le ba dikgwebo tsa poraefete ba batlanang le ditšhono tsa go ka beeletsa le maitsholo a a siameng mo go tlhabololeng ikonomi ya loago ka go dirisa ICT. Dintlha rse di botlhokwa tse di tla buisanelwang di akaretsa: 5G mo go tlhagiseng thekenoloji, go dirisanammogo mo mererong ya pabalesego mo inthaneteng, ditirelo tsa matlole ka thekenoloji mmogo le tsa sathalaete mo go tlhagiseng thekenoloji e e tlhabologileng go gaisa.  
2.3. Khonferense ya Lefatshe ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano ya ITU 2018 e tshwarwa mo nakong eo Aforika Borwa e tsenyang tirisong diporojeke tsa naga tse di botlhokwa thata tse di akaretsang Togamaano ya Naga ya e-Government moo go tsepamisitsweng mogopolo mo go direng gore ditirelo tsa puso di fitlhelelwe ka thekenoloji mmogo le Togamaano ya Tshegetso ya ICT ya Naga mo Dikgwebopotlaneng, tsa mo Magareng le tse Digolwane (di-SMME) e bulelang bokgoni joo makala a di-SMME tsa ICT tsa naga ya Aforika Borwa di nang le bone. Didirisiwa tseno di tlhola tikologo e e senang dikgoreletsi gore lekala leno le gole le gore le kgone go itlhokomela.

E. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso


1.1. Kabinete e romela matshediso a yona go tswa kwa boteng jwa pelo kwa go:

  • ba lelapa le ga jaanong le leng mo kutlobotlhokong e e seng kana ka sepe mmogo le botlhe ba e leng karolo ya Tshwane University of Technology go latela go tlhokafala ga Katlego Monareng. Kabinete e ikuela gore matshwafo a theosetswe kwa tlase fa sepodisi se ntse se tsweletse ka dipatliso gore yo a amegang mo polaong ya gagwe o tobana le bogale jotlhe jwa molao 
  • ba malapa le ditsala tsa batho botlhe ba le robedi ba ba tlhokafetseng mo phamphololong ya feme ya dibetsa ya Denel kwa Somerset West kwa Kapa Bophirima. 
  • bao baratiwa ba bone ba tlhokafetseng mo kgabong e kgolo e e bogale e e runtseng kwa moagong oo mafapha a a farologaneng a puso ya porofense ya Gauteng a neng a direla mo go one e leng Lefapha la Boitekanelo, Lefapha la Bonno jwa Batho mmogo le Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA)  
     

2. Melaetsa ya go Akgola

2.1. Kabinete e akgotse baagi ba naga ya Zimbabwe ka katlego ya bona mo go tseneng mo pusong e ntšhwa e e eteletsweng pele ke Moporesitente wa bona o montšhwa Emmerson Mnangagwa, yo a ikanisitsweng semmuso mo setilong sa gagwe ka la bo 26 Phatwe 2018. Moporesitente Ramaphosa o ne a kopana le baeteledipele ba bangwe kwa teropong ya Harare go keteka mo moketeng ono. Kabinete e tshegetsa maikemisetso a ga Moporesitente Ramaphosa a go dirisana mmogo le naga ya Zimbabwe go rotloetsa botsalano jwa rona mo mererong ya hisetori, sepolotiki le ya bokgaitsadi, go lebilwe bogolosegolo merero ya go matlafatsa tirisanommogo mo mererong ya ikonomi.

2.2. Kabinete e akgola Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR), bogolosegolo babatlisisi ba lona ba bomme, ka dipatlisiso tse ba di dirileng tse di malebana le boitekanelo ka maitlhomo a go tokafatsa thulaganyo ya tlhokomelo ya boitekanelo mo nageng. Tsone di akaretsa: (i) sedirisiwa se se kgonang go bontsha fa o na le bolwetse jwa tshukiri ka go tlhatlhoba maemo a gago a tshukiri ka go futswetsa mo go sone; (ii) go tlhagisa dikotla tse di ka dirisiwang mo go tlhagiseng dikgogo, ditlhapi le dijalo tsa kwa mawatleng e leng tse di tla thusang mo go tlhagiseng dijo tse di tswang mo diphologolong tsa tlhago, tse di senang metswako e e rileng kgotsa dikhemikhale tse di rileng tse di thusitseng diphologolo tseo go gola le go nonela ka bonako; (iii) mmogo le dipatlisiso tse dingwe gape tse di tseneletseng tse di ka ga moodi wa disele.
2.3. Kabinete gape e akgotse Ngaka Evodia Setati, yo e leng mobatlisisi mogolo kwa Yunibesiting ya Stellenbosch mo lefapheng la yona la Viticulture and Oenology, yo a neilweng Kabo ya Basadi ba ba Dirileng Bontle go Gaisa mo Mererong ya Saense kwa moketeng wa Dikabong tsa ngwaga le ngwaga tsa Basadi ba ba Dirileng Bontle go Gaisa mo Mererong ya Saense o o neng o tshwaretswa kwa Polokwane ka la bo 23 Phatwe 2018. 
2.4. Kabinete e akgola Caster Semenya mo a diragaditseng bontle e le tota mo a fentseng lebelo la bofelo la sekgele sa Diamond League la dimitara di le 800 mo metshamekong e e neng e tshwaretswe kwa Switzerland.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Rre Jacob Ganny Mbele jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lephateng la Manaane le Diporojeke tsa Eneji mo Lefapheng la Eneji (DoE). 
2. Mme Hilda Dikeledi Mhlongo jaaka DDG: Ditirelo tsa Tshwaraganelo ka fa DoE.
3. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bakaedi ba Bankatlhabololong ya Lefatshe le Temothuo:

  • Moatefokate Sandra Coetzee (o thapilwe sešwa); le
  • Mme Mathane Eveline Makgatho. 
     

Dipotsolotso:
me Phumla Williams, Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139 

Share this page

Similar categories to explore